Leina la Modimo Mo Tsamaong ya Dingwaga
JEHOFA MODIMO o batla gore motho a itse leina la gagwe le go le dirisa. Seno se itshupa go tswa mo ntlheng ya gore O senoletse batho ba ntlha ba babedi mo lefatsheng leina la Gagwe. Rea itse gore Adame le Efe ba ne ba tlwaelane le leina la Modimo ka ntlha ya gore erile fa Efe a sena go belega Kaine, go ya ka temana ya Sehebera sa kwa tshimologong, o rile: “Ke bonye monna ka thushō ea ga Yehofa.”—Genesise 4:1.
Moragonyana re bala gore banna ba ba ikanyegang jaaka Enoke le Noe ba ne ba ‘sepela le Modimo wa boammaaruri.’ (Genesise 5:24; 6:9, NW) Ka gone, le bone ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse leina la Modimo. Leina le falotse Morwalela le monna yo o siameng Noe le lelapa la gagwe. Go sa kgathalesege botsuolodi jo bogolo moragonyana kwa Babele, batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba ne ba tswelela go dirisa leina la gagwe. Le tlhagelela makgetlho a a makgolo-kgolo mo melaong eo Modimo o e neetseng Iseraele. Mo bukeng ya Duteronome e le nosi, le tlhagelela ga 551.
Mo malatsing a baatlhodi, goa itshupa gore Baiseraele ba ne ba sa tile go dirisa leina la Modimo. Ba ne ba le dirisa le e leng fa ba ne ba dumedisana. Re bala (mo Sehebereng sa kwa tshimologong) kaga Boase a dumedisa basegi ba gagwe ba mabele: “Yehofa a nnè le lona.” Ba ne ba mo araba ka gore: “Yehofa a gu segōhatsè.”—Ruthe 2:4.
Mo hisetoring yotlhe ya Baiseraele go fitlha ka nako ya fa ba boela kwa Juda morago ga botshwarwa jwa bone kwa Babilona, leina la ga Jehofa le nnile la dirisiwa ka mo go tlwaelegileng. Kgosi Dafide, monna yo o neng a amogelega mo pelong ya Modimo, o ne a dirisa leina la Modimo tota—le tlhagelela ga makgolo-kgolo mo dipesalemeng tseo a di kwadileng. (Ditihō 13:22) Leina la Modimo le ne le dirisiwa gape le mo maineng a Baiseraele ba bantsi. Ka gone re bala kaga Adonija (“Morena Wa Me Ke Jah”—“Jah” ke sebopego se se khutswafaditsweng sa Jehofa), Isaia (“Poloko ya ga Jehofa”), Jonathane (“Jehofa o Neile”), Mika (“Ke mang yo o tshwanang le Jehofa?”) le Joshua (“Jehofa Ke Poloko”).
Kwantle ga Bibela
Go na le bosupi go tswa mo metsweding e e kwantle ga Bibela ya go dirisiwa tota ga leina la Modimo mo metlheng ya bogologolo. Ka 1961 logaga lwa kgale lwa go fitlha baswi lo ne lwa bipololwa sebaka se se khutshwane go ya kwa borwa-bophirima jwa Jerusalema, go ya ka pego e e mo go Israel Exploration Journal (Volume 13, No. 2). Mo dipoteng tsa yone go ne go na le mekwalo ya Sehebera e e santseng e le gone fa e sale go tloga ka sephatlo sa bobedi sa lekgolo la borobedi la dingwaga la B.C.E. Mekwalo eno e na le dipolelo tse di jaaka “Jehofa ke Modimo wa lefatshe lotlhe.”
Ka 1966 go ne ga phatlalatswa pego go Israel Exploration Journal (Volume 16, No. 1) kaga dikabetlana tsa letsopa ka mokwalo wa Sehebera mo go tsone tse di neng tsa bonwa kwa Arad, mo borwa jwa Iseraele. Tseno di ne di kwadilwe mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. Lengwe la one e ne e le lekwalo la botho leo le neng le ya go monna yo o neng a bitswa Eliashibe. Lekwalo leno le simolola jaana: “Go morena wa me Eliashibe: Ekete Jehofa a ka kopa kagiso ya gago.” Mme le khutla jaana: “O nna mo ntlong ya ga Jehofa.”
Ka 1975 le 1976 baitseanape ba tlhago ya motho ba ba dirang kwa Negeb ba ne ba bipolola kgobokanyo ya mekwalo ya Sehebera le ya Sefoniki mo dipoteng tsa letsopa, dikurwana tsa bobolokelo le dijana tsa maje. Mekwalo eno e ne e akareletsa lefoko la Sehebera le le emelang Modimo, mmogo le leina la Modimo, YHWH, ka ditlhaka tsa Sehebera. Kwa Jerusalema ka boyone, bosheng go ne ga fitlhelwa momeno o monnye wa selefera, o e neng e ka ne e le wa pele ga botshwarwa jwa Babilona. Babatlisisi ba umaka gore fa o ne o menololwa, leina la Jehofa le ne la fitlhelwa le kwadilwe mo go one ka Sehebera.—Biblical Archaeology Review, March/April 1983, tsebe 18.
Sekai se sengwe sa go dirisiwa ga leina la Modimo se fitlhelwa mo Makwalong a a bidiwang a Lachish. Makwalo ano, a a kwadilweng mo dikabetlaneng tsa letsopa, a ne a bonwa magareng a dingwaga tsa 1935 le 1938 mo matlotleng a Lachish, a motse o o thatafaditsweng o o neng o tlhomologile tota mo hisetoring ya Iseraele. A bonala a ne a ile a kwalwa ke leotlana kwa bothibelelong jwa Bajuta a le kwaletse mookamedi wa gagwe, yo o neng a bidiwa Yaosh, kwa Lachish, gongwe ka nako ya ntwa magareng a Iseraele le Babilona go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E.
Mo dikabetlaneng di le robedi tse di balegang sentle, di le supa tsa tsone di simolola melaetsa ya tsone ya tumediso jaana: “Ekete Jehofa a ka dira gore morena wa me a nne le botsogo jo bontle mo setlheng seno!” Gotlhelele leina la Modimo le tlhagelela ga 11 mo melaetseng e supa eno, go go bontshang ka phepafalo gore leina la Jehofa le ne le dirisiwa ka boitumelo letsatsi lengwe le lengwe go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E.
Tota le babusi ba baheitane ba ne ba itse leina la Modimo le go le dirisa fa ba ne ba lebisa go Modimo wa Baiseraele. Ka gone, mo Lejeng la Moaba, Kgosi Mesha wa Moaba o ikgantsha ka diphenyo tsa gagwe tsa ntwa kgatlhanong le Iseraele mme mo gare ga tse dingwe o bua jaana: “Kemoshe o ntheile a re, ‘Tsamaya, o tseye Nebo go Iseraele!’ Jalo ke ne ka tsamaya bosigo mme ka e lwela le bone go tloga ka makuku a banna go fitlha sethoboloko, ka e tsaya le go bolaya botlhe . . . Mme ke ne ka tsaya [dijana] tsa ga Jehofa, ka di gogela fa pele ga Kemoshe.”
Fa e lebisa go ditiriso tseno tsa leina la Modimo tseo e seng tsa Bibela, Theologisches Wörterbuch zum Alten Testament (Thanodi ya Thutabodumedi ya Kgolagano e Kgologolo), go Volume 3, karolo 538, e re: “Ka gone makwalo mangwe a tshupo a le 19 a Ditumammogo di le nne ka sebopego sa jhwh a supa mo lobakeng lono kaga boikanyegi jwa M[asoretic] T[ext]; go sa ntse go ka solofelwa mo gontsi, bogolo go tswa go Mafelo a go boloka dibuka tsa Hisetori ya Arad.”—E ranotswe go tswa mo Sejeremaneng.
Leina la Modimo Ga lea Lebalwa
Go tlwaelana le leina la Modimo le go dirisiwa ga lone go ne ga tswelela go fitlha mo metlheng ya ga Malakia, yo o tshetseng dingwaga di ka nna 400 pele ga nako ya ga Jesu. Mo bukeng ya Bibela ya leina la gagwe, Malakia o tlotlomatsa leina la Modimo tota, a le dirisa ga 48.
Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga diragala gore Bajuta ba bantsi ba tshele kgakala le naga ya Iseraele, mme ba bangwe ba ne ba sa tlhole ba bala Bibela ka puo ya Sehebera. Ka gone, ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., go ne ga simololwa go ranolela karolo ya Bibela e e neng e le gone ka nako eo (“Kgolagano e Kgologolo”) mo Segerikeng, puo e ntšha ya merafe-rafe. Legale leina la Modimo le ne le sa tlhokomologiwa. Baranodi ba ne ba le boloka, ba le kwala ka sebopego sa lone sa Sehebera. Dikaelo tsa kgale tsa Septuagint ya Segerike tse di neng tsa bolokelwa motlha wa rona di supela seno.
Ka gone, boemo e ne e le bofe fa Jesu a ne a le mo lefatsheng? Re ka itse jang fa ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dirisa leina la Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Mo lekwalong leno, le le kwadilweng mo kabetlaneng ya letsopa mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., leina la Modimo le tlhagelela gabedi.
[Motswedi wa Setshwantsho]
(Setshwantsho se tserwe ke ba Lefapha la Iseraele la Dilo tsa Bogologolo le Ntlo ya Ditso)
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Leina la Modimo le fitlhelwa gape le mo Makwalong a Lachish le mo Lejeng la Moaba