Kgaolo 22
Modimo wa “Kgōsana ea Kagishō” o Nna “Gotlhe mo go Cotlhe Hèla”
1. Jesu Keresete o tlhomela dibopiwa tsotlhe tse dingwe mo legodimong le mo lefatsheng sekao mo go eng?
KA BOKHUTSHWANYANE fela morago ga fa a sena go tsosiwa, “Kgōsana ea Kagishō” o ne a raya mongwe wa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.” (Yohane 20:17) Ka mafoko ao o ne a kaya gore Rraagwe wa selegodimo o ne a bile gape a le Modimo wa gagwe, Ene fela yo o neng a mo obamela. Mo kobamelong e e ntseng jalo o ne a tlhomela dibopiwa tsotlhe tse dingwe mo legodimong le mo lefatsheng sekao.
2, 3. (a) Bakorintha ba Ntlha 15:24-26, 28 e tlhalosa jang kgato e e kgethegileng ya ga Jesu ya go ikobela Rraagwe? (b) Phelelo e e molemo-lemo e tla nna eng?
2 Abo “Kgōsana ea Kagishō” e tla nna sekao se se molemo jang ne mo losikeng lotlhe lwa motho lo lo itekanedisitsweng fa ka boikanyegi a ineela ka tsela e e kgethegileng go Ene yo eleng Molaodi wa Lobopo lotlhe yo o tshwanetseng! Seno se tla senolwa thata-thata kwa bokhutlong jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete ya setho, fa a tla bo a setse a tsosolositse kagiso, polokesego, le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Ka polelelopele e e tsepameng, re tlhomamisediwa seno:
3 “Hoñ go tle bokhutlō, yo o tla neèlañ Modimo, eboñ Rara, bogosi ka yōna, a sena go nyèlètsa pushō eotlhe, le taolō, le nonohō. Gonne o na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho. Me e tla re dilō cotlhe di sena go beèwa mo taoloñ ea gagwè, hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.” (1 Bakorintha 15:24-26, 28) Kana jaaka The Amplified Bible e tlhalosa karolo ya bofelo ya temana 28: “Gore Modimo a tle a nne mo go sengwe le sengwe—ke gore, a nne sengwe le sengwe go mongwe le mongwe, a nne yo o kwa godimo, konokono ya botshelo le maatla a a laolang.”
4. (a) Baagi ba lefatshe ba tla arabela jang mo sekaong sa Rraabone yo o ba ruileng? (b) Ke karolo efe e ntšha ya boikobo e e tla nnang gone he?
4 E tla re fa “Kgōsana ea Kagishō” a neela Modimo wa gagwe Bogosi kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, baagi ba lefatshe ba tla lemogisiwa kgato eno ke Rraabone yo o ba ruileng. Jaaka Sekao sa Segosi sa bone, le bone ka mo go tshwanang ba tla ineela mo karolong eno e ntšha ya Modimo Mogodimodimo. Mme jaanong e le lantlha ba tla ineela ka tlhamalalo ka lorato go Jehofa, ee, ba mo obamela, ka bopelo-e-phepa jotlhe le ka boammaaruri, ba sa tlhole ba tlhoka ditirelo tsa ga Jesu jaaka moperesiti, le e leng fa ba rapela tota.
5. Ke boikutlo bofe joo dikgosi mmogo le Jesu Keresete ba ba 144 000 ba tla nnang le jone?
5 Ka tsela eno Modimo Mogodimodimo o tla boa gape a nna Kgosi mo lobopong lotlhe a sena moemedi ope wa gagwe wa segosi e kane e le kwa legodimong kana mo lefatsheng. Mme gape dikgosi ka ene tse 144 000 tse Jesu Keresete a di golotseng mo lefatsheng le tsone di tla ikobela Mmusi yo Mogolo wa Segosi mme ka tsela eno gape e e oketsegileng ba mo kaye jaaka Molaodi wa Lobopo Lotlhe.
Teko ya Bofelo-felo mo Sethong Sotlhe
6. (a) Ke eng se se tla diragalelang batho ba ba senang kutlo mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu? (b) Bao Jesu a tla ba neelang Rraagwe wa selegodimo ba tla bo ba le mo seemong sefe?
6 Ka go lemoga Jehofa jaaka Moatlhodi yo Mogolo, Jesu Keresete o eletsa gore kamogelo yotlhe e e tlhokafalang ya bomodimo e bontshiwe mo tirong eo Jesu a e fitlheletseng mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Mo pusong eo, batho bao ba ganneng go ineela mo dipatlafalong tsa tshiamo le bao ba ileng ba tlhoka kutlo mo Kgosing ba tla bo ba sentswe. Ka gone, bao Jesu Keresete a ba neelang Jehofa Modimo, ebong Moatlhodi wa bofelo, e tla bo e le ba ba kutlo bao ba ileng ba kgona go nna batho ba ba itekanetseng.
7. (a) Ke eng se se tla lekwang thata-thata morago ga fa Jesu a sena go busa Bogosi? (b) Setho se se itekanedisitsweng se tla lekwa jang?
7 Mo ntlheng eo e tla bo e le nako ya gore boineelo jwa batho jo bo nonofileng go Molaodi wa Lobopo, ebong Jehofa Modimo, bo lekiwe. Jaaka mo kgannyeng ya ga Jobe, potso ke gore: A ba rata le go obamela Modimo ka ntlha ya dilo tse di molemo fela tseo a ba di diretseng, kana a ba mo ratela seo a leng sone ka sebele—Molaodi yo o tshwanetseng wa Lobopo? (Yobe 1:8-11) Mme boineelo jwa pelo yotlhe jwa setho se se itekanetseng bo lekwa jang? Bibela e araba ka gore: Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba tla gololwa “ka lobakanyana” mo moleting o o senang bolekeletso oo ba neng ba ile ba tswalelwa mo go one ka dingwaga tse di sekete. (Tshenolō 20:3) Ka go dumelela gore Diabolo a leke setho se se tsosolositsweng, bothokgami jwa motho ka bongwe go Modimo jwa setho se se itekanedisitsweng bo ka supiwa tota ka tsela e e itekanetseng.—Bapisa Yobe 1:12.
8. (a) Morago ga fa ba sena go gololwa mo moleting, ke eng seo Satane le badimona ba gagwe ba tla lekang go se dira? (b) Bao ba iteseletsang go timediwa ke Diabolo le badimona ba gagwe ba tla bo ba tsaya tsela efe?
8 Dingwaga tse di dikete tse supa pelenyana, Satane Diabolo o ne a ile a kgona go tlhotlheletsa Adame le Efa ba ba itekanetseng go leofa ka go tsaya tsela ya boithatelo. Mme gore ke mefuta efe ya thaelo eo Jehofa a tla dumelelang Satane le badimona ba gagwe go e dirisa morago ga ba sena go gololwa mo moleting Dikwalo ga di bolele. Mme kwantle ga pelaelo go tla dirisiwa bogagapa le keletso ya go se batle go laolwa ke Modimo. A ntse a le motsuolodi ka sebele kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa, Diabolo o tla ikemisetsa gore ka mo go tshwanang a dire batho bangwe batsuolodi. Gore masomosomo ano a badimona a tla atlega go ya selekanyong se se kana kang le gone ga goa tlhalosiwa, mme go tla nna le batho ba ba lekanyeng sentle ba batsuolodi gore ba bo ba lebege jaaka boidiidi jo bogolo. Boleo bongwe le bongwe jo bo dirwang ke sebopiwa se eleng motho, yo jaanong a tla bong a itekanedisitswe, e tla bo e le jo bo dirilweng ka tsela e e botlhale, mme ka gone, e le jwa ka boomo, jwa boithatelo. Go tla kaya gore motho o dule mo kobamelong ya Modimo o o osi wa boammaaruri o o tshedileng mme o ikisitse kafa letlhakoreng la ga Satane Diabolo. (Tshenolō 20:7, 8) Ka gone, mo kgannyeng ya batsuolodi bano, Jehofa ga a nne “gotlhe mo go cotlhe hèla.”
9. (a) Ke eng se se tla diragalelang bao ba sa bolokeng bothokgami jwa bone go Jehofa Modimo? (b) Batsuolodi botlhe ba tla tlosiwa jang mo sebakeng se se sa bonaleng? (c) Ke boemo bofe jo bo molemo-lemo joo bo tla renang mo legodimong lotlhe le mo lefatsheng?
9 Lefa go ntse jalo, ba ba ikanyegang, ba gana go ineela mo ditatofatsong le mo dikgatelelong tsa semorafe tsa ba ba timeditsweng. Kwantle ga go etsaetsega, ba ba ikanyegang ba ikgethela go lesa a nna “gotlhe mo go cotlhe hèla” mo go bone. Gore tshiamiso e nne gone, bolaodi jwa ga Jehofa bo tshwanetse jwa kgothalediwa ka tlhoafalo. Jalo he, ditsuolodi tsotlhe tse di tlhotlhelediwang ke Satane mo lefatsheng di tla tlosediwa ruri-ruri. Abo e le kgololo jang ne go bone! Go tla tshwanela gape gore batsuolodi botlhe ba tlosiwe mo sebakeng se se sa bonaleng sa popo. Jalo, go wetsa phepafatso ya lebopo lotlhe, Satane Diabolo le masomosomo otlhe a gagwe a badimona ba tla nyelediwa, ba tlosiwa gore ba se tlhole ba le gone. Ka gone legodimo le lefatshe di tla bo di phepafaditswe leswe lotlhe la sebe. (Tshenolō 20:9, 10) Boitshepo jwa ga Jehofa bo tla rena gongwe le gongwe. (Bapisa Sekaria 14:20.) Leina le le boitshepo la Modimo Mogodimodimo le tla itshepisiwa kwa legodimong le mo lefatsheng. Thato ya gagwe e e kwa godimo-dimo e tla dirwa ka boipelo ke bao ba nnang kwa legodimong le mo lefatsheng.
10. Ke ka ditsela dife lefatshe le tla itshupang go ya fela kwa bokhutlong fa e le polanete e e tlhomologileng thata eo go senang epe e nngwe eo e tla tshwanang le yone?
10 Go ya fela kwa bosakhutleng lefatshe la rona le tla bona boipelo jo bo tlhomologileng jo go seng polanete lefa e ka nna efe mo lefaufaung le le sa feleng le tla bo bonang, lemororo lefatshe le ka nna la seka la bo e le lone fela polanete e e tla nniwang. Gone mme, e tla nna lone fela, koo Jehofa kwantle ga pelaelo a tla bong a ile a tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe jwa lebopo lotlhe, koo a tlhomileng gone motlhala o o sa khutleng wa kafa molaong mo lobopong lotlhe. E tla bo e le yone fela polanete eo Jehofa wa masomosomo a tla bong a ile a tlhabanela mo go yone ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.’ E tla bo e le yone fela polanete eo Modimo a ileng a romela Morwawe yo o rategang thata go nna motho le go swa e le gore a tle a rekolole baagi ba polanete eo mo boleong le mo losong. E tla bo e le yone polanete fela eo Jehofa a tla bong a ile a tsaya mo go yone baagi ba yone ba ba 144 000 go nna “baruaboshwa ba Modimo, . . . baruaboshwa mmōgō le Keresete.”—Baroma 8:17.
Boserafa, Ditšheruba, Baengele
11, 12. (a) Ke mofuta ofe wa dibopiwa tsa moya tseo Isaia a neng a di bona mo ponatshegelong? (b) Bano ba na le kgatlhego efe mo go rona batho?
11 Modimo, ebong Motswedi yo o galalelang wa popo yotlhe, ya selegodimo le ya selefatshe, o tla nna “gotlhe” eseng fela go baruaboswa mmogo le Keresete ba ba 144 000 mme gape le go ba bangwe ba ba mo sebakeng sa selegodimo. Mo go kgaolo 6 ya buka ya Isaia, re latlhelelwa lesedi kaga makgotla a selegodimo. Koo re bala jaana: “Ka bōna Yehofa a dutse mo setuloñ sa bogosi, se le kwa godimo, se choletsegile, me meya ea dikobō tsa gagwè ea tlala ka tempela. Ha godimo ga gagwè ga bo go eme boserafa: moñwe le moñwe a bo a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sehatlhōgō, ka di le pedi a ipipa dinaō, me di le pedi a hoha ka cōna. Me ba goalana, ba re, Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō Yehofa oa mashomōshomō; lehatshe yeotlhe le tletse kgalalèlō ea gagwè.”—Isaia 6:1-3.
12 Abo Isaia a ne a tlhogonolofaditswe thata jang ne go bona Ene yo o boitshepo thata mo lobopong lotlhe a ntse mo setulong sa gagwe sa Bogosi sa selegodimo a direlwa ke boserafa ba ba galalelang! Abo seo e ne e le ponatshegelo e e boitshegang, e e senolang kafa boserafa bao ba leng letlhogonolo thata go bo ba le mo maemong ao, ka go bo a le Yoo Boitshepo jwa Maitshepo yoo boitshepo jwa gagwe ba neng ba bo bolela jaaka ba ntse ba supela boitshepo jwa gagwe ka go bo gatelela gararo! Boserafa ba kgatlhegela go thusa baobamedi ba ga Jehofa go nna boitshepo jaaka Modimo a le boitshepo.—Isaia 6:5-7.
13. (a) Ke mofuta ofe o mongwe wa dibopiwa tsa semoya oo Bibela e o re senolelang? (b) Jehofa o tlhalosiwa jang fa a bapisiwa le bone?
13 Fela jaaka go na le dibopiwa tse di farologaneng mono lefatsheng, e le tseo di supang kaga nonofo ya ga Jehofa Modimo, ka tsela e e tshwanang go na le mofuta o mongwe gape wa dibopiwa mo sebakeng sa moya. Bibela e senola gore go na le ditšheruba tse di galalelang, bao ba tshwanetseng ba bo ba fofa ka lobelo lo logolo. (Pesalema 18:10; bapisa Bahebera 9:4, 5.) Genesise 3:24 e bontsha gore morago ga fa Adame le Efa ba sena go leofela Modimo o o boitshepo mo legodimong ka go ja loungo lo lo ileditsweng, Mmopi o ne a baya kafa botlhabatsatsi jwa tsela e e boelang mo Paradaiseng ya boitumelo ditšheruba le “kgabo ea chaka e e menogèlañ ntlheñ cotlhe.” Jehofa o bolelwa a “nntse mo dicherubeñ.” (Pesalema 99:1; Isaia 37:16) Jalo go bontshiwa fa a le mo setulong sa bogosi godimo ga ditšheruba.
14. (a) Ke mofuta ofe o mongwe wa dibopiwa tsa moya o o sa tshwanelwang go lebalwa? (b) Di bontsi jo bo kana kang?
14 Se se sa tshwanelang go tlhokomologiwa gareng ga boidiidi jwa dibopiwa tsa semoya ke baengele. Go na le didikadike di le dintsi tsa bone. (Daniele 7:9, 10) Gareng ga bone go na le baengele ba ba bopetsweng go direla baobamedi ba ga Jehofa mo lefatsheng. Jesu o ne a tlhagisa gore go se nne ope yo o tla kgopisang ope wa baobamedi ba ga Jehofa ka lebaka la gore “kwa legodimoñ baengele ba bōnè ba lebile ka metlha eotlhe sehatlhōgō sa ga Rrè eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 18:10; Bahebera 1:14) Morago ga malatsi a a 40 Jesu a ntse a ipolaisitse tlala mo nageng lefa a sena go fenya ka go gana dithaelo di le tharo tse di masisi tsa ga Diabolo, abo e ne e le tshiamelo e e molemo jang mo baengeleng go direla ditlhokafalo tsa mmele tsa ga Jesu, yo o neng a sesafetse ke tlala!—Mathaio 4:11.
15, 16. (a) Tlhalosa kutlwano e e tshwanang le ya lelapa eo e tla nnang gone mo legodimong le mo lefatsheng. (b) Ke tuelo efe e e tswang go Jehofa e e tla neelwang batho ba ba itekanedisitsweng bao ba fenyang teko ka katlego? (c) Jehofa o tla leba jang phitlhelelo ya boikaelelo jwa gagwe jwa pelepele?
15 Mo legodimong, baagi ba ba galalelang ba semoya, ba tla nna barwa-rra mmogo, fa mono lefatsheng batho ba ba itekanedisitsweng ba tla dirwa barwa-rra-motho le bokgaitsadia-motho mmogo. Ba tla bo ba le mo setshwanong le mo tshwanong ya Modimo go ya bokgakaleng jo bogolo joo ka jone Adame le Efa, bao fa ba ne ba sa tswa go bopiwa ke Jehofa Modimo, ba neng ba le go jone mo ‘tshwanong le mo setshwanong’ sa Mmopi wa bone. (Genesise 1:26, 27) Morago ga ba sena go fenya teko ya bofelo, batho ba ba itekanedisitsweng ba tla neelwa tshwanelo ya go tshelela ruri mme ka lorato ba tla ruiwa jaaka “bana ba Modimo,” ba ipelela kgololesego e e galalelang, mme ba nne bontlhanngwe jwa lelapa la ga Jehofa le le kitlaneng kwa legodimong le mo lefatsheng.—Baroma 8:21.
16 Abo Jehofa Modimo ka sebele sa gagwe sotlhe a tla leba phitlhelelo ya boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha-ntlha ka boitumelo jo bogolo le ka boipelo—namane e tona ya tiro ya go bona dilo tsotlhe di ntse kafa boikaelelong jwa gagwe jwa pelepele—dibopiwa tsotlhe di le mo kutlwanong e e sa senyegeng e e lorato le ene!
17. Ka ntlha ya seno sotlhe, ke bomang ba ba tla kgonang go ithiba mo go direng eng, tumalanong le mafoko a mopesalema?
17 Ka ntlha ya seno sotlhe, ke mang yo o tla palelwang ke go baka Morulaganyetsi yono yo o molemo-lemo wa bomodimo? Ka go sa fetole mafoko a gagwe kafa go sa tshwanelang a lebisitse go dibopiwa tse di fetang motho ka nonofo, mopesalema a re: “Bakañ Yehofa, lona baengela ba gagwè: lona dinatla mo nonohoñ, ba lo dihahatsañ lehoko ya gagwè, lo nntse lo reeditse lencwe ya lehoko ya gagwè. Bakañ Yehofa lona mashomōshomō aotlhe a gagwè; lona badihedi ba gagwè ba lo dihañ go natehèlwa ga gagwè.”—Pesalema 103:20, 21.
18. Mopesalema o digela jang buka ya Dipesalema?
18 Mopesalema yo o itumetseng thata, yo o tlhotlheleditsweng o digela buka ya Dipesalema ka mafoko ano a kgothatso: “Bakañ Yehofa. Lo bakeñ Modimo mo heloñ ga ōna ga boitshèpō: o bakeñ mo phuthologoñ ea thata ea ōna. O bakeleñ ditihō tsa ōna tsa bonatla: o bakeñ kaha bogoluñ yoa ōna yo bo gaisañ. O bakeñ ka tumō ea lonaka: o bakeñ ka saletare le harepe. O bakeñ ka moropana le ka go bina: o bakeñ ka dileco tse di megala le ka ditlhaka. O bakeñ ka disemebala tse di tumō kgolo; o bakeñ ka disemebala tse di dumañ ka lencwe ye le kwa godimo. A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bakè Yehofa. Bakañ Yehofa.”—Pesalema 150:1-6.
19. (a) Lobopo lotlhe jaanong lo tla nna seoposengwe mo sebofong sefe? (b) Ke eng seo dibopiwa tsotlhe tse di botlhale, di tla se buang?
19 Kgabagare lobopo lotlhe lo tla nna seoposengwe mo sebofong se se itekanetseng seo se tla nnelang ruri, sebofo sa kobamelo e le nngwe fela ya Rara wa selegodimo ka go bo bana ba gagwe ba mo rata le go mmaka go feta dilo tsotlhe. Ee, e tla bo he e le nako ya gore dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di bue, di re, fela jaaka boserafa: “Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō Yehofa oa mashomōshomō; lehatshe yeotlhe le tletse kgalalèlō ea gagwè.” Mme he ruri, Modimo wa “Kgōsana ea Kagishō” o tla bo a nnile “gotlhe mo go cotlhe hèla”—ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
[Ditshwantsho mo go tsebe 188, 189]
Lobopo lotlhe lo tla nna seoposengwe mo go obameleng Molaodi wa Lobopo Lotlhe ka kagiso