LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/1 ts. 10-15
  • Tsela Eo Mokeresete A Lebang Babusi ba Bagolo Ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela Eo Mokeresete A Lebang Babusi ba Bagolo Ka Yone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Gore Babusi Ba Bagolo Ke Bomang
  • “Ba Beilwe ke Modimo mo Maemong A A Lekanyeditsweng”
  • “Modimo oa Lehatshe Yeno”
  • Babusi ba Dikakanyo Tse Di Lekalekaneng
  • Tsela E Mokeresete A Lebang Taolo ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • O Tshwanetse Go Ikobela Taolo Ya Ga Mang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Modimo le Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/1 ts. 10-15

Tsela Eo Mokeresete A Lebang Babusi ba Bagolo Ka Yone

“A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ; me babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo [“mo maemong a a lekanyeditsweng,” “NW”].”—BAROMA 13:1.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma? (b) Ikuelo ya ga Paulo ya go batla go bona Kaesare e tsosa dipotso dife?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwalela Baroma mafoko a a fa godimo ano mo e ka nnang ka 56 C.E. O ne a iphitlhela a le mo kgolegelong kwa Roma dingwaga di sekae morago ga foo. Ka ntlha yang? O ne a ile a tlhaselwa ke segopa sa batho kwa Jerusalema mme o ne a ile a falodisiwa ke masole a Roma. O ne a isiwa kwa Kaesarea koo a neng a latofadiwa ka maaka gone, mme o ne a kgona go iphemela fa pele ga ga Felise, mmusi wa Roma. Felise o ne a mmaya mo kgolegelong ka dingwaga di le pedi a solofetse go bona pipamolomo. Kgabagare, Paulo o ne a kopa mmusi yo mongwe yo o latelang, Feseto, gore o batla gore kgetse ya gagwe e sekiwe ke Kaesare.—Ditihō 21:27-32; 24:1–25:12.

2 O ne a na le tshwanelo eno jaaka moagi wa Roma. Mme a go ne go siame gore Paulo a ikuele mo mmusing yoo ereka Jesu a ne a rile Satane tota ke “kgōsana ea lehatshe” mme Paulo ka boene o ne a bitsa Satane “modimo oa lehatshe yeno”? (Yohane 14:30; 2 Bakorintha 4:4) Kana a mmusi yoo wa Roma o ne a le mo ‘maemong a a lekanyeditsweng’ ao a neng a letla Paulo go lebelela gore mmusi yoo o tla sireletsa ditshwanelo tsa gagwe? Eleruri, a mafoko a baaposetoloi ba pele a a reng, “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho,” a letla Bakeresete go ikobela babusi ba batho nako nngwe le nngwe fela fa seo se sa kopanyeletse go ikobela ga rona Modimo?—Ditihō 5:29.

3. Paulo o senola pono efe, mme seno se kopanyeletsa segakolodi jang?

3 Paulo o re thusa go araba dipotso tseno mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Baroma, koo a senolang pono e e nonofileng ka puso ya motho gone. Paulo o bontsha ka phepafalo seo segakolodi sa Mokeresete se tshwanetseng go se dira mo go lekalekanyeng go ikobela Molaodi yo Mogolo, Jehofa Modimo, le go ikobela “babusi” ka selekanyo se se tshwanetseng mo go Baroma 13:1-7.

Go Bona Gore Babusi Ba Bagolo Ke Bomang

4. Ke pono efe e e neng ya fetolwa ka 1962, mme seno se tsosa potso efe?

4 Ka dingwaga di le dintsi go fitlha ka 1962, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba akanya gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke bone babusi ba bagolo. Lefa go ntse jalo, tumalanong le Diane 4:18, lesedi le ne la nna la ntsifala, mme pono eo e e ka nnang ya tsosa dipotso mo dikakanyong tsa ba bangwe e ne ya fetolwa. A jaanong go siame gore re re babusi bano ke dikgosi, bomoporesidente, ditonakgolo, boramotse, le bomagiseterata, le ba bangwe bao ba nang le maatla mangwe a sepolotiki mo lefatsheng le gore re tshwanetse go ba ikobela fela ka tsela e e lekaneng?

5. Ditemana tseo di dikologileng Baroma 13:1 di re thusa go bona gore babusi ba bagolo ke bomang ka tsela efe, mme dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela di tshegetsa seno jang?

5 Mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ebong Irenaeus, o ne a bolela gore bangwe mo motlheng wa gagwe ba ne ba re Paulo o ne a bua “ka maatla a seengele [kana] babusi ba ba sa bonaleng,” mo go Baroma 13:1. Lefa go le jalo, Irenaeus ene o ne a leba babusi ba bagolo jaaka “babusi ba batho.” Mafoko a a dikologileng ao Paulo a neng a a bua a bontsha gore Irenaeus o ne a nepile. Mo ditemaneng tsa bofelo tsa Baroma kgaolo 12, Paulo o tlhalosa kafa Bakeresete ba tshwanetseng go itshwara ka gone fa pele ga “batho botlhe,” le gore ba tshole ‘baba’ ba bone ka lorato le ka go ba akanyetsa. (Baroma 12:17-21) Go phepafetse he gore polelwana “batho botlhe” e raya batho ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete. Ka jalo “babusi ba bagolo,” bao Paulo a tswelelang a bua ka bone, e tshwanetse ya bo e le ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. Tumalanong le seno, tlhokomela kafa dithanolo tse di farologaneng di kwadileng karolo ya ntlha ya Baroma 13:1 ka gone: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go ikobela babusi ba naga” (Today’s English Version); “mongwe le mongwe o tshwanetse go ineela mo balaoding ba ba busang” (New International Version); “mongwe le mongwe o tshwanetse go ineela mo balaoding ba puso.”—Phillips’ New Testament in Modern English.

6. Mafoko a ga Paulo kaga go duela makgetho le sehuba a bontsha jang gore babusi ba bagolo e tshwanetse ya bo e le babusi ba selefatshe?

6 Paulo o tswelela pele go bolela gore babusi bano ba tshwanetse go newa lekgetho kana sehuba. (Baroma 13:6, 7) Phuthego ya Bokeresete ga e duedise lekgetho kana sehuba; lefa e le Jehofa kana Jesu kana “babusi ba ba sa bonaleng” bape fela. (2 Bakorintha 9:7) Babusi ba lefatshe ke bone fela bao ba duelwang makgetho. Tumalanong le seno, mafoko a Segerika a a dirisediwang “lekgetho” kana “sehuba” ao Paulo a a dirisitseng mo go Baroma 13:7 totatota a raya madi ao a duelwang Puso ya Naga.a

7, 8. (a) Dikwalo tse di farologaneng di dumalana jang le pono ya Bakeresete ya gore ba ikobele babusi ba lefatshe leno ba dipolotiki? (b) Ke leng fela Mokeresete a se kitlang a dira go ya ka melao ya “babusi”?

7 Mo godimo ga moo, kgothatso ya ga Paulo ya go ikobela babusi ba bagolo e dumalana le taolo ya ga Jesu ya gore go duelwe “Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare,” mme “Kaesare” fano o emela babusi ba selefatshe. (Mathaio 22:21) Gape e dumalana le mafoko ao Paulo a neng a a bua moragonyana le Tito ano: “U ba gakololè gore ba ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō, ba etleetsègèlè tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (Tito 3:1) Ka gone, fa dipuso di laela Bakeresete gore ba dire ditiro tsa semorafe, ba a dumela fela fa go dira ditiro tseo go sa reye ba dira sengwe seo eseng sa Dikwalo kana ka tsela nngwe di sa dumalane le melaometheo ya Dikwalo, jaaka e e fitlhelwang mo go Isaia 2:4.

8 Petere le ene o ne a gatelela gore re tshwanetse go ikobela babusi ba selefatshe ba lefatshe leno fa a ne a bua jaana: “Lo ineèlè mo taoleloñ ñwe le ñwe ea motho ka ntlha ea Morèna: leha e le mo kgosiñ, ka e le tlhōgō; Leha e le mo balaodisiweñ, ka ba romilwe ke eōna go tla ba lehetsa badiha boshula, le go baka ba ba dihañ sentlè.” (1 Petere 2:13, 14) Tumalanong le seno Bakeresete gape ba tla reetsa kgothatso eno ya ga Paulo fa a ne a kgothatsa Timotheo: “Ke gōna, sa ntlha, ke laea go re, a mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō, le malebogō, a dihèlwe batho botlhe; A a dihèlwe dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo; gore re kè re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.”b—1 Timotheo 2:1, 2.

9. Ke ka ntlha yang fa re sa ngotle kgalalelo ya ga Jehofa fa re bitsa babusi ba batho “ba bagolo”?

9 Fa re bitsa babusi ba selefatshe “ba bagolo,” a ka tsela nngwe re ngotla tlotlo e e tshwanetseng Jehofa? Nnyaa, gonne Jehofa ga a mogolo fela. Ke “Morena yo Mogolo,” “Mogodimodimo.” (Pesalema 73:28, NW; Daniele 7:18, 22, 25, 27; Tshenolō 4:11; 6:10) Ga go na tsela epe eo ka yone go ikobela ga rona babusi ba batho go ka nyenyefatsang go obamela ga rona Molaodi yo Mogolo go gaisa, Morena yo Mogolo Jehofa. He babusi bano ba bagolo go le kana kang? Thatathata ke mabapi le batho ba bangwe le tiro e ba e dirang. Ba na le boikarabelo jwa go laola le go sireletsa batho, mme ba beile melao eo dikgang tsa batho di tshwanetseng go tshwarwa ka gone.

“Ba Beilwe ke Modimo mo Maemong A A Lekanyeditsweng”

10. (a) Polelo ya ga Paulo mabapi le gore babusi ba bagolo ba “beilwe ke Modimo mo maemong a a lekanyeditsweng” e supa eng ka puso ya ga Jehofa? (b) Ke eng seo Jehofa a ileng a se letla kaga go ‘bewa’ ga babusi ba bangwe, mme seno se leka batlhanka ba gagwe jang?

10 Bogolo jwa ga Jehofa Modimo mo babusing ba lefatshe bo a bonala ka gore babusi bano “ba beilwe ke Modimo mo maemong a a lekanyeditsweng.” Lefa go ntse jalo, polelo eno e tsosa potso. Dingwaganyana fa Paulo a sena go kwala mafoko ano, mmusi wa Moroma Nero o ne a bogisa Bakeresete thata. A Modimo o ne a tlhomile Nero mo boemong jono ka namana? Gotlhelele nnyaa! Ga se gore mmusi mongwe le mongwe o tlhophiwa ke Modimo a bo a bewa mo maemong ao ‘ka bopelonomi jwa Modimo.’ Go na le moo, ka dinako dingwe Satane o dira gore batho ba ba setlhogo ba bone maemo a go nna babusi, mme Jehofa o letla seno, mmogo le diteko tseo babusi bao ba di lereng mo batlhankeng ba gagwe ba ba bolokang bothokgami.—Bapisa Yobe 2:2-10.

11, 12. Ke dikgang dife tseo di kwadilweng tseo mo go tsone Jehofa a neng a tlhoma babusi ba selefatshe mo maemong a bone a bo a ba tlosa?

11 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ile a tsenelela ka namana mo pusong ya babusi bangwe kana bogoromente gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe jo bogolo. Ka sekai, ka nako ya ga Aberahame, Bakanana ba ne ba letliwa go nna mo nageng ya Kanana. Lefa go le jalo, moragonyana Jehofa o ne a ba tlosa botlhe mme a naya losika lwa ga Aberahame naga eo. Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng, Jehofa ga a ka a ba letla gore ba fenye ba bo ba thope Amona, Moaba, le Thaba ya Seira. Mme o ne a ba laela gore ba senye bogosi jwa ga Sihone le Oge.—Genesise 15:18-21; 24:37; Ekesodo 34:11; Duteronome 2:4, 5, 9, 19, 24; 3:1, 2.

12 Fa Baiseraele ba sena go nna kwa Kanana, Jehofa o ne a tswelela a kgatlhegela thata babusi bao ba neng ba busa batho ba gagwe. Ka dinako dingwe fa Baiseraele ba ne ba leofa, Jehofa o ne a ba letla gore ba busiwe ke baheitane. Fa ba ne ba ikwatlhaya, o ne a tlosa puso eo mo nageng eo. (Baatlhodi 2:11-23) Kgabagare o ne a letla gore Juda mmogo le merafe e mengwe e mentsi e busiwe ke Babelona. (Isaia 14:28–19:17; 23:1-12; 39:5-7) Fa Baiseraele ba sena go ya kwa botshwarong kwa Babelona, Jehofa o ne a bolelela pele mebuso ya lefatshe e e neng e tla busa e bo e wa batho ba gagwe go tloga ka nako ya Babelona go fitlha mo motlheng ono wa rona.—Daniele, dikgaolo 2, 7, 8, le 11.

13. (a) Go ya ka pina ya ga Moshe, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a laola melelwane ya batho? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo moragonyana o ne wa busetsa Baiseraele kwa nageng ya bone?

13 Moshe o ne a opela jaana kaga Jehofa: “E rile Mogodimodimo a abèla merahe boshwa yoa eōna, ka a kgaoganya bana ba batho, o na a tlhōmèla dichaba melelwane kaha paloñ ea bana ba Iseraela. Gonne kabèlō ea ga Yehofa ke batho ba gagwe; Yakobe ke kabō e e lekancweñ ea boshwa yoa gagwè.” (Duteronome 32:8, 9; bapisa Ditihō 17:26.) Ee, Modimo o ne a laola gone koo gore dipuso tseo di neng di tla sala le tse di neng di tla senngwa e ne e tla nna dife, gore a tle a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Ka tsela eno, o ne a abela ditlogolwana tsa ga Aberahame lefatshe leo ba neng ba tla le rua mme moragonyana o ne a di busetsa kwa lefatsheng leo, gore kgabagare Losika lo lo solofeditsweng lo tle lo tlhage koo fela jaaka go ne go perofesitswe.—Mika 5:2.

14. Ka kakaretso, Jehofa o tlhoma dipuso mo maemong a tsone ka tlhaloganyo efe?

14 Lefa go ntse jalo, mo makgetlong a mantsi, Jehofa o tlhoma babusi mo maemong a bone a a lekanyeditsweng ka tlhaloganyo ya gore o letla batho go nna mo maemong ao a go busa ba na le maatla a a tshwanang mme ka metlha ba le kwa tlase ga gagwe. Ka gone, fa Jesu a ne a eme fa pele ga ga Ponto Pilatwe, o ne a raya mmusi yoo a re: “U ka bo u sena thata epè mo go nna, ha u nu u sa e nèwa e cwa kwa godimo.” (Yohane 19:11) Seno se ne se sa reye gore Modimo o ne o tlhomile Pilatwe ka namana mo maemong ao, mme se ne se raya gore Modimo o ne o mo letlile gore a nne le thata ya go atlholela Jesu botshelo kana loso.

“Modimo oa Lehatshe Yeno”

15. Satane o dirisa taolo mo lefatsheng leno jang?

15 Go tweng he ka polelo ya Bibela e e reng Satane ke modimo kana mmusi wa lefatshe leno? (Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:4) Eleruri go tweng ka boipelafatso jwa ga Satane mo go Jesu fa a ne a bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe a bo mo raya a re: “Thata eotlhe e . . . neecwe nna; me ke ka go naea eo ke ratañ go go mo naea.” (Luke 4:6) Jesu ga a ka a ganetsa boipelafatso joo jwa ga Satane. Mme mafoko a ga Satane a dumalana le seno seo Paulo a neng a se kwala moragonyana fa a ne a kwalela Baefesia: “Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baefesia 6:12) Mo godimo ga moo, buka ya Tshenolō e supa fa Satane e le kgogela e kgolo eo e nayang setshwantsho sa sebatana sa tsamaiso ya lefatshe ya dipolotiki “thata ea eōna, le setulō sa eōna sa bogosi, le taolō e kgolo.”—Tshenolō 13:2.

16. (a) Re ka bona jang gore Satane ga a kgone go laola batho ka botlalo? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla Satane go nna le taolo mo bathong?

16 Lefa go le jalo, tlhokomela gore polelo eno ya ga Satane mo go Jesu, “thata eotlhe e . . . neecwe nna,” le yone e bontsha gore thata eo o e dirisa ka go bo a letlilwe jalo. Ke ka ntlha yang fa Modimo o letla jaana? Tiro ya ga Satane jaaka mmusi wa lefatshe e simolotse bogologolo kwa Edena fa a ne a latofatsa Modimo phatlalatsa gore ke moaki le gore ga a dirise thata ya Gagwe ka tshwanelo. (Genesise 3:1-6) Adame le Efa ba ne ba latela Satane mme ba se ka ba reetsa Jehofa Modimo. Jehofa a ka bo a ile a dirisa tshiamo ya gagwe e e itekanetseng mme a bolaya Satane le balatedi bao ba gagwe ba babedi ba basha. (Genesise 2:16, 17) Mme mafoko a ga Satane tota a ne a gwetlha Jehofa ka namana. Ka jalo Modimo ka botlhale jwa one, o ne wa letla Satane gore a tshele ka lobakanyana, mme Adame le Efa ba ne ba letliwa go nna le bana pele ba swa. Ka tsela eno, Modimo o ne wa letla nako le tshono go feta gore kgwetlho ya ga Satane e bonale fa e le maaka.—Genesise 3:15-19.

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka re Satane ke modimo wa lefatshe leno? (b) Ke ka tsela efe go senang “mmushō opè” mo lefatsheng leno o o sa “cwañ mo Modimoñ”?

17 Ditiragalo tsa go simolola kwa Edena di ne tsa bontsha gore ditatofatso tsa ga Satane e ne e le maaka fela. Ditlogolwana tsa ga Adame ga di a ka tsa bona boitumelo kafa tlase ga puso ya ga Satane kana ya motho. (Moreri 8:9) Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela eo Modimo o neng wa dirisana le batho ba gagwe ka yone e ile ya bontsha gore puso ya bomodimo e molemo tota. (Isaia 33:22) Mme ereka bontsi jwa bana ba ga Adame bo gana bolaodi jwa ga Jehofa, ba direla Satane jaaka modimo wa bone ba itse kana ba sa itse.—Pesalema 14:1; 1 Yohane 5:19.

18 Go ise go e kae, kgwetlho e e neng ya tsosiwa kwa Edena e tla khutlisiwa. Bogosi jwa Modimo bo tla laola dikgang tsa batho ka botlalo mme Satane o tla tsenngwa mo moleteng. (Isaia 11:1-5; Tshenolō 20:1-6) Lefa go le jalo, go ile ga tlhokega thulaganyo kana tsamaiso ya mofuta mongwe mo bathong gore batho ba kgone go tshela botshelo jo bo nang le thulaganyo. Jehofa “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) Ka gone o ile a letla ditsamaiso dingwe tsa puso gore di nne gone mo bathong ba ba neng ba nna gone kwa ntle ga Edena, ebile o ile a letla batho gore ba nne le taolo mo thulaganyong eno. Ka tsela eno, “ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ.”

Babusi ba Dikakanyo Tse Di Lekalekaneng

19. A mmusi mongwe le mongwe wa motho o laolwa ke Satane ka tlhamalalo?

19 Satane o sa le a ntse a gololesegile mo bathong go tloga kwa Edena, mme o ile a dirisa kgololesego eno go laola ditiragalo mo lefatsheng, go dumalana le boipelafatso jwa gagwe mo go Jesu. (Yobe 1:7; Mathaio 4:1-10) Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore mmusi mongwe le mongwe o ineela mo taolong ya ga Satane. Ba bangwe—jaaka Nero wa lekgolo la ntlha la dingwaga le Adolf Hitler wa motlha wa rona—ba ile ba supa moya wa bosatane tota. Mme ba bangwe ga ba a dira jalo. Seregio Paulo, mmusi wa Kupero, e ne e le “motho oa tlhaloganyō” yo a neng a “eletsa go utlwa lehoko ya Modimo.” (Ditihō 13:7) Galeo, mmusi wa Akaia, o ne a gana gore Bajuda ba ba neng ba latofatsa Paulo ba mo gatelele. (Ditihō 18:12-17) Babusi ba bantsi ba ile ba dirisa taolo ya bone ka kelotlhoko ka tsela e e tlotlegang.—Bapisa Baroma 2:15.

20, 21. Ke ditiragalo dife mo lekgolong la bo 20 la dingwaga tseo di supang gore babusi ba batho ga ba dire thato ya ga Satane ka metlha?

20 Buka ya Tshenolō e ne ya bolelela pele gore ka “letsatsi ya Morèna,” go tloga ka 1914, Jehofa o ne a tla dirisa le eleng babusi ba batho gore ba senye boikaelelo jwa ga Satane. Tshenolō e bolela ka pogiso e kgolo, eo Satane a e lereng kgatlhanong le Bakeresete ba ba tloditsweng, eo e neng e tla komediwa ke “lehatshe.” (Tshenolō 1:10; 12:16) Batho ba ba leng mo “lefatsheng,” mokgatlho wa batho o o leng mo lefatsheng jaanong, o tla sireletsa batho ba ga Jehofa gore Satane a se ka a ba bogisa.

21 A seno se setse se diragetse? Ee. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba kwa United States ba ne ba gatelelwa tota, ba tlhaselwa ka digopa ebile ba tshwarwa nako le nako fela go sa tshwanela ka bo 1930 le bo 1940. Ba ne ba imologa fela fa Kgotlatshekelokgolo ya U.S. e ne e bolela ditshwetso di sekae tseo di neng di supa fa tiro ya bone e le kafa molaong. Kwa mafelong a mangwe le gone dipuso di ne tsa thusa batho ba Modimo. Dingwaga tse di ka nnang 40 tse di fetileng kwa Ireland, segopa sa Roma Katoliki se ne sa tlhasela Basupi ba babedi kwa motsemogolong wa Cork. Lepodisi la mo lefelong leo le ne la thusa Basupi, mme kgotla ya melao e ne ya otlhaya batlhasedi bao. Mo ngwageng o o fetileng kwa Fiji, dikgosi tse dikgolo di ne tsa utlwa ka kakantsho ya go thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa pokanong nngwe ya bone. Kgosi e nngwe e ne ya buelela Basupi ka bopelokgale, mme kakantsho eo e ne ya fenngwa fela bonolo.

22. Go tlile go tlotliwa ka dipotso dife?

22 Nnyaa, babusi ba selefatshe ga se ka metlha ba dirang maikaelelo a ga Satane. Bakeresete ba ka ikobela babusi ba bagolo kwantle ga go ikobela Satane ka boene. Eleruri, ba tla nna ba ikobela babusi ba bagolo bano fa fela Modimo o santse o letlile gore babusi bano ba nne gone. Lefa go le jalo, tota go ikoba go kaya eng? Mme ke eng seo Bakeresete ba ka se solofelang go tswa mo babusing ba bagolo? Dipotso tseno di tla tlhalosiwa mo ditlhogong tse di ithutiwang tseo di simololang mo tsebeng ya 18 go ya go ya 23 ya makasine ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka sekai, bona lefoko “lekgetho” (phoʹros) mo go Luke 20:22. Bona gape kafa lefoko la Segerika teʹlos leo ranotsweng fano jaaka “sehuba” le dirisiwang ka gone, mme le ranotswe jaaka “sehuba” mo go Mathaio 17:25.

b Leina la Segerika leo le ranotsweng jaaka “ba ba leñ bagolo,” eleng hy·pe·ro·kheʹ, le amana le lediri hy·pe·reʹkho. Lefoko “ba bagolo” leo le leng mo go “babusi ba bagolo” le tswa mo lediring lone leno la Segerika, seo se oketsang bosupi jwa gore babusi ba bagolo ke babusi ba selefatshe. Tsela eo The New English Bible e bayang Baroma 13:1 ka gone e bolela jaana, “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go ikobela babusi ba bagolo go gaisa,” e phoso. Batho ba ba leng mo “maemong a a kwa godimo” ga ba bagolo go gaisa, lemororo ba ka tswa ba le kwa godingwana ga batho ba bangwe.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Babusi ba bagolo ke bomang?

◻ Re ka bolela jang gore “ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ”?

◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla gore lefatshe le nne kafa tlase ga taolo ya ga Satane?

◻ Modimo o tlhoma babusi ba batho mo “maemong a bone a a lekanyeditsweng” ka tsela efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa Roma e sena go tshubiwa, Nero o ne a supa moya wa bosatane tota

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Seregio Paulo, mmusi wa Kupero, o ne a batla go utlwa lefoko la Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela