Kgaolo 5
Tshedifatso mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’
1. Kaga “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” ke lenyalo lefe le le tshwaegang leo “Kgōsana ea Kagishō” e le bolelelang pele, mme ka setshwantsho sefe?
MALEBANA le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” (NW) “Kgōsana ea Kagishō” o ne a bolela go Mathaio 24:6-8 a re ‘batho ba tla bo ba nyala le basadi ba neelwa nyalong.’ Mme mo lobakeng lo lo tshwanang, kwa legodimong go tla bo go simolola lenyalo le legolo mo go one otlhe. Ke lenyalo leo go neng ga lebisiwa go lone mo setshwantshong sa ga Jesu sa batshodi ba dipone ba le some, ebong makgarebana a le some.—Mathaio 24:3; 25:1-12.
2. (a) Lenyalo leno la tshwantshetso le diragala ka nako efe le ka letsatsi lefe? (b) Ke eng se se tlang morago ga lenyalo, mme tshedifatso e baakanyediwa jang?
2 Lenyalo leno le diragala mo Botlhaba-Gare. Le diragala go setse go le bosigo thata, go ya go tsena bosigo-gare. Lenyalo la monyadwi le monyadi wa gagwe le tshwarwa pele mme morago le latelwe ke popelelo go ya kwa ntlong ya mokete. Tsela ga ea bonesiwa ka dipone tsa mmila. Lesedi le bonesiwa ke bao ba leng mo popelelong ya boitumelo, mme ba ba emeng mo dithokong ba ka kgona go bona popelelo fa e feta, ba eleletsa banyalani ba basha boitumelo.
3, 4. (a) Ke bomang ba ba kgatlhegelang popelelo e e latelang, mme ka maipaakanyetso afe? (b) Go diragadiwa ga setshwantsho seno go oketsa bosupi jwa lebaka lefe? (c) Re ka itumela fa re dira eng?
3 Ka ntlha ya tlholego ya bone ya sesadi, makgarebana a kgatlhegela lenyalo. Jalo, mo go ba ba tlhomaganeng, makgarebana a le some a letela go fitlhelela popelelo ya lenyalo e fitlha kwa lefelong la yone. Ba eletsa go phatsimisa tiragalo eo, mme ka lebaka leno botlhe ba tla ka dipone tsa bone tsa seatla tse di tshubilweng, mme ke ba le batlhano fela mo go bone ba ba nang le lookwane lo lo bonesang lwa tshoganyetso. Ba batlhano bano ke makgarebana a a botlhale. Tiragatso ya setshwantsho seno e tshwanetse ya re kgatlhisa gompieno, ka go bo go ya ka Jesu Keresete, e tswelela ka go tiisetsa gore re mo bofelong jwa tsamaiso e kgologolo eno.—Mathaio 25:13.
4 Re ka itumela fa re le botlhale mme re lemoga go diragala ga lenyalo leno le le fetang manyalo otlhe le dikarolo tse dingwe tsa lone! Ke bomang bao gompieno ba nang le lesego la go amogelwa mo moketeng? A go na le bangwe mo go rona? A re boneng!
5. Ke eng se se neng sa farologanya bao ba bopang makgarebana a a lesome, mme ke eng se se neng sa diragala fa monyadi a santse a diegile?
5 Setshwantsho se Jesu a neng a se neela sa makgarebana a le some se amana le “Bogosi yoa legodimo,” goromente wa lefatshe lotlhe go tla go segofatsa setho sotlhe. Jalo Jesu Keresete o ne a tswelela ka go re: “Bogosi yoa legodimo bo tla chwantshiwa le makgarebane a le shomè, a a kileñ a tsaea dipōnè tsa aōna, me a cwa a ea go kgatlhantsha monyadi. Me a matlhano a aōna a bo a le dieleele, me a matlhano a bo a le botlhale. Gonne a a dieleele, erile a tsaea dipōnè tsa aōna, a na a se ka a tsaea loukwane nacō. Me a a botlhale, e rile a tsaea dipōnè tsa aōna, a ba a tsaea loukwane ka digwana tsa aōna. Me yana ea re monyadi a sanntse a diegile, makgarebane a ōtsèla aotlhe, a rōbala.”—Mathaio 25:1-5.
6. (a) Makgarebana a a some a tshwantshetsa mang? (b) Ke ka ntlhayang fa monyadi a sa umakiwe mo setshwantshong?
6 Ke bomang he ba ba neng ba tshwantshediwa ke makgarebana ao a a some? A ne a tshwantshetsa bao ba neng ba tla nna maloko a monyadwi le Monyadi wa semoya, ebong Jesu Keresete. Jalo he ka ntlha ya lebaka leno monyadwi ga a umakiwe mo setshwantshong sa ga Jesu; ke monyadi fela yo o bonalang. Ka gone, ga go na ketsaetsego epe mabapi le tlhaloso eno, jaaka ekete makgarebana a ne a tshwantshetsa setlhopha sengwe se sele.
7. Ke mo lobakeng lofe leo Monyadi a ileng a diega go tla mo monyadwing, mme ka ntlhayang?
7 Go kopanngwa ga bao e tla nnang maloko a setlhopha sa monyadwi le Monyadi wa bone wa selegodimo mo lenyalong ga goa ka ga diragala, jaaka fa go ne go lebeletswe, kwa bofelong jwa “metlha ea badichaba” ka 1914. (Luke 21:24) Ka mo go utlwalang, go bone go ne ga bonala ekete Monyadi o diegile go tla, lemororo go nna gone ga gagwe mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo go ne ga diragala ka 1914. Dingwaga tseo tse di hutsafatsang tsa Ntwa ya Lefatshe I di ne tsa itshupa di tshwana le bosigo jo bontshontsho mo boitemogelong jwa setlhopha sa makgarebana.
8. (a) Ke jang, go ya ka puo ya tshwantshetso, makgarebana a ileng a otsela le go robala? (b) Monyadi o ne a tlile mo tempeleng ka boikaelelo bofe, mme ke ka ntlhayang fa seno se ile sa ama setlhopha sa monyadwi?
8 Ka tsela ya tshwantshetso, makgarebana a ne a otsela le go robala. Go rera phatlalatsa mafoko a a molemo a puso e e tlang ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete go segofatsa setho sotlhe go ne ga ema gotlhelele. Go tloga ngwageng ya bofelo ya Ntwa ya Lefatshe I, lobaka lo lo botlhokwa-tlhokwa lwa katlholo lo ne lwa diragalela makgarebana ao a tshwantshetso. Seno e ne e le ka go bo Kgosi ebong Jesu Keresete yo o busang o ne a tlile mo tempeleng ya semoya. Fa a goroga koo, o ne a simolola tiro ya gagwe ya go atlhola e le gore a tle a phepafatse batho bao ba neng ba tlhokile go direla Jehofa Modimo mo tempeleng. (Malaki 3:1-3) Mme nako e ne e tlile ya gore, jaaka Monyadi wa selegodimo, a itseele mo legodimong, maloko a a amogelesegang a setlhopha sa monyadwi bao ba neng ba setse ba sule.
9. Nako e ne ya tla leng ya gore setlhopha sa makgarebana se tsosiwe mo go sa direng, mme ka ntlhayang?
9 Ka 1919, morago ga go gololwa ga maloko a a herang bobedi a a kwa pele a Watch Tower Bible and Tract Society mo kgolegong e e sa tshwanelang, e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore setlhopha sa makgarebana seo se neng se santse se tshela mo lefatsheng se tsosiwe mo borokong jwa go sa dire. Tiro ya go gasa lesedi mo lefatsheng lotlhe e ne e santse e le kwa pele. E ne e le nako mo go bone, gore, ka dipone tse di tshubilweng, ba kopane le Monyadi, yo o neng a tsile mo tempeleng ya semoya. Seno e ne e le gore batho go tswa mo merafeng yotlhe ba tle ba ketemele kwa “tluñ ea Modimo” eo e ileng ya tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, jaaka go ka tualo.—Isaia 2:1-4.
Go Baakanya Dipone tsa Bone
10. Ke eng seo lookwane leo le neng la giwa mo digwaneng tsa makgarebana a a botlhale lo neng lo se tshwantshetsa?
10 Ba ba botlhale mo setlhopheng sa makgarebana ba ne ba tlisitse lookwane lwa tshoganyetso lo lo bonesang ka digwana tsa bone. Ba ne ba seka ba diega ka gope mo go tlatseng dipone tsa bone gape. Lookwane lo lo tukisang go ka bonesa lo ne lo tshwantshetsa Lefoko le le bonesang la ga Jehofa le moya wa gagwe o o boitshepo. Jalo, ke eng seo se neng sa tshwantshediwa ke lookwane loo lo neng lo giwa mo digwaneng tsa makgarebana a a botlhale? Selekanyo se se setseng sa moya wa ga Jehofa o o fang lesedi mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng leo masalela a a tloditsweng a barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba Monyadi ba neng ba na le one fa tiro ya lefatshe ka bophara ya morago ga ntwa ya go fa lesedi mabapi le “Bogosi yoa legodimo” e neng e tshwanetse go simolola.
11. Digwana tsa tshwantshetso tse lookwane le neng le le mo go tsone e ne e le eng?
11 Digwana di ne di tshwantshetsa makgarebana a a botlhale a tshwantshetso ka boone jaaka batshodi ba lookwane lwa tshwantshetso lwa go bonesa. Seno ga se reye gore setlhopha sa makgarebana e ne e le gone ka nako eo se tlodiwang ka moya wa ga Jehofa. Nnyaa, makgarebana ga a itlotse ka moya wa gagwe. O dira jalo!—Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-21.
12. (a) Ke polelelo pele efe ya ga Joele e e neng e tshwanetse go diragadiwa mo makgarebaneng a a botlhale? (b) Nako e ne ya tla leng ya gore ba phatsimise lesedi ka dipone tsa bone?
12 Mabapi le go abelwa ga bone tiro e kgolo ya go sedifatsa kaga “bogosi yoa legodimo,” makgarebana a a botlhale a ne a segofadiwa ka tiragatso ya Yoele 2:28, 29 mo go bone. Moaposetoloi Petere o tsopola ditemana tseo jaana: “Me go tla dihala mo metlheñ ea bohèlō, go bua Modimo, oa re, Ke tla gorometsa Mōea oa me mo nameñ eotlhe: me bomorwa lona, le bomorwadia lona ba tla perofesa, le makau a lona a tla bōna dipōnatshègelō, le banna bagolo ba lona ba tla lōra ditōrō.” (Ditihō 2:17) Jalo go tloga ka 1919 go ya pele ba ba botlhale ba setlhopha sa makgarebana sa tshwantshetso ba ne ba tshwanetse go tsaya seo ba tla bonesang ka sone, ebong dipone tsa bone tsa tshwantshetso—bone ka bobone. Ba ne ba dira seno e le gore ba tle ba bonesetse bao ba neng ba santse ba le mo lefifing la semoya. Ka ntlha ya mofuta wa matshelo ao ba a tshelang tlase ga tlhotlheletso ya Lefoko la Modimo le moya, ba nna “masedi mo lehatshiñ.” (Bafilipi 2:15) Jalo ba ne ba simolola go latela dikgato tsa Monyadi fa a ntse a tswelela pele go itseela maloko otlhe a setlhopha sa monyadwi mo Bogosing jwa selegodimo morago ga ba sena go swa mo lefatsheng.—Mathaio 5:14-16.
Diphelelo tsa Boeleele jwa Semoya
13. Makgarebana a a botlhale a ne a arabela jang topo ya makgarebana a a dieleele?
13 Gotweng he, kaga ba ba dieleele ba setlhopha sa makgarebana? Jesu o tswelelapele ka go re: “Me a a dieleele a raea a a botlhale, a re, Re tsheleleñ loukwane loa lona, gonne dipōne tsa rona dia tima. Me a a botlhale a ba hetola, a re, Go ka tla ga se ka ga lekana rona le lona; bogolo eañ kwa go ba ba rekisañ, me lo ithèkèlè.”—Mathaio 25:8, 9.
14. Ke ka ntlhayang fa makgarebana ao a neng a gana go abalana lookwane lwa bone a ne a le botlhale go na le go nna pelotshetlha?
14 Ao a neng a gana go abalana sepe le a a dieleele a ne a se pelotshetlha, a ne a le botlhale. A ne a tshwareletse mo go diragatseng boikaelelo jwa one jwa pele-pele, jwa go eleletsa molemo ka go phatsimisa ditikologo tse di lefifi tsa Monyadi. Ba ne ba sa tlamege lefa e le ka tsela epe go fetoga, go fokotsa selekanyo sa bone sa moya o o boitshepo wa ga Jehofa e le gore ba tle ba thuse bao ba leng boeleele kafa semoyeng. Ba ba dieleele bao ba ne ba sa ipaakanyetsa go tsena ka bofefo fela mo tshiamelong ya tirelo eo e neng e ba bulegela ka 1919.
15. (a) E ne ya re fa lobaka lwa kagiso lo nna gone, ke bomang gareng ga setlhopha sa makgarebana ba ba neng ba simolola go bontsha ditshekamelo tsa boeleele jwa semoya? (b) Ke ka ntlhayang fa makgarebana a a botlhale a ne a seka a kgona go thusa makgarebana a a dieleele kafa semoyeng?
15 Fa lobaka lwa kagiso lo nna gone, bangwe ba bao ba neng ba ipolela fa ba ineetse, ba re ke maloko a a kolobeditsweng ba ne ba simolola go supa boeleele jwa semoya. Morago ga loso lwa mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong Charles Taze Russell, ba ne ba seka ba tsena ka botlalo mo seemong sa ditiragalo le sedirisiwa se se bonalang sa ga Jehofa Modimo tlase ga mookamedi yo mosha wa sone, ebong J. F. Rutherford. Dipelo tsa bone di ne tota-tota di sa tsamaisane le tsela eo dilo di neng di dirwa ka yone. Ba ne ba bontsha tlhaelo ya kanaanelo mo tseleng eo Jehofa a neng a dirisana ka yone le batho ba gagwe. Jalo, bao ba neng ba tshwana le makgarebana a a botlhale ba ne ba sa kgone go tlhotlheletsa moya wa mmannete wa tirisano-mmogo ka pelo yotlhe mo go bano ba ba dieleele ba ba neng ba ntse ba katogela kwa pele.
16. Boeleele jwa semoya bo ne jwa iponatsa jang mo makgarebaneng a a dieleele?
16 Boeleele jwa semoya bo ne he jwa bonadiwa. Jang? Ka ntlha ya go palelwa ke go nna le lookwane lwa tshwantshetso mo nakong e e botlhokwa ya fa tshedifatso ya semoya e ne e tlhokafala thata, jaaka fa ditiragalo tse disha di ntse di tswelela pele, di bontsha gore Monyadi o ne a le gone. Jalo e ne e le nako ya go ya go mo kgatlhantsha ka dipone tse di tukang di tshubilwe tsotlhe ka go phatsima, go ya ka puo ya tshwantshetso. Mme, go na le moo, bao ba neng ba emela makgarebana a a dieleele, bao dipone tsa bone di neng di tima, ba ne ba kgaogana le ba ba botlhale.
17. Ke tatlhegelo efe e e ka se fetolweng eo ba ba tshwantshediwang ke makgarebana a a dieleele ba e bonang, jaaka go supilwe go Mathaio 25:10?
17 Abo e le tatlhegelo e e senang botwe-sepe e e ileng ya nna gone fa yo o ipolelang gore ke mongwe wa setlhopha sa makgarebana a latlhegelwa ke tshiamelo le sebaka se se senang go ka boelediwa sa go amogela Monyadi wa semoya, ebong Jesu Keresete! Ba ba dieleele ba ba ntseng jalo gareng ga makgarebana a motlha wa segompieno baa latlhegelwa, jaaka fa go supiwa mo mafokong a mangwe gape a setshwantsho sa ga Jesu: “Me ea re a sa nntse a ile go rèka, monyadi a tla; me a a iketleeditseñ a tsèna naè mo modihoñ oa nyalō; me moyakō oa cwalwa.”—Mathaio 25:10.
18. (a) Ke tshiamelo efe eo makgarebana a a dieleele a lekgolo leno la dingwaga a palelwang ke go tlhakanela mo go yone? (b) Ke ka ntlhayang fa ba ba dieleele ba itshupa ba siilwe ke nako go ka nna le seabe mo popelelong ya lenyalo go ya moketeng?
18 Abo makgarebana a motlha wa segompieno a a dieleele a nna le boitemogelo jo bo botlhoko jang ne! Mo lobakeng lono lo lontsho-ntsho lwa ditiragalo tsa motho, ba palelwa ke go tlhakanela mo tirong ya go bonesetsa ba ba mo lefifing la semoya le mo moruting wa loso mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe”! (Tshenolō 16:14) Ka go sa nneng le lookwane mo diponeng tsa bone tsa tshwantshetso go phatsimisa tsela ya bone, ba ne ba tsamaya mme ba tshwanelwa ke gore ba senke tsela mo lefifing la bosigo-gare. Ka lebaka leno ba siiwa ke nako ya go ka latela dikgato tsa Monyadi mo popelelong ya boitumelo go tsena ka kgoro go ya moketeng wa lenyalo o o bonesitsweng ka go phatsima. Ba latlhegetswe ke go lebega jaaka balatedi ba gagwe ba ba siametseng go ka nyalwa ke ene mo Bogosing jwa selegodimo. Ga ba fitlhelwe ba ‘iketleeditse’ ka nako e e beilweng. Abo ba a fa sekai se se tlhagisang!
19. Ke boitemogelo bofe jo bo re emetseng fa re tswelela ka kgang eno go ya bofelong?
19 Lebaka leno le le hutsafatsang le kaiwa ka phepafalo mo karolong ya bofelo ya setshwantsho se se neng sa neelwa ke Jesu Keresete, Monyadi, segolo-bogolo mo go rona ba re tshelang mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’ Jalo a jaanong re tsweleleng ka kgang! Tshedimosetso e e lereng boipelo e re emetse go ka dira jalo, jaaka fa re tla bona mo kgaolong e e latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 45]
Ba ba tshwantshetsang makgarebana a a dieleele ga ba ne ba tsena mo moketeng wa lenyalo