Kgaolo 12
A O Tshwaetswe Tshenyego kana Phalolo?
1. Ke dipotso dife tseo thuto eno e re kgothaletsang go di akanyetsa?
SEEMO sa bodumedi seo se leng gone gompieno se re tlhoka gore re itshupe gore tota ke eng se se mo dipelong tsa rona. A ruri ruri re rata Jehofa le ditsela tsa gagwe? A re tshwana le Morwawe, Jesu Keresete, yo go neng ga buiwa ka ene gatwe: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō”? (Bahebera 1:9) A re ikemiseditse go bontsha seno ka phepafalo mo e leng gore ba bangwe ba itse koo re emeng teng? Rekoto ya Bibela malebana le Jehu le Jehonadabe morwa Rekabe e re thusa go tlhatlhoba boemo jwa rona.
2. Jehu le Jehonadabe e ne e le bomang?
2 Mo lekgolong la dingwaga la lesome B.C.E. Jehu o ne a tlodiwa go nna kgosi mo bogosing jwa Iseraele jwa ditso tse some, joo motse mogolo wa jone e neng e le Samaria. O ne a laelwa go senya botlhe bao e neng e le bantlo e e boikepo ya ga Kgosi Ahabe, go akareletsa le Mohumagadi Jesebele, yo o neng a etleetsa kobamelo ya ga Baale mo Iseraele mme ebile a lekile go nyeletsa kobamelo ya ga Jehofa. Jehonadabe, wa Mokena (ka jalo e se Moiseraele), kwantle ga pelaelo o ne a itse kaga thulaganyo ya ga Jehu ya go diragatsa polao fa a ne a ya go kgatlhantsha Jehu. Mme lorato lwa ga Jehonadabe mo go Jehofa lo ne lo nonofile go le kana kang? A o ne a tla ikgetholola pepenene gore o ne a le mongwe yo a neng a dumela ka botlalo gore ke Jehofa fela, Modimo wa boammaaruri, yo o tshwanetsweng go obamelwa?
“A PELO EA GAGO E SIAME?”
3. Jehonadabe o ne a itsise jang phatlalatsa ka boemo jwa gagwe mabapi le kobamelo ya gagwe go Jehofa?
3 Morago ga fa banna ba babedi bano ba sena go dumedisanya, Jehu a kopa Jehonadabe gore a phepafatse boemo jwa gagwe. “A pelo ea gago e siame,” Jehu a botsa, “yaka pelo ea me e nntse le pelo ea gago?” Kwantle go go okaoka Jehonadabe a arabela: “E siame.” “Ha e nntse yalo, o nneè lecōgō ya gago,” Jehu a araba. Jalo a pega Jehonadabe mo kareng ya gagwe mme a re: “Ea le nna, me u bōnè tlhōahalō ea me kaga Yehofa.” Jehonadabe o ne a seka a ikgogona ka go boifa.—2 Dikgosi 10:15, 16; bona Duteronome 6:13-15.
4, 5. (a) Ke ka eng Jehu a neng a dira gore baobamedi ba ga Baale ba itlhaole? (b) Ke kgato efe eo Jehu a neng a e tsaya go tswa foo, mme Jehonadabe o ne a le kae? (c) O itshwara jang ka tshenyego eo ya baobamedi ba ga Baale?
4 Fa ba goroga mo Samaria, Jehu a tsaya dikgato tse di neng di tla tlhoka gore botlhe ba ba obamelang Baale ba itlhaole ka bobone. Baperofeti, baperesiti le baobamedi botlhe ba ga Baale ba ne ba bilediwa setlhabelong se segolo kwa ntlong ya ga Baale. Ba ne ba itsisiwe gore batho bafe le bafe bao ba neng ba tla palelwa ke go tla ba ne ba tla latlhegelwa ke matshelo a bone. Jehu a laola gore baobamedi botlhe ba ga Baale ba fiwe diaparo gore ba di apare ba tle ba tlhaolege sentle ka phepafalo. Lefa e le mang yo o neng a ipolela gore ke moobamedi wa ga Jehofa o ne ka gone a dirwa gore a itshupe gore tota o ne a direla mang. Go ne ga bonala ekete ke lobaka lwa tlotla e kgolo mo go Baale le mo go Satane Diabolo, modimo wa maaka yo tota Baale a neng a mo emela.
5 Leno e ne e se lefelo la baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa. Go ne ga dirwa tlhotlhomiso ya go bona gore go ne go le baobamedi ba ga Baale ba le bosi fela. Go tswa foo modiro wa tswelela. Go ntse go ntse jalo, banna ba ga Jehu ka kwa ntle, ba ipaakanya, mme ya re fa a ba ntshetsa sesupo ba simolola tiro. “Lo ba bolaeè; lo se ka loa lesa opè a cwa,” a laola. Moobamedi mongwe le mongwe wa ga Baale o ne a senngwa. Ntlo ya ga Baale ya digwa. “Me Yehu a senya Baale yalo mo Iseraela.” Jehonadabe o ne a na le Jehu fa a iponela ka matlho ditiragalo tseo. (2 Dikgosi 10:18-28) Wena ka bowena o itshwara jang ka seo se diragetseng? Lemororo go se ope wa rona yo o ipelelang go swa ga ba bangwe, le eleng ga batho ba ba boikepo, a re lemoga kafa go tlhokafalang ka teng le gore ke ka ntlha yang fa go kwadilwe mo Bibeleng gore re go ipalele gompieno?—Bapisa Esekiele 33:11.
6. (a) Babelona o Mogolo o tla senngwa jang? (b) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a tlhoafaletse tirelo ya ga Jehofa?
6 Polelo eno ga e re laolele go senya e kane e le dikago tsa ditlhopha tsa bodumedi kana batho bao ba ineetseng mo kobamelong ya maaka. Jehofa o tlhomile, e seng basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno, mme e leng Jesu Keresete yo o galaleditsweng, jaaka Jehu yo Mogolwane, go diragatsa dikatlholo tsa Gagwe tsa tshiamo. Ka go letlelela maatla a sepolotiki a a kopaneng go supa bogale jwa one mo go Babelona o Mogolo, Kgosi ya selegodimo e tla lere nyeletso ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 6:2; 17:16; 19:1, 2) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a gana go tsaya kgato lefa e le nngwe ya kobamelo eo e neng e tla tlotla Diabolo. O ne a latofatsa go seegela Lefoko la ga Jehofa kwa thoko go ya le dingwao tsa batho le go dirisa kobamelo ya Modimo go bona poelo ya papadi. O ne a nna tlhoafalo kaga Jehofa.—Luke 4:5-8; Mathaio 15:3-9; 21:12, 13.
7. (a) Dingwe tsa ditshupo tsa motlha wa segompieno tsa tumelo ya ga Baale ke dife? (b) Ke ka ntlha yang fa Keresete jaaka Kgosi a ile a itshokela dilo tse?
7 Ke ka ntlha yang he, fa Keresete, yo jaanong a busang gareng ga baba ba gagwe, a dumelelang kobamelo ya Sebaale ya segompieno go bonala ekete e ya tlhogonolofala? Ke ka ntlha yang fa go bonala ekete o dumelela batho go tswelela sentle mo go tlotleng modimo wa tsamaiso eno ya dilo ka go kgarameletsa kwa thoko dipatlafalo tsa ga Jehofa? Ke ka ntlha yang fa a leseleditse go itshwara ga bone jaaka ekete Modimo o ne a sa ganetse ka gope boitsholo jwa bone jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, go galaletsa ga bone tsela ya botshelo ya dilo tse di bonalang, go itlabuetsa ga bone mo ditlwaelong tsa tirisa-badimo fa gone ba ntse ba ipolela gore ke Bakeresete, le go ruta ga bone dithuto tsa motheo tsa Sebabelona jaaka ekete tseno di ne di le mo lefokong la Modimo? Tiragalo eno ya bogologolo e bontsha gore seno ke go baya batho mo tekong, go dira gore ba iponatse sentlentle gore ba obamela mang, mme ka gone fa e le gore a ba tlhoka go bolokwa kana go bolawa.
8. Ke dipotso dife tse di masisi tseo rona ka borona re tlhokang go di ipotsa?
8 Ke tsela efe e o e ikgethetseng? A o huraletse ditlwaelo tsotlhe tseo di ka nnang tsa go kgetholola jaaka moobamedi wa segompieno wa ga Baale? A o ikgaogantse le lefatshe le go ema kafa letlhakoreng la kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa?—2 Bakorintha 6:17.
9. (a) Fa ka boammaaruri re tshwana le Jehonadabe, ke eng seo re tla se dirang? (b) Ke jang dikwalo tse di kailweng di gatelelang botlhokwa jwa dilo tseno?
9 Jehonadabe, jaaka moobamedi wa ga Jehofa yo e seng Moiseraele, o ne a tshwantshetsa “dinku di sele” bao ga jaanong ba ntseng ba phuthiwa ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. A o bontsha moya wa ga Jehonadabe? A o ikemiseditse go itlhaolela kafa go Jehu yo Mogolwane phatlalatsa le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng mo lefatsheng bao ba ntseng ba bolela ka go atamela ga “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona”? A o abalana le bone mo tirong e e potlakileng eo? (Isaia 61:1, 2; Luke 9:26; Sekaria 8:23) A o neela Jehofa kobamelo ya gago e e feletseng, o sa dumelele sepe go tsenelela mo lefelong leo a tshwanetseng go tsena mo go lone mo pelong ya gago? (Mathaio 6:24; 1 Yohane 2:15-17) A botshelo jwa gago bo supa gore kamano ya gago le ene ke se-sa-gago se se tlhokegang thata, gore sengwe le sengwe se sele se tshwanetse sa ikaega ka yone?—Pesalema 37:4; Diane 3:1-6.
A O NA LE LOTSHWAO?
10. Bibela e bontsha jang gore ke baobamedi ba ga Jehofa fela ba le bosi ba ba tla falolang?
10 E tla bo e le phoso e e masisi go fetsa ka gore, fa motho a leka go tshela botshelo jo bo “molemo” ebile a behela ditumelo tseo di dirang dilo tseo di nyadiwang ka phepafalo mo Lefokong la Modimo, ga go na sepe se sengwe se se tlhokwang mo go ene. Botlhe bao ba solofelang go falolela mo ‘lefatsheng je lesha’ ba tshwanetse kwa ntle ga phoso epe ba itlhaola jaaka baobamedi ba ga Jehofa. (Tshenolō 14:6, 7; Pesalema 37:34; Yoele 2:32) Molaetsa ono o fetisediwa go rona ka ponatshegelo e e neng ya neelwa moperofeti Esekiele pele ga Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E.
11. (a) Tlhalosa ponatshegelo e e kwadilweng go Esekiele 9:1-11. (b) Sephiri sa phalolo e ne e le sefe?
11 Esekiele o ne a utlwa Jehofa a laela bao ba neng ba tlhophetswe go senya Jerusalema le baagi ba one ba ba sa ikanyegeng go o senya. O ne a bona banna ba le barataro ba tshotse dibolao tse di thubakanyang, mme ebile go na le monna mongwe yo o apereng leloba, a tshotse kurwana ya inka ya mokwaledi mo lothekeng lwa gagwe. A simolola ka monna yo o apereng leloba Jehofa o ne a re: “Ralala motse ha gare, ha gare ga Yerusalema, me u beè lochwaō mo diphatleñ tsa banna ba ba hègèlwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ mo gare ga ōna.” Go tswa foo go banna ba bangwe ba barataro a re: “Ralalañ motse lo mo setse moragō, me lo kgemèthè: a leitlhō ya lona le se rekegele, leha e le go tlhomoga pelo: Bolaèlañ rure monna mogolo, lekau le morweetsana, le banyana ba bannye le basadi: me lo se ka loa atamèla motho opè eo lochwaō lo mo go èna; me lo simololè ha heloñ ga me ga boitshèpō.” Esekiele o ne a bona mo ponatshegelong tshenyego e e neng ya latela—e le kgolo mo eleng gore go ne ga bonala ekete Iseraele otlhe yo a neng a santse a le mo lefatsheng o ne a senngwa. (Esekiele 9:1-11) Sephiri sa phalolo e ne e le eng? E ne e le lotshwao lo lo neng lo kwadilwe mo phatleng ya motho ke monna yo o neng a tshotse kurwana ya inka ya mokwaledi.
12. (a) Dilo tse di makgapha tseo ba ba tshwailweng ba neng ba ‘fegelwa le go sonelelwa’ ke tsone e ne e le dife? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ferosiwa sebete ke dilo tse di ntseng jalo?
12 Ke batho bao fela ba neng ba ‘sonelela dilo tsotlhe tse di makgapha’ tseo di neng di dirwa mo Jerusalema ba neng ba tshwaelwa phalolo. “Dilō cotlhe tse di makgapha” tseo e ne e le dife? Go rulagantswe di le tlhano: (1) “Sechwancho; sa lehuha” kafa botsenong jwa lelwapa le le kafa teng ga tempele ya ga Jehofa. Go sa kgathalege gore se ne se le ka sebopego sefe, selo seno se ne se neelwa kobamelo eo Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e neela Jehofa. (1 Dikgosi 14:22-24) (2) Ditshwantsho tse di betlilweng tsa dilo tse di gagabang le tsa dibatana, tseo go neng go latlhelwa leswalo fa pele ga tsone mo teng ga tempele. (3) Basadi ba lelela loso lwa ga modimo Tamuse, leo e neng e le leina je lengwe ja ga Nimerode, motsuolodi yole yo o neng a le kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:9) (4) Banna ba bontsha tlontlololo e e tlhabisang ditlhong ka go huralela tempele ya ga Jehofa le go obamela letsatsi. (Duteronome 4:15-19) (5) E le tlontlololo e e mabife, batho ba ne ba tladitse lefatshe ka thubakanyo ga mmogo le go tsholetsa “kala ea setlhare,” mo e ka neng e ne e le lotshwao la bonna le bosadi, mo nkong ya ga Jehofa. A o ka lemoga gore ke eng fa Jehofa a ne a ba gakaletse ka gone?—Esekiele 8:5-17.
13. (a) O tsaya nngwe le nngwe ka bongwe, akgela kaga ditlwaelo tsa motlha wa segompieno tseo di tshwanakanang fela le “dilō cotlhe tse di makgapha” tseo. (b) O ikutlwa jang kaga ditlwaelo tseno?
13 Wena ka bowena o itshwara jang mo ditlwaelong tsa segompieno tsa La-Bodumedi tseo di tshwanakanang fela le “dilō cotlhe tse di makgapha tseno”? (1) Mo dikerekeng di le dintsi tsa gagwe go na le ditshwantsho tseo batho ba di obamelang mo kobamelong, lemororo Bibela e tlhagisa kgatlhanong le go dira jalo. (1 Bakorintha 10:14; bapisa le 2 Dikgosi 17:40, 41.) (2) O tsamaisanya mmogo le tshekamelo ya go tlhagelela ga motho go tswa diphologolong mo boemong jwa go bopiwa ke Modimo; mme gape o abalana mo go supeng boineelo jo bo tlhagafetseng fa pele ga ditshwantsho tsa diphologolo le dinonyane tseo di dirisiwang jaaka matshwao a setšhaba. (3) Mo kobamelong ya gagwe o dirisa sefapaano, seo bogologolo tala e neng e le lotshwao lwa bodumedi lwa ga Tamuse, mme o tlhakanela mo meletlong eo e hutsafalelang bao ba ileng ba swela mo dintweng tse di tshololang madi tseo di bontshang moya wa ga Nimerode. (Mme bona Yohane 17:16, 17.) (4) O huralela seo Modimo a se buang ka Lefoko la gagwe, mme, mo boemong jwa seo, o ikgethela “tshedifatso” eo e leriweng ke boitseanape jwa segompieno le matlhale a setho. (1 Timotheo 6:20, 21; bapisa le Yeremia 2:13.) (5) Jaaka ekete seo se ne se sa lekanela, o dumalana le ditsogologo mo mafelong a a rileng mme ebile o amogela pono e e botlhaswa ya boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, fa a ntse a ipolela gore o buelelela leina la Modimo. (2 Petere 2:1, 2) Batho bangwe ba leba ditshekamelo tseno jaaka kgololesego. Ba ka nna ba seka ba dumalana le bontsi jwa tsone, mme ba ka nna ba tlhakanela mo go tse dingwe kana gongwe ba di mpampetsa. O ikutlwa jang kaga ditlwaelo tseo tse di tlontlololang Modimo tseo di faposetsang setho kgakala le Mmopi wa sone?
14. Ke ka ntlha yang fa lebaka la gore go bo motho a kgobilwe marapo ke dikereke le sa reye gore tota o tla nna mofalodi?
14 Batho ba le bantsi ba kgobilwe marapo ke dikereke mme ebile ga ba sa tlhole ba di tsena. Ba ka nna gape ba bo ba tshwenyegile kaga thubakanyo le go sa ikanyegeng mo lefatsheng. Mme seo ga se reye gore ba tshwaetswe phalolo. Ba tshwanetse ba tshwaiwa ke ‘monna yo o tshotseng inka ya mokwaledi.’ Mabaka a bontsha gore setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” se dira tiro eo ya go tshwaya gompieno.—Mathaio 24:45-47.
15. (a) Lotshwao ke eng? (b) Motho o lo bona jang?
15 Botlhe bao ba batlang go tshwaelwa gore ba amogetswe ke Modimo ba tshwanetse ba amogela tao eo Jehofa a e baakanyetsang ka setlhopha seo sa “motlhanka” mme ba nne baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa. Ga ba a tshwanela go nna batho ba ba tlotlang Jehofa ka melomo ya bone mme tota tota ba rata ditsela tsa lefatshe. (Isaia 29:13, 14; 1 Yohane 2:15) Ba tshwanetse ba rata Jehofa le ditekanyetso tsa gagwe le go utlwisiwa botlhoko mo pelong, ‘ba fegelwa le go sonelela,’ dithuto le ditlwaelo tseo di mo tlontlololang. Ga go ope yo o tla tshwayang diphatla tsa bone ka inki ya sebele. Mme e tla re fa ba na le lotshwao lwa tshwantshetso go tla phepafalela botlhe gore, jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, ba bile ba kolobeditswe, ba apere “motho eo mosha” yo o tlhalositsweng go Baefesia 4:24. Ba na le tumelo e e tshelang. Phatlalatsa le mo bothokong ba lekela go dira seo se tla tlotlang Jehofa. Eseng fela batho bao ba duleng go La-Bodumedi mme eleng botlhe, go sa kgathalesege gore ba ne ba tshela jang, bao ba solofelang go falolela mo ‘lefatsheng je lesha’ jaaka balekane ba setlhopha sa ba ba tloditsweng, ba tshwanetse ba nna le lotshwao lo.
16. Ke ka ntlha yang fa ponatshegelo eno e le botlhokwa segolo bogolo go bana le batsadi ba bone?
16 Seo se leng botlhokwa segolo ke lebaka la gore babolai ba ga Jehofa ba ne ba bolelelwa gore dingwaga, bong, go sa nyala kana kamano ya lenyalo e ne e se lebaka leo le ka falodisang yo o sa utlweng mo go Jehofa. Monna kana mosadi yo o nyetsweng mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le lotshwao lwa gagwe e le gore a tle a falodiwe. Fa batsadi ba gana gore bana ba bone ba tshwaiwe kana fa e le gore ba palelwa ke go ba godisa jaaka batlhanka ba ga Jehofa, ba tshwanetse ba sikara boikarabelo jwa seo se tla diragalelang bana bao. Lemororo bana ba ba utlwang batsadi ba ba boifang Modimo ba lejwa jaaka ba ba ‘itshepileng’ ke Jehofa, bao ba leng diganana bone nnyaa. (1 Bakorintha 7:14; Pesalema 102:28; Diane 20:11; 30:17) Fa bana ba godile ka mo go lekaneng go nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng mme ba sa batle go tshelela dipatlafalo tseo, ekane ba kolobeditswe kana nnyaa, dingwaga tsa bone ga di na go dira gore ba bolokwe. Abo go le botlhokwatlhokwa jang he, gore mongwe le mongwe wa dingwaga tse di lekaneng sentle, a tshwaiwe ka mo go phepafetseng gore ke motho yo o ineetseng go Modimo ebile a dira thato ya gagwe!
17. Ke eng seo re se ithutileng fano malebana le kutlwelo botlhoko ya ga Jehofa?
17 Jehofa o ile a bontsha kutlwelo botlhoko e kgolo mo sethong ka go romela basupi ba gagwe go ba tlhagisa kaga tshenyego e e tlang le go supa tsela ya phalolo. Mme o itse sentle rekoto ya bodumedi jwa maaka le loungo lo lo bodileng loo bo lo tlhagisitseng. Fa Babelona o Mogolo a senngwa, ga go na kutlwelo botlhoko epe e e tla bontshiwang bao ba ganelelang mo go mo ngapareleng. Go falola tiragatso ya katlholo ya bomodimo e e tlang, re tshwanetse ra tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete jaaka baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa, Mmopi wa legodimo le lefatshe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 95]
A ruri ruri o na le lotshwao lo lo tlhokafalang go bona phalolo?