Go Bogisediwa Tshiamo
O ka nna wa utlwa ditsala le ba-losika ba re Basupi ba ga Jehofa ba wela mo seraing sa tlolo-molao, le gore mebuso mengwe e ba thibetse, kana gore e ka ne e le batho ba ba bosula. Ke ka ntlhayang fa go na le puo e e ntseng jaana e e ba senyang?
Ga se ka go bo Basupi ba sa tlotle molao mme ke ka go bo ba latela dikgato tsa ga Jesu. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re batho ba ne ba tla ba kgoba, ba ba bogisa, le go ba pateletsa sengwe le sengwe se se bosula. Seno ke ka go bo moganetsi yo mogolo wa Modimo, ebong Satane, ke modimo wa lefatshe leno, mme o rata go fetola batho gore ba se direle Modimo.—Mathaio 5:10-12; 10:16-22, 34-39; 24:9, 10; Yohane 15:17–16:3; 2 Timotheo 3:12; 1 Petere 5:8; Tshenolō 12:17.
Fa baaposetoloi ba sena go tshwarwa le go isiwa kwa kgotla-tshekelong, e ne e se ka go bo e le dikebekwa, banna ba ba thubakanyang, kana ba ba tsogologelang puso. E ne e le ka go bo ba rera mafoko a a molemo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a ikuela kgetsi ya gagwe mo lekgotleng-legolo la ditsheko, e ne e le gore a femele le go tlhomamisa kafa molaong tshwanelo ya Bakeresete ya go rera mafoko a a molemo.—Ditihō 4:18-20; 5:28-32; Bafilipi 1:7.
Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba ba bolokang molao ba ba duelang makgetho a bone le go tlotla babusi. Ba neela Kaisare dilo tse eleng tsa ga Kaisare le Modimo dilo tse eleng tsa Modimo. Fa ba thulana le babusi ba ga goromente ka tsela epe, ke ka go bo goromente a sa tseye tsia tiro ya bone ya go rera, kana ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone mo dikgannyeng tsa merafe. Mme mo go seno Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boemo jo bo tshwanang le jwa baaposetoloi, ba ba neng ba tlhalosa ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29; Mareko 12:17; Yohane 18:36; Tito 3:1, 2.
Basupi ba ga Jehofa ga ba eletse go bogisiwa mme bogolo ba ka ikgethela gore ba tshele matshelo a a iketlileng le a a didimetseng. Lefa go ntse jalo, fa ba bogisiwa ka ntlha ya go latela molao wa Modimo le sekao sa ga Jesu Keresete ba itumelela go go itshokela.—Mathaio 5:10-12; Ditihō 5:40, 41; 1 Bakorintha 4:12; 1 Timotheo 2:2; 1 Petere 3:14, 15; 4:12-16.
• Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba kgojwa le go bogisiwa?
• Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba thulana le babusi ba ga goromente, jaaka go ne ga dira baaposetoloi ba Bakeresete?
• Batlhanka ba ga Jehofa ba leba pogiso jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
Jesu o ne a isiwa fa pele ga Pilatwe mme moaposetoloi Paulo o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go rera ka Bogosi jwa Modimo