LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 1/1 ts. 12-21
  • “A Pelo ya Gago e Siame Jaaka Pelo ya Me?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Pelo ya Gago e Siame Jaaka Pelo ya Me?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehu wa Segompieno le Jehonatabe wa Segompieno
  • Ba sa Ntse ba Rera ka Tlhagafalo
  • Go Nitama
  • Mokete o o Tlhomologileng wa Segopotso
  • “Go Tswa mo Merafeng Yotlhe le Ditso . . . le Diteme”
  • ‘Go Nna O le Mo Kareng’
  • Jehu o Emela Kobamelo e E Itshekileng ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A O Tshwaetswe Tshenyego kana Phalolo?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ke Mang yo o Tla Falolang “Letsatsi la ga Jehofa”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Gone Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 1/1 ts. 12-21

“A Pelo ya Gago e Siame Jaaka Pelo ya Me?”

“Ya le nna o bone tlhoafalo ya me ka ga Jehofa.” —2 DIKGOSI 10:16.

1, 2. (a) Seemo sa Iseraele sa bodumedi se ile sa nnela maswe pele jang? (b) Go ne go tla tloga go diragala diphetogo dife tse dikgolo ka 905 B.C.E., kwa Iseraele?

NGWAGA wa 905 B.C.E. e ne ya nna nako ya diphetogo tse dikgolo kwa Iseraele. Mo e ka nnang dingwaga di le 100 pele ga moo, Jehofa o ne a dira gore bogosi jo bo kopaneng jwa Iseraele bo kgaogane ka ntlha ya botlhanogi jwa ga Solomone. (1 Dikgosi 11:9-13) Bogosi jwa borwa jwa Juda, bo ne ka nako eo bo busiwa ke morwawe Solomone e bong Rehoboame fa bogosi jwa bokone, jwa Iseraele bo ne bo le kafa tlase ga Kgosi Jeroboame, yo e neng e le Moefaraime. Ka maswabi, bogosi jwa kwa ntlheng ya bokone bo ne jwa simologa ka masetlapelo. Jeroboame o ne a sa batle gore babusiwa ba gagwe ba ye kwa bogosing jwa borwa go ya go obamela kwa tempeleng, a boifa gore ba tla tloga ba akanya ka go boela kwa ntlong ya ga Dafide. Ka jalo o ne a simolola kobamelo ya namane kwa Iseraele mme ka tsela eo a simolola mokgwa wa kobamelo ya medimo ya disetwa e e neng ya nna teng ka sebaka se seleele go ralala hisitori yotlhe ya bogosi jwa bokone.—1 Dikgosi 12:26-33.

2 Dilo di ne tsa senyegela pele fa Ahabe, morwa wa ga Omeri, a ne a nna kgosi. Mosadi wa gagwe wa motswakwa e bong Jesebele, o ne a rotloetsa kobamelo ya ga Baale a bo a bolaya baporofeti ba ga Jehofa. Le mororo moporofeti Elija a ne a ntsha ditlhagiso tse di tlhamaletseng, Ahabe ga a ka a dira sepe go mo thiba. Le fa go ntse jalo, ka 905 B.C.E., Ahabe o ne a sule, mme ga busa Jehorame, morwa wa gagwe. Jaanong e ne e setse e le nako jaanong ya gore naga e phepafadiwe. Motlhatlhami wa ga Elija e bong Elisha, o ne a itsise molaodi wa masole e bong Jehu, gore Jehofa o ne a mo tlotsa go nna kgosi e e latelang ya Iseraele. Tiro ya gagwe e ne e le eng? E ne e le go kgemetha ntlo e e bosula ya ga Ahabe le go lefetsa madi a baporofeti a Jesebele a a tsholotseng!—2 Dikgosi 9:1-10.

3, 4. Jehonatabe o ne a supa jang gore pelo ya gagwe e ‘siame jaaka pelo ya ga Jehu’?

3 Ka go utlwa taolo ya Modimo, Jehu o ne a dira gore Jesebele yo o bosula a bolawe mme morago ga foo a tswa letsholo go phepafatsa Iseraele ka go kgemetha ntlo ya ga Ahabe. (2 Dikgosi 9:15–10:14, 17) Morago ga foo a kopana le mothusi. “A tshoga[na] ka Jehonatabe morwa Rekabe a tla go mo kgatlhantsha; a mo dumedisa, a mo raya a re: ‘A pelo ya gago e siame jaaka pelo ya me e ntse le pelo ya gago?’ Jehonatabe a mo fetola a re: ‘E siame.’ ‘Fa e ntse jalo o nneye letsogo la gago.’ A mo naya letsogo; a mo gogela kwa go ene mo kareng. A re: ‘Ya le nna o bone tlhoafalo ya me ka ga Jehofa.’ Jalo ba mo palamisa mo kareng ya gagwe.”—2 Dikgosi 10:15, 16.

4 Jehonatabe (kana, Jonatabe) e ne e se Moiseraele. Le fa go ntse jalo, go tsamaisana le leina la gagwe (le le kayang “Jehofa o Iketleeditse,” “Jehofa o Mogolo,” kana “Jehofa o Pelotshweu”) e ne e le moobamedi wa ga Jehofa. (Jeremia 35:6) Eleruri o ne a na le kgatlhego e e sa tlwaelegang ya go bona ‘tlhoafalo ya ga Jehu ka Jehofa.’ Re itse jang? Gone mme, go kopana ga gagwe le kgosi e e tloditsweng ya Iseraele ga go a diragala fela ka kotsi. Jehonatabe o ne a “tla go mo kgatlhantsha,” mme a dira seno ka nako ya fa Jehu a ne a setse a bolaile Jesebele le ba bangwe ba ntlo ya ga Ahabe. Jehonatabe o ne a itse gore go diragala eng fa a ne a amogela taletso ya ga Jehu ya go palama mo kareng ya gagwe. Kwantle ga pelaelo o ne a le kafa letlhakoreng la ga Jehu—le la ga Jehofa—mo kganetsanong eno ya kobamelo ya maaka le ya boammaaruri.

Jehu wa Segompieno le Jehonatabe wa Segompieno

5. (a) Ke diphetogo dife tse di tla tlogang di diragalela batho botlhe? (b) Jehu yo Mogolwane ke mang, mme o emelwa ke bomang mo lefatsheng?

5 Gompieno dilo di tla fetogela batho botlhe thata fela jaaka di ne tsa fetogela Iseraele morago kwa ka 905 B.C.E. Nako e atametse ya gore Jehofa a phepafatse lefatshe mo dilong tsotlhe tse di bosula tse di bakilweng ke tlhotlheletso ya ga Satane, go akaretsa le bodumedi jwa maaka. Jehu wa segompieno ke mang? Ga se ope fa e se Jesu Keresete, yo go neng ga buiwa mafoko ano a boporofeti ka ene: “Gatlha tšhaka ya gago ka fa nokeng ya gago, wena senatla, kgalalelo le borena ke tsa gago. Mo boreneng jwa gago o pagamela pele ka go rangwa ke dilo, ka ntlha ya boammaaruri, le bopelonomi, le tshiamo.” (Pesalema 45:3, 4) Mo lefatsheng Jesu o emelwa ke “Iseraele wa Modimo,” e leng Bakeresete ba ba tloditsweng “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Bagalatia 6:16; Tshenolo 12:17) Fa e sale ka 1922 bomorwarre bano ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ile ba neela tlhagiso ka bopelokgale malebana le ditiro tsa katlholo tsa ga Jehofa tse di tlang.—Isaia 61:1, 2; Tshenolo 8:7–9:21; 16:2-21.

6. Ke bomang ba ba ileng ba tswa mo ditšhabeng go tla go ema Bakeresete ba ba tloditsweng nokeng mme fa re tshwantsha, ba ile ba palama jang kara ya ga Jehu yo Mogolwane?

6 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba se bosi. Fela jaaka Jehonatabe a ile a tla go kgatlhantsha Jehu, batho ba le bantsi go tswa mo ditšhabeng ba ile ba tla go thusa Jesu e bong Jehu yo Mogolwane, le baemedi ba gagwe ba lefatshe mo go emeleng ga bone kobamelo ya boammaaruri. (Sekaria 8:23) Ka 1932 go ne ga lemogiwa gore ba Jesu a ba bitsang “dinku tse dingwe” ke setshwani sa segompieno sa ga Jehonatabe wa bogologolo mme ba ne ba lalediwa go ‘tsena mo kareng’ ya ga Jehu wa segompieno. (Johane 10:16) Jang? Ka ‘go boloka ditaolo tsa Modimo’ le go nna le seabe mmogo le batlodiwa mo ‘tirong ya go naya bosupi ka Jesu.’ Mo motlheng wa segompieno, seno se akaretsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng kafa tlase ga Jesu yo e leng Kgosi. (Mareko 13:10) Ka 1935 “Bajonatabe” bano ba ne ba tlhalosiwa e le “boidiidi jo bogolo” jwa ga Tshenolo 7:9-17.

7. Bakeresete ba supile jang gompieno gore ‘dipelo tsa bone di sa ntse di siame’ jaaka pelo ya ga Jesu?

7 Fa e sale ka bo1930, boidiidi jo bogolo le bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng ba ile ba itshupa ka bopelokgale gore ba ema kobamelo ya boammaaruri nokeng. Mo dinageng tse di rileng tsa kwa Botlhaba le Bophirima jwa Yuropa, Botlhaba jo bo Kgakala le Afrika, ba le bantsi ba ile ba swela tumelo ya bone. (Luke 9:23, 24) Mo dinageng tse dingwe, ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong, ba tlhaselwa ke digopa, kana ba bogisiwa ka ditsela tse dingwe. (2 Timotheo 3:12) A bo ba itiretse rekoto e e molemo jang ne ya tumelo! Mme Pego ya Ngwaga wa Tirelo ya 1997 e supa gore ba sa ntse ba iketleeditse go direla Modimo, go sa kgathalesege gore go diragala eng. ‘Dipelo tsa bone di siame’ jaaka pelo ya ga Jesu. Seno se ile sa supiwa ka 1997 fa baboledi ba Bogosi ba le 5599 931 ba mo e ka nnang botlhe ba bone e leng “Bajonatabe,” ba neng ba dirisa palogotlhe ya diura di le 1179 735-841 mo tirong ya go neela bosupi ka Jesu.

Ba sa Ntse ba Rera ka Tlhagafalo

8. Basupi ba ga Jehofa ba supa jang tlhagafalo ya bone mo kobamelong ya boammaaruri?

8 Jehu o ne a itsege ka go kgweetsa kara ya gagwe ka tšhakgalo—e le bosupi jwa gore o batla go dira tiro ya gagwe ka tlhagafalo. (2 Dikgosi 9:20) Jesu, yo e leng Jehu yo Mogolwane, o tlhalosiwa fa a ‘jewa’ ke tlhagafalo. (Pesalema 69:9) Ga go gakgamatse, he, go bo Bakeresete ba boammaaruri gompieno, ba itsege ka tlhagafalo ya bone. Mo phuthegong le phatlalatsa, ba “rera lefoko . . . ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” (2 Timotheo 4:2) Tlhagafalo ya bone e ne ya bonala thata mo tshimologong ya 1997 fa setlhogo sengwe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi se ne se kgothaletsa ba le bantsi ka mo go ka kgonegang gore ba nne le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. Mo nageng nngwe le nngwe go ne go beilwe palo e e neng e tla nna mokgele wa babulatsela ba ba thusang o o tla fitlhelelwang. Go ne ga arabelwa jang? Ka tsela e e tlhomologileng! Makala a mantsi a ile a feta mokgele wa palo e e beilweng. Ecuador e ne e ipeetse mokgele wa 4000 mme ka March e ne ya bega babulatsela ba ba thusang ba le 6936. Japane e ne ya bega palogotlhe ya 104 215 mo dikgweding tse tharo tseo. Kwa Zambia, koo palo e e neng e beilwe go nna mokgele e neng e le 6000 teng, go ne ga bega babulatsela ba ba thusang ba le 6414 ka March; ba le 6532 ka April; le ba le 7695 ka May. Mo lefatsheng lotlhe palogotlhe ya babulatsela ba ba thusang le babulatsela ba ka metlha ba kopane e ne e le 1110 251, e le koketsego ya diperesente di le 34,2 go feta 1996!

9. Mo godimo ga tiro ya ntlo le ntlo, ke ditsela dife tse dingwe tse ka tsone Basupi ba ga Jehofa ba kgonang go bona batho gore ba ba bolelele ka dikgang tse di molemo?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela bagolwane ba kwa Efeso jaana: “Ke ne ka se ka ka ithiba go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo lefa e le go lo ruta phatlalatsa le go tswa ntlong go ya ntlong e nngwe.” (Ditiro 20:20) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba etsa sekao sa ga Paulo mme ba rera dikgang tse di molemo ka tlhagafalo ka ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go se motlhofo go fitlhela batho kwa magaeng a bone. Ke gone ka moo, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a kgothaletsang baboledi ba Bogosi gore ba bue le batho kwa mafelong a bone a kgwebo, mo mebileng, mo mabopong a lewatle, mo diparakeng tsa batho botlhe—gongwe le gongwe koo batho ba ka bonwang gone. (Mathaio 24:45-47) Matswela e nnile a a molemo thata.

10, 11. Baboledi bangwe mo dinageng di le pedi ba ile ba tsaya kgato jang go bona batho ba ba kgatlhegang ba gantsi ba sa kgoneng go fitlhelelwa kwa gae?

10 Kwa Copenhagen, kwa Denmark, setlhopha se se potlana sa baboledi se ne se neela bosupi mo mebileng ka kwa ntle ga seteishene sa terena. Go tloga ka January go ya go June, ba ile ba tsamaisa dimakasine di le 4733, ba nna le metlotlo e e molemo mme ba dira dipoelo di le dintsi. Baboledi ba le mmalwa mo nageng eo ba ile ba simolola ditselana tsa dimakasine mo mabenkeleng. Toropo nngwe e na le mmaraka o mogolo ka Labotlhano mongwe le mongwe, o go tlang baeti ba le bantsi mo go one. Ka jalo phuthego e ile ya rulaganya gore go neelwe bosupi kwa mmarakeng ka metlha. Mo lefelong lengwe dikolo di etelwa ka sephuthelwana sa tshedimosetso se se nang le dikgatiso tse di tshwanelang barutabana ba sekolo thata.

11 Kwa Hawaii le gone go ile ga dirwa maiteko a go fitlhelela batho ba ba sa kgoneng go fitlhelwa kwa gae. Tshimo e e kgethegileng e akaretsa mafelo a botlhe (mebila, diparaka, mo go emisiwang dikoloi gone le boemelabese), mafelo a borekelo jo bogolo, marekisetso le boemadifofane, go neela bosupi ka thelefouno, mo dipalangweng tsa botlhe (go rera mo dibeseng) le kwa dikholetšheng. Go elwa tlhoko gore go abelwe palo e e tshwanetseng ya Basupi mo tshimong nngwe le nngwe le gore bao ba bo ba thapiseditswe sentle. Maiteko a a rulagantsweng sentle a a tshwanang le ano a ile a begiwa go tswa kwa dinageng di le dintsi. Ka ntlha ya seo, go fitlhelelwa batho ba ba kgatlhegang bao gongwe ba neng ba se kitla le ka motlha ba bonwa mo bodireding jwa ntlo le ntlo.

Go Nitama

12, 13. (a) Satane o ile a dirisa maano afe kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ka 1997? (b) Maaka a a senyang a ne a tlhanogela beng ba one jang kwa nageng nngwe?

12 Mo dinageng di le dintsi ka 1997, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa ka maaka a a bosula a a neng a anamisiwa ka boikaelelo jwa go ba pega molato kwa molaong. Mme ga ba a ka ba tshikinyega! (Pesalema 112:7, 8) Ba ne ba gakologelwa thapelo ya mopesalema: “Ba ba pelompe ba ntogetse kako; ke tlaa boloka dikaelo tsa gago ka pelo yotlhe ya me.” (Pesalema 119:69) Go anamisiwa ga maaka a a ntseng jalo ke bosupi fela jwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoilwe fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Mathaio 24:9) Mme ka dinako tse dingwe dilo di ile tsa tlhanoga ka tsela e sele. Monna mongwe wa kwa Belgium o ne a bala setlhogo sengwe se se neng se sotla Basupi ba ga Jehofa mo lokwalodikgannyeng lo lo tumileng lo lo tswang letsatsi le letsatsi. Ka ntlha ya go gakgamadiwa ke dikakgelo tse di senyang leina tseo, o ne a ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ka Sontaga se se latelang. O ne a rulaganya go ithuta Baebele le Basupi mme a gatela pele ka bonako. Pele, monna yono e ne e le leloko la segopa sengwe. Go ithuta Baebele go ile ga mo thusa go fetola botshelo jwa gagwe, e leng se se neng sa lemogiwa ke batho ba ba mo dikologileng. Kwantle ga pelaelo, mokwadi wa setlhogo se se senyang leina seo o ne a sa akanya gore dilo di tla tlhanoga ka tsela e e ntseng jalo!

13 Batho bangwe ba ba dipelo tse di ikanyegang kwa Belgium ba ile ba nna kgatlhanong le maaka a a ntseng jalo a a senyang. Mongwe wa bone e ne e le motho yo pele e neng e le tonakgolo yo o neng a dumela gore o kgatlhwa thata ke se Basupi ba ga Jehofa ba kgonneng go se dira. Mme motlatsatona mongwe o ne a kwala jaana: “Go fapaana le dipolelo tse di senyang tse di ileng tsa anamisiwa mo makgetlhong mangwe, mo go nna ga go bonale fa [Basupi ba ga Jehofa] ba le kotsi ka tsela epe mo Pusong. Ke baagi ba ba ratang kagiso, ba ba dirang dilo ka tshwanelo le ba ba tlotlang balaodi.” Mafoko a ga moaposetoloi Petere a tshwanela tota: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemomogolo mo merafeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga one ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemomogolo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Petere 2:12.

Mokete o o Tlhomologileng wa Segopotso

14. Dipego dingwe tse di itumedisang tsa ba ba ileng ba nna teng kwa Segopotsong e nnile dife ka 1997?

14 Go a tshwanela gore ba ba neelang bosupi kaga Jesu ba lebe Segopotso sa loso lwa gagwe e le selo sa botlhokwa thata mo ngwageng. Ka 1997 go ne go na le ba le 14 322 226 ka March 23 go keteka tiragalo eno. E ne e le palo ya 1400 000 go feta ya 1996. (Luke 22:14-20) Mo dinageng di le dintsi palo ya ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong e ne e feta palo ya baboledi ba Bogosi kgakala, e leng selo se se supang gore go ka nna le koketsego e e itumedisang mo isagweng. Ka sekai, kwa Haiti, ka 1997 go ne ga nna le tlhora ya baboledi ba le 10 621 mme ba ba nnileng teng kwa Segopotsong e ne e le ba le 67 259. O ka nna wa leba pego ya ngwaga mo ditsebeng 18 go ya go 21 mme o bone kafa dinaga tse dingwe le tsone di nnileng le dipalo tse di kwa godimo ka teng tsa ba ba nnileng teng fa di bapisiwa le palo ya baboledi.

15. Mo dinageng dingwe, bakaulengwe ba rona ba ile ba fenya jang mathata a a masisi gore ba tle ba keteke Segopotso?

15 Mo go bangwe, go nna teng kwa Segopotsong go ne go se motlhofo. Kwa Albania go ne go tlhomilwe molao wa gore batho botlhe ba bo ba le mo matlong ka 7:00 p.m. ka ntlha ya dikhuduego tsa lefelo leo. Mo ditlhopheng di le 115 tse di potlana go ralala naga, Segopotso se ne sa simololwa ka 5:45 p.m. Letsatsi le ile la phirima ka 6:08 p.m., go tshwaya go simologa ga Nisane 14. Ditshwantshetso di ne tsa fetisiwa mo e ka nnang ka 6:15 p.m. Mo mafelong a mantsi thapelo ya bofelo e ne ya rapelwa ka 6:30 p.m., mme ba ba neng ba le teng ba ne ba itlhaganelela go ya gae pele ga nako e e beilweng. Le fa go ntse jalo, palo ya ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong e ne e le 3154, fa e bapisiwa le tlhora ya baboledi ba le 1090. Kwa nageng nngwe ya kwa Afrika, khuduego ya lefelo e ne ya dira gore go se ka ga kgonega go ya kwa Holong ya Bogosi, ka jalo bagolwane ba babedi ba ne ba swetsa go kopana kwa ntlong ya mogolwane wa boraro gore ba rulaganyetse mokete mo ditlhopheng tse dipotlana. Go fitlha kwa ntlong eo, bagolwane ba babedi ba ne ba tshwanetse gore ba kgabaganye mosele wa metsi. Le fa go ntse jalo, go ne go lowa mo lefelong leo, mme mongwe le mongwe yo o lekang go kgabaganya mosele ono o ne a hulwa. Mogolwane yo mongwe o ne a siana a kgabaganya mme ga se ka ga direga sepe. Wa bobedi o ne a sa ntse a kgabaganya fa a utlwa modumo wa tlhobolo. O ne a itatlhela fa fatshe mme a gagabela mo lefelong le le sireletsegileng fa dikolo di ntse di feta mo tlhogong ya gagwe. Pokano ya bagolwane e ne ya tshwarwa ka katlego mme ba rulaganyetsa dilo tse di tlhokegang mo phuthegong.

“Go Tswa mo Merafeng Yotlhe le Ditso . . . le Diteme”

16. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela se ile sa rulaganya jang gore dikgang tse di molemo di anamisiwe mo ditlhopheng tse dipotlana tsa dipuo?

16 Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore boidiidi jo bogolo bo ne bo tla “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” (Tshenolo 7:9) Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se rulaganya gore go nne le dikgatiso mo dipuong tse dintsi—go akaretsa le tse di buiwang ke ditso tse di kwa kgakala le batho ba ditlhopha tse dipotlana. Ka sekai, kwa Mozambique, pampitshana ya Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso e ne ya gololwa ka dipuo tse dingwe tse tlhano. Kwa Nicaragua, boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e ne ya nna teng ka Se-Miskito—kgatiso ya ntlhantlha ya Mokgatlho wa Watch Tower ka puo eo. Baindia ba le bantsi ba Ba-Miskito ba ile ba amogela boroutšhara joo ka boitumelo fa ba bona sengwe ka puo ya bone ka namana. Ka 1997 Mokgatlho o ne wa gatisa dikgatiso ka dipuo tse dingwe di le 25 mme wa gatisa dimakasine tse di fetang tse di ka nnang dimilione di le sekete.

17. Ke setlhopha sefe sa puo se se ileng sa thusiwa kwa Korea, mme dikhasete tsa bidio di ile tsa thusa karolo eno ya baagi thata jang?

17 Kwa Korea batho ba puo e nngwe gape ba ne ba thusiwa. Ngwaga wa 1997 e ne ya nna ngwaga wa ntlha go nna le kopano ka puo ya diatla ya Sekorea. Go na le diphuthego di le 15 tsa batho ba ba dirisang puo ya diatla kwa Korea ka baboledi ba le 543, le fa go ntse jalo ba le 1174 ba ne ba nna teng kwa kopanong e kgolo mme ga kolobediwa ba le 21. Go thusa batho ba ba sa utlweng ba ba sa kgoneng go tlhaloganya puo e e buiwang kana e e kwadilweng, go gatisiwa dikgatiso mo dikhaseteng tsa bidio ka dipuo di le 13 tse di farologaneng tsa diatla. Ka jalo, batho ba ba sa utlweng ba thusiwa go “bala” tota le go ithuta dikgang tse di molemo, ka matswela a a molemo. Kwa United States, pele go ne go ka tsaya motho yo o sa utlweng mo e ka nnang dingwaga di le tlhano go gatela pele go fitlha a kolobediwa. Jaanong, ka dibidio tse di leng teng ka Puo ya Diatla ya Seamerika, mo go bangwe ba batho ba ba sa utlweng, jaanong go ba tsaya mo e ka nnang ngwaga.

‘Go Nna O le Mo Kareng’

18. Fa Jehu a sena go kopana le Jehonatabe, o ne a simolola go dira eng?

18 Morago kwa ka 905 B.C.E., fa Jehu a sena go kopana le Jehonatabe, o ne a simolola go senya kobamelo ya maaka. O ne a laletsa baobamedi botlhe ba ga Baale jaana: “Itshepisetseng Baale phutego e e masisi.” Morago ga foo o ne a romela batho mo nageng yotlhe go tlhomamisa gore ga go na moobamedi ope wa ga Baale yo o salang. Fa matshutitshuti a ntse a oologela mo tempeleng e kgolo ya modimo wa maaka, go ne ga tlhomamisiwa gore ga go na moobamedi ope wa ga Jehofa foo. Kgabagare, Jehu le masole a gagwe ba ne ba bolaya baobamedi ba ga Baale. “Jehu a senya Baale jalo mo Iseraele.”—2 Dikgosi 10:20-28.

19. Malebana le se se tla tlogang se diragalela batho, re tshwanetse go supa moya ofe mme re tshwanetse go tshwarega thata ka tiro efe?

19 Gompieno, katlholo ya bofelo ya bodumedi jotlhe jwa maaka e gaufi thata. Ka kaelo ya baengele Bakeresete ba bolelela batho botlhe dikgang tse di molemo, ba ba kgothaletsa gore ba boife Modimo le go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 14:6-8; 18:2, 4) Ba ba pelonolo ba kgothalediwa gore ba ineele mo Bogosing jwa Modimo kafa tlase ga Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa e bong Jesu Keresete. (Tshenolo 12:10) Mo nakong e e itumedisang eno, ga re a tshwanela go letla gore tlhagafalo ya rona e fokotsege fa re ntse re emela kobamelo ya boammaaruri.

20. O ikaeletse go dira eng ka ngwaga wa tirelo wa 1998?

20 Mo lekgetlhong lengwe, fa Kgosi Dafide a ne a le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo, o ne a rapela jaana: “Pelo ya me e nitame, Modimo, pelo ya me e nitame; ke tlaa opela, ee, ke tlaa opela dipako. Ke tlaa go ntshetsa malebogo Morena mo ditšhabeng.” (Pesalema 57:7, 9) E kete le rona re ka nitama. Mo ngwageng wa tirelo wa 1997, le mororo go ne go na le dikgatelelo tse dikgolo, Jehofa Modimo o ne a galalediwa ka dipako tse dikgolo. E kete go ka utlwala pako e kgolo e e ntseng jalo le e leng e e fetang eo ka ngwaga ono wa tirelo. Mme a re direng jalo go sa kgathalesege gore Satane o dirang go re kgoba marapo kana go re ganetsa. Ka go dira jalo, re tla bo re supa gore dipelo tsa rona di siame jaaka pelo ya ga Jehu yo Mogolwane e bong Jesu Keresete mme re tla tsibogela kgothatso eno e e tlhotlheleditsweng ka moya otlhe: “Itumeleng mo go Jehofa, lo bo lo ipele lona basiami; duduetsang ka boitumelo lona lotlhe ba lo leng thokgamo mo pelong.”—Pesalema 32:11.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke diphetogo dife tse di ileng tsa diragala kwa Iseraele ka 905 B.C.E.?

◻ Jehu wa motlha wa rona ke mang mme “boidiidi jo bogolo” bo supile jang gore ‘dipelo tsa bone di siame’ jaaka pelo ya gagwe?

◻ Ke dipalopalo dife tsa pego ya ngwaga tse di supang tlhagafalo e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba nna le yone ka ngwaga wa tirelo wa 1997?

◻ Go sa kgathalesege gore Satane o re dira eng, re tla supa moya ofe mo ngwageng wa tirelo wa 1998?

[Tšhate mo go tsebe 18-21]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1997

(See bound volume)

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Palo e e tlhomologileng ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong e supa gore go ka nna le koketsego e ntle mo isagweng

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fela jaaka Jehonatabe a ile a ema Jehu nokeng, “boidiidi jo bogolo” le jone gompieno bo ema nokeng Jehu yo Mogolwane e bong Jesu Keresete le bomonnawe ba ba tloditsweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela