LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 48
  • Bagibeone ba ba Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bagibeone ba ba Botlhale
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Joshua le Bagibeone
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Re ka Ithuta Eng mo Pegong ya Bagibeone?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Letsatsi le Ema le sa Sute
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tsaya Kgato e e Botlhale mo Kotsing e e Go Lebaneng
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 48
Bagibeone ba mo bothibelelong jwa Iseraele mme ba bontsha Joshua diaparo tsa bone tse di onetseng le borotho jo bogologolo jo bo omeletseng

POLELO 48

Bagibeone ba ba Botlhale

BONTSI jwa batho ba ba mo metseng e e mo Kanana ba ipaakanyetsa go tlhabana le Baiseraele. Ba akanya gore ba tla ba fenya. Mme batho ba motse mongwe o o fa gaufi wa Gibeone ga ba akanye jalo. Ba dumela gore Modimo o thusa Baiseraele, mme ga ba batle go tlhabana le Modimo. Ka jalo, a o itse gore Bagibeone bano ba dira eng?

Ba loga leano la go itira e kete ba nna kwa nageng nngwe e e kgakala thata. Ka jalo, bangwe ba banna ba apara diaparo tse di makgasa le bompaatšhane ba ba onetseng. Ba pega dikgetsi tse di gagogileng mo dieseleng tsa bone, mme ba tsaya le borotho jo bo omeletseng. Go tswa foo, ba ya kwa go Joshua mme ba re: ‘Re tswa kwa lefatsheng le le kwa kgakala, ka gonne re utlwile ka Modimo wa gago yo mogolo, Jehofa. Re utlwile ka dilo tsotlhe tse a lo diretseng tsone fa lo le kwa Egepeto. Ka jalo, baeteledipele ba rona ba ne ba re bolelela gore re tseye dijo mme re tseye loeto lwa go tla kwano re lo reye re re: “Re batlhanka ba lona. Re solofetseng gore ga lo kitla lo lwa le rona.” Lo a bona gore diaparo tsa rona di onetse ka ntlha ya loeto lo loleele le borotho jwa rona e setse e le jwa bogologolo e bile bo omeletse.’

Joshua le baeteledipele ba bangwe ba dumela Bagibeone. Ka jalo, ba ba solofetsa gore ga ba kitla ba lwa le bone. Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a le mararo ba utlwa gore tota Bagibeone ba nna gaufi le bone.

Joshua o ba botsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa lo re reile lwa re lo tswa kwa lefatsheng le le kgakala?’

Bagibeone ba araba jaana: ‘Re dirile jalo ka gonne re boleletswe gore Modimo wa lona Jehofa o lo solofeditse go lo naya lefatshe leno lotlhe la Kanana. Ka jalo, re ne ra boifa gore lo tla re bolaya.’ Baiseraele ba boloka tsholofetso ya bone, mme ga ba bolaye Bagibeone. Go na le moo, ba ba dira batlhanka ba bone.

Kgosi ya Jerusalema e galefile thata ka gonne Bagibeone ba dirile kagiso le Baiseraele. Ka jalo o raya dikgosi tse dingwe tse nnè a re: ‘Tlang lo nthuse re lwantshe Bagibeone.’ Mme dikgosi tseno tse tlhano di dira jalo. A Bagibeone ba ne ba dirile tshwetso e e botlhale ka go dira kagiso le Baiseraele, tshwetso e jaanong e dirang gore dikgosi tseno di tle go lwa le bone? Re tla bona.

Joshua 9:1-27; 10:1-5.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela