LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wt kgao. 21 ts. 184-191
  • Boikaelelo Jwa ga Jehofa bo Bona Katlego e e Galalelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikaelelo Jwa ga Jehofa bo Bona Katlego e e Galalelang
  • Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Iseraele ga a Tlhole a Amogelwa
  • Go Phutha “Dilo Tse di Kwa Magodimong”
  • Go Phutha “Dilo Tse di mo Lefatsheng”
  • Kgololesego e e Gakgamatsang e Etla
  • Modimo wa “Kgōsana ea Kagishō” o Nna “Gotlhe mo go Cotlhe Hèla”
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Tsamaiso e e Diretsweng go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
wt kgao. 21 ts. 184-191

Kgaolo Ya Masomeamabedinngwe

Boikaelelo Jwa ga Jehofa bo Bona Katlego e e Galalelang

1, 2. (a) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng malebana le dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale? (b) Ke bomang ba ba neng ba le mo lelapeng la Modimo le le utlwanang la baobamedi?

BOIKAELELO jo bo lorato jwa ga Jehofa ke jono: Gore popo yotlhe e e botlhale e utlwane mo kobamelong ya Modimo yo o esi wa boammaaruri mme botlhe ba ipelele kgololesego e e galalelang jaaka bana ba Modimo. Gape ke sone se batho ba ba ratang tshiamo ba se eletsang ka pelo yotlhe.

2 Jehofa o ne a simolola go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bogolo fa a ne a simolola ditiro tsa gagwe tsa popo. Popo ya gagwe ya ntlha e ne e le Morwa yo fa e sa le a tsosiwa a leng “ponatso ya kgalalelo ya [Modimo] le setshwano totatota sa gagwe ka boene.” (Bahebera 1:1-3) Morwa yono o ne a sa tshwane le motho ope, o ne a bopilwe ke Modimo a le esi. Kgabagare go ne go tla dirisiwa Morwa yono gore batho ba bangwe botlhe ba nne teng: sa ntlha baengele kwa legodimong, go tswa foo batho mo lefatsheng. (Jobe 38:7; Luke 3:38) Botlhe bano ba ne ba bopa lelapa le le lengwe fela mo lobopong lotlhe. Jehofa e ne e le Modimo wa bone botlhe, Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, e bile e le Rraabone yo o lorato.

3. (a) Rotlhe re ruile eng mo batsading ba rona ba ntlha? (b) Jehofa o ne a direla bana ba ga Adame thulaganyo efe e e lorato?

3 Fa batsadi ba rona ba ntlha ba batho ba ne ba atlholelwa loso ka gonne e le baleofi ba ka boomo, ba ne ba kobiwa mo Edene mme ba latlhiwa ke Modimo. Ba ne ba kgaotsa go nna karolo ya lelapa la gagwe la lefatshe lotlhe. (Genesise 3:22-24; Duteronome 32:4, 5) Rotlhe re ditlogolwana tsa bone, ka jalo re tshotswe re na le mekgwa ya boleo. Mme Jehofa o ne a itse gore bangwe ba ditlogolwana tsa ga Adame le Efa ba ne ba tla rata tshiamo. Ka jalo O ne ka lorato a dira gore go nne le thulaganyo e ka yone ba neng ba ka bona “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:20, 21.

Iseraele ga a Tlhole a Amogelwa

4. Jehofa o ne a naya Iseraele wa bogologolo tshiamelo efe?

4 Dingwaga di ka nna 2 500 Adame a sena go bopiwa, Jehofa o ne a naya batho bangwe tshiamelo ya go nna le kamano e e kgethegileng le Ene. O ne a tlhopha Iseraele wa bogologolo go nna batho ba gagwe mme a ba naya Molao wa gagwe. (Genesise 12:1, 2) O ne a ba bopa go nna setšhaba mme a ba dirisa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. (Duteronome 14:1, 2; Isaia 43:1) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba le mo bokgobeng jwa boleo le loso, ka jalo ga ba a ka ba nna le kgololesego e e galalelang e Adame le Efa ba neng ba na le yone kwa tshimologong.

5. Baiseraele ba ne ba latlhegelwa jang ke boemo jwa bone jo bo kgethegileng le Modimo?

5 Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba amogelwa ke Modimo. Gape ba ne ba na le boikarabelo jwa go tlotla Jehofa jaaka Rraabone le go dira tumalanong le boikaelelo jwa gagwe. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa gore ba diragatse boikarabelo joo. (Mathaio 5:43-48) Le fa go ntse jalo, setšhaba sa Iseraele ga se a ka sa dira jalo. Le fa Bajuda bao ba ne ba iphaka ba re, “re na le Rre a le mongwe, e bong Modimo,” Jesu o ne a bolela gore ditiro tsa bone le moya o ba neng ba na le one o ne o bontsha gore ba bua maaka. (Johane 8:41, 44, 47) Ka 33 C.E., Modimo o ne a khutlisa Molao, mme kamano ya gagwe e e kgethegileng le Baiseraele e ne ya fela. A mme seno se ne se kaya gore batho ba ne ba ka se tlhole ba ipelela kamano e ntle le Modimo?

Go Phutha “Dilo Tse di Kwa Magodimong”

6. Boikaelelo jwa “tsamaiso” e Paulo a e umakileng mo go Baefeso 1:9, 10 ke bofe?

6 Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore bangwe mo bathong ba ne ba ka nna le kamano e e kgethegileng le Modimo. Ka sekai, Paulo o ne a kwala jaana malebana le thulaganyo ya ga Jehofa e mo go yone ba ba bontshang tumelo ba ka nnang maloko a ntlo ya Gagwe: “[Modimo] o ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:9, 10) “Tsamaiso” eno e amana thata le Jesu Keresete. Ka ene, batho ba amogelwa ke Modimo. Ke ba se kae fela ba bone ba ba nang le tsholofelo ya go nna kwa legodimong. Ba bantsi thata go feta bao ba tla tshelela ruri mo lefatsheng.

7. “Dilo tse di kwa magodimong” ke bomang?

7 Sa ntlha, go simologa ka Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga tlhomiwa mogopolo mo ‘dilong tse di kwa magodimong’ ke gore, ba ba neng ba tla nna baruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Modimo o ne a ba kaya ba le tshiamo ka ntlha ya tumelo ya bone malebana le boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu. (Baroma 5:1, 2) Fa nako e ntse e ya, go ne ga tsenngwa le Bajuda le Baditšhaba mme “dilo tse di kwa magodimong” di ne di tla fitlha go 144 000 ka palo. (Bagalatia 3:26-29; Tshenolo 14:1) Go sa ntse go setse masalela fela a bone mo lefatsheng.

Go Phutha “Dilo Tse di mo Lefatsheng”

8. “Dilo tse di mo lefatsheng” ke bomang, mme ba na le kamano efe le Jehofa?

8 Tsamaiso yone eo gape e dira gore go phuthiwe “dilo tse di mo lefatsheng.” Gone jaanong go phuthiwa batho ba le dimilionemilione ka tebelelo ya gore ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Fa ba ntse ba dira mmogo le masalela a baruaboswa ba Bogosi, ba galaletsa leina la ga Jehofa le go tlotlomatsa kobamelo ya gagwe. (Isaia 2:2, 3; Sefania 3:9) Gape ba bitsa Jehofa ba re “Rre” ka gonne ba dumela gore ke ene motswedi wa botshelo. Mme o ba amogela ka ntlha ya tumelo ya bone mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng. (Tshenolo 7:9, 14) Mme e re ka ba sa ntse ba sa itekanela, ba tla tsewa e le bana ba Modimo ka botlalo mo isagweng.

9. Baroma 8:21 e tshwaretse batho tsholofetso efe?

9 Bano ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng jaanong ba letile ka tlhoafalo ba letetse nako e ka yone dibopiwa tsa batho di tla ‘gololwang mo go nneng batlhanka ba go bola.’ (Baroma 8:21) Kgololo eo e tla diragala fa Keresete le masomosomo a gagwe a selegodimo a sena go wetsa pitlagano e kgolo ka konelo ya Haramagedona. Seno se tla felela ka gore go senngwe tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane ya dilo, mme go latele masego a Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete a busa mo Bogosing.—Tshenolo 19:17-21; 20:6.

10. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla opela pina efe ya pako?

10 A bo go tla nna monate jang ne fa batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng ba kopana mmogo go boeletsa mafoko a batlhanka ba gagwe ba ba kwa legodimong, ba ba bolelang jaana ka boipelo: “Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng. Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago, ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang? Gonne ditšhaba tsotlhe di tla tla di obama fa pele ga gago, ka gonne ditaelo tsa gago tse di siameng di bonaditswe.” (Tshenolo 15:3, 4) Ee, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tla utlwana mo kobamelong ya Modimo yo o esi wa boammaaruri. Le baswi tota ba tla tsosiwa ba bo ba newa sebaka sa go kopanela mo go tsholetseng mantswe a bone ba baka Jehofa.—Ditiro 24:15.

Kgololesego e e Gakgamatsang e Etla

11. Batho ba ba tla falolang pitlagano e kgolo ba tla nna le kgololesego efe e e gakgamatsang?

11 Fa pitlagano e kgolo e sena go tlosa boikepo mo lefatsheng ka konelo ya yone ya Haramagedona, Satane Diabolo ga a ne a tlhola a nna “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” Baobamedi ba ga Jehofa ga ba ne ba tlhola ba tshwanelwa ke go emelana le tlhotlheletso ya ga Satane e e bosula. (2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 20:1, 2) Bodumedi jwa maaka ga bo ne bo tlhola bo senya leina la ga Jehofa le go kgaoganya setšhaba sa batho. Batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ga ba ne ba tlhola ba direlwa tshiamololo le go jewa ntsoma ke babusi ba batho. A bo batho ba tla nna le kgololesego e e gakgamatsang jang ne!

12. Batho botlhe ba tla gololwa jang mo boleong le mo ditlamoragong tsa jone?

12 Jaaka “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe,” Jesu o tla dirisa boleng jwa setlhabelo sa gagwe go phimola maleo a batho. (Johane 1:29) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, e ne e re fa a itshwarela motho maleo a gagwe a supa seo ka go fodisa motho yo o itshwaretsweng. (Mathaio 9:1-7; 15:30, 31) Ka tsela e e tshwanang, Keresete Jesu, a setse a le Kgosi ya selegodimo ya Bogosi jwa Modimo, o tla fodisa ka kgakgamatso ba ba difofu, ba ba dimumu, ba ba susu, ba ba digole, ba ba lwalang tlhaloganyo le ba ba nang le bolwetse bope fela bo sele. (Tshenolo 21:3, 4) Batho botlhe ba ba kutlo ba tla bona “molao wa boleo” o fedisiwa gore dikakanyo tsa bone le ditiro tsa bone e nne tse di itumedisang bone le Modimo. (Baroma 7:21-23) Kwa bofelong jwa Mileniamo, ba tla bo ba dirilwe gore e nne batho ba ba itekanetseng, ba le mo ‘setshwanong le mo tshwanong’ ya Modimo yo o esi wa boammaaruri.—Genesise 1:26.

13. Kwa bokhutlong jwa Puso ya Mileniamo, Keresete o tla tsaya kgato efe, mme go tla felela ka eng?

13 Fa Keresete a sena go dira gore batho ba itekanele, foo o tla busetsa taolo kwa go Rraagwe e a neng a e neilwe gore a dire tiro eno: “[O] neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe.” (1 Bakorintha 15:24, 25) Puso ya Mileniamo ya Bogosi e tla bo e diragaditse boikaelelo jwa yone ka botlalo; ka jalo ga go ne go tlhola go tlhokega puso eno e e thusang gore e tswelele e le teng fa gare ga Jehofa le batho. Mme e re ka boleo le loso di tla bo di tloseditswe ruri le batho ba rekolotswe, ga go ne go tlhola go tlhokega gore Jesu e nne Morekolodi. Baebele e tlhalosa jaana: “Foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:28.

14. Batho botlhe ba ba itekanedisitsweng ba tla diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

14 Morago ga seno, batho ba ba itekanetseng ba tla newa sebaka sa go bontsha gore ba tlhopha go direla Modimo yo o esi wa boammaaruri ka bosakhutleng. Ka gone, pele Jehofa a ba tsaya jaaka bana ba gagwe ka tsela e e feletseng, o tla dira gore batho botlhe ba ba itekanetseng ba lekwe la bofelo. Satane le badimona ba gagwe ba tla gololwa mo moleteng. Seno ga se kitla se dira gore batho ba ba ratang Jehofa ka boammaaruri ba gobalele ruri. Mme bape fela ba ba itetlang gore ka go tlhoka boikanyegi ba gogelwe kwa go tlhokeng kutlo mo go Jehofa ba tla senyediwa ruri, mmogo le motsuolodi wa ntlhantlha le badimona ba gagwe.—Tshenolo 20:7-10.

15. Ke seemo sefe se se tla boang se nna teng gape mo dibopiweng tsotlhe tse di botlhale tsa ga Jehofa?

15 Go tswa foo Jehofa o tla itseela batho botlhe ba ba itekanetseng ba ka nako eo ya teko ya bofelo ba neng ba tshegetsa bolaodi jwa Modimo gore e nne bana ba gagwe. Go tloga ka nako eo go ya pele, ba tla nna le kgololesego ka botlalo e e galalelang ya bana ba Modimo ba le karolo ya lelapa la Modimo la lefatshe lotlhe. Dibopiwa tsotlhe tse di botlhale kwa legodimong le mo lefatsheng di tla boa gape di kopanela ka kutlwano mo go mo obameleng e le Modimo yo o esi wa boammaaruri. Boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla bo bo atlegile ka tsela e e galalelang! A o rata go nna karolo ya lelapa leo le le itumetseng, le le nnelang ruri, la lefatshe lotlhe? Fa go le jalo, re go kgothaletsa gore o tseye tsia se Baebele e se bolelang mo go 1 Johane 2:17: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”

Motlotlo wa Poeletso

• Pele ga botsuolodi jwa kwa Edene, baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba ne ba na le kamano efe le ene?

• Batho ba e leng batlhanka ba Modimo ba na le boikarabelo bofe?

• Ke bomang ba ba sa ntseng ba tla nna bana ba Modimo, mme seno se amana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le go obamela ka kutlwano?

[Setshwantsho mo go tsebe 190]

Batho ba ba kutlo ba tla ipelela botshelo mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela