LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 76 ts. 180-ts. 181 ser. 2
  • Jesu o Phepafatsa Tempele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Phepafatsa Tempele
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Phepafatsa Tempele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o Rata Kobamelo ya Boammaaruri
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Phepafatsa Tempele Gape
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 76 ts. 180-ts. 181 ser. 2
Jesu a dirisa seme go leleka diphologolo mo tempeleng a bo a pitikolola ditafole tsa batho ba ba rekisang

THUTO 76

Jesu o Phepafatsa Tempele

Ka paka ya dikgakologo ka ngwaga wa 30, Jesu o ne a ya kwa Jerusalema. Batho ba le bantsi ba ne ba tlile go keteka moletlo wa Tlolaganyo. Batho ba ne ba isa diphologolo kwa tempeleng. Batho bangwe ba ne ba tla ka diphologolo mme ba bangwe ba ne ba di reka kwa Jerusalema.

Fa Jesu a tsena mo tempeleng, o ne a bona batho ba rekisa diphologolo. Ba ne ba dira seo mo ntlong ya ga Jehofa! Jesu o ne a dira eng? O ne a loga seme mme a ntsha dinku le dikgomo tse di neng di le mo tempeleng. O ne a diga ditafole tsa batho bao mme madi a bone a ne a gasama mo tempeleng. Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba rekisa maphoi a re: ‘Ntshang dilo tseno fano! Lo se ka lwa dira ntlo ya ga Rre lefelo la go rekisa!’

Batho ba ba neng ba lebile ba ne ba gakgamaletse se Jesu a neng a se dira. Barutwa ba gagwe ba ne ba gopola boporofeti jo bo neng bo bua ka ene bo re: ‘Ke tla rata ntlo ya ga Jehofa.’

Go ile ga diragala se se tshwanang ka ngwaga wa 33. Jesu o ne a sa batle gore batho ba nyatse ntlo ya ga Rraagwe.

“Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”​—Luke 16:13

Dipotso: Jesu o ne a dira eng fa a bona batho ba rekisa diphologolo mo tempeleng? Goreng Jesu a ile a dira jalo?

Mathaio 21:12, 13; Mareko 11:15-17; Luke 19:45, 46; Johane 2:13-17; Pesalema 69:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela