Ga Ba Akanye Le E Seng ka go Ineela!
JEHOFA o ne a sireletsa balatedi ba pele ba ga Jesu Keresete. (Ditihō 11:21) Modimo o ne wa ba thusa gore ba tswelele pele ba latela tsela e e siameng. Go itsege sentle fela mo hisitoring gore ba ne ba ilwa e bile ba bogisiwa botlhoko.
Go ile ga itsege gore balatedi ba ntlha ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ne ba ipoloka ba thokgame. Ba ne ba gana go latola tumelo ya bone lefa ba ne ba lebane le loso. Mme ke eng fa ba ne ba tshwarwa makgwakgwa jaana?
Ba Ne Ba Ilwa Mme Ba Sa Dira Sepe Se Se Phoso
Fela jaaka Jesu, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba sa eletse dilo tse di elediwang ke lefatshe e bile ba sa dumele dilo tse le di dumelang. (1 Yohane 4:4-6) Mo godimo ga moo, rahisitori Edmond de Pressensé o ne a bolela gore Bokeresete bo ne jwa anama “ka bonako e bile bo ile jwa atlega ka tsela e e gakgamatsang mo e leng gore go ne go se tsela e go neng go ka tilwa gore bo se ka jwa thulana [le mmusomogolo wa Roma] ka yone.”
Nako nngwe Jesu o ne a lebisa boperofeti jo bo mo go pesalema mo go ene a bolela jaana: “Ba nkidile ka boomo hèla.” (Yohane 15:25; Pesalema 69:4) O ne a setse a kile a tlhagisa barutwa ba gagwe pele a ba bolelela jaana: “Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Go ne go se kitla go nna motlhofo go latela motlhala wa gagwe. Selo se se botlhokwa ke gore baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tla tsaya barutwa ba ga Jesu ba e leng Bajuda jaaka batenegi mo tumelong ya Sejuda. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa ba ne ba batla gore barutwa ba ga Jesu ba se ka ba tlhola ba bolela ka ene, ba ne ba gana ka go bo seo se ne se tla raya gore ba latole tumelo ya bone.—Ditihō 4:17-20; 5:27-32.
Fa a sena go neela bosupi fa pele ga lekgotla la Bajuda la Sanehederine morago fela ga Pentekosete ya 33 C.E., morutwa Setefane o ne a latofadiwa ka gore o “bua mahoko a tlhapaco kaga Moshe, le kaga Modimo.” Le mororo ditatofatso tseo di ne di godisitswe thata, o ne a bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. Mme go ne ga felela ka gore, “phuthègō e e mo Yerusalema ea cogèlwa ke pogishō e kgolo,” mme “botlhe ba halalèla mo mahatshiñ a Yudea le Samaria, ha e se baaposetoloi ba le bosi hèla.” (Ditihō 6:11, 13; 8:1) Ba bantsi ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong.
Bajuda ba ne ba tsoma barutwa ba ga Jesu ka “letlhoo le le seng kana ka sepe,” go bolela jalo buka ya Christianity and the Roman Empire. Gone mme, mmuso wa Roma o ne o tshwanelwa ke go tsaya kgato go sireletsa Bakeresete nako le nako! Ka sekai, masole a Roma a ne a falotsa moaposetoloi Paulo mo Bajudeng ba ba neng ba batla go mmolaya. (Ditihō 21:26-36) Lefa go ntse jalo, go ne go se monate fa gare ga Bakeresete le Baroma.
Roma E Oketsa Pogiso
Mo e ka nnang dingwaga di le robongwe morago ga loso lwa ga Setefane, mmusi wa Roma Herode Agrippa I o ne a dira gore moaposetoloi Jakobe a bolawe fela gore Bajuda ba mo rate. (Ditihō 12:1-3) Ka nako eo, go dumela mo go Keresete go ne go setse go anametse kwa Roma. (Ditihō 2:10) Ka 64 C.E., karolo e kgolo ya motse oo e ne ya tshubiwa ka molelo. Bakeresete ba ne ba bogisiwa setlhogo morago ga gore Nero a ba pege molato wa gore ke bone ba bakileng tshenyo eo, a dira jalo ka boiteko jwa go fedisa magatwe a gore ke ene a tshubileng molelo oo. A o ne a tshuba motse ka molelo gore a tle a o age gape ka tsela e e botoka le gore a o neye leina le lengwe la Neropolis a o teelela ka ene? Kana a mosadi wa gagwe Poppaea, yo o neng a sokologetse mo Sejudeng yo go neng go itsege gore o ila Bakeresete, o ne a mo tlhotlheletsa gore a ba latofatse? Babatlisisi ga ba tlhomamise kaga seno, mme lefa go ntse jalo seno se ne sa felela ka tsela e e boifisang.
Rahisitori wa Moroma Tacitus o bolela jaana: “Ba ne ba bolawa ka go sotliwa ka ditsela tse di farologaneng; [Bakeresete] ba ne ba gagolakwa ke dintša ba sena go apesiwa matlalo a dibatana; ba ne ba kokotelwa mo difapaanong; ba tshelwa maokwane gore ba tuke, gore fa go nna lefifi, ba lale ba bonesitse jaaka dipone bosigo,” e le ditotšhe tse di bonesang ditshingwana tsa mmusimogolo. Tacitus yo e neng e se tsala ya Bakeresete, o oketsa jaana: “Le mororo ba ne ba le molato, ba tshwanelwa ke kotlhao e e tla nnang sekao mo go ba bangwe, ba ne ba tlhomola pelo, ka go bo ba ne ba bolawa, e seng gore go sirelediwe batho ka kakaretso, mme e le ka ntlha ya bosetlhogo jwa monna a le mongwe,” Nero.
Ba Farologane Gotlhelele
Le mororo Nero a ne a fitlhelela maikaelelo a gagwe ka go latofatsa Bakeresete gore ke bone ba sentseng Roma, ga a ise a ko a ba thibele kana a bolele gore Bokeresete ke bodumedi jo bo sa letlelelwang mo Pusong ya naga eo. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa Baroma ba ne ba sa ganetse pogiso eo? Ka ntlha ya gore “ditlhopha tse dinnye tsa Bakeresete di ne di tshwenya lefatshe la baheitane ba ba ratang menate ka boikanyegi jwa tsone le boitlotlo jwa tsone,” go bolela jalo rahisitori Will Durant. Bakeresete ba ne ba farologane fela thata le Baroma ba ba neng ba tsholola madi mo metshamekong ya bone. Baroma ba ne ba ka se ka ba lesa Bakeresete fela ba sa ba nyeletse gonne ka go dira jalo ba ne ba ritibatsa digakolodi tsa bone.
Go ne go bonala Roma e se kitla e fenngwa jaaka mmusomogolo wa lefatshe. Baroma ba ne ba dumela gore lebaka le lengwe la go bo masole a bone a ne a nonofile e ne e le ka go bo ba ne ba obamela medingwana yotlhe. Ka jalo go ne go le thata mo go bone go tlhaloganya lebaka la go bo Bakeresete ba obamela Modimo o le mongwe fela le go bo ba gana go obamela medimo epe e mengwe, go akaretsa le go obamela mmusimogolo. Ga go gakgamatse he go bo Baroma ba ne ba tsaya gore Bokeresete ke selo se se nyatsang dilo tse di neng di tshegeditse mmusomogolo.
Tlhwatlhwa E E Neng E Duelwa Ke Ba Ba Neelang Bosupi
Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane o ne a isiwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ea lehoko ya Modimo le chupō ea ga Yesu.” (Tshenolō 1:9) Go dumelwa fa mmusimogolo wa Roma Domitian, e le ene a neng a dira seno. Lefa go ntse jalo, le mororo balatedi ba ga Jesu ba ne ba gatelelwa, e ne ya re fa lekgolo leo la dingwaga le fela, Bokeresete jwa bo bo setse bo aname le Mmusomogolo otlhe wa Roma. Seno se ne sa kgonega jang? A History of the Early Church e bolela gore Bokeresete bo ne “bo tshegediwa ke bodihedi jwa jone.” Fela jaaka Johane, Bakeresete ba pele ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba se ka ba latola tumelo ya bone mme go na le moo ba ne ba tswelela pele ba bua ba le tlhaga ka Modimo e bile ba supa kaga Jesu.—Ditihō 20:20, 21; 2 Timotheo 4:2.
Mo e ka nnang ka 112 C.E., dingwaga tse pedi fela Mmusimogolo Trajan a sena go tlhoma Pliny go nna mmusi wa Bethania (e jaanong e leng bokonebophirima jwa Turkey) Bakeresete ba ne ba bogisiwa ka tsela nngwe e sele. Puso ya pele e ne e sa gagamala, mme seno sa dira gore go nne le tlhakatlhakano. Ditempele di ne di batla di sena ope yo o yang kwa go tsone, mme furu ya diphologolo tse di neng di ntshiwa ditlhabelo e ne e sa tlhole e rekwa thata. Barekisi ba ne ba re kobamelo ya Bakeresete e e tlhamaletseng ke yone e bakang seno, ka go bo e ne e sena ditlhabelo tsa diphologolo le medimo ya disetwa.
Pliny o ne a dira ka natla go tsosolosa kobamelo ya boheitane, fa Bakeresete bone ba ne ba bolawa ka go bo ba gana go tshela beine le maswalo fa pele ga ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa mmusimogolo. Kgabagare, babusi ba Roma ba ne ba dumela gore Bakeresete ke “batho ba ba nang le maitsholo a mantle, lefa go ntse jalo ba kgatlhanong thata le ngwao ya bogologolo ya bodumedi ka tsela e e sa kgoneng go tlhalosiwa,” go bolela jalo Porofesa Henry Chadwick. Le mororo go nna Mokeresete go ne ga sala e le molato o motho a o bolaelwang, balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba ne ba sa akanye gore ba ka ineela.
Letlhoo gape le ne le bakiwa ke “go tenega ga malapa a baheitane ka ntlha ya go sokololwa ga maloko mangwe,” go bolela jalo Porofesa W. M. Ramsay. “Go ne go le thata go tshedisana mmogo fa moagisani wa gago a sa kgone go dira dilo tse di tlwaetsweng go dirwa ka go bo go ne go tla bo go raya gore o tlotla medimo ya boheitane,” go bolela jalo Dr. J. W. C. Wand. Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba ne ba leba Bakeresete ba pele jaaka batho ba ba ilang batho kana ba ba leba jaaka batho ba ba sa dumeleng mo Modimong.
Koketsego E Lere Pogiso E E Oketsegileng
Polycarp, yo go begiwang fa a ne a rutilwe ke moaposetoloi Johane, o ne a nna mogolwane yo o tlotlegang kwa motseng wa Semerena (e jaanong e bidiwang Izmir). O ne a tshubelwa mo koteng ka 155 C.E. ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Mmusi wa perofensi ya Roma ebong Statius Quadratus o ne a phutha boidiidi jwa batho. Setadiamo se ne se tletse ka baheitane ba ba letlhoo ba ba neng ba sotla Polycarp wa dingwaga tse 86 ka go bo a ne a nyatsa kobamelo ya medimo ya bone, mme Bajuda ba ba gagamaletseng kobamelo ya bone thata ba ne ba phutha dikgong tsa go mo fisa ba dira jalo ba sa laelwa ke ope, le mororo ba ne ba tshwanela go dira seno ka letsatsi leo e neng e le la Sabata o mogolo.
Morago ga foo Bakeresete ba ne ba bogisiwa thata go ralala naga yotlhe ya Roma. Go ne ga bolawa ba bantsi le go feta mo pusong ya Mmusimogolo Marcus Aurelius. Fa e ne e le baagi ba Roma, ba ne ba bolawa ka tšhaka; ba e neng e se baagi, ba ne ba bolawa ke dibatana kwa mafelong a metshameko. Molato wa bone e ne e le eng? E ne e le fela ka go bo e le Bakeresete ba ba sa batleng go ineela kana go latola tumelo ya bone.
Lyons, motse wa segompieno wa Fora o ne wa gola go tswa mo koloneng ya Roma ya Lugdunum, lefelo le dilo di neng di laolwa go tswa kwa go lone e bile e le lone fela lefelo la bothibelelo jwa masole a Roma fa gare ga Roma le Noka ya Rhine. Ka 177 C.E., e ne e setse e na le setlhopha se segolo sa Bakeresete bao baagi ba baheitane ba neng ba ba ganetsa ka bogale. Seno se ne sa simologa fa Bakeresete ba ne ba sa tlhole ba letlelelwa mo mafelong a botlhe. Digopa di ne tsa tsosa dikhuduego, mme morago ga foo ba ne ba bogisiwa botlhoko thata mo e leng gore go ne go sena Mokeresete ope yo a neng a leka go tswa ka legae la gagwe. Mmusi wa Roma o ne a laela gore Bakeresete ba senkiwe mme ba bolawe.
Tuelo
Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa le tlhotlheletso ya bone e e nonofileng e sa tlhole e le gone, botenegi bo ile jwa simologa gare ga bangwe bao ba neng ba ipitsa Bakeresete. (2 Bathesalonia 2:7) Bokeresete jwa botenegi bo ne jwa nna bodumedi jwa Puso ya naga fa lekgolo la bonè la dingwaga C.E. le ya kwa bokhutlong. Ka nako eo, bo ne bo setse bo le maswe thata mo bo neng bo iketleeditse go ineela le go itshupa fa e le karolo ya lefatshe—selo se Jesu le barutwa ba gagwe ba pele ba iseng ba ko ba se dire. (Yohane 17:16) Lefa go ntse jalo, pele ga foo, dibuka tse di dirang Bibela di ne di setse di weditswe, mmogo le pego ya tsone kaga tumelo ya Bokeresete.
A diketekete tsa Bakeresete ba pele di ne tsa bogela lefela? Le e seng! ‘Ba ne ba itshupa ba ikanyega go fitlha ba swa, mme ba ne ba newa serwalo sa botshelo,’ gonne le ka motlha ga ba a ka ba akanya go latola tumelo ya bone. (Tshenolō 2:10) Batlhanka ba ga Jehofa ba santse ba bogisiwa thata, mme lefa go ntse jalo tumelo le bothokgami jwa badumedi ka bone ba pele e nna e ntse e le selo se se ba kgothatsang thata. Ka jalo, Bakeresete ba metlha ya segompieno le bone ga ba akanye le e seng ka go ineela.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Nero
Setshwantsho sa mmusomogolo wa Roma
Aletare e go neng go obamelwa Kaesare kwa go yone
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Nero: Courtesy of The British Museum
Museo della Civiltà Romana, Roma
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Marcus Aurelius
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Bettmann Archive