Re na Le Lebaka la go Itumela
“Ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.”—ISAIA 35:10.
1. Ke bomang gompieno ba ba nang le lebaka le le rileng la go itumela?
OKA tswa o etse tlhoko gore ke batho ba sekae fela ba ba itumetseng tota gompieno. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa jaaka e le Bakeresete ba boammaaruri ba itumetse. Mme dimilione tse dingwe tsa batho tse di iseng di kolobediwe di ka kgona go itumela ka tsela e e tshwanang, e leng bannye le bagolo, ba ba kopanelang le Basupi. Lebaka la go bo gone jaanong o bala mafoko ano a a mo makasineng ono le bontsha gore o setse o itumetse kana o ka kgona go itumela.
2. Boitumelo jwa Mokeresete bo farologana jang le seemo se se tlwaelegileng sa batho ba le bantsi?
2 Bontsi jwa batho bo lemoga gore botshelo jwa bone bo tlhaela sengwe. Go tweng ka wena? Ke boammaaruri gore o ka tswa o se na didirisiwa tsotlhe tse o batlang go di dirisa, eleruri ga o na dilo tsotlhe tse batho ba ba humileng gompieno le ba ba nonofileng ba nang le tsone. Mme o ne o ka rata go nna le botsogo jo bo siameng le go nonofa thata mo mmeleng. Lefa go ntse jalo, ga go na pelaelo ya gore fa o itumetse, o humile e bile o itekanetse go gaisa dikete tsa dimilione tsa batho tse di mo lefatsheng. Jang?
3. Ke mafoko afe a a botlhokwa a a tlhokang gore re a ele tlhoko, mme ka ntlha yang?
3 Gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dira[g]ale.” (Johane 15:11) “Boitumelo jwa lona bo dira[g]ale.” A bo e le tlhaloso e ntle jang ne! Go ithuta thata ka tsela e Bakeresete ba tshelang ka yone go tla re bontsha mabaka a mantsi a a dirang gore re itumele ka botlalo. Mme gone jaanong, ela tlhoko mafoko a a botlhokwa a a mo go Isaia 35:10. Mafoko ano a botlhokwa ka gonne a ama rona thata gompieno. Re bala jaana: “Ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.”
4. Ke mofuta ofe wa boitumelo o o umakilweng mo go Isaia 35:10, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko seno?
4 “Boitumelo jwa bosakhutleng.” Mafoko a a reng “jwa bosakhutleng” a ranotswe sentle go ya ka se Isaia a neng a se kwala ka Sehebera. Mme temana eno e bolela ka “bosaengkae,” jaaka dikwalo tse dingwe di bontsha. (Pesalema 45:6; 90:2; Isaia 40:28) Ka jalo boitumelo ga bo ne bo khutla, go ya ka maemo a a tla bong a letla—ee, a tshwanela—boitumelo jo bo sa feleng. A seo ga se itumedise? Lefa go ntse jalo, gongwe o tsaya temana eo e le kakgelo fela e e buiwang ka molomo, e dira gore o akanye jaana: ‘Seo tota ga se nkame jaaka mathata a ke kopanang le one letsatsi le letsatsi le jaaka dilo tse ke amegileng ka tsone di dira.’ Mme mabaka a bontsha se se farologaneng. Tsholofetso ya boporofeti ya Isaia 35:10 e kaya sengwe mo go wena gompieno. Go bona gore ke ka tsela efe, a re tlhatlhobeng kgaolo eno e e molemo ya Isaia 35, re ntse re ela tlhoko gore karolo nngwe le nngwe e kwadilwe mo maemong afe. Re go tlhomamisetsa gore o tla itumelela se re se fitlhelang mo go yone.
Batho ba ba Neng ba Tlhoka go Itumela
5. Boporofeti jo bo mo go Isaia kgaolo 35 bo fitlhelwa mo maemong afe a boporofeti?
5 A re boneng kwa boporofeti jono jo bo kgatlhang bo simologileng teng, le gore bo fitlhelwa mo maemong afe a hisitori e le gore re tle re tlhaloganye. Moporofeti wa Mohebera e bong Isaia o ne a bo kwala mo e ka nnang ka 732 B.C.E. E ne e le masomesome a dingwaga pele masole a Bababilone a senya Jerusalema. Fela jaaka Isaia 34:1, 2 e bontsha, Modimo o ne a boleletse pele gore o ne a tla ipusolosetsa mo ditšhabeng, tse di jaaka Etome, se se umakilweng mo go Isaia 34:6. Go bonala a ne a dirisa Bababilone ba bogologolo go dira jalo. Ka mo go tshwanang, Modimo o ne a dira gore Bababilone ba senye Juta ka gonne Bajuta ba ne ba sa ikanyege. Go ne ga felela jang? Batho ba Modimo ba ne ba isiwa botshwarwa, mme nagagae ya bone e ne ya sala e swafetse ka dingwaga di le 70.—2 Ditirafalo 36:15-21.
6. Go na le pharologanyo efe fa gare ga se se neng se tla diragalela Baetome le se se neng se tla diragalela Bajuta?
6 Lefa go ntse jalo, go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga Baetome le Bajuta. Modimo o ne wa se ka wa tlogela go ipusolosetsa mo Baetomeng; kgabagare ba ne ba nyelela e le setlhopha sa batho. Ee, o santse o ka kgona go etela marope a a senang batho mo karolong e Baetome ba neng ba nna teng pele, a a jaaka masalela a a tumileng thata mo lefatsheng a kwa Petra. Mme gompieno, ga go na setšhaba kana batho ba ba bidiwang ‘Baetome.’ Mo letlhakoreng le lengwe, a Bababilone ba ne ba tla senyetsa Juta ka bosakhutleng, ba tlogela naga e sa itumedise go ya go ile?
7. Bajuta ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babilone ba ka tswa ba ile ba tsaya kgato efe malebana le Isaia kgaolo 35?
7 Fano boporofeti jo bo molemolemo jwa ga Isaia kgaolo 35 bo botlhokwa fela thata. Bo ka nna jwa bidiwa boporofeti jwa tsosoloso, ka gonne bo ne jwa diragadiwa la ntlha fa Bajuta ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Baiseraele ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babilone ba ne ba gololwa gore ba boele kwa nagagaeng ya bone. (Esere 1:1-11) Lefa go ntse jalo, pele seo se diragala Bajuta ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babilone ba ba neng ba bala boporofeti jono jwa Modimo ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore ba tla fitlhela maemo a ntse jang fa ba boela kwa nagagaeng ya bone, ya Juta. Mme bone ba ne ba tla nna mo seemong sefe? Dikarabo tsa seno di malebana thata le lebaka la go bo tota re tshwanetse go itumela. A re boneng.
8. Ke maemo afe a Bajuta ba neng ba tla a fitlhela fa ba ne ba boa ba tswa kwa Babilone? (Bapisa Esekiele 19:3-6; Hosea 13:8.)
8 Eleruri seemo seo se ne se sa lebege se ka itumedisa Bajuta lefa ba se na go utlwa gore ba ne ba ka boela kwa nagagaeng ya bone. Naga ya bone e ne ya nna marope ka dingwaga di le masomeasupa, e leng nako ya botshelo jotlhe jwa motho. Ke eng se se neng sa diragalela naga eo? Masimo otlhe a a neng a lengwa, a mafine, kana a ditlhare tsa maungo a ne a tla bo a fetogile sekaka. Ditshingwana tse di neng di nosediwa kana dikarolo tse dikgolo tsa naga di ne di tla bo di fetogile naga e e sa lengweng e e omileng kana sekaka. (Isaia 24:1, 4; 33:9; Esekiele 6:14) Akanya gape ka diphologolo tsa naga tse di neng di tla bo di tletse moo. Di ne di tla akaretsa tse di jang nama, jaaka ditau le mangau. (1 Dikgosi 13:24-28; 2 Dikgosi 17:25, 26; Sefela sa Difela 4:8) Le gone ba ne ba ka se itlhokomolose dibera, tse di neng di kgona go ja monna, mosadi, kana ngwana. (1 Samuele 17:34-37; 2 Dikgosi 2:24; Diane 17:12) Mme ga go tlhokege gore re umake dishaushawane le dinoga tse dingwe tse di neng di bolaya ka botlhole, kana diphepheng. (Genesise 49:17; Duteronome 32:33; Jobe 20:16; Pesalema 58:4; 140:3; Luke 10:19) Fa o ne o le mongwe wa Bajuta ba ba neng ba boa go tswa kwa Babilone ka 537 B.C.E., gongwe o ne o tla etsaetsega go tsamayatsamaya mo tikologong e e ntseng jalo. Ga ba a ka ba bona paradaise fa ba ne ba goroga koo.
9. Ke eng se se neng sa dira gore batho ba ba neng ba boa ba nne le tsholofelo le tshepo?
9 Lefa go ntse jalo, e ne e le Jehofa yo o neng a eteletse baobamedi ba gagwe go ya kwa gae, mme o ka kgona go fetola gape boemo jo bo swafetseng gotlhelele. A ga o dumele gore Mmopi o ka dira jalo? (Jobe 42:2; Jeremia 32:17, 21, 27, 37, 41) Ka jalo ke eng se a neng a tla se dira—ke eng se a neng a se direla—Bajuta ba ba neng ba boa le gone ke eng se a neng a se dira ka naga ya bone? Seno se tla ama batho ba Modimo ba metlha ya segompieno le ba ba leng mo boemong jwa gago jang—gone jaanong le mo isagweng? La ntlha a re ko re boneng se se neng sa ba diragalela mo nakong eo e e fetileng.
Go Itumelela Boemo jo bo Fetogileng
10. Isaia 35:1, 2 e ne ya bolelela pele ka phetogo efe?
10 Ke eng se se neng se tla diragala fa Kurose a ne a rebola Bajuta gore ba boele kwa nageng eo e e neng e le marope fela? Bala boporofeti jono jo bo itumedisang jo bo leng mo go Isaia 35:1, 2: “E e leng naga fela e tlaa ipela le lefatshe la lokgere; le sekaka se tlaa itumela se nyakalala jaaka sešeše. Se tlaa nyakalala segolo thata, se ipela, ee, le ka boitumelo le tuduetso; kgalalelo ya Lebanone e tlaa se newa, le boitlotlomatso jwa Karemele le Sharone; ba tlaa bona kgalalelo ya ga Jehofa, le boitlotlomatso jwa Modimo wa rona.”
11. Ke eng se Isaia a neng a se itse ka naga eo se a neng a se dirisa?
11 Mo metlheng ya Baebele, Lebanone, Karemele le Sharone di ne di itsiwe ka bontle le botala jwa tsone. (1 Ditirafalo 5:16; 27:29; 2 Ditirafalo 26:10; Sefela sa Difela 2:1; 4:15; Hosea 14:5-7) Isaia o ne a dirisa dikai tseo go tlhalosa kafa naga e e neng ya fetolwa e neng e tla lebega ka teng, ka thuso ya Modimo. A mme seno se ne se tla diragalela mmu fela? Eleruri nnyaa!
12. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore boporofeti jo bo mo go Isaia kgaolo 35 bo lebisitse mo bathong?
12 Isaia 35:2 e bolela ka naga e e ‘ipelang, ka boitumelo le tuduetso.’ Re itse sentle gore mmu le dimela di ne di sa ‘ipele ka boitumelo’ ka tsela ya mmatota. Lefa go ntse jalo, go fetoga ga tsone gore mmu o none le dimela di ungwe go ne go dira gore batho ba ikutlwe ka tsela eo. (Lefitiko 23:37-40; Duteronome 16:15; Pesalema 126:5, 6; Isaia 16:10; Jeremia 25:30; 48:33) Diphetogo tsa mmatota mo nageng ka boyone di ne di tla dumalana le diphetogo tsa batho, ka gonne batho ke bone ba konokono mo boporofeting jono. Ka gone, re na le lebaka la go tlhaloganya gore mafoko a ga Isaia a ne a lebisitse thata mo diphetogong tsa Bajuta ba ba neng ba boa, segolobogolo go itumela ga bone.
13, 14. Isaia 35:3, 4 e ne ya bolelela pele ka phetogo efe ya batho?
13 Ka jalo, a re tlhatlhobeng thata boporofeti jono jo bo kgatlhang re bone kafa bo neng jwa diragadiwa ka teng fa Bajuta ba se na go gololwa le go tswa kwa Babilone. Mo temaneng ya 3 le 4, Isaia o bolela tsela e batho bao ba ba neng ba boa ba neng ba fetoga ka yone jaana: “Thatafatsang diatla tse di bokoa, lo lomaganye mangole a a kgwetlhang. Rayang bone ba pelo e e ngodiegang lo re: ‘Thatafalang, se boifeng; bonang, Modimo wa lona o tlaa tla ka pusoloso, le ka tefetso ya Modimo; o tlaa tla a lo boloka.’”
14 A ga go nonotshe go akanya gore Modimo wa rona, yo o neng a ka fetola gape seemo sa tikologo se se neng se swafetse, o kgatlhegela thata baobamedi ba gagwe? O ne a sa batle gore Bajuta ba ba neng ba isitswe botshwarwa ba ikutlwe ba le bokoa, ba kgobegile marapo, kana ba tlhobaela ka isagwe. (Bahebere 12:12) Akanya ka seemo sa Bajuta bao ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Fa go ne go se na tsholofelo epe e e neng e tswa mo boporofeting jwa Modimo ka isagwe ya bone, go ne go tla ba thatafalela gore ba nne le tsholofelo. E ne e kete ba mo moleteng wa kgolegelo o o lefifi thata, ba sa kgone go tsamayatsamaya le go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa. Ba ka nna ba bo ba ne ba tsaya gore ga go phatsime lesedi lepe kwa pele ga bone.—Bapisa Duteronome 28:29; Isaia 59:10.
15, 16. (a) Re ka nna ra konela ka gore Jehofa o ne a direla batho ba ba neng ba boa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba neng ba boa ba ne ba sa lebelela gore ba fodisiwe mo mmeleng ka tsela ya kgakgamatso, mme ke eng se Modimo a neng a se dira go dumalana le Isaia 35:5, 6?
15 Lefa go ntse jalo, a bo seo se ne sa fetoga jang ne fa Jehofa a ne a dira gore Kurose a ba golole gore ba boele kwa legaeng la bone! Ga go na bosupi bope mo Baebeleng jo bo bontshang gore Modimo o ne a bula matlho a a neng a foufetse a Bajuta ba ba neng ba boa ka tsela ya kgakgamatso, a dira gore ditsebe tsa bosusu di utlwe, kana a fodisa ditokololo dipe tsa mmele tse di neng di golafetse kana di kgaogile. Lefa go ntse jalo, tota o ne a dira selo se segolo thata. O ne a ba busetsa mo leseding le mo kgololesegong ya naga ya bone e ba neng ba e rata.
16 Ga go na sepe se se supang gore batho ba ba neng ba boa ba ne ba lebeletse gore Jehofa a dire dikgakgamatso tseo tsa go fodisa mo mmeleng. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba lemoga gore Modimo ga a ka a dira jalo ka Isake, Samesone, kana Eli. (Genesise 27:1; Baatlhodi 16:21, 26-30; 1 Samuele 3:2-8; 4:15) Mme fa e le gore ba ne ba lebeletse gore Modimo o fetole gape seemo sa bone ka tsela ya tshwantshetso, ga o a ka wa ba swabisa. Eleruri ditemana tsa 5 le 6 di ne tsa diragadiwa tota ka tsela ya tshwantshetso. Isaia o ne a bolelela pele jaana ka boammaaruri: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.”
Go Dira Naga Gore e Nne Jaaka Paradaise
17. Ke diphetogo dife tse di neng di ka bonwa ka matlho tse go bonalang Jehofa a ne a di dira?
17 Tota batho bao ba ba neng ba boa ba ne ba na le lebaka la go itumelela maemo a Isaia a neng a a tlhalosa fano: “Gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng. Meenene e tlaa tswa mogobe wa metsi, le mmu o o nyorilweng metlhodi ya metsi; mo bonnong jwa diphokoje, kwa di ne di robala teng, go tlaa nna bojang bo na le lotlhaka le mokhasi.” (Isaia 35:6b, 7) Le mororo re ka nna ra se ka ra e bona mo kgaolong yotlhe eo gompieno, bosupi bo bontsha gore karolo e e neng e le Jutea pele e ne e le “paradaise ya mafulo.”a
18. Go bonala Bajuta ba ba neng ba boa ba ne ba tsaya kgato efe malebana le masego a a neng a tswa kwa Modimong?
18 Akanya ka tsela e masalela a Bajuta a ka tswang a ne a ikutlwa ka yone fa ba ne ba boela kwa Nageng e e Solofeditsweng, e leng selo se se neng se ba itumedisa! Ba ne ba ka kgona go aga le go fetola naga e e neng e omile, e bophokoje le diphologolo tse dingwe di neng di agile mo go yone. A o ne o ka se itumelele go dira tiro e e ntseng jalo ya go tsosolosa, segolobogolo fa o ne o itse tota gore Modimo o ne o segofatsa maiteko a gago?
19. Go tswa kwa botshwarong jwa Babilone go ne go ikaegile ka seemo ka tsela efe?
19 Lefa go ntse jalo, e ne e se gore Bajuta botlhe ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babilone ba ne ba ka boa kana ba ne ba boa go ya go nna le seabe mo tirong ya go fetola e e neng e itumedisa. Modimo o ne a beile dilo tse a neng a batla gore ba di fitlhelele. Go ne go se ope yo o neng a inaakantse le mekgwa ya bodumedi jwa Sebabilone ya boheitane, yo o neng a tshwanela go boa. (Daniele 5:1, 4, 22, 23; Isaia 52:11) Le gone go ne go se na ope yo o neng a ka boa yo o neng a dira tiro nngwe ya boeleele e e sa siamang. Batho botlhe bao ba ne ba sa tshwanelege. Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba ba neng ba dira se Modimo o neng o se batla, ba ba neng ba tsewa ba le boitshepo ka selekanyo se se rileng, ba ne ba ka boela kwa Juta. Ba ne ba ka boa jaaka e kete ba ne ba tsamaya mo Tseleng ya Boitshepo. Isaia o ne a phepafatsa seo mo temaneng ya 8: “Tsela ya mheru e tlaa nna teng, le bofeto; go tlaa bidiwa tsela ya boitshepo; ba ba sa itshekang ga ba ketla ba tla ka yone; mme e tlaa nna ya bone bale; batsamai le tsela, ee, le ba ba dieleele ga ba ketla ba timela mo go yone.”
20. Ke eng se Bajuta ba neng ba sa tshwanela go se boifa fa ba ne ba boa, mme go ne ga felela ka eng?
20 Bajuta ba ba neng ba boa ba ne ba sa tlhoke gore ba boife batho ba sekadiphologolo kana bontsintsi jwa bathopi. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o ne a ka se ka a letla gore ba nne mo Tseleng ya batho ba gagwe ba a ba rekolotseng. Ka jalo ba ne ba ka tsamaya ba itumeletse dilo tse ba neng ba di solofetse le tse ba neng ba di lebeletse. Ela tlhoko tsela e Isaia a neng a tlhalosa seo ka yone fa a ne a konela boporofeti jono: “Ga go ketla go nna tau epe teng, le gone sebatana sepe se se gagolang ga se ketla se ya mo go yone; ga di ketla di fitlhelwa teng; mme barekolodwi ba tlaa tsamaya teng; mme ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.”—Isaia 35:9, 10.
21. Gompieno re tshwanetse go leba jang go diragadiwa ga Isaia kgaolo 35 mo go setseng go diragetse?
21 A bo re na le boporofeti jo bo tshwanelang jang ne! Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go leba seno e le tiragalo fela e e fetileng, jaaka e kete ke polelo e ntle e e sa ameng seemo sa rona ka gope kana isagwe ya rona. Ntlha ke gore boporofeti jono bo diragadiwa thata gompieno mo bathong ba Modimo, ka jalo bo re ama rotlhe. Bo re neela lebaka le le utlwalang la go itumela. Dintlha tseno tse di amang botshelo jwa gago gone jaanong le mo isagweng di tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
[Footnote]
a Fa moithutatemo ya ditlhare e bong Walter C. Lowdermilk (yo o neng a emetse U.N. Food and Agriculture Organization) a ne a ithuta kgaolo eo, o ne a konela jaana: “Naga eno e kile ya bo e le paradaise ya mafulo.” Gape o ne a bontsha gore tlelaemete ya gone koo ga e a ka ya fetoga thata “fa e sa le metlha ya Baroma,” le “‘sekaka’ se se neng sa nna teng mo boemong jwa naga e e kileng ya bo e nonne se ne se bakilwe ke motho, se ne se sa tlholega se le teng.”
A o A Gakologelwa?
◻ Isaia kgaolo 35 e ile ya diragadiwa leng la ntlha?
◻ Go diragadiwa la ntlha ga boporofeti go ne go tla nna le matswela afe?
◻ Jehofa o ne a diragatsa jang Isaia 35:5, 6?
◻ Bajuta ba ba neng ba boa ba ne ba bona diphetogo dife mo nageng le mo seemong se ba neng ba le mo go sone?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Marope a kwa Petra, a a mo karolong e e kileng ya bo e nna Baetome mo go yone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Fa Bajuta ba ne ba le kwa botshwarwa, naga e kgolo ya Juta e ne ya nna jaaka sekaka, e tletse dibatana tse di bogale tse di jaaka dibera le ditau
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Garo Nalbandian
Bear and Lion: Safari-Zoo of Ramat-Gan, Tel Aviv