LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 5/1 ts. 5-8
  • Bokeresete Jwa Bogologolo le Puso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokeresete Jwa Bogologolo le Puso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga se ba Lefatshe Mme ga ba Letlhoo
  • Tlotlo, e Seng Kobamelo
  • “Ba Farologane  le Setšhaba”
  • Go Ntshetsa Kaesare “Tshwanelo” ya Gagwe
  • Go Nna Tekatekano Sentle ka Dilo Tse Pedi Tse di Batliwang
  • Go Ineela mo Pusong
  • Bakeresete ba Pele le Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Modimo le Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ga Ba Akanye Le E Seng ka go Ineela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng se se Dirang Motho Moagi yo o Molemo?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 5/1 ts. 5-8

Bokeresete Jwa Bogologolo le Puso

DIURA di sekae pele Jesu a swa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “[Ga lo] ba lefatshe, mme ke lo itshenketse mo lefatsheng, ke gone lefatshe le lo ilang.” (Johane 15:19) Lefa go ntse jalo, a seno se raya gore Bakeresete ba ne ba tla tlhoa babusi ba lefatshe leno?

Ga se ba Lefatshe Mme ga ba Letlhoo

Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Roma a re: “A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo ineele mo taolelong nngwe le nngwe ya motho ka ntlha ya Morena: le fa e le mo kgosing ka e le tlhogo; le fa e le mo balaodisiweng, ka ba romilwe ke yone go tla ba lefetsa badira bosula, le go baka ba ba dirang sentle.” (1 Petere 2:13, 14) Go phepafetse gore go ikobela Puso le baemedi ba yone ba ba tlhomilweng ka tshwanelo e ne e le molaomotheo o o amogelwang ke Bakeresete ba bogologolo. Ba ne ba leka go nna baagi ba ba utlwang molao le go nna ka kagiso le batho botlhe.—Baroma 12:18.

Mo setlhogong se se reng “Kereke le Puso,” The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Mo makgolong a ntlha a mararo AD kereke ya Bokeresete e ne e farologane thata le setšhaba se se itsegeng sa Roma . . . Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba Bakeresete . . . ba ne ba ruta batho gore ba utlwe molao wa Roma ba bo ba ikanyege mo mmusimogolong, mme ba sa tlole melao e e tlhomilweng ka tumelo ya Bokeresete.”

Tlotlo, e Seng Kobamelo

Bakeresete ba ne ba sa tlhoa mmusimogolo wa Roma. Ba ne ba tlotla thata ya gagwe e bile ba mo neela tlotlo e e neng e tshwanela boemo jwa gagwe. Ka nako ya fa go ne go busa Mmusimogolo Nero, moaposetoloi Petere o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba nna mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Roma jaana: “Tlotlang batho botlhe. . . . Tlotlang kgosi.” (1 Petere 2:17) Lefoko “kgosi” le ne le dirisiwa ke batho ba ba buang Segerika ba sa bue ka dikgosi tsa lefelo la bone fela mme le ka mmusimogolo wa Roma. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba ba neng ba nna mo mošateng wa Mmusomogolo wa Roma a re: “Nayang botlhe tshwanelo ya bone; . . . tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.” (Baroma 13:7) Kwantle ga pelaelo mmusimogolo wa Roma o ne a tshwanelwa ke tlotlo. Fa nako e ntse e ya, o ne a ba a batla go obamelwa. Lefa go ntse jalo, seo sone Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa se dire.

Fa Polycarp a ne a sekisiwa ke molaodi wa Roma ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., gatwe o ne a re: “Nna ke Mokeresete. . . . Re rutiwa go neela tlotlo yotlhe e e tshwanelang . . . go bathata le babusi ba ba tlhomilweng ke Modimo.” Lefa go ntse jalo, Polycarp o ne a tlhopha gore a swe go na le go obamela mmusimogolo. Molwelatumelo wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Theophilus wa Antioke o ne a kwala jaana: “Bogolo ke ka tlotla mmusimogolo, tota ke sa mo obamele, mme ke mo rapelela. Mme ke obamela Modimo, Modimo o o tshelang wa boammaaruri.”

Dithapelo tse di tshwanetseng tse di neng di rapelelwa mmusimogolo ka tshwanelo ruri di ne di sa kopane gope le go obamela mmusimogolo kana le bosetšhaba. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa boikaelelo jwa tsone jaana: “Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe. A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.”—1 Timotheo 2:1, 2.

“Ba Farologane  le Setšhaba”

Tsela eno ya go tlotla e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba itshwara ka yone ga e a ka ya ba dira gore ba nne ditsala le lefatshe le ba neng ba nna mo go lone. Mokwalahisitori wa Mofora e bong A. Hamman o tlhalosa gore Bakeresete ba bogologolo “ba ne ba farologane le setšhaba.” Tota ba ne ba farologane le ditšhaba tse pedi, Bajuta le Baroma, ka bobedi jwa tsone di ba tlhoile thata e bile di sa ba utlwisise.

Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a latofadiwa ka maaka ke baeteledipele ba Bajuta, o ne a iphemela jaana fa pele ga mmusi wa Roma: “Go le molao wa Bajuta ga ke a o leofela gope, le fa e le tempele, le fa e le Kaesare. . . . Ke ipiletsa Kaesare.” (Ditiro 25:8, 11) E re ka Paulo a ne a lemoga gore Bajuta ba loga maano a go mmolaya, o ne a ikuela go Nero, ka jalo a dumela gore mmusimogolo wa Roma o na le thata. Morago ga foo, mo tshekong ya gagwe ya ntlha kwa Roma, go bonala gore Paulo o ne a seka a bonwa molato. Mme lefa go ntse jalo o ne a tsenngwa mo kgolegelong gape moragonyana, mme dipolelo tsa bogologolo di bolela gore o ne a bolawa fela jaaka Nero a ne a laetse.

Moithutatshelo yo gape e leng moithutabomodimo e bong Ernst Troeltsch o ne a kwala jaana malebana le seemo se se bokete se Bakeresete ba bogologolo ba neng ba le mo go sone mo setšhabeng sa Roma: “Go ne go sa letlelelwe maemo otlhe le ditiro tsotlhe tse di neng di na le kobamelo ya medimo ya disetwa, kana kobamelo ya Mmusimogolo, kana tse di neng di amana ka gope le go tshololwa ga madi kana go bolaya motho yo o atlholetsweng loso, kana tse di neng di ka dira gore Bakeresete ba tsenele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa boheitane.” A boemo jono bo ne bo dira gore Bakeresete ba se ka ba dirisana le Puso ka kagiso le ka go tlotlana?

Go Ntshetsa Kaesare “Tshwanelo” ya Gagwe

Jesu o ne a tlhoma mokgwa o o neng o tla laola tsela e Bakeresete ba itshwarang ka yone malebana le Puso ya Roma, kana puso epe fela e sele, fa a ne a bolela jaana: “Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Kgakololo eno e e neng e newa balatedi ba ga Jesu e ne e farologane gotlhelele le boikutlo jwa Bajuta ba le bantsi ba ba ratang bosetšhaba ba ba neng ba gana go laolwa ke Baroma mme ba ganetsa gore go duela lekgetho mo pusong e nngwe go kafa molaong.

Moragonyana, Paulo o ne a raya Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Roma a re: “Ke gone lo nang le go ineela, e seng ka ntlha ya bogale bo le josi, mme e le ka ntlha ya segakolodi le sone. Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne [“babusi ba bagolo” ba puso] ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se. Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba.” (Baroma 13:5-7) Lefa Bakeresete ba ne ba se karolo ya lefatshe, ba ne ba tshwanetse go nna baagi ba ba ikanyegang, ba ba duelang makgetho, ba duela Puso ka ntlha ya se e se ba direlang.—Johane 17:16.

Mme lefa go ntse jalo a mafoko a ga Jesu a bua ka go duela lekgetho fela? E re ka Jesu a sa tlhalosa ka tlhamalalo gore sa ga Kaesare ke eng sa Modimo ke eng, go na le dilo tse di sa umakiwang tse go tshwanetseng ga dirwa tshwetso ka tsone go ya ka seemo kana go ya ka tsela e re tlhaloganyang Baebele yotlhe ka yone. Ka mafoko a mangwe, go dira tshwetso ya gore Mokeresete o neela Kaesare dilo dife ka dinako tse dingwe go tshwanetse ga dirwa go ya ka segakolodi sa Mokeresete, se dira go ya ka lesedi la melaometheo ya Baebele.

Go Nna Tekatekano Sentle ka Dilo Tse Pedi Tse di Batliwang

Batho ba le bantsi ba na le go lebala gore fa Jesu a sena go bolela gore Kaesare o tshwanetse go ntshediwa dilo tsa gagwe, o ne a oketsa ka go re: “Lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.” Moaposetoloi Petere o ne a bontsha se se tshwanetseng sa tla pele mo Bakereseteng. Fela fa Petere a sena go gakolola batho gore ba ineele mo “kgosing,” kana mo mmusimogolong, le mo “balaodiseng” ba gagwe, o ne a kwala jaana: “Lo nne jaaka ba ba gololesegileng, kgololesego ya lona lo se e ntshe kobo ya go bipa boikepo, lo nne jaaka batlhanka ba Modimo. Tlotlang batho botlhe. Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.” (1 Petere 2:16, 17) Moaposetoloi o ne a bontsha gore Bakeresete ke batlhanka ba Modimo, e seng ba mmusi mongwe wa motho. Lefa ba tshwanetse go bontsha baemedi ba Puso tlotlo e e tshwanetseng, ba tshwanetse ba dira jalo ba ntse ba boifa Modimo, yo melao ya gagwe e leng kwa godimo thata.

Dingwaga pelenyana Petere o ne a dirile gore go phepafale gore melao ya Modimo e botlhokwa thata go feta ya motho. Saneheterine ya Bajuta e ne e le setlhopha sa batsamaisi se se neng se neetswe thata ya go busa le ya bodumedi ke Baroma. Fa e ne e laola balatedi ba ga Jesu gore ba emise go ruta ka leina la ga Keresete, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba araba jaana ka tlotlo mme e le ka tlhomamo: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Go phepafetse gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba nna tekatekano fa gare ga go utlwa Modimo le go ikobela babusi ba batho ka tshwanelo. Tertullian o ne a tlhalosa jaana mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E.: “Fa e le gore dilo tsotlhe ke tsa ga Kaesare, Modimo o tla salelwa ke eng?”

Go Ineela mo Pusong

Fa nako e ntse e feta, boemo jo bo neng bo tserwe ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga malebana le Puso bo ne jwa koafala ka iketlo. Botenegi jo bo neng bo boleletswe pele ke Jesu le baaposetoloi bo ne jwa ata mo lekgolong la bobedi le la boraro C.E. (Mathaio 13:37, 38; Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3-12; 2 Petere 2:1-3) Bakeresete ba batenegi ba ne ba ineela mo tseleng ya Baroma ya go tshela, ba keteka mekete ya bone ya boheitane le go tsamaisana le filosofi ya bone, ba bo ba dumela go dira tirelopuso mmogo le tirelo ya bosole.

Porofesa Troeltsch o ne a kwala jaana: “Go tswa kwa lekgolong la boraro la dingwaga go ya kwa pele boemo bo ne jwa ketefalela pele, ka gonne Bakeresete ba ba nang le maemo a a kwa godimo mo Setšhabeng ba ne ba oketsega mmogo le ba ba berekang ditiro tsa maemo, ba ba mo sesoleng le ba e leng badiredibagolo. Mo ditemaneng di le dintsi tsa mekwalo ya Bokeresete [e e seng mo Baebeleng] go na le mafoko a a bogale a a kgatlhanong le go tsenela mo dilong tseno; kafa letlhakoreng le lengwe, re bona gape le maiteko a go ineela—mabaka a a ntshiwang ka maikaelelo a go kokobetsa digakolodi tsa batho ba ba tshwenyegileng . . . Go tloga ka nako ya ga Constantine mathata ano a ne a fela; kgotlhang fa gare ga Bakeresete le baheitane e ne ya fela, mme batho botlhe ba ne ba letlelelwa go nna badiredi ba Puso.”

Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., Bokeresete jono jo bo kgotletsweng, jo bo ineelang fela bo ne jwa nna bodumedi jwa Puso jwa Mmusomogolo wa Roma.

Mo hisitoring ya yone yotlhe, Labokeresete—e emetswe ke Dikereke tsa Katoliki, Orthodox le Boporotesetanta—e ntse e ineela mo Pusong, e tsenela kwa teng mo bopolotiking jwa yone le go thusa mo dintweng tsa yone. Maloko a le mantsi a a peloephepa a kereke ao a tshositsweng ke seno kwantle ga pelaelo a ka itumelela go itse gore go na le Bakeresete bangwe gompieno ba ba tshwereng boemo jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka tsela e ba dirisanang le Puso ka yone. Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla tlhalosa kgang eno ka botlalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Kaesare Nero yo Petere a neng a kwala kaga gagwe a re: “Tlotlang kgosi”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei Capitolini, Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Polycarp o ne a tlhopha go swa go na le go obamela mmusimogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba bogologolo e ne e le baagi ba ba ratang kagiso, ba ba ikanyegang, ba ba duelang lekgetho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela