LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 103 ts. 240-ts. 241 ser. 1
  • O Phepafatsa Tempele Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Phepafatsa Tempele Gape
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Etela Tempele Gape
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Etela Tempele Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Nako e Tlile!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Gopola Malatsi a ga Jesu a Bofelo mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 103 ts. 240-ts. 241 ser. 1
Jesu o pitikolola tafole ya motho yo o ananyang madi

KGAOLO 103

O Phepafatsa Tempele Gape

MATHAIO 21:12, 13, 18, 19 MAREKO 11:12-18 LUKE 19:45-48 JOHANE 12:20-27

  • JESU O HUTSA SETLHARE SA MOFEIGE A BO A PHEPAFATSA TEMPELE

  • JESU O TSHWANETSE GO SWA GORE BATHO BA LE BANTSI BA BONE BOTSHELO

Jesu le barutwa ba gagwe ba letse masigo a le mararo kwa Bethani fa e sa le ba goroga ba tswa kwa Jeriko. Jaanong ba tswa phakela thata ka Mantaga Nisane 10 ba bo ba ya kwa Jerusalema. Jesu o tshwerwe ke tlala. Ka jalo fa a bona setlhare sa mofeige, o ya kwa go sone. A se na le maungo?

Ke kwa bofelong jwa March, mme maungo a difeige a butswa ka June. Le fa go ntse jalo, setlhare seno se tlhogile matlhare pele ga nako. Ka jalo, Jesu o akanya gore se ka tswa se na le difeige tsa ntlha tse di buduleng. Mme gone, o fitlhela se se na maungo. Matlhare a sone a dirile gore go lebege e kete se na le maungo. Foo Jesu o se raya a re: “A ope a se ka a tlhola a ja leungo le le tswang mo go wena.” (Mareko 11:14) Ka bonako fela setlhare seno se simolola go swaba, mme gone barutwa ba tla tlhaloganya bokao jwa seo mo mosong o o latelang.

Go ise go ye kae, Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga kwa Jerusalema. O ya kwa tempeleng, e a neng a e tlhatlhoba maabane maitseboa. Gompieno ga a e tlhatlhobe fela, mme o dira se se oketsegileng; o dira se se tshwanang le se a ileng a se dira dingwaga di le tharo pele ga foo kwa moletlong wa Tlolaganyo ya 30 C.E. (Johane 2:14-16) Mo lekgetlong leno, o leleka “ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng.” Gape o pitikolola “ditafole tsa baananyi ba madi le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi.” (Mareko 11:15) Tota e bile, ga a letle ope go ralala lolwapa lwa tempele a tshotse sengwe.

Goreng Jesu a tseela batho bano kgato a sa okaoke? A re: “A ga go a kwalwa go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane.” (Mareko 11:17) O bitsa banna bano a re ke dinokwane ka gonne ba rekisetsa batho diphologolo tsa go ntsha ditlhabelo ka madi a a kwa godimo thata. Jesu o leba se ba se dirang e le go tsaya ka dikgoka kgotsa bonokwane.

Baperesiti ba bagolo, bakwadi le batho ba bangwe ba ba tseelwang kwa godimo, ba utlwa se Jesu a se dirileng, mme ba ikemisetsa le go feta go batla go mmolaya. Le fa go ntse jalo, ba lebana le bothata. Ga ba itse gore ba dire jang gore ba bolaye Jesu, ka gonne batho ba mo kokoanetse ba batla go mo reetsa.

Ga se Bajuda fela ba ba tlileng moletlong wa Tlolaganyo, mme gape go na le batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba sokologetseng mo tumelong ya Sejuda. Mo gare ga bone go na le Bagerika ba ba tlileng moletlong go tla go obamela. Bagerika bano ba ya kwa go Filipo, gongwe e le ka gonne ba utlwa a bidiwa ka leina la Segerika, mme ba mo kopa go bona Jesu. Filipo a ka tswa a sa itse gore a go siame gore ba kopane le Jesu, ka jalo o bolelela Anderea kgang eno. Filipo le Anderea ba ya go bolelela Jesu, yo a ka tswang a sa ntse a le kwa tempeleng.

Jesu o a itse gore o tlile go swa mo malatsing a se kae, ka jalo eno ga se nako ya go kgotsofatsa batho ba ba batlang go mmona kgotsa ya go batla go tuma. O araba baaposetoloi bano ba babedi ka go dira setshwantsho, a re: “Nako ya gore Morwa motho a galalediwe e gorogile. Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, fa tlhaka ya korong e sa wele mo mmung e bo e swa, e tla nna e le tlhaka e le nngwe fela; mme fa e swa, ke gone e ungwang maungo a mantsi.”—Johane 12:23, 24.

Tlhaka e le nngwe ya korong e ka lebega e se botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, fa e tsenngwa mo mmung e bo e “swa,” e kgona go tlhoga e bo e gola e ntsha ditlhaka tse dintsi. Ka tsela e e tshwanang, Jesu ke ene fela motho yo o se nang boleo. Mme fa a tswelela a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa, o tla naya batho ba le bantsi ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo jaaka ene botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, Jesu a re: “Ope fela yo o ratang botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme ope fela yo o tlhoileng botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tla bo sireletsa gore a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 12:25.

Jesu ga a ikakanyetse a le nosi fela, ka gonne o tlhalosa jaana: “Fa mongwe a batla go ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng gone, modiredi wa me le ene o tla nna gone koo. Fa mongwe a batla go ntirela, Rara o tla mo tlotla.” (Johane 12:26) Ruri eno ke tuelo e e molemo! Ba Rara a ba tlotlang, ba tla busa mmogo le Keresete mo Bogosing.

Jesu o akantse ka kgang ya gore o tlile go boga thata le gore o tlile go swa loso lo lo botlhoko, ka jalo o bua jaana: “Jaanong ke tshwenyegile, mme ke tla reng? Rara, nkgolole mo nakong eno.” Mme gone, ga se gore Jesu ga a batle go diragatsa thato ya Modimo. Ka gonne o oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, leno ke lone lebaka la go bo ke tlile mo nakong eno.” (Johane 12:27) Jesu o dumalana le sotlhe se Modimo a se ikaeletseng, go akaretsa le gore a ntshe botshelo jwa gagwe e le setlhabelo.

  • Goreng Jesu a solofetse go bona difeige le fa gone e se paka ya tsone?

  • Ke eng fa go tshwanela gore Jesu a bitse batho ba ba rekisang mo tempeleng a re ke “dinokwane”?

  • Ke ka tsela efe Jesu a tshwantshiwang le tlhaka ya korong, mme o ikutlwa jang ka tsela e a tlileng go boga le go swa ka yone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela