A Tota go Ka Nna le Ntwa ya Tshiamo?
MO MAKGOLONG a mantsi a dingwaga, Labokeresete e ile ya nna ya bua thata kaga mogopolo wa “ntwa ya tshiamo.” Mo ngwageng o o fetileng makasine wa Time o ne wa kwala dintlha di le thataro tsa konokono tse baruti ba ikutlwang gore di tshwanetse tsa tshwaya ntwa epe fela e e ka tsewang jaaka ya “tshiamo.” Hisitori e bontsha gore ga go epe ya dintwa tseo di ileng tsa engwa nokeng ke Labokeresete tse totatota di kileng tsa fitlhelela dintlha tseno.
Lefa go le jalo, ntwa ya Hara–Magedona e Modimo o solofeditseng go e lwa kgatlhanong le tsamaiso eno e e bosula ya dilo e fitlhelela dintlha tseno tse thataro tsa baruti.
“E na le ‘boikaelelo jwa tshiamo,’ jaaka go iphemela kgotsa go fenya bosula.” Hara–Magedona e tla nyeletsa gotlhelele dikarolo tsotlhe tse di bosula tsa lefatshe leno tse modimo wa tsone eleng Satane Diabolo. Ka jalo, go ka buiwa jaana ka Motlhabani yo o “Boikanngo le Boammaaruri” wa Modimo kwa Hara–Magedona ebong Keresete Jesu, gore “o atlhola ebile o diha ntwa mo tshiamoñ.”—Tshenolō 19:11; 2 Bakorintha 4:4.
“E boloditswe le go kaelwa ke ‘bolaodi jo bo nonofileng.’” Hara–Magedona e tlhalosiwa ka tshwanelo jaaka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’—ntwa ya gagwe. Ke mang yo o ka nnang molaodi yo o nonofileng go feta ene yo eleng Mmopi wa lobopo lotlhe ka boene?—Tshenolō 16:14; bona gape 11:17, 18; bapisa Isaia 36:10.
“‘Go sena kgoro epe ya botso’ morago ga gore maiteko a kagiso a retele.” E setse e le dingwaga tse di diketekete jaanong, Mmopi a ntse a kgothaletsa batho—tota le gone go ba kopa—‘go letlana le Modimo’ le go ‘direla Jehofa ka poifo.’ Mme ka go ikaba ditsebe mabapi le maiteko a kagiso le ditlhagiso tsa Modimo mo dingwageng tse 6 000, motho o ile a dira gore Mmopi a sale a sena sepe se a ka se dirang fa e se ntwa fela.—2 Bakorintha 5:20; Pesalema 2:2, 10-12.
“Go na le ‘tshepo’ ya gore e ka fenngwa.” A o ke o lebe matlhakore a a yang go lwa. Kafa letlhakoreng le lengwe go na le masole a a seoposengwe a merafe ya lefatshe leno, ka mekoakoa ya bone ya dibetsa tse di gakgamatsang. Kafa letlhakoreng le lengwe ke Mmopi wa lobopo lotlhe. Nngwe ya dipopo tsa gagwe tse dipotlana, eleng letsatsi, ke leubelo la maatla a go thunya ga one go leng go golo thata mo eleng gore lefa merafe e ne e ka thuntsha moribe dibetsa tsotlhe tsa yone tsa nuklea, go thunya ga teng go ne go tla bo go itshwanela fela le go kgwarinya letlhokwa la mokgwaro fa go bapisiwa le ga letsatsi. Jehofa o ka dirisa maatla otlhe a popo go tlhomamisa gore a fenye ntwa eo.—Isaia 40:15; 54:17.
“E tshwanetse gore molemo o e tla o lereng o fete thata tshenyo eo e tla e dirang.” Akanya fela gore isagwe e ka nna e e ntseng jang kwantle ga ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona. Setho se tlhagafaletse thata go inyeletsa. Fa motho a ka tlogelwa go dira dilo ka mogopolo wa gagwe, go tla tsaya lobaka lo lo kae pele ga a nyeletsa polanete eno le go itlhaganela ka matlhabisa ditlhong mo go inyeletseng, le go nna wa bofelo mo motseletseleng o o bontshang bosetlhogo wa ditshedi tse a ileng a di nyeletsa? A e tla nna thapama e le nngwe fela ya matlhotlhapelo a nuklea? kgotsa go kgotlela lefatshe ka masome a dingwaga a sekae? Go sa kgathalesege gore re leba kae, setho se lebagane le nko di aboga fa Modimo o ka se ka wa tsaya kgato mabapi le merero ya setho. Ka fa letlhakoreng le lengwe, akanya fela ka melemo e Hara–Magedona e solofetsang go e fitlhelela—Modimo o tla lere isagwe e e nang le kagiso mo sethong mo polaneteng eno, go sa tlhole go na le kgotlelo, go sa tlhole go na le dintwa, go sa tlhole go na le lehuma, go sa tlhole go na le bolwetsi kgotsa le lone loso tota. Modimo o solofetsa jaana: “Bōnañ dilō cotlhe ke di diha sesha.”—Tshenolō 21:3-5.
“E a ‘tlhaola,’ e tila go utlwisa botlhoko ba ba sa tseeng karolo mo ntweng fa go kgonagalang teng.” Hara–Magedona e tlile go tlhaola. “Gonne badiha boshula ba tla kgaōlwa me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa ba tla rua lehatshe.”—Pesalema 37:9.
Botlhe bao ba eletsang go falola ntwa eno eo eleruri eleng ya tshiamo ba tshwanela gore ba ithute ka seo ba ka thayang ‘tsholofelo ya bone mo go Jehofa’ mo go sone ka go ithuta Lefoko la gagwe ka namana.