Kgaolo 11
“Kudubitlègañ Lo Cwè Mo Gare ga Babelona”
1. (a) Re ka itse jang gore ke mofuta ofe wa kobamelo o o itumedisang Modimo? (b) Modimo o re kgothaletsa go tswa go eng?
BATHO ba le bantsi ba ile ba tloga mo bodumeding jo bongwe go ya go jo bongwe, ba senka dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone ka ga botshelo. Ba fitlhela go na le ditshwano dingwe mo ditumelong le mo ditlwaelong, mme gape go na le dipharologano tse dintsi. Mme ke fela ka go dirisa Lefoko la Modimo ka sebele jaaka mokaedi motho ope fela a ka tlhomamisegang gore ke dikarabo dife tse di leng boammaaruri le gore ke ditlwaelo dife tseo tota tota di itumedisang Modimo. Ka Bibela, Mmopi o a re ikitsise le boikaelelo jwa gagwe. Mme gape o re senolela gore re bone medi ya kobamelo ya maaka. Ka go dira jalo, o re tlhagisa kgatlhanong le seo a se tlhalosang jaaka “Babelona o Mogolo” mme o re kgothaletsa gore re “cwè” mo gare ga gagwe. A o ile wa reetsa tlhagiso eo?—Tshenolō 18:4, 21; Yeremia 51:6.
2. “Babelona o Mogolo” ke eng?
2 “Babelona o Mogolo” ke eng? Fa a lejwa ka kakaretso, bodumedi jotlhe jo bo kgothaletsang maikutlo, ditumelo kana ditlwaelo tseo metswe ya tsona e leng mo bodumeding jwa Babelona wa bogologolo ke tsona di bopang Babelona o Mogolo. Mekgwa e e mo kgethololang e ka tlhomamisiwa ka go tlhatlhoba tshimologo le bodumedi jwa Babelona wa bogologolo ka boene.
3. (a) Babelona wa bogologolo o ne a simologa jang, mme ke moya ofe oo mosimolodi wa gagwe a neng a o kgothaletsa? (b) Ke ka ditsela dife moya oo o bontshiwang mo ditumelong gompieno?
3 Mo e ka nnang go feta lekgolo la dingwaga morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, motse wa Babela (oo moragonyana o neng wa bidiwa Babelona) o ne wa agiwa go dikologa tora—tiro eo ka phepafalo e neng e kgothalediwa ke Nimerode. Nimerode yono o ne a tlhotlheletsa mo bankaneng ba gagwe moya wa botsuolodi kgatlhanong le Jehofa le keletso ya go ipatlela bokwa-godimo. (Genesise 10:9, 10; 11:1-9) A o etse tlhoko moya oo gompieno—tlhokomologo ya Lefoko la Modimo, le eleng mo go bao ba iphakang gore ke ba bodumedi, le tiriso ya bodumedi go ikgapela tlhokomelo kana le eleng go bona bokwa-godimo?
4. Ditumelo tsa Sebabelona di ile tsa faposa boammaaruri kaga Modimo ka sebele jang?
4 Medimo e e ditlhogo ditharo e ne e tumile mo bodumeding jwa Babelona. Go ne go na le modimo wa tharo-nngwe o o neng o dirilwe ka Anu, Bel le Ea; e mengwe e le Sin, Shamash le Ishtar. Mme gape, ditshwantsho di ne di tladitse mafelo a kobamelo a Babelona. Tsotlhe tseno di ne di faposa tlhokomelo mo lebakeng la gore go na le Modimo o le osi wa boammaaruri, yo leina la gagwe e leng Jehofa. (Duteronome 4:39; Yohane 17:3) Dinonofo le boitshwaro tseo go tweng ke tsa medimo ya bone, ga mmogo le tiriso ya ditshwantsho tse di sa tsheleng, di ne tsa neela batho ba le bantsi pono e e fapogileng ka Mmopi.—Yeremia 10:10, 14; 50:1, 38; 1 Bakorintha 10:14, 19-22.
5. (a) Ke jang tumelo ya Babelona kaga loso tota tota e neng e le fela go kgabisa maaka a ga Satane go Efa? (b) Seno se gogetse dithutong dife tse dingwe?
5 Ba Babelona ba ne ba dumela gore loso e ne e le bofeto fela jwa go ya mofuteng o mongwe wa botshelo, mme seno se ne se ganetsana le se Modimo a neng a ile a se bolelela batsadi ba rona ba ntlha. Boramatlhale ba Bagerika ba ne ba atolosa mogopolo ono, ba re batho ba na le moya o o sa sweng. Maaka a ntlha a ga Diabolo e ne e le gore fa Adame le Efa ba ne ba ka se utlwe Modimo, ba ne ba ‘se ketla ba a swa’ mo nameng. Mme ka jalo batho ba ne ba bolelelwa gore seo se neng se tshelela ruri e ne e le karolo ya ka moteng ya bone eo ba neng ba ka se e bone. Thuto eno ya maaka e ne ya gogela mo tumelong ya molelo wa dihele, pakatori, kobamelo ya bagolwagolwane le tse dingwe tse dintsi.—Genesise 3:1-5; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4.
6. (a) Ke ditlwaelo dife tse dingwe tse di tlwaelegileng gompieno tseo metswe ya tsona e tlholegang mo bodumeding jwa Babelona? (b) Seno se masisi go le kana kang?
6 Bodumedi jwa Sebabelona bo ne bo akareletsa gape le tlwaelo ya tepo dinaledi, boitseanape, maselamose le boloi, tseo ka tsone batho ba ileng ba senka go bona kaelo e e fetang motho ka nonofo eo ba neng ba ka e dirisa gore ba ikhumise le go laola ba bangwe. (Daniele 2:27; Esekiele 21:21) Abo ditlwaelo tseno di tlwaelegile jang ne gompieno, lemororo Bibela e tlhagisa kgatlhanong le tsone tsotlhe fela! Ka go tshwarega mo go tsone, batho ba ile ba tshamekela ka tlhamalalo mo diatleng tsa meya ya badimona, bao ba lopang tuelo e e setlhogo mo dilong tseo ba di ntshang.—Duteronome 18:10-12; Isaia 8:19; Ditihō 16:16; Tshenolō 18:21, 23.
7. Ke bosupi bofe jo o bo bonang jwa gore Babelona o Mogolo (a) o na le dikamano tse di botlhaswa le babusi ba sepolotiki? (b) o na le mahumo a le mantsi? (c) o ikarabelela ka tshololo ya madi?
7 Fa e ntse e tswelela ka go kgetholola Babelona o Mogolo, Bibela e re bolelela ka dikamano tsa gagwe tse di botlhaswa le babusi ba sepolotiki, khumo ya gagwe le boikarabelo jwa gagwe ka tshololo ya madi, go akareletsa le a batlhanka ba boammaaruri ba Modimo. (Tshenolō 17:1-6; 18:24) Rekoto ya ditumelo tsa lefatshe mo dintlheng tseno ke e e itsegeng sentle.
LORATO LWA GAGO LWA BOAMMAARURI LE LOGOLO GO LE KANA KANG?
8. Tota ke mang yo o leng modimo wa Babelona o Mogolo?
8 Fa motho e le wa karolo lefa e ka nna efe ya Babelona o Mogolo, a abalana mo meketeng ya gagwe kana a etsa ditsela tsa gagwe, ke mang he yo o tlotliwang? Tota ruri ga se Jehofa. Go na le moo, motho yo o ntseng jalo, o a bo a obama fa pele ga “modimo oa lehatshe yeno,” ene yo o foufaditseng megopolo ya batho.—2 Bakorintha 4:4.
9. Go ile ga kgonega jang gore Satane a tsietse batho ba le bontsi jo bo kana kafa bodumeding?
9 Mme go ile ga kgonega jang gore batho ka bontsi jo bo kana kana ba bo ba tsieditswe ka mokgwa ono? Bibela e araba ka gore ba wetse mo serung sa ga Satane “ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure.” (2 Bathesalonia 2:9-12) Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Ke batho ba le kae ba o ba itseng bao ba buang boammaaruri ka metlha—kwa gae, mo kgwebong, fa ba lebane le ditlhaelo tsa bone? Fa ba bontshiwa gore Bibela, ebong lefoko la Modimo la boammaaruri, e reng, ke ba le kae bao ba ikemiseditseng go kgaogana le ditumelo tsa bone tsa pele kana dingwao, le eleng go fetola tsela ya bone ya go tshela, go tsamaisana le yone? Go tweng ka wena?
10. (a) Jehofa o batla batho ba mofuta ofe? (b) Re ka bontsha jang gore re batho ba mofuta oo?
10 Jehofa o batla batho bao ba nang le lorato lo lo ntseng jalo lwa boammaaruri. Ene ka boene ke “Modimo oa boamarure.” (Pesalema 31:5) Dithuto tsa Lefoko la gagwe ga se dilo tsa go ikakanyetsa fela. Ke boammaaruri. Jesu o ne a raya mosadi mongwe mo Samaria a re: ‘Baobamedi ba amarure ba tla obamela Rara ka moya le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Moya; me ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka moya le ka boamarure.’ (Yohane 4:23, 24) A o batla go nna motho wa mofuta oo?
PAAKANYETSO YA MODIMO YA KGOLOLO
11. (a) Ke eng se se bolelelwang pele go Isaia 49:8, 9? (b) Seo se ne sa diragadiwa lantlha leng? (c) Ke ka ntlha yang fa se re ama?
11 Go re neela kaelo, Jehofa e ne ya re bogologolo a kwala mo Bibeleng tsholofetso kaga kgololo mo taolong ya kgatelelo ya Babelona. E ne ya nna le tiragatso fa Kuruse yo Mogolo a ne a golola Bajuda, ga mmogo le Banethinima bao e neng e se Baiseraele, gore ba tle ba boele kwa Jerusalema go ya go aga tempele ya ga Jehofa sesha. Mme seo e ne e se sone sotlhe. Seo se neng sa diragala ka nako eo se ne sa supela kgololong e nngwe gape ka Kuruse yo Mogolwane, Morena Jesu Keresete. Go latela dikaelo tsa gagwe go re sireletsa kgatlhanong le go timediwa ke batho bao ba ipatlelang bokwa-godimo fela. Ke go Jesu segolo bogolo polelelo pele eno e ileng ya dira eo e reng: “Go bua yana Yehofa, a re, Ke gu arabile mo lobakeñ lo lo lebosègañ, le mo letsatsiñ ye e leñ ya polokō ke gu thusitse: me ke tla gu dibèla, ke gu ntsha gore u nnè kgōlaganō ea batho, go rudisa lehatshe, le go ba yesa mashwa a a shwahetseñ; Go raea bagolegwi, go re, Cwañ; go raea ba ba mo lehihiñ go re, Iponatseñ.” (Isaia 49:8, 9) Seno se ne sa diragadiwa jang mo go Jesu?
12. (a) Boperofeti joo bo ne jwa diragadiwa jang mo go Jesu? (Luke 4:16-18) (b) Ke kgothatso efe go rona e e leng gone mo go seno?
12 Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Jesu. O ne a bo a thusa le go sireletsa Morwawe jaaka Jesu ka bopelokgale a ntse a bipolola maaka a bodumedi le go itsise ‘boamarure jo bo neng bo tla ba golola.’ (Yohane 8:32) Go sa kgathalesege maiteko a ga Satane go senya Jesu, Jehofa o ne a boloka Morwawe go fitlhelela tiro ya gagwe mo lefatsheng e wediwa. Go tswa foo o ne a tsosetsa Jesu botshelong jwa go sa sweng mo legodimong, gore a fete a tsweledise tiro ya gagwe ya kgololo koo. Modimo o ne a dira “kgōlaganō,” kana tumalano le ene, ya gore go tla nna le go gololwa ga batho mo bokgobeng jwa Babelona o Mogolo. Fela jaaka fa go tlhomamisega gore Jesu Keresete o tsositswe e bile o galaleditswe mo legodimong, go ntse fela jalo go a tlhomamisega gore batho ba ba pelo tse di siameng ba tla gololwa mo lefifing la bodumedi la Babelona o Mogolo. A o tla solegelwa molemo ke kgololo eo?
13. Go tloga ka 36 C.E. go ya pele, Jesu o ne a itshupa jang fa a le “lesedi ya merahe”?
13 Mabapi le bogolo jwa kgololo, Jehofa o ne a bolelela pele: “Le gōna ke tla gu ntsha, gore u nnè lesedi ya merahe, gore u tlo u nnè poloka ea me kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Isaia 49:6) Jalo he, ka 36 C.E. Baditšhaba, kana batho ba merafe e e seng ya Sejuda, ba ne ba simolola go leriwe mo phuthegong ya Iseraele wa semoya. Go okediwa ga phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ka Baditšhaba, lefa go ntse jalo, e ne e se selekanyo se se tletseng seo ka sone Jesu a neng a tla direla jaaka “lesedi ya merahe.”
14. (a) Jesu o ne a tla nna lesedi “ya merahe” go bomang gape? (b) Bano ba ne ba tshwantshediwa ke ditlhopha dife tseo di neng tsa tloga mo Babelona wa bogologolo? (c) Ke masego afe a semoya ao ba setseng ba a ipelela, e le tiragatsong ya ga Isaia 49:10?
14 Jesu o ne a itse gore o ne a tla phutha gape “dinku di sele” bao ba neng ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Yohane 10:16) Ba ne ba tshwantshediwa go le pele ke Banethinima bao e neng e se Baiseraele ebile e le bana ba batlhanka ba ga Solomone bao ba neng ba ikopanya le Bajuda ka 537 B.C.E. fa ba ne ba fuduga mo Babelona. (Esere 2:1, 43-58) Boidiidi jo bogolo jwa bano mo metlheng eno ya segompieno bo setse bo ile jwa utlwa taolo ya go ‘tswa’ mo Babelona o Mogolo. Bano jaanong ba ipelela masego a semoya a a lapolosang ao a boleletsweng pele go Isaia 49:10: “Ga ba ketla ba bolawa ke tlala, leha e le ke lenyōra; le mogote ga o ketla o ba tlhapèla leha e le letsatsi: gonne èna eo o ba utlwèlañ botlhoko o tla ba gōga, le kaha go e e leñ mecwedi ea metse o tla ba ètèlèla pele.” Go Tshenolō 7:9, 16, 17, masego ano ka tshwanelo a dirisediwa go “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.”
“CWAÑ MO GO ÈNA, LONA BATHO BA ME”
15. Ke ka ntlha yang fa Bibela e tlhotlheletsa bao ba tla nnang batho ba Modimo go tswa go Babelona o Mogolo?
15 Mo ponatshegelong e e tlhotlheleditsweng moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa seo go diragadiwa ga katlholo ya Modimo go tla se rayang go Babelona o Mogolo. Ponong ya kafa e tlhomamisegang ka gone, moengele go tswa legodimong, a buelela Modimo, o ne a kgothatsa a re: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 18:4, 5.
16. Ke eng seo se ka supang fa e le gore a tota re reeditse taolo eo?
16 Maloko a Iseraele wa semoya a ile a reetsa taolo eo, mme jaanong ba kgothaletsa ba bangwe go dira se se tshwanang. Ba itse gore fa motho a ka tlhakanya kobamelo ya boammaaruri le maaka, o ka se ke a itumedise Modimo. Fa mongwe a ikopanya le Basupi ba ga Jehofa mme a ise a ikgaoganye le Babelona o Mogolo, o ka bua jang a re ga se karolo ya gagwe? Le eleng fa a se ke a nna gone ditirelong tsa gagwe tsa sedumedi, mme gone fa e ka re kwa a berekang teng kana le ba masika a gagwe a bo a abalana le bone mo malatsing a boitapoloso a sedumedi, o santse a ama se se itshekologileng. (Isaia 52:11) Fa a tlhakanela mo dingwaong tsa lelapa tseo di bontshang tumelo mo bosasweng jwa moya kana mo poifong ya botlhodi ya meya e e bosula, o santse a tlhakanela mo dibeng tsa gagwe. Re ka se ke re nne ba ba etsaetsegang. Fa re dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, he re tshwanetse ra direla ena fela.—1 Dikgosi 18:21.
17. (a) Jaaka fa go bontshitswe go Tshenolō 14:6, 7, ke eng seo batho gongwe le gongwe ba lalediwang go se dira? (b) Go obamela Jehofa kafa a amogelang ka teng, ke taolo efe e nngwe eo ba tshwanetseng go e utlwa?
17 Go batho ba merafe yotlhe le meratshwana le dipuo taletso e e ikuelang e ya ntshiwa: Kopanelang mo kobamelong ya ga Jehofa, Modimo o o osi wa boammaaruri! (Tshenolō 14:6, 7) Go dira jalo, o tshwanetse wa etsa batlhanka ba bogologolo ba Modimo bao ba neng ba reetsa taolo e e reng: “Kudubitlègañ lo cwè mo gare ga Babelona, me a moñwe le moñwe a phedisè botshelō yoa gagwè.”—Yeremia 51:6.