Kgaolo 3
Dilo Tse di Tla Akofang di Diragala
1. O ka falola tiragatso ya katlholo ya Modimo mo lefatsheng leno jang?
O TSHWANETSE go amega thata ka ditiragalo tsa lefatshe gompieno. Ka ntlha yang? Ka gonne lefatshe leno ga le na go falola katlholo ya Modimo. Mme wena o ka e falola. O ka dira seno ka go sa nne ‘karolo ya lefatshe’ le le atlholetsweng tshenyego. Seno ga se reye gore o tshele botshelo jo bo gagametseng, jwa boitlami. Se raya gore fa o ntse o ipelela botshelo jo bo phepa, jo e seng jwa lefela, o ikgaoganye le thulaganyo e e bodileng ya dipolotiki, papadi ya bogagapa, le bodumedi jo bo tlontlololang Modimo, mmogo le boitshwaro jwa bothubaki le jwa boitsholo jo bo sa siamang. Ka nako e e tshwanang, o tshwanetse go latela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo tsa boitshwaro le go batla go dira thato ya gagwe. (Johane 17:14-16; Sefania 2:2, 3; Tshenolo 21:8) Buka ya Baebele ya Tshenolo e bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore o iteke mo dintlheng tseno, o dira diphetogo tse di tlhokegang mo tseleng ya gago ya botshelo.
2. Moaposetoloi Johane o simolola polelelopele e e molemo ya buka ya Tshenolo jang, mme Modimo o ne wa naya mang molaetsa ono o o bokete?
2 Moaposetoloi Johane o simolola polelelopele eno e e molemo ka mafoko a a reng: “Tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo a neng a e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala.” (Tshenolo 1:1a) Jalo Jesu Keresete yo o tsositsweng ke ene yo o neng a amogela molaetsa ono o o bokete o o tswang kwa Modimong. Se se farologaneng thata le go nna karolo ya Tharonngwe ya masaitseweng, mono go bontshiwa fa Jesu a le kafa tlase ga Rraagwe. Ka tsela e e tshwanang, “batlhanka” ba ba dirang phuthego ya Bokeresete ba kafa tlase ga ga Jesu Keresete, mo ba ‘mo salang morago go sa kgathalesege gore o ya kae.’ (Tshenolo 14:4; Baefeso 5:24) Mme ke bomang gompieno bao ruri ba leng “batlhanka” ba Modimo, mme e bile Tshenolo e ba solegela molemo jang?
3. (a) “Batlhanka” ba ba utlwang Jesu Keresete ke bomang? (b) “Batlhanka” bano ba ba ikanyegang ba dira tiro efe ka kaelo ya baengele?
3 Moaposetoloi Johane, yo o kwadileng Tshenolo, o itlhalosa jaaka motlhanka wa go nna jalo. O ne a le moaposetoloi wa bofelo yo o setseng a bile a le mongwe wa setlhopha se se tloditsweng ka moya se se tlhophilweng sa “batlhanka” ba ba ruang botshelo jwa bosasweng kwa magodimong. Gompieno, go na le dikete di sekae fela tsa bano ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Modimo o na le batlhanka ba bangwe, gape, boidiidi jo bogolo jwa bone, banna, basadi, le bana, ba jaanong ba leng dimilione. Bano, ka kaelo ya baengele, ba kopanela le “batlhanka” ba ba tloditsweng mo go boleleleng setho sotlhe dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng. Ao, a bo “batlhanka” bano botlhe ba iteka jang ne e le gore ba thuse bapelonomi ba ba mo lefatsheng go bona poloko! (Mathaio 24:14; Tshenolo 7:9, 14; 14:6) Tshenolo e bontsha se o tshwanetseng go se dira gore o solegelwe molemo ke dikgang tse di molemo tseno tse di itumedisang.
4. (a) E re ka go fetile dingwaga di feta 1 900 fa e sale Johane a kwala buka ya Tshenolo, o ne a ka bua jang ka “dilo tse di tla akofang di diragala”? (b) Jaanong bosupi bo bontsha eng ka dilo tse di boleletsweng pele?
4 Le fa go le jalo, Johane o ne a ka bua jang a re “batlhanka” bano ba ne ba tla bontshiwa “dilo tse di tla akofang di diragala”? A mafoko ao ga a buiwa mo e ka nnang dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng? Go ya ka pono ya ga Jehofa, yoo mo matlhong a gagwe dingwaga tse di sekete di ntseng jaaka “maabane fa a fetile,” dingwaga tse 1 900 ke nako e khutshwane fa di bapisiwa le nako e telele e a e dirisitseng fa a ne a bopa le go baakanya lefatshe gore le tle le nniwe ke batho. (Pesalema 90:4) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka ‘go lebelela ga gagwe ka tlhoafalo le tsholofelo,’ ka gonne kwantle ga pelaelo go diragala ga tuelo ya gagwe go ne go lebega go le gaufi mo go ene. (Bafilipi 1:20) Le fa go ntse jalo, gompieno go na le bosupi jo bontsi jwa gore dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele di tla diragala ka tsela e di rulaganyeditsweng ka yone. Ga go ise go ko go diragale mo hisitoring gore setho se bo se le mo kotsing ya go nyelela jaana. Ke Modimo fela yo o nang le tharabololo!—Isaia 45:21.
Thulaganyo ya go Fetisa Molaetsa
5. Tshenolo e ne ya bolelelwa moaposetoloi Johane mme go tswa foo ya bolelelwa diphuthego jang?
5 Tshenolo 1:1b, 2 e tswelela jaana: “[Jesu] a roma moengele wa gagwe mme ka ene a . . . neela motlhanka wa gagwe Johane [Tshenolo eno] ka ditshupo, yo o neng a naya bosupi ka lefoko le Modimo a le neileng le ka bosupi jo Jesu Keresete a bo neileng, le ka dilo tsotlhe tse a di boneng.” Ka gone, Johane o ne a amogela rekoto e e tlhotlheleditsweng mo morongweng wa moengele. O ne a e kwala mo lokwalong, a e fetisetsa kwa diphuthegong tsa motlha wa gagwe. Re itumelela gore Modimo o ne wa e boloka gore e kgothatse diphuthego tse di batlang di tshwara 100 000 tsa batlhanka ba gagwe ba ba utlwanang mo lefatsheng gompieno.
6. Jesu o ne a tlhalosa jang thulaganyo e a neng a tla e dirisa go abela ‘batlhanka’ ba gagwe dijo tsa semoya gompieno?
6 Modimo o ne o na le thulaganyo e o neng o e dirisa go bolela Tshenolo mo motlheng wa ga Johane, mme Johane o ne a le karolo ya thulaganyo eo mo lefatsheng. Ka go tshwana, Modimo o na le thulaganyo e a e dirisang go abela “batlhanka” ba gagwe dijo tsa semoya gompieno. Mo polelelongpele ya gagwe e kgolo malebana le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, Jesu o ne a tlhalosa karolo ya mo lefatsheng ya thulaganyo eno a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale . . . yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:3, 45-47) O dirisa setlhopha seno sa Johane mo go tlhaloseng se se kaiwang ke polelelopele eo.
7. (a) Ditshupo tse di fitlhelwang mo go Tshenolo di tshwanetse go re ama jang? (b) Bangwe ba setlhopha sa Johane ba nnile le seabe mo tiragatsong ya diponatshegelo tsa Tshenolo ka lobaka lo lo kana kang?
7 Moaposetoloi Johane o kwadile gore Jesu o ne a neela Tshenolo “ka ditshupo,” kana ditshwantsho. Tseno di bonala sentle e bile di a kgatlha fa di tlhatlhobisiwa. Di tlhalosa tiro e kgolo mme, ka gone, di tshwanetse go re tlhotlheletsa go iteka ka tlhoafalo fa re itsise ba bangwe polelelopele eno le tlhaloso ya yone. Tshenolo e re bontsha diponatshegelo di le mmalwa tse di gapang maikutlo, tseo mo go nngwe le nngwe ya tsone Johane a neng a nna le seabe mo go direng se se dirwang kana a nna mmogedi. Ba setlhopha sa Johane, bao bangwe ba bone ba ileng ba nna le masomesome a dingwaga ba ntse ba bona tiragatso ya diponatshegelo tseno, ba itumelela go bo moya wa Modimo o tlhalositse se se kaiwang ke tsone mo ba ka kgonang go se tlhalosetsa ba bangwe.
8. (a) Ke eng se se tlhomolosegileng ka diponatshegelo tsa Tshenolo? (b) Polelelopele ya ga Daniele e re thusa go tlhaloganya se se tshwantshediwang ke dibatana tsa Tshenolo jang?
8 Diponatshegelo tseno tse di mo go Tshenolo ga di a kwalwa ka go latelelana ga nako. Nngwe le nngwe e diragadiwa ka nako ya yone. Bontsi jwa diponatshegelo di dirisa mafoko a a tshwanang le a dipolelelopele tsa pele tseo di re thusang go bona phuthololo ya tsone. Ka sekai, polelelopele ya Daniele e ne ya tlhalosa ka dibatana tse nnè tse di tshosang, e tlhalosa gore tseno di ne di tshwantshetsa mebuso e e busang mo lefatsheng. Ka gone, re thusiwa go tlhaloganya gore dibatana tsa Tshenolo di emela makoko a sepolotiki, go akareletsa le a a sa ntseng a le teng.—Daniele 7:1-8, 17; Tshenolo 13:2, 11-13; 17:3.
9. (a) Jaaka Johane, ba setlhopha sa Johane ba bontshitse boikutlo bofe? (b) Johane o re bontsha tsela ya go itumela jang?
9 Johane o ne a ikanyega mo go neeleng bosupi jwa molaetsa o a neng a o neetswe ke Modimo ka Jesu Keresete. O ne a tlhalosa ka botlalo “dilo tsotlhe tse a di boneng.” Setlhopha sa Johane se latetse kaelo ya Modimo ka Jesu Keresete ka tlhoafalo e le gore ba tlhaloganye polelelopele eo ka botlalo le go bolelela batho ba Modimo dintlha tsa yone tse di molemo. Go thusa phuthego ya batlodiwa (gammogo le ya boidiidi jo bogolo jwa batho ba ditšhaba tsotlhe bao Modimo o tla ba falotsang ba tshedile go kgabaganya sepitla se segolo), Johane o kwala jaana: “Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone; gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.”—Tshenolo 1:3.
10. Re tshwanetse go dira eng mabapi le Tshenolo go bona boitumelo?
10 O tla solegelwa molemo thata ka go bala Tshenolo mme bogolo ka go boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone. Johane o ne a tlhalosa jaana mo go lengwe la makwalo a gagwe: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele, ka gonne sengwe le sengwe se se tsetsweng ke Modimo se fenya lefatshe. Mme eno ke phenyo e e fentseng lefatshe, tumelo ya rona.” (1 Johane 5:3, 4) O ka itumela fela thata fa o ka aga tumelo e e ntseng jalo!
11. (a) Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore re boloke mafoko a polelelopele eno? (b) Ke nako efe e jaanong e tshwanetseng ya bo e atametse ka mo go tshosang?
11 Go potlakile gore re boloke mafoko a polelelopele eno, “gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.” Nako ya eng? Ya gore dipolelelopele tsa Tshenolo, go akareletsa le dikatlholo tsa Modimo di diragadiwe. Nako ya gore Modimo le Jesu Keresete ba diragatse katlholo ya bofelo mo tsamaisong ya lefatshe ya ga Satane e atametse. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bolela gore e ne e le Rraagwe fela yo o neng a itse “letsatsi leo kgotsa nako.” Gape fa Jesu a ne a lebela pele mathata a a ntsifetseng mo lefatsheng mo motlheng wa rona, o ne a re: “Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” Jalo lobaka lo lo beilweng lwa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo lo tshwanetse lwa bo lo atamela ka mo go tshosang. (Mareko 13:8, 30-32) Jaaka Habakuke 2:3 e tlhalosa: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng, mme e ntse e itlhaganelela kwa bokhutlong, mme ga e kitla e bua maaka. Le fa e ka diega, nna o e lebeletse; gonne ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.” Go falola pitlagano e kgolo ga rona go ikaegile ka go boloka Lefoko la Modimo la polelelopele.—Mathaio 24:20-22.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Gore re tlhaloganye buka ya Tshenolo re tlhoka
● Go amogela thuso ya moya wa ga Jehofa
● Go lemoga gore letsatsi la Morena le simologile leng
● Go tlotla motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gompieno