LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 6/1 ts. 9-14
  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Boporofeti bo se Kayang
  • “Bobaba fa Gare ga Gago le Mosadi”
  • Go Tlhoa Losika Lwa Mosadi wa Modimo
  • Go Senolwa ga Losika Lwa Noga mo Motlheng wa Gompieno
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Setlhogo se Segolo sa Baebele
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Yo Baporofeti Botlhe ba Neileng Bosupi ka Ene
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Go Senola Noga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 6/1 ts. 9-14

Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?

“Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe.”—GENESISE 3:15.

1. (a) Ke eng fa Jehofa e le Modimo o o itumetseng? (b) O dirile eng se se tla dirang gore re kgone go itumela le ene?

JEHOFA ke Modimo o o itumetseng le gone o na le lebaka le le utlwalang la go itumela. Ke ene Moabi yo mogolo le yo o botlhokwa wa dilo tse di molemo go feta botlhe, e bile ga go na sepe se se ka kgoreletsang gore maikaelelo a gagwe a diragadiwe. (Isaia 55:10, 11; 1 Timotheo 1:11; Jakobe 1:17) O batla gore batlhanka ba gagwe ba itumele le ene, e bile o ba naya mabaka a a utlwalang a gore ba dire jalo. Ka jalo, ka nako e e hutsafatsang go di feta tsotlhe mo hisitoring ya motho—ya botsuolodi jwa kwa Etene—o ne a re baakanyetsa gore re nne le tsholofelo ka isagwe.—Baroma 8:19-21.

2. Fa Jehofa a ne a atlhola ditsuolodi tsa kwa Etene, o ne a baakanyetsa bana ba ga Atame le Efa jang gore ba nne le sengwe se se ba nayang tsholofelo?

2 Mongwe wa barwa ba ga Jehofa ba moya o ne a sa tswa go itira Satane Diabolo ka go ganetsa Modimo le go mo seba ka tsela ya go mo senya. Batho ba ntlha, Efa, a bo a latelwa ke Atame, ba ne ba iteseleditse gore a ba tlhotlheletse mme ba tlola molao o Jehofa a neng a o boletse ka phepafalo. Ba ne ba atlholelwa loso ka tshwanelo. (Genesise 3:1-24) Lefa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a atlhola ditsuolodi tseno, o ne a baakanyetsa bana ba ga Atame le Efa gore ba nne le sengwe se se ba nayang tsholofelo. Jang? Jaaka go kwadilwe mo go Genesise 3:15, Jehofa o ne a re: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” Boporofeti joo bo thusa go tlhaloganya Baebele yotlhe mmogo le ditiragalo tse di fetileng le tsa gone jaanong tse di akaretsang lefatshe mmogo le batlhanka ba ga Jehofa.

Se Boporofeti bo se Kayang

3. Jaaka ba umakilwe mo go Genesise 3:15, tlhalosa gore go tewa mang fa go twe (a) Noga, (b) “mosadi,” (c) “losika” lwa Noga, (d) “losika” lwa mosadi.

3 Gore o tlhaloganye se bo se kayang, tlhatlhoba dikarolo tse di farologaneng tsa boporofeti jono. Yo go buiwang le ene mo go Genesise 3:15 ke Noga—e seng noga ya maemo a a kwa tlase mme yo o neng a e dirisa. (Tshenolo 12:9) “Mosadi” ga se Efa mme ke mokgatlho wa ga Jehofa wa selegodimo, mmaagwe batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya ba ba mo lefatsheng. (Bagalatia 4:26) “Losika” lwa Noga ke losika lwa ga Satane, bana ba gagwe—badimona le batho mmogo le mekgatlho ya batho e e nang le mekgwa ya ga Satane e bile e bontsha gore e tlhoile “losika” lwa mosadi. (Johane 15:19; 17:15) “Losika” lwa mosadi segolobogolo ke Jesu Keresete, yo o neng a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E. Ba ba 144 000, ba ba ‘tsalwang sesha . . . ka metsi le ka moya’ ba gape e leng baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo le Keresete, ke karolo ya bobedi ya losika lono lo lo solofeditsweng. Ba ne ba simolola go tsenngwa mo losikeng lwa mosadi go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele.—Johane 3:3, 5; Bagalatia 3:16, 29.

4. Genesise 3:15 e umaka jang gore lefatshe le tla nna paradaise, le tletse ka batho ba ba senang boleo le loso?

4 Noga ya mmatota ya kwa Etene e ne e buisiwa ke ene yo tsietso ya gagwe e neng ya dira gore batho ba latlhegelwe ke Paradaise. Genesise 3:15 e ne ya tlhalosa go sa le gale ka nako ya fa ene yo o dirisitseng noga a tla bo a fedisiwa ka yone. Morago ga moo batlhanka ba Modimo ba batho ba tla bo ba na le sebaka gape sa go nna mo Paradaiseng, go sena boleo le loso. A bo eo e tla nna nako e e itumedisang jang ne!—Tshenolo 20:1-3; 21:1-5.

5. Ke mekgwa efe e e tlhaolang bana ba semoya ba ga Diabolo?

5 Morago ga botsuolodi jwa kwa Etene, go ne ga simolola ga nna le batho le mekgatlho e e neng e itshupa fa e na le mekgwa e e tshwanang le ya ga Satane Diabolo—botsuolodi, go aka, go seba le go bolaya, mmogo le go nna kgatlhanong le thato ya ga Jehofa le batho ba ba obamelang Jehofa. Mekgwa eo e ne e tlhaola bana, bana ba semoya, ba ga Diabolo. Mongwe wa bone e ne e le Kaine, yo o neng a bolaya Abele fa Jehofa a ne a rata kobamelo ya ga Abele go na le ya ga Kaine. (1 Johane 3:10-12) Nimerote e ne e le mongwe yo tota le leina la gagwe le neng le mo tlhalosa fa e le motsuolodi yo o neng a nna motsomi yo o maatla le mmusi yo o kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:9) Gape go ne ga nna le magosi a bogologolo ka go tlhomagana ga one, go akaretsa le jwa Babilone, a na le ditumelo tse di tshegediwang ke puso tse di theilweng mo maakeng, e le magosi a a neng a gateletse baobamedi ba ga Jehofa ka tsela e e setlhogo.—Jeremia 50:29.

“Bobaba fa Gare ga Gago le Mosadi”

6. Satane o bontshitse mosadi wa ga Jehofa bobaba ka ditsela dife?

6 Mo nakong eno yotlhe, go ne go na le bobaba fa gare ga Noga le mosadi wa ga Jehofa, fa gare ga ga Satane Diabolo le mokgatlho wa ga Jehofa wa selegodimo wa dibopiwa tse di ikanyegang tsa moya. Bobaba jwa ga Satane bo ne jwa bonala fa a ntse a sotla Jehofa a ba a leka go thuba mokgatlho wa ga Jehofa wa selegodimo, a raela baengele gore ba tlogele manno a bone a a tshwanetseng. (Diane 27:11; Juta 6) Bo ne jwa bonala fa Satane a ne a dirisa badimona ba gagwe go leka go kgoreletsa baengele ba ba neng ba romilwe ke Jehofa. (Daniele 10:13, 14, 20, 21) Bo ne jwa bonala thata mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga fa Satane a ne a leka go senya Bogosi jwa ga Mesia fela fa bo tsalwa.—Tshenolo 12:1-4.

7. Ke eng fa baengele ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba tlhoa Noga ya tshwantshetso, mme ba ile ba ithiba ka tsela efe?

7 Gape mosadi wa ga Jehofa e leng setlhopha sa baengele ba ba ikanyegang, o ne a ila Noga ya tshwantshetso. Satane o ne a sentse leina le lentle la Modimo ka go mo seba; gape o ne a jadile dipelaelo tsa gore a dibopiwa tsotlhe tsa Modimo tse di botlhale, go akaretsa le baengele botlhe di ka nna di thokgame, gape o ne a leka thata go dira gore ba se ka ba ikanyega mo Modimong. (Tshenolo 12:4a) Baengele, ditšheruba le boserafa ba ba ikanyegang, ruri ba ne ba ka ikutlwa ba tlhoile ene yo o neng a itirile Diabolo le Satane. Lefa go ntse jalo, ba ile ba letela Jehofa gore a dire dilo ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe.—Bapisa Juta 9.

Go Tlhoa Losika Lwa Mosadi wa Modimo

8. Satane o ne a nna a butse matlho gore a bone mang?

8 Go ntse go le jalo, Satane o ne a ntse a butse matlho go bona Losika lo go neng go boleletswe pele ka lone lwa mosadi, lone lo Jehofa a neng a boletse gore lo tla tapeta Noga mo tlhogong. Fa moengele yo o tswang kwa legodimong a ne a itsise gore Jesu, yo o neng a tsholetswe kwa Bethelehema, e ne e le “Mmoloki, yo e leng Keresete Morena,” seo se ne se tlhomamisa tota gore o ne a tla nna Losika lo lo boleletsweng pele lwa mosadi.—Luke 2:10, 11.

9. Fa Jesu a sena go tsalwa, Satane o ne a bontsha bobaba jo bo setlhogo jang?

9 Bobaba jo bo setlhogo jwa ga Satane bo ne bo tla tloga bo bonala fa a ne a okisa balepadinaledi ba baheitane gore ba tseye loeto lo lo neng lwa ba isa pele kwa go Kgosi Herote kwa Jerusalema go tswa foo ba ya kwa Bethelehema kwa ntlong e ba neng ba fitlhela mosimanyana Jesu le mmaagwe e bong Marea kwa go yone. Nakwana fela morago ga foo, Kgosi Herote o ne a laela gore go bolawe basimane botlhe ba dingwaga tse pedi go ya kwa tlase, mo Bethelehema le mo mafelong a a gaufi le yone. Ka go rialo, Herote o ne a bontsha gore o ila Losika mo go maswe. Go bonala gore Herote o ne a itse sentle gore o ne a leka go bolaya ene yo o neng a tla nna Mesia. (Mathaio 2:1-6, 16) Hisitori e supela gore Kgosi Herote o ne a le bosula, a le boferefere e bile a rata go bolaya—go bontsha gore ruri e ne e le wa losika lwa Noga.

10. (a) Fa Jesu a sena go kolobediwa, Satane ka namana o ne a leka jang go kgoreletsa boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo malebana le Losika lo lo solofeditsweng? (b) Satane o ne a dirisa jang baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi go diragatsa maikaelelo a gagwe?

10 Fa Jesu a sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E. le fa Jehofa a sena go bua a le kwa legodimong a bolela gore Jesu ke Morwawe, Satane o ne a leka kgapetsakgapetsa go dira gore Jesu a ineele mo thaelong, ka go dira jalo a leka go kgoreletsa boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo malebana le Morwawe. (Mathaio 4:1-10) Fa a palelwa ke go dira seo, o ne a leka gape go dirisa barongwa ba batho go diragatsa maikaelelo a gagwe. Bangwe ba batho ba a neng a ba dirisa go leka go senya leina la ga Jesu e ne e le baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi. Ba ne ba dirisa maaka le tshebo e e senyang, mofuta wa dilo tse Satane a di dirisang ka namana. Fa Jesu a ne a raya mongwe yo o neng a sule mohama a re, “Nametsega, dibe tsa gago o di itshwaretswe,” bakwadi ba ne ba bolela fa Jesu a tlhapatsa, ba ise ba bo ba bone gore a monna yoo tota o ne a fodisitswe. (Mathaio 9:2-7) Fa Jesu a ne a fodisa batho ka Sabata, Bafarasai ba ne ba mo kgala ba re ga a tlotle molao wa Sabata mme ba rera go mmolaya. (Mathaio 12:9-14; Johane 5:1-18) Fa Jesu a ne a leleka badimona, Bafarasai ba ne ba mo latofatsa ka gore o dirisana le “Beelesebube kgosana ya mewa e e maswe.” (Mathaio 12:22-24) Fa Lasaro a sena go tsosiwa mo baswing, batho ba le bantsi ba ne ba dumela mo go Jesu, mme ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ne ba boa gape ba rera go mmolaya.—Johane 11:47-53.

11. Malatsi a le mararo pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a tlhalosa mang gore ke karolo ya losika lwa Noga, mme ka ntlha yang?

11 Le fa Jesu a ne a itse sentle gore ba ne ba rera eng, ka Nisane 11, 33 C.E., o ne a tsena mo teng ga tempele kwa Jerusalema a sa tshabe mme a fitlha a bolela katlholo ya bone phatlalatsa. Bakwadi mmogo le Bafarasai jaaka setlhopha ba ne ba bontshitse ka metlha gore ke batho ba mofuta ofe; ka jalo Jesu o ne a re: “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tswaletse batho bogosi jwa legodimo; gonne, lona ga lo tsene, le ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena.” Jesu o ne a bolela ka tlhamalalo gore ba ne ba le karolo ya losika lwa Noga, a re: “Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete?” (Mathaio 23:13, 33) Mafoko a gagwe a tsamaisana le se boporofeti bo neng bo se boletse mo go Genesise 3:15.

12, 13. (a) Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba ne ba bontsha bosupi jo bo oketsegileng jang jwa gore rraabone wa semoya e ne e le mang? (b) Ke mang yo o neng a inaakanya le bone? (c) Fela jaaka Genesise 3:15 e ne e boletse, Losika lwa mosadi lo ne lwa longwa serethe jang?

12 Fa ba utlwa mafoko a ga Jesu, a ba ne ba utlwa botlhoko thata, mo ba neng ba kopa gore Modimo o ba utlwele botlhoko? A ba ne ba ikwatlhaela boikepo jwa bone? Nnyaa! Mareko 14:1 e bega gore ka letsatsi le le latelang fela, kwa pokanong nngwe mo lelwapaneng la moperesiti yo mogolo, “ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba batla ka fa ba ka . . . tshwarang [Jesu] ka teng ka bolotsana, go mmolaya.” Ba ne ba tswelela pele ba bontsha moya wa go rata go bolaya wa ga Satane, yo Jesu a neng a kile a mo tlhalosa fa e le mmolai. (Johane 8:44) Ka bonako fela Jutase Isekariote, yo Satane a neng a mo raetse gore a nne motenegi, o ne a inaakanya le bone. Jutase o ne a tlogela Losika lwa mosadi wa Modimo lo lo senang molato mme a inaakanya le losika lwa Noga.

13 Ka makuku a moso wa Nisane 14, maloko a kgotla ya bodumedi ya Bajuta a ne a tsaya Jesu e le legolegwa a mo isa kwa mmusing wa Roma. Jaanong ditlhogo tsa baperesiti ke tsone tse di neng tsa etelela pele tsa goeletsa gore a bapolwe. Fa Pilato a ne a botsa a re, “A ke tlaa bapola kgosi ya lona?” ditlhogo tsa baperesiti ke tsone tse di neng tsa fetola di re, “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.” (Johane 19:6, 15) Eleruri ba ne ba supa ka ditsela tsotlhe gore ba ne ba le karolo ya losika lwa Noga. Mme ruri ba ne ba se bosi. Pego e e tlhotlheleditsweng e e mo go Mathaio 27:24, 25 e bega jaana: “Pilato . . . a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho ba bantsi.” Mme batho botlhe ba ne ba re: “Madi a gagwe a a nne mo go rona, le mo baneng ba rona.” Ka jalo Bajuta ba le bantsi ba kokomane eo ba ne ba itshupa ba le karolo ya losika lwa Noga. Jesu o ne a swa letsatsi leo le ise le bo le wele. Satane o ne a dirisitse losika lwa gagwe lo lo bonalang go loma Losika lwa mosadi wa Modimo mo seretheng.

14. Ke eng fa go longwa serethe ga Losika lwa mosadi go ne go sa kaye gore Satane o fentse?

14 A Satane o ne a fentse? Le eseng! Jesu Keresete o ne a fentse lefatshe e bile a fentse mmusi wa lone. (Johane 14:30, 31; 16:33) O ne a ile a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a swa. Loso lwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng lo ne lwa nna tlhwatlhwa ya thekololo e e neng e tlhokega go rekolola ditshwanelo tsa go tshela tse Atame a neng a di latlhile. Ka jalo o ne a dira gore go kgonege gore batho ba ba neng ba tla dumela mo thulaganyong eo e bile ba utlwa ditaolo tsa Modimo ba tshelele ruri. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Jehofa o ne a tsosa Jesu mo losong mme a mo neela botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. Ka nako e Jehofa a e beileng, Jesu o tla senya Satane gore a se tlhole a nna teng. Mo go Genesise 22:16-18, go bolelelwa pele gore Jehofa o tla direla malapa otlhe a a mo lefatsheng molemo, ao a tsayang kgato e e tlhokegang gore a bone masego ka Losika lo lo ikanyegang loo.

15. (a) Morago ga loso lwa ga Jesu, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tswelela pele ba senola losika lwa Noga jang? (b) Losika lwa Noga lo ntse lo bontsha letlhoo le le tswelelang pele jang tota le mo motlheng wa rona?

15 Morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba tswelela pele ba senola losika lwa Noga, jaaka Morena wa bone a ne a dirile. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo gore a tlhagise kaga “monna wa boleo” yo o neng a tla nna teng “ka fa go direng ga Satane.” (2 Bathesalonika 2:3-10) “Monna” yono yo e leng setlhopha o itshupile e le baruti ba Labokeresete. Ka tsela e e tshwanang, losika lwa Noga lo ne lwa bogisa balatedi ba ga Jesu Keresete ka tsela e e setlhogo. Mo boporofeting jo bo kwadilweng mo go Tshenolo 12:17, moaposetoloi Johane o ne a bolelela pele gore Satane o ne a tla tswelela pele a lwa kgatlhanong le masalela a losika lwa mosadi wa Modimo go fitlha mo motlheng wa rona. Go ntse go diragala fela jalo. Kwa dinageng di le dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thibelwa, ba tlhaselwa ke digopa, ba tsenngwa mo kgolegelong, kana ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go ema ba nitame ba emetse Bogosi jwa Modimo le ditsela tsa gagwe tsa tshiamo.

Go Senolwa ga Losika Lwa Noga mo Motlheng wa Gompieno

16. Mo metlheng ya segompieno, ke bomang ba ba ileng ba senolwa e le karolo ya losika lwa Noga, mme jang?

16 Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba etsa Jesu Keresete ba sa repise letsogo fa ba ntse ba senola Noga le losika lwa gagwe ba sa boife. Ka 1917, Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, ba ne ba gatisa buka ya The Finished Mystery, e mo go yone ba neng ba senola boitimokanyi jwa baruti ba Labokeresete. Morago ga moo, ka 1924, go ne ga gatisiwa maitlamo a setlhogo se se reng Ecclesiastics Indicted. Go ne ga anamisiwa dikhopi di le dimilione di le 50 mo ditšhabeng tsotlhe. Ka 1937, J. F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a neela dipuo tse di maatla tse di senolang losika lwa ga Satane tsa ditlhogo tse di reng “O Senotswe” le “Bodumedi le Bokeresete.” Ngwaga o o latelang, o ne a neela puo e e reng “Lebana le Boammaaruri,” a dirisa tsamaiso ya go anamisa tshedimosetso ka thelefouno a le kwa Lontone, Engelane, go reeditse batho mo mafelong a le 50 a dikopano kwa dinageng tse di farologaneng. Morago ga kgwedi, tsamaiso e kgolo ya radio kwa United States e ne ya gasa puo e e reng “Puso ya Bo-Fascist kana Kgololesego.” Di ne tsa patiwa ke go senolwa mo go maatla mo dibukeng tse di jaaka Enemies le Religion mmogo le mo bukaneng ya Uncovered. Go dumalana le se se neng se gatisitswe fa e sale ka bo1920, buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!,a e jaanong e gatisiwang ka dipuo di le 65, e tlhalosa fa babusi ba bopolotiki ba ba bosula le babapatsi ba ba bogagapa ba ba sa lateleng molao e le bangwe ba maloko a botlhokwa thata a losika lo lo bonalang lwa Noga. Fa baeteledipele ba bopolotiki ba nnela go bua maaka gore ba fapose balatedi ba bone, ba sa tseye gore madi a boitshepo, gape ba gatelela batlhanka ba ga Jehofa (ka jalo ba bontsha gore ba ila losika lwa mosadi wa Modimo), eleruri ba itshupa ba le karolo ya losika lwa Noga. Go ntse fela jalo le ka babapatsi bao ba buang maaka gore ba tle ba bone madi le ba ba dirang kana ba rekisa dilo tse go itsiweng sentle gore di baka bolwetse, mme digakolodi tsa bone di sa ba tshwenye.

17. Batho ba maemo ba ba ka tswang mo tsamaisong ya lefatshe ba santse ba na le sebaka sefe?

17 Ga se mongwe le mongwe yo o amilweng ke bodumedi jwa lefatshe, bopolotiki, kana papadi ya lone yo o tla tsewang a le karolo ya losika lwa Noga kwa bofelong. Bangwe ba banna le basadi bano ba simolola go rata Basupi ba ga Jehofa. Ba dirisa maemo a bone go ba thusa, mme fa nako e ntse e ya ba amogela kobamelo ya boammaaruri. (Bapisa Ditiro 13:7, 12; 17:32-34.) Batho botlhe ba ba ntseng jalo ba lalediwa jaana: “Ke gone jaana tlhalefang, lona dikgosi; lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe. Direlang Jehofa ka poifo, mme lo itumele ka tlakaselo. Atlang morwa, gore e se re gongwe a galefa, mme lwa nyelela mo tseleng, gonne bogale jwa gagwe bo tlaa akofa bo tuka. Go sego bone botlhe ba ba mo ikanyang.” (Pesalema 2:10-12) Eleruri, go botlhokwa gore batho botlhe ba ba eletsang go ratiwa ke Jehofa ba tseye kgato gone jaanong, pele Moatlhodi wa selegodimo a thiba ka bofefo sebaka sa gore ba ka dira jalo!

18. Lefa ba se karolo ya losika lwa mosadi, ke bomang ba lefa go ntse jalo e leng baobamedi ba ga Jehofa?

18 Batho ba ba tla bopang Bogosi jwa selegodimo ke bone fela ba leng karolo ya losika lwa mosadi. Palo ya bone e potlana. (Tshenolo 7:4, 9) Lefa go ntse jalo, go na le boidiidi jo bogolo jwa ba bangwe, ee, dimilione tsa bone, bao jaaka baobamedi ba ga Jehofa ba lebeletseng pele go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ka mafoko a bone mmogo le ka ditiro tsa bone, ba raya batlodiwa ba ga Jehofa ba re: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.”—Sekaria 8:23.

19. (a) Batho botlhe ba tshwanetse ba dira tlhopho efe? (b) Ke bomang segolobogolo ba ba lalediwang ka bopeloephepa gore ba dire ka botlhale go santse go na le sebaka?

19 Jaanong ke nako ya gore batho botlhe ba tlhophe. A ba batla go obamela Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe, kana ba tlile go lesa Satane gore a ba buse ka gore ba dire dilo tse di mo itumedisang? Batho ba ka nna dimilione tse tlhano ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba eme kafa letlhakoreng la ga Jehofa, ba dirisana le ba ba setseng ba losika lwa mosadi, baruaboswa ba Bogosi. Batho ba bangwe ba le dimilione tse robedi ba ile ba bontsha gore ba kgatlhegela go ithuta Baebele le bone kana go nna teng kwa dipokanong tsa bone. Basupi ba ga Jehofa ba raya batho botlhe ba ba ntseng jalo ba re: Sebaka se santse se bulegile. Emang le Jehofa lo sa okaoke. Dumelang gore Keresete Jesu ke Losika lo lo solofeditsweng. Kopanelang ka boitumelo le mokgatlho o o bonalang wa ga Jehofa. E kete o ka itumelela masego otlhe ao A tla a lereng a dirisa puso ya Kgosi, Keresete Jesu.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o a Gakologelwa?

◻ Noga e e umakilweng mo go Genesise 3:15 ke mang? Mme mosadi ke mang?

◻ Ke mekgwa efe e e tshwayang losika lwa Noga?

◻ Jesu o ne a senola jang losika lwa Noga?

◻ Ke bomang ba ba ileng ba senolwa e le karolo ya losika lwa Noga mo metlheng ya segompieno?

◻ Ke kgato efe e e tshwanetseng ya tsewa ka potlako go tila go tsewa o le karolo ya losika lwa Noga?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a senola baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi a re ke karolo ya losika lwa Noga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela