Kgaolo 4
“Babelona” yo o sa Bolokesegang o Lebanye le Tshenyego
1. (a) Lefoko “babelona” le rayang, mme ke mang yo o neng a thaya motse wa leina leo? (b) Ke tiro efe ya kago eo Nimerode yo o boikgodiso a neng a e dira, mme ka matswela afe?
LEFATSHE gompieno le tletse tlhakatlhakano—kafa sepolotiking, kafa leagong, le kafa bodumeding. Phetolelo ya Sekgoa ya lefoko la Sehebera la Bibela le le rayang tlhakatlhakano ke “babelona.” Mo go Genesise, Babelona o bidiwa Babela, leina leo gape le rayang “tlhakatlhakanyo.” Motse wa leina leo o ne wa thaiwa ke Nimerode, motsuolodi yo o neng a le kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:8-10) Koo, batho bao ba neng ba eteletswepele ke Nimerode yo o boikgodiso ba ne ba simolola go aga tora eo e neng e tla tlhatlogela legodimong e le go nyatsa Jehofa. Jehofa o ne a fenya boikaelelo jono jo bo tlontlololang Modimo ka go tlhakatlhakanya puo eo e neng e le nngwe fela ya baagi bao, gore ba seka ba utlwana fa ba ntse ba leka go dira mmogo.—Genesise 11:1-9.
2. (a) Ke eng seo se neng sa diragalela maatla a lefatshe a Babelona ka 539 B.C.E., a mme seo se ne sa tshwaya bokhutlo jwa motse wa leina leo? (b) Ke eng seo motse wa bogologolo wa Babelona o neng wa seka wa itshupa e le sone?
2 Bogologolo morago ga moo, go ne ga bolelwa ka motse mongwe o mosha o o neng o bidiwa Babelona o o neng o le fa Nokeng ya Euferatese. (2 Dikgosi 17:24; 1 Ditihalō 9:1) Ka 539 B.C.E. Mmuso wa Lefatshe wa Babelona o ne wa thankgolwa ke Kuruse yo Mogolo, mmusi-mogolo wa Bameda le Baperesia, e le tiragatsong ya polelelopele ya ga Jehofa e e go Isaia 45:1-6. Lemororo Babelona a ne a wa mo gogolo, o ne a dumelelwa go tswelela a ntse a le gone jaaka motse. Go bolelwa fa o ne o santse o le gone le e leng boaphelong jwa sephatlo sa bofelo sa lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng. (1 Petere 5:13) Lefa go ntse jalo, motse oo wa bogologolo, o ne wa seka wa itshupa e le “Babelona o Mogolo,” oo moaposetoloi Johane a neng a kwala ka ene mo bukeng ya Tshenolō kgaolo 17.
3. Babelona o Mogolo totatota ke eng?
3 “Babelona o mogolo” wa Tshenolō, yo o tshwantshiwang le mosadi wa seaka yo o pagameng “sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō,” o emetse mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, go akareletsa ditumelo tsotlhe tsa se go tweng ke La-Bodumedi.a (Tshenolō 17:3-5) Go ya ka seo moaposetoloi Johane a neng a se lemoga mo go ene, phuthego eno ya tshwantshetso e ile ya dira boaka jwa semoya le babusi botlhe ba sepolotiki ba lefatshe. Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ebong Babelona o Mogolo, o santse o na le tlhotlheletso e e boitshegang.
“Ke Tsala Ya Lefatshe”—E Seng Ya Modimo
4. Mo Ntweng ya Lefatshe I, Babelona o Mogolo o ne a oketsa borukhutlhi jwa gagwe jang kgatlhanong le losika lwa motho?
4 Lefa go ntse jalo, boemo jwa Babelona o Mogolo ke jo bo sa bolokesegang le e seng, mme seo se ile sa nna jalo segolo-bogolo fa e sale bofelo jwa Ntwa ya Lefatshe I. Mo thulanong eo, o ne a oketsa bosenyi jwa gagwe kgatlhanong le losika lwa motho. Baruti ba La-Bodumedi, ba ba iphakang gore ke balatedi ba ga Jesu Keresete, ba ne ba tlhotlheletsa makawana go tsenelela tlhabano. Harry Emerson Fosdick yo o tlhokafetseng, yoo e neng e le moruti yo o thwadi wa Moporosetanta, o ne a tshegetsa ntwa mme ya re moragonyana a ipona phoso a re: “Le e leng mo dikerekeng tsa rona re ile ra tsholetsa difolaga tsa ntwa . . . Ka ntlha e nngwe ya melomo ya rona re ile ra baka Kgosana ya Kagiso mme ka e nngwe ra galaletsa ntwa.” Baperisiti le baruti ba bangwe ba La-Bodumedi ba ne ba rapelela masole a a mo ntweng mo dikokoanong tsa sedumedi, mme ba bo ba direla jaaka basegofatsi ba mephato ya masole, masole a dikepe, le masole a difofane.b
5. (a) Ke mafoko afe a Yakobe 4:4 ao La-Bodumedi le ileng la seka la a akanyetsa? (b) Ke katlholo efe ya bomodimo e e tshwanetseng ya mo tlela?
5 La-Bodumedi, leo le eteletsweng pele ke baeteledipele bano ba bodumedi, ga le a akanya ka gope ka mafoko a Yakobe 4:4: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” Ka gone La-Bodumedi o ntse a tsweletse jaaka mmaba wa Modimo Mogodimodimo go tla nako kgolo ke eno. Tota ruri ga a na tshireletso epe ya bomodimo, mme ka lone lebaka leno je le botlhokwa-tlhokwa go nna gone ga gagwe ke mo go ntseng go sa bolokesega. Ditsala tsa gagwe tsa sepolotiki ga se tse di ka ikanngwang, mme lekhubu leo le ntseng le le kgatlhanong le bodumedi le ntse le tsweletse ka go nonofa. Modimo ga a reye ene fa a re: “Se ameñ batlodiwa ba me.”—1 Ditihalō 16:22.
“Cwañ mo go Èna, Lona Batho ba Me”
6, 7. (a) Ke mokgosi ofe o o potlakileng oo o utlwadiwang go Tshenolō 18:4, mme o lebisitswe go bomang? (b) Ke leng mokgosi wa ntlha-ntlha mme e le o o tshwanang o neng wa simolola go dira go Bajuda bao ba neng ba bokaletse mo Babelona wa bogologolo?
6 Batlodiwa bano le balekane ba bone mo bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo, ba tlhabelwa mokgosi ono wa bomodimo ka potlako: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanèlè naè dibe tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Ee, ba tswe mo mmusong wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ebong Babelona o Mogolo.
7 Mokgosi ono o bua mafoko a a tshwanang le a Yeremia 50: 8 le 51:6, 45, ao a neng a lebisiwa go masalela a Bajuda bao Jehofa a neng a ba atlholetse go senya dingwaga tse 70 ba le bokgobeng le botshwarong mo lefatsheng la Babelona. Mafoko ao a ne a simolola go dira mo Bajudeng bao ba neng ba bokaletse mo Babelona ka 537 B.C.E., morago ga Kuruse yo Mogolo yo o neng a boleletswe pele a bolotsa mephato ya gagwe ya masole ya Bameda le Baperesia go ralala mo Nokeng ya Euferatese eo e neng e setse e kgala mme a tsena mo motseng wa Babelona.
8. (a) Kuruse o Mogolo o ne a diragatsa jang Isaia 45:1-6? (b) Ke ka ntlha yang fa yo o neng a tshwantshediwa ke Kuruse yo Mogolo a ne a tlhoka go tsamaisa dilo go ya fela kafa motlhaleng ono wa seperofeti?
8 Mo ngwageng ya ntlha ya puso ya gagwe, Kuruse yo Mogolo o ne a diragatsa polelelopele e e go Isaia 45:1-6. Ka mo go tshwanang, ene yo o neng a tshwantshediwa ke Mmusi-Mogolo Kuruse, mme a le maatla go feta, ebong Jesu Keresete, o ne a dira go ya kafa motlhaleng ono wa dilo wa polelelopele. Seno e ne e le mo lobakeng lo lo tshwanetseng morago ga fa a sena go tsena mo pusong ya gagwe ya segosi kwa legodimong kafa letsogong je legolo la ga Jehofa Modimo, fa “metlha ea badichaba” e ne e fela ka Phalane ka 1914. (Luke 21:24) Mo ntweng ya lefatshe ya ntlha ya 1914-18, masalela a Baiseraele ba semoya a ne a tsena mo bokgobeng jwa Babelona o mogolo le dinyatsi tsa gagwe tsa sepolotiki.
9, 10. (a) Ke kgato efe e e neng ya tsewa kgatlhanong le maloko a a herang bobedi a badiri ba ntlo-kgolo ya Mokgatlho? (b) Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Babelona o Mogolo o ne a tlhotlheletsa kgato ya go emisa tiro ya batho ba ga Jehofa?
9 Ka sekai, mo United States buka ya bofelo-felo go gatisiwa ke Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, ebong The Finished Mystery, e ne ya thibelwa jaaka e e tsogologelang mmuso. Bakwadi ba babedi ba buka eno ba ne ba tlisiwa kgotleng-tshekelo ya naga eo mo Brooklyn, mo New York, mme ka mo go sa tshwanelang ba atlholelwa go tswalelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong ya naga eo mo Atlanta, Georgia. Go ne ga akarediwa gape le mookamedi wa mokgatlho o o e gatisitseng, mokwaledi le mmoloka matlotlo, le ba bangwe ba le bararo ba badiri ba ntlo-kgolo. Yo mongwe yo e neng e le molekane wa bone yo o ranolang o ne a atlholelwa sephatlo sa selekanyo seo sa nako mo kgolegelong ya naga eo.
10 Mme jalo e ne ya re ka Phukwi a le 4, 1918, Bakeresete bano ba ba ineetseng ba ba herang bobedi ba pegwa mo tereneng e e yang kwa Atlanta, Georgia, go ba tseela kgololesego. Maloko a ntlo-kgolo ya Brooklyn a Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba dire kafa ba ka kgonang ka teng go tsamaisa ditiro. Ke mang yo o neng a na le molato wa boemo jono jotlhe? Buka ya Preachers Present Arms e araba ka go re: “Kanoko ya kgetsi yotlhe e gogela mo phetsong ya gore dikereke le baruti ke bone bao pelepele ba neng ba tlhotlheletsa phediso ya Boora-Russell [Basupi]. . . . E ne ya re fa dikgang tsa gore bano ba atlholetswe dikatlholo tsa dingwaga tse di masome a mabedi di tsena mo ditsebeng tsa bakwala-dikgang ba bodumedi, mo e ka nnang kgatiso nngwe le nngwe mo go tseno tse dikgolo le tse dipotlana, ba ne ba ipelela tiragalo eno. Ga ke ise ke ko ke utlwe lefa e le mafoko ape a tlhomogelo-pelo mo makwalo-pakeng ano a ditumelo tsa motheo.”—Ray H. Abrams, ditsebe 183, 184.
Go Wa—Mme Eseng Go Ya Tshenyegong
11, 12. (a) Ke eng seo Babelona o Mogolo a neng a ikaeletse go se dira? (b) O ne a wa mo go setlhogo jang, lemororo a ne a seka a senngwa? (c) Phelelo e ne ya nna eng godimo ga batho ba ba golotsweng ba ga Jehofa?
11 Mme go ipela ga Babelona o Mogolo go no go se kitla go nnela ruri. Ka dikgakologo tsa 1919, Babelona o Mogolo o ne a wa mo go setlhogo, moo morago ga gone go neng go tshwanetse go tla ditiragalo dingwe tsa bodumedi pele ga a ka senngwa gotlhelele. Babelona o Mogolo o ne a gopotse gore o tla kganelela batho ba ga Jehofa mo kgatelelong le botshwarong go ya go ile. Mme e ne ya re ka Mopitlwe wa 1919 dikgoro tsa kgolegelo tsa bulegela baemedi ba ba herang bobedi ba Mokgatlho wa Watch Tower, mme ba tswa go ya go letela tsheko ba le ka kwantle. Moragonyana, ba ne ba tlhokwa molato gotlhelele mo ditatofatsong tsotlhe.
12 Mme jaanong boipelo jwa Babelona o Mogolo bo ne jwa nyelela! Buka ya Preachers Present Arms kaga phetso ya kgotla-tshekelo go golola Basupi e ne ya re: “Dikereke di ne tsa itidimalela fela fa di utlwa kaga katlholo eno.” Mme boitumelo jwa batho ba ga Jehofa bo ne bo le bogolo. Phuthego ya bone ya lefatshe lotlhe e ne ya baakanngwa. Kwa kopanong ya bone ka 1919 kwa Cedar Point, Ohio, mookamedi wa Mokgatlho o ne a susumeletsa diketekete tsa ba ba neng ba le gone go tsena mo tirong ka puo ya gagwe e e neng e re “Go Itsise Bogosi.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gololesegile gape, ka bopelokgale ba bolela Bogosi jwa Modimo phatlalatsa! Babelona o Mogolo o ne a ole, lemororo a sa tlelwa ke tshenyego. Kuruse yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, o ne a mo fentse mme ebile a golotse balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang.
13. E ne ya re fa Kgolagano ya Merafe e simolola go nna gone, ke eng seo Babelona o Mogolo a neng a se dira?
13 Ka gone Babelona o Mogolo o ne a dumelelwa go falolela mo motlheng wa lobaka lwa morago ga ntwa. Fa Kgolagano ya Merafe e ne e akantshiwa jaaka lekgotla le le tla bolokang kagiso, Lekgotla la Dikereke Tsa Ga Keresete Mo Amerika le ne la le ema nokeng, le itsise phatlalatsa gore Kgolagano ya Merafe e ne e le “pontsho ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” E ne ya re fa kgabagare Lekgotla le le neng le akantswe le tlhomiwa, Babelona o Mogolo a palama mo mokwatleng wa lone mme ka gone a simolola palamo ya gagwe mo ‘sebataneng seno se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo’ sa tshwantshetso.—Tshenolō 17:3.
14. (a) Mo Ntweng ya Lefatshe II, ke tiro efe e Babelona o Mogolo a neng a e dira? (b) E rile fa boemedi jo bo itiretsweng ke batho jwa go boloka kagiso bo tlhatloga mo moleteng morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ke eng seo Babelona o Mogolo a neng a se dira?
14 Erile fa boemedi jono jo bo senang thuso jwa go boloka kagiso bo tsena mo moleteng wa go sa dire sepe fa go tlhagoga Ntwa ya Lefatshe II, Babelona o Mogolo a sala a sena se a se palameng. (Tshenolō 17: 8) Mme o ne a kopakopane le merafe e le 57 eo e neng e kampane mo Ntweng ya Lefatshe II. Go bo a ne a gatile ka leoto le le lengwe mo dintlheng tsoo-pedi tse di lwantshanyang go ne go sa mo tshwenye ka gope, le e leng fela jaaka go nna makgaoganyane ga gagwe ka makgolo-kgolo a a tlhakanyang tlhogo a makoko a bodumedi le ditlhopha-tlhopha go ise go ko go mo tshwenye ka gope. E ne ya re fa boemedi jo bo itiretsweng ke batho jwa go boloka kagiso, bo le mo sebopegong sa Merafe e e Kopaneng, bo tlhatloga mo moleteng wa go sa dire sepe kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe II, Babelona o Mogolo kwantle ga go senya nako a palama mo mokwatleng wa lone mme a simolola go le laola.
Maatla a Bopolotiki go Tsogologela Babelona
15, 16. (a) Setho jaanong se lebaganye le tiragalo efe e e boitshegang? (b) Ke eng seo Modimo Mothatayotlhe a se tlhomamisitseng, e le tumalanong le Tshenolō 17:15-18?
15 Lefatshe lotlhe la setho jaanong le gaufi le go lebana le namane e tona ya tiragalo e e boitshegang. Seno e tla bo e le fa maatla a sepolotiki a tsogologela Babelona o Mogolo, ka boikaelelo jwa go mo tlosa gore a seka a tlhola a nna gone. Seno se ka nna sa utlwala se nyemisa moko go batho botlhe bao ka pelo-e-phepa ba dumelang gore ditumelo tsotlhe di molemo. Mme Molaodi wa Lobopo, ebong Jehofa Modimo, o tlhomamisitse gore Babelona o Mogolo ga a na sebaka mo lobopong lotlhe le gore o setse a kgotletse popo ka mo go lekanyeng. O tshwanetse a bona tshenyego e e setlhogo gotlhelele.
16 Gone jaanong jaana go setse go na le maatla a a nonofileng ao Modimo a ka a dirisang gore a mo senye, ebong, dikarolo tsa sepolotiki tsa lefatshe. Buka ya Tshenolō e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e bolelelapele gore Jehofa o tla dira gore barati ba gagwe ba nne kgatlhanong le ene, mme ba tla mo dira bosaikatega, ba mo senola gore totatota ke eng—ebong motsietsi wa sedimona! Mme, jaaka fa go ka bolelwa, ba tla mo fisa ka molelo gore a bo a sale e le melora fela. Ba tla mo tshwara ka tsela eo a neng a tshwara ka yone baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba ba gagametseng.—Tshenolō 17: 15-18; 18: 24.
17. A ditlhaselo tse di kgatlhanong le Babelona tsa maatla a sepolotiki di ba dira gore ba obamele Jehofa Modimo, mme re itse seo jang?
17 Kgato eno e e kgatlhanong le bodumedi ya maatla a sepolotiki ga e reye gore e tla re morago ba obamele Jehofa Modimo. Kgato ya bone ya boganka kgatlhanong le Babelona ga e reye gore jaanong ba tla nna ditsala tsa Modimo. Ka go bo jaana ba ne ba ka se tseye kgato e e latelang eo buka ya Tshenolō e tswelelang ka go bontsha gore ba tla e tsaya. (Tshenolō 17:12-14) Ba ka nna ba itumelela thatathata ditiro tse di kgatlhanong le bodumedi tseo Jehofa Modimo a ileng a ba dumelela go di fitlhelela, mme ba santse ba tla tswelela ba timediwa ke “modimo oa lehatshe yeno,” ebong Satane Diabolo, moganetsi yo o matlho mahibidu, yo o sa iponeng tsapa wa ga Jehofa Modimo.—2 Bakorintha 4: 4.
18, 19. (a) Ke bomang ba ba se kitlang ba falola go iponela ka matlho fa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe bo ntlafadiwa ka “Kgōsana ea Kagishō”? (b) Mme ke bomang ba ba tla tswelelang e ntse e le basupi ba go ntlafadiwa ga ga Jehofa mo go Babelona o Mogolo go ya go ile?
18 Babelona o Mogolo ga a kitla a falola go iponela dilo kwa bofelong, go ntlafadiwa ga bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa ka “Kgōsana ea Kagishō,” yo jaanong e leng “Modimo Mothata” kafa letsogong je legolo ja Ene yo o leng Mothatayotlhe le Modimo o Mogolo, ebong Jehofa.—Isaia 9:6.
19 Kafa letlhakoreng je lengwe, ka tshireletso e e nonofileng thata ya bomodimo, go tla bo go le Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10, 12) Ka taolo ya magodimo a a tshiamo, ba tla bo ba setse ba dule mo go Babelona o Mogolo ka kutlo. (Tshenolō 18: 4) Boipelo jwa bone jwa tshiamo bo tla nna bogolo ka seo ba se iponelang. E tla re kgabagare ba nne Basupi ba ga Jehofa go ya go ile mme ka bosakhutleng ba kgone go supela go intlafatsa ga gagwe mo go Babelona o Mogolo.—Tshenolō 19:1-3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di kgethololang sentle, bona buka ya “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules!, ditsebe 468-500, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Tlhaloso e kgolwane ya tshegetso ya baruti mo Ntweng ya Lefatshe I e neelwa mo bukeng ya Preachers Present Arms, ka Ray H. Abrams (New York, 1933). Buka eno e tlhalosa e re: “Baruti ba ne ba neela ntwa boemo jwa yone jo bo gotetseng jwa kafa semoyeng le tlhotlheletso. . . . Ntwa ka boyone e ne e le ntwa e e boitshepo go etleetsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng. Fa motho a ne a ntshetsa naga ya ga bone botshelo jwa gagwe o ne a bo ntshetsa Modimo le Bogosi jwa Gagwe. Modimo le naga di ne tsa nna dilo tse di tshwanang. . . . Majeremane le Batlhabantshi ba bone ba ne ba tshwana fela mo ntlheng eno. Letlhakore lengwe le lengwe le ne le dumela gore Modimo o kafa go lone . . . Bontsi jwa baruti ba ne ba sa bone go le bokete go eteletsa Jesu kwa pele moo tlhabano e neng e gotetse teng go etelela masole go bona phenyo. . . . Ka gone kereke e ne ya nna bontlhanngwe jwa tsamaiso ya ntwa. . . . Baeteledipele ba [kereke] ba ne ba seka ba senya nako epe mo go ipaakanyetseng nako ya ntwa thatathata. Go ise go bo go fete fela dioura tse di masome a mabedi le bone morago ga go bolelwa ga ntwa, Lekgotla la Dikereke tsa ga Keresete mo Amerika le ne la bolela dithulaganyo tsa lone tsa go dirisana mmogo ka botlalo. . . . Dikereke di le dintsi di ne tsa bo tsa pota ka kwa seo di neng di se kopilwe. Di ne tsa nna mafelo a go biletsa masole go ikwadisa.”—Ditsebe 53, 57, 59, 63, 74, 80, 82.