LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 2 ts. 13-20
  • “Kgōsana ea Kagishō” e Lebagana le Hara-Magedona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Kgōsana ea Kagishō” e Lebagana le Hara-Magedona
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano ya Bogosi Ka Kagiso E E Sa Khutleng
  • “Thaba Ya Megido” Ya Tshwantshetso
  • Merafe e Phuthelwa kwa Hara-Magedona
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Hara-Magedona
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 2 ts. 13-20

Kgaolo 2

“Kgōsana ea Kagishō” e Lebagana le Hara-Magedona

1, 2. (a) Ke mafoko afe a a itumedisang ao Modimo a neng a tlhotlheletsa moperofeti Isaia go a bua? (b) Mafoko ano a ne a simolola go diragadiwa leng?

MO LEKGOLONG la dingwaga la bohera bobedi pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go raya batho ba Modimo a re: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ.”—Isaia 9:6, 7.

2 Mafoko ao a a itumedisang a ne a simolola go diragadiwa boaphelong jwa ngwaga wa 2 B.C.E. Seno e ne e le fa Jesu a tsalwa jaaka setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, yo o neng a ile a busa ditso tse 12 tsa Iseraele mo motseng wa Jerusalema.

Kgolagano ya Bogosi Ka Kagiso E E Sa Khutleng

3. (a) Ke kgolagano efe e Modimo a neng a e dira le Kgosi Dafide? (b) Ke setlogolwana sefe sa ga Kgosi Dafide seo Jehofa a neng a se neela sereto “Kgōsana ea Kagishō”?

3 Ka ntlha ya go tlhoafalela ga ga Dafide kobamelo ya Modimo wa Iseraele, Jehofa o ne a dira kgolagano le ene ya Bogosi jo bo sa khutleng mo moralong wa losika lwa gagwe. (2 Samuele 7:1-16) Kgolagano eo e ne ya tshegediwa ka ikano ya Modimo. (Pesalema 132:11, 12) Go ya ka kgolagano eo, bogosi jwa ga Dafide bo ne bo tshwanetse go tlhagisa motheo wa Bogosi jo bo tlang jwa “Kgōsana ea Kagishō.” “Yesu Keresete, Morwa Dafide,” ke ene yo Jehofa a neng a mo neela sereto sa “Kgōsana ea Kagishō.”—Mathaio 1:1.

4. (a) Ke mang yo o neng a nna mmaagwe Jesu mo lefatsheng? (b) Ke eng seo moengele Gabariele a neng a se mmolelela kaga seno?

4 Mmaagwe Jesu e ne e le mosadi yo o neng a tsalelwa mo moralong wa segosi wa ga Kgosi Dafide. E ne e le lekgarebane fa a ne a ima morwawe yo o solofeditsweng, yo o neng a tla nna mojaboswa yo o tlhomameng wa setilo sa bogosi sa ga Dafide. Boimana jono bo ne jwa diragala pele ga a nyalwa ke Josefe. (Mathaio 1:18-25) Moengele Gabariele o ne a ile a itsise kgarebane Maria a re: “Bōna, u tla ithwala, me u tla bōna ñwana oa mosimane, me u tla mo raea leina, u re, YESU. O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa Bogosi sa ga Dafide rragwè: Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.”—Luke 1:31-33.

5. Ke eng seo moperofeti Isaia a neng a se boleletsepele mabapi le puso ya “Kgōsana ea Kagishō”?

5 Ke sone se moperofeti Isaia a neng a bolelelapele kaga “Kgōsana ea Kagishō” go re “taolo ya gagwe ke e e anameng mo kagisong e e senang bokhutlo, mo setulong sa Bogosi sa ga Dafide le mo nonofong ya gagwe ya segosi.” (Isaia 9:6, 7, The Jerusalem Bible) Ka gone, go ya ka kgolagano e e neng ya dirwa le Dafide, Bogosi jono bo ne bo tla nna goromente yo o sa khutleng yoo kagiso ya gagwe e sa feleng. Setilo sa gagwe sa bogosi se tla nna ‘ka bosakhutleng’!

6. (a) Go diragatsa kgolagano ya Bogosi, ke eng seo Modimo a neng a se dira mo letsatsing la boraro la loso lwa ga Jesu? (b) Jesu o ne a simolola leng go busa jaaka “Kgōsana ea Kagishō”?

6 Go diragatsa kgolagano eno ya Bogosi, Modimo Mothatayotlhe o ne a tsosa Jesu mo baswing mo letsatsing la boraro fa a sena go swela tumelo. Seno e ne e le mo letsatsing la bo-16 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane, ka ngwaga wa 33 wa Motlha wa Rona O O Tlwaelegileng. Jaaka yo o bonyeng ka matlho tsogo eno ya Morwa Modimo, moaposetoloi Petere o ne a bolela gore Jesu o ne a “bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ.” (1 Petere 3:18) Modimo Mogodimodimo o ne a mo goleletsa kafa letsogong ja Gagwe je legolo. Koo, fa e sale bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba, kana “metlha e e beilweng ya merafe,” (NW), masimologong a Phalane ka ngwaga ya 1914, o ile a nna a busa jaaka “Kgōsana ea Kagishō.”—Luke 21:24.

7. (a) Ke eng seo Jesu a neng a lebana le sone go tswa fela mo tshimologong ya puso ya gagwe? (b) Ke bomang ba ba bolelang go nna kgosi ga ga Jesu mo merafeng yotlhe, mme e le tiragatsong ya eng?

7 Go tswa fela fa a sena go simolola go busa ga gagwe kwa legodimong, o ile a lebana le lefatshe je le bobaba, jaaka go ile ga supega ka dintwa tse pedi tsa lefatshe kaga kganetsano ya gore ke mang yo o tla busang lefatshe. Jaanong o thulane le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Ka go bolelwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo go akareditseng kgolokwe yotlhe ke Basupi ba ga Jehofa, bao ba rerang mo mafatsheng a a ka fetang 200, Bogosi jwa gagwe jo bo tlhagafetseng mo magodimong bo tlhokomedisiwa merafe yotlhe. Seno se tiragatsong ya seo ene ka boene “Kgōsana ea Kagishō” a ileng a se bolelelapele, jaaka fa re bala go Mathaio 24:14: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”

8. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore re tseneletse thata mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo’?

8 Kganetsano ya go laola lefatshe e tshwanetse ya rarabololwa ka bonako. Jaanong, mo go fetileng dingwaga tse 70 morago ga go fela ga “metlha ea badichaba” ka 1914, re tseneletse thata thata mo ‘bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo.’ Losika lwa 1914 lo ne lwa bona tshimologo ya ditiragalo tsa lefatshe tse di neelang sesupo tse di boleletsweng pele ke Jesu. (Mathaio 24:3-14) Jesu o ne a re, losika loo, ga lo kitla lo feta go fitlhelela dilo tsotlhe tse di diragadiwe pele. Jaanong lo setse lo le gaufi thata le go nyelela.—Mathaio 24:34.

9, 10. (a) Ke jang tshedimosetso ya seperofeti mo bukeng ya Tshenolō e neng ya fetisediwa go rona? (b) Ke eng seo Tshenolō 16:13, 14, 16 e se bolelelang pele kaga Hara-Magedona?

9 Jalo he, ke eng fela se se fa pele, mme ke eng seo “Kgōsana ea Kagishō” e lebanyeng le sone? Ene ka boene o ne a dirisiwa go bolelelapele ka seno mo bukeng ya bofelofelo ya Bibela, ebong Tshenolō, eo Modimo a neng a e mo neela mme a ile a e fetisetsa go moaposetoloi Johane wa motsofe ka moengele. (Tshenolō 1:1, 2) Seo se ne sa diragala mo e ka nnang bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng. Go Tshenolō 16:13, 14, 16, Jesu o ne a dira gore moaposetoloi Johane a umake Hara-Magedona ka mo go kgethegileng:

10 “Me ka bōna ha go cwa mo ganoñ ya kgōgèla, le mo ganoñ ya sebatana, le mo ganoñ ya moperofeti eo e señ èna, meōea e e mashwè e le meraro, ekete digwagwa: Gonne ke meōea ea badimo, e e dihañ dichupō; e e cwèlañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntwèñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe. Me ea di phuthèla mo heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, mo puoñ ea Sehebera.”

“Thaba Ya Megido” Ya Tshwantshetso

11. (a) Leina Hara-Magedona le raya eng, mme a go kile ga nna le lefelo lengwe mo lefatsheng leo le neng le bidiwa jalo? (b) Ke ka ntlha yang fa motse wa bogologolo wa Megido o le botlhokwa go ya kafa ditiragalong? (c) Ke bokao bofe jo bo sebedi joo leina Megido bo nang le jone?

11 Leina la Sehebera Hara-Magedona, le raya “Thaba ya Megido.” Ga go na lefelo lepe mo lefatsheng e kane e le mo metlheng ya bogologolo kana mo metlheng ya segompieno le le kileng la bidiwa Thaba ya Megido. Ka gone mo bukeng e e tshwanang le Tshenolō eo e tletseng ka puo ya tshwantshetso, lereo le na le bokao jwa tshwantshetso. Seo e tla nna eng? Mme kana, motse wa Megido o o goleditsweng, oo leina la lefelo la one le rayang “kopano ya masole,” le ne le na le botlhokwa jwa ditiragalo. Go ya ka ditiragalo tsa lefatshe le tsa Bibela leina le ne le gopotsa ka ditlhabano tsa makgaolakgang. Ka ntlha yang? Ka go bo motse ka nako eo o ne o le lefatshe je le siameng sentle jaaka bofeto jwa go ya Yuropa, Asia, le Afrika, mme batlhasedi ba ne ba ka gwetlhiwa sentle foo le go kganelwa ke baagi ba one. Ka gone Megido o ne a kaya dilo tse pedi—ebong go fenngwa mo go tlhamaletseng mo letlhakoreng je lengwe le phenyo e e galalelang mo letlhakoreng je lengwe.

12, 13. (a) Modimo wa Bibela o ne a golagana jang le Megido le noka e e gautshwane ya one mo metlheng ya ga Moatlhodi Barake? (b) Ke jang pina ya phenyo ya ga Barake le Dibora e tlhalosang ka gone seabe sa Modimo mo phenyong?

12 Modimo wa Bibela o ne a golaganngwa le Megido le noka e e gautshwane ya Kishona mo lobakeng lwa baatlhodi ba Iseraele. Mo metlheng ya ga Moatlhodi Barake le moperofeti wa sesadi Dibora, Modimo o ne a neela batho ba gagwe ba a ba ikgethetseng namane e tona ya phenyo mo Megido. Moatlhodi Barake o ne a na le banna ba le 10 000 fela, fa baba bao ba neng ba le tlase ga Molaodi wa Masole Sisera ba ne ba na le dikara tsa dipitse tsa tlhabano di le 900, kwantle ga masole a a tsamayang ka dinao. Jehofa o ne a tsenelela tlhabano go lwela batho ba gagwe ba ba itlhophetsweng mme a tlisa morwalela o mogolo go emisa dikara tse di thata tsa baba. Mo pineng ya phenyo eo Barake le Dibora ba neng ba e opelela Modimo morago ga go fenngwa ka kgakgamatso ga batlhabani ba ga Sisera, ba ne ba tlhokomedisa seabe sa Modimo mo phenyong eno ya mmaba:

13 “Dikgosi tsa tla tsa tlhabana; hoñ ga tlhabana dikgosi tsa Kanana, mo Taanaka, ha metsiñ a Megido: ga dia ka tsa amogèla tuèlō ea madi. Ba tlhabana ba le legodimoñ, dinaledi mo ditseleñ tsa cōna tsa tlhabana le Sisere. Noka ea Kishōna ea ba kgopholèla koñ, noka euō ea bogologolo, noka ea Kishōna.”—Baatlhodi 5:12, 19-21.

14. Ke mafoko afe a bofelo a pina ya phenyo e e tlhotlheleditsweng eo ao kwantle ga pelaelo e leng thapelo e e mabapi le go tla ga ntwa ya Hara-Magedona?

14 Kwantle ga pelaelo, mafoko a a tlhotlheleditsweng ao Barake le Dibora ba neng ba a opela kwa bofelong jwa pina ya bone morago ga phenyo ya bogologolo kwa Megido a direla jaaka thapelo e e mabapi le ntwa e e tlang ya Hara-Magedona. Ba ne ba opela ba re: “A baba ba gago botlhe ba shwè hèla yalo Yehofa: me ba ba mo ratañ ba nnè yaka letsatsi ha le cwa mo thatèñ ea yeōna.”—Baatlhodi 5:31.a

Merafe e Phuthelwa kwa Hara-Magedona

15. (a) Hara-Magedona he ke lefelo la mofuta ofe? (b) Mongwe wa metswedi ya dipuo tsa lefela tse di leswe tseo di tlhotlheletsang merafe go ya ntweng ya Hara-Magedona ke ofe?

15 Jalo Megido e ne e le lefelo leo ditlhabano tsa makgaolakgang di neng di lwelwa gone. Ka mo go tlhaloganyesegang he, Hara-Magedona o tla nna lefelo la botlhabanelo leo merafe yotlhe ya selefatshe gompieno e tla gwantelang kwa go lone e le tlase ga maatla a a tlhotlheletsang ao a tlhalosiwang go Tshenolō 16:13, 14. “Meōea ea badimo” eo e kgarametsang merafe ke dipolelo tsa lefela tseo gompieno di kgorotlhang, mme e le tse di leswe jaaka digogwane tsa Bibela tse di maswe. Mongwe wa metswedi e e ntseng jalo ya dipolelo tsa lefela tse di leswe ke “kgōgèla e kgolo e . . . khibidu.” Tshenolō 12:1-9 e kgetholola “kgōgèla” jaaka Satane Diabolo.

16. Go Tshenolō 16:13, ke eng seo “sebatana” se se tshwantshetsang?

16 Motswedi o mongwe wa dipolelo tsa lefela tse di leswe ke “sebatana.” Go Tshenolō 16:13 “sebatana” seno sa tshwantshetso se golaganngwa le “kgōgèla” e e leng diabolo. Go ya ka Tshenolō 20:10, “sebatana” seno se tla senyediwa ruriruri ka ntlha ya go dirisanya ga sone le “kgōgèla” ya tshwantshetso. “Sebatana” se tshwantshetsa tsamaiso yotlhe ya sepolotiki ya lefatshe leno eo “kgōgèla” e leng modimo wa yone. (2 Bakorintha 4:4) E akaretsa bo-goromente botlhe ba ba farologaneng ba sepolotiki ba lefatshe leno.—Bapisa Daniele 7:17; 8:20, 22.

17. Phelelo e nna efe ka puo ya lefela e e tshwanang le digwagwa eo e tswang mo ‘sebataneng’?

17 Tsamaiso e e ntseng jalo ya lefatshe ya puso ya sepolotiki e na le puo ya yone ya lefela e e tlhomologileng. Mme puo eno ya lefela e e kgorotlhang jaaka segogwane, ke meya e e dirang le moya wa “kgōgèla” go phuthela ‘dikgosi,’ kana babusi ba sepolotiki ba lefatshe, go ya “ntwèñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” e e tla lwelwang kwa Hara-Magedona.

18. (a) Ke eng seo leina Hara-Magedona le se kayang? (b) Thaba yone e tshwantshetsang?

18 Ka gone Hara-Magedona e tshwantshetsa boemo jwa lefatshe jo bo kopanyeletsang ntwa ya makgaolakgang. E kaya motlha wa bofelofelo oo dikgang tsa lefatshe di tlang boemong jwa gore babusi ba sepolotiki ba nne seoposengwe mo go ganetseng thato ya Modimo, gore Modimo a tle a arabele ka maatla a a tlhabanang go ya kafa boikaelelong jwa gagwe. Jalo isagwe e tshwanetse go tlhomamisiwa ke seo se tla nnang gone morago ga thulano eno. Kwa Megido ka boyone, ebong lefelo je le mo lefatsheng, go ne go sena thaba epe. Mme thaba e tla tshwantshetsa lefelo je le tlhomologileng la bokopanelo leo le tla lemogiwang motlhofo fela lefa le le kgakala ke mephato ya sesole e e tla bong e phuthaganetse koo.

19, 20. Ke thulaganyetso efe ya tlhabano eo Molaodi wa mephato ya selegodimo wa ga Jehofa a tla e dirisang ka Hara-Magedona, mme ka phelelo efe?

19 Jesu Keresete, yo o e leng ene Molaodi wa mephato e e tlhabanang ya ga Jehofa, o ile a fetsa dingwaga a ntse a lebile go phuthega ga babusi ba lefatshe le mephato ya bone e e tlhabanang go ya Hara-Magedona. Mme ga aa leka go tlhaola kgosi e le nngwe fela le mephato ya yone ya sesole go e tlhasela ka bongwe gore a tle a fedise mephato ya batlhabani ba baba ka bongwe ka bongwe. Phapaanong le seo, o ba fa sebaka se se lekanetseng go iphutha le go dira mephato ya bone seoposengwe go nna maatla a magolo a sesole. Boikaelelo jwa gagwe jo bo pelokgale ke go ba wela botlhe ka nako e le nngwe fela!

20 Ka gone o tla bona phenyo e e maatla thata godimo ga bone, e le kgalaletsong ya Molaodi-Mogolo wa gagwe, ebong Jehofa Modimo, le go itlhomamisa jaaka “Kgosi ea Dikgosi le Morèna oa Barèna,” yo o sa belaesegeng.—Tshenolō 19:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ditshupiso dingwe kaga Megido di ka fitlhelwa go 2 Dikgosi 9:27; 23:29, 30; 2 Ditihalō 35:22; Sekaria 12:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela