Kgaolo 2
Setlhogo se Segolo sa Baebele
Go phutholola Dikwalo Masaitseweng a a mo bukeng ya Tshenolo ga a bolo go tlhakanya baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele tlhogo. Mo nakong ya Modimo e e tshwanetseng, masaitseweng ao a ne a tshwanelwa ke go rarabololwa, mme jang, leng, gape a rarabololelwa bomang? Ke moya wa Modimo fela o o neng o ka itsise tlhaloso jaaka lobaka lo atamela. (Tshenolo 1:3) Masaitseweng ao a a boitshepo a ne a tla senolelwa batlhanka ba Modimo ba ba tlhoafetseng mo lefatsheng e le gore ba tle ba tiisediwe go itsise dikatlholo tsa gagwe. (Mathaio 13:10, 11) Ga go tewe gore ditlhaloso tse di mo bukeng eno ga di na phoso. Fela jaaka Josefa wa bogologolo, re bua re re: “A diphuthololo ga se tsa Modimo?” (Genesise 40:8) Le fa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, re dumela ka botlalo gore ditlhaloso tse di kwadilweng mono di dumalana le Baebele yotlhe fela, di bontsha kafa polelelopele ya bomodimo e diragaditsweng ka teng ka mo go gakgamatsang mo ditiragalong tsa lefatshe tsa metlha ya rona e e diphatsa thata.
1. Boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa ke eng?
SEANE sa Baebele sa re: “Bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone.” (Moreri 7:8) Ke mo bukeng ya Tshenolo mo re balang teng kaga bofelo jo bo tsosang maikutlo jwa boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa jwa go itshepisa leina la gagwe mo lobopong lotlhe. Ke fela jaaka Modimo o ne wa bolela gangwe le gape ka mongwe wa baporofeti ba gagwe ba ntlha wa re: “Ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Esekiele 25:17; 38:23.
2. Ke kitso efe e e kgotsofatsang e Tshenolo, mmogo le dibuka tse dingwe tsa ntlha tsa Baebele, di re thusang go nna nayo?
2 Fela jaaka Tshenolo e tlhalosa go felela ga dilo ka phenyo, jalo re tlhalosediwa tshimologo ya tsone mo dibukeng tsa ntlhantlha tsa Baebele. Fa re tlhatlhoba rekoto eno, re kgona go tlhaloganya dikganetsano tse di kopanyelediwang mme re nne le pono ka kakaretso ya maikaelelo a Modimo. A bo seno se kgotsofatsa jang ne! Gape, se tshwanetse go re tlhotlheleletsa go tsaya kgato, e le gore re tle re nne le seabe mo isagweng e ntle e e letetseng batho. (Pesalema 145:16, 20) Fa re fitlha mo ntlheng eno, go lebega go tshwanela go sekaseka motheo le setlhogo sa Baebele yotlhe, e le gore re tle re nne re akantse kganetsano e kgolo eo setho sotlhe se lebaneng nayo jaanong, gammogo le boikaelelo jo bo tlhalositsweng sentle jwa Modimo jwa go rarabolola kganetsano eo.
3. Ke polelelopele efe mo bukeng ya Genesise e e thayang setlhogo sa Baebele yotlhe, go akareletsa le Tshenolo?
3 Buka ya ntlha ya Baebele, e bong Genesise, e bua ka ‘tshimologo’ gape e tlhalosa ditiro tsa Modimo tsa popo, go akareletsa le go wetsa popo ya gagwe ya selefatshe, ka go bopa motho. Gape Genesise e itsise polelelo pele ya ntlha ya bomodimo, e e neng ya bolelwa ke Modimo ka boene mo tshimong ya Edene dingwaga tse di ka nnang 6 000 tse di fetileng. Go ne go sa tswa go dirisiwa noga go raela mosadi wa ntlha, e bong Efa; go tswa foo ene o ne a gogela monna wa gagwe ka mafoko, e bong Adame, go kopanela le ene mo go tloleng molao wa ga Jehofa ka go ja ga “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Fa Modimo o ne o atlhola banyalani bao ba ba leofileng, o ne wa raya noga wa re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 1:1; 2:17; 3:1-6, 14, 15) Polelelopele eo e thaya setlhogo sa Baebele yotlhe, go akareletsa le Tshenolo.
4. (a) Morago ga Modimo o sena go bolela polelelopele ya ntlha, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba diragalelwa ke eng? (b) Go tsoga dipotso dife malebana le polelelopele eo ya ntlha, mme ke ka ntlhayang fa re tlhoka go itse dikarabo?
4 Morago fela ga go bolela polelelopele eo, Modimo o ne wa koba batsadi ba rona ba ntlha mo Edene. Ba ne ba sa tlhole ba ka lebelela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng; ba ne ba tla tshwanelwa ke go tshela matshelo a bone ka kwantle mo lefatsheng le le sa baakanngwang. Ka go bo ba ne ba atlholetswe loso, ba ne ba tla tshola bana ba ba leofileng. (Genesise 3:23–4:1; Baroma 5:12) Le fa go le jalo, polelelopele ya kwa Edene e kaya eng? Ke bomang ba ba kopanyelediwang? E nyalana jang le Tshenolo? E re tsholetse molaetsa ofe gompieno? E le gore re tle re gololesege ka borona mo diphelelong tsa tiragalo e e botlhoko e e neng ya dira gore Jehofa a bue polelelopele eo, go botlhokwa thata gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno.
Batho ba Botlhokwa mo Tiragalong Eo
5. Fa noga e sena go raela Efa, go ne ga diragalang malebana le bolaodi jwa Modimo le leina la gagwe, mme kganetsano eno e tla rarabololwa jang?
5 Polelelopele ya Genesise 3:15 e ne e bua le noga e e neng e akeditse Efa, e mo akantsha gore o ne a se kitla a swa fa a ka tlola molao mme o ne a tla ikemela ka nosi, e le modimogadi. Ka gone noga e ne ya dira Jehofa moaki ya ba ya bua ka boferefere gore batho ba ne ba ka tokafatsa seemo sa bone ka go gana puso ya Gagwe e kgolo. (Genesise 3:1-5) Bolaodi jwa ga Jehofa bo ne jwa gwetlhiwa mme a senngwa leina le lentle. Buka ya Tshenolo e tlhalosa kafa Moatlhodi yo o siameng, e bong Jehofa, a dirisang puso ya Bogosi jwa ga Morwawe, e bong Jesu Keresete ka teng, go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe le go phimola kgobo yotlhe mo leineng la gagwe.—Tshenolo 12:10; 14:7.
6. Tshenolo e tlhalosa yo o neng a bua le Efa ka noga jang?
6 Fa e le ka lefoko “noga,” a le lebisitswe fela mo nogeng ya mmatota? Le eseng! Tshenolo e re lemotsha setshedi sa moya se se itsegeng ka bosula se se neng se bua se dirisa noga eo. E ne e le “kgogela e kgolo . . . , noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni,” e e neng ya “faposa Efa ka boferefere jwa yone.”—Tshenolo 12:9; 2 Bakorintha 11:3.
7. Ke eng se se supang gore mosadi yo go buiwang ka ene mo go Genesise 3:15 ke wa semoya?
7 Morago ga seo Genesise 3:15 e bua ka “mosadi.” A yono e ne e le Efa? Gongwe o ne a akanya jalo. (Bapisa Genesise 4:1.) Mme bobaba jwa nako e telele gareng ga Efa le Satane bo ne jwa seka jwa kgonega fa Efa a ne a swa dingwaga tse di fetang 5 000 tse di fetileng. Gape, e re ka noga e Jehofa a neng a bua le yone e ne e le moya o o sa bonaleng, re tshwanetse go lebelela gore mosadi le ene ke wa semoya. Tshenolo 12:1, 2 e tlhomamisa seno, e supa gore mosadi yono wa tshwantshetso ke phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa ya dibopiwa tsa semoya.—Bona le Isaia 54:1, 5, 13.
Masika a Mabedi a a Ganetsanang
8. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go kgatlhegela thata se jaanong se buiwang kaga masika a mabedi?
8 Morago ga moo go buiwa ka masika a mabedi mo go Genesise 3:15. Re tshwanetse go a kgatlhegela thata, ka gonne a amana le kganetsano e kgolo ya gore ke mang yo o tshwanetseng go laola lefatshe leno. Seno se kopanyeletsa mongwe le mongwe wa rona, e ka ne re le basha kana re tsofetse. O rata losika lofe mo go ano?
9. Tota losika lwa noga lo akareletsa eng?
9 Sa ntlha, go na le losika, kana bana, ba noga. Lone ke eng? Tota le akareletsa dibopiwa tse dingwe tsa semoya tse di neng tsa ikopanya le Satane mo botsuoloding jwa gagwe mme bao la bofelo ba neng ba ‘piriganyediwa kwa tlase nae’ mo sebakeng sa lefatshe. (Tshenolo 12:9) E re ka Satane, kana Belesebube, e le “mmusi wa madimona,” go bonala sentle gore ke bone phuthego ya gagwe e e sa bonaleng.—Mareko 3:22; Baefeso 6:12.
10. Baebele e tlhalosa ba bangwe jang jaaka karolo ya losika lwa ga Satane?
10 Gape, Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa gagwe a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.” (Johane 8:44) Baeteledipele bao ba bodumedi, ka go ganetsa Morwa Modimo Jesu, ba ne ba bontsha gore le bone e ne e le bana ba ga Satane. E ne e le karolo ya losika lwa ga Satane, ba mo direla jaaka rraabone wa tshwantshetso. Batho ba bangwe ba bantsi mo hisitoring yotlhe ka go tshwana ba itshupile jalo ka go dira thato ya ga Satane, bogolo jang ka go ganetsa le go bogisa barutwa ba ga Jesu. Jaaka setlhopha, batho bano ba ka tlhalosiwa jaaka ba ba dirang phuthego e e bonalang ya ga Satane mo lefatsheng.—Bona Johane 15:20; 16:33; 17:15.
Losika Lwa Mosadi lo a Lemogiwa
11. Mo nakong ya makgolokgolo a dingwaga, Modimo o ne wa senola eng malebana le losika lwa mosadi?
11 Polelelopele e e mo go Genesise 3:15 kwa bokhutlong e bua ka losika lwa mosadi. Fa Satane a ne a ntse a oketsa losika lwa gagwe, Jehofa o ne a baakanyetsa “mosadi” wa gagwe, kana phuthego ya sekamosadi ya selegodimo, go tlhagisa losika. Mo dingwageng di ka nna 4 000, Jehofa o ne a senolela batho ba ba boifang Modimo ba ba kutlo dintlha tse di malebana le go tla ga losika ka go tlhatlologana. (Isaia 46:9, 10) Ka gone Aborahame, Isake, Jakobe le ba bangwe ba ne ba ka kgona go nna le tumelo mo tsholofetsong ya gore losika loo lo no lo tla tlhaga mo tlhatlhamanong ya bana ba bone. (Genesise 22:15-18; 26:4; 28:14) Satane le malatswathipa a gagwe gantsi ba ne ba bogisa batlhanka bao ba ga Jehofa ka ntlha ya tumelo ya bone e e sa reketleng.—Bahebera 11:1, 2, 32-38.
12. (a) Karolo ya konokono ya losika lwa mosadi e ne ya goroga leng mme ka tiragalo efe? (b) Losika loo lo ne lwa tlolediwa boikaelelo bofe?
12 Labofelo, mo ngwageng wa 29 wa motlha wa rona, monna yo o itekanetseng Jesu o ne a itere kwa Nokeng ya Joredane mme a kolobediwa. Koo Jehofa o ne a tlotsa Jesu ka moya o o boitshepo, a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Jesu o ne a lemogiwa koo jaaka yo o romilweng a tswa phuthegong ya Modimo ya semoya e e kwa legodimong. Gape o ne a tlodiwa jaaka yo o neng a tla nna Kgosi e e Tlhophilweng ya Bogosi jwa selegodimo jo bo neng bo tla tsosolosa puso mo lefatsheng lotlhe ka leina la ga Jehofa, ka gone a rarabololela ruri kganetsano e e kopanyeletsang puso, kana bolaodi. (Tshenolo 11:15) He, Jesu ke Ene wa konokono wa losika lwa mosadi, Mesia yo o boleletsweng pele.—Bapisa Bagalatia 3:16; Daniele 9:25.
13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela go re gakgamatsa go lemoga gore losika lwa mosadi e ne e se kitla e nna motho a le mongwe fela yo o tlhomologileng? (b) Modimo o tlhophile batho ba le kae mo bathong gore ba fetoge karolo ya bobedi ya losika loo, mme ba bopa phuthego ya mofuta ofe? (c) Ke bomang gape ba ba dirang mmogo le losika loo?
13 A losika lwa mosadi lo ne lo tla nna motho a le mongwe fela yo o tlotlegang? Ebu, go tweng ka losika lwa ga Satane? Baebele e tlhalosa losika lwa ga Satane jaaka lo lo akaretsang masomosomo a baengele ba ba bosula le batho ba ba tlontlololang Modimo. Ga go a tshwanela go re gakgamatsa, he, fa re ithuta kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go kgetha babolokabothokgami ba ba 144 000 mo bathong go tla ba nna babusimmogo ba baperesiti le Losika lwa Bomesia, e bong Jesu Keresete. Tshenolo e bua ka bano fa e re Diabolo, mo go ileng ga gagwe phuthego ya sekamosadi ya Modimo, o “ya go tlhabana ntwa le ba ba setseng ba losika lwa gagwe.”—Tshenolo 12:17; 14:1-4.
14 Mo Baebeleng, Bakeresete ba ba tloditsweng ba bidiwa bomorwarraa Jesu, mme jaaka bomorwarraagwe, Rraabone le mmaabone ba bangwe fela. (Bahebera 2:11) Rraabone ke Jehofa Modimo. Ka gone he, mmaabone e tshwanetse go nna “mosadi,” phuthego ya Modimo ya sekamosadi ya selegodimo. Ba fetoga karolo ya bobedi ya losika loo, Keresete Jesu e le karolo ya konokono ya lone. Phuthego ya Bakeresete bano ba ba tsetsweng ka moya mo lefatsheng e dira phuthego ya Modimo e e bonalang e e direlang tlase ga phuthego ya gagwe ya sekamosadi kwa magodimong, koo ba tla kopanngwang le Keresete Jesu teng fa ba tsosiwa mo losong. (Baroma 8:14-17; Bagalatia 3:16, 29) Le mororo ba se karolo ya losika, dimilione tsa ba dinku tse dingwe ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba kopanngwa mmogo go direla le phuthego ya Modimo mo lefatsheng. A o mongwe wa dinku tseno tse dingwe? He tsholofelo ya gago e e itumedisang ke botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Johane 10:16; 17:1-3.
Kafa Bobaba bo Simologileng ka Teng
15. (a) Tlhalosa kafa losika lwa ga Satane lwa batho le baengele lo nnileng gone ka teng. (b) Go ne ga diragala eng ka losika lwa ga Satane ka Morwalela wa motlha wa ga Noa?
15 Losika lwa ga Satane lwa batho lo ne lwa simolola go bonala go sa le gale mo hisitoring ya setho. Ka sekai, go ne go na le Kaine, motho wa ntlha go tsalwa, “yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe” e bong Abele. (1 Johane 3:12) Moragonyana, Enoke o ne a bua ka go tla ga ga Jehofa “le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) Mo godimo ga moo, baengele ba ba tsuololang ba ne ba kopana le Satane mme ba nna karolo ya losika lwa gagwe. Bano ‘ba ne ba se ka ba boloka boemo jwa bone’ kwa magodimong mme ba apara mebele ya senama, ba nyala bomorwadiabatho. Ba ne ba nna le bana ba lotsalo lo sele lwa diganka ba ba neng ba na le maatla a a fetang a batho. Lefatshe la nako eo le ne la tlala ka thubakanyo le bosula, mo Modimo o neng wa le senya ka Morwalela, Noa yo o ikanyegang le balelapa la gagwe e le bone fela batho ba ba neng ba falola. Baengele ba ba se nang kutlo—ba jaanong e leng badimona tlase ga taolo ya ga Satane—ba ne ba patelesega go tlogela basadi ba bone ba batho ba ba atlhotsweng le bana ba bone ba lotsalo lo sele. Ba ne ba apola mebele ya senama, ba boela kwa sebakeng sa moya koo ba letetseng go atlholwa ga ga Satane le losika lwa gagwe ke Modimo moo go atamelang ka potlako.—Jude 6; Genesise 6:4-12; 7:21-23; 2 Petere 2:4, 5.
16. (a) Ke modipa ofe yo o neng a nna gone morago ga Morwalela, mme o ne a itshupa a le karolo ya losika lwa ga Satane jang? (b) Modimo o ne wa phatlalatsa batho ba ba neng ba re ba aga kago e e godileng ya Babelona jang?
16 Ka bokhutshwane fela morago ga Morwalela o mogolo, go ne ga nna le modipa mongwe yo o neng a bidiwa Nimerode mo lefatsheng. Baebele e mo tlhalosa jaaka “motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa”—karolo ya losika lwa noga tota. Jaaka Satane, o ne a bontsha moya wa botsuolodi a ba a aga motse wa Babele, kana Babelona, a senya boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore batho ba aname ba tlale ka lefatshe. Kago e kgolo ya Babelona e ne e ka bo e nnile kago e e godileng thata “e bogodimo jwa yone bo fitlhang kwa magodimong.” Modimo o ne wa phatlalatsa batho ba ba neng ba tla aga kago e e godileng eo. O ne a tlhakatlhakanya puo ya bone mme “a ba gasamisetsa mo godimo ga lefatshe lotlhe” mme a seka a senya Babelona.—Genesise 9:1; 10:8-12; 11:1-9.
Go Simologa ga Mebuso ya Sepolotiki
17. Jaaka setho se ntse se ntsifala, ke tsamaiso efe e e bodileng ya batho e e neng ya nna gone, mme jalo, ke mebuso efe e megolo e e neng ya tsoga?
17 Mo Babelona go ne ga simologa mefuta ya mekgatlho ya batho e e neng e nyatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Mongwe wa eno e ne e le wa sepolotiki. Jaaka batho ba ntse ba ntsifala, bangwe ba bano ba ba boikgodiso ba ne ba latela sekao sa ga Nimerode ka go itseela marapo. Motho o ne a simolola go busa yo mongwe go mo utlwisa botlhoko. (Moreri 8:9) Ka sekai, mo metlheng ya ga Aborahame, Sodoma, Gomora, le metse e mengwe e e e dikologileng e ne ya busiwa ke dikgosi tsa Shinare le mafatshe a mangwe a a kgakala. (Genesise 14:1-4) Labofelo, batho ba ba tlhalefetseng ntwa le go rulaganyetsa dilo ba ne ba tlhoma mebuso e megolo go ikhumisa le go ikgalaletsa. Baebele e bua ka mengwe ya eno, jaaka Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, le Roma.
18. (a) Ke boikutlo bofe jo batho ba Modimo ba nang le jone tebang le babusi ba sepolotiki? (b) Ka dinako tse dingwe balaodi ba sepolotiki ba ile ba direla dikgatlhego tsa Modimo jang? (c) Babusi ba le bantsi ba itshupile ba le karolo ya losika lwa noga jang?
18 Jehofa o ne a nna pelotelele le mebuso eo ya sepolotiki, mme batho ba gagwe ba ne ba e neela kutlo e e tshwanetseng fa ba ne ba nna mo mafatsheng a a busiwang ke mebuso eno. (Baroma 13:1, 2) Ka dinako tse dingwe, balaodi ba sepolotiki ba ne ba tsweledisa maikaelelo a Modimo kana ba sireletsa batho ba gagwe. (Esere 1:1-4; 7:12-26; Ditiro 25:11, 12; Tshenolo 12:15, 16) Lefa go le jalo, babusi ba sepolotiki ba le bantsi ba nnile kgatlhanong le kobamelo ya boammaaruri mo go maswe, ba itshupa ba le karolo ya losika lwa noga.—1 Johane 5:19.
19. Mebuso ya lefatshe e tshwantshiwa le eng mo bukeng ya Tshenolo?
19 Puso ya motho ka kakaretso, e reteletswe fela thata ke go leretse rona batho boitumelo kana go rarabolola mathata a rona. Jehofa o letleletse setho go lekeletsa mofuta mongwe le mongwe wa puso, mme ga a amogele tsamaiso e e sa siamang kana tsela e mebuso e sa buseng batho sentle ka teng. (Diane 22:22, 23) Tshenolo e tshwantsha mebuso ya lefatshe e e gatelelang le sebatana se se boitshegang le se se ikgodisang.—Tshenolo 13:1, 2.
Bagwebi ba ba Bogagapa
20, 21. Ke setlhopha sefe sa bobedi se se tshwanetseng go akarediwa mo ‘balaoding ba sesole’ le “banna ba ba nonofileng” seo le sone e leng karolo ya losika lo lo boikepo lwa ga Satane, mme ka ntlhayang?
20 Ba ba ileng ba itsalanya thata le baeteledipele ba sepolotiki, e ne ya nna bagwebi ba ba sa ikanyegeng ba dithoto tse di bonalang. Direkoto tse di neng tsa epololwa mo maropeng a Babelona wa bogologolo di bontsha gore ditsamaiso tsa kgwebo tsa go sa utlwele batho ba ba humanegileng botlhoko di ne di tlwaelegile thata ka nako eo. Bagwebi ba lefatshe ba tsweletse ka go berekela poelo ya bogagapa go tla go fitlha mo motlheng ono, fa mo mafatsheng a mantsi ba sekae ba humile fela thata mme bontsi jwa batho ba gateletswe ke khumanego. Mo motlheng ono wa kgwebo e kgolo, bagwebi le badiri ba dithoto ba boetswe thata ka go direla babusi ba sepolotiki dibetsa tse dintsintsi tse di maswe tsa sesole tse di senyang, go akareletsa le dibetsa tse di ganyaolang tse di tshwentseng batho ba le bantsi. Bommampodi bano ba kgwebo ba ba pelotshetlha le ba bangwe ba mofuta wa bone ba tshwanetse go akarediwa mo ‘balaoding ba sesole’ le “banna ba ba nonofileng” jaaka ba ba leng losika lwa ga Satane lo lo boikepo. Botlhe ke karolo ya phuthego ya selefatshe e Modimo le Keresete ba e atlholang e le e e tshwanetseng go senngwa.—Tshenolo 19:18.
21 Mo godimo ga boradipolotiki ba ba bodileng le bagwebi ba ba pelotshetlha go tshwanetse ga tsenngwa karolo ya boraro ya mokgatlho wa setho e e tshwanetsweng ke katlholo e e botlhoko ya Modimo. Ke efe eo? O ka nna wa gakgamadiwa ke se Tshenolo e se bolelang kaga mokgatlho ono wa lefatshe lotlhe.
Babelona o Mogolo
22. Go ne ga tsoga bodumedi jwa mofuta ofe mo Babelona wa bogologolo?
22 Go agiwa ga Babelona wa ntlha go ne ga seka ga felela fela mo polotiking. E re ka motse oo o ne o tlhomilwe ka ntlha ya go nyatsa bolaodi jwa ga Jehofa, bodumedi bo ne jwa kopanyelediwa. Tota, Babelona wa bogologolo e ne ya nna motswedi wa bodumedi jwa kobamelo ya medimo ya disetwa. Baperesiti ba gagwe ba ne ba ruta dithuto tse di tlontlololang Modimo, tse di tshwanang le go tshela ga moya wa motho morago ga loso le gore o felela kwa lefelong le le tshosang le le laolwang ke badimona. Ba ne ba kgothaletsa kobamelo ya dibopiwa le ya medimo e mentsintsi le medimo ya sesadi. Ba ne ba bopa ditlhamane go tlhalosa tshimologo ya lefatshe le motho yo o mo go lone mme ba dira meletlo le ditlhabelo tse di tlontlololang, tse go neng go tsewa gore di tlhomamisa go tsholwa ga bana le pholo ya mabele, le go fenya mo ntweng.
23. (a) Fa batho ba ntse ba anama go tswa mo Babelona, ba ne ba tsamaya ka eng, mme ka matswela afe? (b) Tshenolo e bitsa mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka ka leina lefe? (c) Bodumedi jwa maaka bo nnile jwa lwantshana le eng ka metlha yotlhe?
23 Jaaka ditlhopha tse di farologaneng tsa dipuo di anama le lefatshe go tswa kwa Babelona, ba ne ba tsamaya ka bodumedi jwa Sebabelona. Ka gone, mediro le ditumelo tse di tshwanang le tsa Babelona wa bogologolo di ne tsa ntsifala mo baaging ba ntlha ba Yuropa, Afrika, dinaga tsa Amerika, Botlhaba jo bo Kgakala, le Mawatle a a kwa Borwa; mme bontsi jwa ditumelo tseno di sa ntse di le teng le gompieno. Ka tshwanelo, he, Tshenolo e bua ka mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka jaaka motse o o bidiwang Babelona o Mogolo. (Tshenolo, dikgaolo 17, 18) Gongwe le gongwe kwa bodumedi jwa maaka bo jadilweng teng, bo tlhagisitse baruti ba ba gatelelang, tumelobotlhodi, botlhokakitso, le boitsholo jo bo maswe. E nnile sedirisiwa se se maatla sa ga Satane. Ka metlha Babelona o Mogolo o ile a lwantshana fela thata le kobamelo ya boammaaruri ya Molaodimogolo Jehofa.
24. (a) Noga e ne ya kgona jang go kgoba serethe sa Losika lwa mosadi? (b) Ke ka ntlha yang fa go utlwisiwa botlhoko ga losika lwa mosadi go tlhalosiwa e le ntho fela e e mo seretheng?
24 Bakwadi le Bafarasai ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, jaaka karolo e e bosula go di feta tsotlhe ya losika lwa noga, ba ne ba etelela pele mo go bogiseng mme labofelo ba bolaya moemedi wa konokono wa losika lwa mosadi. Ka gone, noga e ne ya kgona go “gobatsa [“losika” loo] mo seretheng.” (Genesise 3:15; Johane 8:39-44; Ditiro 3:12, 15) Ke ka ntlha yang fa seno se tlhalosiwa jaaka ntho fela e e mo seretheng? Ke ka gonne go bolaesega mono go ne ga mo ama ka bokhutshwane fela mono lefatsheng. Go ne ga seka ga nnela ruri ka gonne Jehofa o ne a tsosa Jesu mo losong mo letsatsing la boraro mme a mo tlhatlosetsa kwa botshelong jwa semoya.—Ditiro 2:32, 33; 1 Petere 3:18.
25. (a) Jesu yo o galaleditsweng o setse a tsere kgato kgatlhanong le Satane le baengele ba gagwe jang? (b) Losika lwa selefatshe lwa ga Satane lo tla tlosiwa leng? (c) Fa Losika lwa mosadi wa Modimo lo tapeta ‘tlhogo’ ya ga Satane, yo eleng noga, go tla bo go kaya eng?
25 Jesu Keresete yo o galaleditsweng jaanong o direla kafa letsogong le legolo la Modimo, a atlhola baba ba ga Jehofa. O setse a tsere kgato kgatlhanong le Satane le baengele ba gagwe, ka go ba latlhela kwano tlase le go ba thibelela gore ba dire fela mo lefatsheng leno—seo eleng sone se bakileng mahutsana a a kanakana mo motlheng wa rona. (Tshenolo 12:9, 12) Mme go tla nna le go tlosiwa ga losika lwa selefatshe lwa ga Satane mo go boleletsweng pele fa Modimo o atlhola Babelona o Mogolo le dikarolo tsotlhe tse dingwe tsa phuthego ya ga Satane mo lefatsheng. Kwa bokhutlong, Losika lwa mosadi wa Modimo, e bong Jesu Keresete, lo tla tapeta ‘tlhogo’ ya ga Satane, e leng noga e e boferefere eo ya bogologolo, mme seo se tla raya go nyelelediwa ruri ga gagwe le go tlosiwa gotlhelele ga gagwe mo mererong ya setho.—Baroma 16:20.
26. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata gore re sekaseke polelelopele e e mo go Tshenolo?
26 Sotlhe seno se tla diragala jang? Ke sone se re se senolelwang mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Re se senolelwa ka metseletsele ya diponatshegelo, tse di bontshiwang ka ditshupo le ditshwantsho tse di tsosang maikutlo. A re tlhatlhobiseng polelelopele eno e e maatla ka tlhoafalo. A bo re ka itumela jang ne fa re utlwa re bo re diragatsa mafoko a Tshenolo! Ka go dira jalo, re tla nna le seabe mo go leretseng leina la Molaodimogolo Jehofa tlotlo re bo re rua boswa jwa masego a gagwe a a sa feleng. Tsweetswee tswelela pele o bale mme ka botlhale o dirise se o se ithutang. Go ka raya poloko mo go wena mo nakong eno ya bowelo jwa ditiragalo tsa setho.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]
Direkoto tsa ditirisano tsa bogologolo tsa kgwebo ka mokwalo wa dimapo
Buka ya Ancient Near Eastern Texts, e e kwadilweng ke James B. Pritchard, e na le lenaneo la melao e e ka nnang 300 e e kwadilweng ke Hammurabi mo metlheng ya Babelona. Eno e bontsha gore go ne go tlhokega gore go itsisiwe go sa ikanyegeng mo go papametseng mo go bonalang go ne go le teng mo bagwebing ba metlha eo. Sekai se le sengwe fela ke se: “Fa motlotlegi mongwe a ne a reka kana a amogela go boloka selefera kana gouta kana lekgoba la monna kana la mosadi kana kgomo kana nku kana esela kana sengwe sa mofuta ope fela mo ngwaneng wa mosimane wa motlotlegi mongwe kana lekgoba la motlotlegi mongwe kwantle ga basupi kana ditumalano dipe, e re ka motlotlegi yoo e le legodu, o tshwanetse go bolawa.”