LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 1 ts. 4-12
  • Keletso ya Kagiso le Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keletso ya Kagiso le Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo Ya Bolaodi Jo bo Kgatlhanong
  • Tsela Ya Go Ipelela Kagisano le Modimo
  • Modisa Mo Godimo ga se se Fetang “Lecomanyane”
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Kagiso ya Bomodimo mo go Bao ba Rutwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 1 ts. 4-12

Kgaolo 1

Keletso ya Kagiso le Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe

1, 2. Ke eng seo setho sotlhe se se tlhokang thata thata, mme ka ntlhayang?

KAGISO le polokesego ke dilo tse re di batlang mono lefatsheng. Go tlhokafala ga boemo jo bo ntseng jalo jo bo eletsegang ga go ise go ko go batlege thata jaaka go ntse gompieno. Seno se ntse jalo e seng fela go rona jaaka batho ka bongwe mme gape le go losika lotlhe lwa motho mo tikologong ya lefatshe.

2 Ke sone seo baagi ba lefatshe ba jaanong ba tshelang mo nakong e e di gaisang tsotlhe! ‘Seno se ka nna jang,’ gongwe o ka nna wa botsa, ‘ereka jaana re tseneletse thata mo lobakeng lo lo boifisang segolo mo ditiragalong tsotlhe tsa motho, ebong motlha wa dibetsa tsa nuklea?’

3. (a) Ke eng seo se bolelwang fa e le lebaka la go bo merafe e na le bomo ya nuklea? (b) Ke eng seo se tshwanetseng go laola maikutlo fela a tlholego?

3 Go begwa gore bobotlana merafe e ka hera bobedi e ka kgona go dira bomo ya nuklea. Mme ebile go hopholediwa gore dinaga di le 31 di ka nna tsa bo di na le dibetsa tsa nuklea ka ngwaga wa 2 000. Lebaka la tsone la go nna le dibomo tseno tse di di gaisang tsotlhe-tsotlhe go bolelwa e le ka ntlha ya itshireletso, thibedi mo merafeng e mengwe e e tshotseng dibetsa tse di tshwanang, pōpō ya ipusolosetso ya nuklea. Ponong ya maemo a a ntseng jalo a a mo lefatsheng, ke mo go utlwalang fela gore merafe e dumalane go tshela mmogo ka tirisano.

4. Lemororo Mmopi a sa kganela maiteko a motho go senka polokesego, ke boikaelelo bofe jo a nang najo mabapi le seno?

4 Lefa go ntse jalo, a se re se batlang ke kagiso fela e e itiretsweng ke batho, ga mmogo le polokesego eo motho a ka e lereng? Lemororo Mmopi a sa kganela maiteko a batho go tlhoma le go tshegetsa kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe, o na le tsela ya gagwe e e itekanetseng ya go kgorisa keletso ya rona ya tlholego ya kagiso le polokesego. O na le nako ya gagwe e a e beileng gore a tlose bakgoreletsi ba polokesego ya bao ba eletsang go mo obamela. Abo re ka itumela jang ne go itse gore nako ya gagwe ya seno e gaufi!

5. Ke eng seo Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng a neng a se bua mabapi le lefatshe, mme ke eng seo eleng boikaelelo jwa Mmopi kaga motho?

5 Morago ga diketekete tsa dingwaga tsa ditiragalo tsa motho tse di kgoberegileng, go tshwanetswe ga lebelelwa gore go tla nna le keletso e e nonofileng mo lefatsheng ka bophara ya kagiso le polokesego. Lefatshe le ile la nna lefelo le motho a nnang mo go lone fa e sale a nna gone. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a re: “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; me lehatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Go tswa fela kwa tshimologong, e ne e le boikaelelo jo bo lorato jwa Mmopi gore motho a ipelele botshelo jo bo tletseng mo legaeng la lefatshe leo a le filweng ke Modimo.

6. Ke mo go eng motho wa ntlha le bana ba gagwe ba neng ba ka kgona go dira jaaka Modimo?

6 Go ya ka polelo ya popo e e go Genesise 2:7, “Modimo [o ne] a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Go ne go se sebopiwa se sengwe se se tshelang mo lefatsheng seo se neng se lekana le motho kafa botshelong kana se le selekanyong sa motho ka nonofo—se se neng se ka kgona go itshwara jaaka Modimo mo go diriseng taolo. Gape, taolo eno e ne e sa tshwanela fela go felela mo dibopiweng tsa ntlha tsa batho mme e ne e tshwanetse go dirisiwa gape le go ipelelwa ke bana ba gagwe.

7. Adame o ne a nna le mosadi jang, mme ke eng seo a neng a se bua fa sebopiwa seno se se itekanetseng se isiwa kwa go ene?

7 Ka ntlha ya lebaka le, Mmopi o ne a neela Adame mosadi. O ne a tshwanetse go nna mmabana botlhe ba batho ba ba neng ba tla aga mo lefatsheng mo isagweng. Ke sone se e rileng, fa a neelwa sebopiwa seno se se itekanetseng, monna a ileng a kgona go re: “Yana eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me.” Ka gone o ne a mmitsa motho wa sesadi mo losikeng lwa motho, ’ish·shahʹ, mo go rayang sebopego sa lefoko la Sehebera la bonamagadi leo le ranotsweng jaaka monna, ebong, ’ish.—Genesise 2:21-23.

8. Ke ditao dife tseo Mmopi a neng a di neela banyalani ba ntlha ba batho?

8 Mmopi le Rara wa selegodimo o ne a raya banyalani ba ntlha ba batho a re: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè.” (Genesise 1:28) Tsela eno e ne e le sengwe se sesha gotlhelele mo ditiragalong tsa dibopiwa tse di botlhale. Banni ba semoya ba magodimo a a sa bonaleng ba ne ba seka ba nnisiwa gone ka lotsalo.

9. Pesalema 8:4, 5 e tlhalosa jang thulaganyo ya bomodimo ya dilo?

9 Ga go gakgamatse go bo, ka nako ya fa go bopiwa lefatshe, “dinaledi tsa moshō [tsa] ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:7) Ka nako eo, sengwe le sengwe se ne se le mo kagisong ebile se le kutlwanong mo lobopong lotlhe. Mo pesalemeng ya bohera bobedi, a kgatlhilwe thata ke thulaganyo ya bomodimo ya dilo, mopesalema o tlhalosa jaana mabapi le motho: “Gonne u mo hokoditse boèmō go le gonnye hèla mo Modimoñ, ua mo rwesa kgalalèlō le tlotlō.” (Ditemana 4, 5) Go ya ka pesalema eno, Modimo o ne a baya sengwe le sengwe mo lefatsheng kafa tlase ga dinao tsa motho.

Tshimologo Ya Bolaodi Jo bo Kgatlhanong

10. (a) Pele ga ngwana wa ntlha wa motho a ka imiwa, ke eng seo se neng sa tlhaga? (b) Ke eng seo se neng se ka tlhongwa godimo ga losika lwa motho?

10 Ka mo go gakgamatsang, pele ga ngwana wa motho wa ntlha a ka imiwa, go ne ga tsoga botsuolodi bongwe mo phuthegong ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa Modimo. Boemo bo ne bo ka gogela mo go tlhomiweng ga bolaodi jo bosha, bobusi jo bosha jo bogolo, godimo ga setho—fa losika lwa motho lo ne lo ka kgaoganngwa le go tlhaolwa mo phuthegong ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa. Go ne go ka tlhongwa bolaodi jo bo kgatlhanong le jwa gagwe. Seno se ne sa baka gore go buiwe maaka a ntlha, ao a neng a supa Jehofa Modimo ka tsela e e seng yone.

11. Ka go buelela Jehofa Modimo ka tsela e e seng yone, ke eng seo motsuolodi wa ntlha a neng a nna sone?

11 Go bolelwa ga maaka a ntlha go ne ga dira gore motsuolodi yono wa ntlha kgatlhanong le Modimo a nne moaki wa ntlha, diabolo wa ntlha, kana mosenyi. Phapaanong e kgolo le ene, Jesu Keresete o ne a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō.” (Yohane 14:6) Go baganetsi ba gagwe ba bodumedi, Jesu o ne a re: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sale a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rraaōna maaka.”—Yohane 8:44.

12. (a) Diabolo o ne a dira jang gore go buiwe maaka a ntlha, mme seo se ne sa nna le phelelo efe mo go Efa? (b) Ke eng seo se neng sa nna gone fa Adame a a ja loungo lo lo iditsweng?

12 Ka go bua ka noga mo tshimong ya Edena, kana paradaise ya boitumelo, Diabolo o ne a dira gore mosadi wa ntlha a bolelelwe maaka a ntlha. O ne a iphaka gore Mmopi wa gagwe e ne e le moaki, ka gone a kgobera kagiso mo mogopolong wa ga Efa. O ne a dira gore a ikutlwe a sa bolokesega mo boemong jwa gagwe jwa botlhokakitso, jalo a ja loungo lo lo iditsweng. O ne a fenya monna wa gagwe, ebong Adame, gore le ene a je loungo lo lo iditsweng mme ka gone a kopanele le ene mo botsuoloding jwa gagwe kgatlhanong le Jehofa Modimo. (Genesise 3:1-6) Banyalani ba batsuolodi ba ne ba latlhegelwa ke go agisana le Modimo mme ba ne ba lelekiwa mo paradaiseng ya boitumelo go ya go nna gone ka kwantle mo seemong sa go sa bolokesege. Baroma 5:12 e tlhalosa seemo seno se se swabisang, ka go re: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhè ba leohile.”

13. Ke tlhopho efe eo mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go e dira gompieno?

13 Boemo jo bo leng gone mo motlheng wa rona bo batla gore re dire tlhopho e e tlhomameng. Ke tlhopho magareng ga bolaodi jo bo kgatlhanong jwa ga Satane Diabolo, “modimo oa lehatshe yeno,” le bolaodi jwa ga Jehofa, Mogodimodimo le Modimo Mothatayotlhe mo lobopong lotlhe.—2 Bakorintha 4:4; Pesalema 83:18.

Tsela Ya Go Ipelela Kagisano le Modimo

14. Ke kagiso le polokesego dife tseo re ka simololang go di ipelela le e leng gone jaanong?

14 Ka go itlisetsa kutlobotlhoko, bontsi jwa batho ga ba eletse go amogela kana go dumela mo paakanyetsong ya Modimo Mothatayotlhe ya gore baobamedi ba gagwe ba ipelele kagiso le polokesego le e leng mo seemong sa jaanong se se hutsafatsang mo dikgannyeng tsa motho. Lefa go ntse jalo, Jehofa ke “Modimo oa kagishō,” mme ke tshiamelo ya rona e e lesego go tsena mo kagisong le polokesegong tseo di se kitlang di palelwa. (Baroma 16:20; Bafilipi 4:6, 7, 9) Ke kagiso le polokesego tseo le gone jaanong a di neelang setlhopha sa batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng, phuthego ya gagwe e e bonalang, e le tiragatsong ya ditsholofetso tsa gagwe tse di boikanngo ka metlha. Ke kagiso le polokesego tseo re ka di ipelelang fa re kopanela le phuthego ya gagwe e e bonalang mo lefatsheng.

15. A ke mo go sa utlwaleng go akanya gore Modimo o na le phuthego, mme ke eng seo Jesu Keresete a neng a se lemoga?

15 Go tla bo go sa dumalane le dithuto tse di phepafetseng tsa Dikwalo go dumela gore Modimo ga a na phuthego, batho ba ba rulagantsweng, bao a ba amogelang gotlhelele. Jesu Keresete o ne a lemoga gore Rraagwe wa selegodimo o ne a na le phuthego e e bonalang. Go fitlhelela ka Pentekosete ya 33 C.E., e ne e le phuthego ya Bajuda e e neng e le kamanong ya kgolagano le Jehofa Modimo tlase ga Molao wa ga Moshe.—Luke 16:16.

16. (a) Moshe o ne a le motsereganyi fa gare ga bomang? (b) Moshe yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, ke Motsereganyi fa gare ga bomang?

16 Fela jaaka morafe wa bogologolo wa Iseraele o ne o le kamanong ya kgolagano le Jehofa Modimo ka motsereganyi Moshe, jalo morafe wa Iseraele wa semoya, “Iseraela oa Modimo,” o na le kamano ya kgolagano ka motsereganyi. (Bagalatia 6:16) Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwalela modiri-ka-ene wa Mokeresete: “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu.” (1 Timotheo 2:5) A Moshe e ne e le motsereganyi fa gare ga ga Jehofa Modimo le setho ka kakaretso? Nnyaa, o ne a le motsereganyi fa gare ga Modimo wa ga Aberahame, Isake, le Jakobe le morafe wa ditlogolwana tsa bone tsa senama. Ka mo go tshwanang, Moshe yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, ga se Motsereganyi fa gare ga Jehofa Modimo le setho sotlhe. Ke Motsereganyi fa gare ga Rraagwe wa selegodimo, ebong Jehofa Modimo, le morafe wa Iseraele wa semoya, oo o nang le maloko fela a le 144 000. Morafe ono wa semoya o tshwana le letsomanyane la baseka-dinku ba ga Jehofa.—Baroma 9:6; Tshenolō 7:4.

Modisa Mo Godimo ga se se Fetang “Lecomanyane”

17. (a) Ke eng seo Jehofa Modimo a laotseng Jesu Keresete go nna sone? (b) Ke eng seo Jesu a neng a se raya bao ba neng ba tla rua Bogosi jwa selegodimo?

17 Go Pesalema 23:1, Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhotlhelediwa go re: “Yehofa ke modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè.” Jehofa, Modisa yo Mogolo, o laotse Jesu Keresete go nna “modisa eo o molemō.” (Yohane 10:11) Go Luke 12:32, Jesu o ne a bolelela bao a neng a le Modisa yo o Molemo wa bone a re: “Lecomanyane, se boihèñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.”

18. (a) Ke bomang bao gompieno ba tshwanang le Banethenima le bomorwa bao e neng e se Baiseraele bao e neng e le batlhanka ba ga Solomone? (b) Ba kopanela gautshwane thata le bomang?

18 Mo metlheng ya bogologolo, go ne go na le ba eseng Bajuda, jaaka Banethenima le bomorwa bao e neng e se Baiseraele bao e neng e le batlhanka ba ga Solomone, bao ba neng ba kopanela le morafe wa Iseraele. (Esere 2:43-58; 8:17-20) Ka mo go tshwanang gompieno, go na le banna le basadi bao ba ineetseng ka bojotlhe go Modimo ka Jesu Keresete mme e se Baiseraele ba semoya. Lefa go ntse jalo, ba kopanela le masalela a Iseraele wa semoya ka go bo ba ineetse go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete, “eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” (1 Timotheo 2:6) Gompieno, bano ba feta kgakala Baiseraele ba semoya ba ba 144 000, bao ba tla ruang Bogosi jwa selegodimo.

19. Ke eng seo Jesu Keresete a neng a se bua go supa gore o ne a tla nna Modisa mo go se se fetang fela “lecomanyane”?

19 Ka gone Jesu Keresete o ne a tshwanetse gore, mo lobakeng lo lo tshwanetseng lwa Modimo, a laolelwe go nna Modisa wa letsomane le legolwane thata lwa baseka-dinku bao ba neng ba tla rua lefatshe ka ene. Bano ke bao a neng a ba akantse fa a ne a bua a re: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” A gopotse ka “dinku di sele” tseno, moaposetoloi Johane le ene o ne a kwala ka Jesu a re: “Ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”—Yohane 10:16; 1 Yohane 2:2.

20. (a) Palo ya “dinku di sele” e ntse jang fa e bapisiwa le ba ba setseng ba “lecomanyane”? (b) Ke eng seo se kaiwang ke tlhokomelo ya bodisa ya Modisa yo o Molemo go bone botlhe?

20 Gompieno, go na le ba ba ka tshwarang 9 000 bao ba ipolelang fa e le maloko a masalela a “lecomanyane” la dinku tsa semoya. Mo letlhakoreng le lengwe, go na le dimilione tsa batho ba ba ineetseng bao ba kopanelang le masalela a a tloditsweng mo go lateleng dikgato tsa Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete. Ba fitlhelwa mo mafatsheng a a ka fetang 200 mo kgolokweng yotlhe. Tlhokomelo ya bodisa ya Modisa yo o Molemo e rayang mo go bone botlhe? E raya go ipelela kagiso le polokesego! Fa ba ne ba sena kagiso gareng ga bone, go ne go ka se nne le kutlwano e e omosang pelo le tirisano-mmogo e e sa robegeng gareng ga bone. Fa ba ne ba sena kamego e e lorato ya kutlwano mo go bone mabapi le dikgatlhego tsa semoya, ba ne ba ka se nne le polokesego eo ba e ipelelang. Ka gone, keletso ya bone ya kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe e setse e simolotse go kgorisiwa le e leng gone jaanong.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Mmopi o na le tsela ya gagwe e e itekanetseng ya

go kgorisa keletso ya batho ya kagiso le polokesego

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela