Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?
“O tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi.”—MATHAIO 25:32.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela setshwantsho sa dinku le dipodi?
ELERURI Jesu Keresete e ne e le Morutisi yo mogolo go feta botlhe mo lefatsheng. (Johane 7:46) Tsela e nngwe e a neng a ruta ka yone e ne e le ya go dirisa ditshwantsho. (Mathaio 13:34, 35) Di ne di le motlhofo lefa go ntse jalo di le maatla fa di tlhalosa boammaaruri jo bo kwa teng jwa semoya le jwa boperofeti.
2 Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Jesu o ne a tlhalosa jaana malebana le nako ya gore a tseye kgato a le mo boemong jo bo kgethegileng: “E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a . . .” (Mathaio 25:31) Re tshwanetse ra se kgatlhegela ka gonne ke setshwantsho se Jesu a neng a wetsa karabo ya gagwe ya potso eno ka sone: “Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” (Mathaio 24:3) Mme seno se kaya eng mo go rona?
3. Pelenyana mo therong ya ga Jesu, ke eng se a neng a bolela gore se ne se tla nna gone gautshwane, morago fela ga gore sepitla se segolo se simologe?
3 Jesu o ne a bolelela pele ka ditiragalo tse di tlhomologileng gore di ne di tla tla “gautshwane, morago” ga go itaya ga sepitla se segolo, e leng ditiragalo tse re di emetseng. O ne a bolela gore ka nako eo “sesupo sa Morwa Motho” se tla bonala. Seo se tla ama thata “ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe” tse di tla “[bonang] Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.” Morwa motho o tla bo a na le “baengele ba gagwe.” (Mathaio 24:21, 29-31)a Re ka reng ka setshwantsho sa dinku le dipodi? Dibaebele tsa segompieno di se kwadile mo kgaolong ya 25, mme ke karolo ya karabo ya ga Jesu, fa a ne a tlhalosa mo gontsi ka go tla ga gagwe a le mo kgalalelong mme a tlhomile mogopolo mo go atlholeng “ditšhaba tsotlhe.”—Mathaio 25:32.
Dilo Tse di Dirisitsweng mo Setshwantshong
4. Ke eng se se umakilweng ka ga Jesu mo mafokong a a simololang a setshwantsho sa dinku le dipodi, mme ke bomang gape ba ba umakiwang moo?
4 Jesu o simolola setshwantsho ka go bolela jaana: “E tlaa re Morwa Motho a tla.” O ka tswa o itse gore “Morwa Motho” ke mang. Gantsi bakwadi ba Efangele ba bontsha fa mafoko ao a raya Jesu. Tota le ene Jesu o ne a dira jalo, ga go belaetse gore o ne a akantse ka ponatshegelo ya ga Daniele ya “mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” a tla kwa go yo o leng Mogologolo gore a amogele “puso, le kgalalelo, le bogosi.” (Daniele 7:13, 14; Mathaio 26:63, 64; Mareko 14:61, 62) Lefa go buiwa ka Jesu thata mo setshwantshong seno, ga se ene fela. Pelenyana mo therong eno, jaaka go nopotswe mo go Mathaio 24:30, 31, o ne a bolela gore fa Morwa motho ‘a tla ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo,’ baengele ba gagwe ba tla dira karolo e e botlhokwa. Ka mo go tshwanang, setshwantsho sa dinku le dipodi se bontsha baengele ba na le Jesu fa a ‘dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo’ gore a atlhole. (Bapisa Mathaio 16:27.) Mme Moatlhodi le baengele ba gagwe ba kwa legodimong, ka jalo a go na le batho ba go builweng ka bone mo setshwantshong seno?
5. Re ka itse “bomonnawe” Jesu jang?
5 Fa re leba setshwantsho seno re bona ditlhopha tse tharo tse re tlhokang gore re di farologanye. Mo godimo ga dinku le dipodi, Morwa motho o oketsa ka setlhopha sa boraro se go itsiwe ga sone go tla re thusang gore re itse dinku le dipodi. Jesu o bitsa setlhopha seno sa boraro a re ke bomonnawe ba semoya. (Mathaio 25:40, 45) Ba tshwanetse ba bo ba le baobamedi ba boammaaruri, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Rre . . . , ke ene nnake, le kgaitsadiake, le mme.” (Mathaio 12:50; Johane 20:17) Ka tshwanelo, Paulo o ne a kwala ka Bakeresete ba ba leng karolo ya “losika lwa ga Aberahame” e bile e le bomorwa Modimo. O ne a ba bitsa “bomonnawe” Jesu le “baabedwi ba pitso ya selegodimo.”—Bahebere 2:9–3:1; Bagalatia 3:26, 29.
6. Ke bomang “ba babotlana” ba bomonnawe Jesu?
6 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a umaka bomonnawe “ba babotlana?” Mafoko ao a tshwana le se baaposetoloi ba neng ba mo utlwa a se bua pelenyana. Fa Jesu a ne a tshwantsha Johane Mokolobetsi, yo o neng a swa pele ga ga Jesu e bile a na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, le ba ba tla bonang botshelo jwa selegodimo, o ne a bolela jaana: “Ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; le fa go ntse jalo, yo o leng mmotlana mo bogosing jwa legodimo o mogolo bogolo go ene.” (Mathaio 11:11) Batho bangwe ba ba yang kwa legodimong ba ka tswa ba ne ba tumile mo phuthegong, jaaka baaposetoloi, mme ba bangwe ba sa tuma thata, mme botlhe ke bomonnawe Jesu ba semoya. (Luke 16:10; 1 Bakorinthe 15:9; Baefeso 3:8; Bahebere 8:11) Ka gone, lefa gone ba bangwe ba ne ba lebega ba se botlhokwa thata mo lefatsheng, e ne e le bomonnawe mme ba tshwanetse ba ka bo ba tshwerwe sentle.
Ke Bomang ba e Leng Dinku le Dipodi?
7, 8. Ke eng se Jesu a neng a se bolela ka dinku, ka jalo re ka swetsa ka go reng ka bone?
7 Re bala jaana malebana le go atlholwa ga dinku: “[Jesu o] tlaa raya ba ba ka fa tsogong la [gagwe] le legolo, [a] re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 25:34-40.
8 Go phepafetse gore dinku tse di atlholwang ka gore di tshwanela go nna mo letlhakoreng le le siameng le le tlotlegang le le le amogelwang la ga Jesu di emela setlhopha sengwe sa batho. (Baefeso 1:20; Bahebere 1:3) Ke eng se ba se dirileng mme le gone leng? Jesu o bolela gore ba ne ba mo neela dijo, metsi le diaparo, ba mo thusa ka bopelonomi, ka tlotlo le ka bopelotshweu fa a ne a lwala kana a le kwa kgolegelong. Fa dinku di ne di bolela gore ga di ise di ko di direle Jesu jalo ka tlhamalalo, o tlhalosa gore e re ka ba ne ba ema bomonnawe ba semoya nokeng, e leng Bakeresete ba masalela a a tloditsweng, ka jalo ka tsela eo ba go diretse ene.
9. Ke ka ntlha yang fa setshwantsho seno se ka se diragadiwe ka Mileniamo?
9 Setshwantsho seno ga se diragadiwe ka nako ya Mileniamo, ka gonne ka nako eo batlodiwa ba tla bo ba sa tlhole e le batho ba ba bolawang ke tlala, lenyora, ba ba lwalang, kana ba ba tsenngwang mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba bone ba diragaletswe ke seo mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Fa e sa le Satane a latlhelwa mo lefatsheng, o ile a tlhasela masalela ka tšhakgalo ya gagwe e kgolo, a ba sotla, a ba bogisa le go ba bolaya.—Tshenolo 12:17.
10, 11. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa utlwale go akanya gore dinku di akaretsa mongwe le mongwe yo o direlang bomonnawe Jesu tiro e e molemo? (b) Totatota dinku di emela bomang?
10 A Jesu o bolela gore mongwe le mongwe yo o bontshang mongwe wa bomonnawe bopelonominyana, jo bo jaaka go ba neela senkgwe kana metsi, o tshwanela go nna mongwe wa dinku tseno? Ke boammaaruri gore go ba direla dilo tseo go ka nna ga bontsha bopelonomi jwa motho, mme totatota, go lebega dinku tsa setshwantsho seno di tshwanetse gore di dire mo gontsi. Ka sekai, Jesu o ne a sa bolele ka balatolamodimo kana baruti ba ba ka nnang ba direla mongwe wa bomonnawe sengwe se se molemo. Se se farologaneng le seo, Jesu o ne a bitsa dinku tseno “basiami” ka makgetlho a le mabedi. (Mathaio 25:37, 46) Ka jalo dinku di tshwanetse tsa nna batho ba ba neng ba thusa bomonnawe Keresete ka nako e telele le go ba ema nokeng ka tsela e e matlhagatlhaga e bile ba na le tumelo e e tla dirang gore Modimo o ba amogele ba siame.
11 Ka makgolokgolo a a ntseng a feta a dingwaga, batho ba bantsi ba ba jaaka Aberahame ba ile ba itumelela go nna le boemo jo bo siameng. (Jakobe 2:21-23) Noa, Aberahame le ba bangwe ba ba neng ba ikanyega ba akarediwa mo go ba “dinku di sele” ba ba tla ruang botshelo mo Paradaiseng mo Bogosing jwa Modimo. Mo metlheng ya bosheng jaana dimilione tse dingwe gape tsa batho ba amogetse kobamelo ya boammaaruri e le dinku di sele mme ba nna “letsomane le le lengwe fela” le batlodiwa. (Johane 10:16; Tshenolo 7:9) Batho bano ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba lemoga fa bomonnawe Jesu e le baemedi ba Bogosi mme ka gone ba a ba thusa—ka tsela ya mmatota le semoyeng. Jesu o tsaya se dinku di sele di se direlang bomonnawe mo lefatsheng se direlwa ene. Batho bao ba ba tla bong ba tshela fa a tla go atlhola ditšhaba ba tla atlholwa e le dinku.
12. Ke ka ntlha yang fa dinku di ka nna tsa botsa gore di diretse Jesu dilo dife tse di molemo?
12 Fa e le gore jaanong dinku di sele di rera mafoko a a molemo le batlodiwa le go ba thusa, ke ka ntlha yang fa ba botsa jaana: “Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa?” (Mathaio 25:37) Go ka nna le mabaka a a farologaneng. Se ke setshwantsho fela. Jesu o dirisa sone go bontsha tsela e a amegang thata ka bomonnawe ba semoya ka yone; o utlwa botlhoko le bone, o boga le bone. E ne e rile pelenyana Jesu a bolela jaana: “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.” (Mathaio 10:40) Mo setshwantshong seno, Jesu o atolosa molaomotheo ono, a bontsha gore se se diretsweng bomonnawe (se se siameng kana se se bosula) se fitlha le kwa legodimong tota; go jaaka e kete se diretswe ene a le kwa legodimong. Gape, Jesu fano o gatelela dilo tse Jehofa a di lebang fa a atlhola, a phepafatsa sentle gore katlholo ya Modimo e tshwanetse e bile e tshiamo, lefa e ka tswa e itumedisa kana e le ya go bona motho molato. Dipodi di ka se ka tsa ntsha seipato sa gore, ‘Gone, fa fela re ka bo re go bone ka tlhamalalo.’
13. Ke ka ntlha yang fa batho ba sekadipodi ba ka bitsa Jesu ba re “Morena”?
13 Fa re setse re tlhaloganya gore katlholo e e bontshitsweng mo setshwantshong seno e dirwa leng, ke gone re tla bonang sentle gore dipodi ke bomang. E tla diragadiwa fa “[go bonala] sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla . . . ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.” (Mathaio 24:29, 30, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Batho ba ba tla falolang sepitla mo Babiloneng o Mogolo ba ba neng ba tlhoile bomonnawe Kgosi jaanong ba ka nna ba bolela fa Moatlhodi e le “Morena” ka go tlhoka tsholofelo, ba akanya gore o tla boloka matshelo a bone.—Mathaio 7:22, 23; bapisa Tshenolo 6:15-17.
14. Jesu o tla atlhola dinku le dipodi mo motheong ofe?
14 Lefa go ntse jalo, katlholo ya ga Jesu e ka se theiwe mo maiphakong a go tlhoka tsholofelo a batho ba ba neng ba tsena kereke pele, balatolamodimo kana ba bangwe. (2 Bathesalonika 1:8) Go na le moo, moatlhodi o tla sekaseka boemo jwa pelo le ditiro tsa nako e e fetileng tse batho ba di diretseng ‘mongwe wa ba babotlana [wa bomonnawe].’ Ke boammaaruri gore palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba setseng mo lefatsheng e ntse e fokotsega. Lefa go ntse jalo, fa fela batlodiwa, ba ba bopang “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” ba tswelela pele ba aba dijo le go kaela, batho ba ba tla nnang dinku ba na le sebaka sa go direla setlhopha sa motlhanka molemo, fela jaaka ‘boidiidi jo bogolo e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho’ ba dirile.—Tshenolo 7:9, 14.
15. (a) Batho ba bantsi ba itshupile jang gore ba tshwana le dipodi? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go umaka gore motho ke nku kana ke podi?
15 Bomonnawe Keresete le dimilione tsa dinku di sele tse di kopaneng le bone go dira letsomane le le lengwe fela ba ntse ba tshwarwa jang? Batho ba bantsi ba ka tswa ba sa tlhasela baemedi ba ga Keresete, mme le gone ga ba a tshwara batho ba gagwe ka tsela e e lorato. E re ka batho ba sekadipodi ba rata lefatshe leno le le bosula, ba gana molaetsa wa Bogosi, e ka tswa ba gana go o reetsa ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo. (1 Johane 2:15-17) Ke boammaaruri gore kgabagare, Jesu ke ene yo o tla tlhomiwang gore a atlhole. Ga se rona ba re bonang gore dinku ke bomang le gore dipodi ke bomang.—Mareko 2:8; Luke 5:22; Johane 2:24, 25; Baroma 14:10-12; 1 Bakorinthe 4:5.
Setlhopha Sengwe le Sengwe se Lebeletse Isagwe e e Ntseng Jang?
16, 17. Dinku di tla nna le isagwe e e ntseng jang?
16 Jesu o ne a atlhola dinku jaana: “Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.” A bo e le taletso e e lorato jang ne—“Tlang”! Ba tle kae? Kwa botshelong jo bo sa khutleng, jaaka a ne a oketsa jaana: “Basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:34, 46.
17 Mo setshwantshong sa ditalente, Jesu o ne a bontsha se batho ba ba tla busang le ene kwa legodimong ba tlhokang go se dira, mme mo setshwantshong seno o bontsha se babusiwa ba Bogosi ba tshwanetseng go se dira. (Mathaio 25:14-23) Ka mo go tshwanetseng, e re ka ba dinku ba ema bomonnawe Jesu nokeng ka pelo yotlhe, ba rua lefelo le le mo lefatsheng le le busiwang ke Bogosi jwa gagwe. Ba tla itumelela botshelo mo lefatsheng la paradaise—selo se ba se lebeletseng se Modimo o se ba baakanyeditseng fa e sa le “ka motheo wa lefatshe” la batho ba ba rekolotsweng.—Luke 11:50, 51.
18, 19. (a) Jesu o tla atlhola dipodi ka katlholo efe? (b) Re ka tlhomamisa jang gore dipodi ga di ne di tlhokofadiwa ka bosakhutleng?
18 A bo katlholo e go atlholwang dipodi ka yone e farologane jang ne! “Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela. “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’”—Mathaio 25:41-45.
19 Baithuti ba Baebele ba itse gore seno ga se reye gore meya e e sa sweng ya batho ba sekadipodi e tla boga mo molelong o o sa timeng. Nnyaa, ka gonne batho ke meya; ga ba na meya e e sa sweng. (Genesise 2:7; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Fa Moatlhodi a atlhola dipodi ka go ba latlhela mo “molelong o o sa khutleng,” o ne a raya tshenyego e e senang tsholofelo ya go tshela gape mo isagweng, e gape e tla rayang go fedisiwa ka bosakhutleng ga ga Diabolo le badimona ba gagwe. (Tshenolo 20:10, 14) Ka gone, Moatlhodi wa ga Jehofa o tlhoma dikatlholo tse di sa tshwaneng. O bolelela dinku gore, “Tlang”; dipodi a re, “Tlogang fa go nna.” Dinku di tla rua ‘botshelo jo bo sa khutleng.’ Dipodi di tla ya “petsong e e sa khutleng.”—Mathaio 25:46.b
Go Kaya Eng mo go Rona?
20, 21. (a) Bakeresete ba na le tiro efe e e botlhokwa gore ba e dire? (b) Gone jaanong go dirwa tiro efe ya go kgaoganya? (c) Batho ba tla bo ba le mo boemong bofe fa setshwantsho sa dinku le dipodi se simolola go diragadiwa?
20 Baaposetoloi ba banè ba ba neng ba utlwa Jesu a araba malebana le sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ba ne ba na le mo gontsi go go dira. Ba ne ba tla tlhoka gore ba bule matlho le go nna ba disitse. (Mathaio 24:42) Gape ba ne ba tla tlhoka go dira tiro ya go neela bosupi e e umakilweng mo go Mareko 13:10. Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eo ka natla gompieno.
21 Lefa go ntse jalo, kutlwisiso eno e ntšha ya setshwantsho sa dinku le dipodi e kaya eng mo go rona? Kana gone, batho ba setse ba eme mo matlhakoreng a a sa tshwaneng. Ba bangwe ba mo ‘tseleng e kgolo e e isang tshenyegong,’ fa ba bangwe ba leka go nna mo ‘tseleng e e pitlaganyeng e e isang botshelong.’ (Mathaio 7:13, 14) Mme nako e Jesu a tla atlholang dinku le dipodi la bofelo ka yone e e tlhalositsweng mo setshwantshong seno e santse e le kwa pele. Fa Morwa motho a tla e le Moatlhodi, o tla lemoga gore Bakeresete ba bantsi ba boammaaruri—tota “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse di ineetseng—ba tla tshwanela go ralala karolo ya bofelo ya “sepitla se segolo” go tsena mo lefatsheng le lesha. Gone jaanong se ba se lebeletseng se tshwanetse sa ba itumedisa. (Tshenolo 7:9, 14) Mo letlhakoreng le lengwe, palo e kgolo ya “ditšhaba tsotlhe” e tla bo e itshupile e tshwana le dipodi tse di tlhogoethata. Ba “tlaa ya mo petsong e e sa khutleng.” A bo lefatshe le tla gololesega jang ne!
22, 23. E re ka setshwantsho seno se santse se tla diragadiwa mo isagweng, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re dire tiro ya go rera gompieno?
22 Lefa gone go atlholwa mo go tlhalosiwang mo setshwantshong seno go santse go tla diragala mo isagweng e e fa gaufi, tota le gone jaanong go dirwa sengwe se se botlhokwa thata. Rona Bakeresete re dira tiro ya go boloka matshelo ya go bolela molaetsa o o kgaoganyang batho. (Mathaio 10:32-39) Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne ga twe: ‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi?” (Baroma 10:13, 14) Bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa bo fitlhelela batho mo dinageng tse di fetang 230 ka leina la Modimo le molaetsa wa gagwe wa poloko. Bomonnawe Keresete ba batlodiwa ba santse ba eteletse pele tiro eno. Jaanong ba dinku di sele ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba dira le bone. Mme batho mo lefatsheng lotlhe ba dumalana le molaetsa o o bolelwang ke bomonnawe Jesu.
23 Batho ba bantsi ba utlwa molaetsa wa rona fa re rera ka ntlo le ntlo kana ka tsela e e seng ya tlwaelo. Batho ba bangwe ba ka nna ba ithuta ka Basupi ba ga Jehofa le se re se bolelang ka ditsela tse re sa di lemogeng. Fa nako ya katlholo e tla, Jesu o tla sekaseka jang boikarabelo jwa batho le melemo ya lelapa? Ga re itse, mme ga go thuse gore re fopholetse. (Bapisa 1 Bakorinthe 7:14.) Batho ba bantsi gone jaanong ba itlhokomolosa seno, ba a sotla, kana ba nna le seabe mo go bogiseng batho ba Modimo ka tlhamalalo. Ka gone, nako eno e botlhokwa; batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bo ba fetoga ba Jesu a tla ba atlholang e le dipodi.—Mathaio 10:22; Johane 15:20; 16:2, 3; Baroma 2:5, 6.
24. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba amogele go rera ga rona? (b) Thuto eno e go thusitse gore o nne le boikutlo bofe malebana le bodiredi jwa gago?
24 Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore batho ba bantsi ba amogela molaetsa, ba ithuta Lefoko la Modimo, ba bo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Batho ba bangwe ba gone jaanong ba lebegang e le dipodi ba ka nna ba fetoga mme ba tshwana le dinku. Ntlha ke gore batho ba ba o amogelang le go ema masalela a bomonnawe Keresete nokeng ka matlhagatlhaga jaanong ba setse ba naya bosupi jo bo tla ba nayang motheo wa gore ba bewe mo letsogong le legolo la ga Jesu, fa a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi gore a atlhole mo isagweng e e gaufi. Batho bano ba a segofadiwa e bile ba tla tswelela pele ba segofadiwa. Ka gone, setshwantsho seno se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re dire ka botlhaga thata mo bodireding jwa Bokeresete. Pele go nna thari, re batla go dira gotlhe mo re ka go kgonang gore re bolele mafoko a a molemo a Bogosi mme ka tsela eo re neela batho ba bangwe sebaka sa go a amogela. Go tswa foo Jesu o tla bo a atlhola, ka go ba nyeletsa kana ka go ba amogela.—Mathaio 25:46.
[Dintlha tse di kwa tlase]
b El Evangelio de Mateo e bolela jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke botshelo jo bo nnelang ruri; bo farologane le katlholo e e nnetseng ruri. Letlhaodi la Segerika aionios ga le kaye nako thatathata, mme le kaya boleng. Katlholo e e nnetseng ruri ke loso lwa bosakhutleng.”—Yo pele e neng e le porofesa e bong Juan Mateos (Pontifical Biblical Institute, Rome) le Porofesa Fernando Camacho, (Theological Center, kwa Seville), Madrid, Spain, 1981.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke dilo dife tse di tshwanang mo go Mathaio 24:29-31 le mo go Mathaio 25:31-33 tse di bontshang gore setshwantsho sa dinku le dipodi se tla diragadiwa mo isagweng, mme ke leng mo isagweng?
◻ Ke bomang “ba babotlana” ba bomonnawe Jesu?
◻ Tsela e Jesu a dirisitseng lefoko “basiami” e re thusa jang go itse gore seno se emela bomang le gore ga se emele bomang?
◻ Le mororo setshwantsho seno se tla diragadiwa mo isagweng, ke ka ntlha yang fa gone jaanong go rera ga rona go le botlhokwa e bile go potlakile?
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]
ELA TLHOKO DILO TSE DI TSHWANANG
Mathaio 24:29-31 Mathaio 25:31-33
Morago ga sepitla se Morwa motho o a tla
segolo se simologa,
Morwa motho o a tla
O tla ka kgalalelo e kgolo O tla ka kgalalelo mme o dula mo
setulong sa gagwe sa bogosi sa
kgalalelo
O na le baengele O tla a na le baengele
O bonwa ke ditšhaba Ditšhaba tsotlhe di a phuthiwa;
tsotlhe tsa lefatshe kgabagare dipodi di a atlholwa
(sepitla se segolo se a feta)
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian