Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Setshwantsho sa Ditalenta
JESU o tswelela go bua le baaposetoloi ba gagwe mo Thoteng ya Lotlhware a ba bolelela setshwantsho se sengwe gape, sa bobedi mo go tse tharo. Malatsi a sekae pele ga foo, fa a ne a le kwa Jeriko, o ne a ba bolelela setshwantsho sa diponto go bontsha gore Bogosi bo ne bo tla tla morago ga lobaka lo loleele mo isagweng. Setshwantsho seo a buang ka sone jaanong, lefa se na le dikarolo di sekae tse di tshwanang, mo tiragatsong ya sone se tlhalosa ditiro tseo di tla bonalang fa Keresete a setse a le gone ka maatla a Bogosi. Se bontsha gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse go dira fa ba santse ba le mo lefatsheng go oketsa “dilō tsa gagwè.”
Jesu o simolola jaana: “Gonne go [ke gore, maemo a a amanang le bogosi] chwana yaka monna eo e rileñ a ètèla kwa lehatshiñ le sele, a bitsa batlhanka ba gagwè, me a ba neèla dilō tsa gagwè.” Jesu ke ene monna yo e rileng a etela kwa kgakala kwa legodimong a naya batlhanka ba gagwe—barutwa ba gagwe bao ba tla busang le ene kwa legodimong—dilo tsa gagwe. Dilo tseno tsa gagwe ga se dithoto tse di bonalang mme di emela tshimo e e lemilweng eo a ileng a e tlhagolela gore e kgone go ntsha barutwa ba ba oketsegileng.
Jesu o naya batlhanka ba gagwe dilo tsa gagwe pele fela a tlhatlogela kwa legodimong. Jang? Ka go ba laela gore ba nne ba ntse ba dira mo tshimong e e lemilweng ka go rera molaetsa wa Bogosi go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe. Ke fela jaaka Jesu a re: “Moñwe a mo neèla ditalenta di le [tlhano], eo moñwe di le pedi, eo moñwe e le ñwe hèla; moñwe le moñwe a neèlwa kaha nonohoñ ea gagwè; me a itse go tloga a ea loetoñ loa gagwè.”
Ditalenta di le robedi—dilo tsa ga Keresete—ka gone di abiwa go ya ka dinonofo tsa batlhanka, kana kafa ba kgonang ka gone mo semoyeng. Batlhanka ba emela ditlhopha tsa barutwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha se se neng sa amogela ditalenta di le tlhano go lebega se ne sa akaretsa baaposetoloi. Jesu o tswelela pele go bolela gore batlhanka bao ba neng ba amogela ditalenta di le tlhano le di le pedi botlhe ba ne ba di oketsa go menagane ka go rera ga bone ka Bogosi le go dira barutwa. Lefa go ntse jalo, motlhanka yo a neng a amogela talenta e le nngwe o ne a e fitlha mo mmung.
“Me yana ea re moragō, go sena go heta lobaka lo lolele,” Jesu o a tswelela, “morèna oa batlhanka bauō a tla, me a gopola melato nabō, e o e ba neetseñ.” Keresete o ne a tla go gopola melato eo nabo mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, dingwaga di ka nna 1 900 moragonyana, ka gone eleruri e ne e le “lobaka lo lolele.” Jesu o tlhalosa jaana:
“Me eo o na a amogetse ditalenta di le tlhano, a tla a bile a chotse ditalenta tse diñwe [di le] tlhano, a re, Morèna, u nu u nnetse ditalenta di le tlhano: bōna, ke bile ke bapetse ditalenta tse diñwe [di le] tlhano. Morèna oa gagwè a mo raea, a re, U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō le boikañō: u nntse u le boikañō mo diloñ tse di pōtlana, ke tla gu laodisa dilō di le dintsi: tsèna mo boitumeloñ yoa morèna oa gago.” Motlhanka yo o filweng ditalenta di le pedi le ene ka mo go tshwanang o ne a ntsifatsa ditalenta tsa gagwe sebedi, mme o ne a akgolwa ka go tshwana a bo a neelwa tuelo.
Lefa go le jalo, batlhanka bano ba tsena jang mo boitumelong jwa mong wa bone? Ee, boitumelo jwa mong wa bone, Jesu Keresete, e ne e le go amogela bogosi fa a ya kwa legodimong kwa go Rraagwe. Fa e le ka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba motlha wa segompieno, ba na le boitumelo jo bogolo jwa go neelwa boikarabelo jwa go tsweledisa pele ditiro dingwe tsa Bogosi, jaaka ba ntse ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng, ba tla nna le boipelo jo bogolo jwa go tsosediwa kwa Bogosing jwa legodimo. Mme go tweng ka motlhanka wa boraro?
“Morèna, ke gu itsile ha u le monna eo o pelo e thata,” motlhanka yono o ngongorega jalo. “Me ka boiha, ka ea ka hitlha talenta ea gago mo mbuñ: bōna, u na le se e leñ sa gago ke se.” Motlhanka yono o ne a ganne go dira tiro mo tshimong e e lemilweng ka go rera le go dira barutwa. Ka jalo mong o mmitsa “eo o boshula le bochwakga” mme a bo a mo atlhola jaana: “Ke gōna mo tseeleñ talenta euō, . . . Me motlhanka eo o senañ molemō lo mo kgoromeletsè kwa lehihiñ ye le kwa ntlèntlè: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.” Botlhe ba setlhopha sa motlhanka yo o boikepo yono ba latlhelwa kwantle ba amogiwa boipelo bope fela jwa semoya.
Seno se ruta botlhe bao ba iphakang go nna balatedi ba ga Keresete thuto e kgolo. Ba tshwanetse go dira ba oketsa dilo tsa Mong wa bone wa selegodimo ka go nna le karolo e e tletseng mo tirong ya go rera fa ba batla go akgolwa le go duelwa le fa ba batla go tila go latlhelwa kwantle kwa lefifing mme ba senyediwa ruri. A o tlhaga mo go diriseng dinonofo tsa gago mo go seno? Mathaio 25:14-30.
◆ Ke thuto efe eo setshwantsho se se latelang seno se e rutang?
◆ Batlhanka ke bomang, mme dilo tseo ba di newang ke eng?
◆ Mong o tla leng go tla go bona kafa ba dirileng ka gone, mme o fitlhela eng?
◆ Boitumelo joo motlhanka yo o ikanyegang a tsenang mo go jone ke eng, mme motlhanka yo o boikepo o diragalelwa ke eng?