LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • na ts. 17-22
  • Leina la Modimo le Baranodi ba Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leina la Modimo le Baranodi ba Bibela
  • Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Gobo Ba Le Tlogetse
  • Lebaka la go bo ba Bangwe ba Akareletsa Leina leno
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • A4 Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Jehofa ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
na ts. 17-22

Leina la Modimo le Baranodi ba Bibela

GALE mo lekgolong la bobedi la dingwaga, morago ga loso lwa moaposetoloi wa bofelo, go wa ga Bakeresete mo tumelong jaaka go boleletswe-pele ke Jesu le balatedi ba gagwe go ne ga simolola go diragala. Matlhale le dithuto tsa baheitane di ne tsa tsenelela mo phuthegong; go ne ga tsoga makoko le dikgaogano, mme go itsheka ga ntlha-ntlha ga tumelo go ne ga senngwa. Mme leina la Modimo le ne la se tlhole le dirisiwa.

Jaaka fa tenego eno ya Bokeresete e ne e anama, go ne ga tlhokega gore go ranolwe Bibela go tswa mo Sehebereng le Segerike tsa ntlha-ntlha go ya mo dipuong tse dingwe. Baranodi ba ranotse leina la Modimo jang mo dithanolong tsa bone? Gantsi, ba dirisitse kemedi ya “Morena.” Phetolelo e nngwe e e neng e dirisiwa thata ka nako eo e ne e le Vulgate ka Selatine, thanolo ya Bibela ka Jerome mo Selatining sa letsatsi lengwe le lengwe. Jerome o ranotse Ditumammogo di le nne (YHWH) ka go emisetsa Dominus, “Morena.”

Kwa bokhutlong, dipuo tse disha, jaaka Sefora, Seesemane le Sepanishe, di ne tsa simolola go utlwala mo Yuropa. Lefa go ntse jalo, Kereke ya Katholiki e ne ya se itumelele go ranolelwa ga Bibela mo dipuong tse disha tseno. Ka gone, ereka Bajuta, fa ba ne ba dirisa Bibela mo puong ya bone ya Sehebera sa kwa tshimologong, ba ne ba gana go bitsa leina la Modimo fa ba ne ba le bona, “Bakeresete” ba bantsi ba ne ba utlwa Bibela e balwa mo dithanolong tsa Selatini tse di neng di sa dirise leina leo.

Ka nako e e tshwanelang, leina la Modimo le ne la dirisiwa gape. Ka 1278 le ne la tlhagelela ka Selatini mo bukeng ya Raymundus Martini, moikani wa Mopanishi, ya Pugio fidei (Go Fela ga Tumelo). Raymundus Martini o dirisitse mopeleto wa Yohoua.a Nakwana morago ga moo, ka 1303, Porchetus de Salvaticis o ne a wetsa buka e e neng e na le setlhogo se se reng Victoria Porcheti adversus impios Hebraeos (Phenyo ya ga Porchetus Kgatlhanong le Bajuta ba Baikepi). Mo go yone, le ene o umakile leina la Modimo, a le peleta ka mo go fapaaneng e le Iohouah, Iohoua le Ihouah. Ka gone, ka 1518, Petrus Galatinus o ne a gatisa buka e e neng e na le setlhogo se se reng De arcanis catholicae veritatis (Masaitseweng a Boammaaruri jwa Lobopo) eo mo go yone a peletang leina la Modimo e le Iehoua.

Leina leno le ne la tlhagelela lantlha mo Bibeleng ya Seesemane ka 1530, fa William Tyndale a ne a gatisa thanolo ya dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa Bibela. Go yone o kwadile leina la Modimo gangwe fela, a le peletile e le Iehouah, mo ditemaneng di le mmalwab le mo tlhokomedisong ya kgatiso eno, o kwadile jaana: “Iehofa ke leina la Modimo . . . Go feta moo fa lo bona MORENA ka ditlhaka tse dikgolo (kwantle ga fa go nnile le phoso ya kgatiso) ka Sehebera ke Iehofa.” Go tloga fano go ne ga simololwa mokgwa wa go dirisa leina la ga Jehofa mo ditemaneng di le mmalwa fela mme go kwalwa “MORENA” kana “MODIMO” mo dikarolong tse dingwe ka bontsi moo Ditumammogo di le nne di tlhagelelang gone mo lekwalong la Sehebera.

Ka 1611 go ne ga gatisiwa phetolelo ya Seesemane e e neng ya dirisiwa ka bophara, Authorized Version. Mo go yone, leina leno le tlhageletse ga ne mo temaneng ya konokono. (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18; Isaia 12:2; 26:4) “Jah,” khutshwafatso ya bakwadi ba maboko ya leina leno, e tlhageletse go Pesalema 68:4. Mme leina leno le tlhageletse ka botlalo mo maineng a mafelo jaaka “Jehofa-jireh.” (Genesise 22:14; Ekesodo 17:15; Baatlhodi 6:24) Lefa go ntse jalo, fa ba latela sekao sa ga Tyndale, baranodi ba bantsi ba ne ba emisetsa “MORENA” kana “MODIMO” boemong jwa leina la Modimo. Mme fa leina la Modimo le ne le kgona go tlhagelela mo ditemaneng di le nne, ke ka ntlhayang fa le ne le ka se tlhagelele mo ditemaneng tse dingwe tse di dikete-kete tseo di nang le lone ka Sehebera sa kwa tshimologong?

Go ne ga diragala se se tshwanang mo puong ya Sejeremane. Ka 1534 Martin Luther o ne a gatisa thanolo ya gagwe e e feletseng ya Bibela, eo a e thaileng mo dipuong tsa ntlha. Ka mabaka mangwe gaa ka a dirisa leina la Modimo mme a dirisa dikemedi, jaaka HERR (“MORENA”). Lefa go ntse jalo, o ne a itse leina la Modimo, ereka mo therong e e go Yeremia 23:1-8, eo a neng a e neela ka 1526, a rile: “Leina leno Jehofa, Morena, ke la Modimo wa boammaaruri fela.”

Ka 1543 Luther o kwadile ka tlhamalalo a re: “Gore [Bajuta] ga jaanong ba kaya leina Jehofa e le leo le sa tshwanelang go bitswa, ga ba itse seo ba se buang . . . Fa go kgonega gore le kwalwe ka pene le enke, go palang gore go buiwe ka lone, e leng go go leng botoka thata go feta fa le kwalwa ka pene le enke? Ke ka ntlhayang fa ba sa re ga le kwalege, ga le balege kana ga le gopolesege? Fa tseno tsotlhe di sekasekiwa, go na le phoso nngwe.” Lefa go ntse jalo, Luther gaa ka a baakanya dintlha tseno mo thanolong ya gagwe ya Bibela. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa moragonyana, Dibibela tse dingwe tsa Sejeremane di ne di na le leina leno mo temaneng ya Ekesodo 6:3.

Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, baranodi ba Bibela ba ne ba tsaya nngwe ya ditsela tse pedi tseno. Bangwe ba ne ba tila go dirisiwa gope ga leina la Modimo, fa bangwe ba ne ba le dirisa tota mo Dikwalong tsa Sehebera, ka sebopego sa Jehofa kana sa Yahweh. A re sekasekeng dithanolo tse pedi tse di neng tsa tila leina leno mme re bone gore ke ka ntlhayang fa go ya ka baranodi, seno se ile sa dirwa.

Lebaka la Gobo Ba Le Tlogetse

Fa J. M. Powis Smith le Edgar J. Goodspeed ba ne ba gatisa thanolo ya gompieno ya Bibela ka 1935, babadi ba ne ba fitlhela gore MORENA le MODIMO di nnile tsa dirisiwa mo mafelong a mantsi go emisetsa leina la Modimo. Lebaka le ne la tlhalosiwa jaana mo ketapeleng: “Mo thanolong eno re latetse ngwao ya Bajuta ba ba ngaparetseng melao mme ra emisetsa ‘Morena’ boemong jwa leina ‘Yahweh’ le polelo ‘Morena Modimo’ boemong jwa polelo ‘Morena Yahweh.’ Mo mabakeng otlhe moo ‘Morena’ le ‘Modimo’ di emelang ‘Yahweh’ ya ntlha gone go dirisitswe ditlhaka tse dikgolwane.”

Ka gone, fa go boelwa kwa ngwaong ya Bajuta ba ba neng ba bala YHWH mme ba le bitsa “Morena,” ketapele e re: “Ka gone mongwe le mongwe, yo o eletsang go boloka go bidiwa ga lone ga temana ya ntlha-ntlha a ka bala ‘Yahweh’ mo a bonang MORENA kana MODIMO” gone!

Fa o bala seno, go tlhaga potso ka bonako mo tlhaloganyong: Fa go bala “Yahweh” boemong jwa “MORENA” go boloka “go bidiwa ga lone ga temana ya ntlha-ntlha,” ke ka ntlhayang fa baranodi ba sa dirisa “Yahweh” mo thanolong ya bone? Ke ka ntlhayang fa ka mafoko a bone ba ile ba ‘emisetsa’ leina la Modimo ka lefoko “MORENA” mme ka gone ba khupetsa go bidiwa ga lone ga temana ya ntlha-ntlha?

Baranodi ba re ba ne ba latela ngwao ya Bajuta ba ba ngaparetseng melao. Lefa go ntse jalo a seo se botlhale go Mokeresete? Gakologelwa, baboloki ba ngwao ya Bajuta ba ba ngaparetseng melao e ne e le Bafarisai, bao ba neng ba gana Jesu le go bolelelwa ke ene gore: “Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ya mekgwa ea lona.” (Mathaio 15:6) Go le emisetsa go go ntseng jalo ruri go tlhofofatsa Lefoko la Modimo.

Ka 1952 Revised Standard Version ya Dikwalo tsa Sehebera e ne ya gatisiwa ka Seesemane, mme Bibela eno le yone, e emiseditse leina la Modimo. Seno se ne sa elwatlhoko gonne American Standard Version, ya ntlha-ntlha, eo e neng e le poeletso ya yone, e ne ya dirisa leina Jehofa mo Dikwalong tsa yone tsotlhe tsa Sehebera. Ka gone, go se dirise leina leno e ne e le phapogo e e tlhomologileng. Ke ka ntlhayang fa seno se ne sa dirwa?

Mo ketapeleng ya Revised Standard Version, re bala jaana: “Komiti e boetse go tiriso ya King James Version [ke gore, ya go tlogela leina la Modimo] ka ntlha ya mabaka a mabedi ano: (1) lefoko ‘Jehofa’ ga le emele sebopego sepe sa Leina le le kileng la dirisiwa mo Sehebereng; le (2) tiriso ya leina lepe le le tshwanelang boemo jwa Modimo o le mongwe le o o osi, jaaka ekete go ne go na le medimo e mengwe eo a neng a tshwanetse go farologanngwa le yone, e ne e sa tlhole e dirisiwa mo Sejuteng pele ga motlha wa Bokeresete mme ruri ga go tshwanele tumelo ya lobopo ya Kereke ya Bokeresete.”

A tseno ke dikganetsano tse di utlwalang? Legale, jaaka go tlotlilwe gale, leina Jesu ga le emele sebopego sa kwa tshimologong sa leina la Morwa Modimo seo se neng se dirisiwa ke balatedi ba gagwe ka go nepa. Lefa go ntse jalo seno ga sea tlhotlheletsa Komiti eno go tila go dirisa leina leo le go dirisa boemong jwa lone sereto se se jaaka “Motsereganyi” kana “Keresete.” Ke boammaaruri gore direto tseno dia dirisiwa, mme mo godimo ga leina Jesu, eseng boemong jwa lone.

Fa e le kgang ya gore ga go na medimo e mengwe eo Modimo wa boammaaruri a neng a tshwanetse go farologanngwa le yone, seno ga se boammaaruri ka gope. Go na le medimo e e dimilione e e obamelwang ke batho. Moaposetoloi Paulo o tlhokometse jaana: “Go na le ‘medimo’ e le mentsi.” (1 Bakorintha 8:5; Bafilipi 3:19) Ke boammaaruri gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri, jaaka Paulo a tswelela go bua. Ka gone, molemo o le mongwe o mogolo wa go dirisa leina la Modimo wa boammaaruri ke gore le mo tlhaola mo medimong yotlhe ya maaka. Go na le moo, fa go dirisa leina la Modimo go “tshwanela tota,” ke ka ntlhayang fa le tlhagelela ka makgetlho a a ka nnang 7 000 mo Dikwalong tsa Sehebera tsa ntlha-ntlha?

Boammaaruri ke gore, baranodi ba bantsi ga ba ise ba nne le boikutlo jwa gore leina leno, mmogo le go bidiwa ga lone ga gompieno, ga goa tshwanela go nna teng mo Bibeleng. Ba le tsentse mo dithanolong tsa bone, mme matswela e nnile a thanolo e e neelang Mokwadi wa Bibela tlotlo mme ba ngaparela temana ya ntlha-ntlha ka boikanyegi. Dingwe tsa dithanolo tse di dirisiwang ka bophara tse di nang le leina leo ke thanolo ya Valera (Sepanishi, e e gatisitsweng ka 1602), thanolo ya Almeida (Sepotokisi, e e gatisitsweng ka 1681), thanolo ya ntlha-ntlha ya Elberfelder (Sejeremane, e e gatisitsweng ka 1871), mmogo le Bibela e e Boitshèpō (Setswana, e e gatisitsweng ka 1908). Dithanolo dingwe, jaaka The Jerusalem Bible, le tsone di dirisa leina la Modimo tota mme e le ka mopeleto wa Yahweh.

Bala jaanong ditlhaloso tsa baranodi bangwe bao ba akareleditseng leina leno mo dithanolong tsa bone mme o bapise go neela mabaka ga bone le ga bao ba tlositseng leina la Modimo.

Lebaka la go bo ba Bangwe ba Akareletsa Leina leno

Tlhaloso ya baranodi ba American Standard Version ya 1901 e re: “[Baranodi] ba ne ba dumalana gore tumela-botlhoding ya Bajuta, eo e neng e leba Leina la Modimo jaaka le le boitshepo thata go ka bitswa, e ne e sa tlhole e tshwanetse go laola thanolo ya Seesemane kana epe ya Kgolagano e Kgologolo . . . Leina leno la Segopotso, le le tlhalositsweng go Ekes. iii. 14, 15, le ne la gatelelwa jalo gangwe le gape mo ditemaneng tsa ntlha tsa Kgolagano e Kgologolo, di supa Modimo jaaka Modimo wa sebele, Modimo wa kgolagano, Modimo wa tshenolo, Mogolodi, Tsala ya batho ba one . . . Leina leno la ona, mmogo le go humisiwa ga lone ke dikgolagano tse di boitshepo, le buseditswe mo mannong a lone mo temaneng e e boitshepo eo mo go yone le nang le tshwanelo e e sa belaetseng.”

Ka mo go tshwanang, mo ketapeleng ya Elberfelder Bibel ya ntlha ya Sejeremane re bala jaana: “Jehofa. Re bolokile leina leno la Modimo wa Kgolagano ya Iseraele gonne mmadi o ne a tlwaelana le lone dingwaga di le dintsi.”

Steven T. Byington, moranodi wa The Bible in Living English, o tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa a dirisa leina la Modimo: “Go peleta le go bitsa ga se ga botlhokwa-tlhokwa. Sa botlhokwa-tlhokwa ke go itse ka phepafalo gore leno ke leina la ona. Go na le ditemana di le mmalwa tse di sa tlhaloganyegeng sentle fa re ranola leina leno ka le le tlwaelegileng le le tshwanang le ‘Morena’ kana, go go fetang moo, ka letlhalosi le le fetolwang go nna leina [ka sekai, Rrabosafeleng].”

Ntlha ya thanolo e nngwe, ka J. B. Rotherham, ke e e itumedisang. O dirisitse leina la Modimo mo thanolong ya gagwe mme o ne a kgatlhegela sebopego sa Yahweh. Lefa go ntse jalo, mo bukeng ya moragonyana ya Studies in the Psalms, e e gatisitsweng ka 1911, o ne a boela mo sebopegong sa Jehofa. Ka ntlhayang? O tlhalosa jaana: “JEHOVAH.—Go dirisiwa ga sebopego seno sa Seesemane sa leina la Segopotso (Ekes. 3:18) mo thanolong ya jaanong ya Psalter ga go rotoge fela mo pelaelong epe ya go bidiwa sentle ga lone, jaaka Yahwéh; mme ke go tswa go bosupi jo bo tlhophilweng ka sebele jwa keletso ya go dirisana le tsebe le leitlho tsa batho mo ntlheng ya mofuta ono, tseo mo go tsone selo sa botlhokwa-tlhokwa e leng go elwatlhoko ga leina la Modimo motlhofo jaaka go ikaeletswe.”

Go Pesalema 34:3 baobamedi ba ga Jehofa ba kgothadiwa jaana: “A lo ko lo godiseñ Yehofa le nna, a re goletseñ leina ya gagwè mmōgō.” Babadi ba dithanolo tsa Bibela tse di sa diriseng leina la Modimo ba ka araba jang ka botlalo mo kgothatsong eo? Bakeresete ba itumelela gore bobotlana baranodi bangwe ba nnile le bopelokgale jwa go akareletsa leina la Modimo mo dithanolong tsa bone tsa Dikwalo tsa Sehebera, mme ka gone ba boloka seo Smith le Goodspeed ba se bitsang “go bitswa ga lone ga temana ya ntlha-ntlha.”

Lefa go ntse jalo, dithanolo tse dintsi lefa di akareletsa leina la Modimo mo Dikwalong tsa Sehebera, ga di le dirise mo Dikwalong tsa Segerike tsa Bokeresete, “Kgolagano e Ntšha.” Lebaka la seno ke lefe? A go na le tshwanelo epe ya go akareletsa leina la Modimo mo karolong eno ya bofelo ya Bibela?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefa go ntse jalo, dikgatiso tsa buka eno tsa makgolo a dingwaga a moragonyana, di peletile leina la Modimo e le Jehofa.

b Genesise 15:2; Ekesodo 6:3; 15:3; 17:16; 23:17; 33:19; 34:23; Duteronome 3:24. Tyndale o akareditse gape leina la Modimo go Esekiele 18:23 le 36:23, mo dithanolong tsa gagwe tse di neng tsa tsenngwa kwa bokhutlong jwa The New Testament, Antwerp, 1534.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Baranodi ba Authorized Version ba bolokile leina la Modimo, Jehofa, mo ditemaneng di le nne fela, ba le emisetsa ka MODIMO le MORENA mo go tse dingwe tsotlhe

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Fa go dirisa leina la Modimo go sa “tshwanela gotlhelele,” ke ka ntlhayang fa le tlhagelela makgetlho a a ka nnang 7 000 mo temaneng ya ntlha-ntlha ya Sehebera?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Kilo Ke ya Eng Go Leina la Modimo?

Ga jaanong, ga go na thanolo epe ya bosheng ya Bibela mo puong ya Seburu (e e buiwang ke ba Ma-Afrika Borwa ba ba tlholegelang kwa Dutch) e e nang le leina la Modimo. Seno sea gakgamatsa, ereka dithanolo tse dintsi tsa mo dipuong tsa merafe tse di buiwang kwa nageng eo di dirisa leina leno ka kgololesego. A re boneng gore go tlile jang.

Ka August 24, 1878, go ne ga dirwa kopo e e maatla kwa pokanong ya “Society of True Afrikaners” (G.R.A.) gore go dirwe thanolo ya Bibela ka puo ya Seburu. Dingwaga di le thataro moragonyana, kgang eno e ne ya tlhagisiwa gape, mme kwa bokhutlong go ne ga swediwa gore go tswelelwe le go ranola Bibela go tswa mo dipuong tsa ntlha-ntlha. Tiro eno e ne ya neelwa S. J. du Toit, Mookamedi wa Thuto mo Teransefala.

Lekwalo la taolo go du Toit le ne le akareleditse kaelo e e latelang: “Leina la Morena la mmatota, ebong Jehofa kana Jahvê, le tshwanetswe go tlogelwa le sa ranolwa [ke gore, le se emisediwe ka Morena kana Modimo] mo thanolong yotlhe.” S. J. du Toit o ranoletse dibuka di le supa tsa Bibela mo Seburung, mme leina la Jehofa le tlhageletse mo go tsone tsotlhe.

Dikgatiso tse dingwe tsa Afrika Borwa, le tsone di kile tsa bo di na le leina la Modimo. Ka sekai, go De Korte Catechismus (Katekesima e e Khutshwafaditsweng), ka J. A. Malherbe, 1914, go ne ga tlhaga tse di latelang: “Leina le le tlhomologileng la Modimo ke mang?” Karabo? “Jehofa, le le kwadiwang MORENA ka ditlhaka tse dikgolo mo Dibibeleng tsa rona. [Leina] leno ga lea neelwa sebopiwa sepe.”

Go Die Katkisasieboek (katekasima e e gatisitsweng ke “Federated Sunday School Commission” ya Kereke ya “Dutch Reformed” ya mo Afrika Borwa) go tlhagile potso e e latelang: “A ga rea tshwanela go dirisa leina Jehofa kana MORENA? Seno ke seo Bajuta ba se dirang . . . Seno ga se jone bokao jwa taolo eno . . . Re ka dirisa Leina la gagwe, mme re se le dirisetse lefela.” Go fitlha fa gautshwane, dikgatiso tse di boeleditsweng tsa Die Halleluja (buka ya difela) le tsone di ne di na le leina Jehofa mo difeleng tse dingwe.

Lefa go ntse jalo, thanolo ya ga du Toit e ne e sa itsege, mme ka 1916 Lekoko la Thanolo ya Bibela le ne la tlhongwa go bona gore Bibela ya Seburu e gatisiwe. Lekoko leno le ne le na le mokgwa wa go se kwale leina la ga Jehofa mo Bibeleng. Ka 1971 Mokgatlho wa Dibibela wa Afrika Borwa o ne wa gatisa “thanolo ya nakwana” ya dibuka di le mmalwa tsa Bibela ka Seburu. Lefa leina la Modimo le ne le umakilwe mo ketapeleng, le ne le sa dirisiwe mo ditemaneng tsa thanolo eno. Ka mo go tshwanang, ka 1979 thanolo e ntšha ya “Kgolagano e Ntšha” le Dipesalema e ne ya nna gone mme ka mo go tshwanang e ne e se na leina la Modimo.

Go feta moo, fa e sale ka 1970 go umakiwa ga leina Jehofa go ne ga phimolwa go Die Halleluja eno. Mme kgatiso ya borataro ya tokololo e e boeleditsweng ya Die Katkisasieboek, e e gatisitsweng ke Kereke ya “Dutch Reformed” ya mo Afrika Borwa, ga jaana le yone ga e dirise leina leno.

Tota-tota, maiteko a go tlosa sebopego sa Jehofa ga a felele mo dibukeng. Kereke ya “Dutch Reformed” kwa Paarl e ne e na le lentswe la motheo leo mo go lone go neng go gabilwe mafoko ano JEHOVAH JIREH (“Jehofa O tla Tlamela”). Setshwantsho sa kereke eno le lentswe la motheo la yone di ne di tlhagisitswe go tokololo ya makasine wa Awake! ya October 22, 1974, ka puo ya Seburu. Fa e sa le ka nako eo, lentswe leno la motheo le emiseditswe ka le lengwe la mafoko a a reng DIE HERE SAL VOORSIEN (“MORENA O tla Tlamela”). Tsopolo ya lokwalo le letlha tse di mo lentsweng leno la motheo di tlogetswe di ntse jalo, mme leina Jehofa le phimotswe.

Ka gone, Ma-Afrikanse a mantsi gompieno ga ba itse leina la Modimo. Maloko a kereke ao a le itseng ba tila go le dirisa. Bangwe ebile ba kgatlhanong le lone, ba re leina la Modimo ke MORENA mme ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa go bo ba simolotse go dirisa leina Jehofa.

[Ditshwantsho]

Kereke ya “Dutch Reformed” kwa Paarl, Afrika Borwa. Kwa Tshimologong, leina Jehofa le ne le gabilwe mo lentsweng la motheo (kwa godimo kafa mojeng). Moragonyana, le ne la emisediwa (kwa godimo go la molema)

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Leina la Modimo mo sebopegong sa Yohoua le tlhageletse ka 1278 mo bukeng ya Pugio fidei jaaka le bonwa mo lekwalong leno (la nako ya lekgolo la dingwaga la bo 13 kana la bo 14) go tswa kwa bobolokelong jwa dibuka jwa Ste. Geneviève, Paris, Fora (tsebe 162b)

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Mo thanolong ya gagwe ya dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa Bibela, e e gatisitsweng ka 1530, William Tyndale o akareleditse leina la Modimo go Ekesodo 6:3. O tlhalositse go dirisa ga gagwe leina leno mo tlhokomedisong ya thanolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

(Setshwantsho se tserwe mo lefapheng la Bobolokelo jwa Dibuka jwa Mokgatlho wa Bibela wa Amerika, New York)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela