Kgaolo 7
Go Duela Melato ya Tiriso ya Matlotlo a ga Keresete
1. Ke goromente ofe yo o senang mathata a itsholelo, mme ke bomang bao jaanong ba tshwanetseng go duela melato ya goromente yono?
KWANTLE ga a le mongwe, ga go na goromente ope yo o senang mathata a itsholelo. Bogoromente ba le bantsi ba mo dikolotong tse di boitshegang. Goromente a le mongwe yo o farologaneng ke yo jaanong a bolelwang thata ebong “bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 25:1) Mo lefatsheng go santse go na le maloko ao a tla nnang a Bogosi jwa selegodimo bao ba direlang goromente yoo. Mo lobakeng lono lo lo botlhokwa-tlhokwa mo ditiragalong tsa motho tsotlhe, batlhanka bano ba “bogosi yoa legodimo” baa ikarabela. Ba tshwanetse go itsise Goromente gore ba ile ba dirisa jang dilo tse di botlhokwa-tlhokwa tse ba neng ba di neetswe.
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela thatathata setshwantsho sengwe se se neng sa bolelwa ke “Kgōsana ea Kagishō”?
2 Go tshwantshetsa kgang eno, moemedi yo o kwa pele pele wa “bogosi yoa legodimo” bogologolo tala o ne a bolela setshwantsho sengwe, kana sekai. Seno se tshwanetse go gapa tlhokomelo ya rona gompieno, ka jaana “Kgōsana ea Kagishō” e ne ya se akareletsa mo polelelongpele ya gagwe ya lobaka lo loleele malebana le “seshupō” seo se neng se tla tshwaya “go nna gone” ga gagwe ka Bogosi a na le taolo ya go busa. (Mathaio 24:3) Rona gompieno re kopanyelediwa thata-thata mo matsweleng ao a latelang tiragatso ya setshwantsho sa polelelopele, ereka jaana go tswelelapele re ntse re le gone, jone botshelo jwa rona ka sebele, bo a kopanyelediwa. Jalo he eno ke tsela eo “Kgōsana ea Kagishō” e neng ya bolelela baaposetoloi ba gagwe setshwantsho ka yone malatsi a sekae pele ga a swa kwa Gologotha.
Setshwantsho sa Ditalenta
3. Batlhanka bao ba neng ba amogela ditalenta mo go mong wa bone pele ga a tsamaya ba ne ba di dirisa jang fa a ntse a seyo?
3 “Ke gōna disañ, gonne ga lo itse letsatsi leha e le nakō. Gonne go chwana yaka monna eo e rileñ a ètèla kwa lehatshiñ le sele, a bitsa batlhanka ba gagwè, me a ba neèla dilō tsa gagwè. Moñwe a mo neèla ditalenta di le matlhano,a eo moñwe di le pedi, eo moñwe e le ñwe hèla; moñwe le moñwe a neèlwa kaha nonohoñ ea gagwè; me a itse go tloga a ea loetoñ loa gagwè. Ka bonakō hèla eo o amogetseñ ditalenta tse di tlhano, a ea a bapala ka cōna, me a bōna ditalenta tse diñwe di le tlhano. Le èna eo o amogetseñ di le pedi hèla yalo, a ea a bōna tse diñwe di le pedi. Me èna eo o amogetseñ e le ñwe hèla, a ea a e èpèla mo mbuñ, a hitlha madi a morèna oa gagwè.
4. Morena o ne a raya batlhanka bao ba neng ba oketsa palo ya ditalenta tsa bone a reng?
4 “Me yana ea re moragō, go sena go heta lobaka lo lolele, morèna oa batlhanka bauō a tla, me a gopola melato nabō, e o e ba neetseñ. Me eo o na a amogetse ditalenta tse di tlhano, a tla a bile a chotse ditalenta tse diñwe di le tlhano, a re, Morèna, u nu u nnetse ditalenta di le tlhano: bōna, ke bile ke bapetse ditalenta tse diñwe tse di tlhano. Morèna oa gagwè a mo raea, a re, U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō le boikañō: u nntse u le boikañō mo diloñ tse di pōtlana, ke tla gu laodisa dilō di le dintsi: tsèna mo boitumeloñ yoa morèna oa gago. Le èna eo o na a amogetse ditalenta tse pedi, a tla a re, Morèna, u nu u nnetse ditalenta di le pedi; bōna, ke bile ke bapetse ditalenta tse diñwe di le pedi. Morèna oa gagwè a mo raea, a re, U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō le boikañō: u nntse u le boikañō mo diloñ tse di pōtlana; ke tla gu laodisa dilō di le dintsi: tsèna mo boitumeloñ yoa morèna oa gago.
5, 6. Ke seipato sefe seo motlhanka wa boraro a neng a se neela sa go bo a ile a fitlha talenta, mme ke eng seo morena a neng a se dira ka ene?
5 “Le èna eo o na a amogetse e le ñwe hèla, a tla, a re, Morèna, ke gu itsile ha u le monna eo o pelo e thata, ka u tlo u robe kwa u se kañ ua yala gōna, u bo u sèle kwa u se kañ ua gasa gōna: Me ka boiha, ka ea ka hitlha talenta ea gago mo mbuñ: bōna, u na le se e leñ sa gago ke se. Me morèna oa gagwè a mo hetola, a re, Motlhanka eo o boshula le bochwakga ke wèna, u itsile ha ke tle ke robe kwa ke se kañ ka yala gōna, ke be ke sèle kwa ke se kañ ka gasa gōna: Ke gōna u nu u chwanetse go isa madi a me kwa baatisiñ ba aōna; me e ne e tla re ke tla, e bo ne ne ke bonye a me a oketsegile.
6 “Ke gōna mo tseeleñ talenta euō, me lo e neè eo o nañ le ditalenta tse di shomè. Gonne moñwe le moñwe eo o nañ le señwe o tla nèwa, me o tla nna le letlōtlō: me eo o senañ sepè, le se o nañ nashō o tla se tseèlwa. Me motlhanka eo o senañ molemō lo mo kgoromeletsè kwa lehihiñ ye le kwa ntlèntlè: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.”—Mathaio 25:13-30.
7. Ke eng se se emelwang ke ditalenta?
7 Mo setshwantshong seno, ke eng seo se emelwang ke ditalenta? Ke sengwe se se tlhotlhwa-kgolo, eseng madi mme eleng ka tsela ya semoya. Ditalenta di emela thomo ya go dira barutwa ba ga Keresete. Gammogo le thomo eno go na le sebaka sa tshiamelo e e kwa godimo-dimo ya go direla jaaka baemedi ba ga Keresete, Kgosi, go emela Bogosi mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.—Baefesia 6:19, 20; 2 Bakorintha 5:20.
8. (a) Ke mo lefifing lefe leo motlhanka yo o “bochwakga” a neng a latlhelwa mo go lone mo ‘bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo’? (b) Ke ka ntlhayang fa lefatshe la setho le sa ipelele lesedi la go amogelwa ke Modimo le tlhogonolofatso?
8 Kwantle ga pelaelo, rona gompieno re ile ra fitlha setlhoeng sa tiragatso ya setshwantsho seno sa polelelopele! Losika lono lo wetswe ke lobaka lo lontsho-ntsho mo ditiragalong tsotlhe tsa motho! Tota ruri, go na le lefifi totatota ka kwantle ga karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa eo setlhopha sa motlhanka yo o “bochwakga” le yo o “senañ molemō” a ka latlhelwang gone go ya kafa taolong ya Morena. ‘Lefifi le le kwantle-ntle’ le tshwantshetsa boemo jo bo fifetseng jwa setho se se mo lefatsheng, segolo-bogolo ka tsela ya sedumedi. Setho se se mo lefatsheng ga se ipelele lesedi la go amogelwa ke Modimo le letlhogonolo. Ga se mo leseding la kitso ya Bogosi jwa Modimo. Le kafa tlase ga “Modimo oa lehatshe yeno, [yo] o houhaditseñ megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemō a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo le se ka ya ba phatsimèla.”—2 Bakorintha 4:4.
9. (a) Mo go diragadiweng ga setshwantsho, ke mang yo o tshwantshediwang ke “monna,” mme o ne a tsaya loeto lo lo kana kang? (b) Ke bosupi bofe jo bo gone jo bo supang gore o boile?
9 Gompieno go na le bosupi jo bogolo thata jwa gore ene yo o neng a tshwantshediwa ke “monna,” yo bobotlana a neng a na le ditalenta tsa selefera di hera bobedi, o boile morago ga loeto lwa gagwe lwa go ya kwa kgakala. “Monna” yoo ke Keresete Jesu. Go etela ga gagwe kwa kgakala go ne ga mo gorosa fa pele ga Mmopi wa letsatsi, kgwedi, le dinaledi tsa lobopo lwa rona. Go tshwaya go boa ga gagwe, dintwa tse pedi tse di neng tsa apesa lefatshe lotlhe, tse di neng tsa patiwa gompieno ke dintwa tse dingwe di le dintsi tsa lefatshe ka dilekanyo tse di kwa tlase, di ile tsa tladika lefatshe la rona ka madi. Jaaka go boleletswe pele, tseno di ile tsa akareletsa ditlala, dikgogodi tsa bolwetsi, le dithoromo tsa lefatshe, le go oketsega ga boganana le go rerwa ga “mahoko a a molemō . . . a bogosi” mo lefatsheng lotlhe le le agilweng. Seno se ile sa diragatsa dikarolo tsotlhe tsa se Jesu a neng a rile e tla nna “sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.”—Mathaio 24:3-15, NW.
10. (a) Ke ka ntlhayang fa monna a ne a etela kwa kgakala? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba ba mo lefatsheng ba ne tota-tota ba seka ba mmona fa a boa?
10 Lemororo go sa tlhalosiwa ka tlhamalalo mo setshwantshong sa ga Jesu, monna yo o neng a etela kwa kgakala, yo o neng a tla seke a nne gone ka nako e telele, o ne tota a tsaya loeto go ya go bapala “bogosi yoa legodimo,” jo go neng ga lebisiwa go jone pelenyana go Mathaio 25:1. Go sa kgathalesege go simologa ga Ntwa ya Lefatshe I, Jehofa Modimo, yo bogosi jwa gagwe mo Iseraela bo neng jwa thankgolwa ka 607 B.C.E., o ne a tlhoma mo setulong sa bogosi Moja-boswa yo o tshwanetseng wa Bogosi ka 1914 C.E., ka nako e e leng yone ya gore go gatakiwa go emisiwe. Nnyaa, merafe ya Baditšhaba e ne ya seka ya iponela ka matlho a bone a tlholego go tlhomiwa mo setulong sa bogosi sa Ene yo Kgosi Dafide a neng a mmitsa “Morèna oa me.” (Pesalema 110:1) Ba ne ba ka se dire jalo ka go bo monna wa setshwantsho, ebong Jesu Keresete, o ne a reile barutwa ba gagwe, pele ga a ya kgakala a re: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna.”—Yohane 14:19.
11. (a) Karolo ya sesupo seo se neng se tla tshwaya go boa ga gagwe le go nna gone e ne e tla nna eng? (b) Seno se ne se tla diragala leng?
11 Ereka go tla ga ga Keresete ka thata ya Bogosi jwa selegodimo go ne go sa bonale mo matlhong a batho, o ne a tshwanetse go supa go nna gone ga gagwe mo Bogosing jwa selegodimo ka sesupo seo baaposetoloi ba neng ba se mo kopa mo malatsing a le mararo pele ga a swa loso lwa boswela-tumelo. Karolo ya sesupo seo se se tlhatswang pelo e ne e tla nna gore monna o ne a tla boa kwa kgakala mme a fete a botse kaga ditalenta tse di tlhotlhwa-kgolo tse a neng a di neetse batlhanka ba gagwe. Ereka go ntse jaana, tekolo eo ya ba ba neng ba neetswe go dirisa ditalenta e ne e tshwanetse go diragala morago ga 1914.
12. (a) Ke bafe ba ba ileng ba nna le tlamego ya go etelela pele mo go neeleng bosupi kaga Bogosi? (b) Poloko ya bone kwa bofelong e tla ikaega ka eng?
12 Seno se ne se tla raya go lekola bao ba neng ba le barua-boswa ba “bogosi yoa legodimo.” Seno se ne se tla tshwaya go lekola masalela a setlhopha seo sa Bakeresete, seo se neng se tsetswe ka moya wa Modimo go tloga letsatsing la Pentekosete ya ngwaga wa 33 C.E. (Ditihō, kgaolo 2) Go ne go tshwanetse go nna le masalela a bano mo lefatsheng mo ‘bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo’ fa esale ka 1914 go ya pele. Bano e ne e tla nna bone bao ba neng ba tla tlamega go etelela pele mo go diragatseng polelelopele ya ga Jesu ya nako eo: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Mo go bone go na le boikarabelo jwa go ikanyega go ya kwa bokhutlong, e le gore ba ke ba bolokwe go tsena mo Bogosing jwa legodimo. (Mathaio 24:13) Ba lebile poloko ya bone ya bofelo-felo, Modimo Mothatayotlhe o ile a ba nonotsha gore ba itshoke go tla go fitlha jaanong, go sa kgathalesege pogiso ya lefatshe ka bophara. Lebaka leno le supa fa tota a ba amogela!
Batshodi ba Ditalenta ba Eseng Bone
13. (a) Ke mang yo o iphakang gore o ile a amogela ditalenta? (b) Ke katlholo efe e jaanong re ka mo atlholang ka yone?
13 La-Bodumedi le iphaka gore le ile la neelwa kafa tshwanelong ditalenta tsa monna wa mohumi mo setshwantshong sa ga Jesu. Mme fa re akanya kaga ditiro tsa gagwe fa esale ka 1914, re fitlha mo phetsong efe? Eno: Ga a a dira kafa maiphakong a gagwe. Ka go sa ikanyege mo Monneng wa setshwantsho, o ile a itsalanya le magosi a lefatshe leno; mapolotiki a bogoromente bao ba lefatshe ke dinyatsi tsa gagwe. O santse a ntse a ema nokeng Merafe e e Kopaneng, motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe e e sa tlholeng e dira jaanong.
14. Ke kae moo re fitlhelang La-Bodumedi gone gompieno?
14 Ga a tshwane le eleng ene motlhanka wa talenta e le nngwe, yo o neng a itshupa a le setshwakga ebile a ile a seka a atisa dilo tsa mong wa gagwe. Jalo he mo lobakeng lono fa esale go wela ga Ntwa ya Lefatshe I ka 1918, La-Bodumedi o ile a senolwa sentle ntle jaaka yo ka metlha a ileng a nna mo lefifing ka kwa ntle ga ntlo e e bonesitsweng sentle ya Morena. Mo bosigong jo bo ntsho-ntsho ka kwantle mo lefatsheng, ke koo go ka buiwang ka tshwantshetso ga twe, o setse a simolotse go lela le go phuranya meno gone. Go santse go tla diragala mo go oketsegileng fa dinyatsi tsa gagwe tsa bopolotiki di mo tlhanogela le go mo dira bosaikategang jaaka karolo e e nang le mokgobo thata ya Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.
Setlhopha sa ‘Motlhanka yo o Bosula’ se Latlhelwa kwa Ntle
15. Ke mang yo o ileng a diragatsa setshwantsho sa motlhanka yo o botshwakga, mme ba iphitlhela kae jaanong?
15 Bao totatota ba ileng ba nna karolo ya masalela a a tloditsweng ka moya, e bile ba ile ba neelwa dilo tse di botlhokwa-tlhokwa tsa Bogosi, mme ba ile ba emisa go dira boiteko bope go oketsa dikgatlhego tsa Morena yo o boileng, ba ile ba latlhelwa ka kwantle ga tirelo ya segosi ya Morena. (Mathaio 24:48-51) Ga re sa tlhole re bona setlhopha sa ‘motlhanka yo o bosula’ le yo o botshwakga se rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” Go na le moo, ba direla thata mo polokong ya bone ya sebele go na le mo dikgatlhegong tsa Bogosi jwa Modimo. Ba iphitlhela jaanong ba le mo “lehihiñ ye le kwa ntlèntlè,” koo go leng lefatshe la setho gone. Ba ile ba tseelwa talenta ya bone ya tshwantshetso mme ya neelwa setlhopha se se ileng sa bontsha boikemisetso jwa go dirisa talenta eo mo karolong e e setseng ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.”
16. (a) Eno ke nako e e siametseng thata tiriso efe ya ditalenta tsa tshwantshetso? (b) Ke tlamego efe e e welang go “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele”?
16 Ga a ise a ke a nne le nako epe e e mo siametseng ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi,” ka go dirisa “talenta,” ke gore, tshiamelo e e sa tlwaelegang, sebaka, sa go direla jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” Kgosi e e busang, le go dira barutwa. (2 Bakorintha 5:20) Mme jaaka fa bofelo bo ntse bo atamela ka bofefo, go tlama “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” go thusa baemedi ba ba itshenketsweng ka moya ba ba santseng ba setse jaaka ba ntse ba tlhoafaletse go dirisa ka botlalo “talenta” e e botlhokwa-tlhokwa e ba e neetsweng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Talenta ya Segerika ya Selefera e ne e le bokete jwa diaunse di le 654 (20,4kg).
[Setshwantsho mo go tsebe 59]
Bao ba bontshang ditshekamelo
tsa motlhanka yo o bosula ba tlogedisiwa
tirelo ya Morena mme ba latlhelwa mo lefifing