LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 2/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kgōsana ea Kagishō” e Lebagana le Hara-Magedona
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • A Tota go Ka Nna le Ntwa ya Tshiamo?
    Tsogang!—1992
  • Hara-Magedona
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Merafe e Phuthegela Kwa Megido
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 2/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

‘Ntwa ya Modimo Mothatayotlhe’ ya kwa Hara-Magedona ke eng mme e tla felela jang?—Tshenolo 16:14, 16.

Ka tlhamalalo fela, ntwa ya Hara-Magedona ke ntwa ya mo isagweng ya lefatshe lotlhe e mo go yone Kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa e bong Jesu Keresete e tla fedisang baba ba Modimo. Baebele e bolela gore baba bano, ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni,’ ba phuthiwa ke “dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona” ba phuthelwa mmogo “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe . . . kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.”—Tshenolo 16:14, 16.

Lefelo le maphata a a lwang a phuthegelang kwa go lone ga se lefelo la mmatota. Leina Hara-Magedona, le mo Dibaebeleng tse dingwe le ranolwang go twe “Haremagetone,” le kaya “Thaba ya Megido.” (Tshenolo 16:16) Ga go ise go ke go nne le thaba e e bidiwang ka leina leo. Mo godimo ga moo, “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone” ga di kake tsa phuthegela mo lefelong le le nosi ka tsela ya mmatota. (Tshenolo 19:19) Go na le moo, ‘lefelo’ leno le kaya seemo kgotsa boemo jo babusi ba lefatshe leno ba bopolotiki le batshegetsi ba bone ba gogelwang mo go jone—boemo jwa go nna kgatlhanong le Jehofa le “masomo a a neng a le kwa legodimong” a eteletswe pele ke “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena,” Jesu Keresete.—Tshenolo 19:14, 16.

Sa botlhokwa, lefoko “Hara-Magedona” le tsamaisana le la motse wa Megido e leng motse mongwe wa bogologolo wa kwa Iseraele. E re ka motse wa Megido o ne o le mo lefelong le le tshwanelang sentle kwa botlhaba jwa Thaba ya Karemele, o ne o laola ditsela tse dikgolo tsa kgwebo le tsa sesole tsa metlha eo. Gape e ne e le lefelo la dintwa tsa makgaolakgang. Ka sekai, Moatlhodi Barake wa Moiseraele o ne a fenya masole a a maatla a Bakanana a a neng a eteletswe pele ke Mojenerale Sisera “fa metsing a Megido.” (Baatlhodi 4:12-24; 5:19, 20) Gape Moatlhodi Gidione o ne a fenya Bamidiana botlhoko gone mo lefelong leno. (Baatlhodi 7:1-22) Ka go amanya Megido le ntwa e e tlang, Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo, a dirisa Morwawe, o tla fenya masole otlhe a a kgatlhanong le ene.

Go tla felela ka eng? Ntwa ya Hara-Magedona e tla fedisa bosula jotlhe le boikepo mo lefatsheng. Morago ga yone go tla latela motlha o o itumedisang go feta yotlhe mo hisitoring yotlhe ya batho. (Tshenolo 21:1-4) Ka kaelo e e lorato ya Bogosi jwa Modimo, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise e basiami ba tla tshelelang ruri mo go yone.—Pesalema 37:29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela