Ba Tlhoetswe Tumelo ya Bone
“Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.”—MATHAIO 10:22.
1, 2. A o ka anela dilo dingwe tse tota di ileng tsa diragalela Basupi ba ga Jehofa ka go bo ba tshela go ya ka dilo tse ba di dumelang?
RALEBENKELE mongwe yo o ikanyegang kwa setlhaketlhakeng sa Kereta o tshwarwa ka makgetlo a mantsintsi mme o nna a isiwa fa pele ga dikgotlatshekelo tsa Greece gangwe le gape. Fa dingwaga di kopanngwa, o nna dingwaga tse di fetang thataro kwa kgolegelong a kgaogane le mosadi le bana ba gagwe. Kwa Japane moithuti wa dingwaga di le 17 o kobiwa mo sekolong, le fa gone a itshwere sentle e bile a bona maduo a ntlha mo tlelaseng ya baithuti ba le 42. Kwa Fora batho ba le bantsi ba kobiwa mo tirong, le fa gone go itsege gore ba dira tiro ya bone ka tlhoafalo le ka kelotlhoko. Dilo tseno tse tota di diragetseng di tshwana ka eng?
2 Batho botlhe ba ba amegang fano ke Basupi ba ga Jehofa. “Molato” wa bone ke eng? Totatota, ke go bo ba dira dilo tse ba di dumelang. Ka ntlha ya go utlwa se Jesu Keresete a se rutileng, ralebenkele yono o ne a ntse a bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe. (Mathaio 28:19, 20) O ne a atlholwa go ya ka molao wa bogologolo wa Greece o o reng go sokolola batho ke go tlola molao. Moithuti ene o ne a kobiwa ka go bo segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele se ne se sa mo letle go nna le seabe mo motshamekong o ba neng ba o patelediwa wa kendo (motshameko wa Sejapane wa ditšhaka). (Isaia 2:4) Mme ba ba kobilweng kwa ditirong kwa Fora ba ne ba bolelelwa gore lebaka le le lengwe fela la go bo ba kobiwa ke go bo ba ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa.
3. Ke eng fa e le ka sewelo go diregang gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe thata ke beng ka bone?
3 Maitemogelo ano a a botlhoko a supa maemo a Basupi ba ga Jehofa ba dinaga dingwe ba tshwanelwang ke go lebana le one bosheng jaana. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ga se gantsi ba bogisiwa thata jaana ke beng ka bone. Batho ba ga Jehofa ba itsege mo lefatsheng lotlhe ka boitshwaro jwa bone jo bontle—selo se se dirang gore ope a se nne le lebaka lepe le le utlwalang la go ba utlwisa botlhoko. (1 Petere 2:11, 12) Ga ba loge maano a bolotsana kana go nna le seabe mo boitshwarong jo bo diphatsa. (1 Petere 4:15) Go na le moo, ba leka go tshela tumalanong le kgakololo ya Baebele ya gore ba ineele pele mo Modimong, go tswa foo mo mebusong. Ba duela makgetho a a batlwang ke molao e bile ba leka go ‘agisana le batho botlhe.’ (Baroma 12:18; 13:6, 7; 1 Petere 2:13-17) Mo tirong ya bone ya go ruta Baebele, ba rotloetsa go tlotla molao, botshelo jo bo molemo jwa lelapa le boitsholo jo bo siameng. Mebuso e mentsi e ile ya ba akgola go bo e le baagi ba ba utlwang molao. (Baroma 13:3) Le fa go ntse jalo, jaaka serapa se se simololang se bontsha, ka dinako tse dingwe ba ile ba ganediwa—mo dinageng tse dingwe ba ile ba ba ba thibelwa ke puso. A seno se tshwanetse go re gakgamatsa?
“Ditshenyegelo” Tsa go Nna Morutwa
4. Go ya ka Jesu, ke eng se motho a ka se lebelelang fa a nna mongwe wa barutwa ba gagwe?
4 Jesu Keresete o ne a tlhalosa sentle gore go nna morutwa go ne go tla akaretsa eng. O ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” Jesu o ne a tlhoilwe “kwantle ga lebaka.” (Johane 15:18-20, 25; Pesalema 69:4; Luke 23:22) Barutwa ba gagwe ba ne ba ka lebelela se se tshwanang—go ganediwa kwantle ga mabaka a a utlwalang. O ile a ba tlhagisa jaana ka makgetlo a le mmalwa: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng.”—Mathaio 10:22; 24:9.
5, 6. (a) Ke eng fa Jesu a ile a kgothaletsa batho ba ba neng ba tla nna balatedi ba gagwe go ‘bala ditshenyegelo’? (b) Ka jalo he, ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa re ganediwa?
5 Ka gone, Jesu o ne a kgothaletsa batho ba e neng e tla nna balatedi ba gagwe gore ba “bale ditshenyegelo” tsa go nna barutwa. (Luke 14:28, Revised Standard Version) Ka ntlha yang? E seng gore ba swetse gore a ba tla nna balatedi ba gagwe kgotsa nnyaa, go na le moo e ne e le gore ba tlhotlhomise gore a ba tla kgona go dira se go nna morutwa go se akaretsang. Re tshwanetse go ipaakanyetsa go itshokela diteko kana mathata ape a a tla nnang teng ka ntlha ya tshiamelo eno. (Luke 14:27) Ga go na ope yo o re pateletsang go direla Jehofa re le balatedi ba ga Keresete. Ke tshwetso e re itiretseng ka borona; gape ke tshwetso e re e dirang re itse mabaka otlhe. Re itse e sa le gale gore mo godimo ga masego a re tla nnang le one ka ntlha ya go nna le kamano ya boineelo go Modimo, re tla nna “ba ba tlhoilweng.” Ka jalo ga re gakgamale fa re lebana le kganetso. Re ‘badile ditshenyegelo,’ mme re iketleeleditse ka botlalo go di lefela.—1 Petere 4:12-14.
6 Ke ka ntlha yang fa batho bangwe, go akaretsa le babusi ba batla go ganetsa Bakeresete ba boammaaruri? Go araba potso eo, go molemo fa re ka tlhatlhoba ditlhopha tse pedi tsa bodumedi tsa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Di ne di tlhoilwe ka bobedi jwa tsone—mme e le ka mabaka a a farologaneng thata.
Go Tlhoa le go Tlhoiwa
7, 8. Ke dithuto dife tse di neng di supa go ila Baditšhaba, mme ke boikutlo bofe jo Bajuda ba ileng ba nna le jone ka ntlha ya tsone?
7 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Iseraele e ne e busiwa ke Baroma, mme Bojuda, e leng tsamaiso ya bodumedi ya Sejuda, ka kakaretso bo ne bo eteletswe pele ke baeteledipele ba ba gatelelang ba ba jaaka bakwadi le Bafarasai. (Mathaio 23:2-4) Baeteledipele bano ba ba feteletsang dilo ba ne ba tsaya dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe tse di buang ka go ikgaoganya le baditšhaba mme ba di sokamisa gore di dire gore batho ba ile batho ba e seng Bajuda. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba dira gore bodumedi jwa bone e nne jo bo tlhotlheletsang batho go tlhoa Baditšhaba mme ka go dira jalo, ba dira gore Baditšhaba ba ba tlhoe.
8 Go ne go se boima gore baeteledipele ba Bajuda ba kgothaletse batho go ila Baditšhaba ka gonne ka nako eo Bajuda ba ne ba tsaya Baditšhaba e le dibopiwa tse di nyatsegang. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ruta gore mosadi wa Mojuda le ka motlha a se ka a nna a le nosi le Baditšhaba, ka gonne ba “belaelwa ka botlhodi.” Monna wa Mojuda ga a tshwanela go “nna a le nosi le bone ka gonne go belaelwa gore ba tsholola madi.” Mashi a a gamilweng ke Moditšhaba a ne a sa tshwanela go dirisiwa kwantle ga fa Mojuda a ne a le gone a lebile fa go ntse go gamiwa. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya baeteledipele ba bone, Bajuda ba ne ba simolola go ikgaphela thata kwa thoko ba itlhaola ka tsela e e feteletseng.—Bapisa Johane 4:9.
9. Ditlamorago tsa dithuto tsa baeteledipele ba Bajuda malebana le batho ba e seng Bajuda e ne ya nna dife?
9 Dithuto tse di ntseng jalo malebana le batho ba e seng Bajuda ga di a ka tsa rotloetsa dikamano tse di molemo fa gare ga Bajuda le Baditšhaba. Baditšhaba ba ne ba simolola go leba Bajuda e le batho ba ba tlhoileng batho botlhe. Rahisitori wa Moroma e bong Tacitus (yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 56 C.E.) o ne a re Bajuda “ba leba batho botlhe ka letlhoo la bobaba.” Gape Tacitus o ne a bolela gore Baditšhaba ba ba neng ba sokologela mo Bojudeng ba ne ba rutiwa go itatola naga ya bone le go itlhokomolosa ba malapa a bone le ditsala tsa bone. Gantsi Baroma ba ne ba itshokela Bajuda fela, ka go bo ba ne ba setse ba le bantsi mo ba neng ba ka se ba dire sepe. Mme go tsuologa ga Bajuda ka 66 C.E. go ile ga dira gore Baroma ba itefetse ka tsela e e setlhogo, mo e leng gore go ne ga felela ka gore Jerusalema e senngwe ka 70 C.E.
10, 11. (a) Molao wa ga Moshe o ne o batla gore batswakwa ba tshwarwe jang? (b) Re ithuta eng mo go se se diragetseng mo Bojudeng?
10 Tsela e ba neng ba leba batswakwa ka yone e ne e farologane jang le kobamelo e e tlhalosiwang mo Molaong wa ga Moshe? Molao o ne o rotloetsa go ikgaoganya le ditšhaba, mme seno e ne e le go sireletsa Baiseraele, segolobogolo kobamelo ya bone e e itshekileng. (Jošua 23:6-8) Le fa go ntse jalo, Molao o ne o batla gore batswakwa ba tshwarwe sentle ba sa gobelelwe le gore ba amogelwe ka diatla tsoopedi—fa fela ba ne ba sa itlhokomolose melao ya Iseraele ka boomo. (Lefitiko 24:22) Ka go se dire dilo go ya ka se tota Molao o neng o se bolela ka batswakwa, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dira gore kobamelo ya bone e nne e rotloetsa letlhoo le gore e tlhoiwe. Kwa bofelong, setšhaba sa Bajuda sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa se ka sa tlhola se amogelwa ke Jehofa.—Mathaio 23:38.
11 A go na le se re se ithutang mo go seno? Ee, se teng. Boikutlo jwa go ipona tshiamo le jwa boikgodiso jo bo dirang gore re lebele batho ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang kwa tlase ga bo supe kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng e bile ga bo mo itumedise. Akanya ka Bakeresete ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ba ne ba sa tlhoa batho ba e seng Bakeresete, e bile ga a ba ka ba tsuologela Roma. Le fa go ntse jalo, e ne e le “ba ba tlhoilweng.” Ka ntlha yang? Mme ke bomang?
Bakeresete ba Bogologolo —Ba ne Ba Tlhoilwe ke Bomang?
12. Dikwalo di supa sentle jang gore Jesu o batla gore balatedi ba gagwe ba nne le boikutlo jo bo lekalekaneng ka batho ba e seng Bakeresete?
12 Dithuto tsa ga Jesu di supa sentle gore o ne a batla gore barutwa ba gagwe ba lebe batho ba e seng Bakeresete ka tsela e e lekalekaneng. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a re balatedi ba gagwe ba tla bo ba kgaogane le lefatshe—ke gore, ba ne ba tla gana mekgwa le boitsholo jo bo thulanang le ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Ba ne ba tla nna ba itlhaotse mo dikgannyeng tsa ntwa le tsa bopolotiki. (Johane 17:14, 16) Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le gore Jesu a rotloetse barutwa ba gagwe go nyatsa batho ba e seng Bakeresete, o ne a ba laela gore ba ‘rate baba ba bone.’ (Mathaio 5:44) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe.” (Baroma 12:20) Gape o ile a raya Bakeresete a re ba ‘dire se se molemo mo go botlhe.’—Bagalatia 6:10.
13. Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba ganetsa barutwa ba ga Keresete thata jaana?
13 Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke fa barutwa ba ga Keresete le bone ba iphitlhela e le ba “ba tlhoilweng” ke ditlhopha di le tharo. Sa ntlha, e ne e le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Ga go gakgamatse go bo ba ile ba simolola go tlhoma Bakeresete matlho! Bakeresete ba ne ba na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo le tsa bothokgami, mme ba ne ba anamisa molaetsa o o neelang tsholofelo ka tlhoafalo e kgolo. Batho ba le diketekete ba ne ba tlogela Bojuda mme ba amogela Bokeresete. (Ditiro 2:41; 4:4; 6:7) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tsaya barutwa ba ga Jesu ba Bajuda e le batlhanogi! (Bapisa Ditiro 13:45.) Baeteledipele ba ba galefileng bano ba ne ba tsaya gore Bokeresete bo dirolola dingwao tsa bone. Gone e bile, bo ne bo sa dumalane le tsela e ba neng ba leba Baditšhaba ka yone! Go tloga ka 36 C.E. go ya pele, Baditšhaba ba ne ba ka nna Bakeresete, ba nna le tumelo e e tshwanang e bile ba nna le ditshiamelo tse di lekanang le tsa Bakeresete ba Bajuda.—Ditiro 10:34, 35.
14, 15. (a) Ke eng fa Bakeresete ba ne ba tlhoilwe ke baobamedi ba baheitane? Neela sekai. (b) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ‘tlhoilwe’ ke setlhopha sefe sa boraro?
14 Sa bobedi, Bakeresete ba ne ba tlhoiwa ke baobamedi ba baheitane. Ka sekai, kwa Efeso wa bogologolo, tiro ya go direla modimogadi e bong Aretemise ditempelana tsa selefera e ne e le kgwebo e e dirang madi a mantsi. Mme fa Paulo a ne a rera koo, Baefeso ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa, ba tlogela go obamela Aretemise. Fa bathudi ba selefera ba bona gore kgwebo ya bone e a tshosediwa, ba ne ba tsosa khuduego. (Ditiro 19:24-41) Go ne ga direga selo se se tshwanang fa Bokeresete bo sena go anamela kwa Bethinia (e jaanong e leng kwa bokonebophirima jwa Turkey). Ka bonako morago ga gore Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di wediwe, mmusi wa Bethinia e bong Pliny yo Mmotlana, o ne a bega gore ditempele tsa seheitane di ne di tlogetswe le gore theko ya furu e e neng e dirisediwa diphologolo tsa setlhabelo e ne e fokotsegile thata. Bakeresete ba ne ba pegwa molato—ba bogisiwa—ka gonne kobamelo ya bone e ne e sa dumelele ditlhabelo tsa diphologolo le medimo ya disetwa. (Bahebera 10:1-9; 1 Johane 5:21) Go a bonala gore go anama ga Bokeresete go ile ga ama dikgwebo dingwe tse di neng di amana le kobamelo ya boheitane, mme batho ba ba neng ba latlhegelwa ke madi le kgwebo ya bone ba ne ba bo ila.
15 Sa boraro, Bakeresete ba ne ba nna “ba ba tlhoilweng” ke Baroma ba ba neng ba na le botšhaba. Pele Bakeresete ba ne ba itsege mo Baromeng e le setlhotshwana sa bodumedi se se ka tswang se ne se feteletsa dilo. Mme, fa nako e ntse e ya, go ipitsa Mokeresete fela e ne e le molato o o neng o ka o bolaelwa. Ke eng fa baagi ba ba ikanyegang ba ba tshelang ka tsela ya Bokeresete ba ne ba tsewa e le batho ba ba tshwanelwang ke go bogisiwa le go bolawa?
Bakeresete ba Bogologolo—Ke Eng Fa ba Ne ba Tlhoilwe ke Baroma?
16. Bakeresete ba ne ba nna ba ikgaogantse le lefatshe ka ditsela dife, mme ke eng fa seno se ne sa dira gore Baroma ba se ka ba ba rata?
16 Bakeresete ba ne ba tlhoilwe ke Baroma segolobogolo ka go bo ba ne ba dira dilo tse ba di dumelang. Ka sekai, ba ne ba ikgaogantse le lefatshe. (Johane 15:19) Ka jalo ba ne ba se na maemo mo dipolotiking, e bile ba ne ba gana tiro ya bosole. Ka ntlha ya seo, ba ne ba “tsewa e le batho ba ba suleng mo lefatsheng, ba ba se nang mosola ope mo botshelong,” go bolela jalo rahisitori e bong Augustus Neander. Go se nne karolo ya lefatshe gape go ne go raya gore ba tile mekgwa e e bosula ya Baroma. Rahisitori e bong Will Durant o tlhalosa jaana: “Ditlhopha tse dinnye tsa Bakeresete di ne di tshwenya baheitane ba ba neng ba rata menate ka tsela e e feteletseng ka ntlha ya boineelo jwa bone le maitsholo a bone a mantle.” (1 Petere 4:3, 4) Ka go bogisa le go bolaya Bakeresete, Baroma ba ka tswa ba ne ba batla go kokobetsa digakolodi tsa bone.
17. Ke eng se se supang gore tiro ya go rera ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e na le matswela?
17 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo e kgolo. (Mathaio 24:14) Mo e ka nnang ka 60 C.E., Paulo o ne a ka bolela gore dikgang tse di molemo di ‘rerilwe mo tlhōlong yotlhe e e leng tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, balatedi ba ga Jesu ba ne ba dirile barutwa go ralala Puso ya Roma—kwa Asia, Yuropa le Afrika! Tota le maloko mangwe a “ba ntlo ya ga Kaesara” ba ne ba nna Bakeresete.a (Bafilipi 4:22) Go rera ka tlhoafalo jaana go ne ga tsosa kgalefo. Neander o bolela jaana: “Bokeresete bo ne jwa anama ka bonya mo bathong ba maemo otlhe, mme bo tshosetsa go tsaya maemo a bodumedi jwa puso.”
18. Go obamela Jehofa a le nosi fela go ne ga lotlhanya Bakeresete jang le Baroma?
18 Balatedi ba ga Jesu ba ne ba obamela Jehofa a le nosi. (Mathaio 4:8-10) Gongwe seno ke sone se se neng se ba lotlhanya le puso ya Roma go feta dilo tse dingwe tsa kobamelo ya bone. Baroma ba ne ba dumelela madumedi a mangwe, fa fela balatedi ba one ba ne ba obamela le mmusi wa bone. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ka se nne le seabe mo kobamelong e e ntseng jalo. Ba ne ba itsaya ba ikarabela mo molaoding yo mogolo go gaisa wa Puso ya Roma, e bong Jehofa Modimo. (Ditiro 5:29) Ka ntlha ya seo, le fa Mokeresete a ka tswa a ne a siame jang mo dilong tse dingwe tsotlhe, o ne a tsewa e le mmaba wa Puso.
19, 20. (a) Ke bomang ba ba neng ba ikarabelela thatathata ka maaka a a senyang leina a a neng a anamisiwa ka Bakeresete ba ba ikanyegang? (b) Ke dilo dife tsa maaka tse Bakeresete ba neng ba latofadiwa ka tsone?
19 Go ne go na le lebaka le lengwe gape le le neng le dira gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ‘tlhoiwe’ ke Baroma: Maaka a a ba senyang leina a thatathata ba neng ba a pegwa ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda a ne a dumelwa motlhofo. (Ditiro 17:5-8) Mo e ka nnang ka 60 kana 61 C.E., fa Paulo a ne a le kwa Roma a letetse go sekisiwa ke Mmusi Nero, Bajuda ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba bolela jaana ka Bakeresete: “Ruri malebang le lekoko leno re a itse gore le buiwa ka go kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:22) Ga go ka fa Nero a neng a ka se ka a utlwa dikgang tse di ba senyang leina. Ka 64 C.E., fa Nero a ne a pegiwa molato wa go baka molelo o o neng wa senya Roma, dipego di bolela gore o ne a tlhopha go iphimola molato ka Bakeresete. Go bonala fa seno se ne sa dira gore go tsoge dipogiso tse di setlhogo tse go neng go ikaeletswe go fedisa Bakeresete ka tsone.
20 Gantsi Bakeresete ba ne ba latofadiwa ka dilo tse e leng maaka a a tlhamaletseng a tlhakane le go sokamisa dilo tse ba di dumelang. E re ka ba ne ba dumela mo Modimong a le mongwe mme ba sa obamele mmusimogolo, ba ne ba tsewa e le balatolamodimo. E re ka maloko mangwe a malapa a batho ba e neng e se Bakeresete ba ne ba ganetsa ba masika a bone ba e leng Bakeresete, Bakeresete ba ne ba latofadiwa ka gore ba thuba malapa. (Mathaio 10:21) Go ne go twe ba ja batho, e leng tatofatso e batho bangwe ba bolelang gore e ne e theilwe mo mafokong a ga Jesu a a sokamisitsweng a a neng a a bua mo Sejong sa Morena sa Maitseboa.—Mathaio 26:26-28.
21. Bakeresete ba ne ba ‘tlhoilwe’ ka ntlha ya mabaka afe a mabedi?
21 Ka jalo, Baroma ba ne ba ‘tlhoile’ Bakeresete ka ntlha ya mabaka ano a mabedi a magolo: (1) tumelo le ditiro tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng, le (2) dilo tsa maaka tse ba neng ba latofadiwa ka tsone. Le fa baganetsi bano ba ka tswa ba ne ba na le lebaka lefe, ba ne ba na le boikaelelo bo le bongwe fela—go gatelela Bokeresete. Gone mme, batho ba totatota ba neng ba rotloetsa go bogisiwa ga Bakeresete e ne e le baganetsi ba ba nang le maatla a a fetang a batho, meya e e sa bonaleng e e boikepo.—Baefeso 6:12.
22. (a) Ke sekai sefe se se supang gore Basupi ba ga Jehofa ba leka go ‘dira se se molemo mo go botlhe’? (Bona lebokoso mo tsebeng 11.) (b) Go tla sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?
22 Jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ile ba ‘tlhoiwa’ mo dinageng tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, bone ga ba tlhoe batho ba e seng Basupi; e bile le ka motlha ga ba ise ba ko ba tlhotlheletse go tsuologa kgatlhanong le mebuso. Go na le moo, ba itsege mo lefatsheng lotlhe e le batho ba ba nang le lorato lwa mmatota lo lo akaretsang batho botlhe, merafe le ditso tsotlhe. Mme gone, ke ka ntlha yang fa ba bogisiwa? Mme ba itshwara jang fa ba ganediwa? Dipotso tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Polelwana e e reng “ba ntlo ya ga Kaesara” e ka tswa e sa reye ba lelapa la ga Nero yo o neng a busa ka nako eo. Go na le moo, e ka tswa e raya batlhanka le badiredi ba maemo a a kwa tlase ba ba ka tswang ba ne ba dira ditiro tsa legae tse di jaaka go apeela le go phepafaletsa ba lelapa la segosi le badiredi ba lone.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke eng fa Jesu a ile a kgothaletsa batho ba ba neng ba tla nna balatedi ba gagwe gore ba bale ditshenyegelo tsa go nna barutwa?
◻ Boikutlo jo bo neng bo le teng ka batho ba e seng Bajuda bo ne jwa ama Bojuda jang, mme ke eng se re ka se ithutang mo go seno?
◻ Bakeresete ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba lebana le kganetso go tswa mo ditlhopheng dife tse tharo?
◻ Baroma ba ne ba ‘tlhoile’ Bakeresete ba bogologolo ka ntlha ya mabaka afe a magolo?
[Lebokoso mo go tsebe 11]
‘Go Dira se se Molemo mo go Botlhe’
Basupi ba ga Jehofa ba leka go tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore ba ‘dire se se molemo mo go botlhe.’ (Bagalatia 6:10) Ka dinako tsa mathata, go rata baagelani go ba tlhotlheletsa go thusa batho ba ba sa dumeleng dilo tse bone ba di dumelang. Ka sekai, ka nako ya masetlapelo a kwa Rwanda ka 1994, Basupi ba kwa Yuropa ba ne ba ithaopela go tla Afrika go tla go thusa ka dithuso tsa namolo. Go ne ga tlhomiwa dikampa tse di rulagantsweng sentle le dikokelo tsa nakwana go thusa. Go ne ga romelwa dithoto tse dikgolo tsa dijo, diaparo le dikobo ka sefofane. Palo ya batshabi ba ba neng ba thusiwa ka thuso eno ya namolo e ne e feta palo ya Basupi ba lefelo leo ka makgetlo a le mararo.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo e kgolo