LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • na ts. 23-27
  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”
  • Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina Le ne Le Le Gone
  • Go Phimolwa ga Leina Leno
  • Go Tlhokega ga Leina Leno
  • A Leina leno le Tshwanetse go Busediwa Gape?
  • Go Ganediwa ga Leina leno
  • Kgwetlho ya go Itse Leina la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Leina Jehofa le Tshwanetse go Tlhaga mo Tesetamenteng e Ntšha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Leina La Modimo le Baranodi ba Bibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
na ts. 23-27

Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”

BOEMO jwa leina la Modimo ga bo tshikinyege mo Dikwalong tsa Sehebera, “Kgolagano e Kgologolo.” Lemororo Bajuta kwa bokhutlong ba ile ba khutlisa go le bitsa, ditumelo tsa bone tsa sedumedi di ne tsa ba kganela go phimola leina leno fa ba ne ba dira dikaelo tsa dikwalo tse di onetseng tsa Bibela. Ka gone, Dikwalo tsa Sehebera di na le leina la Modimo kgapetsa go feta leina lepe.

Fa e le ka Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete, “Kgolagano e Ntšha,” boemo ke jo bo fapaaneng. Dikwalo tsa buka ya Tshenolō (buka ya bofelo ya Bibela) di na le leina la Modimo ka sebopego sa lone se se khutshwafaditsweng, “Jah,” (mo lefokong “Haleloya”). Mme kwantle ga moo, ga go na dikwalo tsa kgale tsa Segerike tse re nang le tsone gompieno tsa dibuka tsa go tloga ka Mathaio go ya go Tshenolō tse di nang le leina la Modimo ka botlalo. A seno se kaya gore leina leno ga lea tshwanela go nna teng? Seno se ne se tla bo se gakgamatsa ereka balatedi ba ga Jesu ba ne ba tlhokomela botlhokwa jwa leina la Modimo, mme Jesu o re rutile go rapelela go itshepisiwa ga leina la Modimo. Jalo go diragetseng?

Go tlhaloganya seno, gakologelwa gore mekwalo ya kgale ya Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete tseo re nang le tsone gompieno ga se tsa ntlha-ntlha. Dibuka tseo tota di kwadilweng ke Mathaio, Luke le bakwadi ba bangwe ba Bibela di ne di dirisiwa thata mme di ne tsa onala ka pele. Ka gone, go ne ga dirwa dikaelo, mme fa tseno di onala, go ne ga dirwa dikaelo tse dingwe tsa dikaelo tseo. Seno ke seo re neng re ka se solofela, ereka dikaelo gantsi di ne di direlwa go dirisiwa, e seng go bolokwa.

Go na le dikaelo tse di dikete-kete tsa Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete tse di leng gone gompieno, mme bontsi jwa tsone bo ne bo dirilwe ka lekgolo la bone la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng kana morago ga lone. Seno se akantsha ka seo se ka neng se diragetse: A sengwe se ka ne se diragaletse Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete pele ga lekgolo la bone la dingwaga se se bakileng go se dirisiwe ga leina la Modimo? Mabaka a supa gore sengwe se diragetse.

Leina Le ne Le Le Gone

Re ka tlhomamisega gore moaposetoloi Mathaio o ne a akareleditse leina la Modimo mo Efangeding ya gagwe. Ka ntlhayang? Gonne kwa tshimologong o ne a e kwadile ka Sehebera. Ka lekgolo la bone la dingwaga, Jerome, yo o ranotseng Vulgate ka Selatine, o begile jaana: “Mathaio, yo gape e leng Lefi, le yoo go tswa mo go nneng molekgetho a ileng a nna moaposetoloi, santlha-ntlha o ne a kwala Efangedi ya ga Keresete mo Judea ka puo ya Sehebera . . . Gore ke mang a e ranoletseng mo Segerikeng morago ga moo ga re tlhomamisege sentle. Go feta moo, Sehebera ka bosone se bolokilwe go fitlha gompieno mo bobolokelong jwa dibuka jwa Kaesarea.”

Ereka Mathaio a kwadile ka Sehebera, ga go dumelesege gore gaa ka a dirisa leina la Modimo, bogolo fa a ne a tsopola mo dikarolong tsa “Kgolagano e Kgologolo” tse di neng di na le leina leo. Lefa go ntse jalo, bakwadi ba bangwe ba karolo ya bobedi ya Bibela ba ne ba kwalela lefatshe ka bophara mo puong ya merafe-rafe ya nako eo, Segerike. Ka gone, ga baa ka ba tsopola go tswa mo dikwalong tsa Sehebera tsa ntlha-ntlha mme ba ne ba tsopola go tswa go thanolo ya Segerike ya Septuagint. Mme le e leng Efangedi ya ga Mathaio kwa bokhutlong e ne ya ranolelwa mo Segerikeng. A leina la Modimo le ka bo le ne le le mo dikwalong tseno tsa Segerike?

Legale, dikabetlana dingwe tse di onetseng thata tsa Septuagint Version tse di neng di le teng ka motlha wa ga Jesu di falotse go fitlha mo motlheng wa rona, mme goa lemotshega gore leina la sebele la Modimo le ne le tlhagelela mo go tsone. The New International Dictionary of New Testament Theology (Volume 2, tsebe 512) e re: “Diphitlhelelo tsa bosheng tsa ditemana di lere pelaelo ka mogopolo wa gore bakwadi ba LXX [Septuagint] ba ranotse ditumammogo di le nne YHWH ka kyrios. LXX MSS (dikabetlana) tsa kgale tota tseo re nang le tsone ga jaanong di na le ditumammogo di le nne di kwadilwe ka ditlhaka tsa Seheb[era] mo temaneng ya Seg[erike]. Mokgwa ono o ne wa bolokwa ke baranodi ba moragonyana ba Bajuta ba K[golagano] e K[gologolo] mo lekgolong la ntlha la dingwaga A.D.” Ka jalo, go sa kgathalesege gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba bala Dikwalo ka Sehebera kana ka Segerike, ba ne ba tla rakana le leina la Modimo.

Ka gone, Porofesa George Howard, wa Univesithi ya Georgia, U.S.A., o akgetse jaana: “Fa ‘Septuagint’ eo kereke ya Kgolagano e Ntšha e e dirisitseng le go e tsopola e ne e na le sebopego sa leina la Modimo sa Sehebera, bakwadi ba Kgolagano e Ntšha kwantle ga pelaelo ba ne ba akareletsa le Ditumammogo di le nne mo ditsopolong tsa bone.” (Biblical Archaeology Review, March 1978, tsebe 14) Ba ne ba tla neelwa ke mang thata ya go dira ka tsela e nngwe?

Leina la Modimo le ne la sala mo dithanolong tsa Segerike tsa “Kgolagano e Kgologolo” ka nako e teletsana. Mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., mosokologi wa Mojuta Akwila o ne a dira thanolo e ntšha ya Dikwalo tsa Sehebera go Segerike, mme go yone o ne a tlhagisa leina la Modimo ka Ditumammogo di le nne ka ditlhaka tsa Sehebera tsa kgale. Ka lekgolo la boraro la dingwaga, Origen o kwadile jaana: “Mme mo dikwalong tse di nepileng tota LEINA LENO le tlhagelela ka ditlhaka tsa Sehebera, lefa go ntse jalo eseng ka [ditlhaka] tsa Sehebera sa gompieno, mme ka sa bogolo-golo tala.”

Tota le mo lekgolong la bone la dingwaga, Jerome o kwala mo ketapeleng ya gagwe ya dibuka tsa Samuele le Dikgosi jaana: “Mme re fitlhela leina la Modimo, Ditumammogo di le nne [יהוה], mo dibolumung dingwe tsa Segerike le e leng go fitlha mo motlheng wa gompieno di kwadilwe ka ditlhaka tsa kgale.”

Go Phimolwa ga Leina Leno

Lefa go ntse jalo, botenegi jo bo neng bo boleletswe pele ke Jesu bo ne bo setse bo bonala ka nako eno, mme lefa leina leno le ne le tlhagelela mo dikwalong, le ne le dirisiwa go le gonnye. (Mathaio 13:24-30; Ditihō 20:29, 30) Kwa bokhutlong, babadi ba bantsi ba ne ba sa tlhole ba tlhokomela gore e ne e le eng mme Jerome o bega gore ka nako ya gagwe “bangwe bao ba neng ba se kelotlhoko, ka ntlha ya go tshwana ga ditlhaka, fa ba ne ba bona [Ditumammogo di le nne] mo dibukeng tsa Segerike, ba ne ba tlwaetse go bala ΠΙΠΙ.”

Mo dikaelong tsa moragonyana tsa Septuagint, leina la Modimo le ne la phimolwa mme mafoko a a tshwanang le “Modimo” (The·osʹ) le “Morena” (Kyʹri·os) a ne a emisediwa. Rea itse gore seno se diragetse ka ntlha ya gore re na le dikabetlana tsa ntlha tsa Septuagint moo leina la Modimo le neng le akareleditswe gone le dikaelo tsa moragonyana tsa dikarolo tsone tseo tsa Septuagint moo leina la Modimo le neng le phimotswe gone.

Go diragetse selo se se tshwanang ka “Kgolagano e Ntšha,” kana Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete. Porofesa George Howard o tswelela ka gore: “Fa sebopego sa leina la Modimo ka Sehebera se ile sa tlosiwa go emisediwa ka dikemedi tsa Segerike go ‘Septuagint,’ le ne la tlosiwa gape le mo ditsopolong tsa Kgolagano e Ntšha tsa ‘Septuagint’ . . . Erile go ise go ye kae leina la Modimo la bo le setse le nyeletse mo kerekeng ya Baditšhaba kwantle ga tsela eo le neng le bontshiwa ka lone mo dikemeding tse go neng go dumalanwe ka tsone kana go gakologelwa ke diithuti.”

Ka gone, ereka Bajuta ba ganne go bitsa leina la Modimo, kereke ya Bakeresete ba batenegi e ne ya kgona go le nyeletsa gotlhelele mo dikwalong tsa puo ya Segerike tsa dikarolo tse pedi tsa Bibela, mmogo le mo dithanolong tsa dipuo tse dingwe.

Go Tlhokega ga Leina Leno

Kwa bokhutlong, jaaka re bone gale, leina leno le ne la dirisiwa gape mo dithanolong tse dintsi tsa Dikwalo tsa Sehebera. Mme go tweng ka Dikwalo tsa Segerike? Baranodi le diithuti tsa Bibela ba ne ba lemoga gore kwantle ga leina la Modimo, go thata go tlhaloganya dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete sentle. Go dirisa leina leno gape ke thuso e kgolo mo go oketseng go phepafala le go tlhaloganngwa ga karolo eno ya Bibela e e tlhotlheleditsweng.

Ka sekai, sekaseka mafoko a ga Paulo go Baroma, jaaka a tlhagelela go Authorized Version: “Lefa e le mang yo o tla bitsang leina la Morena o tla bolokwa.” (Baroma 10:13) Ke leina la ga mang le re tshwanetseng go le bitsa gore re tle re bolokwe? Ereka Jesu gantsi a bitswa “Morena,” mme le e leng lokwalo longwe lo re: “Dumèla mo go Morèna Yesu, me u tla bolokwa,” a re tshwanetse go dira tshwetso gore Paulo fano o ne a bua kaga Jesu?—Ditihō 16:31.

Nnyaa, ga rea tshwanela. Boikitsiso jo bo fa thoko jwa Baroma 10:13 go Authorized Version bo re lebisa go Yoele 2:32 mo Dikwalong tsa Sehebera. Fa o sekaseka boikitsiso joo, o tla fitlhela gore Paulo tota o ne a tsopola mafoko a ga Joele mo lekwalong la gagwe go Baroma; mme seo Joele a se umakileng mo Sehebereng sa ntlha-ntlha e ne e le: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (New World Translation) Ee, Paulo fano o ne a kaya gore re tshwanetse go bitsa leina la ga Jehofa. Ka gone, ereka re tshwanetse go dumela mo go Jesu, poloko ya rona e golagane gaufi le go anaanela leina la ga Jehofa ka tshwanelo.

Sekao seno se bontsha ka moo go phimolwa ga leina la Modimo mo Dikwalong tsa Segerike go neng ga oketsa mo go tlhakatlhakanyeng Jesu le Jehofa mo ditlhaloganyong tsa batho ka gone. Kwantle ga pelaelo, go okeditse mo gontsi mo go simologeng ga thuto ya Tharo-nngwe!

A Leina leno le Tshwanetse go Busediwa Gape?

A moranodi o na le tshwanelo epe ya go busetsa leina leno, ereka dikwalo tse di leng gone di se na lone? Ee, o ne a ka nna le tshwanelo eo. Dithanodi tse dintsi tsa Segerike di dumela gore gantsi lefoko “Morena” mo Bibeleng le lebisa go Jehofa. Ka sekai, mo karolong ya yone go lefoko la Segerike Kyʹri·os (“Morena”), A Greek and English Lexicon of the New Testament ya ga Robinson (e e gatisitsweng ka 1859) e re le kaya “Modimo jaaka Morena Mogodimodimo le molaodi wa lobopo, gantsi go Sept[uagint] ya Seheb[era] יְהוָֹה Jehofa.” Ka gone, mo dibakeng tseo bakwadi ba Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete ba tsopolang Dikwalo tsa Sehebera tsa gale, moranodi o na le tshwanelo ya go ranola lefoko Kyʹri·os jaaka “Jehofa” moo leina la Modimo le tlhageletseng gone mo Sehebereng sa ntlha-ntlha.

Baranodi ba bantsi ba dirile seno. Go tloga bobotlana ka lekgolo la bo 14 la dingwaga, go ne ga dirwa dithanolo di le mmalwa tsa Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete. Ke eng seo se neng sa dirwa ke baranodi fa ba ne ba rakana le ditsopolo tse di tswang go “Kgolagano e Kgologolo” moo leina la Modimo le neng le tlhagelela gone? Gantsi, ba ne ba ikutlwa ba patelesega go busetsa leina la Modimo mo temaneng eo. Dithanolo tse dintsi tsa dikarolo kana Dikwalo tsotlhe tsa Segerike tsa Bokeresete go Sehebera di na le leina la Modimo.

Dithanolo tsa mo dipuong tsa gompieno, segolo tseo di neng di dirisiwa ke barongwa, di latetse sekao seno. Ka gone, dithanolo tse dintsi tsa dipuo tsa Afrika, Asia, Amerika le setlhake-tlhake sa Pacific tsa Dikwalo tsa Segerike di dirisa leina Jehofa ka kgololesego, gore babadi ba tle ba bone ka phepafalo pharologano magareng ga Modimo wa boammaaruri le ya maaka. Leina leno le tlhageletse gape go dithanolo tsa dipuo tsa kwa Yuropa.

Thanolo e le nngwe e e buseditseng leina la Modimo ka bopelokgale le ka tlhotlheletso e e molemo ke New World Translation of the Christian Greek Scriptures. Thanolo eno, eo ga jaanong e leng gone ka dipuo tsa gompieno di le 13, go akareletsa le Seesemane, e buseditse leina la Modimo nako le nako moo karolo ya Dikwalo tsa Sehebera eo e nang le yone e tsopolwang gone mo Dikwalong tsa Segerike. Gotlhelele, leina leno le tlhagelela ka motheo o o utlwalang ka makgetlho a le 237 mo thanolong eo ya Dikwalo tsa Segerike.

Go Ganediwa ga Leina leno

Go sa kgathalesege maiteko a baranodi ba bantsi a go busetsa leina la Modimo mo Bibeleng, go nnile ga nna le kgatelelo ya sedumedi ya go le tlosa. Bajuta, lefa ba le tlogetse mo Dibibeleng tsa bone, ba ganne go le bitsa. Bakeresete ba batenegi ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga ba le phimotse fa ba ne ba dira dikaelo tsa dikwalo tsa Bibela ya Segerike mme ba se le dirise fa ba ne ba dira dithanolo tsa Bibela. Baranodi mo dinakong tsa gompieno ba le phimotse, lefa tota ba ne ba thaile dithanolo tsa bone mo Sehebereng sa ntlha-ntlha, moo le tlhagelelang makgetlho a a ka batlang a le 7 000. (Le tlhagelela makgetlho a le 6 973 mo lekwalong la Sehebera la New World Translation of the Holy Scriptures, tokololo ya 1984.)

Jehofa o leba bao ba phimolang leina la gagwe mo Bibeleng jang? Fa o ne o le mokwadi, o ne o ka ikutlwa jang ka mongwe yo o tsereng matsapa aa kalo, go phimola leina la gago mo bukeng e o e kwadileng? Baranodi bao ba leng kgatlhanong le leina leno, ba dira jalo ka ntlha ya mathata a go bidiwa ga lone kana ka ntlha ya ngwao ya Bajuta, ba ka bapisiwa le bao Jesu a ba reileng a re “lo tlhōtlha lo ntsha montsana, me kamela lo e metse hèla.” (Mathaio 23:24) Ba kgopisiwa ke mathata a a potlana ano mme ba feleletse ka go baka bothata jo bogolo—ka go phimola leina la motlotlegi yo o fetang botlhe mo lobopong mo bukeng eo a e tlhotlheleditseng.

Mopesalema o kwadile jaana: “Modimo, kana moganetsi o tla nna a kgōba go lele go le kaee? A mmaba o tla nna a tlhapatsa leina ya gago ka bosakhutleñ?”—Pesalema 74:10.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

A “MORENA”—O Lekana le “Jehofa”?

Go phimola leina la sebele le leo le tlhaolang la Modimo mo Bibeleng le go le emisetsa ka sereto se se tshwanang le “Morena” kana “Modimo” go koafatsa temana le go e tlhaetsa ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, go ka tsala go kopanngwa ga mafoko go go se nang bokao. Mo ketapeleng ya yone, The Jerusalem Bible e re: “Go re, ‘Morena ke Modimo’ ruri ke [poapoeletso e e sa tlhokafaleng le eo e senang bokao], jaaka go re ‘Yahweh ke Modimo’ go sa nna jalo.”

Dikemedi tse di ntseng jalo di ka dira gore go nne le dipolelo tse di sa utlwaleng. Ka gone go Authorized Version, Pesalema 8:9 e balega jaana: “Morena wa rona MORENA, abo leina la gago le legolo jang ne mo lefatsheng lotlhe!” Abo e le kgatelopele jang ne fa leina Jehofa le busediwa mo temaneng eo! Ka gone, Young’s Literal Translation of the Holy Bible e balega jaana: “Jehofa, Morena wa rona, abo leina la Gago le tlotlwa jang ne mo lefatsheng!”

Go phimola leina leno gape go ka tsala tlhakatlhakano. Pesalema 110:1 e re: “MORENA a raya Morena wa me a re, Dula kafa letsogong la me le legolo, go tsamaee ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” (Authorized Version) Ke mang yo o buang le yo mongwe? Abo thanolo eno e le botoka jang ne: “YEHOFA o raea morèna oa me, a re, ‘Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō.’”

Go feta moo, go emisetsa “Morena” boemong jwa “Jehofa” go phimola sengwe sa botlhokwa-tlhokwa mo Bibeleng: leina la sebele la Modimo. The Illustrated Bible Dictionary (Volume 1, tsebe 572) e re: “Fa re bua ka tlhamalalo, Yahweh ke leina ‘le le nosi’ la Modimo.”

The Imperial Bible-Dictionary (Volume 1, tsebe 856) e tlhalosa pharologano magareng a “Modimo” (Elohim) le “Jehofa,” fa e re: “[Jehofa] gongwe le gongwe ke leina tota, le le tlhaolang Modimo wa sebele ebile e le one fela; mme Elohim le tlhalosa leina le le tlwaelegileng, gantsi le kaya Mogodimo-dimo.”

J. A. Motyer, mogokgo wa Kholetšhe ya Trinity, Engelane, o oketsa jaana: “Re latlhegelwa tota mo mmalong wa Bibela fa re lebala go lebelela go pota lefoko la kemedi [Morena kana Modimo] ka kwa, leina la Modimo la sebele. Ka go bolelela batho ba gagwe leina la one, Modimo o ne a ikaeletse go ba senolela seo a leng sone.”—Eerdmans’ Handbook to the Bible, tsebe 157.

Nnyaa, ga go yo o ka ranolang leina le le tlhaolang tota ka sereto fela. Sereto ga se fetisetse ka botlalo, bokao jo bo humileng jwa leina la Modimo la kwa tshimologong.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Kabetlana eno ya Septuagint (moja) ya lekgolo lantlha la dingwaga C.E. mme e na le Sekaria 8:19-21 le 8:23–9:4 e kwa Israel Museum mo Jerusalema. E na le leina la Modimo ka makgetlho a le mane, ao a mararo a one a bontshitsweng fano. Mo Lekwalong la Alexandrine (molema), sekaelo sa Septuagint se se dirilweng dingwaga di le 400 moragonyana, leina la Modimo le emiseditswe mo ditemaneng tseo ka KY le KC, dibopego tse di khutshwafaditsweng tsa lefoko la Segerike Kyʹri·os (“Morena”)

[Lebokoso mo go tsebe 27]

John W. Davis, morongwa kwa China ka lekgolo la bo-19 la dingwaga, o tlhalositse gore ke ka ntlhayang fa a ne a dumela gore leina la Modimo le tshwanetse go nna gone mo Bibeleng: “Fa Moya o o Boitshepo o re Jehofa mo lefelong lepe le le neetsweng mo Sehebereng, ke ka ntlhayang fa moranodi a ka se re Jehofa mo Seesemaneng kana mo Sechaeneng? O na le tshwanelo efe ya go re, Ke tla dirisa Jehofa fano ke le emisetse fa gongwe? . . . Fa ope a ka re go na le mabaka ao go dirisa Jehofa mo go one go leng phoso, aa bontshe lebaka; onus probandi [mokgweleo wa patlisiso] ke wa gagwe. O tla fitlhela tiro eno e le bokete, gonne o tla tshwanela go araba potso e e motlhofo eno,—Fa ka lebaka lepe go le phoso go dirisa Jehofa mo thanolong nngwe ke ka ntlhayang fa mokwadi yo o tlhotlheleditsweng a ile a le dirisa kwa tshimologong?”—The Chinese Recorder and Missionary Journal, Volume VII, Shanghai, 1876.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

New World Translation of the Christian Greek Scriptures e dirisa leina la Modimo sentle ga 237

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Leina la Modimo mo kerekeng ya kwa Minorca, Spain;

mo sefikantsweng gaufi le Paris, Fora;

le mo Chiesa di San Lorenzo, Parma, Italy

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela