LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 8-9
  • O Etela Tempele Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Etela Tempele Gape
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Etela Tempele Gape
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Phepafatsa Tempele Gape
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “Nako e Tlile!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Mongwe le Mongwe o Tla Nna Kafa Tlase ga Setlhare sa Gagwe sa Mofeige
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

O Etela Tempele Gape

JESU le barutwa ba gagwe ba sa tswa go lala bosigo jwa bone jwa boraro mo Bethania fa esale ba goroga mo Jeriko. Jaanong moso wa Mantaga, Nisane 10, o ba tlhabela ba setse ba le mo tseleng e e yang Jerusalema. Jesu o tshwerwe ke tlala. Jalo fa a bona setlhare sa mofeige se se nang le matlhare, o a se atamela go bona fa se ka tswa se na le difeige.

Go lebega matlhare a setlhare seno a kukuntse ka pele e ise e nne setlha sa one, ereka setlha sa difeige se simolola ka June, mme jaanong ke mo bowelong jwa March. Lefa go ntse jalo, go lebega Jesu a ikutlwa gore ereka matlhare ano a kukuntse ka pele, difeige le tsone di ka tswa di nnile gone ka bonako. Mme o swabile. Matlhare ano a dira gore setlhare seno se tsietse. Jesu jaanong o hutsa setlhare seno, a re: “A go se tlhole go bōnwa louñō mo go wèna, go tloga hano go ea bosakhutleñ.” Mo tokololong e e latelang ya makasine ono, re tla kgatlhegela go itse gore go hutsa ga ga Jesu setlhare seno sa mofeige go ne ga felela jang le gore seno se ne se tshwantshetsa eng.

Fa ba tswelela, Jesu le barutwa ba gagwe ba fitlha kwa Jerusalema ka bonako. O ya kwa tempeleng, eo a neng a e sekaseka mo thapameng e e fetileng. Lefa go ntse jalo, gompieno o tsaya kgato, fela jaaka a ne a dira dingwaga di le tharo pelenyana fa a ne a tlile Tlolaganong ka 30 C.E. Jesu o latlhela botlhe ba ba rekang le ba ba rekisang mo tempeleng kwa ntle mme o pitikolola ditafole tsa bao ba ananyang madi le dinno tsa ba ba rekisang maeba. Ga a letle ope le eleng go tswa ka sepe mo tempeleng.

Fa a kgala bao ba ananyang madi le bao ba rekisang diphologolo mo tempeleng, o bua jaana: “A ga goa kwalwa, ga twe, Ntlo ea me e tla bidiwa Ntlo ea thapèlèlō ea merahe eotlhe? me lona lo e ntshitse moñōbō oa dinokwane.” Ke dinokwane ka gore ba batla ditlhwatlhwa tse di kwa godimo mo go bao ba senang madi a a kalo a go reka diphologolo tse ba di tlhokang go dira ditlhabelo. Jalo Jesu o leba ditirisano tseno tsa kgwebo jaaka tsietso kana bonokwane.

Fa baperesiti ba bagolo, bakwadi, le bangwe ba bagolo mo bathong ba utlwa seo Jesu a se dirileng, ba batla gape ka moo ba ka mmolayang ka gone. Ka gone ba supa gore ga ba kake ba fetoga. Lefa go le jalo, ga ba itse gore ba ka nyeletsa Jesu jang ereka batho botlhe ba tlhola ba le mo go Jesu go mo reetsa.

Kwantle ga Bajuda ba tlholego, Baditšhaba le bone ba tlile Tlolaganyong. Bano ke basokologela Sejudeng, seo se rayang gore ba fetotse bodumedi jwa bone go nna jwa Sejuda. Bagerika bangwe, bao go lebegang e le basokologela Sejudeng, ba atamela Filipo mme ba kopa go bona Jesu. Filipo o ya kwa go Anderea, gongwe go mmotsa gore a bokopano jo bo ntseng jalo bo siame. Go lebega Jesu a santse a le mo tempeleng koo Bagerika ba kgonang go mmona gone.

Jesu o itse gore o saletswe ke malatsi a sekae fela a go tshela, ka jalo o tshwantsha boemo jwa gagwe sentle jaana: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tla galalediwañ ka lōna. Amarure, amarure, kea lo raea, Ha tlhaka ea mabèlè e sa wele mo mbuñ ea shwa, e tle e nne eosi hèla: me ha e shwa, e uñwe louñō lo logolo.”

Tlhaka e le nngwe fela ya mabele e na le boleng jo bonnye. Lefa go le jalo, go tweng fa e tsenngwa mo mmung e bo e “shwa,” botshelo jwa yone bo felela jaaka peo? E a mela mme fa nako e ntse e tsamaya e tlhoga go nna letlhaka le le ungwang ditlhaka tse dintsintsi tsa mabele. Ka mo go tshwanang, Jesu ke motho a le mongwe fela yo o itekanetseng. Mme fa a swa a ntse a ikanyega mo Modimong, o tla nna tsela eo ka yone botshelo jo bosakhutleng bo tla fetisediwang mo go botlhe ba ba ikanyegang bao ba nang le moya wa go intsha setlhabelo jaaka o a nang nao. Ka gone, Jesu o bua jaana: “Eo o ratañ botshelō yoa gagwè, boa mo latlhègèla; me eo o ilañ botshelō yoa gagwè mo lehatshiñ yeno, o tla bo bolokèla botsheloñ yo bo sa khutleñ.”

Go lebega ka phepafalo gore Jesu ga a akanya ka ene ka nosi fela, ka go bo o tswelela pele go tlhalosa jaana: “Ha motho leha e le mañ a ntihèla, a a ntshalè moragō; me kwa ke gōna motlhanka oa me le èna o tla nna gōna: ha moñwe leha e le mañ a ntihèla, Rara o tla mo tlotla.” Abo seo e le tuelo e kgolo jang ne ya go latela Jesu le go mo direla! Ke tuelo ya go tlotliwa ke Rara ka go kopanela le Keresete mo Bogosing.

Fa a akanya ka go boga go gogolo le loso lo lo botlhoko lo lo mo emetseng, Jesu o tswelela pele jaana: “Yanoñ mōea oa me o huduegile; me ke tla reñ? A ke tla re, Rara, nkgolola mo lobakeñ lo?” Ke fela fa e le gore seo a lebaneng naso se ne se ka tilwa! Mme ga go a nna jalo, jaaka a bua jaana: “Ke tsile go hitlha mo lobakeñ lo ka ntlha ea gōna mo.” Jesu o dumalana le thulaganyo yotlhe ya Modimo, go akareletsa le loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. Mathaio 21:12, 13, 18, 19; Mareko 11:12-18; Luke 19:45-48; Yohane 12:20-27.

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a lebeletse gore a ka fitlhela difeige le eleng lefa e ne e se setlha sa tsone?

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a bitsa bao ba neng ba rekisa mo tempeleng “dinokwane”?

◆ Jesu o tshwana le tlhaka ya lebele e e swang ka tsela efe?

◆ Jesu o ikutlwa jang ka go boga ga gagwe le loso tse di mo emetseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela