“Lo Rateng Boammaaruri le Kagiso”!
“Lefoko la ga Jehofa wa masomosomo la tla mo go nna, la re: . . . Lo rateng boammaaruri le kagiso.”—SEKARIA 8:18, 19.
1, 2. (a) Batho ba ntse ba dira jang malebana le kagiso? (b) Ke ka ntlha yang fa lefatshe la gone jaanong le se kitla le bona kagiso ya mmatota?
“LEFATSHE ga le ise le ko le nne le kagiso. Go nna go ntse go na le kwa go lowang teng—mme e bile gantsi e le mo mafelong a le mantsi ka nako e le nngwe fela.” Go ne ga rialo Porofesa Milton Mayer wa Yunibesithi ya kwa Massachusetts, U.S.A. A tlhaloso e e hutsafatsang jang ne ka batho! Ke boammaaruri, batho ba ntse ba batla kagiso. Boradipolotiki ba lekile ka ditsela tsotlhe go dira gore e nne e le teng, go tloga ka Pax Romana ya metlha ya Roma go tsena le mo mokgweng wa “Mutually Assured Destruction” ka Ntwa ya Molomo. Lefa go ntse jalo, kgabagare maiteko a bone otlhe a ne a palelwa. Jaaka Isaia a ne a bolela makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, ‘ba ba romilweng kagiso ba ledile mo go botlhoko.’ (Isaia 33:7) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
2 Ke ka gonne kagiso e e tla nnelang ruri e tshwanetse ya simologa fa go senang kilo le bopelotshetlha teng; e tshwanetse ya theiwa mo boammaaruring. Kagiso e ka se ka ya theiwa mo maakeng. Ke gone ka moo Jehofa a neng a bolela jaana fa a solofetsa go tsosolosa Iseraele wa bogologolo le go mo fa kagiso: “Bona, ke tlaa anamisetsa kagiso kwa go ene jaaka noka, le kgalalelo ya merafe jaaka nokana e e penologelang kwa ntle.” (Isaia 66:12) Modimo wa tsamaiso eno ya dilo, Satane Diabolo, ke “mmolai,” le gone ke “moaki, le rra one maaka.” (Johane 8:44; 2 Bakorinthe 4:4) Tota lefatshe le le nang le modimo o o ntseng jalo le ka tsamaya le nna le kagiso jang?
3. Jehofa o neetse batho ba gagwe mpho efe e e itumedisang, lefa ba tshela mo lefatsheng le le tletseng matshwenyego?
3 Lefa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore Jehofa o naya batho ba gagwe kagiso lefa ba tshela mo lefatsheng la ga Satane le le kgautlhantsweng ke ntwa. (Johane 17:16) Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka Jeremia mme a neela setšhaba sa gagwe se se kgethegileng “kagiso le boammaaruri” fa a ne a ba busetsa kwa nagagaeng ya bone. (Jeremia 33:6) Mme mo metlheng eno ya bofelo, o neetse batho ba gagwe “kagiso le boammaaruri” mo ‘lefatsheng’ la bone, kana mo nageng ya semoya mo lefatsheng, lefa ba tshedile mo nakong e e bosula go feta tsotlhe tse di kileng tsa tlela lefatshe leno le le tletseng matshwenyego go tla go fitlha jaanong. (Isaia 66:8; Mathaio 24:7-13; Tshenolo 6:1-8) Fa re ntse re tswelela pele re tlhalosa Sekaria kgaolo 8, re tla anaanela thata kagiso le boammaaruri jo re bo neilweng ke Modimo mme re bone gore re tshwanetse ra dira eng gore re tswelele pele re na le seabe mo go jone.
‘A Diatla Tsa Lona di Nne Thata’
4. Sekaria o ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba itshware jang gore ba tle ba nne le kagiso?
4 Ka lekgetlho la borataro mo go Sekaria kgaolo 8, re utlwa mafoko a a kgatlhang a a tswang kwa go Jehofa: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘A diatla tsa lona di nne thata, lona ba e a reng mo metlheng eno lo utlwa mafoko a mo melomong ya baperofeti, ba e rileng mo motlheng wa fa motheo wa ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo o thaiwa, e bong tempele, gore e agiwe, ba bo ba le teng. Gonne e rile pele ga metlha eo go ne go se na go thapiwa ga motho ka tuelo, le fa e le go thapiwa ga kgomo; le gone go ne go se na kagiso kwa go ene yo o bololang, le fa e le go yo o gorogang ka ntlha ya moganetsi; gonne ka lotlhanya batho botlhe, mongwe le mongwe le wa ga gabo.’”—Sekaria 8:9, 10.
5, 6. (a) Seemo se ne sa nna jang kwa Iseraele ka ntlha ya go kgobega marapo ga Baiseraele? (b) Jehofa o ne a solofetsa Baiseraele gore o tla ba tlisetsa phetogo efe fa ba baya kobamelo ya gagwe kwa pele?
5 Sekaria o ne a bua mafoko ano fa tempele e ntse e agiwa sesha kwa Jerusalema. Pele ga foo, Baiseraele ba ba neng ba boile go tswa kwa Babilone ba ne ba kgobega marapo mme ba tlogela tiro ya go aga tempele. E re ka ba ne ba simolola go batla go iketla ka bobone fela, Jehofa ga a ka a ba naya tshegofatso le fa e le kagiso. Lefa ba ne ba lema naga ya bone ba tlhokomela masimo a bone a mafine, ga ba a ka ba atlega. (Hagai 1:3-6) Go ne go ntse jaaka e kete ‘ga ba berekele tuelo.’
6 Jaanong ka tempele e ne e agiwa sesha, Sekaria o ne a kgothaletsa Bajuta gore ba “nne thata,” ba beye kobamelo ya ga Jehofa kwa pele ka bopelokgale. Go ne go tla diragala eng fa ba dira jalo? “‘Mme jaanong ga nketla ke nna mo masaleleng a batho ba jaaka mo metlheng ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Gonne go tlaa nna peo ya kagiso; mofine o tlaa ungwa; lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, le magodimo a tlaa usa monyo; mme masalela a tšhaba e ke tlaa a ruisa dilo tsotlhe tse. Mme go tlaa dirala, go re, jaaka lo ne lo le phutso mo gare ga merafe, lona ba ntlo ya Juta, le ba ntlo ya Iseraele, ke tlaa lo boloka jalo, mme lo tlaa nna tshegofatso; se boifeng, mme a diatla tsa lona di nne thata.’” (Sekaria 8:11-13) Fa Iseraele a ne a ka dira ka go ititaya sehuba, o ne a tla atlega. Pelenyana, fa ditšhaba di ne di batla go ntsha sekai sa phutso, di ne di ka supa Iseraele. Jaanong Iseraele o ne a tla nna sekai sa tshegofatso. A bo e ne e le lebaka le le molemolemo jang ne la gore ‘diatla tsa bone di nne thata’!
7. (a) Batho ba ga Jehofa ba bone diphetogo dife tse di kgatlhang, go tla go fitlha ka ngwaga wa tirelo wa 1995? (b) Fa o leba pego ya ngwaga le ngwaga, ke dinaga dife tse o bonang di na le palo e e itumedisang ya baboledi, babulatsela, palogare ya diura?
7 Gompieno gone? Ebu, mo dingwageng tsa pele ga 1919, batho ba ga Jehofa ba ne ba tlhaelelwa ke tlhoafalo ka tsela nngwe. Ga ba a ka ba nna ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, le gone ba ne ba lemaletse go latela motho go na le go latela Kgosi ya bone, Jesu Keresete. Ka jalo bangwe ba ne ba kgobiwa marapo ke go ganediwa ke ba ba mo teng ga mokgatlho le ba ba kwantle ga one. Go tswa foo, ka 1919 ba ne ba dira gore diatla tsa bone di nne thata, ba thusiwa ke Jehofa. (Sekaria 4:6) Jehofa o ne a ba naya kagiso, mme ba ne ba atlega thata. Seno se bonwa mo go se ba se dirileng mo dingwageng tse 75 tse di fetileng, go fitlha ka ngwaga wa tirelo wa 1995. Basupi ba ga Jehofa jaaka setlhopha sa batho ba tila bosetšhaba, bosetso, letlhoo, le dilo tse dingwe tse di bakang kilano. (1 Johane 3:14-18) Ba direla Jehofa ka tlhagafalo ya mmatota mo tempeleng ya gagwe ya semoya. (Bahebere 13:15; Tshenolo 7:15) Mo ngwageng o o fetileng fela, ba ne ba dirisa diura di feta dikete di le milione ba bua le ba bangwe ka ga Rraabone wa selegodimo! Kgwedi le kgwedi, ka kakaretso ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 4 865 060. Batho ba ka nna 663 521 ka kakaretso ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela kgwedi le kgwedi. Fa baruti ba Labokeresete ba batla go fa sekai sa batho ba ruri ba tlhagafetseng mo kobamelong ya bone, ka dinako tse dingwe ba umaka Basupi ba ga Jehofa.
8. Mokeresete mongwe le mongwe ka namana a ka solegelwa molemo jang ke “peo ya kagiso”?
8 Jehofa o naya batho ba gagwe “peo ya kagiso” ka ntlha ya tlhoafalo ya bone. Mongwe le mongwe yo o tlhagolelang peo eo o tla bona kagiso e gola mo pelong ya gagwe le mo botshelong jwa gagwe. Mokeresete mongwe le mongwe yo o dumelang yo o batlang go nna le kagiso le Jehofa le Bakeresetekaene o bona boammaaruri le kagiso ya batho ba leina la ga Jehofa. (1 Petere 3:11; bapisa Jakobe 3:18.) A seo ga se itumedise?
“Lo se ka Lwa Boifa”
9. Jehofa o ne a solofetsa go tlisa phetogo efe malebana le tsela eo a dirisanang le batho ba gagwe ka yone?
9 Jaanong re bala mafoko a bosupa a ga Jehofa. A reng? “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Jaaka ke ne ke gopotse go lo direla bosula, jale ka borraeno ba ntlhotlheletsa bogaleng,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘mme ke se ka ka ikwatlhaya; jalo fela ke bile ke gopotse mo metlheng eno go direla Jerusalema le ba ntlo ya Juta molemo; lo se ka lwa boifa.’”—Sekaria 8:14, 15.
10. Ke eng se se diragetseng ka Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng se se bontshang gore ba ntse ba sa boife?
10 Lefa batho ba ga Jehofa ba ne ba phatlaletse ka tsela ya semoya ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, mo dipelong tsa bone ba ne ba batla go dira se se siameng. Ka jalo, fa Jehofa a sena go ba otlhaya, o ne a fetola tsela e a neng a dirisana le bone ka yone. (Malaki 3:2-4) Gompieno, fa re leba kwa morago, re mo leboga thata ka se a se dirileng. Ke boammaaruri, re ntse re “ilwa ke merafe yotlhe.” (Mathaio 24:9) Ba le bantsi ba tsentswe mo dikgolegelong, mme bangwe ba bile ba swela tumelo ya bone. Gantsi re a tlhokomologiwa kana re a ilwa. Mme ga re boife. Re itse gore Jehofa o maatla go feta ope fela yo o re ganetsang, e ka tswa e le yo o bonalang kana yo o sa bonaleng. (Isaia 40:15; Baefeso 6:10-13) Ga re kitla re emisa go utlwa mafoko ano: “Lebelela mo go Jehofa; o nne thata, mme a pelo ya gago e natlafale.”—Pesalema 27:14.
“Mongwe le Mongwe a Bue Boammaaruri Le wa Ga Gabo”
11, 12. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a nna a gopotse eng fa a batla go itumelela ka botlalo masego ao Jehofa a a neelang batho ba gagwe?
11 Fa tota re batla go amogela masego a a tswang kwa go Jehofa, go na le dilo tse re tshwanetseng go di gakologelwa. Sekaria a re: “‘Dilo tse a e nne tsone tse lo di dirang. A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo; atlholang katlholo ya boammaaruri le kagiso mo dikgotleng tsa lona; go se nne ope wa lona yo o gopolang bosula mo pelong ya gagwe ka ga wa ga gabo; lo se ka lwa rata ikano epe ya tsietso; gonne dilo tsotlhe tse ke dilo tse ke di ilang.’ Go bua Jehofa.”—Sekaria 8:16, 17.
12 Jehofa o re rotloetsa gore re bue boammaaruri. (Baefeso 4:15, 25) Ga a utlwe dithapelo tsa batho ba ba logang maano a go dira dilo tse di kotsi, ba ba fitlhang boammaaruri gore ba solegelwe molemo, kana ba ikana ka maaka. (Diane 28:9) E re ka a ila botenegi, o batla gore re ngaparele boammaaruri jwa Baebele. (Pesalema 25:5; 2 Johane 9-11) Mo godimo ga moo, fela jaaka banna ba ba godileng kwa dikgorong tsa motse kwa Iseraele, bagolwane ba ba tshwarang dikgetsi tsa katlholelo ba tshwanetse ba thaya kgakololo ya bone le ditshwetso tsa bone mo boammaaruring jwa Baebele, e seng mo go se bone ba se akanyang. (Johane 17:17) Jehofa o batla gore ba senke “katlholo ya . . . kagiso,” ba leke, jaaka badisa ba Bakeresete, gore ba busetse kagiso mo bathong ba ba sa utlwaneng le go thusa baleofi ba ba ikwatlhayang gore ba boe ba nne le kagiso le Modimo. (Jakobe 5:14, 15; Juta 23) Ka nako e e tshwanang, ba dira gore phuthego e nne e ntse e na le kagiso, ba koba ka bopelokgale batho ba ba senyang kagiso ka go tswelela pele ba dira bosula ka boomo.—1 Bakorinthe 6:9, 10.
“Boitumelo le Ipelo”
13. (a) Sekaria o ne a perofesa ka phetogo efe malebana le go itima dijo? (b) Kwa Iseraeleng ke ka ntlha yang fa go ne go itimiwa dijo?
13 Jaanong, re utlwa mafoko a borobedi a a masisi: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Go ikitsa go ja ka kgwedi ya bone, le go ikitsa go ja ka ya botlhano, le go ikitsa go ja ka ya bosupa, le go ikitsa go ja ka ya lesome, e tlaa nna boitumelo le ipelo mo go ba ntlo ya Juta, le mediro ya tuduetso; ke gone lo rateng boammaaruri le kagiso.” (Sekaria 8:19) Mo Molaong wa ga Moše, Baiseraele ba ne ba itima dijo ka Letsatsi la Tetlanyo go bontsha gore ba utlwisitswe botlhoko ke maleo a bone. (Lefitiko 16:29-31) Go itima dijo ka makgetlho a mane mo go umakiwang ke Sekaria go bonala go ne go direlwa go hutsafalela ditiragalo tse di amanang le go fenngwa le go senngwa ga Jerusalema. (2 Dikgosi 25:1-4, 8, 9, 22-26) Lefa go ntse jalo, jaanong tempele e ne e agiwa sesha le batho ba ne ba setse ba nna mo Jerusalema gape. Go hutsafala go ne go fetolwa go itumela, mme go itima dijo go ne go ka fetoga nako ya mekete.
14, 15. (a) Mokete wa Segopotso o ne o itumedisa thata ka tsela efe, mme o tshwanetse wa re gopotsa eng? (b) Go ya ka pego ya ngwaga le ngwaga, ke dinaga dife tse di neng di na le batho ba bantsi thata kwa Segopotsong?
14 Gompieno, ga re tshegetse go itima dijo mo go umakilweng ke Sekaria kana go itima dijo mo go tlhalositsweng mo Molaong. Fa e sale Jesu a ntshetsa maleo a rona botshelo jwa gagwe, re itumelela masego a Letsatsi le legolwane la Tetlanyo. Maleo a rona a a itshwarelwa, e se ka tsela ya go tshwantshetsa fela mme e le ka mo go feletseng. (Bahebere 9:6-14) Re latela taolo ya Moperesiti yo Mogolo wa selegodimo, Jesu Keresete, ka go keteka Segopotso sa loso lwa gagwe e le sone fela mokete o o masisi o o tshegediwang ke Bakeresete. (Luke 22:19, 20) A ga re bone “boitumelo le ipelo” fa re kopana mmogo ngwaga le ngwaga go tla moketeng oo?
15 Ngogola, batho ba le 13 147 201 ba ne ba tla mmogo go keteka Segopotso, ba feta ba 1994 ka 858 284. A boidiidi! Akanya kafa diphuthego tse 78 620 tsa Basupi ba ga Jehofa di ileng tsa itumela thata ka gone fa dipalo tse dikgolo ka mo go sa tlwaelegang di thelesegela mo Diholong tsa Bogosi di tlile moketeng oo. Kwantle ga pelaelo, botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba tlhotlhelediwa gore ba ‘rate boammaaruri le kagiso’ fa ba ntse ba gopola loso lwa Ene yo e leng “tsela, le boammaaruri, le botshelo” yo jaanong a busang jaaka “Kgosana [e kgolo] ya Kagiso” ya ga Jehofa! (Johane 14:6; Isaia 9:6) Mokete oo o ne o le botlhokwa thata mo go bao ba neng ba o keteka mo dinageng tse di tlhakatlhakantsweng ke mathata le ntwa. Bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ne ba bona masetlapelo a a tsitsibanyang mmele ka 1995. Lefa go ntse jalo, ‘kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e ne ya dibela dipelo tsa bone le megopolo ya bone mo go Jesu Keresete.’—Bafilipi 4:7.
‘A re Lopeng Tlhogonolofatso mo go Jehofa’
16, 17. Batho ba ditšhaba ba ka “lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa” jang?
16 Lefa go ntse jalo, batho botlhe bao ba ba dimilione ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong ba ne ba tswa kae? Mafoko a borobongwe a ga Jehofa a a tlhalosa: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Go tlaa nama go dirala go re go tlaa tla ditšhaba, le banni ba metse e le mentsi. Banni ba motse mongwe ba tlaa ya kwa go ba o mongwe, ba re: “A re itlhaganeleng re yeng go lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa, le go batla Jehofa wa masomosomo; le nna ke tlaa ya.” Ee, ditšhaba di le dintsi le merafe e e thata e tlaa tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema, le go batla tlhogonolofatso ya ga Jehofa.’”—Sekaria 8:20-22.
17 Batho ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong ba ne ba tlile go “batla Jehofa wa masomosomo.” Ba le bantsi ba bone e ne e le batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng. Ba bangwe ba le dimilione ba ba neng ba le teng ba ne ba ise ba fitlhe mo seemong seo. Kwa dinageng dingwe, batho ba ba neng ba tlile segopotsong ba ne ba feta baboledi ba Bogosi go menagane gane kana gatlhano. Batho bano ba bantsi ba ba kgatlhegang ba tlhoka thuso gore ba tswelele ka go gatela pele. A re ba ruteng go itumelela kitso ya gore Jesu o swetse maleo a rona mme o a busa gone jaanong mo Bogosing jwa Modimo. (1 Bakorinthe 5:7, 8; Tshenolo 11:15) Mme a re ba kgothatseng gore ba ineele mo go Jehofa Modimo le go ikobela Kgosi eo a e tlhomileng. Ka tsela eno ba tla “lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa.”—Pesalema 116:18, 19; Bafilipi 2:12, 13.
“Batho ba le Some ba Dipuo Tsotlhe Tsa Merafe”
18, 19. (a) Mo tiragatsong ya ga Sekaria 8:23, ke mang yo gompieno e leng “Mojuta”? (b) Ke bomang gompieno ba e leng “batho ba le some” ba ba “tshwara[ng] lokoje lwa yo o leng Mojuta”?
18 Re bala jaana labofelo mo kgaolong ya borobedi ya Sekaria: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re.” Jehofa o bua mafoko afe a bofelo? “Mo metlheng eo go tlaa dirala go re batho ba le some ba dipuo tsotlhe tsa merafe ba tlaa tshwara, ee, ba tlaa tshwara lokoje lwa yo o leng Mojuta, ba re: ‘Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.’” (Sekaria 8:23) Mo motlheng wa ga Sekaria, Baiseraele ba tlholego e ne e le setšhaba se se itlhophetsweng ke Modimo. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Baiseraele ba ne ba gana Mesia wa ga Jehofa. Ka jalo, Modimo wa rona o ne a tlhopha “Mojuta”—Iseraele o mošha—go nna setšhaba sa gagwe se se kgethegileng, “Iseraele wa Modimo” o o bopilweng ka Bajuta ba semoya. (Bagalatia 6:16; Johane 1:11; Baroma 2:28, 29) Palo ya bofelo ya batho bano e ne e tla nna 144 000, ba tlhophilwe mo bathong gore ba buse le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—Tshenolo 14:1, 4.
19 Bontsi jwa batho bano ba ba 144 000 ba setse ba tlhokafetse ba ntse ba ikanyega mme ba ile go amogela tuelo ya bone ya selegodimo. (1 Bakorinthe 15:51, 52; Tshenolo 6:9-11) Go santse go setse ba sekae ba bone mo lefatsheng mme ba itumelela go bona gore “batho ba le some” ba ba tlhophang go tsamaya le “Mojuta” ruri ke “boidiidi jo bogolo jwa batho . . . e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.”—Tshenolo 7:9; Isaia 2:2, 3; 60:4-10, 22.
20, 21. Fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela, re ka nna re le mo kagisong le Jehofa jang?
20 Fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela thata, Labokeresete o tshwana le Jerusalema mo motlheng wa ga Jeremia: “Ra lebelela kagiso, mme go se ka ga tla molemo ope; ra lebelela lobaka lwa go fodisiwa, mme bonang, kotlomano fela!” (Jeremia 14:19) Kotlomano eo e tla konelwa fa ditšhaba di tlhasela bodumedi jwa maaka di bo senya ka tsela e e setlhogo. Ka bonako fela morago ga moo, ditšhaba ka botsone di tla senngwa mo ntweng ya Modimo ya makgaolakgang, Haramagetone. (Mathaio 24:29, 30; Tshenolo 16:14, 16; 17:16-18; 19:11-21) A bo eo e tla bo e le nako ya tlhakatlhakano e kgolo jang ne!
21 Jehofa o tla sireletsa batho ba ba ratang boammaaruri mo mathateng ano otlhe a bo a sireletse batho ba ba ratang boammaaruri e bile ba tlhagolela “peo ya kagiso.” (Sekaria 8:12; Sefania 2:3) Ka jalo, a re nneng re sireletsegile mo lefatsheng la batho ba gagwe, re mmaka ka tlhoafalo phatlalatsa e bile re thusa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba “lop[e] tlhogonolofatso mo go Jehofa.” Fa re dira jalo, re tla ipelela kagiso ya ga Jehofa ka dinako tsotlhe. Ee, “Jehofa o tlaa naya batho ba gagwe nonofo; Jehofa o tlaa segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.”—Pesalema 29:11.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Batho ba Modimo ba ne ba dira jang ‘gore diatla tsa bone di nne thata’ mo motlheng wa ga Sekaria? Ba dirile jang gompieno?
◻ Re itshwara jang fa re bogisiwa, re tlhoiwa, le fa re tlhokomologiwa?
◻ ‘Gore mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo’ go akaretsa eng?
◻ Motho a ka “lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa” jang?
◻ Go diragadiwa ga Sekaria 8:23 go lere lebaka lefe le legolo la go itumela?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ngogola, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa diura tse 1 150 353 444 ba bua le batho ka ga Bogosi jwa Modimo