Go Ntshetsa Kaesare Dilo Tsa ga Kaesare
“Nayang botlhe tshwanelo ya bone.”—BAROMA 13:7.
1, 2. (a) Jesu o bolela gore Bakeresete ba tshwanetse ba lekalekanya jang se ba tshwanetseng ba se direla Modimo le se ba tshwanetseng ba se direla Kaesare? (b) Ke eng se Basupi ba ga Jehofa ba amegang ka sone pele?
KAFA Jesu a bolelang ka teng, go na le dilo tse re tshwanetseng ra di neela Modimo le dilo tse re tshwanetseng ra di neela Kaesare, kana Puso. Jesu o ne a re: “Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Ka mafoko ano a makhutshwane, o ne a gakgamatsa baba ba gagwe a bo a sobokanya sentle tsela e e lekalekaneng e re tshwanetseng ra ikutlwa ka yone malebana le botsalano jwa rona le Modimo le tsela e re dirisanang le Puso ka yone. Ga go gakgamatse go bo batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba “mo gakgamalela thata”!—Mareko 12:17.
2 Gone ke boammaaruri, selo sa ntlha se batlhanka ba ga Jehofa ba amegang ka sone ke gore ba ntshetse Modimo dilo tse e leng tsa Modimo. (Pesalema 116:12-14) Lefa go ntse jalo, fa ba ntse ba dira jalo ga ba lebale gore Jesu o ne a bolela gore ba tshwanetse ba ntshetsa Kaesare dilo dingwe. Digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele di tlhoka gore ba tlhatlhobe ka thapelo gore ba ka ntshetsa Kaesare dilo tse a di batlang go ya bokgakaleng bofe. (Baroma 13:7) Mo metlheng ya segompieno, batho ba le bantsi ba ba itseng melao ba ile ba lemoga gore maatla a bogoromente a na le fa a felelang teng le gore batho le bogoromente gongwe le gongwe ba laolwa ke molao wa tlholego.
3, 4. Go dirilwe dikakgelo dife tse di kgatlhang kaga molao wa tlholego, molao o o senotsweng le molao wa batho?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka molao ono wa tlholego fa a ne a kwala jaana kaga batho ba lefatshe: “Se Modimo o nang le go itsiwe ka sone se a bonala mo go bone, ka Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato.” Fa ba tsaya tsia molao wa tlholego, o tla ba wa tlhotlheletsa digakolodi tsa batho bano ba ba sa dumeleng. Ka jalo, Paulo o ne a tswelela pele ka go re: “E re fa Baditšhaba ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka temalo ya tlholego, bone bao, e re ka ba se na molao, go bo go le molao bone ka bosi; ka ba supa tiro ya molao o o kwadilweng mo dipelong tsa bone; segakolodi sa bone le sone se supa nao.”—Baroma 1:19, 20; 2:14, 15.
4 Ka lekgolo la bo18 la dingwaga, ramelao yo o itsegeng thata wa Moesemane e bong William Blackstone o ne a kwala jaana: “Molao ono wa tlholego, e re ka o lekana [ka dingwaga] le batho e bile o ntshiwa ke Modimo ka boene, tota o tshwanetse go ikobelwa go feta molao ope o sele. O laola batho mo lefatsheng lotlhe, mo dinageng tsotlhe, le ka dinako tsotlhe: melao yotlhe ya batho ga e na bokao, fa e le kgatlhanong le one.” Blackstone o ne a tswelela pele a bua ka “molao o o senotsweng,” jaaka o fitlhelwa mo Baebeleng, mme o ne a akgela jaana: “Melao yotlhe ya batho e ikaegile ka metheo eno e mebedi, molao wa tlholego le molao o o senotsweng; ke gore, ga go na melao epe ya batho e e tshwanetseng ya letlwa go ganetsana le yone.” Seno se dumalana le se Jesu a se boletseng kaga Modimo le Kaesare, jaaka go kwadilwe mo go Mareko 12:17. Go phepafetse gore go na le fa Modimo o beelang Kaesare melelwane ya se a ka se batlang mo Mokereseteng. Saneheterine e ne ya tlola molelwane o o ntseng jalo fa e ne e laela baaposetoloi gore ba emise go rera kaga Jesu. Ka jalo baaposetoloi ba ne ba araba jaana ka tshwanelo: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditiro 5:28, 29.
“Tse e Leng Tsa Modimo”
5, 6. (a) Malebana le go tsalwa ga Bogosi ka 1914, Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gakologetswe eng thata? (b) Mokeresete o supa jang gore ke modiredi?
5 Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke go tlhomamisa gore ga ba neye Kaesare dilo tse e leng tsa Modimo, bogolo jang fa e sale ka 1914, fa Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, a ne a simolola go busa e le kgosi ka Bogosi jwa ga Mesia jwa ga Keresete. (Tshenolo 11:15, 17) Jaanong molao wa Modimo o batla gore Bakeresete ‘ba se nne ba lefatshe’ go feta lefa e le leng pele. (Johane 17:16) E re ka ba ineetse mo Modimong, Moneibotshelo wa bone, ba tshwanetse go bontsha ka phepafalo gore ga ba tlhole ba itaola. (Pesalema 100:2, 3) Fela jaaka Paulo a ne a kwala, “re . . . ba Morena.” (Baroma 14:8) Mo godimo ga moo, fa Mokeresete a kolobediwa, o tlhomiwa go nna modiredi wa Modimo, gore a kgone go bolela jaana le Paulo: “[Modimo o re neile] go lekana jaaka re le badiredi.”—2 Bakorinthe 3:5, 6.
6 Moaposetoloi Paulo gape o ne a kwala jaana: “Ke tlotla tirelo ya me.” (Baroma 11:13) Ruri re tshwanetse ra dira fela jalo. Lefa re ka tswa re na le seabe mo bodireding ka metlha kana ka nakwana, re nna re gakologetswe gore Jehofa ka boene o re abetse bodiredi jwa rona. (2 Bakorinthe 2:17) E re ka bangwe ba ka belaela boemo jwa rona, Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng e bile a kolobeditswe o tshwanetse a iketleeletsa go ntsha bosupi jo bo phepafetseng le jo bo siameng jwa gore ruri ke modiredi wa mafoko a a molemo. (1 Petere 3:15) Bodiredi jwa gagwe bo tshwanetse jwa bonala le mo boitshwarong jwa gagwe. Jaaka modiredi wa Modimo, Mokeresete o tshwanetse a kgothaletsa batho go nna le maitsholo a a phepa le ene a na le one, a rotloetsa kutlwano ya lelapa, a ikanyega, e bile a tlotla molao le tolamo. (Baroma 12:17, 18; 1 Bathesalonika 5:15) Botsalano jwa Mokeresete le Modimo le bodiredi jo a bo abetsweng ke Modimo ke dilo tsa botlhokwa go feta tsotlhe mo botshelong jwa gagwe. A ka se ka a di tlogela ka gonne Kaesare a laola jalo. Go phepafetse gore ke dingwe tsa dilo “tse e leng tsa Modimo.”
“Dilo Tse e Leng Tsa ga Kaesare”
7. Basupi ba ga Jehofa ba itsege jang malebana le go duela makgetho?
7 Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ba tshwanetse go ‘utlwa babusi ba bagolo,’ babusi ba bogoromente. (Baroma 13:1) Ka jalo fa Kaesare, Puso, a batla dilo tse di tshwanetseng, digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele di ba letla gore ba diragatse dilo tseo. Ka sekai, Bakeresete ba boammaaruri ke bangwe ba batho ba ba duelang lekgetho ka tshwanelo tota mo lefatsheng. Kwa Jeremane pampiri ya dikgang ya Münchner Merkur e ne ya bolela jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ke batho ba ba ntshang lekgetho ka boikanyegi le ka nako go feta batho botlhe mo Repaboliking ya Feterale.” Kwa Italy pampiri ya dikgang ya La Stampa e ne ya akgela jaana: “Ke [Basupi ba ga Jehofa] baagi ba ba ikanyegang go feta botlhe ba motho a ka ba batlang: ga ba tile go ntsha makgetho le gone ga ba leke go tlola melao e e ba gatelelang gore ba solegelwe molemo.” Batlhanka ba ga Jehofa ba dira seno ‘ka ntlha ya digakolodi tsa bone.’—Baroma 13:5, 6.
8. A se re tshwanetseng ra se naya Kaesare ke lekgetho la madi fela?
8 A “dilo tse e leng tsa ga Kaesare” ke go duela makgetho fela? Nnyaa. Paulo o ne a bua ka dilo tse dingwe, tse di jaaka poifo le tlotlo. Mo bukeng ya gagwe ya Critical and Exegetical Hand-Book to the Gospel of Matthew, mokanoki wa Mojeremane e bong Heinrich Meyer o ne a kwala jaana: “Fa go twe [dilo tsa ga Kaesare] . . . ga re a tshwanela go akanya gore go buiwa fela ka lekgetho la puso, mme go tewa sengwe le sengwe se Kaesare a neng a na le tshwanelo ya sone ka ntlha ya puso ya gagwe e e kafa molaong.” Mokwalahisitori E. W. Barnes, mo bukeng ya gagwe ya The Rise of Christianity o ne a tlhalosa gore Mokeresete o ne a duela lekgetho fa a tshwanetse go le duela mme “a bo a diragatsa dilo tse dingwe tsotlhe tse di batliwang ke Puso, fa fela a ne a sa kopiwe go neela Kaesare dilo tse e leng tsa Modimo.”
9, 10. Mokeresete a ka nna a okaoka ka mabaka afe malebana le go ntshetsa Kaesare tshwanelo ya gagwe, mme ke dintlha dife tse re tshwanetseng ra nna re di gakologetswe?
9 Ke dilo dife tse Puso e ka di batlang e sa batle dilo tse tota e leng tsa Modimo? Bangwe ba ile ba akanya gore ba ka neela Kaesare lekgetho la madi fela, mme e seng sepe gape. Ruri ba ne ba ka se itumelele go neela Kaesare sepe se se ka ba tseelang nako e ba neng ba ka e dirisetsa ditiro tsa puso ya Modimo. Lefa go ntse jalo, lefa e le boammaaruri gore re tshwanetse go ‘rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona, ka moya otlhe wa rona, ka tlhaloganyo yotlhe ya rona le ka thata yotlhe ya rona,’ gone Jehofa o lebeletse gore re ka dirisa nako le mo dilong tse dingwe kwantle ga tirelo ya rona e e boitshepo. (Mareko 12:30; Bafilipi 3:3) Ka sekai, Mokeresete yo o nyetsweng o gakololwa gore a iphe nako ya go itumedisa yo a nyalaneng le ene. Ditiro tse di ntseng jalo ga di phoso, mme moaposetoloi Paulo o bolela gore ke “dilo tsa lefatshe” e seng “dilo tsa Morena.”—1 Bakorinthe 7:32-34; bapisa 1 Timotheo 5:8.
10 Mo godimo ga moo, Keresete o laetse balatedi ba gagwe gore ba ‘ntshe’ lekgetho, mme seno kwantle ga pelaelo se akaretsa go dirisa nako e re e neetseng Jehofa—e re ka re mo neetse nako ya botshelo jwa rona jotlhe. Fa e le gore ka kakaretso lekgetho mo nageng ke diperesente tse 33 tsa lotseno (le kwa godimo go feta seo kwa dinageng dingwe), seno se kaya gore ngwaga le ngwaga modiri ka kakaretso o duela Letlole la Puso madi a a lekanang le dituelo tsa gagwe tsa dikgwedi di le nnè. Ka mafoko a mangwe, fa a tla go wetsa lobaka lo a berekang ka lone, mmereki ka kakaretso o tla bo a dirisitse dingwaga di ka nna 15 a berekela madi a lekgetho a a batliwang ke “Kaesare.” Ela tlhoko gape kgang ya go tsena sekolo. Mo dinageng di le dintsi molao o batla gore batsadi ba tsenye bana ba bone sekolo ka dingwaga tse di beilweng. Naga nngwe le nngwe e na le dingwaga tse di farologaneng tse di beetsweng go tsena sekolo. Kwa mafelong a mantsi go bewa lobaka lo lotelele tota. Ke boammaaruri gore gantsi go tsena sekolo jalo go mosola, mme Kaesare ke ene a dirang tshwetso ya gore ke karolo e e kana kang ya botshelo jwa ngwana e e tshwanetseng go dirisiwa jaana, mme batsadi ba Bakeresete ba dira tumalanong le tshwetso ya ga Kaesare.
Tirelo ya Bosole e e Patelediwang
11, 12. (a) Kaesare o batla eng mo bathong mo dinageng di le dintsi? (b) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leba tirelo ya bosole jang?
11 Selo se sengwe se Kaesare a se batlang mo dinageng tse dingwe ke tirelo ya bosole e e patelediwang. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, bontsi jwa ditšhaba bo ne jwa simolola thulaganyo eno mo metlheng ya ntwa mme tse dingwe tsa e dirisa le mo motlheng wa kagiso tota. Kwa Fora go tsere dingwaga tse dintsi e ntse e bidiwa lekgetho la madi a mmele, go kaya gore lekawana lengwe le lengwe le ne le tshwanetse la iketleetsa go swela Puso. A seno ke sengwe se batho ba ba ineetseng mo go Jehofa ba ka se dirang ka segakolodi se se phepa? Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leba kgang eno jang?
12 Lefa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leka go nna baagi ba ba siameng, tumelo ya bone e ne e ba thibela go bolaya motho yo mongwe kana go ntsha matshelo a bone ka namana setlhabelo ba se ntshetsa Puso. The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Borara ba kereke ba bogologolo, go akaretsa Tertullian le Origen, ba ne ba tlhomamisa gore Bakeresete ba ne ba sa letlelelwe go bolaya motho, e le molaomotheo o o neng o dira gore ba se ka ba tsena mo bosoleng jwa kwa Roma.” Porofesa C. J. Cadoux o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Early Church and the World: “Bobotlana go fitlha ka nako ya fa go busa Marcus Aurelius [161-180 C.E.], ga go na Mokeresete ope yo o neng a ka nna lesole fa a sena go kolobediwa.”
13. Ke eng fa bontsi jwa batho mo go Labokeresete ba sa lebe tirelo ya bosole jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba e leba?
13 Ke eng fa maloko a dikereke tsa Labokeresete a sa lebe dilo jalo gompieno? Ka ntlha ya phetogo e kgolo e e neng ya diragala mo lekgolong la bonè la dingwaga. Kgatiso ya Katoliki ya A History of the Christian Councils e tlhalosa jaana: “Bakeresete ba le bantsi, . . . ka nako ya fa go busa babusibagolo ba baheitane, ba ne ba ikgogona mo tirelong ya bosole ka ntlha ya bodumedi, mme ba ne ba gana gotlhelele go tshwara dibetsa, e seng jalo ba ne ba tsamaya. Khuduthamaga [ya kwa Arles, e e neng e tshwerwe ka 314 C.E.], fa e tlhatlhoba diphetogo tse di neng di tlisitswe ke Constantine, e ne ya bolela gore Bakeresete ba tshwanetse go direla mo ntweng, . . . ka gonne Kereke e mo kagisong (in pace) e eteletswe pele ke kgosana e e botsalano le Bakeresete.” Ka ntlha ya go tlogela dithuto tsa ga Jesu jalo, go tloga ka nako eo go fitlha jaanong, baruti ba Labokeresete ba ile ba kgothaletsa matsomane a bone gore ba direle mo sesoleng sa ditšhaba, lefa bangwe ba bone ba ile ba gana ka ntlha ya segakolodi.
14, 15. (a) Kwa mafelong mangwe Bakeresete ba dirisa mabaka afe gore ba kope go rebolwa gore ba se ka ba tsena mo tirelong ya bosole? (b) Fa go sena thulaganyo ya go rebola batho, ke melaometheo efe ya Dikwalo e e tla thusang Mokeresete gore a dire tshwetso e e siameng mo kgannyeng ya tirelo ya bosole?
14 A Bakeresete gompieno ba tshwanetse go sala bontsi morago mo kgannyeng eno? Nnyaa. Fa Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng a nna mo nageng e badiredi ba bodumedi ba kgonang go rebolwa gore ba se ka ba tsena mo tirelong ya bosole, a ka dirisa thulaganyo eno, ka gonne tota ke modiredi. (2 Timotheo 4:5) Dinaga di le mmalwa, go akaretsa United States le Australia, di ile tsa rebola batho jalo tota le ka nako ya ntwa. Mme ka nako ya kagiso, kwa dinageng di le dintsi tse di pateletsang batho tirelo ya bosole, Basupi ba ga Jehofa, e re ka e le badiredi ba bodumedi, ba a rebolwa. Ka jalo ba ka kgona go tswelela pele ba thusa batho ka tirelo ya bone mo setšhabeng.
15 Lefa go ntse jalo, go tweng fa Mokeresete a nna mo nageng e badiredi ba bodumedi ba sa rebolweng mo go yone? Fa go ntse jalo o tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso a latela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. (Bagalatia 6:5) A ntse a gopotse taolo e Kaesare a nang le yone, o tla akanya sentle gore ke eng se a tshwanetseng go se naya Jehofa. (Pesalema 36:9; 116:12-14; Ditiro 17:28) Mokeresete o tla gakologelwa gore letshwao la Mokeresete wa boammaaruri ke go rata badumedikaene botlhe tota le ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe kana e le ba ditso di sele. (Johane 13:34, 35; 1 Petere 2:17) Mo godimo ga moo, ga a ne a lebala melaometheo ya Dikwalo e e mo ditemaneng tse di jaaka Isaia 2:2-4; Mathaio 26:52; Baroma 12:18; 14:19; 2 Bakorinthe 10:4; le Bahebere 12:14.
Tirelopuso
16. Kwa dinageng dingwe, ke tirelo efe e e seng ya bosole e Kaesare a batlang batho ba ba sa dumeleng go tsena mo tirelong ya bosole gore ba e dire?
16 Lefa go ntse jalo, go na le dinaga tse kwa go tsone, lefa Puso e sa rebole badiredi ba bodumedi, mme gone e dumelang gore batho bangwe ba ka gana go direla mo bosoleng. Dinaga di le dintsi tse di ntseng jalo di direla batho bano ba ba ganang ka ntlha ya segakolodi thulaganyo ya gore ba se ka ba patelediwa go tsena mo tirelong ya bosole. Kwa mafelong mangwe, tirelopuso e ba tshwanetseng ba e dira, e e jaaka go dira tiro nngwe e e tla solegelang batho molemo, e tsewa e le tirelosetšhaba e e seng ya bosole. A Mokeresete yo o ineetseng o ka dira tirelo e e ntseng jalo? Fano le gone, Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng o tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele.
17. A go na le sengwe se se neng se dirwa mo metlheng ya Baebele se se tsamaisanang le tirelopuso e e seng ya bosole?
17 Go bonala gore mo metlheng ya Baebele go ne go na le tirelo e e patelediwang. Buka nngwe ya hisitori e bolela jaana: “Mo godimo ga lekgetho le madi a a neng a batliwa mo baaging ba Jutea, gape go ne go na le corvée [tiro e e dirisiwang motho ke balaodi ba setšhaba mme a sa duelwe]. Ono e ne e le molao wa bogologolo kwa Botlhaba, o balaodi ba Bafetogelasegerikeng le Baroma ba santseng ba o dirisa. . . . Tesetamente e Ntšha le yone e bontsha dikai tsa corvée kwa Jutea, go bontsha kafa e neng e aname ka teng. Go dumalana le mokgwa ono, masole a ne a pateletsa Simone wa Kurene gore a sikare sefapaano [kota ya tlhokofatso] sa ga Jesu (Mathaio 5:41; 27:32; Mareko 15:21; Luke 23:26).”
18. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba dumela go dira mefuta efe ya tirelo e e direlwang setšhaba e e seng ya bosole e bile e se ya bodumedi?
18 Ka tsela e e tshwanang, kwa dinageng dingwe gompieno Puso kana balaodi ba lefelo leo ba batla gore baagi ba dire mefuta e e farologaneng ya tirelo e e direlwang setšhaba. Ka dinako tse dingwe go dirwa tiro e e rileng, jaaka go epa didiba kana go dira ditsela; ka dinako tse dingwe ke sengwe sa ka metlha, jaaka go thusa beke le beke fa go phepafadiwa ditsela, dikolo, kana dipatela. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dumela go dira tirelopuso e e ntseng jalo fa e solegela batho molemo e bile e sa amane le bodumedi jwa maaka kana e sa thulane ka tsela epe le digakolodi tsa bone. (1 Petere 2:13-15) Seno gantsi se ile sa neela bosupi jo bo molemo mme ka dinako tse dingwe sa didimatsa batho ba ba latofatsang Basupi ka maaka ba re ba kgatlhanong le goromente.—Bapisa Mathaio 10:18.
19. Mokeresete o tshwanetse a dira jang fa Kaesare a batla gore a dire tirelosetšhaba e e seng ya bosole ka lobaka lo lo rileng?
19 Lefa go ntse jalo, go tweng fa Puso e batla gore Mokeresete a tseye lobaka lo lo rileng a dira tirelopuso e le karolo ya tirelosetšhaba a kaelwa ke batsamaisi ba setšhaba? Fano le gone, Bakeresete ba tshwanetse ba itirela ditshwetso ba thusiwa ke segakolodi se se nang le kitso. “Rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo.” (Baroma 14:10) Bakeresete ba ba batlwang sengwe ke Kaesare ba tshwanetse ba tlhatlhoba kgang eo ka thapelo ba bo ba tlhatlhanye ka yone.a Go tlotla ka kgang eno le Bakeresete ba ba godileng mo phuthegong le gone go ka thusa. Morago ga moo motho o tshwanetse a itirela tshwetso ka namana.—Diane 2:1-5; Bafilipi 4:5.
20. Ke dipotso dife le melaometheo ya Dikwalo e e thusang Mokeresete go akanya ka kgang ya tirelopuso ya setšhaba e e seng ya bosole?
20 Fa Bakeresete ba ntse ba dira patlisiso eno, ba tshwanetse ba tlhatlhoba melaometheo e le mmalwa ya Baebele. Paulo o ne a bolela gore re tshwanetse ra “[nna] kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, [re] etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo . . . [re] nne bonolo, . . . le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe.” (Tito 3:1, 2) Ka nako e e tshwanang, Bakeresete ba tla bo ba dira sentle fa ba tlhatlhoba tirelopuso eo. Fa ba dumela go e dira, a ba tla kgona go nna ba bolokile boitlhaodi jwa Bokeresete? (Mika 4:3, 5; Johane 17:16) A go tla ba tsenya mo bodumeding bongwe jwa maaka? (Tshenolo 18:4, 20, 21) A go e dira go tla ba thibela kana ga ba kgoreletsa thata gore ba se diragatse maikarabelo a bone a Bokeresete? (Mathaio 24:14; Bahebere 10:24, 25) Kafa letlhakoreng le lengwe, a ba tla kgona go tswelela ba gatela pele semoyeng, gongwe e bile ba tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng fa ba ntse ba dira tirelo e e tlhokegang?—Bahebere 6:11, 12.
21. Go sa kgathalesege gore tshwetso ya gagwe ke efe, phuthego e tshwanetse ya leba jang mokaulengwe yo o akanyetsang kgang ya tirelopuso ya setšhaba e e seng ya bosole?
21 Go tweng fa dikarabo tse di ikanyegang tsa Mokeresete ka dipotso tseno di dira gore a swetse ka go re tirelopuso eno ya setšhaba ke “tiro e e molemo” eo a ka e dirang a bontsha gore o kutlo mo balaoding? Eo ke tshwetso ya gagwe fa pele ga Jehofa. Bagolwane ba ba tlhomilweng le ba bangwe ba tshwanetse go tlotla segakolodi sa mokaulengwe yoo ka botlalo ba bo ba tswelele pele ba mo tsaya jaaka Mokeresete yo o nang le boemo jo bo siameng. Lefa go ntse jalo, fa Mokeresete a akanya gore a ka se ka a dira tirelopuso eno, boikutlo jwa gagwe le jone bo tshwanetse jwa tlotliwa. Le ene o santse a na le boemo jo bo siameng le gone o tshwanetse go tshegediwa ka lorato.—1 Bakorinthe 10:29; 2 Bakorinthe 1:24; 1 Petere 3:16.
22. Lefa re ka lebana le boemo lefa e le bofe, re tla tswelela pele re dira eng?
22 Jaaka Bakeresete ga re ketla re kgaotsa go ‘tlotla ba ba tshwanetsweng ke go tlotlwa.’ (Baroma 13:7) Re tla tlotla thulaganyo e e tshwanetseng mme re leke go nna baagi ba ba ratang kagiso le ba ba utlwang molao. (Pesalema 34:14) Re ka nna ra bo ra rapelela “dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo” fa banna bano ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di malebana le botshelo le tiro ya rona ya Bokeresete. Fa re ntshetsa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, re solofela gore re tla “[tshela] mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.” (1 Timotheo 2:1, 2) Mo godimo ga tsotlhe, re tla tswelela pele re rera mafoko a a molemo a gore batho ba ka solofela mo Bogosing fela, re ntshetsa Modimo tse e leng tsa Modimo ka segakolodi se se phepa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1964, tsebe 308, serapa 21 (ya Seesemane).
A o ka Tlhalosa?
◻ Fa Mokeresete a lekalekanya botsalano jwa gagwe le Kaesare le botsalano jwa gagwe le Jehofa, o tshwenyega ka eng pele?
◻ Ke eng se re tshwanetseng ra se naya Jehofa seo re ka sekang ra se naya Kaesare le ka motlha?
◻ Dingwe tsa dilo tse ka tshwanelo re di neelang Kaesare ke dife?
◻ Ke dikwalo dife tse di re thusang go dira tshwetso e e tshwanetseng ka kgang ya tirelo ya bosole e e patelediwang?
◻ Dingwe tsa dilo tse re ka di gakologelwang ke dife fa re bilediwa go tsenela tirelopuso ya setšhaba e e seng ya bosole?
◻ Ke eng se re tswelelang pele re se direla Jehofa le Kaesare?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Baaposetoloi ba ne ba raya Saneheterine ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho”