Kgaolo 16
“Boidiidi yo Bogolo” Jaanong bo Tsamaya mo ‘Tseleng ya Mheru’ go ya Phuthegong ya Modimo
1, 2. Ke leng Isaia kgaolo 35 e bonang tiragatso ya semoya, mme ke tlhaloso efe eo ditemana tsa ntlha tse pedi di e neelang?
MO PUSONG ya Dingwaga tse di Sekete ya “Kgōsana ea Kagishō,” bontsi jwa dikarolo tsa Isaia kgaolo 35, tse jaanong di diragadiwang pele ga tshenyego ya Babelona o Mogolo, di tla diragala ka tsela ya sebele mo sethong. Ka go bo jaana seo se tla bong se ile sa fitlhelelwa ka tsela ya semoya jaanong se tla diragadiwa ruri ka tsela e e bonalang. Tiragatso e kgolwane ya semoya ya polelelopele eno ea diragala gone jaanong, ka go tsosolosiwa ga batlhanka ba Modimo go tswa botshwarong jwa Babelona o Mogolo. Moperofeti Isaia o ne a go tlhalosa ka mafoko ano a mantle:
2 “E e leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe. Se tla nyakalala segolo thata, se ipela, E, le ka boitumèlō le tuduecō: kgalalèlō ea Lebanona e tla se nèwa, le boitlotlomaco yoa Karemela le Sharona; ba tla bōna kgalalèlō ea ga Yehofa.”—Isaia 35:1, 2.
3. Moragorago mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., lefatshe le le omeletseng le ne le le kae, mme le ne le ka ipela jang?
3 Naga fela le lefatshe le le lokgere le sekaka di ne di le kae? Mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E., di ne di le mo kgaolong ya bogosi jwa Juda. Ka 537 B.C.E., lefatshe leo le ne le swafetse fela mme le sena baagi ka dingwaga di le 70. Mme naga fela e ne e ka ipela jang? Go ne go tla tlhokafala gore banni ba yone ba pele ba busediwe mo go yone. E ne e tshwanetse go tsholediwa go tloga boemong jwa yone jo bo kwa tlase le go neelwa tlotla ya dithaba tse di godileng tsa Lebanona eo e neng e gapa leitlho.
Go Tlhagisa Tshimo ya Edena ya Tshwantshetso
4, 5. (a) Ke leng, mo metlheng ya segompieno, phetogo e e tshwanang ya lefatshe le le ntseng jalo le le latlhilweng e ileng ya diragala, mme ka ntlha yang? (b) Ditiro tsa paakanyo tsa masalela a a tloditsweng di ile tsa felela ka eng? (c) Isaia 35:5-7 e ile ya tlhalosa jang boemo jwa bone jwa semoya jo bo shafaditsweng?
4 Tshwano ya motlha wa segompieno, ka tsela ya semoya, ya phetogo eno ya lefatshe go tswa ponalong ya go latlhiwa ke Modimo go ya boemong jo bo supang kamogelo e e tsosolositsweng ya ga Jehofa e ne ya simolola go diragala ka 1919. Batho ba ba tsosolositsweng ba ga Jehofa ba ne ba ikemiseditse gore ba sole molemo thata lobaka lo lo kagiso lo lo neng lo bulegile ka nako eo. Kurose yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, le Rragwe, ebong Jehofa Modimo, ba ne ba laola masalela a a golotsweng a Baiseraela ba semoya go dira tiro e e molemo-lemo e e neng e tshwana le ya go aga tempele ya ga Jehofa sesha ke masalela a a buseditsweng gae a Iseraela wa bogologolo morago ga 537 B.C.E. Ditiro tsa tlhabololo morago ga 1919 di ne tsa felela ka gore go tlhagisiwe tshimo ya Edena ya tshwantshetso.
5 Seno se ne se ile sa bolelelwa pele mo mafokong ano a Isaia 35: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla; gonne metse a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakeñ. Meenene e tla cwa mogobe oa metse, le mbu o o nyorilweñ metlhodi ea metse; mo bonnoñ yoa diphokoyè kwa di ne di rōbala gōna, go tla nna boyañ bo na le lotlhaka le mokhasi.”—Isaia 35:5-7.
6. Ke eng seo go nna gone mo go ntseng go tsweletse ga setshwani sa Edoma wa motlha wa segompieno, go sa se kganelang, mme ke bomang bao gompieno ba goeletsang ka boipelo le masalela a a tsosolositsweng?
6 Go nna gone ga setshwani sa Edoma, wa motlha wa segompieno, ga goa kganela go tsosolosediwa ga Iseraela wa semoya go ya boemong jwa paradaise e le tiragatsong ya Isaia kgaolo 35. Jalo Baedoma ba motlha wa segompieno ga ba na lebaka lepe la go ipela jaaka masalela a a tsosolositsweng a Iseraele wa semoya, gammogo le “boidiidi yo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega. “Boidiidi yo bogolo” bo na le seabe se segolo mo go tshegetseng paradaise ya semoya ya Basupi ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa.
7. Ke eng seo matlho a masalela a kutlwisiso a iseng a ko a se bone pele ga 1914, a mme matlho a bone a a ‘foufetseng’ a ne a foufololwa?
7 Ga go ise go ke go diragale lefa e le nako nngwe pele ga Metlha ya Baditšhaba gore matlho a kutlwisiso a Baiseraele ba semoya a bo a ile a bodulolwa jaana go bona gore mathata a lefatshe ao a neng a tshwanetse go simolola ka 1914 a ne a tla felela ka gore masalela a bone a bo a santse a le mono lefatsheng. Ga baa ka ba bona le eleng gore “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo ne bo tla segofadiwa ka tshiamelo ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe kaga go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Jalo go ne ga diragala gore ka 1919 matlho a a neng a foufetse kafa semoyeng a masalela a foufololwe, mme abo matlho ao a a foufolotsweng a ile a lemoga isagwe e e gautshwane jang ne!
8. Ke phelelo efe eo dikopano tse pedi tsa mo Cedar Point, Ohio, di ileng tsa nna le yone mo ditsebeng tsa semoya le mo ditemeng tsa masalela a a tsosolositsweng?
8 Kwa dikopanong tsa bone mo Cedar Point, Ohio, ka 1919 le 1922, ba ne ba ngathelwa go sekae kaga tiro e e neng e le kwa pele. Ba ne ba ipaakanyetsa mmereko o o neng o le fa pele ga bone. Ditsebe tsa bone tsa semoya di ne tsa kabololwa go utlwa molaetsa o o tshikhinyang maikutlo wa Bogosi jwa Modimo le kafa go tlhokafalang ka gone go bo itsise. Jaaka kwalata, ba ne ba tlolaka go direla jaaka banei ba bosupi kaga Bogosi joo jo bo sa bolong go rapelelwa. Diteme tsa bone, tse go fitlha mo lobakeng loo di neng di ba dirile dimumu, di ne tsa goeletsa ka boipelo kaga Bogosi jwa Bomesia jo bo neng bo busa kwa legodimong.—Tshenolō 14:1-6.
9. Ka tsela ya semoya, metsi a ne a phunyega jang mo nageng?
9 Ee, go ne go ntse jaaka ekete metsi a ne a phunyegile mo nageng ya semoya e pele e neng e omeletse ebile e swafetse, mo jaanong sengwe le sengwe se neng se lebega se le setala ka letlotlo le legolo la dimela—e ipaakanyeditse go ungwa thata. Ga go gakgamatse go bo batho ba ga Jehofa ba ba tsosolositsweng ba ile ba ipela thata-thata mme ba ikutlwa ba thatafaditswe jaaka kwalata e ka matlhagatlhaga e palamang mo dithoteng! Tota ruri, metsi a boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo, jo bo tlhomilweng ka Jesu Keresete ka 1914, a ne a ela ka maatla a magolo, mo go neng ga felela ka namane e tona ya tapoloso.—Isaia 44:1-4.
‘Tsela ya Mheru’ ya Boitshepo
10, 11. (a) Ke eng seo se neng sa kaiwa ke phetogo eno e e lapolosang? (b) Masalela a ne a bona paradaise ya bone ya semoya ka tsela efe, mme Isaia 35:8, 9 e e tlhalosa jang?
10 Dilo tseno tsotlhe di kayang? Di senola gore: Santlha, masalela, mme moragonyana, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ba dule go Babelona o Mogolo mme ba ile ba dirwa basupi ba Bogosi jwa Modimo. Mme ba ne ba tshwanetse go boela gape mo go amogelweng ke Modimo le go tsenngwa mo paradaiseng ya semoya ka tsela efe? Go ne go ntse jaaka ekete ba ne ba buletswe tsela e kgolo, e e atlhameng go dumelela bontsintsi jwa Baiseraela bao ba neng ba tletse moya wa bobulatsela go gwantela mmogo ka kutlwano mo naga-gaeng ya bone e ba e filweng ke Modimo. Polelelopele ya ga Isaia e e amang maikutlo e kaya seno:
11 “Le tsela ea mheru e tla nna gōna, le bohetō; me go tla bidiwa tsela ea boitshèpō; ba ba sa itshèkañ ga ba ketla ba tla ka eōna; me e tla nna ea bōnè balè; batsamai le tsela, E, le ba ba dieleele, ga ba ketla ba timèla mo go eōna. Ga go ketla go nna tau epè gōna, le gōna sebatana sepè se se gagolañ ga se ketla se ea mo go eōna: ga di ketla di hitlhèlwa gōna.”—Isaia 35:8, 9.
12. A bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I bo ne jwa bulela masalela “tsela ea mheru” gone fela foo, mme ke eng se se neng sa diragala mo letsatsing la bone la ngwaga wa 1919?
12 Bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ga boa ka jwa bula “tsela ea mheru” ya motlha wa segompieno gone fela foo. Badiri ba ntlo kgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ba hera bobedi ba ne ba santse ba le mo kgolegelong mme tiro ya go neela bosupi e ne ya nyahadiwa fela thata. Ka Firikgong 4, 1919, kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Pittsburgh, Pennsylvania, J. F. Rutherford, mookamedi wa Mokgatlho, o ne a tlhophelwa gape maemo ao go sa kgathalesege go bo a ne a le mo kgolegelong, seno e le go tiisetsa gore o ne a le motlhanka wa Modimo Mogodimodimo yo o senang molato.
13, 14. Ke ditiragalo dife ka 1919 tse di neng tsa supa gore tsela ya mheru ya tshwantshetso e ne e bulegetse masalela, mme ke bomang ba ba neng ba tsamaya mo ‘tseleng eo ya mheru’?
13 Ka Mopitlwe 25, 1919, ene le bagolegwa ka ene ba supa ba ne ba gololwa mme ya re moragonyana ba tlhokwa molato gotlhelele. The Watch Tower ya September 15, 1919, mo tsebeng ya 283, e ne ya tla ka dikgang tse di kgothatsang tsa gore diofisi tsa Mokgatlho e tla re ka Phalane 1, 1919, di fudusiwe go tswa mo Pittsburgh go ya kwa Bethele ya Brooklyn kwa 124 Columbia Heights. Mme morago, ka tokololo ya The Watch Tower, ya December 15, 1919, kgatiso eno ya gabedi ka kgwedi go ne ga itsisiwe fa e tla boela gape e gatisiwa mo Brooklyn, mo New York.
14 Jalo ka 1919 go ne ga nna jaaka ekete tsela ya mheru ya tshwantshetso e ne e buletswe batlhanka ba Modimo ba ba itumetseng. Ba ba neng ba batla go nna boitshepo mo ponong ya ga Jehofa e ne e le bone ba ba neng ba tsamaya mo ‘tseleng ya mheru’ eo, “tsela ea boitshèpō.” Botlhe ba ba neng ba sena boitlhomo jo bo siameng, ebong boikutlo jo bo phepa, ba ne ba seka ba gata mo ‘tseleng ya boitshepo’ eo ya tshwantshetso gore ba bone go tsosolosediwa kamogelong ya bomodimo.
15. Ke eng se se neelang bosupi jo bo bonalang jwa gore “boidiidi yo bogolo” bo tsene mo tseleng ya mheru ya tshwantshetso?
15 Ka Seetebosigo 1, 1935, kwa kopanong kwa Washington, D.C., ba le 840 ba “boidiidi yo bogolo” ba ne ba kolobediwa mo metsing, ba neela bosupi jo bo bonwang ka matlho jwa gore ba setse ba simolotse go tsena mo ‘tseleng ya mheru.’ Gone jaanong, didikadike tsa bone tse di ntseng di oketsega di tsene mo tseleng eo ya mheru, di kopanela le palo ya masalela a a tloditsweng e e ntseng e ngotlega. Ka kagiso le ka bolekane jo bo itumedisang, jaanong ba tsamaya mmogo mo ‘tseleng ya mheru,’ ba ikemiseditse gore, ka thuso ya Modimo Mothatayotlhe mo legodimong, ga go na sepe se se ka senyang kutlwano ya bone.
16. Ka tsela ya tshwantshetso, ke ka tsela efe go seng tau kana sebatana sepe se se gagolakang mo tseleng eno ya mheru?
16 Ka tsela ya tshwantshetso, ga go tau epe kana sebatana sepe se se gagolakang se se neng se tla bonwa mo tseleng eo ya mheru. Ke gore, go ne go sena sepe se se neng se ka dira jaaka sekgoreletsi kana sa boifisa masalela a a tloditsweng a “boidiidi yo bogolo.” Ba ne ba tsena mo tseleng ya Mogolodi wa bone ka ikanyo, ebong Kuruse yo Mogolwane, e jaanong a neng a e ba buletse, mme ba lebile pele go ya go goroga kwa Siona.
17. (a) Lemororo re le mo botennyeng jwa “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” a “tsela ea mheru” e santse e bulegile? (b) Ke bomang ba ba tsenang mo ‘tseleng ya boitshepo,’ mme ba ile ba dira jalo jang?
17 Gompieno, kwa moragorago ga “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” “tsela ea mheru” eo e e baakanyeditsweng ke Modimo e ntse e bulegile. Bontsintsi jwa batho ba ba bontshang kanaanelo ba tsaya kgato morago ga go itse gore Babelona o Mogolo o ole pele ga tlhaselo ya ga Kurose yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete. Mme ba tshaba mo go ene, ba tsena mo tseleng ya paradaise ya semoya, “tsela ea boitshèpō.”—Yeremia 50:8.
18. Temana ya bofelo ya Isaia 35 e tlhalosa jang boemo jwa jaanong jwa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, mme ke mang yo o bonang malebogo ka go diragadiwa ga polelelopele eno?
18 Ba bona boipelo jo bogolo thata-thata le boitumelo, jaaka temana e e digelang ya Isaia kgaolo 35 e tlhalosa: “Me ba Yehofa o ba lehetseñ ba tla boea, ba tla tla ka kōpèlō mo Siona; boitumèlō yoa bosakhutleñ bo tla nna mo ditlhogoñ tsa bōnè; ba tla bōna boipelō le boitumèlō: me bohutsana bo tla hohèla koo, le diphègèlō.” Bohutsana jwa bone le go hegelwa ka gonne pele ba ne ba se tumalanong le Jehofa Modimo go ile ga fofela koo fa e sale ka 1919. Mme bohutsana le go hegelwa ga dia boela mo basuping ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba itumetseng. Malebogo otlhe a ya go Modimo o o buang boammaaruri, ebong Jehofa, yoo ka mo go lebosegang a ileng a diragatsa polelelopele e e galalelang eo ya ga Isaia kgaolo 35!