LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • su kgao. 15 ts. 113-120
  • Go Kgaoganngwa ga Batho Mo Kganetsanong ya Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgaoganngwa ga Batho Mo Kganetsanong ya Bogosi
  • Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGOSI LE ‘BOMONNAWE’
  • ‘LO GO DIRETSE MONGWE WA BONE BA, BONNAKE’
  • A O TLA ‘RUA BOGOSI’?
  • Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tswelela Pele o Tshegetsa Bomorwarraagwe Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi ba Boammaaruri—Ba Tswa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Fa Keresete a Tla, o Tla Atlhola Dinku le Dipodi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
su kgao. 15 ts. 113-120

Kgaolo 15

Go Kgaoganngwa ga Batho Mo Kganetsanong ya Bogosi

1. Ke ka ntlha yang fa go kgaoganngwa mo kganetsanong ya Bogosi e le kgang e e masisi go mongwe le mongwe wa rona?

MONGWE LE MONGWE wa rona o lebane le phetso e e masisi. Kgang-kgolo ke boikutlo jwa rona tebang le Bogosi jwa Bomesia jwa ga Jehofa go busa Jesu Keresete. Mo kganetsanong eno go kgaoganngwa ga batho ba merafe yotlhe go a diragala. Motho mongwe le mongwe o bewa mo go sengwe sa ditlhopha tseno tse pedi go ya ka se a se dirang. Go tla falola setlhopha se le sengwe fela sa tseno mo tshenyegong e e tlang ya lefatshe.—Mathaio 24:40, 41.

2. (a) Bogosi jwa Bomesia bo amana jang le kganetsano ya bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Ke eng seo Bogosi bo tla tlogang bo nna sone, mme jalo ke eng seo re tshwanetseng ra bo re akanya ka sone mo go masisi?

2 Jehofa o setse a bile a tlhomile Morwawe yo o tloditsweng mo setulong sa Bogosi, ebong Mesia wa gagwe, mo magodimong. Kwa bokhutlong jwa “metlha e e beilweng ya baditšhaba” ka 1914, Modimo o ne a neela Jesu Keresete merafe go nna boswa jwa gagwe—lefatshe lotlhe jaaka thuo ya gagwe. (Pesalema 2:6, 8) Goromente wa Bomesia, o Kgosi ya ga Jehofa e e tloditsweng e leng mo setulong sa bogosi, ke tsela eo ka yone Modimo a diragatsang boikaelelo jwa gagwe jo bo botlhale le jo bo lorato mabapi le lefatshe. Boikutlo jwa gago tebang le Bogosi, ka gone, bo supa kafa o ikutlwang ka teng kaga bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Ka bonakonyana fela Bogosi joo jwa Bomesia bo tla “thubaganya bo nyèlètsa” tsamaiso yotlhe ya sepolotiki eo ga jaanong e okametseng dikgang tsa batho mme bo tla nna goromente a le mongwe mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44; Tshenolō 19:11-21) Fa bo ntse bo tswelela ka go fetolela lefatshe mo Paradaiseng, wena o tla bo o le kae? A o tla bo o le gareng ga bao ba tla kaelwang ke jone go ipelela botshelo jo bo itekanetseng? Jesu o ne a tlhalosa motheo oo ka one batho ba ba tshelang ga jaanong ba ka abalanang mo tebelelong e e ntseng jalo.

KGOSI LE ‘BOMONNAWE’

3. Go Mathaio 25:31-33, Jesu o ne a tlhalosa eng?

3 Fa a ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe kaga “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” Jesu o ne a dirisa dikai di le mmalwa, kana ditshwantsho. Mo go sa bofelo o ne a re: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”—Mathaio 24:3; 25:31-33.

4. (a) Ke jang setshwantsho seno se amanang ka gone le Daniele 7:13, 14? (b) Ke dipotso dife tseo ka tshwanelo re ka di ipotsang?

4 Elatlhoko gore Jesu fano o ipolela fa a le “Morwa Motho,” jaaka a setse a ile a nna a dira gangwe le gape pelenyana mo polelelopeleng eno. (Mathaio 24:27, 30, 37, 39, 44) Go dirisa ga gagwe tlhaloso eno e ne e le go gakolola ka ponatshegelo ya seperofeti eo e neng ya neelwa Daniele mo e ka nnang makgolo a dingwaga a le marataro go le pelenyana, eo ka yone moperofeti a neng a kwala a re: “Me ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho [Jesu Keresete], me a tla hèla kwa go eo mogologolo [Jehofa Modimo], me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.” (Daniele 7:13, 14; Bahebera 2:5-8) Thata eo ya go busa e setse ebile e neetswe Jesu Keresete. Fa e sale 1914 o busa mo setulong sa gagwe sa selegodimo sa bogosi. Wena ka bowena o ile wa arabela jang mo bobusing jwa gagwe? A tsela ya gago ya botshelo e neela bosupi jwa gore o isa tlotla e e tshwanetseng go Ene yo Modimo ka boene a mo dirileng Mmusi wa lefatshe lotlhe?

5. Keresete o tlhomamisa jang bommatota jwa go iphaka ga motho gore o ineetse mo go ene jaaka Kgosi?

5 Mafoko a le osi fela ga a a lekanela. Go motlhofo ka motho go bolela gore o dumela mo Bogosing jwa Modimo le gore o rata Jesu Keresete. Mme mo setshwantshong sa gagwe sa dinku le dipodi Jesu o ne a bontsha gore, ereka jaana a tla bo a sa bonale kwa magodimong, lebaka-legolo leo a tla le tlhokomelang mo go tlhomamiseng bonnete jwa maiphako a motho e tla bo e le kafa a tshwarang ka gone bao ba emelang Keresete mo lefatsheng, “bonnake” ba gagwe.—Mathaio 25:40, 45.

6. “Bonnake” bano ba ga Keresete ke bomang?

6 Ke bomang? Ke bao Modimo a ba tlhophileng mo bathong go nna baruaboswa le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Bano ke ba palo ya 144 000, mme ke masalela a bone fela a a sa ntseng a le mo lefatsheng. (Tshenolō 14:1, 4) Ka go bo ba ile ba ‘tsalwa sesha’ ka go dira ga moya wa Modimo, ke bana ba Modimo, mme ka lebaka leo mo Dikwalong ba bolelwa e le “bonnake” ba ga Jesu Keresete. (Yohane 3:3; Bahebera 2:10, 11) Jesu o leba seo batho ba se direlang “bonnake” bano, le eleng yo ‘mmotlana’ wa bone, jaaka se se direlwang ene.

7. Ke ka ntlha yang fa “bonnake” ba ga Keresete e se maloko a dikereke tsa La-Bodumedi?

7 “Bonnake” bano ba ga Keresete ba kae mo motlheng wa rona? A o tla ba fitlhela gareng ga batseni ba dikereke ba La-Bodumedi? Mme kana, ke eng seo Jesu a neng a se bolela kaga balatedi ba gagwe ba boammaaruri? “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) A seo tota se ka bolelwa ka dikereke tsa La-Bodumedi le maloko a tsone? Ka selekanyo se segolo, maikutlo a bone le boitshwaro gantsi di supa fela seo se tlwaelegileng mo lefatsheng leo ba nnang mo go lone. Go kopanyelediwa ga dikereke mo dipolotiking go itsege sentle. E ne ya re fa Maitlamo a Merafe e e Kopaneng a ne a simolodisiwa ka 1945, barongwa ba Maporosetanta, Makatoliki le Majuda ba bo ba le gone foo jaaka bagakolodi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, bomopapa ba Roma ba ile ba galaletsa Merafe e e Kopaneng jaaka “tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso” le “lekgotla-legolo la kagiso le tshiamiso.” Lekgotla la Mafatshe la Dikereke, leo le nang le maloko a ka nna 300 a ditlhopha tsa bodumedi, le bile la nna la ntsha le madi ao a ka dirisiwang go duelela ditsogologo tsa sepolotiki. Lefa go le jalo, Jesu Keresete o ne a raya mmusi wa Roma Pilatwe a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.”—Yohane 18:36.

8. (a) Ke eng seo se go thusitseng go kgetholola “bonnake” ba ga Keresete? (b) Tiro ya go rerwa ga Bogosi e botlhokwa go le kana kang mo go bone?

8 Mabaka a bontsha gore ke setlhopha se le sengwe fela se se ileng sa ema ka go tia kafa letlhakoreng la Bogosi, se dira maiteko a a tlhagafetseng go bo bolela mo lefatsheng ka bophara, fa se ntse se tila go kopanyelediwa mo dikgannyeng le fa e ka nna dife tsa dipolotiki tsa lefatshe. Setlhopha seno ke sa Basupi ba ga Jehofa. Gareng ga bone go fitlhelwa ba ba sa ntseng ba setse ba “bonnake” ba ga Keresete. Ka go etsa Morena wa bone le baaposetoloi ba gagwe, ba ile ba ineela mo goreng ba tla ya le motse le motsana le ntlo le ntlwana, ba bolelela batho mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Luke 8:1; Ditihō 8:12; 19:8; 20:20, 25) Ka 1919, kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa (bao ba neng ba itsege ka nako eo jaaka International Bible Students) mo Cedar Point, mo Ohio, batla-kopanong ba ne ba gakololwa gore “tiro-kgolo ya bone e ne e le go itsise ebile ke go itsise go tla ga bogosi jo bo galalelang jwa Mesia.” Mo kopanong e e tshwanang ka 1922 seno se ne sa boa sa gatelelwa gape, mme ba ne ba kgothalediwa ka gore: “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa gagwe.” Ka go dirisa sengwe le sengwe se ba ka se kgonang, ba ile ba tswelela ka go dira seo lefatshe ka bophara go tla go fitlha nako kgolo ke eno. (Mathaio 24:14) Ka ntlha ya tiro ya bone, kgang kgolo ya Bogosi e ile ya leriwe go wena. O dira eng ka ga yone?

‘LO GO DIRETSE MONGWE WA BONE BA, BONNAKE’

9. (a) Ke jang maemo ao a tlhalositsweng go Mathaio 25:35-40 a amanang le bodihedi jwa Bogosi? (b) Ke teko efe he eo batho gongwe le gongwe ba lebagantsweng le yone?

9 “Bonnake” ba ba tloditsweng ka moya ba ga Keresete ba ile ba tlelwa ke diteko tse di botlhoko ka ntlha ya go rera Bogosi jwa Modimo ka bopelokgale, fa ba ntse ba ikgaogantse le lefatshe. (Yohane 15:19, 21) Bangwe ba ile ba bolawa ke tlala, ba kgangwa ke lenyora le go sa apara. Ba le bantsi ba ile ba tlogela magae a bone go ya go direla kwa mafelong ao ba neng ba tla nna baeng go one. Fa ba ntse ba tsweletse ka bodihedi jwa bone, ba ile ba tlelwa ke malwetsi le go latlhelwa mo kgolegelong, le eleng loso ba bolawa ke babogisi. Maitemogelo ano a “bonnake” ba ga Keresete a ile a dira gore batho ba merafe yotlhe ba lebane le teko. A go rata Modimo le Keresete go tla ba dira gore ba thuse baemedi bano ba Bogosi jwa legodimo? (Mathaio 25:35-40; bapisa le 2 Bakorintha 5:20.) Thuso e Kgosi a e lebang jaaka e e direlwang ene ga e dirwe fela ka ntlha ya bopelontle jwa setho mme e leng ka go bo e le ba ga Keresete.—Mareko 9:41; Mathaio 10:42.

10. (a) Ke ka ntlha yang fa kganetso eo e tsositsweng ke “dipodi” e sa utlwale? (b) Phapaanong le seo, ke boemo bofe joo “dinku” di bo tsereng?

10 Bao ba ntshang thuso e e ntseng jalo Jesu o ba tshwantsha le dinku. Batho bao ba palelwang ke go thusa “bonnake” ba gagwe Jesu o ba lebisa mo setshwantshong sa gagwe jaaka dipodi. “Dipodi” di ka nna tsa tatalala tsa re ga di ise di ko di bone Jesu Keresete. Mme o ile a ba romelela batlhanka ba gagwe, mme bano ba ile ba ikgetholola ka phepafalo. “Dipodi” di ka nna tsa bo di ile tsa se ka tsa bogisa “bonnake” ba ga Keresete tsotlhe, mme ga go epe ya tsone e e tlhotlhelediwang ke lorato lwa Kgosi ya selegodimo go thusa baemedi ba gagwe. (Mathaio 25:41-45) Ba ingaparela mo lefatsheng leo Satane Diabolo e leng mmusi yo o sa bonaleng wa lone. “Dinku” di ka se ke di bone Keresete ka sebele. Mme, ka go sa tshwane le “dipodi,” bano ba itshupa gore ga ba boife go itlhaola le “bonnake” ba ga Keresete, ba tshegetsa babueledi bano ba Bogosi jwa Modimo. “Dinku” di itse seo di se dirang, mme ebile di dira tlhopho e e tlhamaletseng go ya kafa letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete. Ke sone se ditiro tsa bone di nang le mosola mo matlhong a Kgosi.

11. (a) Ereka jaana batho ba le bantsi ba ise ba ke ba kopane le “bonnake” ba ga Keresete, ba ka atlholwa jang mo motheong wa se se tlhalositsweng fano? (b) Ke eng seo se tlhomamisetsang katlego ya tiro eno?

11 Lefa go le jalo, go ka kgonega jang ka batho ba merafe yotlhe go atlholwa mo motheong ono? A Jesu ga a ka a re “bonnake” ba gagwe, bao Rara a neng a tla ba naya Bogosi jwa selegodimo, ba ne ba tla nna “lecomanyane” fela? (Luke 12:32) Batho ba le bantsi ga ba ise ba ko ba amane le mongwe wa bone ka sebele. Ke boammaaruri, mme “bonnake” ba ga Keresete ke bone pelo ya phuthego ya merafe yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Ka bone batho bano ba ba rulagantsweng sentle kgang kgolo e e botlhokwa-tlhokwa ya Bogosi e ntse e bewa pele ga batho gongwe le gongwe. Seno sotlhe se kaelwa ke Keresete ka boene a le setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo a thusiwa ke baengele. Mo mafatsheng a a ka tshwarang 200 le ditlhopha tsa ditlhake go dikologa kgolokwe—le eleng koo go rerwa ga Bogosi jwa Modimo go thibetsweng ke bogoromente—tiro ya go kgaoganya e ntse e gatela pele e sa kganelwe ke sepe, mme boidiidi jo bogolo jwa batho bo ntse bo ema kafa letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo.

12. (a) “Dinku” di phepafatsa jang boemo jo di bo tsereng? (b) Ke eng fa di dira seo?

12 Ba supa seno jang? Ka go dirisanya mmogo le ba ba tloditsweng, ba bolela ka tlhagafalo gore Bogosi bo a busa le gore bo tla tloga bo khutlisa tsamaiso ya selefatshe. Ka gone ba ipolela phatlalatsa gore ba eme kafa Bogosing jwa ga Jehofa jwa Bomesia mme ebile ba kgothaletsa ba bangwe ka lorato go dira se se tshwanang. Batho bano ba ba dipelo di siameng ba tlhotlhelediwa ke se se fetang kgakala keletso ya go falola. Eleruri ba rata Jehofa le ditsela tsa gagwe. Paakanyetso ya Bogosi jwa gagwe ka Keresete e le Kgosi e tlatsa dipelo tsa bone ka tebogo, mme ba batla gore ba bangwe le bone ba solegelwe molemo. Jalo ba abalana ka botlalo ka mo ba kgonang ka teng go neela bosupi jwa Bogosi. Jaaka Jesu a ile a laela barutwa ba gagwe, ba ‘batla pele bogosi,’ ba sa letlelele tlhobaelo kaga dilo tse di bonalang go bo ragela kwa morago. Ka tsela eno ba ipaya kafa lesegong le legolo.—Mathaio 6:31-33.

A O TLA ‘RUA BOGOSI’?

13. (a) Ke go tloga leng Jehofa a ileng a akanya ka tuelo ya bano ba seka-dinku? (b) Ke eng seo se bolelwang ke go ‘rua bogosi’ ga bone?

13 Seo se emetseng bao ba itshupang e le “dinku” tsa setshwantsho sa ga Jesu eleruri ke se se molemo-lemo. A le setulong sa gagwe sa selegodimo sa bogosi, o ba raya a re: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” (Mathaio 25:34) Fa e sale “tlhōlègō ea lehatshe,” nakong ya fa Adame le Efa ba neng ba tlhagisa bana bao ba neng ba tla solegelwa molemo ke paakanyetso ya Modimo go golola setho, go ya ka Genesise 3:15, 16, Jehofa o ne a akantse ka tuelo ya “dinku” tseno. (Bapisa Luke 11:50, 51.) Sa bone ke paka ya go ipelela Paradaise e e tsosoloseditsweng boitekanelong jwa botshelo jwa motho jo Adame a bo latlhileng. Go ‘rua bogosi’ ga bone ga go reye gore ba tla ya legodimong, ka go bo setshwantsho se bontsha gore “dinku” ga di tshwane le “bonnake” ba Kgosi, bao eleng baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo. Jalo “dinku” di tshwanetse tsa bo e le babusiwa ba selefatshe ba goromente yoo wa selegodimo. Greek-English Lexicon ya ga Liddell le Scott e tlhalosa gore lereo la Segerika basileiʹa, le fano le ranoletsweng ka gore “bogosi,” le ka tlhaloganngwa ka tsela e e tlhamaletseng fela, le raya motho “yo o busiwang ke kgosi.” Ke ka tlhaloganyo eno go bo ka phepafalo le dira fano.

14. Ke jang katlholo eo e tla neelwang “dipodi” e fapaanang le boswa jwa “dinku”?

14 Fa “dipodi” di ya “pecoñ e e sa khutleñ,” mo tshenyegong e e feletseng fela jaaka ekete ka molelo, “dinku” di tla sirelediwa ke Kgosi ya Bomesia. (Mathaio 25:41, 46; bapisa le Tshenolō 21:8.) Kwa ntle ga gore ope wa bone a swe, ba tla falodisiwa mo sepitleng se segolo go ya ‘lefatsheng je lesha’ je le galalelang leo le tla bong le sena tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane le tsamaiso ya gagwe ya dilo e e boikepo. Lesego leo e tla nna la bone ka go bo jaana ba dirile phetso e e tshwanetseng mo kganetsanong ya Bogosi jaanong.

15. (a) Re itse jang gore setshwantsho seno se a dira gone jaanong? (b) Jalo, ke tiro efe e e leng botlhokwa-tlhokwa?

15 E tla bo e le phoso e e masisi go akanya ka gore, ka go bo tshenyego ya “dipodi” e le e e sa khutleng, setshwantsho ga sena go dira go fitlhelela moragonyana, gongwe mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. Phapaanong le se, Jesu o ne a neela setshwantsho seno jaaka bontlhanngwe jwa sesupo sa “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” (Mathaio 24:3, NW) Seo a se tlhalosang se diragala morago ga a sena go tlhongwa mo setulong sa bogosi mme gape le fa “bonnake” ba gagwe ba sa ntse ba le mo nameng ba bile ba itemogela mathata ao a a umakang. Re tshela mo nakong eo, mme ebile e ntse e fela ka potlako. Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne, gore re se ka ra ikanya fela mo Bogosing mme gape re thuse ba bangwe go bona botlhokwa jwa go dira jalo gone jaanong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela