Modimo le Kaesare
“Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”—LUKE 20:25.
1. (a) Boemo jwa ga Jehofa jo bo kwa godimo ke bofe? (b) Ke eng se e leng sa ga Jehofa seo re ka se kang ra se neela Kaesare le ka motlha?
FA Jesu Keresete a ne a ntsha taelo eo, o ne a tlhatswegile pelo gore se Modimo o se batlang mo batlhankeng ba Gagwe se tla pele ga sepe se Kaesare, kana Puso e ka se batlang mo go bone. Jesu o ne a itse botoka go feta motho ope o sele kafa mafoko ano a leng boammaaruri ka teng ao mopesalema a neng a rapela Jehofa ka one: “Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, le puso [bolaodi]a ya gago e eme go ya ditshikatshikeng tsotlhe.” (Pesalema 145:13) Fa Diabolo a ne a solofetsa Jesu gore a laole magosi otlhe a lefatshe le le nniwang ke batho, Jesu o ne a fetola jaana: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’” (Luke 4:5-8) Kobamelo e ne e ka se ka ya newa “Kaesare,” lefa e ka tswa Kaesare e le mmusimogolo wa Roma, e le mmusi yo mongwe fela wa motho, kana e le Puso ka boyone.
2. (a) Boemo jwa ga Satane ke bofe malebana le lefatshe leno? (b) Satane o letleletswe ke mang go nna mo maemong ao a leng mo go one?
2 Jesu ga a ka a ganetsa gore magosi a lefatshe e ne e le a ga Satane. Moragonyana, o ne a bitsa Satane “kgosana ya lefatshe leno.” (Johane 12:31; 16:11) Fa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. le ya kwa bokhutlong, moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Re a itse fa re le ba Modimo, mme lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) Seno ga se reye gore Jehofa o tlogetse bolaodi jwa gagwe jwa lefatshe. Gakologelwa gore Satane, fa a ne a batla gore Jesu a laole magosi a bopolotiki, o ne a bolela jaana: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e . . . gonne mo go neetswe nna.” (Luke 4:6) Satane o na le thata mo magosing a lefatshe ka tetla ya Modimo fela.
3. (a) Bogoromente ba ditšhaba ba na le boemo bofe fa pele ga ga Jehofa? (b) Re ka bolela jang gore go ikobela bogoromente ba lefatshe leno ga go kaye go ikobela Satane, modimo wa lefatshe leno?
3 Puso le yone fela jalo e dirisa thata ya yone fela ka gonne Modimo jaaka Mmusi le Molaodi o e letla go dira jalo. (Johane 19:11) Ka jalo, go ka bolelwa gore “babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo.” Fa thata e ba nang le yone e bapisiwa le thata ya ga Jehofa ya bolaodi jo bo kwa godimodimo, ya bone ke ya maemo a a kwa tlase fela thata. Lefa go ntse jalo, bone ke “modiredi wa Modimo,” “badiredi ba tirelo ya Modimo,” ka gonne ba dira ditiro tse di tlhokegang, ba dira gore go nne le molao le thulaganyo, e bile ba otlhaya badirabosula. (Baroma 13:1, 4, 6) Ka jalo Bakeresete ba tlhoka go tlhaloganya gore lefa Satane e le mmusi yo o sa bonaleng wa lefatshe leno, kana wa tsamaiso eno, ga se gore ba a mo ikobela fa ba lemoga gore ba tshwanetse ba ikobela Puso ka selekanyo se se rileng. Ba a bo ba utlwa Modimo. Mo ngwageng ono wa 1996, Puso ya bopolotiki e santse e le karolo ya “thulaganyo ya Modimo,” thulaganyo ya nakwana e Modimo a letlang gore e nne teng, mme e tshwanetse ya tsewa jalo ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng.—Baroma 13:2, NW.
Batlhanka ba ga Jehofa ba Bogologolo le Puso
4. Ke eng fa Jehofa a ne a letla Josefe gore a nne le maemo a a kwa godimo mo pusong ya Egepeto?
4 Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, Jehofa o ne a letla bangwe ba batlhanka ba gagwe gore ba nne le maemo a a kwa godimo mo Dipusong tsa naga. Ka sekai, mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E., Josefe o ne a nna tonakgolo ya Egepeto, a fetwa ka maemo fela ke Faro yo o neng a busa. (Genesise 41:39-43) Ditiragalo tse di neng tsa latela di ne tsa supa gore Jehofa o ne a rulagantse seno gore Josefe a tle a kgone go dirisiwa go boloka ‘losika lwa ga Aberahame,’ ditlogolwana tsa gagwe, gore maikaelelo a Gagwe a diragadiwe. Gone ke boammaaruri, re tshwanetse ra gakologelwa gore Josefe o ne a rekisiwa gore a nne lekgoba kwa Egepeto, mme o ne a tshela ka nako e batlhanka ba Modimo ba neng ba sena Molao wa ga Moshe lefa e le “molao wa ga Keresete.”—Genesise 15:5-7; 50:19-21; Bagalatia 6:2.
5. Ke eng fa batshwarwa ba Bajuta ba ne ba laelwa gore ba ‘batlele Babilone kagiso’?
5 Makgolo a dingwaga moragonyana moporofeti yo o ikanyegang e bong Jeremia o ne a tlhotlhelediwa ke Jehofa gore a bolelele batshwarwa ba Bajuta ba ba neng ba isitswe botshwarong kwa Babilone gore ba ikobele babusi le e leng go rapelela gore go nne le kagiso kwa motseng oo. O ne a ba kwalela jaana: “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: . . . Lo batlele motse o ke laotseng gore lo isiwe botshwarong kwa go one kagiso, lo o rapelele mo go Jehofa; gonne mo kagisong ya one le lona lo tlaa bona kagiso.” (Jeremia 29:4, 7) Ka dinako tsotlhe, batho ba ga Jehofa ba na le lebaka la gore ba “batle kagiso” ba ipatlela bone mmogo le setšhaba se ba nnang mo go sone, gore ba tle ba kgone go obamela Jehofa ka kgololesego.—1 Petere 3:11.
6. Lefa Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba filwe maemo a a kwa godimo mo ga goromente, ba ne ba gana jang go ineela malebana le Molao wa ga Jehofa?
6 Ka nako ya fa Daniele a ne a isitswe botshwarong kwa Babilone, ene le Bajuta ba bangwe ba bararo ba ba ikanyegang ba ba neng ba le ditshwarwa kwa Babilone e le makgoba ba ne ba ineela gore ba thapisiwe ke Puso mme ba nna badirelapuso ba maemo a a kwa godimo kwa Babilonia. (Daniele 1:3-7; 2:48, 49) Lefa go ntse jalo, tota le ka nako ya fa ba ne ba thapisiwa ba ne ba ema ba nitame malebana le dijo tse di neng di ka dira gore ba tlole Molao o Modimo wa bone, Jehofa a neng a o beile ka Moshe. Ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya seno. (Daniele 1:8-17) Fa Kgosi Nebukatenesare a ne a tlhoma setshwantsho sa Puso, go bonala gore ditsala tse tharo tsa ga Daniele tsa Bahebera di ne tsa patelediwa gore di nne teng kwa moketeng mmogo le badirikabone mo Pusong. Lefa go ntse jalo, ba ne ba gana go ‘wela fa fatshe ba obamela’ setshwantsho sa Puso. Le fano gape, Jehofa o ne a ba duela ka ntlha ya bothokgami jwa bone. (Daniele 3:1-6, 13-28) Le gompieno fela jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tlotla folaga ya setšhaba se ba nnang mo go sone, mme ga ba ne ba dira sepe go e obamela.—Ekesodo 20:4, 5; 1 Johane 5:21.
7. (a) Daniele o ne a tsaya boemo bofe jo bo molemolemo, lefa a ne a na le maemo a a kwa godimo mo tsamaisong ya goromente wa Babilone? (b) Go ne ga nna le diphetogo dife mo metlheng ya Bokeresete?
7 Fa puso ya losika ya Babilone e Ntšha e sena go wa, Daniele o ne a newa maemo a a kwa godimo mo pusong, fa go busa puso e ntšha ya Bamete le Baperesia e e neng e emisetsa eo kwa Babilone. (Daniele 5:30, 31; 6:1-3) Mme lefa go ntse jalo ga a ka a letla maemo a gagwe a a kwa godimo go mo dira gore a latlhe bothokgami jwa gagwe. Fa molao wa Puso o ne o batla gore a obamele Kgosi Dario go na le Jehofa, o ne a gana. Ka ntlha ya seo o ne a latlhelwa kwa ditaung, mme Jehofa o ne a mo namola. (Daniele 6:4-24) Gone ke boammaaruri, seno se diragetse mo metlheng ya pele ga Bokeresete. Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, batlhanka ba Modimo ba ne ba nna “mo molaong wa ga Keresete.” Dilo di le dintsi tse di neng di letlelelwa mo tsamaisong ya Sejuta di ne di tla lejwa ka tsela e sele, go ikaegile ka tsela e Jehofa jaanong a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone.—1 Bakorinthe 9:21; Mathaio 5:31, 32; 19:3-9.
Boikutlo Jwa ga Jesu ka Puso
8. Ke tiragalo efe e e bontshang gore Jesu o ne a iketleeditse go tila go inaakanya le bopolotiki?
8 Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao ka go sala morago melaometheo e e kwa godimo thata, a ba a gana go tsenela ka gope mo dikgannyeng tsa bopolotiki kana tsa bosole. Fa Jesu a sena go naya dikete di le mmalwa tsa batho dilofo di sekae tsa borotho le ditlhapi tse dinnye di le pedi ka kgakgamatso, banna ba Bajuta ba ne ba batla go mo gapa le go mo dira kgosi ya bopolotiki. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a ba tila ka go ngongwaela kwa dithabeng ka bonako. (Johane 6:5-15) The New International Commentary on the New Testament e bolela jaana ka tiragalo eno: “Bajuta ba motlha oo ba ne ba eletsa fela thata gore ba nne setšhaba, mme kwantle ga pelaelo batho ba le bantsi ba ba neng ba bona kgakgamatso eo ba ne ba akanya gore yono e ne e le moeteledipele yo o rometsweng ke Modimo, yo e neng e le ene tota a ka ba etelelang pele gore ba lwantshe Baroma. Ka jalo ba ne ba iketleeletsa go mo dira kgosi.” E oketsa ka go re Jesu o ne a “gana a sa okaoke” fa ba ne ba mo kopa go nna moeteledipele wa bopolotiki. Keresete ga a ka a tshegetsa ka gope fa Bajuta ba re ba tsogologela taolo ya Baroma. E bile tota o ne a bolelela pele gore diphelelo e ne e tla nna dife fa ba tsuologa morago ga loso lwa gagwe—matlhotlhapelo a a iseng a ko a nne teng mo baaging ba Jerusalema le go senngwa ga motse oo.—Luke 21:20-24.
9. (a) Jesu o ne a tlhalosa jang tsela e Bogosi jwa gagwe le lefatshe leno di dirisanang ka yone? (b) Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe kaelo efe malebana le tsela e ba dirisanang ka yone le bogoromente ba lefatshe?
9 Nakwana fela pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a raya moemedi yo o kgethegileng wa ga mmusimogolo wa Roma kwa Jutea a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.” (Johane 18:36) Barutwa ba ga Keresete ba latela sekao sa gagwe, go fitlha Bogosi jwa gagwe bo fedisa puso ya bogoromente ba bopolotiki. Ba utlwa babusi bao ba ba tlhomilweng, mme ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa bone tsa bopolotiki. (Daniele 2:44; Mathaio 4:8-10) Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe dikaelo, a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Pelenyana, Jesu o ne a boletse jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi.” (Mathaio 5:41) Mo therong eno, Jesu o ne a tshwantsha molaomotheo wa go iketleeletsa go utlwa ditaelo tse di tlhokegang, e ka tswa e le mo ditirisanong le batho kana mo dilong tse di batliwang ke puso tse di dumalanang le molao wa Modimo.—Luke 6:27-31; Johane 17:14, 15.
Bakeresete le Kaesare
10. Go ya ka mokwalahisitori mongwe, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshegetsa boemo bofe ba laolwa ke segakolodi malebana le Kaesare?
10 Dikaelo tseno tse dikhutshwane di ne di tla laola tsela e Bakeresete ba neng ba tla dirisana le Puso ka yone. Mokwalahisitori E. W. Barnes o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Rise of Christianity: “Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, nako le nako fa Mokeresete a ne a sa tlhomamise gore o tshwanetse a direla Puso eng, o ne a dirisa thuto ya ga Keresete e go utlwiwang ka yone. O ne a tla duela makgetho: gongwe go batliwa makgetho a a kwa godimo—a ne a setse a le kwa godimo mo go feteletseng pele Mmusomogolo wa Bophirima o wa—mme Mokeresete o ne a a duela fela. Le gone o ne a dumela go dira dilo tse dingwe tsotlhe tse di batliwang ke Puso, fa fela a ne a sa kopiwe gore a ntshetse Kaesare dilo tsa Modimo.”
11. Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba dirisane jang le babusi ba lefatshe?
11 Go dumalana le seno, dingwaga di feta 20 go se kae morago ga loso lwa ga Keresete, moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba kwa Roma a re: “A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Mo e ka nnang dingwaga di le lesome morago ga foo, fela fa a sena go tsenngwa mo kgolegelong la bobedi a bo a atlholwa kwa Roma, Paulo o ne a kwalela Tito jaana: “O ba gakolole [Bakeresete ba kwa Kereta] gore ba ineele mo balaoding, le gore ba nne kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo; ba se ka ba bua bosula ka ga motho ope, ba se nne dikgangkgang, ba nne bonolo, ba le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe.”—Tito 3:1, 2.
Go Tlhaloganya Kaga “Babusi ba Bagolo” go ya Pele
12. (a) Charles Taze Russell o ne a leba boemo jo bo tshwanetseng jwa Mokeresete e le bofe malebana le babusi ba bogoromente? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba nna le megopolo efe e e sa tshwaneng malebana le go direla mo bosoleng ka Ntwa ya Lefatshe I?
12 Bogologolo ka 1886, Charles Taze Russell o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Plan of the Ages: “Jesu le fa e le Baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba ke ba kgoreletse babusi ba lefatshe ka tsela epe. . . . Ba ne ba ruta Kereke gore e utlwe melao, le go tlotla ba ba nang le thata ka ntlha ya maemo a bone, . . . go duela makgetho a ba a beetsweng, le gore ba se ka ba ganetsana le molao o o tlhomilweng (Bar. 13:1-7; Math. 22:21) kwantle ga fa o ganetsana le melao ya Modimo. (Dit. 4:19; 5:29) Jesu le Baaposetoloi le kereke ya bogologolo botlhe ba ne ba utlwa molao, lefa ba ne ba kgaogane le bogoromente ba lefatshe leno e bile ba sena seabe mo go bone.” Buka eno ka tshwanelo e ne ya bontsha fa “maatla a a kwa godimo,” kana “babusi ba bagolo,” ba ba umakilweng ke moaposetoloi Paulo, e le babusi ba bogoromente ba batho. (Baroma 13:1, King James Version) Ka 1904, buka ya The New Creation e ne ya bolela gore Bakeresete ba boammaaruri “ba tshwanetse go nna bangwe ba batho ba ba utlwang molao go feta botlhe ba motlha ono—ba sa tsose mekubukubu, ba sa rate dikomang, ba sa tshwayetshwaye diphoso.” Bangwe ba ne ba tlhaloganya fa seno se kaya gore ba tshwanetse ba ineela gotlhelele mo mebusong e e tshwereng marapo, go akaretsa le go dumela go direla mo sesoleng ka Ntwa ya Lefatshe I. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba tsaya gore go dira jalo ga go dumalane le mafoko a ga Jesu: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tlaa nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Go bonala sentle gore ba ne ba tlhoka go tlhaloganya botoka kgang ya go ineela ga Bakeresete mo babusing ba bagolo.
13. Ka 1929 tsela e go neng go tlhaloganngwa ka yone gore babusi ba bagolo ke bomang e ne ya fetoga jang, mme seno se ne sa nna mosola jang?
13 Ka 1929, ka nako ya fa melao ya bogoromente ba ba farologaneng e ne e simolola go kganela dilo tse Modimo o di batlang kana e batla dilo tse di kganelwang ke melao ya Modimo, ba ne ba dumela gore babusi ba bagolo e tshwanetse ya bo e le Jehofa Modimo le Jesu Keresete.b Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tlhaloganya jalo ka nako e e masisi pele ga Ntwa ya Lefatshe II le fa e ntse e tsweletse le ka nako ya Ntwa ya Molomo, fa go ne go tshelwa mo poifong e bile go nna go ipaakanyeditswe ntwa. Fa re leba kwa morago, re bona sentle gore tsela eno e ba neng ba leba dilo ka yone, jaaka e ne e goletsa bogolo jwa ga Jehofa le Keresete wa gagwe, e ne ya thusa batho ba Modimo gore ba nne ba bolokile boitlhaodi ba sa ineele mo motlheng ono o o bokete.
Go Ineela ka Tsela e e Lekanyeditsweng
14. Baroma 13:1, 2 le dikwalo tse di amanang le yone di ne tsa tlhalosiwa botoka jang ka 1962?
14 Thanolo ya New World Translation of the Holy Scriptures e ne ya wediwa ka 1961. Fa e ntse e dirwa go ne ga tlhokega gore mafoko a a dirisitsweng mo Dikwalong a ithutiwe ka botlalo. Thanolo e e tshwanetseng ya mafoko a a dirisitsweng e seng mo go Baroma kgaolo 13 fela mme gape le mo ditemaneng tse di jaaka Tito 3:1, 2 le 1 Petere 2:13, 17 e ne ya dira gore go bonale sentle gore lefoko “babusi ba bagolo” le ne le sa kaye Mmusi yo Mogolo e bong Jehofa le Morwawe Jesu, mme le ne le kaya babusi ba bogoromente ba batho. Kwa bofelong jwa 1962, go ne ga gatisiwa ditlhogo dingwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo tse di neng di tlhalosa Baroma kgaolo 13 ka tsela e e tshwanetseng ya ba ya ntsha tlhaloso e e phepafetseng go na le e e neng e dumelwa mo metlheng ya ga C. T. Russell. Ditlhogo tseno di ne tsa bontsha gore Bakeresete ba ka se ka ba ikobela babusi ka tsela e e feletseng. E tshwanetse ya nna ka tsela e e lekanyeditsweng, gore e seka ya thulanya batlhanka ba Modimo le melao ya Modimo. Ditlhogo tse dingwe tsa Tora ya Tebelo di ile tsa gatelela ntlha eno ya botlhokwa.c
15, 16. (a) Tsela e ntšha ya go tlhaloganya Baroma kgaolo 13 e ne ya dira gore go lejwe dilo ka tsela e e utlwalang botoka jang? (b) Ke dipotso dife tse di santseng di tshwanetse go arabiwa?
15 Kgang eno e e thusang go tlhaloganya Baroma kgaolo 13 ka tsela e e tshwanetseng e dirile gore batho ba ga Jehofa ba kgone go neela babusi ba bopolotiki tlotlo e e ba tshwanetseng mme ba ntse ba tshegeditse melaometheo ya botlhokwa ya Dikwalo ba sa okaoke. (Pesalema 97:11; Jeremia 3:15) E dirile gore ba kgone go leba ka tsela e e tshwanetseng tirisano ya bone le Modimo le kafa ba dirisanang ka gone le Puso. E tlhomamisitse gore lefa ba ntshetsa Kaesare dilo tsa ga Kaesare, ga ba lebale go ntshetsa Modimo dilo tsa Modimo.
16 Mme gone dilo tsa ga Kaesare tota ke eng? Puso e ka batla gore Mokeresete a dire dilo dife tse di kafa molaong? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Pesalema 103:22, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
b Tora ya Tebelo, June 1 le 15, 1929 (ya Seesemane).
c Bona Tora ya Tebelo, January 1, February 1 le March 1, 1964; November 1, 1990; February 1, 1993; July 1, 1994.
Se se kgatlhang ke gore fa Porofesa F. F. Bruce a akgela ka Baroma kgaolo 13, o kwala jaana: “Go bonala sentle mo kgaolong eno, fela jaaka mo mekwalong e mengwe ka kakaretso ya baaposetoloi, gore ka tshwanelo puso e ka batla go utlwiwa fa fela e le ka boikaelelo jo Modimo o e tlhometseng jone—e bile tota, ga se fela gore puso e ka ganediwa mme e tshwanetse go ganediwa fa e batla go utlwiwa mo dilong tse di tshwanetseng Modimo fela.”
A o ka Tlhalosa?
◻ Ke eng fa go ikobela babusi ba bagolo go sa kaye go ikobela Satane?
◻ Jesu o ne a ikutlwa jang ka bopolotiki mo motlheng wa gagwe?
◻ Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jang malebana le go dirisana le Kaesare?
◻ Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba tshwanetse ba dirisana jang le babusi ba ditšhaba?
◻ Tsela e go tlhaloganngwang ka yone gore babusi ba bagolo ke bomang e ile ya fetoga jang fa dingwaga di ntse di feta?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fa Satane a ne a leka go fa Jesu maatla a bopolotiki, o ne a a gana
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Russell o ne a kwala gore Bakeresete “ba tshwanetse go nna bangwe ba batho ba ba utlwang molao go feta botlhe ba motlha ono”