Kgaolo 19
“Re Utlwile Ha Modimo O Nntse Le Lona”
1, 2. (a) Ke eng seo Sekaria 8:23 e se bolelelang pele kaga motlha wa rona? (b) Ke Modimo ofe yo go lebisitsweng go ene fano, mme ke jang Bibela e gatelelang leina la gagwe la botho?
“RE TLA ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” Seno ke se Bibela e neng ya se bolelela pele gore batho go tswa merafeng yotlhe ba tla se bua mo motlheng wa rona. (Sekaria 8:23) Mme Modimo yono ke mang yo boperofeti jwa ga Sekaria bo buang ka ene? Ga re tlogelwe ka pelaelo epe. Mo bukeng eno e potlana ya Bibela leina la gagwe la botho le bonala ga makgetlo a le 135. Ke JEHOFA!
2 Ene ka boene o ne a bua jaana ka leina la gagwe la botho, ebong Jehofa: “Ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.” (Ekesodo 3:15) Botlhokwa jwa leina jeo bo supiwa ke lebaka la gore le bonala mo e ka nnang ga makgetlo a le 7 000 mo mokwalong o o feletseng wa Bibela wa Sehebera—kgakala-kgakala go feta palo-kakaretso ya mareo Morena le Modimo. Jaaka go boleletswe pele, mo ‘metlheng eno ya bofelo’ leina leo le ile la kopanngwa ka mo go tlhomologileng le setlhopha se le sengwe sa batho.
“RE TLA EA LE LONA”
3. Jaaka fa go boleletswe pele go Sekaria 8:20-23, (a) ke bomang ba ba tla batlang Jehofa? (b) mme e le ka go kopanela le bomang?
3 Malebana le seno, moperofeti Sekaria, ka nako ya fa go agiwa tempele ya ga Jehofa sesha kwa Jerusalema wa bogologolo, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala a re: “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Go tla nama go dihala, go re, go tla tla dichaba, le banni ba metse e le mentsi: Me banni ba motse o moñwe ba tla ea kwa go ba o moñwe, ba re, A re itlhaganeleñ re eeñ go lōpa tlhōgōnōlōhaco mo go Yehofa, le go batla Yehofa oa mashomōshomō; le nna ke tla ea. E, dichaba di le dintsi, le merahe e e thata, e tla tla go batla Yehofa oa mashomōshomō mo Yerusalema, le go batla tlhōgōnōlōhaco ea ga Yehofa. Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Mo metlheñ euō go tla dihala, go re, batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe, ba tla chwara, E, ba tla chwara lokoye loa eo e leñ Moyuda, ba re, Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”—Sekaria 8:20-23.
4. Ke ka ntlha yang fa polelelo pele eno e sa dire go baobamedi ba Sejuda kana go La-Bodumedi?
4 Tiragatso e e lekanyeditsweng eo boperofeti jono bo nnileng le yone malebana le tempele e e agilweng sesha mo Jerusalema, go simologeng mo metlheng ya ga Serubabele, e ne e supela pele tiragatsong e kgolwane thata mo motlheng wa rona. Malebana le batho bafe? Ruri go tla bo go sa utlwale ka bao ba ‘batlang Jehofa’ go ya bathong bao ka go dumela botlhodi ba ganang go bitsa leina la Modimo, jaaka go dira Bajuda ba tlholego bao ba ngaparelang kobamelo ya bone ya setso. Lefa e le kwa go La-Bodumedi, leo le etsang ngwao ya Sejuda ya go tila go dirisa leina la bomodimo. Batho mo motlheng wa rona ga ba ye kwa Jerusalema wa selefatshe go ya go obamela Jehofa teng. Jaaka Jesu a ile a bolelela pele, Modimo o ne a tlogela tempele ya gagwe koo, ya ba ya senngwa ka 70 C.E., gore e bo e se ka ya tlhola e agiwa sesha nako kgolo ke eno. Seno se ya se supa go motho mongwe le mongwe yo o tlhaloganyang gore Modimo ga o mo go Iseraele yo e seng wa Bokeresete.—Mathaio 23:37, 38; bapisa 1 Dikgosi 9:8, 9.
5. Dikwalo di kgetholola jang (a) “Yerusalema” yo o emelang Jehofa gompieno? (b) “eo e leñ Moyuda” yoo Sekaria a neng a bolelela pele ka ene?
5 “Yerusalema” yo gompieno a emelang Jehofa o tlhalosiwa go Bahebera 12:22 jaaka ‘motse wa Modimo o o tshedileng, Jerusalema wa selegodimo.’ Le eleng fela jaaka Jerusalema wa bogologolo a ne a le sesupo se se bonalang sa bobusi jwa ga Jehofa, “Yerusalema oa selegodimo” ke Bogosi jwa Bomesia jwa Modimo joo mo go jone Jesu Keresete a neng a tlhongwa mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. (1 Ditihalō 29:23; Luke 21:24) Goromente yoo o na le baemedi mo lefatsheng, bao ka boikanyego ba bolelang gore ke ene fela tsholofelo e le yosi e e tlhomamisegang ya setho. Ba ntlha go itsise gore Bogosi bo ile jwa tlhongwa ka 1914 e ne e le ba ba neng ba setse ba “lecomanyane.” Bano ke “Iseraela oa Modimo,” fa re bua ka tsela ya semoya. Ke ‘Bajuda’ ba semoya bao Sekaria a neng a bolelela pele ka bone. (Luke 12:32; Bagalatia 6:16; Baroma 2:28, 29) Fa e sale ka 1931, ka ntlha ya lorato lwa bone mo Modimong le go lemoga ga bone kafa ba nang le boikarabelo jwa go itsise gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le Mothatayotlhe, ba ile ba tsaya leina Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10-12.
BA KGETHOLOLWA JANG?
6. (a) Ke eng se se ileng sa tlhatswa dimilione tsa batho pelo kaga sebopego sa batho bao Modimo a nang le bone gompieno? (Akanyetsa ntlha e le nngwe ka bongwe; bala dikwalo.) (b) Ke ntlha efe kana dintlha tseo di go kgatlhileng thata wena ka sebele?
6 Ka ntlha ya lebaka la gore Bajuda bano ba semoya ka boikanyego ba ile ba diragatsa boikarabelo jwa bone jaaka Basupi ba ga Jehofa, dimilione tsa batho ba ba peloephepa go dikologa lefatshe ba ile ba thusiwa go “batla Yehofa.” Ba nnile le go lemoga gore Jehofa ruri o na le batho bano ba ba sikereng leina la gagwe. Ke eng seo se ba tlhatswang pelo ka seno? Go na le dilo di le dintsi, mo gareng ga tsone go na le tseno tse di tlhomologileng:
(1) Ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa tsotlhe di thaetswe mo Bibeleng—eseng fela mo ditemaneng fale le fale mme mo Lefokong lotlhe la Modimo. Mo boemong jwa gore ba rute dilo tseo ba di itshimololetseng fela, Basupi ba ga Jehofa ba araba dipotso ka go supa se Bibela e se bolelang. Ba tlotla Jehofa ka go dira gore e nne ene a buang. (Bapisa Yohane 7:16-18.)
(2) Bibela e tlhalosa gore Modimo ka boone o tla itseela mo merafeng ‘batho ba leina la gagwe.’ (Ditihō 15:14) Bone ka bobone ba tla bitsa leina la gagwe ba bo ba iteka gore ba le itsise mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 12:4, 5) Mo lefatsheng ka bophara, Basupi ba ga Jehofa ke batho bao ka mo go tshwaegang ba kopanngwang le leina la Modimo la sebele, ebong Jehofa.
(3) Basupi ba ga Jehofa ba na le letlotlo la dijo tsa semoya tse di kgorisang. Se ba se ithutang mo Dikwalong le phelelo eo seo se nang le yone mo ponong ya bone ya botshelo se ba dira ba ba itumetseng, phapaanong le lefatshe ka kakaretso. Seno ke se Jehofa a neng a bolela gore se tla nna mo batlhankeng ba gagwe. (Isaia 65:13, 14; bapisa Mathaio 4:4.)
(4) Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Lefoko la Modimo go tlhoma ditekanyetso tsa bone tsa boitshwaro le go kaela diphetso tsa bone tsa dikgang tsa botshelo jwa malatsi otlhe—mo malapeng a bone, kwa tirong, mo sekolong, mo go ikgetheleng boitloso-bodutu, mo go kgethololeng ditlwaelo tseo di tshwanetseng go befelwa, mo go tlhomamiseng ditiro tse di nang le mosola thata tseo ba nang le go tshwarega mo go tsone. Jehofa o ne a solofetsa gore ene ka boene “o tla siamisa ditselana” tsa bao ba dirang seno. (Diane 3:5, 6)
(5) Bolebedi jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa bo ile jwa tshwantshanngwa le phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Modimo, e go yone bagolwane ba neng ba le dikao mo letsomaneng le go badiri ka bone ba Bogosi jwa Modimo mo boemong jwa gore go nne le setlhopha se se tsholetsegileng sa baruti. (1 Petere 5:2, 3; 2 Bakorintha 1:24)
(6) Basupi ba ga Jehofa ga ba kopanyelediwe mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa lefatshe mme ba dira tiro eo Bibela e reng Bakeresete ba boammaaruri ba e dire, ebong, go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo pele ga bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14; bapisa Yohane 17:16; 18:36.)
(7) Basupi ba ga Jehofa eleruri ba a ratana, fela jaaka Jesu a ile a re barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba tla dira jalo. Mmala wa letlalo, tlholego ya semorafe, maemo a tsa itsholelo, tšhaba, puo—ga go epe ya tseno e e dirang gore ba lebele ba bangwe kwa tlase. Go sa kgathalesege go sa itekanelang ga botho, botlhe ba utlwana mmogo ka boammaaruri jaaka bakaulengwe ba merafe yotlhe, mme ka ntlha ya seno ba neela Modimo tlotla. (Yohane 13:35; bapisa Ditihō 10:34, 35.)
(8) Jaaka Bakeresete ba pele, Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya gompieno ba nna ba ntse ba tswelela ka go direla Modimo go sa kgathalesege pogiso. Ba ikantse Modimo, ga ba ipusolosetse kgatlhanong le baganetsi. Fela jaaka go ne go ntse mo lobakeng lo lo fetileng, Modimo o ile a itshupa a na le batlhanka ba gagwe go ba golola. (Yeremia 1:8; Isaia 54:17)
7. (a) “Batho ba le shomè” ke bomang? (b) Ba neela bosupi jang jwa gore Jehofa eleruri o nnile Modimo wa bone?
7 Ano ke mabaka a se kae fela a gore ke ka ntlha yang jaaka go boleletswe pele, “batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe” ba rayang masalela a baruaboswa jwa Bogosi ka tlhatswego pelo ya mmaanete ba re: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” (Sekaria 8:23) Dikwalo di dirisa “shomè” go emela go felelela ga dikgang tsa selefatshe, jalo “batho ba le shomè” bano ba emela botlhe ba ba tsayang kobamelo ya boammaaruri jaanong mmogo le “bonnake” ba ga Keresete ba ba tloditsweng ka moya. Ga ba kopanele fela le masalela kwa dipokanong tsa bone mme ba ikgetholola jaaka baobamedi ba Modimo wa bone, ebong Jehofa. Ba ineela matshelo a bone go ene ka Jesu Keresete le go tshwantshetsa seno ka kolobetso ya metsing, ka gone ba bontsha gore ba batla go “ikōpanya le Yehofa.” Go tswa foo ba abalana ka boitumelo mo tirong e e dirwang lefatshe ka bophara ke basupi ba gagwe.—Sekaria 2:11; Isaia 61:5, 6.
DIKAO TSEO DI TSHWANELANG GO EDIWA
8. (a) Ke eng seo se neng sa dira gore mohumagadi kgosi ya Sheba a ye kwa Jerusalema? (b) Ke eng seo a neng a feta a se dira fa a goroga, mme ka matswela afe? (c) Batho bao ba tshwanang le ene ba ile ba supega jang fa ba le gone mo motlheng wa rona? (Pesalema 2:10-12)
8 Bangwe ba bao ba tsayang kgato eno ba tshwana le mohumagadi kgosi ya Sheba mo metlheng ya ga Solomone. A le kgakala koo a “utlwèla tumedi ea ga Solomone kaga leina ya ga Yehofa.” Ene ka boene o ne a ise a ke a bue le Solomone kana a ye tempeleng ya ga Jehofa mo Jerusalema. O ne a na le dipelaelo tsa gore a jaana go ka ne go ntse jaaka a utlwaletse. Mme o ne a dira boiteko jwa go batlisisa, a bo a tsamaya gongwe mo e ka nnang dimaele di le 1 400 (2 250 km) ka kamela go dira jalo. O ne a bona dikarabo tsa “dipocō tse di thata” tsa gagwe, abo a bua a re: “Leha e le bontlha ñwe ke ne ke sa bo bolèlèlwa.” O ne a sena sepe se a ka se buang fa e se go fetsa ka gore Jehofa o ne a rata baobamedi ba gagwe. (1 Dikgosi 10:1-9) Bangwe ba bao ba ileng ba bo ba le kwa godimo mo lefatsheng ba ile ba etsa sekao sa gagwe gompieno, mme le ba le bantsi ba bangwe ba ba mo maemong a a kwa tlase ba dirile jalo. Ba bona bosupi jwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba lebe go motho mongwe o sele fa e se kwa go Jesu Keresete, Solomone yo Mogolwane, jaaka Kgosi ya bone. Dikarabo tseo ba di neelwang go tswa Lefokong la Modimo di kgotsofatsa megopolo ya bone le dipelo, mme ebile ba ikutlwa ba tlhotlhelediwa go kopanya mantswe a bone mo go bakeng Jehofa.—Bapisa Luke 11:31.
9. (a) Ke ka tsela efe eo ka yone boikutlo jwa ga Rahabe bo neng bo farologane le jwa ga mohumagadi kgosi ya Sheba? (b) Ke eng seo se neng se tshwaega kaga ditiragalo tseo di neng di gogela kwa go bolokweng ga ga Rahabe le ba ntlo ya gagwe? (c) Ke eng seo se kgethololang batho bao ba tshwanang le Rahabe gompieno?
9 Ba bangwe ba tshwana le Rahabe wa Jeriko, yo o neng a setse a tlhatswegile pelo go tswa dipegong tse a neng a di amogetse tsa gore Modimo wa Iseraele o ne a le “Modimo kwa legodimoñ kwa godimo, le mo lehatshiñ ha tlhatse.” (Yoshue 2:11) E ne ya re fa ditlhola go tswa Iseraela di tsena mo lefatsheng, a ba amogela, a ba fitlha a bo a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing go ba sireletsa. O ne a na le tumelo mme a bo a e supa ka ditiro tsa gagwe, a ema kafa bathong ba ga Jehofa. (Bahebera 11:31; Yakobe 2:25) O ne a latela ka kelotlhoko ditaelo tseo a neng a di neelwa gore a bolokesege. Rahabe gape o ne a bontsha kamego e e lorato go rraagwe le mmaagwe, bokgaitsadie le bomonnawe, a ba bulela tsela ya gore ba falodiwe fa ba ne ba ka utlwa dipatlafalo tsa phalolo. (Yoshue 2:12, 13, 18, 19) Ka ntlha ya gona moo ene le ba ntlo ya gagwe ba ne ba falodiwa fa Jeriko le baagi ba ona ba ba obamelang Baale ba ne ba nyelediwa. (Yoshue 6:22, 23) Seno se na le bokao jo bo nonofileng mo motlheng wa rona. Se supa gore Jehofa o tla falodisa batho ba ba tshwanang le Rahabe. Ke eng se se supang gore ba tshwana le ene? Ba baya tumelo mo go Jehofa, ba ikgetholola le maloko a Iseraele wa semoya, ba latela ditaelo tseo di neelwang ka mosele ono ka kelotlhoko ba bo ba gagamalela ka tlhoafalo go thusa maloko a malapa a bone a a atamalaneng le ba bangwe ba losika go bona botlhale jwa go dira se se tshwanang.
10. (a) Jaaka boperofeti jwa Sekaria bo bontsha, ke eng seo tota se gapelang batho mo go tlhakaneleng le Basupi ba ga Jehofa? (b) Re ka bontsha jang ka boikutlo le ka ditiro, gore go rata Jehofa eleruri go mo dipelong tsa rona?
10 Legale, yo tota a gapelang batho ba merafe yotlhe mo go kopaneleng le Basupi ba ga Jehofa le go ba goga, ke Jehofa Modimo ka boene. Lefoko la gagwe le ikuela go bone. Loungo lwa moya wa gagwe mo matshelong a batlhanka ba gagwe le ikuela go bone. Jaaka fa ba ntse ba tlwaelana le dinonofo le ditirisano tsa gagwe le setho, ba hohomela nakong eo fa leina la Modimo le tla bong le ntlafaditswe mo kgobong yotlhe eo Satane le batho ba ba senang tumelo ba e koegileng mo go lone. Bone ka bobone ba lekela go tsamaisa dikgang tsa bone ka tsela eo e tla bong e itumedisa Mmopi wa bone le eo e tla tlhotlheletsang ba bangwe go mo galaletsa. (1 Petere 2:12) Ba rapela jaana ka dipelo tsa bone tsotlhe, fela jaaka Jesu a rutile barutwa ba gagwe: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Mme, e le tumalanong le thapelo ya bone, ba neela Modimo tirelo e e boitshepo ka kutlwano e e tletseng le bao ba ntshang bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore ke ‘batho ba leina la ga Jehofa.’