Kgaolo 7
Tsaya Kgato e e Botlhale mo Kotsing e e Go Lebaneng
1. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ile ba nyelela ka mo go sa tlhokafaleng (a) fa sekepe sa Titanic se ne se nwela? (b) fa Mount Pelée e ne e thunya?
FA BA tlhagisiwa ka motswedi o o boikanngo ka kudumedi e e tlang, batho ba ba botlhale ba tsaya kgato go sireletsa matshelo a bone. (Diane 22:3) Mme dikete-kete tse di senang palo di ile tsa nyelela go sa tlhokafale ka ntlha ya go bo ikanyo ya bone e ne e fapogile. Go sa kgathalege ditlhagiso tsa gore ba tsene mo mekorong e e falotsang, makgolo-kgolo a bapagami a ne a nwela le sekepe sa lewatle Titanic ka 1912 ka go bo ba ile ba dumalana le boiphako jwa gore se ne se ka se nwele. Fa Mount Pelée mo Martinique e ne e simolola go kgwa seretse se se molelo le majwe ka 1902, morafe o o neng o nna gautshwane le Saint-Pierre o ne wa tsenwa ke tsebetsebe, mme ereka jaana dikgatlhego tsa bogagapa tsa maloko a a kwa godimo a motse di ne di le mo kotsing, mapolotiki a lefelo leo le morulaganya dikgang wa koranta ya dikgang ya lefelo leo ba ne ba senka go ritibatsa dipoifo tsa batho, ba ba tlhotlheletsa gore ba se ka ba ya gope. Ka tshoganyetso thaba e ne ya thunya, mme batho ba le 30 000 ba ne ba nyelela.
2. (a) Ke tlhagiso efe e e potlakileng eo e utlwadiwang mo motlheng wa rona? (b) Ke ka ntlha yang fa boemo e le jo bo masisi?
2 Mo motlheng wa rona tlhagiso e e bileng e potlakile le go gaisa e ntse e ntshiwa—eseng kaga kudumedi nngwe ya lefelo lengwe le le rileng mme malebana le go atamela ga ntwa ya lobopo lotlhe ya Modimo ya Aramagedona. (Isaia 34:1, 2; Yeremia 25:32, 33) Basupi ba ga Jehofa ba nnile gangwe le gape ba etela batho kwa magaeng a bone lefatshe ka bophara, ba ba tlhotlheletsa gore ba tseye kgato e e botlhale, ba lebile pele polokong ya matshelo a bone. A o rata botshelo ka mo go lekaneng mo o ka tsayang kgato e e tlhokafalang, mme o dira jalo ka potlako, kwantle ga tiego?
“LEHATSHE LEA HETA”
3. Ke ka ntlha yang fa boikutlo jwa rona tebang le lefatshe bo tla ama tebelelo ya rona ya phalolo?
3 Lebaka je le masisi mo tebelelong ya gago ya phalolo ke boikutlo jwa gago tebang le lefatshe. Fa fela o sa ntse o tshela jaaka motho o mo lefatsheng. Mme ga go tlhokafale gore o abalane mo dikeletsong tse di phoso tsa lone le go etsa ditiro tsa lone tse e seng tsa poifomodimo. Ga go tlhokafale gore o ikgetholole le lone ka go baya ikanyo ya gago mo bathong le mo maanong a bone boemong jwa mo Modimong le mo boikaelelong jwa gagwe. Mme o tshwanetse wa itlhophela; o ka se ke o nne mo matlhakoreng oo-mabedi. “Eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” Ka baka lang? Ka go bo, jaaka fa Lefoko la Modimo le re bolelela, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”—Yakobe 4:4; 1 Yohane 5:19; Pesalema 146:3-5.
4. (a) O dirisa Bibela ya gago, tlhalosa ditlwaelo le maikutlo tseo di tla kganelang batho go bona botshelo tlaseng ga Bogosi jwa Modimo. (b) Ke ka ntlha yang fa bao ba ileng ba ineela mo dilong tseno ba tshwanetse go di latlha ka bonako jo bogolo?
4 Ka mo go utlwalang, Jehofa ga a ketla a bolokela mo Thulaganyong ya gagwe e Ntšha ya tshiamo batho bao tsela ya bone ya botshelo e supang gore ba ngaparetse se Modimo a se nyatsang. Dingwe tsa dilo tse ke dife? Go na le ditiro di le dintsi le maikutlo tseo lefatshe le di tsayang ka go latlhelela fela. Mme fa re batla go falola bofelo jwa lefatshe jeno je le boikepo, he, go sa kgathalesege seo batho ba bangwe ba se dirang le go se akanya, re tla reetsa tlhagiso ya Bibela ya gore go le baakahadi, bagokahadi, basodoma le bao ba ithabuetsang mo lesweng la boitsholo le boitshwaro jo bo repileng ga ba ketla ba nna gareng ga bafalodi. Go sa kgathalesege gore ba bangwe ba ya le maaka le bogodu go le kana kang, re tla gana tsela e e ntseng jalo ya botshelo. Go sa kgathalesege go tuma ga ditlwaelo tsa bophekodi, re tla di tila. Lemororo bangwe ba ka nna ba fufega, ba tsosa dikgang, ba galefa, kana ba leka go tila ditlalelo ka diokobatsi kana go nwa dino tsa tagi mo go feteletseng, ga re na go ba etsa. Mme fa re ile ra ithabuetsa mo dilong tseno, re tla lebana le tlhokafalo ya gore re fetoge. Lefa dingwe tsa tseno di ile tsa bonala ekete “di itshiametse fela” go rona mo lobakeng lo lo fetileng, re tla di huralela. Ka baka lang? Ka gore ruri re rata Modimo, re rata botshelo, mme ebile Lefoko la Modimo le tlhagisa gore “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21; Baefesia 5:3-7; 1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1; Tshenolō 22:15.
5. (a) Fa botshelo bo le botlhokwa go rona, ke eng seo re tshwanetseng go ithuta go se dira? (b) Ke dinonofo dife tse dintle-ntle tseo di umakiwang mo dikwalong kwa bofelong jwa serapa seno? Di botlhokwa go le kana kang? Re ka di godisa jang?
5 Fa paka ya go tshelela ruri ka boitumelo e le botlhokwa mo go rona, re tlhoka go ithuta kafa re ka itumedisang ka gone Monei wa botshelo, Jehofa Modimo. (Ditihō 17:24-28; Tshenolō 4:11) Ka go tswelela pele re tshwanetse ra dirisa Lefoko la gagwe mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Fa re ntse re dira jalo, e tla re go ise go e kae re lebe ka kelotlhoko boikutlo jwa rona tebang le sebele sa rona le batho ba bangwe, tebang le dithoto tsa rona ka sebele le diphitlhelelo, mme re akanyetse kafa tseno di amang boemo jwa rona fa pele ga Modimo. Batho ba ba re dikologileng ba ka nna ba bo ba ile ba ikgopola thata, morafe wa bone kana lotso kana setšhaba, mme re tla akanyetsa ga masisi lokwalo lo lo reng: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.”—Yakobe 4:6; Sefania 2:2, 3; Pesalema 149:4.
6, 7. Ke ka baka lang fa re tshwanetse go tlhatlhoba matshelo a rona go ya kafa tlhalosong ya 1 Yohane 2:15-17?
6 Lemororo ba bangwe ba itetlelela go nna makgoba a dikeletso tseo di tsosiwang ke batho ba ba ratang dilo tse di bonalang kana ba tlhotlhelediwa ke keletso ya bokwa-godimo jwa botho, re tla tlhatlhoba botshelo jwa rona go ya kafa tlhalosong ya 1 Yohane 2:15-17, eo e reng: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Fa go tlhokafala gore re dire diphetogo, eno ke nako ya go di dira.
7 Lefatshe leno le ditsela tsa lone tsa botshelo ga di ketla di nnela ruri. Ga se “le le ka sekeng le nwele.” Batho ba lefatshe ba ka nna ba leka go tshwarelela mo balateding ba bone, ba ba dira gore ba ikutlwe jaaka ekete maiteko a bone a ka tokafatsa lefatshe. Mme tsela e le nngwe eo ba ka falodiwang mo kotsing e e tlang ke go reetsa molaetsa wa tlhagiso wa Modimo. Mo go seno batho ba Ninefe mo motlheng wa ga moperofeti Jona ba ne ba re tlhomela sekao seo re tla bong re dira sentle go se tsenya mo pelong.
“BA IKWATLHAILE KA THÈRŌ EA GA YONA”
8. Batho ba Ninefe ba ne ba bontsha botlhale jang fa Jona a ne a ba neela tlhagiso ya Modimo, mme ka matswela afe?
8 Mo lekgolong la dingwaga la bofera bongwe B.C.E., Jehofa o ne a roma Jona go ya kwa bathong ba Ninefe, motse-mogolo wa Asiria, go ba bolelela gore, ka ntlha ya bosula jwa bone, Ninefe o ne a tla senngwa. Fa Jona a ne a ba tlhagisa gore mo malatsing fela a le 40 ba tla bo ba nyeletse, ba ne ba itshwara jang? Mo boemong jwa go sotla, “ba dumèla Modimo; me ba laola gore go ikidiwè diyō; me ba apara letsela ya kgetse.” Kgosi ka boene o ne a kopanela le bone mme a kgothaletsa batho botlhe go rapela Modimo ka tlhoafalo le go furalela tsela ya bone e e bosula le thubakanyo ya bone. O ne a ba gopodisa a re: “E mañ eo o itseñ, go re, a Modimo ga o ketla o . . . boea mo bogaleñ yoa ōna yo bo gaketseñ, gore re se ka ra shwa?” Ka go bo ba ile ba latlha tsela ya bone e e bosula, Jehofa o ne a ba bontsha kutlwelo botlhoko. Matshelo a bone a ne a falodiwa.—Yona 3:2-10.
9, 10. (a) Jesu o ne a re batho ba Ninefe ba ne ba le sekao se se ka ediwang ka tsela efe? (b) Ke bomang bao gompieno ba tshwanang le batho bao ba Ninefe?
9 Fa a ne a kgalemela Bajuda ba ba sa dumeleng mo lekgolong la dingwaga la ntlha C.E., Jesu o ne a ba tlhokomedisa tiragalo eo ya histori, ka gore: “Banna ba Ninefe ba tla èma mo tshekoñ, ba èma le losika lo ba lo sekisa: ka go bo bōnè ba ikwatlhaile ka thèrō ea ga Yona; me bōnañ, eo mogolo go heta Yona o hano.”—Mathaio 12:41.
10 Go tweng kaga motlha wa rona? A go na le bape ba ba bontshang boikwatlhao jo bo ntseng jalo? Ee; go na le dikete-kete di le dintsi lefatshe ka bophara bao, jaaka batho ba Ninefe, ba ka neng ba ile ba seka ba ipolela fa ba obamela Modimo wa Bibela mme jaanong ba reetsa molaetsa wa tlhagiso wa ga Jehofa. Fa ba ithuta ka gore ke ka ntlha yang fa tshenyego e tlela lefatshe, ba senka go utlwelwa botlhoko ke Modimo. Ba nna le phetogo ya mmaanete mo megopolong le mo dipelong tsa bone mabapi le tsela ya bone ya pele ya botshelo mme jaanong ba ikemiseditse go dira “ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhaō.” (Ditihō 26:20; bona gape le Baroma 2:4.) A ke keletso ya gago go nna mongwe wa bone? Fa go ntse jalo, se re ka moso.
ITHAPELELE KAGISO KA POTLAKO
11. (a) Bagebeona e ne e le bomang? (b) Ke ka ntlha yang fa ba ile ba ithapelela kagiso mo Baiseraeleng?
11 Bagebeona mo motlheng wa ga Joshue le bone ba ne ba tsaya kgato e e botlhale gore ba tle ba falotse matshelo a bone. E ne e le Bakanana bao tsela ya bone ya botshelo e neng e le ya boitsholo jo bo sa siamang le ya dilo tse di bonalang, ya medimo ya disetwa le ya sedimona. Jehofa o ne a laotse gore ba senngwe. Ba ne ba itse kafa Jehofa a neng a golola Iseraele ka gone mo Egepeto dingwaga tse 40 pelenyana le gore dikgosi tse di nonofileng tsa Baamora kafa botlhabatsatsi jwa Noka ya Joredane di ne di ile tsa se ka tsa kgona go ema fa pele ga bone. Mongwe le mongwe o ne a itse gore e rile, kwa ntle ga go dirisiwa ga ditshipi dipe tse di thubakanyang, dipota tse dikgolo tsa Jeriko tsa wela fa fatshe gotlhe-gotlhe fa pele ga bone le gore motse wa Ai o ne o ile wa fetolwa thotobolo fela e e swafetseng. (Yoshue 9:3, 9, 10) Baagi ba motse wa Gebeona ba ne ba batla go tshela, mme ba ne ba lemoga gore ba ne ba ka se fenye ntwa kgatlhanong le Modimo wa Iseraele. Ba ne ba tlhoka go dira sengwe ka bofefo. Eng? Ba ne ba ka se patelele kagisano le Iseraele, mme ba ne ba akanya ka gore bobotlana ba tshwanetse go itekela. Jang?
12. (a) Go sa kgathalege mothale o ba neng ba o dirisa, ke ka baka lang fa Bagebeona ba ile ba falodiwa? (b) Ke diphetogo dife tse ba neng ba tshwanelwa ke go di dira, mme ke tiro efe e ba neng ba e neelwa go e dira?
12 Ba ne ba tsaya kgato ka botlhale, ba romela kwa go Joshue banna bao ponalo ya bone e neng e supa gore ba ne ba sa bolo go tsamaya mosepele o moleele. Fa ba atamela Joshue, ba mo raya ba re ba tswa kwa lefatsheng je le kgakala, gore ba ne ba utlwaletse ka dilo tse dikgolo tse Jehofa a neng a di dirile mme, jaaka baemedi ba batho ba bone, ba ne ba iterile go tla go nna batlhanka le go kopa kgolagano gore e dirwe le bone. Joshue le dikgosana tsa Iseraele ba dumalana. Moragonyana, fa tsietso eno e tla go lemogiwa, Bagebeona ka boikokobetso ba bolela gore ba ne ba tshogetse matshelo a bone mme ba supa fa ba ikemiseditse go dira sengwe le sengwe seo se neng se tlhokwa mo go bone. (Yoshue 9:4-25) Jehofa o ne a ntse a lebile kgang ka botlalo. O ne a seka a tsiediwa. O ne a kgona go bona gore ba ne ba sa leke go senya batho ba gagwe, jaaka Bamoaba ba ne ba dirile go le pelenyana, mme o ne a anaanela keletso ya bone e e tlhoafetseng ya go tshela. Jalo a ba dumelela gore ba abelwe ditiro tlaseng ga Balefi mo motlaaganeng o o boitshepo, ba rwalela dikgong le go ga metsi, ka gone ba tshegetsa kobamelo ya ga Jehofa. Go amogelwa mo tirong e e ntseng jalo, legale, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba latlhe ditlwaelo tsa bone tsa pele tse di seng phepa.—Yoshue 9:27; Lefitiko 18:26-30.
13. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke tiragalo eo ya seperofeti eo e kopanyeletsang Bagebeona? (b) Go falodiwa ke Joshue yo Mogolwane, ke eng seo se tlhokwang mo bathong gompieno?
13 Ponong ya lebaka la gore re tshela gautshwane thata le go felela ga ‘metlha ya bofelo,’ go botlhokwa-tlhokwa gore batho botlhe ba ba batlang go falola ba tsee kgato kwa ntle ga madiadia, mme ka pelo e e phepa gotlhe-gotlhe. Jesu Keresete, yo eleng modiragatsa katlholo wa ga Jehofa gompieno, o ka se ke a tsiediwe jaaka Joshue. Tsela e le nngwefela fela eo batho ba ba ntseng jalo ba ka tsenang mo thulaganyong ya gagwe go ba falotsa mo polaong ke gore ba ipolele phatlalatsa tumelo ya bone mo go Jehofa jaaka Modimo wa boammaaruri. (Bapisa Ditihō 2:17-21.) Ba tshwanetse gape ba amogela Jesu Keresete mo dikabelong tseo Modimo a di mo abetseng mme e re morago ba tshele jaaka batho ba ba sa rateng tsela ya botshelo ya lefatshe jeno je le atlhotsweng. Mme he ba tshwanetse ba nne batlhanka ba ba ikokobeditseng ba Modimo, ba mo direla tirelo e e boitshepo ga mmogo le phuthego ya batho ba gagwe.—Yohane 17:16; Tshenolō 7:14, 15.
14. Ke ka baka lang fa go gololwa ga Bagebeona ke Jehofa mo batlhabaning ba baba go le botlhokwa go rona?
14 Ka bonakonyana fela morago ga Bagebeona ba sena go ema kafa bathong ba ga Jehofa, ba ne ba nna tlaseng ga kgatelelo e kgolo. Dikgosi tse tlhano tsa Baamora di ne tsa dikanyetsa Gebeona go patelela banni ba gone go boela kafa letlhakoreng ja bone, kgatlhanong le Iseraele. Bagebeona ba ne ba romela boikuelo jo bo potlakileng go Joshue go bona thuso, mme kgololo e ba neng ba e itemogela e ne e le nngwe ya dikgakgamatso tse dikgolo mo ditiragalong. Jehofa o ne a tlhaka-tlhakanya baba tlhogo, a ba tika ka sefako se se tswang legodimong, a bo a dira gore lesedi la letsatsi ka dikgakgamatso le eme go fitlhelela Iseraele a fentse mmaba gotlhe-gotlhe. (Yoshue 10:1-14) Phalotso eo ya Bagebeona e ne e le ya seperofeti ya kgololo eo ebileng e tla gakgamatsa thata ka mo go oketsegileng ya boidiidi jo bogolo jwa baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ka ntwa ya lefatshe lotlhe ya Aramagedona. Paka ya go solegelwa molemo ke kgololo eo e bulegetse batho ba merafe yotlhe fa ba tsaya kgato ka botlhale jaanong. A o iponela paka eo ka bowena?—Tshenolō 7:9, 10.