LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 89
  • Jesu o Phepafatsa Tempele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Phepafatsa Tempele
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Phepafatsa Tempele
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Rata Kobamelo ya Boammaaruri
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Diphologolo
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 89
Jesu o koba baananyi ba madi mo tempeleng e bile o pitikolola ditafole tsa bone

POLELO 89

Jesu o Phepafatsa Tempele

GO LEBEGA Jesu a galefile thata fano, a ga go jalo? A o itse gore ke ka ntlha yang fa a galefile thata jaana? Ke ka gonne banna bano ba ba kwa tempeleng ya Modimo kwa Jerusalema ba pelotshetlha fela thata. Ba leka go dira madi a mantsi ka go tsietsa batho ba ba tlileng go obamela Modimo mo tempeleng.

A o bona dipowana tseno tsotlhe le dinku le maphoi? Banna bano ba rekisetsa diphologolo tseno mo tempeleng. A o itse gore ke ka ntlha yang? Ke ka gonne Baiseraele ba tlhoka diphologolo le dinonyane go ntshetsa Modimo ditlhabelo.

Molao wa Modimo o ne o laela gore fa Moiseraele a dirile boleo, o tshwanetse go isetsa Modimo tshupelo. Gape go ne go na le dinako tse dingwe tse Baiseraele ba neng ba tshwanetse go ntsha ditshupelo. Mme gone Moiseraele o ne a tla tsaya kae dinonyane le diphologolo gore a ntshetse Modimo ditlhabelo?

Baiseraele bangwe ba ne ba ruile dinonyane le diphologolo. Ka jalo, ba ne ba ka kgona go di ntsha ditlhabelo. Mme ba bangwe ba ne ba nna kgakala thata le Jerusalema mo ba neng ba ka se ka ba kgona go tla le diphologolo tsa bone kwa tempeleng. Ka jalo, batho ba ne ba tla fano mme ba reka diphologolo le dinonyane tse ba neng ba di tlhoka. Mme banna bano ba ne ba duedisa batho madi a mantsi thata. Ba ne ba tsietsa batho. Kwantle ga moo, ba ne ba sa tshwanela go rekisetsa mo tempeleng ya Modimo.

Seno ke sone se se galefisang Jesu. Ka jalo, o pitikolola ditafole tsa banna bano tse di nang le madi le go gasamisa madi a bone a tshipi. Gape o dira seme ka megala a bo a lelekela diphologolo tsotlhe kwa ntle ga tempele. O laela banna ba ba rekisang maphoi jaana: ‘A ntsheng fano! Tlogelang go dira ntlo ya ga Rre lefelo la go dira madi a mantsi.’

Balatedi bangwe ba ga Jesu ba na le ene mo tempeleng kwa Jerusalema. Ba gakgamaditswe ke go bona se Jesu a se dirang. Mme ba gakologelwa mafoko a a kwadilweng mo Baebeleng a a buang ka Morwa Modimo a a reng: ‘Lorato lwa ntlo ya Modimo lo tla tuka mo go ene jaaka molelo.’

Fa Jesu a le mo Jerusalema a tlile Tlolaganyong, o dira dikgakgamatso di le dintsi. Morago ga moo, Jesu o tloga mo Judea mme o simolola loeto lwa go boela kwa Galalea. Mme fa a le mo loetong lwa gagwe, o ralala kgaolo ya Samarea. A re bone se se diregang fa a le koo.

Johane 2:13-25; 4:3, 4.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela