LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 8 ts. 65-72
  • Go Arola mo “Boitumeloñ” jwa “Kgōsana ea Kagishō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Arola mo “Boitumeloñ” jwa “Kgōsana ea Kagishō”
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Phutha “Boidiidi yo Bogolo” jwa Baarodi mo “Boitumeloñ”
  • Baemedi ba “Kgōsana ea Kagishō”
  • Go Nna re Rulaganye go Falolela mo Mileniamong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Duela Melato ya Tiriso ya Matlotlo a ga Keresete
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi ba Boammaaruri—Ba Tswa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ithute mo Setshwantshong sa Ditalenta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 8 ts. 65-72

Kgaolo 8

Go Arola mo “Boitumeloñ” jwa “Kgōsana ea Kagishō”

1. (a) Ke ka ntlha ya lebaka lefe leo monna mongwe a neng a tsaya loeto go ya kwa kgakala? (b) Ke eng se se kaiwang ke setshwantsho sa ga Jesu, lemororo se sa tlhalosiwa ka tlhamalalo?

MO SETSHWANTSHONG sa ga Jesu sa ditalenta, monna yo o neng a na le ditalenta tsa selefera di hera bobedi o ne a seka a tsaya loeto go ya kwa kgakala e le fela go inatifisa ka mosepele wa go bona naga. O ne a na le lebaka le le nonofileng la go ya kwa kgakala; o ne a eleditse go bapala sengwe se se mosola thata. O ne a ya kwa kgakala, jaaka setshwantsho se bontsha, go bona ‘boitumelo’ bongwe, gammogo le “dilō di le dintsi.” (Mathaio 25:21) Ka gone o ne a tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele, seo se neng se tlhoka nako e telele thata, gore a tle a ikopele mo go ene yo o neng a ka mo fa boipelo joo jo bo kgethegileng.

2. (a) Mo kgannyeng ya ga Jesu, ke eng seo go tsaya loeto lwa go ya kwa kgakala lwa monna wa mohumi go se tshwantshetsang, mme o ne a ya kwa go mang? (b) Morena o ne a boa ka eng?

2 Ereka jaana monna wa mohumi mo setshwantshong a tshwantshetsa Jesu Keresete, loeto lwa go ya kwa kgakala lwa monna yoo ka mosepele o moleele lo tshwantshetsa go ya ga ga Jesu kwa Motsweding o le mongwe fela wa boipelo jo bo kgethegileng jo a neng a gopotse ka jone. Ke mang he, yo a neng a ya kwa go ene? Bahebera 12:2 e a re bolelela: “Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi.” Ee ruri, Jehofa Modimo ke Motswedi wa boitumelo joo. Ke ene yo Jesu a neng a ya kwa go ene, a tlogela barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang mono mo lefatsheng, a ba neetse “ditalenta.” Morena o ne a boa ka “dilō di le dintsi” tse a neng a sena natso pele fa a ne a neela batlhanka ba gagwe ba bararo ditalenta tsa selefera tse di herang bobedi. Fela jaaka setshwantsho sa pelenyana se se neng sa neelwa ke Jesu, setshwantsho sa “dipondo di le shōmè,” se kaya gore seo a neng a boa ka sone e ne e le “bogosi.”—Luke 19:12-15.

3. E ne e le nakong ya mofuta ofe fa Sekaria 9:9 a ne a simolola go diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

3 Fa e le gone e tlhomiwang, kgosi e na le lebaka la go itumela, mme go ntse fela jalo le ka batlhanka ba yone ba ba ikanyegang. Re gakologelwa paka ya fa Morwa Modimo a ne a tsena mo Jerusalema go tla go diragatsa polelelopele ya Sekaria 9:9. Malebana le tiragatso ya polelelopele eo, go kwadilwe jaana: “Me bogolo yoa bontsi yoa batho yoa ala diaparō tsa yōna mo tseleñ; ba bañwe ba kgaola dikala tsa ditlhare, ba di ala mo tseleñ. Me batho ba bantsi ba ba mo eteletseñ pele, le ba ba mo setseñ moragō, ba duduetsa, ba re, Hosana; Morwa Dafide: Go bakwè eo o tlañ ka leina ya Morèna; Hosana, mo bogodimodimoñ. Me e rile a sena go hitlha mo Yerusalema, motse otlhe oa huduèga, oa re, Eo, ea bo e le mañ?”—Mathaio 21:4-10; bona gape Luke 19:36-38.

4. Morago ga go tlhomiwa mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi, ke ka ntlhayang fa Jesu Keresete a ne a na le lebaka le le kgethegileng la go laletsa “batlhanka” ba gagwe ba ba ikanyegang go tsena mo boemong jwa boitumelo?

4 Fa he, e ne e le paka ya boitumelo fa a ne a itlhagisa fela mo baaging ba Jerusalema jaaka yo o tloditsweng ka moya wa ga Jehofa go nna kgosi, a e ne e ka se nne selo se segolo fa tota-tota a ne a tlhongwa mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914? E ne e le paka e e itumedisang thata mo go ene. Mme ruri, o ne a tsena mo boitumelong jo a neng a ise a ke a bo itemogele pele. Fa a tla go lekola kaga madi a gagwe, o ne ka gone a ka raya barutwa ba gagwe bao a neng a ba atlhotse jaaka ‘ba ba molemo le ba ba ikanyegang’ a re: ‘Lo ntse lo le boikanngo mo dilong tse dipotlana, ke tla lo laodisa dilo di le dintsi: tsenang mo boitumelong jwa morena wa lona.’ (Mathaio 25:21) Jaanong go ne go na le boitumelo jo bosha joo “batlhanka” ba gagwe ba a ba amogelang ba neng ba ka arola mo go jone. Abo e ne e le tuelo jang ne!

5. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a le ‘morongwa’ wa ga Keresete mo boemong bofe jwa ditiragalo? (b) Mme gompieno masalela a a tloditsweng ke “baroñwa” ba ga Keresete morago ga tiragalo efe?

5 Ka 1919 barutwa ba ba tloditsweng ba Kgosi e e busang, ebong Jesu Keresete, ba ne ba tsena mo boemong jwa go amogelesega, mme seno se ne sa lere boitumelo jo bogolo thata mo go bone. Makgolo a dingwaga a le some le bohera-bongwe pelenyana moaposetoloi Paulo o ne a kwalela badumedi ka ene go ba bolelela kaga boemo jwa bone jo bo goletsegileng: “Me ke gōna, re baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete.” (2 Bakorintha 5:20) Seo se ne sa kwalwa fa Jesu a ne a santse a le mojaboswa fela yo o neng a lebeletse go amogela “bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 25:1) Jalo he, o ne a tlhoka go nna kafa letsogong le legolo la Modimo le go letela koo letsatsi la go tlhongwa ga gagwe. Mme jaanong, fa esale ka 1919, masalela a a amogetsweng a ile a nna “baroñwa” bao ba neng ba romilwe ke Ene yo tota-tota a neng a busa jaaka Kgosi. (Bahebera 10:12, 13) Lebaka leno le ne la tlhokomedisiwa segolo-bogolo Baithuti ba Bibela mo kopanong ya Merafe Yotlhe, kwa Cedar Point, Ohio, ka 1922.

6. Maiteko a morago ga ntwa a bao ba neng ba amogetse “ditalenta” a ne a lebisiwa lantlha go mofuteng ofe wa tiro?

6 Ka 1919, ba ne ba setse ba neetswe selekanyo sa “ditalenta” tsa Kgosi e e busang, ebong Jesu Keresete. Seno se ne se ile sa oketsa boikarabelo jwa bone mo Kgosing ya bone e e busang. Go tswa fela kwa tshimologong, maiteko a bone a morago ga ntwa a ne a lebisiwa mo tirong ya “thōbō,” go phuthiwa ga setlhopha sa “mabèlè.” (Mathaio 13:24-30) Ereka, jaaka Jesu a boletse, thobo e le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” ngwaga ya morago ga ntwa ya 1919 e ne e le nako e e tshwanetseng ya go simolola ga go rojwa gono ga “bana ba bogosi” ba seka-mabele, ebong masalela a a ikanyegang a a tloditsweng.—Mathaio 13:37-39.

7. (a) Barobi ba ne ba tsena mo mofuteng ofe wa nako le Morena wa bone? (b) Jehofa o ne a tsenya barobi mo boemong bofe, mme ke tlhaloso efe ya boperofeti eo ba e dirisang?

7 Nako ya thobo ke nako e e itumedisang barobi, ka go bo Morena wa thobo o itumelela paka eo le bone. (Pesalema 126:6) Nako eno ya thobo e ile ya ipedisa segolo ka ntlha ya bosupi jo bo oketsegang jwa gore Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete bo ne jwa tlhongwa mo legodimong ka 1914 le gore Jehofa o ne a tsosolosa boemo jo bo siameng jwa batho ba gagwe ba ba ineetseng mo lefatsheng. Jaaka setlhopha, ba dirisa mafoko a ga Isaia 61:10: “Ke tla itumèla thata mo go Yehofa, mōea oa me o tla ipela mo Modimoñ oa me, ka o nkapesitse diaparō tsa polokō, o mpipile ka kobō ea tshiamō.”

Go Phutha “Boidiidi yo Bogolo” jwa Baarodi mo “Boitumeloñ”

8. Ke boitumelo bofe joo masalela a a tloditsweng a neng a sa bo lebelela go ka bo bona kwa bokhutlong jwa go phuthiwa ga baruaboswa ba Bogosi?

8 Masalela a a tloditsweng ao a neng a tsena mo “boitumeloñ” jwa Morena wa bone ba ne ba seka ba lemoga ka botlalo gore boaphelong jwa go phuthiwa ga maloko a bofelo a baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo go ne go tla nna le boitumelo jo bongwe, sengwe seo se neng se sa solofelwa. Seno e ne e tla nna go phuthiwa ga setlhopha sa selefatshe, bao ba neng ba tla tshela mo lefatsheng la Paradaise, tlase ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. E ne e ka nna bafe ba sele fa e se batho go tswa mo setlhopheng seno sa selefatshe bao ba neng ba tla nna bone bao ba tshwanetseng go laleletsa seo e neng e tla nna kitsiso ya ntlha ya tshedimosetso e e ba amang?

9. Ke bomang ba ba neng ba lalediwa segolo-bogolo go nna gone mo kopanong ya Washington, D.C., ka 1935, mme ke boikitsiso bofe jo bo mo nakong jo ba neng ba bo senolelwa?

9 Jalo, go ne ga diragala gore, ka go arabela taletsong e e kgethegileng e e neng ya anamisiwa go The Watch Tower,a makgolo a le mantsi a bao ba neng ba senka go nna le kamano le Jehofa, gammogo le batho ba ba bidiwang ka ene, ba ne ba nna gone mo kopanong ya botlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., ka Motsheganong 30 go ya go Seetebosigo 2, 1935. Kwa kopanong eo dipelo tsa bone di ne tsa amiwa thata fa ba tla go lemoga gore “boidiidi yo bogolo” jo bo boleletsweng pele go Tshenolō 7:9-17 e ne e tshwanetse go nna setlhopha se se mo lefatsheng.

10, 11. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa itshupa e le nako ya boitumelo jo bo kgethegileng go mang kwa legodimong?

10 Abo go tshwarwa ga kopano eo mo Washington, D.C., go tshwanetse ga bo go ile ga nna boitumelo jo bogolo jang ne mo go Modimo Mogodimodimo, Jehofa! Abo gape e tshwanetse ya bo e ile ya nna boitumelo jang ne go Morwawe jaaka Modisa yo o Molemo yo jaanong a neng a tla simolola go phuthela bano ba ntlha ba “dinku di sele” go nna “lecomane le le leñwe hèla”!—Yohane 10:16.

11 Lefa ka tsela ya tshwantshetso, ba etelelwa pele le go disiwa, maloko a setlhopha sa batlodiwa le “boidiidi yo bogolo” jo bo ntseng bo gola jwa “dinku di sele” botlhe ba tlhakana mmogo ka kagiso le ka lorato. Pelo ya “modisa a le moñwe hèla” wa bone e tshwanetse ya bo e tletse ka boitumelo ka go nna le “lecomane” le le bogolo bo kalo gaufi le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.”

Baemedi ba “Kgōsana ea Kagishō”

12, 13. (a) Ke bomang bao ba ileng ba lalediwa go arola le masalela a a tloditsweng mo boitumelong jwa Morena yo o boileng, mme lebaka la seno ke lefe? (b) “Boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo direla dikgatlhego tsa “Kgōsana ea Kagishō” mo boemong bofe?

12 Bano ba seka-dinku ba ba bopang “boidiidi yo bogolo” jaanong ba na le seabe se segolo thata mo boitumelong jwa Morena, ebong Jesu Keresete. Seno ke ka go bo thata-thata ba na le seabe se se tlhagafetseng mo go tliseng ba ba tlhokafalang go digela “boidiidi yo bogolo,” bao palo ya bone e sa umakiweng go Tshenolō 7:9.

13 Tiro ya go phutha eo “dinku di sele” di tlhakanelang mo go yone e ile ya atologela go ya selekanyong sa lefatshe lotlhe, go feta kgakala se se ka kgonwang ke palo e e ntseng e ngotlega ya masalela a a tloditsweng. Jalo he, go ile ga tlhokafala segolo gore palo e e oketsegang ya “dinku di sele” e oketse seabe sa yone thata mo go tliseng ba ba oketsegileng ba “dinku di sele” ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng. Ka gone “dinku di sele” di direla jaaka baemedi ba ba ikanyegang ba “Kgōsana ea Kagishō.” Mme Diane 25:13 e oketsa ka go re: “Yaka botsididi yoa kapōkō mo motlheñ oa thōbō, moroñwa eo o ikanyègañ o nntse yalo mo go ba ba mo romañ; ka gonne o rudisa mōea oa beñ ba gagwè.”

14. (a) Ke eng seo dinku tsa tshwantshetso tsa setshwantsho sa ga Jesu go Mathaio 25:31-46 di se ruang? (b) Ba ile ba baakanyediwa Bogosi jang ‘go tswa tlholegong ya lefatshe’?

14 Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, dinku tsa tshwantshetso ke bao Kgosi Jesu Keresete la bofelo a ba rayang a re: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” (Mathaio 25:31-46) Ba rua sebaka se se mo lefatsheng seo Bogosi jwa legodimo bo tla bong bo se busa ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete. Fa esale go tloga motlheng wa ga Abele yo o ikanyegang, Jehofa o ile a nna a baakanyetsa lefatshe la setho se se ka bonang kgololo sebaka seno.—Luke 11:50, 51.

15, 16. (a) Ke “kgalalelō” efe ya kgosi, jaaka e umakilwe ke Solomone, eo Morena a nang le yone gompieno go sa kgathalesege go busa ga gagwe gareng ga baba ba gagwe? (b) Kgosi e e busang e na le “kgalalelō” eno ka sebopego sefe gompieno? (c) Ke eng seo ba ba lerileng “kgalalelō” eno ba se dirileng?

15 Kgosi Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo o ne a kwala a re: “Kgalalèlō ea kgosi ke go dihana le bontsi yoa batho.” (Diane 14:28) Morena wa segosi, ebong Keresete Jesu, yo gompieno eleng mmusi yo o fetang kgakala Kgosi Solomone wa selefatshe, o na le “kgalalèlō” e e ntseng jalo mo ‘bontsing jwa batho.’ Seno se ntse jalo le eleng gone jaanong pele ga go simologa ga puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete, ee, fa a busa mo gare ga baba ba gagwe ba ba mo lefatsheng, bao Satane Diabolo eleng kgosi ya bone e e fetang motho ka nonofo e e sa bonaleng.—Mathaio 4:8, 9; Luke 4:5, 6.

16 “Kgalalèlō” ya gompieno e e tshwanelang molaodi yo o kwa godimo wa boemo jwa go nna kgosi e fitlhelwa jaanong mo palong e e yang magoletsa ya “dinku di sele” tsa gagwe bao ba dirang “boidiidi yo bogolo.” Ka boipelo jo bogolo ba goeletsa ka bongwe fela ba re: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshenolō 7:9, 10) Ba setse ba bile ba itemogela poloko go tswa tsamaisong ya dilo e e atlhotsweng, eo Satane Diabolo eleng “modimo” wa yone. (2 Bakorintha 4:4) Ka tsela ya tshwantshetso, ba setse ba bile ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, . . . mo madiñ a ga Kwana” mme ba di sweufatsa gore di tle di bonale di sena selabe fa pele ga ga Jehofa Modimo, ebong Moatlhodi.—Tshenolō 7:14.

17. (a) Ke polokong efe eo “boidiidi yo bogolo” bo santseng bo lebile pele go yone? (b) Ke tshiamelo efe eo ba tla e ipelelang mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya “Kgōsana ea Kagishō”?

17 Lefa go le jalo ba lebile pele polokong e ba tla e newang ke Modimo eo ba tla e itemogelang kwa phenyong ya bofelo ya ga Jehofa mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona. Phenyo ya gagwe e e gakgamatsang koo e tla felela ka go ntlafadiwa ga bolaodi jwa gagwe jwa lebopo lotlhe, mme ba tla nna basupi ba ba tla iponelang ka matlho ba ba mo lefatsheng ka go bo ba tla bolokwa ba tshela go ralala bofelo jo bo boitshegang jwa lefatshe leno le le boikepo. (Tshenolō 16:14; 2 Petere 3:12) Abo e le tshiamelo e e tlhokegang jang ne! Abo e le boitumelo jo bogolo jang ne jo “Kgōsana ea Kagishō” jaanong he a tla bo abalanang le “boidiidi yo bogolo” jo bo tla falolang jwa “dinku di sele” tsa gagwe tse di ikanyegang!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tsebe 2 ya ditokololo tsa Watch Tower tsa April 1 le 15, May 1 le 15, 1935.

[Setshwantsho mo go tsebe 71]

Pelo ya Modisa yo o Molemo e tshwanetse ya bo jaanong e tletse boitumelo ka go bo a na le bontsi jo bogolo jwa “dinku di sele”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela