LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/15 ts. 8-9
  • Fa Keresete A Goroga ka Maatla A Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Keresete A Goroga ka Maatla A Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Keresete a Tla, o Tla Atlhola Dinku le Dipodi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Sesupo sa Metlha ya Bofelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Kgaoganngwa ga Batho Mo Kganetsanong ya Bogosi
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Fa Keresete A Goroga ka Maatla A Bogosi

JESU o santse a na le baaposetoloi ba gagwe mo Thoteng ya Lotlhware. Fa a araba kopo ya bone ya go ba naya sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, jaanong o ba naya setshwantsho sa bofelo mo go tse tharo tse di latelelanang. “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe,” Jesu o a simolola, “hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō.”

Batho ga ba kgone go bona baengele fa ba le mo kgalalelong ya bone ya selegodimo. Ka jalo go goroga ga Morwa motho, Jesu Keresete, le baengele ga go kake ga bonwa ke batho. Ba ne ba goroga ka ngwaga wa 1914. Mme ka boikaelelo bofe? Jesu o tlhalosa jaana: “Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”

Fa a tlhalosa seo se tla diragalang ka bao ba tlhophetsweng kafa letlhakoreng le le siameng, Jesu o bua jaana: “Hoñ Kgosi e tla raea ba ba kaha cogoñ ya eōna ye legolo, e re, Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” Dinku ga di ne di busa le Keresete kwa legodimong mme di tla rua Bogosi ka tsela ya go nna babusiwa ba jone mo lefatsheng. “Tlhōlègō ea lehatshe” e ne e le fa Adame le Efa ba ne ba nna le bana ba bone ba ntlha bao ba neng ba ka solegelwa molemo ke paakanyetso ya Modimo ya go golola batho.

Mme ke ka ntlhayang fa dinku di phuthelwa kafa letlhakoreng la moja la Kgosi? “Gonne ke le ka nna tlala,” kgosi e araba jalo, “me loa mpha diyō: ke le ka nna lenyōra, me loa nnosa: ke le ka nna moeñ, me loa nchola: Ke ne ke sa apara, mme loa nkapesa: ke ne ke bobola, me loa ntekola: ke ne ke le mo tluñ ea kgolegèlō, me loa tla kwa go nna.”

Ereka dinku di le mo lefatsheng, di batla go itse gore di ka tswa di diretse Kgosi ya tsone ya selegodimo ditiro tse di molemo tseo jang. “Morèna, re kile ra gu bōna leñ u le tlala, me ra gu yesa?” ba a botsa, “kgotsa u le lenyōra, me ra gu nosa? Re gu bonye leñ u le moeñ, me ra gu chola? goñwe u sa apara, me ra gu apesa? Me re gu bonye leñ, u bobola, kgotsa u le mo tluñ ea kgolegèlō, me ra ea kwa go wèna?”

“Amarure kea lo raea,” Kgosi e a araba, “ereka lo go dihetse moñwe oa bōnè ba, bonnake, ba ba bōtlana ba, lo go dihetsè nna.” Bomorwarraagwe Keresete ke ba ba ba 144 000 ba ba setseng mo lefatsheng bao ba tla busang le ene kwa legodimong. Mme go ba direla molemo, jaaka Jesu a bua, go tshwana fela le fa go diretswe ene.

Morago, Jesu o bua le dipodi. “Tlogañ ha go nna, bahutsegi ke lona, lo eeñ moleloñ o o sa khutleñ, o o baakanyedicweñ diabolo le baengele ba gagwè: Gonne ke ne ka nna tlala, me ga loa ka loa mpha diyō: ke ne ka nna lenyōra, me ga loa ka loa nnosa; Ke ne ka nna moeñ, me ga loa ka loa nchola; ke sa apara, me ga loa ka loa nkapesa; ka bobola, ka ba ka nna mo tluñ ea kgolegèlō, me ga loa ka loa ntihèla.”

Lefa go ntse jalo, dipodi di ngongorega jaana: “Morèna, re kile ra gu bōna leñ u le tlala, kgotsa lenyōra, kgotsa moeñ, kgotsa u sa apara, kgotsa u bobola, kgotsa u le mo tluñ ea kgolegèlō, me re se ka ra gu dihèla?” Dipodi di atlholwa botlhoko mo motheong wa seo dinku di neng di atlholwa di le tshiamo ka sone. “Ereka lo se ka loa go dihèla moñwe oa ba ba bōtlana ba [wa bakaulengwe ba me],” Jesu o a araba, “le nna ga loa ka loa go ntihèla.”

Ka jalo go nna gone ga ga Keresete ka maatla a Bogosi, pele ga tsamaiso e e boikepo eno ya dilo e fela ka sepitla se segolo, go tla nna nako ya katlholo. Dipodi di tla ya “mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami [dinku] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.” Mathaio 25:31-46; Tshenolō 14:1-3.

◆ Ke ka ntlhayang fa go nna gone ga ga Keresete e tshwanetse go nna go go sa bonaleng, mme ke tiro efe eo a e dirang ka nako eo?

◆ Dinku di rua Bogosi ka tlhaloganyo efe?

◆ “Tlholègō ea lehatshe” e ne e le leng, mme ke ka ntlhayang e ne e le ka nako eo?

◆ Batho ba atlholwa mo motheong ofe gore ke dinku kana ke dipodi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela