Kgaolo 14
O Tshwanetse Go Ikobela Taolo Ya Ga Mang?
1, 2. A mefuta yotlhe ya taolo e utlwisa botlhoko? Tlhalosa.
“TAOLO” ke lefoko le le sa ratiweng ke batho ba bantsi. Re kgona go tlhaloganya seno, ka go bo gantsi batho ba a gatelela fa ba laola—kwa tirong, mo lelapeng le mo pusong. Baebele e bua sentle fa e re: “Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9, NW) Ee, ba le bantsi ba ile ba busa ba bangwe ba ba gatelela e bile ba sa amege gope ka bone.
2 Mme gone, ga se gore taolo nngwe le nngwe ke e e utlwisang botlhoko. Ka sekai, go ka nna ga twe mmele wa rona o a re laola. O re “laela” gore re heme, re je, re nwe re bo re robale. A o a re gatelela? Nnyaa. Re solegelwa molemo fa re dira kafa o batlang ka teng. Le mororo re dira dilo tse mmele wa rona o di tlhokang re sa patelediwe, go na le mefuta mengwe ya taolo e e batlang gore re ineele ka go rata. Akanyetsa dikai dingwe ke tseno.
MOLAODI YO MOGOLO GO GAISA BOTLHE
3.Ke eng fa go tshwanetse go bo Jehofa a bidiwa “Morena Molaodi”?
3 Jehofa o bidiwa “Morena Molaodi” ka makgetlho a a fetang 300 mo Baebeleng. Molaodi ke motho yo o nang le taolo e kgolo go gaisa botlhe. Ke eng se se dirang gore Jehofa a tshwanelwe ke maemo ano? Tshenolo 4:11 e araba jaana: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
4. Jehofa o itlhophetse go laola ka tsela efe?
4 Jehofa o na le tshwanelo ya go re laola jaaka a batla gonne ke Mmopi wa rona. Seno se ka nna sa lebega se boifisa, segolobogolo fa re akanya gore Modimo o na le ‘nonofo e kgolo.’ O bidiwa “Modimo Mothatayotlhe”—lefoko le ka Sehebera le kayang gore o na le maatla a magolo fela thata. (Isaia 40:26; Genesise 17:1) Lefa go ntse jalo, Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e molemo, ka go bo nonofo ya gagwe e kgolo ke lorato.—1 Johane 4:16.
5. Ke eng fa go se bokete go ineela mo taolong ya ga Jehofa?
5 Le mororo Jehofa a ne a tlhagisa gore o tlile go itaya batho ba ba dirang diphoso ba sa di ikwatlhaele, Moshe o ne a mo itse thata e le “Modimo, Modimo o o boikanngo, o o tlhomamisang kgolagano ya one le boutlwelobotlhoko jwa one, mo go bone ba ba o ratang, le ba ba tshegetsang ditaolo tsa one.” (Duteronome 7:9) Akanya fela ka seo! Molaodi yo Mogolo wa lobopo ga a re pateletse gore re mo direle. Go na le moo, re mo atamela ka ntlha ya go bo a le lorato. (Baroma 2:4; 5:8) Go itumedisa tota go ineela mo taolong ya ga Jehofa ka go bo melao ya gagwe e re solegela molemo ka metlha.—Pesalema 19:7, 8.
6. Kgang ya bolaodi e ne ya tsoga jang kwa tshimong ya Edene, mme go ne ga felela ka eng?
6 Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba gana go laolwa ke Modimo. Ba ne ba batla go itirela ditshwetso tsa gore se se molemo le se se bosula ke sefe. (Genesise 3:4-6) Go ne ga felela ka gore ba kobiwe mo legaeng la Paradaise. Morago ga foo, Jehofa o ne a letla batho gore ba tlhome ditsamaiso tsa taolo tse di neng di tla dira gore go nne le tikologo e e nang le thulaganyo le mororo e sa itekanela. Mefuta e mengwe ya taolo eno ke efe, e bile Modimo o lebeletse gore re e ikobele ka selekanyo se se kana kang?
“BABUSI BA BAGOLO”
7. “Babusi ba bagolo” ke bomang, mme maemo a bone a ntse jang fa a bapisiwa le taolo ya Modimo?
7 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong.” “Babusi ba bagolo” bano ke bomang? Mafoko a ga Paulo a a mo ditemaneng tse di latelang a bontsha gore ke dipuso tsa batho. (Baroma 13:1-7; Tito 3:1) Jehofa ga a tlhoma dipuso tsa batho, mme o di letlile fela gore di nne teng. Ke gone ka moo, Paulo a neng a kgona go kwala jaana: “Babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo.” Seno se supa eng ka bolaodi jo bo ntseng jalo jwa selefatshe? Gore e kafa tlase ga Modimo kana e nnye mo taolong ya gagwe. (Johane 19:10, 11) Ka gone, fa molao wa motho o thulana le molao wa Modimo, Bakeresete ba tshwanetse go kaelwa ke digakolodi tsa bone tse di katisitsweng ka Baebele. Ba tshwanetse “go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
8. Ke melemo efe e o e direlwang ke babusi ba bagolo, mme o ka supa jang gore o a ba ikobela?
8 Lefa go ntse jalo, mo makgetlhong a mantsi babusi ba bagolo ba dipuso ba ‘direla Modimo gore re tle re bone molemo.’ (Baroma 13:4) Ka ditsela dife? Akanya ka ditirelo tse dintsi tse babusi ba bagolo ba di re direlang, jaaka go tsamaisa poso, tirelo ya mapodisi le ya ditimamolelo, go tlosa leswe le thuto. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se.” (Baroma 13:6) Fa go tla mo go dueleng makgetho kana dilo dingwe tsa semolao, re tshwanetse “go tlhoka matsoketsane.”—Bahebere 13:18.
9, 10. (a) Babusi ba bagolo ba tsena fa kae mo thulaganyong ya Modimo? (b) Tota ke eng fa go tla bo go le phoso go ganetsa babusi ba bagolo?
9 Ka dinako tse dingwe babusi ba bagolo ga ba laole ka tsela e e tshwanetseng. A seno se re rola boikarabelo jwa go ba ikobela? Nnyaa, ga se dire jalo. Jehofa o bona ditiro tse di maswe tsa balaodi bano. (Diane 15:3) Lebaka la go bo a letlile motho go busa ga le reye gore o itlhokomolosa ditiro tse di maswe; e bile ga a lebelele gore re dire jalo. Eleruri, Modimo o tla tloga ‘a thubaganya a nyeletsa magosi aotlhe,’ a bo a tlhoma puso ya gagwe e e siameng mo boemong jwa one. (Daniele 2:44) Mme babusi ba bagolo ba tla nna ba dira ditiro tse di mosola go fitlha seno se diragala.
10 Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo.” (Baroma 13:2) Babusi ba bagolo ba “beilwe” ke Modimo ka gore ba dira gore go nne le thulaganyo, eo fa e le teng go se kitlang go tlhakatlhakana le go tlhoka taolo. O tla bo o sa dumalane le Dikwalo e bile go sa supe botlhale fa o nna kgatlhanong le bone. Re ka tshwantsha jaana: Akanya o arilwe mme go na le meroko e e tshwaragantseng ntho. Le mororo meroko eo e se karolo ya mmele wa gago, e tlile go go thusa ka lobakanyana. O ka utlwa botlhoko fa e ka tlosiwa pele ga nako. Ka tsela e e tshwanang, boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong e ne e se gore go nne le dipuso tsa selefatshe. Lefa go ntse jalo, dipuso tsa batho di tlile go nna di dira gore batho ba kgone go dirisana le go dira ditiro tse di sa thulaneng le thato ya Modimo go fitlha Bogosi jwa gagwe bo simolola go busa lefatshe ka botlalo. Ka jalo, re tshwanetse go nna re ikobela babusi ba bagolo mme re baya melao ya Modimo le taolo ya one kwa pele.
TAOLO YA MO LELAPENG
11. O ka tlhalosa molaomotheo wa botlhogo jang?
11 Lelapa ke lone motheo wa losika lwa motho. Monna le mosadi ba ka nna le botsalano jo bo tla ba solegelang molemo le koo bana ba ka sirelediwang le go thapisediwa go nna bagolo gone. (Diane 5:15-21; Baefeso 6:1-4) Thulaganyo eo e e molemo thata e tshwanetse ya rulaganngwa ka tsela e e kgonisang ba lelapa go tshela ka kagiso le kutlwano. Jehofa o dira seno ka molaomotheo wa botlhogo, oo o sobokanngwang ka mafoko ano a a fitlhelwang mo go 1 Bakorinthe 11:3: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe [ke] Keresete; le tlhogo ya mosadi ke monna; le tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.”
12, 13. Tlhogo ya lelapa ke mang, mme re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a dirisa botlhogo jwa gagwe ka yone?
12 Monna ke tlhogo ya lelapa. Lefa go ntse jalo, le ene o na le tlhogo—Jesu Keresete. Paulo o ne a kwala jaana: “Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone.” (Baefeso 5:25) Monna o supa gore o ineela mo go Keresete fa a tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e Jesu a neng a tlhola a tshwara phuthego ka yone. (1 Johane 2:6) Jesu o neetswe taolo e kgolo thata mme o laola ka go neneketsa, ka lorato le ka tekatekano. (Mathaio 20:25-28) Jesu ga a ise a ko a dirise maemo a gagwe a bolaodi ka tsela e e sa tshwanelang ka nako ya fa e ne e le motho. O ne a le “bonolo le boingotlo mo pelong,” e bile o ne a bitsa balatedi ba gagwe “ditsala” go na le gore a ba bitse “batlhanka.” O ne a ba solofetsa gore “ke tlaa lo lapolosa,” mme o ne a dira fela jalo.—Mathaio 11:28, 29; Johane 15:15.
13 Sekao sa ga Jesu se ruta banna gore botlhogo jwa Bokeresete ga se maemo a go laola ka thata o gatelela. Go na le moo, bo dirisiwa ka tlotlo le ka lorato lwa go intsha setlhabelo. Seno ka phepafalo se raya gore monna a ka se iteye molekane wa gagwe ka diatla kana ka mafoko. (Baefeso 4:29, 31, 32; 5:28, 29; Bakolosa 3:19) Fa monna wa Mokeresete a ne a ka tshwara mosadi wa gagwe ka tsela eo e e maswe, ditiro dipe fela tse di molemo tse a di dirang di ka se nne mosola le dithapelo tsa gagwe di ne di tla kgoreletsega.—1 Bakorinthe 13:1-3; 1 Petere 3:7.
14, 15. Go itse Modimo go thusa mosadi jang gore a ikobele monna wa gagwe?
14 Fa monna a sala sekao sa ga Keresete morago, go motlhofo gore mosadi wa gagwe a dire tumalanong le mafoko ano a Baefeso 5:22, 23: “Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena, gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego.” Fela jaaka monna a tshwanetse go ikobela Keresete, mosadi o tshwanetse go ikobela monna wa gagwe. Baebele e supa ka phepafalo gape gore basadi ba ba dirang ka matsetseleko ba tshwanetse go tlotliwa le go tlotlomadiwa ka ntlha ya botlhale jwa bomodimo le go dira ga bone ka natla.—Diane 31:10-31.
15 Mosadi wa Mokeresete o ikobela monna wa gagwe ka selekanyo. Seno se raya gore fa go na le sengwe se re tlhokang gore re se ikobele mme se dira gore re tlole molao wa Modimo, re tshwanetse go utlwa Modimo go na le batho. Lefa mosadi a ema a nonofile jalo o tshwanetse go dira jalo ka “mowa wa boikokobetso le tidimalo.” Go tshwanetse ga bonala sentle gore kitso ya Modimo e mo dirile mosadi yo o botoka. (1 Petere 3:1-4) Go ntse fela jalo le ka monna wa Mokeresete yo mosadi wa gagwe a sa dumeleng. Go tshela ga gagwe tumalanong le melaometheo ya Baebele go tshwanetse ga mo dira monna yo o botoka.
16. Bana ba ka etsa sekao sa ga Jesu fa e ne e santse e le mosha jang?
16 Baefeso 6:1 e bolela seabe se bana ba nang le sone fa e re: “Utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame.” Bana ba Bakeresete ba latela sekao sa ga Jesu, yoo a neng a ikobela batsadi ba gagwe fa a ntse a gola. Fa e ne e santse e le mosimane yo o utlwang, o ne a “tswelela mo botlhaleng le mo go goleng, le mo go ratweng ke Modimo le batho.”—Luke 2:51, 52.
17. Tsela e batsadi ba laolang ka yone e ka ama bana ba bone jang?
17 Tsela e batsadi ba dirang maikarabelo a bone ka yone e ka nna le seabe mo go reng a bana ba bone ba tla ikobela taolo kana ba tla tsuologa. (Diane 22:6) Ka jalo, batsadi ba ka nna ba ipotsa jaana, ‘A ke laola ka tsela e e lorato kana e e gatelelang? A ke letla mongwe le mongwe go itirela maratwaepelo?’ Motsadi wa bomodimo o lebeletswe gore a nne lorato a bo a akanyetse, lefa go ntse jalo a nonofile e bile a ikobela melaometheo ya bomodimo. Go a tshwanela go bo Paulo a ne a kwala jaana: “Borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa [fa seno se tsewa jaaka se ntse, ‘lo ba tshwenya gore ba galefe’]; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4; Bakolosa 3:21.
18. Batsadi ba tshwanetse go otlhaya bana ba bone ka tsela efe?
18 Batsadi ba tshwanetse go sekaseka thata mekgwa e ba thapisang bana ka yone, segolobogolo fa ba batla gore bana ba bone ba ba ikobele mme ka gone ba ba itumedise. (Diane 23:24, 25) Mo Baebeleng, go kgalemela ke tsela ya go kaela. (Diane 4:1; 8:33) Go amana le lorato le bonolo, eseng le bogale le bosetlhogo. Ka gone, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira ka botlhale le go ikgapa thata fa ba kgalemela bana ba bone.—Diane 1:7.
TAOLO MO PHUTHEGONG
19. Modimo o dirile gore go nne le thulaganyo e e siameng jang mo phuthegong ya Bokeresete?
19 E re ka Jehofa e le Modimo o o dirang dilo ka thulaganyo, go a utlwala go bo a tlhometse batho ba gagwe baeteledipele ba ba ba laolang ba ba rulagantsweng sentle. O tlhomile Jesu sentle jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (1 Bakorinthe 14:33, 40; Baefeso 1:20-23) Ka boeteledipele jo bo sa bonaleng jwa ga Keresete, Modimo o tlhomile thulaganyo ya go tlhoma bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe go disa letsomane ba le tlhaga, ka go ineela le ka lorato. (1 Petere 5:2, 3) Batlhanka ba bodiredi ba ba thusa ka ditsela tse di farologaneng e bile ba thusa thata mo phuthegong.—Bafilipi 1:1.
20. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela bagolwane ba ba tlhophilweng ba Bakeresete, mme ke ka ntlha yang fa seno se le mosola?
20 Paulo o ne a kwala jaana kaga bagolwane ba Bakeresete: “Utlwang ba ba lo laolang, lo ba ineele; gonne ba disitse mewa ya lona, jaaka ba ba tlaa ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka bohutsana, gonne mo go ka bo go se na thuso mo go lona.” (Bahebere 13:17) Ka tsela e e botlhale, Modimo o neetse balebedi ba Bakeresete boikarabelo jwa go tlamela ba ba leng mo phuthegong ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Bagolwane bano ga se setlhopha sa baruti. Ke badiredi le batlhanka ba Modimo, ba direla baobamedikabone dilo tse ba di tlhokang fela jaaka Mong wa rona, Jesu Keresete a ne a dira. (Johane 10:14, 15) Fa re itse gore go na le banna ba ba tshwanelang sentle go ya ka Dikwalo ba ba kgatlhegelang go re bona re gatela pele e bile re gola semoyeng go re kgothatsa gore re dirisane sentle le bone re bo re ba ikobele.—1 Bakorinthe 16:16.
21. Bagolwane ba ba tlhophilweng ba batla go thusa Bakeresetekabone jang semoyeng?
21 Ka dinako tse dingwe dinku di ka timela kana tsa gobadiwa ke dilo tse di kotsi tsa selefatshe. Bagolwane jaaka e le badisa ba babotlana ba ba eteletsweng pele ke Modisa yo Mogolo le bone ba etse tlhoko thata dilo tse di tlhokwang ke bao ba ba tlhokometseng mme ba tlhaga thata mo go ba thuseng ka bongwe ka bongwe. (1 Petere 5:4) Ba etela maloko a phuthego le go ba kgothatsa ka mafoko. Bagolwane ba dirisa botlhale jo bo tswang kwa godimo fa ba rarabolola mathata gonne ba itse gore Diabolo o batla go senya kagiso ya batho ba Modimo. (Jakobe 3:17, 18) Ba dira ka natla gore kutlwano le bongwefela di tswelele di le teng, selo se Jesu a neng a se rapelela ka boene.—Johane 17:20-22; 1 Bakorinthe 1:10.
22. Bagolwane ba thusa jang fa motho a dirile phoso?
22 Go tweng fa e le gore Mokeresete o diragalelwa ke sengwe se se maswe kana o kgobega marapo gonne a dirile boleo? Kgakololo e e thobang ya Baebele le dithapelo tsa bagolwane tse di tswang mo pelong di ka thusa motho gore a boele a itekanele gape semoyeng. (Jakobe 5:13-15) Gore phuthego e bolokiwe e le phepa, go ka nna ga tlhokega gore motho ope fela yo o dirileng phoso e e masisi a begiwe. (Ditiro 20:28; Tito 1:9; 2:15) Go ka nna ga tlhokega gore batho ba bege maleo a a masisi gore phuthego e tsholwe e le phepa. (Lefitiko 5:1) Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi o tla thusega fa a ka dumela fa a gakololwa le fa a kgalemiwa ka Dikwalo e bile a supa fa a ikwatlhaya totatota. Gone mme, batho ba ba nnelang go tlola molao wa Modimo e bile ba sa ikwatlhaye ba a kgaolwa.—1 Bakorinthe 5:9-13.
23. Balebedi ba Bakeresete ba direla phuthego molemo jang?
23 Baebele e ne ya bolelela pele gore fa Jesu Keresete e setse e le Kgosi, go tla tlhophiwa banna ba ba godileng sentle semoyeng gore ba gomotse, ba sireletse le go lapolosa batho ba Modimo. (Isaia 32:1, 2) Ba ne ba tla etelela pele jaaka bareri, badisa le barutisi, go rotloetsa ba bangwe go gola semoyeng. (Baefeso 4:11, 12, 16) Le mororo balebedi ba Bakeresete ka dinako tse dingwe ba ka nna ba laya, ba kgalema le go kgothatsa badumedikabone, botlhe ba tsamaya mo tseleng ya botshelo fa ba dirisa dithuto tse di siameng tsa bagolwane tse di thailweng mo Lefokong la Modimo.—Diane 3:11, 12; 6:23; Tito 2:1.
DUMALANA LE KGOPOLO YA GA JEHOFA KA BOTLHOGO
24. Re lekwa mo kgannyeng efe letsatsi le letsatsi?
24 Monna wa ntlha le mosadi ba ne ba lekwa mo kgannyeng ya go ikobela botlhogo. Ga go gakgamatse go bo le rona re lekwa ka tsela eo letsatsi le letsatsi. Satane Diabolo o dirile gore batho ba nne le moya wa botsuolodi. (Baefeso 2:2) Tsela ya go itirela dilo o sa ikobele ope e dirilwe gore e lebege e gaisa ya go ikoba.
25. Ke melemo efe e motho a e bonang fa a ganana le moya wa botsuolodi wa lefatshe le fa a ikobela taolo e Modimo o e letlileng?
25 Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go gana go tshwaediwa ke moya wa botsuolodi wa lefatshe. Fa re dira jalo re tla bona gore go ikoba ka tsela ya bomodimo go tla re leretse masego. Ka sekai, re tla tila go tshwenyega le go tlalelwa go go tlelang batho ba ba tshwenyang babusi ba bagolo. Re tla kgona go fokotsa dikgotlhang tse di mo malapeng a mantsi. Mme re tla itumelela melemo ya botsalano jo bo bothitho le jo bo lorato jwa Bakeresete ba badumedikarona. Mo godimo ga moo, go ikoba ga rona ga bomodimo go tla felela ka gore re nne le botsalano jo bo siameng le Jehofa, Molaodi yo Mogolo.
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Jehofa o diragatsa taolo ya gagwe jang?
“Babusi ba bagolo” ke bomang, mme re ba ikobela jang?
Molaomotheo wa botlhogo o naya mongwe le mongwe yo o mo lelapeng boikarabelo bofe?
Re ka supa boikobo jang mo phuthegong ya Bokeresete?
[Lebokoso mo go tsebe 134]
GO IKOBA ESENG GO TSUOLOGA
Basupi ba ga Jehofa ba bolela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka lereng kagiso ya boammaaruri le polokesego fa ba ntse ba rera phatlalatsa. Mme e bile baboledi ba ba tlhaga bano ba Bogosi jwa Modimo ga ba tsuologele dipuso tse ba tshelang kafa tlase ga tsone. Go farologana le seo, Basupi ke bangwe ba baagi ba ba tlotlang le go reetsa molao fela thata. “Fa ditumelo tsotlhe di ka bo di tshwana le basupi ba ga Jehofa, re ka bo re sena babolai, magodu, bana ba diganana, magolegwa le dibomo tsa atomo. Re ne re se kitla re tlhoka go lotlela mejako letsatsi le letsatsi jaana,” go ne ga bolela jalo modiredi mongwe yo mogolo wa naga nngwe ya Afrika.
Badiredi ba bagolo ba dinaga tse dintsi ba ile ba letla Basupi go dira tiro ya go rera ba sa kgorelediwe gonne ba ne ba lemoga seno. Kwa dinageng tse dingwe, go thibelwa kana go kganelwa go ile ga tlosiwa fa balaodi ba ne ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba dire molemo. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala jaana mabapi le go ikobela babusi ba bagolo: “Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone.”—Baroma 13:1, 3.