LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 6 ts. 47-55
  • Go Lebelela mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebelela mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matswela a Lesedi la Lobone Bosigo-gare
  • Balekane ba ba Thusang ba Batshodi ba Lesedi
  • “Me Moyakō oa Cwalwa”
  • Tshedifatso mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Makgarebane A A Botlhale le A A Dieleele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Setshwantsho Sa Makgarebane a le Lesome
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A o Tla “Nna o Disitse”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 6 ts. 47-55

Kgaolo 6

Go Lebelela mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’

1. Ke eng fa re tshwanetse go nna re lebeletse?

RE MO teng-teng ga “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” (NW) mme ga re “itse letsatsi leha e le nakō” ya go khutla ga tshedifatso e e bolokang botshelo. Ke sone se Jesu a neng a re: “Ke gōna disañ [lebelelang], gonne ga lo itse letsatsi leha e le nakō.”—Mathaio 24:3; 25:13.

2. Ke boitemogelo bofe jo bo swabisang jo bo tshwanetseng go tilwa?

2 Ruri go ne go tla swabisa fa motho a ne a ka tla kwa lefelong la mokete wa lenyalo morago ga nako mme a fitlhele kgoro e tswetswe. Lefa go le jalo seo ke sone se se tla welang bontsi jo bogolo jwa batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete mo isagweng e e gaufi. “Kgōsana ea Kagishō” o ne a tshwantshetsa seno ka mafoko ano: “Me moragō ga tla makgarebana a mañwe, a re, Morèna, Morèna, re bulèlè. Me a ba hetola, a re, Amarure kea lo raea, Ga ke lo itse.”—Mathaio 25:11, 12.

3. (a) Ngwaga wa 1919 o ne wa itshupa e le nako ya eng? (b) A borabodumedi ba La-Bodumedi ba ile ba kgona go neelana ka lookwane lo lo tlhokafalang lwa semoya?

3 Fa esale ka 1919 tshedifatso ya semoya ka ba ba botlhale ka thuso ya “loukwane” lwa Lefoko la ga Jehofa le moya o o boitshepo e ile ya nna gone, mme ba ba dieleele ba leka go reka lookwane lwa semoya mo go ba ba mo go La-Bodumedi ba ba iphakang gore baa lo rekisa. (Mathaio 25:9) Lefa go ntse jalo, borabodumedi ba La-Bodumedi, ga ba na mofuta o o tshwanetseng wa lookwane. Ga baa kgona go bonesa lesedi kaga go nna gone ga ga Jesu Keresete jaaka Monyadi wa selegodimo. Ba lebeletse gore fa baa swa ba tla ya kwa legodimong ka bofefo fela mme ba fete ba kopane le ene, kwantle ga go re ba bo ba ile ba arola mo tirong ya go sedifatsa mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’

4. Go tla nako kgolo ke eno, ke eng seo ba ba tshwantsheditsweng ka makgarebana a a dieleele ba paletsweng ke go se dira, mme ka ntlhayang?

4 Mo letlhakoreng le lengwe, go ile ga nna le bao, jaaka makgarebana a semoya, ba ileng ba itshupa fa ba na le “loukwane” lo lo setseng lwa moya o o boitshepo le Lefoko la Modimo go dira tiro ya morago ga ntwa ya tshedifatso ya lefatshe lotlhe mabapi le “Bogosi.” (Mathaio 24:14) Bao ba tshwantsheditsweng mo setshwantshong sa ga Jesu jaaka makgarebana a a dieleele ga ba tlhakanele mo go yone ka go phatsimisa lesedi la mafoko ano a a molemo a a botlhokwa mo merafeng yotlhe. Ba ne ba sena “loukwane” lwa Lefoko la Modimo lo lo sedifatsang le moya wa gagwe o o boitshepo, mme Moatlhodi wa Monyadi mo tempeleng ya semoya o ne a lemoga go palelwa mono ga bone. Dipelo tsa bone di ne tsa seka tsa itshupa di le mo tirong ya morago ga ntwa eo ka bofefo-fefo e neng ya simololwa ka 1919 ke makgarebana a Bakeresete ao a neng a le botlhale mo go lemogeng nako le tiro.

5. Ke eng seo makgarebana a a dieleele a palelwang ke go nna le seabe mo go sone se se leng botlhokwa-tlhokwa mo go reng ba kopanngwe le Kgosi ya Monyadi?

5 Fa a ne a kgaogana le bao ba neng ba tshegetsa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa, a a dieleele a ne a palelwa ke go tlhakanela mo go neeleng bosupi mo lefatsheng lotlhe kaga Bogosi. E ne ya re kgabagare a bona “loukwane” lwa tshedifatso ya bodumedi, mme e ne e se mofuta o o tshwanetseng wa lookwane. Lo ne lo ka se baakanyetse ka lesedi la tiragalo e e tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng. Jalo ga a rere molaetsa wa Bogosi le “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isaia 61:1-3) Ga a galaletse Kgosi ya Monyadi jaaka masalela a a tloditsweng a setlhopha sa makgarebana a dira.

Matswela a Lesedi la Lobone Bosigo-gare

6, 7. (a) Ke eng se se neng sa diragala mo bogareng jwa bo-1930 seo se neng sa akantsha gore go ne go na le makgarebana a a lekaneng go wetsa maloko a setlhopha sa monyadwi? (b) Tlhokomelo e ne ya lebisiwa mo setlhopheng sefe se jaanong go neng go tlhokafala gore se phuthiwe?

6 Mo bogareng jwa bo-1930, sengwe se se botlhokwa-tlhokwa se ne sa diragala. Seo se neng sa diragala se ne se akantsha gore maloko a monyadwi wa semoya wa ga Keresete a lekanetse, gore mo lefatsheng go ne go na le barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba Monyadi ba ba lekanyeng go bopa palo e e tletseng ya monyadwi wa gagwe wa selegodimo.

7 Ka nako e e tshwanang, ka 1935, go ne ga tlhokomedisiwa setlhopheng se sengwe gape sa barutwa ba seka-dinku ba ga Jesu. Seno e ne e le setlhopha seo se neng sa tlhokomedisiwa botlhe ka ntwa ya ntlha ya lefatshe. E ne e le ka Tlhakole 24, 1918, fa puo ka setlhogo se se reng “Didikadike tse di Tshelang Jaanong di ka Nna Tsa Seka Tsa Swa” e ne ya neelwa bareetsi bao ba neng ba kgatlhega thata, mme gongwe ebile ba tletse pelaelo. Mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya 1935 mo Washington, D.C., sengwe se se molemo se ne sa tlhalosiwa kaga go phuthiwa ga didikadike tseno tsa “dinku di sele” go nna “lecomane” le le kopaneng kafa tlase ga ga Jesu Keresete jaaka “modisa a le moñwe.” (Yohane 10:16) Sebopego sa karolo eno ya “dinku di sele” jaaka se boleletswe pele go Tshenolō 7:9-17 se ne sa supiwa.

8. Ke tlamego efe eo makgarebana a a botlhale a neng a nna le yone ka 1935, mme a ne a sa e lebelela?

8 Masalela a “lecomanyane” jaanong a ne a tlamega go simolola go phutha “boidiidi” jo bogolo jono jwa “dinku di sele.” (Luke 12:32) Seno e ne e le ka go bo palo ya makgarebana a a botlhale e e neng e tlhokafala gore e wetse monyadwi wa ga Jesu jaanong e ne e tladitswe. Mme makgarebana a a ntseng jalo a ne a seka a tseelwa kwa legodimong gone fela foo. Ba santse ba tla amogelwa mo bonnong joo jwa selegodimo jwa mokete fa ba digela tiro ya bone ya selefatshe jaaka basupi ba ba bolokang bothokgami ba Modimo wa bone, Jehofa. Ka ntlha ya tiro ya bone ya boikanyego ya go sedifatsa go fitlha ka 1935, ba ne ba tsenngwa mo tshiamelong e e kgethegileng eo ba neng ba ise ba ke ba e solofele pele ga bogare jwa bo-1930.

9. Palo ya ba ba setseng ba makgarebana a a botlhale e fetogile go nna efe go fitlha jaanong?

9 Go setse go fetile mo e ka nnang sephatlo sa lekgolo la dingwaga fa esale ka 1935, mme mo dingwageng tseno palo ya ba ba botlhale ba setlhopha sa makgarebana e ile ya ngotlega. Mo letlhakoreng le lengwe, tiro ya go neela bosupi e ile ya anamela selekanyong sa lefatshe ka bophara, ee, go akareletsa mafatshe a magolo a a ka fetang 200. Gone jaanong jaana, setlhopha sa makgarebana se ile sa wela kwa tlase go ba sekae fela ba ba 9 000 ka palo.

Balekane ba ba Thusang ba Batshodi ba Lesedi

10. Ka ntlha ya bogolo jwa tiro, a masalela a makgarebana a a botlhale a kgona go fitlhelela tlhokafalo ya badiri?

10 Masalela a a tloditsweng a makgarebana a tshwantshetso a setse a ka fetwa ka bontsi ke baboledi ba Bogosi ba ba ka fetang didikadike tse tharo mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di ka fetang 49 000 mo kgolokweng yotlhe. Masalela a a tloditsweng a mabotlana a ka tlhokomela jang tiro ya go neela bosupi mo mafatsheng a a fetang 200 ao diketekete tsa diphuthego tseo di leng gone? A ka seke.

11. (a) Go kgethololwa ga “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go ne ga dira gore go diragale eng gareng ga bao ba ipolelang gore ke makgarebana? (b) Ke eng seo ba setlhopha sa “motlhanka . . . eo o boshula” ba ileng ba palelwa ke go se lemoga ka ntlha ya go tlhaela ga lesedi le le lekaneng la semoya?

11 Legale, go ya kafa Dikwalong, ba direla mo boemong jwa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yoo Morena yo eleng Monyadi a ba fitlhetseng ba ikanyega fa a tla go atlhola mo tempeleng. Ke gone he go kgaoganngwa go neng ga simolola go diragala fa gare ga makgarebana a a botlhale le makgarebana a a dieleele a setlhopha sa tshwantshetso sa makgarebana. Bao ba bolelwang jaaka setlhopha sa “motlhanka . . . eo o boshula” ga ba na lookwane lwa Lefoko la Modimo lo lo sedifatsang le moya wa gagwe o o boitshepo mo digwaneng tsa bone go tshuba dipone tsa bone. Ka gone ba ne ba sena lesedi le le lekaneng la semoya go lemoga “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” jo bo setseng bo phuthiwa fa esale ka 1935 jaaka karolo ya “lecomane le le leñwe hèla.”—Mathaio 24:45-51.

12. Ke bomang ba ba ileng ba nna balekane ba ba sa kgaoganeng le masalela a setlhopha sa monyadwi?

12 Fa esale ka Ntwa ya Lefatshe II, tiragatso ya polelelopele ya ga Jesu ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” e gone segolo-bogolo ka ntlha ya seabe seo boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” bo nang le sone. Phatsimo e e tswang mo diponeng tse di tshubilweng tsa masalela e ile ya phatsimisa matlho a dipelo tsa bone, mme ba ile ba thusiwa go bonesetsa ba bangwe ba ba santseng ba setse mo lefifing la lefatshe leno. (Bapisa Baefesia 1:18.) Ba ile ba thusa didikadike tsa baagi ba lefatshe leno go lemoga go nna gone ga Kgosi ya Monyadi jaaka letsatsi la go nyala setlhopha se se feletseng sa monyadwi le atamela. Ba ile ba nna balekane ba ba sa kgaoganeng le masalela a setlhopha sa monyadwi.

13, 14. (a) Ke boemo bofe jo bo itumedisang mabapi le balekane ba masalela jo bo tlhalosiwang ka tshwantshetso go Tshenolō 7:9, 10? (b) Ke karabelo efe e e bofefo e e neng ya nna gone morago ga tlhaloso ya polelelopele eo?

13 Fa esale ka 1935 balekane bano ba masalela a setlhopha sa monyadwi ba ile ba bona boipelo. Ga ba itumelele fela ditshiamelo tse di molemo-lemo tseo masalela a setseng a di bone mme gape le mo ditshiamelong tsa letlhogonolo tseo bone ka bobone ba ileng ba tsenngwa mo go tsone ke masalela a setlhopha sa monyadwi.

14 Mokwalo o o molemo o ne wa tlhalosiwa sentle go tlhaloganngwa ke batho ba ga Jehofa mo kopanong kwa Washington, D.C., ka 1935, mme o ne wa bolelela pele ka boemo jo bo itumedisang jwa “boidiidi yo bogolo” jwa balekane ba batlodiwa. Ba bone fale, “ba eme ha pele ga setulō sa bogosi [sa ga Jehofa Modimo], le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla”! Reetsa seo ba se goeletsang thata gore batho botlhe ba utlwe: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana”! (Tshenolō 7:9, 10) Ba setse ba ile ba bontsha tumelo go “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe,” mme ka ene ba ile ba ineela go Jehofa Modimo mme ba kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa bone. (Yohane 1:29) Aitsane, ba le 840 mo go bone ba ne ba kolobediwa mo letsatsing leo morago ga go utlwa tlhaloso ya Tshenolō 7:9-17 ka Labotlhano, Motsheganong 31, 1935.

15. Fa esale, ke ba le kae ba go begiwang ba ile ba kolobediwa, mme ba tshwantshediwa jang go Tshenolō 7:14-17?

15 Ba ba ka fetang didikadike tse tharo ba ile ba dira se se tshwanang fa esale mo kopanong ele ya Washington ka 1935. Ka gone ba tshwantshediwa jaaka ba ba apereng dikobo tse ditshweu ka ntlha ya go bo ba di tlhatswitse mo mading a a phepafatsang a Kwana. Mme ba na le tebelelo ya go tswa mo sepitleng se segolo seo se leng kwa pele ga setho sotlhe se se mo lefatsheng, ba bone tshireletso ya bomodimo go kgabaganya sepitla seo. (Mathaio 24:21, 22) Ka gone, ba tshwantshediwa jaaka bao ba leng mo tempeleng ya semoya ya ga Jehofa mme koo ba mo obamela le masalela a setlhopha sa makgarebana.—Tshenolō 7:14-17.

16. Ke bomang he, ba ba neelwang malebogo a magolo ka ntlha ya karolo ya bone mo go diragatseng Mathaio 24:14?

16 Ka gone, malebogo a magolo, a isiwa go “boidiidi yo bogolo” jwa merafe yotlhe le dipuo tsotlhe ka ntlha ya seabe se segolo thata seo ba ileng ba nna le sone mo go diragatseng polelelopele ya Monyadi go Mathaio 24:14!

“Me Moyakō oa Cwalwa”

17. (a) Kgoro ya modiro wa lenyalo e tla tswalwa leng? (b) Ke eng seo go tlhokafalang gore masalela a setlhopha sa makgarebana le “boidiidi yo bogolo” jwa balekane ba bone ba se dire gone jaanong?

17 Gore ke leng tota-tota masalela a setlhopha sa makgarebana a neng a tla tsena mo medirong ya mokete wa lenyalo, mme ya re go tswa foo kgoro ya tswalwa, ga go itsiwe. Mme kwa ntle ga pelaelo go atametse go feta lefa e le leng pele, mme nako e ntse e fela! Ka mo go tshwanetseng he, Jesu o ne a digela setshwantsho sa makgarebana ka mafoko ano a tlhagiso: “Ke gōna disañ, gonne ga lo itse letsatsi leha e le nako.”—Mathaio 25:13.

18. (a) Makgarebana a a dieleele a ile a ikgetholola le bomang gone jaanong? (b) Ke karolo efe ya setshwantsho sa ga Jesu e ba tlogang ba e itemogela ka bogautshwanyane?

18 Ka lebaka leno makgarebana a a dieleele a tla welwa a santse a itebetse. Ka go kgaogana ga one le makgarebana a a botlhale, a ile a nna karolo ya lefatshe leno le le atlhotsweng mme a ipaya kafa letlhakoreng la borabodumedi botlhe ba bangwe bao ba leng mo lefifing le lentsho-ntsho la lefatshe lotlhe. Ka gone ba saletswe ke go itemogela seo Monyadi ebong Jesu Keresete a neng a se tshwantshetsa ka mafoko ano a setshwantsho: “Me moragō ga tla makgarebane a mañwe, a re, Morèna, Morèna, re bulèlè. Me a ba hetola, a re, Amarure kea lo raea, Ga ke lo itse.”—Mathaio 25:10-12.

19. Jalo he ke bomang bao ba tshwantshediwang ke makgarebana a a dieleele, mme ke ka ntlhayang fa ba tshwanetse go bewa kafa letlhakoreng la Babelona o Mogolo?

19 Jalo kgoro e e yang mo moketeng ga e bulelwe makgarebana ao a a dieleele. A ne a tshwantshetsa sentle-ntle bao mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo’ ba palelwang ke go tsena mo ‘bogosing jwa legodimo.’ (Mathaio 24:3; 25:1) Ka ntlha ya go ngaparela sebopego se ba se ikgethetseng sa bodumedi, jaaka go supilwe ke go ya ga bone kwa marekelong go ya go reka lookwane lo sele, ba bewa kafa letlhakoreng la Babelona o Mogolo.

20. (a) Fa makgarebana a a dieleele a bona “dinaka tse shomè” tsa “sebatana” di simolola go tlhabana le Babelona o Mogolo, a tla ya go ikuela kwa go mang mme ka boiphako bofe? (b) Lefa go le jalo ke ka ntlhayang fa ba tla bona tshenyego?

20 Kgabagare, e tla re fa “sebatana” sa tshwantshetso, seo se pagangweng ke seaka sa bodumedi, se tlhabana le “dinaka tse shomè,” ba tla tshwanelwa ke go tlhakanela mo petsong ya gagwe. (Tshenolō 17:16) E tla re fa borabodumedi ba ba ntseng jalo ba ba tshwantsheditsweng ke makgarebana a a dieleele a matlhano ba bona tshimologo eno ya go tlhoiwa ga bodumedi jwa Sebabelona ke maatla a a nonofileng a sepolotiki, ba tla retologela go Kgosi ya Monyadi, ba iphaka gore ke ba setlhopha sa “bogosi yoa legodimo” mme ba tshwanetse go letlelelwa go tsena mo meketeng ya lenyalo la semoya le makgarebana a a botlhale. Ka mo go kgaolang pelo, ene yo ba mmitsang “Morèna,” ebong Monyadi Jesu Keresete, o tla gana go ba amogela jaaka ba ba tshwanelwang ke go amogelwa mo Bogosing jwa selegodimo. Mme ga baa nna le karolo epe ya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le “boidiidi yo bogolo.” Jalo ga go na sepe se se saletseng borabodumedi bano ba ba dieleele fa e se tshenyego le mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ebong Babelona o Mogolo!

21. (a) Ka ntlha ya tebelelo eo e e boifisang, ke tsela efe e makgarebana a a botlhale le balekane ba bone ba e tsayang? (b) Ke ditshiamelo dife tsa tirelo tseo maloko a “boidiidi yo bogolo” ba solofelang go di ipelela?

21 Abo e le tebelelo e e boifisang jang ne mo go bone! Ka go lemoga seno, masalela a bontsi-ntsi jwa balekane ba bone a tla tswelela ka go reetsa kgakololo ya ga Jesu e e reng “disañ.” Ba tla nna ka metlha ba tletse ka moya o o boitshepo wa Modimo mme ba phatsimise lesedi la bone ba sa boife kgalaletsong ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Jaaka tuelo, ba tlhomamisediwa go bona boipelo! Mme maloko a “boidiidi yo bogolo,” a tla bona maemo a go nna dikgosana mo ‘lefatsheng le lesha,’ ba kgethilwe ke Kgosi ya Monyadi e e nyetseng.—Isaia 32:1; bapisa Pesalema 45:16.

22. Go diragadiwa ga setshwantsho sa makgarebana go tiisetsa lebaka lefe? (b) Ke bomang ba ba tla ipelelang lenyalo leno la Kgosi ya Monyadi le monyadwi wa gagwe wa lekgarebana?

22 Jalo tiragatso eno e e atologileng ya setshwantsho sa makgarebana a le some e direla jaaka tlhomamisetso ya lebaka la gore re tshela mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’ Abo re ka leboga jang go bo re sedifaditswe go bona bosupi jono jwa go atamela ga lenyalo la ga Jesu Keresete le setlhopha se se feletseng sa gagwe sa monyadwi! Mo lenyalong leno la selegodimo, legodimo le “lehatshe ye lesha” la tshiamo tsoopedi di tla ipela ka boitumelo jo bogolo.—Tshenolō 19:6-9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela