Tsela E Mokeresete A Lebang Taolo ka Yone
“Ga go na mmushō [taolo, NW] opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ.”—BAROMA 13:1.
1. Ke eng fa go ka twe Jehofa ke Molaodi yo o Fetang Botlhe?
MOTHO yo Mogolo go Feta Botlhe yo o dirileng gore popo yotlhe e nne gone, ya dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng, ke Jehofa Modimo. Ga go na yo o ka latolang gore ke ene a nang le Taolo e e di Fetang Tsotlhe. Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwa fela jaaka dibopiwa tsa legodimo tse di reng: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.”—Tshenolō 4:11.
2. Re ka bolela jang gore babusi ba bogologolo ba batho ka tsela nngwe ba ne ba dumela gore ba ne ba sena tshwanelo epe ya kafa tlholegong gore ba ka okamela batho ba bangwe, mme ke eng se Jesu a neng a se bolelela Ponto Pilatwe?
2 Lone lebaka la go bo bontsi jwa babusi ba batho ba bogologolo ba ne ba leka go dira gore taolo ya bone e tshwanele kafa molaong ka go ipolela gore ke medimo kana gore ba ne ba emetse modimo mongwe e ne e le go dumela mme ba sa bue jalo gore ka tlholego fela ga go na motho ope yo o filweng tshwanelo ya go busa batho ba bangwe.a (Yeremia 10:23) Motho fela yo o nang le tshwanelego ya kafa molaong ya go laola ke Jehofa Modimo. Keresete o ne a raya Ponto Pilatwe, mmusi wa Roma mo Judea a re: “U ka bo u sena thata [taolo] epè mo go nna, ha u nu u sa e nèwa e cwa kwa godimo.”—Yohane 19:11.
“Ga Go Na Mmushō [taolo] Opè Ha E Se O O Cwañ mo Modimoñ”
3. Ke eng se moaposetoloi Paulo a neng a se bolela kaga “babusi ba bagolo,” mme ke dipotso dife tse mafoko a ga Jesu le Paulo a neng a di tsosa?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba laolwa ke Mmusomogolo wa Roma a re: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō [taolo] opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ; me babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo.” (Baroma 13:1) Jesu o ne a raya go reng fa a ne a re taolo ya ga Pilatwe e ne “e cwa kwa godimo”? Mme e bile Paulo o ne a raya ka tsela efe fa a ne a re babusi ba sepolotiki ba mo motlheng wa gagwe ba ne ba beilwe ke Modimo mo maemong a bone? A ba ne ba raya gore Jehofa ka boene ke ene yo o tlhophelang mmusi mongwe le mongwe wa sepolotiki wa lefatshe leno maemo a gagwe?
4. Jesu le Paulo ba ne ba bitsa Satane ba re ke eng, mme ke eng se Satane a neng a re o na naso se Jesu a neng a se ka a se ganetsa?
4 Seno se ne se ka nna jalo jang, e re ka Jesu a ne a bitsa Satane a re ke “kgōsana ea lehatshe yeno,” mme moaposetoloi Paulo a mmitsa “modimo oa lehatshe yeno”? (Yohane 12:31; 16:11; 2 Bakorintha 4:4) Mme gape, fa Satane a ne a raela Jesu, o ne a mo solofetsa “taolo,” mo ‘magosing otlhe a lefatshe,’ a bolela gore o neetswe taolo eno yotlhe. Jesu o ne a gana ditsholofetso tsa gagwe, mme legale o ne a se ka a ganela gore Satane o ne a ka kgona go aba taolo e e ntseng jalo.—Luke 4:5-8.
5. (a) Mafoko a ga Jesu le Paulo kaga batho ba ba busang re ka a utlwisisa ka tsela efe? (b) Babusi ba bagolo “ba beilwe ke Modimo” ka tsela efe?
5 Jehofa o ne a tlogela Satane go busa lefatshe leno ka go mo tlogela a ntse a tshela morago ga a sena go tsuologa le morago ga a sena go raela Adame le Efa le go dira gore ba tsuologele bolaodi jwa Gagwe. (Genesise 3:1-6; bapisa Ekesodo 9:15, 16.) Jalo he, mafoko a ga Jesu le a ga Paulo a tshwanetse a bo a raya gore morago ga gore batho ba ntlha ba babedi mo Edena ba gane puso ya Modimo, Jehofa o ne a dumelela batho ba diganana gore ba itlhomele ditsela tsa go busa tse di neng di tla dira gore batho ba tshele ka thulaganyo e e siameng mo setšhabeng. Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ile a dira gore babusi bangwe kana mebuso e we gore a tle a diragatse boikaelelo bongwe jwa gagwe. (Daniele 2:19-21) Bangwe o ile a ba tlogela ba ntse ba busa. Babusi ba Jehofa a ba tlogetseng fela ba le gone, go ka twe ‘ba beilwe ke Modimo mo maemong a bone.’
Bakeresete ba Bogologolo le Babusi ba Roma
6. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leba babusi ba Roma ka tsela efe, mme ka ntlha yang?
6 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba se ka ba thusanya le makoko a Bajuda a a neng a ipopa segongwana gore ba lwantshe Baroma ba ba neng ba busa Iseraele ka kgatelelo. Ka tsamaiso ya melao ya bone e e kwadilweng, babusi ba Roma ba ne ba kgona go boloka taolo mo lefatsheng le mo lewatleng; ba gaba mesele e le mentsi ya metsi, ba aga ditsela, le marogo; mme ka tsela eno ba direla mongwe le mongwe molemo, ka jalo Bakeresete ba ne ba ba tsaya jaaka ‘modihedi wa Modimo [kana, “motlhanka,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] gore ba tle ba bone molemo.’ (Baroma 13:3, 4) Molao o o neng o le gone le thulaganyo di ne di dira gore go nne le seemo se se tla thusang Bakeresete gore ba rere mafoko a a molemo gongwe le gongwe, fela jaaka Jesu a ne a laotse. (Mathaio 28:19, 20) Ba ne ba ka kgona go duela makgetho a ba neng ba a ntshisiwa ke Baroma ka digakolodi tse di siameng, le mororo mangwe a madi a ka ne a ile a dirisiwa mo dilong tse di neng di sa ratwe ke Modimo.—Baroma 13:5-7.
7, 8. (a) Ke eng se motho a se lemogang fa a bala Baroma 13:1-7 ka kelotlhoko, mme ke eng se ditemana tse di gaufi le tseo di se bontshang? (b) Babusi ba Roma ba ne ba se ka ba direla jaaka “modihedi oa Modimo” tlase ga maemo afe, mme mo kgannyeng eno, ke boikutlo bofe jo Bakeresete ba bogologolo ba neng ba nna le jone?
7 Fa motho a bala ka kelotlhoko ditemana tsa ntlha tse supa tsa Baroma kgaolo 13 o kgona go bona gore “babusi ba bagolo” e ne e le “modihedi oa Modimo” yo o neng a galaletsa ba ba dirang molemo le go otlhaya ba ba dirang se se bosula. Ditemana tse di gaufi le tseo di bontsha gore ke Modimo, mme e seng babusi ba bagolo, yo o kayang gore ke eng se se molemo le se se bosula. Ka jalo, fa e le gore mmusimogolo wa Roma kana mmusi ope yo mongwe fela wa sepolotiki o ne a ka batla dilo tse Modimo a di iletsang, kana, fa a ne a ka kganela dilo tse di batlwang ke Modimo, o ne a tla bo a sa tlhole a dira jaaka modihedi wa Modimo. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Fa Puso ya Naga ya Roma e ne e ka batla dilo tse e leng tsa Modimo, jaaka kobamelo kana botshelo jwa motho, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba latela kgakololo eno ya baaposetoloi: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
8 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlelwa ke pogiso ka ntlha ya go bo ba ne ba gana go obamela mmusimogolo le go obamela medimo ya disetwa, ba gana go emisa dipokano tsa bone tsa Bokeresete, le go rera mafoko a a molemo. Batho ka bontsi ba dumela gore moaposetoloi Paulo o ne a bolawa ka taolo ya ga Mmusimogolo Nero. Babusibagolo ba bangwe, segolobogolo Domitian, Marcus Aurelius, Septimius Severus, Decius le Diocletian, le bone ba ne ba bogisa Bakeresete ba bogologolo. Fa babusibagolo bano le bathusi ba bone ba ne ba bogisa Bakeresete ba bogologolo, tota ruri ba ne ba sa direle jaaka “modihedi oa Modimo.”
9. (a) Ke eng se se nnang se ntse se le boammaaruri kaga babusi ba bagolo ba sepolotiki, mme sebatana sa bopolotiki se amogela nonofo ya sone le maatla mo go mang? (b) Ke eng se ka tsela e e utlwalang se ka bolelwang malebana le go ikobela ga Bakeresete babusi ba bagolo?
9 Dilo tseno tsotlhe di re bontsha gore le mororo babusi ba bagolo ba sepolotiki mo dilong tse dingwe ba direla jaaka “thulaganyo ya Modimo,” (NW) gore go tle go nne tidimalo mo setšhabeng, ba nna ba ntse ba le karolo ya tsamaiso ya selefatshe ya dilo eo Satane e leng modimo wa yone. (1 Yohane 5:19) Ke bontlhanngwe jwa tsamaiso ya lefatshe ka bophara ya sepolotiki e e tshwantshediwang ke “sebatana” sa Tshenolō 13:1, 2. Sebatana seo se tsaya nonofo le taolo ya sone go tswa go “kgogèla e kgolo,” Satane Diabolo. (Tshenolō 12:9) Jalo he, ka mo go utlwalang, Bakeresete ba ineela mo babusing bao go ya ka seemo mme eseng ka mo go feletseng.—Bapisa Daniele 3:16-18.
Go Tlotla Taolo ka Tsela E E Tshwanetseng
10, 11. (a) Paulo o ne a bontsha jang gore re tshwanetse go tlotla batho ba ba nang le taolo? (b) Go ka rapelelwa jang mme e bile ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga rapelelwa “dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo”?
10 Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo jwa lenyatso le le feteletseng mo babusing ba bagolo ba sepolotiki. Ke boammaaruri gore bontsi jwa batho bano ga se ba go ka tweng ba tshwanelwa ke tlotlo ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone ka namana, kana mo ditirong tsa bone tsa setšhaba. Lefa go ntse jalo, baaposetoloi, ba ne ba bontsha ka sekao sa bone le ka kgakololo ya bone gore batho ba ba nang le thata ba tshwanetse go newa tlotlo. Fa Paulo a ne a le fa pele ga Kgosi Herode Ageripa II, yo o neng a tshela le kgaitsadie jaaka mosadi wa gagwe, o ne a bua le ene ka tsela ya go mo tlotla.—Ditihō 26:2, 3, 25.
11 Paulo o ne a bo a tlhalosa gore go bile go tshwanetse go umaka babusi ba lefatshe mo dithapelong tsa rona, segolo bogolo fa e le gore ba tshwanetse go dira ditshwetso dingwe tse di amang matshelo a rona le ditiro tsa rona tsa Bokeresete. O ne a kwala jaana: “Ke gōna, sa ntlha, ke laea go re, a mekokotlèlō, le merapèlō le merapèlèlō, le malebogō, a dihèlwè batho botlhe; A a dihèlwè dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo; gore re kè re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō. Go mo go molemō, go bile goa lebosèga mo matlhoñ a Modimo Moreboloki; O o ratañ gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:1-4) Boikutlo jwa rona jwa go tlotla babusi ba ba ntseng jalo bo ka nna jwa dira gore ba re letlelele go tswelela ka tiro ya rona ya go leka go boloka “batho botlhe” re gololesegile ka selekanyo se se oketsegileng.
12, 13. (a) Ke kgakololo efe e e lekalekaneng e Petere a neng a e neela malebana le ba ba nang le taolo? (b) Re ka lwantsha jang “botlhōka go itse yoa ba ba dieleele” ba ba tsosang letlhoo kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa?
12 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo ineèlè mo taoleloñ ñwe le ñwe ea motho ka ntlha ea Morèna: leha e le mo kgosiñ, ka e le tlhōgō; leha e le mo balaodisiweñ, ka ba romilwe ke eōna go tla ba lehetsa badiha boshula, le go baka ba ba dihañ sentlè. Gonne go rata ga Modimo go nntse yalo, gore lo tlè lo didimatsè botlhōka go itse yoa ba ba dieleele ka go diha sentlè ga lona: Lo nnè yaka ba ba gololesegileñ, me kgololesègō ea lona lo se e ntshe kobō ea go bipa boikèpō, me lo nnè yaka batlhanka ba Modimo. Tlotlañ batho botlhe. Ratañ bokauleñwe. Boihañ Modimo. Tlotlañ kgosi.” (1 Petere 2:13-17) A bo seo e le kgakololo e e lekalekanyeng jang ne! Re tshwanetse go ikobela Modimo gotlhelele jaaka batlhanka ba gagwe, mme re ikobela le go tlotla ka selekanyo se se tshwanetseng babusi ba sepolotiki ba ba rometsweng go otlhaya badirabosula.
13 Go ile ga fitlhelwa gore babusi ba le bantsi ba lefatshe ga ba tlhaloganye le eseng gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ntseng jang. Seno se dirilwe ke gore ba ile ba bolelelwa dilo tse di senang boammaaruri ke baba ba batho ba Modimo. Gongwe e ka tswa e le gore dilo tsotlhe tse ba di utlwaletseng ka rona ke tse ba di boleletsweng ke kgaso ya dikgang, e e sa bueng dilo fela jaaka di ntse mo dipegong tsa yone ka metlha. Ka dinako tse dingwe re ka fedisa letlhoo leno ka go nna le boikutlo jwa tlotlo mme, fa go kgonega, re fa babusi tlhaloso e e boammaaruri kaga tiro ya Basupi ba ga Jehofa le dilo tse ba di dumelang. Boramaemo ba ba tshwaregileng bone ba ka newa boroutšhara jo go tweng Jehovah’s Witnesses in the Twentieth Century jo bo ka kgonang go ba tlhalosetsa ka botlalo. Gore ba bone tshedimosetso e e oketsegileng, ba ka newa buka e go tweng Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, sedirisiwa se se molemo se se ka bewang mo dilaeboraring tsa mo motseng le tsa mo setšhabeng sotlhe.
Taolo mo Magaeng a Bakeresete
14, 15. (a) Taolo e theilwe mo go eng mo ntlong ya Bakeresete? (b) Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe tebang le banna ba bone, mme ka ntlha yang?
14 Go phepafetse gore fa e le gore Modimo o tlhoka gore Bakeresete ba tlotle babusi ba lefatshe, ba tshwanetse gape ba tlotla thulaganyo ya taolo e Modimo a e tlhomileng mo teng ga magae a Bakeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ka mafoko a a papametseng molaomotheo wa botlhogo o o dirang mo bathong ba ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “Ke rata gore lo itse ha tlhōgō ea monna moñwe le moñwe e le Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Ono ke molaomotheo wa puso ya Modimo. O akaretsa eng?
15 Go tlotla puso ya Modimo go simologa mo legaeng. Mosadi wa Mokeresete yo o sa tlotleng taolo ya monna wa gagwe ka tshwanelo—e ka tswa e le modumedikaene kana nnyaa—ga a utlwe puso ya Modimo. Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo ineèlane mo poihoñ ea ga Keresete. Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi. Me yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete, a basadi le bōnè ba nnè yalo mo banneñ ba bōnè mo diloñ cotlhe.” (Baefesia 5:21-24) Fela jaaka banna ba Bakeresete ba tshwanetse go ineela mo botlhogong jwa ga Keresete, basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go lemoga kafa go leng mosola ka teng gore ba ineele mo taolong ya banna ba bone e ba e neilweng ke Modimo. Seno se tla dira gore ba kgotsofale tota mo maikutlong a bone, mme sa botlhokwa le go feta, ba tla segofadiwa ke Jehofa.
16, 17. (a) Bana ba ba godisediwang mo malapeng a Bakeresete ba ka itshupa jang gore ba farologane le basha ba le bantsi gompieno, mme ba rotloediwa ke tsholofelo ya eng? (b) Jesu o ne a le sekao se se molemo jang mo bathong ba basha gompieno, mme ke eng se ba kgothalediwang go se dira?
16 Bana ba ba utlwang puso ya Modimo ba itumelela go tlotla batsadi ba bone. Go ne ga bolelelwa pele gore mo metlheng ya bofelo, thaka e tshesane e tla nna ya batho “ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè.” (2 Timotheo 3:1, 2) Mme Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le raya bana ba Bakeresete le re: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:20) Fa bana ba tlotla taolo ya batsadi ba bone, seo se itumedisa Jehofa mme o a ba segofatsa.
17 Seno re se bona sentle mo kgannyeng ya ga Jesu. Pego ya ga Luke e tlhalosa jaana: “A hologa nabō [batsadi ba gagwe], a hitlha mo Nasaretha, me a nna a ba utlwa: . . . Me Yesu a cwèlèla mo botlhaleñ le mo go goleñ, le mo go ratweñ ke Modimo le batho.” (Luke 2:51, 52) Jesu o ne a le dingwaga tse 12 ka nako eo, mme lediri la Segerika le le dirisitsweng fano le gatelela gore o ne ‘a nna a utlwa’ batsadi ba gagwe. Jalo he, kutlo ya gagwe e ne ya se ka ya felela fela fa a sena go fitlha mo dingwageng tsa bolesome. Fa lona babotlana lo batla go gatela pele semoyeng lo ntse lo amogelwa ke Jehofa le batho ba ba boifang Modimo, lo tla bontsha gore lo tlotla taolo mo teng le ka kwantle ga magae a lona.
Taolo mo Teng ga Phuthego
18. Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete ke mang, mme o file mang taolo?
18 Fa a ne a kwala kafa thulaganyo e tlhokegang ka teng mo teng ga phuthego ya Bokeresete, Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla. . . . A dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō [kana, “go ya kafa thulaganyong,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW].” (1 Bakorintha 14:33, 40) Gore dilo tsotlhe di tsamaye sentle ka thulaganyo, Keresete, e leng Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o file banna ba ba ikanyegang taolo. Re bala jaana: “A neèla bañwe gore ba nnè baaposetoloi; le ba bañwe gore ba nnè baperofeti; le ba bañwe barèri ba Mahoko a a Molemō; le ba bañwe badisa ba phuthègō, le baruti: Gore baitshepi ba itekanèdiwè, le gore ba dihè tihō ea tihèlō ea phuthègō . . . Me ka go bua boamarure mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete.”—Baefesia 4:11, 12, 15.
19. (a) Ke mang yo Keresete a mo tlhophileng go tlhokomela dilo tsotlhe tsa gagwe tse di mo lefatsheng, mme ke mang yo a mo neetseng taolo e e kgethegileng? (b) Ke bafe ba ba filweng taolo mo phuthegong ya Bokeresete, mme seno se tlhoka gore rona ka namana re dire eng?
19 Mo motlheng ono wa bofelo, Keresete o ile a tlhopha “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo o leng setlhopha gore a tlhokomele “dilō cotlhe tse o nañ nacō,” kana dilo tse di amanang le Bogosi tse di mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, motlhanka yono o emetswe ke setlhopha se se laolang sa banna ba ba tloditsweng ba Bakeresete ba Keresete a ba fileng taolo ya go dira ditshwetso le go tlhopha balebedi ba bangwe. (Ditihō 6:2, 3; 15:2) Setlhopha Se Se Laolang sone se naya Dikomiti tsa Makala taolo, balebedi ba kgaolo le ba potologo, le bagolwane ba ba mo phuthegong nngwe le nngwe ya tse 73 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe lotlhe. Re tshwanetse go tshegetsa le go tlotla banna bano botlhe ba ba ineetseng ba Bakeresete.—1 Timotheo 5:17.
20. Ke sekai sefe se se bontshang gore Jehofa ga a itumelele batho ba ba sa tlotleng Bakeresetekabone ba ba filweng taolo?
20 Re ka nna ra bapisa tsela e re tlotlang ba ba nang le taolo mo teng ga phuthego ya Bokeresete ka yone le e re tshwanetseng go e bontsha babusi ba lefatshe. Fa motho a tlola molao mongwe wa batho o o amogelwang ke Modimo, tota kotlhao e e diragadiwang ke “balaodi” e a bo e le tsela e nngwe gape e Modimo a goromeletsang ‘bogale jwa gagwe mo go mongwe yo o dirang bosula.’ (Baroma 13:3, 4) Fa e le gore Jehofa o gakadiwa ke go bona motho a tlola molao wa batho le go sa tlotle babusi ba lefatshe ka tshwanelo, a bo a sa itumele gotlhelele jang ne fa a bona Mokeresete yo o ineetseng a nyatsa melaometheo ya Bibela le go sa tlotle Bakeresetekaene ba ba tshwereng taolo!
21. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e re tla itumelelang go e utlwa, mme ke eng se go tla tlotliwang ka sone mo setlhogong se se latelang?
21 Go na le gore re gakatse Modimo ka go nna le boikutlo jwa botsuolodi le boitaolo, re tla reetsa kgakololo ya ga Paulo ya Bakeresete ba Bafilipi e e reng: “Yalo, barutwa ba me, hèla yaka lo nntse lo utlwa galè, e señ kwa ke leñ gōna go le gosi, me bogolo thata gompiyeno ke seeō, lo itiheleñ polokō ka losi, ka poihō le ka thoromō; gonne Modimo ko ōna o o dihañ mo go lona go ikaèlèla le go diha, e le go re, o diha go kgatlhèga ga ōna. Dihañ dilō cotlhe ka mo go senañ diñōñōrègō le dikgañ; gore lo nnè ba ba senañ molato, le ba ba bokgwabo, lo le bana ba Modimo ba ba senañ bogōlè mo gare ga losika lo lo kgōpō le logwadi, ba lo bōnalañ mo go bōnè yaka masedi mo lehatshiñ.” (Bafilipi 2:12-15) Ka go sa tshwane le losika lo lo sokameng lo lo tlisitseng masetlapelo mo taolong, batho ba ga Jehofa ba iketleeleditse go ikobela taolo. Jalo he, ba bona melemo e le mentsi, jaaka fa re tla bona mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se tlang pele ga seno.
Fa Re Boeletsa
◻ Molaodi yo Mogolo go Feta Botlhe ke mang, mme ke ka ntlha yang fa taolo ya gagwe e le e e tshwanelegang kafa molaong?
◻ Babusi ba bagolo “ba beilwe ke Modimo” ka kutlwisiso efe?
◻ Babusi ba bagolo ba khutla go nna “modihedi oa Modimo” fa go diragala eng?
◻ Mo malapeng a Bakeresete go na le thulaganyo efe ya taolo?
◻ Go na le thulaganyo efe ya taolo mo phuthegong ya Bokeresete
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare”