Jehofa o Naya Letlotlo la Kagiso le Boammaaruri
“Ke tlaa ba fodisa; mme ke tlaa ba senolela letlotlo la kagiso le boammaruri.”—JEREMIA 33:6.
1, 2. (a) Ditšhaba di ile tsa dira jang malebana le kagiso mo nakong e e fetileng? (b) Ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a ruta Baiseraele thuto efe kaga kagiso?
KAGISO! A bo e eletsega jang ne, mme a bo e bonwe sewelo jang ne mo hisitoring ya motho! Lekgolo la bo20 la dingwaga segolobogolo, e ntse e se lekgolo la dingwaga le le nang le kagiso. Go na le moo, mo go lone go ile ga lowa dintwa tse pedi tse di sentseng go feta tse dingwe tsotlhe mo hisitoring ya motho. Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ne ga tlhomiwa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go dira gore kagiso ya lefatshe e tswelele pele e le teng. Lekgotla leo le ne la palelwa. Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tlhomiwa ka maikaelelo a a tshwanang. Re tlhoka fela go bala dipampiri tsa dikgang tsa letsatsi le letsatsi go bona kafa le lone le palelwang thata ka teng.
2 A re tshwanetse go gakgamadiwa ke go bo makgotla a batho a sa kgone go tlisa kagiso? Nnyaa le e seng. Dingwaga di feta 2 500 tse di fetileng, Iseraele, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo, ba ne ba newa thuto malebana le seno. Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., kagiso ya Iseraele e ne ya tshosediwa ke mmuso wa lefatshe o o neng o busa ka nako eo, Babilone. Iseraele o ne a solofela gore Egepeto o tla lere kagiso. Egepeto o ne a palelwa. (Jeremia 37:5-8; Esekiele 17:11-15) Ka 607 B.C.E., masole a Babilone a ne a ribegetsa dipota tsa Jerusalema mme a fisa tempele ya ga Jehofa. Ka jalo Iseraele o ne a ithuta ka tsela e e botlhoko gore ga go na mosola go ikaega ka makgotla a batho. Mo boemong jwa go itumelela kagiso, setšhaba se ne sa patelediwa go ya botshwarwa kwa Babilone.—2 Ditirafalo 36:17-21.
3. Ke ditiragalo dife mo hisitoring tse di neng tsa ruta Baiseraele thuto ya bobedi ya botlhokwa kaga kagiso, e le se se neng sa diragatsa mafoko a Jehofa a a buileng a dirisa Jeremia?
3 Lefa go ntse jalo, pele Jerusalema a wa, Jehofa o ne a senotse gore kagiso ya mmatota kwa Iseraele e ne e tla tlisiwa ke ene, e seng Egepeto. O ne a solofetsa jaana ka Jeremia: “Ke tlaa ba fodisa; mme ke tlaa ba senolela letlotlo la kagiso le boammaruri. Ke tlaa busa botshwaro jwa Juta le botshwaro jwa Iseraele, mme ke tlaa ba aga, jaaka ga ntlha.” (Jeremia 33:6, 7) Tsholofetso ya ga Jehofa e ne ya simolola go diragadiwa ka 539 B.C.E. fa Babilone a ne a fenngwa le ditshwarwa tsa Baiseraele di bo di letlelelwa gore di tsamaye. (2 Ditirafalo 36:22, 23) Mo karolong ya bofelo ya 537 B.C.E., setlhopha sa Baiseraele se ne sa keteka Moletlo wa Metlaagana mo lefatsheng la Iseraele e le la ntlha morago ga dingwaga tse 70! Morago ga moletlo ba ne ba simolola go aga tempele ya ga Jehofa sesha. Ba ne ba ikutlwa jang kaga seno? Pego e bolela jaana: “Ba thela lošalaba lo logolo, ka ba baka Jehofa, gonne motheo wa ntlo ya ga Jehofa o thailwe.”—Esere 3:11.
4. Jehofa o ne a rotloetsa Baiseraele jang gore ba dire tiro ya go aga tempele, mme o ne a solofetsa eng kaga kagiso?
4 Lefa go ntse jalo, morago ga go simolola ba itumetse jalo, Baiseraele ba ne ba kgobiwa marapo ke baganetsi mme ba tlogela tiro ya go aga tempele. Dingwaga di sekae moragonyana, Jehofa o ne a tlhoma baperofeti Hagai le Sekaria gore ba rotloetse Baiseraele gore ba wetse tiro ya go aga sesha. A bo go tshwanetse ga bo go ne go kgatlha jang ne gore ba utlwe Hagai a bolela jaana ka tempele e e neng e tsile go agiwa: “‘Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo; ‘ke tlaa aba kagiso mo felong fa’”!—Hagai 2:9.
Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe
5. Ke eng se se tlhomologileng ka kgaolo ya borobedi ya Sekaria?
5 Mo bukeng ya Baebele ya Sekaria, re bala kaga diponatshegelo di le dintsi le boperofeti jo bontsi jo bo tlhotlheleditsweng jo bo neng jwa nonotsha batho ba Modimo morago kwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Jone boperofeti jono bo tswelela pele ka go re tlhomamisetsa gore Jehofa o re eme nokeng. Bo re fa mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jehofa o tla neela batho ba gagwe kagiso le mo motlheng wa rona tota. Ka sekai, mo kgaolong ya borobedi ya buka e e reeletsweng ka ene, moperofeti Sekaria o bua mafoko ano gasome: ‘Jehofa o bua jaana a re.’ Nako le nako, mafoko ao a latelwa ke mafoko a Modimo a a amanang le kagiso ya batho ba Modimo. Dingwe tsa ditsholofetso tseno di ne tsa diragadiwa morago koo mo motlheng wa ga Sekaria. Tsotlhe di diragaditswe kana di ntse di a diragadiwa gompieno.
“Ke [Tla Nna] Lefufa ka ga Sione”
6, 7. Jehofa o ne a le ‘lefufa ka ga Sione ka tšararego e kgolo’ ka ditsela dife?
6 Mafoko ao a bonwa la ntlha mo go Sekaria 8:2, koo re balang jaana teng: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Ke [tla nna, NW] lefufa ka ga Sione ka lefufa le legolo, ke [tla nna, NW] lefufa ka ga one ka tšararego e kgolo.” Tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla nna lefufa, gore o tla tlhagafala thata ka batho ba gagwe, e ne e raya gore o ne a tla nna kelotlhoko go busetsa kagiso ya bone. Go busetsa Baiseraele kwa nageng ya bone le go aga tempele sesha go ne go supa tlhagafalo eo.
7 Lefa go ntse jalo, re ka reng ka batho ba ba neng ba nnile kgatlhanong le batho ba ga Jehofa? Go tlhagafalela batho ba gagwe go ne go tla lekana le “tšararego [ya gagwe] e kgolo” kgatlhanong le baba bano. Fa Bajuta ba ba ikanyegang ba ne ba obamela kwa tempeleng e e agilweng sesha, ba ne ba tla kgona go akanya ka matlhotlhapelo ao a neng a tla diragalela Babilone o o nonofileng, o jaanong o oleng. Gape ba ne ba ka kgona go akanya kafa baba ba bone ba ba neng ba lekile go kganela go agiwa sesha ga tempele ba neng ba paletswe ka teng. (Esere 4:1-6; 6:3) Gape ba ne ba ka leboga Jehofa gore a bo a diragaditse tsholofetso ya gagwe. Tlhagafalo ya gagwe e ne ya ba tlisetsa phenyo!
“Motse wa Boammaaruri”
8. Mo metlheng ya ga Sekaria, Jerusalema o ne a tla nna motse wa boammaaruri jang go fapaana le metlha e e fetileng?
8 Sekaria o kwala jaana la bobedi: “Jehofa o bua jaana a re.” Jaanong Jehofa a reng? “Ke boetse mo Sione, ke tlaa aga mo gare ga Jerusalema; mme Jerusalema o tlaa bidiwa Motse wa boammaaruri; le thaba ya ga Jehofa wa masomosomo, Thaba e e boitshepo.” (Sekaria 8:3) Pele ga 607 B.C.E., Jerusalema e ne e se motse wa boammaaruri le eseng. Baperesiti le baperofeti ba gagwe ba ne ba le bosula, le batho ba gagwe ba ne ba sa ikanyege. (Jeremia 6:13; 7:29-34; 13:23-27) Jaanong batho ba Modimo ba ne ba aga tempele sesha, ba bontsha gore ba ineetse go obamela ka tsela e e itshekileng. Jehofa o ne a nna gape kwa Jerusalema ka moya. Boammaaruri jwa kobamelo e e itshekileng bo ne bo buiwa gape mo Jerusalema, ka jalo o ne a ka bidiwa “motse wa boammaaruri.” Lefelo la gagwe le le tlotlometseng le ne le ka bidiwa “thaba ya ga Jehofa.”
9. Seemo sa “Iseraele wa Modimo” se ne sa fetoga jang ka tsela e e gakgamatsang ka 1919?
9 Lefa dipolelo tseno tse pedi di ne di le mosola mo go Iseraele wa bogologolo, gape di kaya go le gontsi mo go rona jaaka lekgolo la bo20 le ntse le ya bokhutlong. Mo e ka nnang dingwaga tse 80 tse di fetileng, ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, batlodiwa ba ba dikete di sekae ba ka nako eo ba neng ba emela “Iseraele wa Modimo” ba ne ba ya botshwarwa ka tsela ya semoya, fela jaaka Iseraele wa bogologolo a ne a ile botshwarwa kwa Babilone. (Bagalatia 6:16) Ba ne ba tlhalosiwa ka tsela ya boperofeti jaaka ditopo di rapaletse mo mmileng. Lefa go ntse jalo, ba ne ba eletsa ka pelo yotlhe gore ba ka obamela Jehofa “ka mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ka jalo, ka 1919, Jehofa o ne a ba golola mo botshwarweng jwa bone, a ba tsosa mo boemong jwa bone jwa go swa semoyeng. (Tshenolo 11:7-13) Ka jalo Jehofa o ne a araba ka Ee yo mogolo potso ya ga Isaia ya boperofeti: “A lefatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le lengwe fela? A morafe o ka belegelwa gongwe fela?” (Isaia 66:8) Ka 1919, batho ba ga Jehofa ba ne ba boa ba nna setšhaba sa semoya mo ‘lefatsheng’ la bone kana mo nageng ya bone ya semoya mo lefatsheng.
10. Go simologa ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba itumelela masego afe mo ‘lefatsheng’ la bone?
10 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba direla mo tempeleng e kgolo ya ga Jehofa ya semoya, ba sireletsegile mo lefatsheng leo. Ba ne ba tlhomiwa go nna “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” ba amogela boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tse Jesu a nang natso mo lefatsheng, tshiamelo e ba santseng ba na le yone jaaka lekgolo la bo20 le ya bokhutlong. (Mathaio 24:45-47) Ba ne ba ithuta sentle thuto ya gore Jehofa ke “Modimo wa kagiso ka osi.”—1 Bathesalonika 5:23.
11. Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba itshupile jang gore ke baba ba batho ba Modimo?
11 Lefa go ntse jalo, re ka reng ka baba ba Iseraele wa Modimo? Tlhagafalo ya ga Jehofa ka batho ba gagwe e lekana le bogale jwa gagwe kgatlhanong le baganetsi. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba ne ba tlisa kgatelelo e kgolo fa ba ntse ba leka—mme ba palelwa—go fedisa setlhopha seno se sennye sa Bakeresete ba ba buang boammaaruri. Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, baruti ba Labokeresete ba ne ba kopantswe ke selo se le sengwe fela: Mo matlhakoreng oomabedi a kgotlhang, ba ne ba rotloetsa mebuso gore e gatelele Basupi ba ga Jehofa. Tota le gompieno, mo dinageng di le dintsi baeteledipele ba bodumedi ba tlhotlheletsa mebuso gore e thibele tiro ya go rera ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa.
12, 13. Jehofa o bontsha bogale jwa gagwe jang kgatlhanong le Labokeresete?
12 Jehofa o lemogile seo. Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, Labokeresete, mmogo le Babilone o Mogolo otlhe, o ne a wa. (Tshenolo 14:8) Go wa ga Labokeresete go ne ga itsiwe ke batho botlhe fa, go simolola ka 1922, go ne go tshololwa dipetso tsa tshwantshetso ka go latelana ga tsone, di senola phatlalatsa kafa a suleng semoyeng ka teng e bile di tlhagisa ka gore o tsile go senngwa. (Tshenolo 8:7–9:21) Go supa gore dipetso tseo di ntse di tswelela pele di tshololwa, puo ya setlhogo se se reng “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Gaufi” e ne ya newa mo lefatsheng lotlhe ka April 23, 1995, mme morago ga foo ga anamisiwa dikhopi di le makgolo a le dimilionemilione a kgatiso e e kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi.
13 Gompieno, Labokeresete o mo seemong se se tlhomolang pelo. Mo lekgolong lotlhe la bo20 la dingwaga, maloko a gagwe a ntse a bolaana mo dintweng tse di setlhogo tse di neng di dumeletswe ke baruti le badiredi ba gagwe. Mo dinageng dingwe tota ga a na tlhotlheletso epe mo bathong. O lebanwe ke tshenyego ene mmogo le Babilone o Mogolo otlhe.—Tshenolo 18:21.
Kagiso ya Batho ba ga Jehofa
14. Ke setshwantsho sefe sa boperofeti se se tlhalosiwang kaga batho ba ba mo kagisong?
14 Kafa letlhakoreng le lengwe, mo ngwageng ono wa 1996, batho ba ga Jehofa ba itumelela letlotlo la kagiso mo lefatsheng la bone le le buseditsweng, jaaka le tlhalosiwa mo mafokong a ga Jehofa a boraro: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Go tlaa nama go nna banna bagolo le basadi bagolo mo mebileng ya Jerusalema, mongwe le mongwe a tshotse seikokotlelo ka ntlha ya botsofe jo bogolo fela. Mebila ya motse e tlaa tlala tshimane le tshetsana, ba tshameka mo mebileng ya one.’”—Sekaria 8:4, 5.
15. Batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba na le kagiso efe, lefa ditšhaba di le mo dintweng?
15 Mafoko ano a mantle a tshwantsha sengwe se se gakgamatsang mo lefatsheng leno le le kgautlhantsweng ke ntwa—batho ba le mo kagisong. Fa e sale ka 1919, mafoko ano a ga Isaia a boperofeti a ile a diragadiwa: “‘Kagiso e nne go ene yo o kgakala le go ene yo o gaufi, go bua Jehofa; mme ke tlaa mo fodisa. . . . Ga go na kagiso epe e e leng ya baikepi,’ go bua Modimo wa me.” (Isaia 57:19-21) Gone ke boammaaruri, lefa batho ba ga Jehofa ba se karolo ya lefatshe, ba ka se ka ba tila go amiwa ke tlhakatlhakano ya ditšhaba. (Johane 17:15, 16) Mo dinageng dingwe, ba itshokela mathata a magolo, mme ba le mmalwa ba ile ba bo ba bolawa. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba mmatota ba na le kagiso ka ditsela tse pedi tsa botlhokwa. Sa ntlha, ba na le “kagiso mo Modimong ka Morena wa [bone] Jesu Keresete.” (Baroma 5:1) Sa bobedi, ba na le kagiso mo gare ga bone. Ba nna le “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” jo bo “simologa[ng] bo le boitsheko, foo bo nne kagiso.” (Jakobe 3:17; Bagalatia 5:22-24) Mo godimo ga moo, ba solofetse go itumelela kagiso ka tsela e e feletseng tota fa “bapelonomi ba [tla bo ba] rua lefatshe; ba . . . inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.
16, 17. (a) “Banna bagolo le basadi bagolo” mmogo le “tshimane le tshetsana” ba nonotshitse phuthego ya ga Jehofa jang? (b) Ke eng se se bontshang gore batho ba ga Jehofa ba na le kagiso?
16 Go santse go na le “banna bagolo le basadi bagolo” mo bathong ba ga Jehofa, batlodiwa ba ba gakologelwang diphenyo tsa bogologolo tsa phuthego ya ga Jehofa. Go ikanyega ga bone le go itshoka go anaanelwa thata. Batlodiwa ba basha ba ne ba eteletse pele mo metlheng e e diphatsa ya bo1930 le ka Ntwa ya Lefatshe II, mmogo le mo dingwageng tse di itumedisang tsa kgolo tse di neng tsa latela. Mo godimo ga moo, segolobogolo fa e sale ka 1935, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku di sele” bo ile jwa itshupa. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba tsofala e bile ba fokotsega, ba dinku di sele ba ile ba tsena mo tirong ya go rera mme ba e atolosetsa mo lefatsheng lotlhe. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ba dinku di sele ba ntse ba oologela mo lefatsheng la batho ba Modimo. Ebu, mo ngwageng o o fetileng fela, ba le 338 491 ba bone ba ne ba kolobediwa go tshwantshetsa gore ba ineela mo go Jehofa! Ba basha bao ba sa le babotlana ruri, fa re bua ka bomoya jwa bone. Bosha jwa bone le go dira ga bone ka tlhoafalo di botlhokwa thata fa ba ntse ba oketsa dipalo tsa batho ba ba opelang dipako tsa go leboga ba opelela “Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le . . . Kwana.”—Tshenolo 7:10.
17 Gompieno, ‘mebila ya motse e tletse tshimane le tshetsana,’ Basupi ba ba tlhagafetseng jaaka basha. Ka ngwaga wa tirelo wa 1995, go ne ga amogelwa dipego tse di tswang kwa dinageng tsa lefatshe le ditlhaketlhake tsa lewatle di le 232. Mme batlodiwa le ba dinku di sele ga ba lwe ka ntlha ya boditšhaba, ga ba ilane ka ditso, e bile ga ba fufegelane ka tsela e e sa tshwanelang. Botlhe ba gola mmogo semoyeng, ba kopantswe ke lorato. Bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Basupi ba ga Jehofa ruri bo tlhomologile mo lefatsheng.—Bakolosa 3:14; 1 Petere 2:17.
A ke Sengwe se se Bokete Thata mo go Jehofa?
18, 19. Mo dingwageng tsa fa e sa le ka 1919, Jehofa o diragaditse jang se motho a neng a ka bona se le bokete thata?
18 Morago kwa ka 1918 fa masalela a batlodiwa a ne a na le dikete di se kae fela tsa batho ba ba mo botshwarong jwa semoya ba ba kgobegileng marapo, ga go na ope yo o neng a ka bona go sale pele gore go ne go tla diragalang mo isagweng. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse—jaaka go bontshitswe ke mafoko a gagwe a bonè a boperofeti: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Fa e tlaa bo ne ne e le [sengwe se se bokete thata, NW] mo matlhong a masalela a batho mo metlheng eo, a go ka nna [sengwe se se bokete thata] le mo matlhong a me?’ go bua Jehofa wa masomosomo.”—Sekaria 8:6.
19 Ka 1919, moya wa ga Jehofa o ne wa tsosolosa batho ba gagwe gore ba tle ba dire tiro e e larileng kwa pele. Lefa go ntse jalo, go ne go tlhoka tumelo go tshwarelela mo phuthegong e potlana ya baobamedi ba ga Jehofa. Ba ne ba le bannye thata ka palo, mme dilo tse dintsi di ne di sa tlhaloganngwe. Lefa go ntse jalo, ka bonya ka bonya, Jehofa o ne a ba nonotsha jaaka mokgatlho a bo a ba tlhomelela gore ba dire tiro ya Bokeresete ya go rera mafoko a a molemo le go dira barutwa. (Isaia 60:17, 19; Mathaio 24:14; 28:19, 20) Kgato ka kgato, o ne a ba thusa go tlhaloganya dilo tsa botlhokwa tse di jaaka boitlhaodi le bolaodi jwa lobopo lotlhe. A e ne e le sengwe se se bokete thata mo go Jehofa gore a diragatse thato ya gagwe a dirisa setlhotshwana seo sa Basupi? Karabo ruri ke nnyaa! Seno se bontshitswe mo ditsebeng 12 go ya go 15 tsa makasine ono, tse mo go tsone go nang le tšhate ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng wa tirelo wa 1995.
“Nna ke Tlaa Nna Modimo wa Bone”
20. Go ne ga perofesiwa gore go kokoanngwa ga batho ba Modimo go ne go tla nna gogolo go le kae?
20 Mafoko a botlhano a bontsha gape kafa Basupi ba ga Jehofa ba itumetseng ka gone gompieno: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa golola batho ba me kwa lefatsheng la botlhabatsatsi le kwa lefatsheng la bophirimatsatsi; ke tlaa ba lere, mme ba tlaa aga mo gare ga Jerusalema; ba tlaa nna batho ba me, le nna ke tlaa nna Modimo wa bone mo boammaaruring le mo tshiamong.”—Sekaria 8:7, 8.
21. Letlotlo la kagiso ya batho ba ga Jehofa le ile la bolokiwa le go atolosiwa jang?
21 Ka 1996 re ka bolela re sa okaoke gore mafoko a a molemo a rerilwe mo lefatsheng lotlhe, go tswa “kwa lefatsheng la botlhabatsatsi” go ya “kwa lefatsheng la bophirimatsatsi.” Batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba dirilwe barutwa, mme ba bone jaaka tsholofetso eno ya ga Jehofa e diragadiwa: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.” (Isaia 54:13) Re na le kagiso ka gonne re rutiwa ke Jehofa. Go thusa mo go seno, go ile ga gatisiwa dibuka ka dipuo di feta 300. Mo ngwageng o o fetileng fela, go ne ga okediwa ka dipuo di le 21. Makasine wa Tora ya Tebelo jaanong o gatisediwa gongwe ka dipuo di le 111, mme wa Tsogang! ka dipuo di le 54. Dikopano tsa kgaolo tsa setšhaba le tsa ditšhabatšhaba di supa phatlalatsa gore batho ba Modimo ba na le kagiso. Dipokano tsa beke le beke di a re kopanya e bile di re neela kgothatso e re e tlhokang gore re nne re tlhomame. (Bahebere 10:23-25) Ee, Jehofa o ruta batho ba gagwe “mo boammaaruring le mo tshiamong.” O neela batho ba gagwe kagiso. A bo re le lesego jang ne go bo re ipelela letlotlo leo la kagiso!
A o Ka Tlhalosa?
◻ Mo metlheng ya gompieno, Jehofa o ntse a ‘fufega ka tšararego e kgolo’ jang ka batho ba gagwe?
◻ Batho ba ga Jehofa ba itumelela kagiso jang, tota le mo dinageng tse di kgautlhantsweng ke ntwa?
◻ ‘Mebila ya motse e tletse tshimane le tshetsana’ ka tsela efe?
◻ Go dirilwe dithulaganyo dife gore batho ba ga Jehofa ba kgone go rutwa ke ene?
[Tšhate mo go tsebe 12-15]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1995
(See bound volume)
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., Bajuta ba ba ikanyegang ba ba neng ba aga tempele sesha ba ne ba ithuta gore Jehofa e ne e le ene fela motswedi o o ikanyegang wa kagiso