Kgaolo 44
Tshenolo le Wena
1. (a) Ke tlhomamisetso efe e moengele a e fang Johane mabapi le ditsholofetso tsotlhe tse di molemolemo tsa Tshenolo? (b) Ke mang yo o reng, “ke tla ka bofefo” mme go “tla” mo go leng?
FA O ntse o bala tlhaloso e e kgatlhisang ya Jerusalema yo Mosha, o ka nna wa tlhotlheletsega go botsa gore: ‘A selo se se molemolemo jaaka seno ruri se ka diragala?’ Johane o araba potso eno ka go bega mafoko a a latelang a moengele: “Mme a nthaya a re: ‘Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri; ee, Jehofa Modimo wa dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng tsa baporofeti o ne a romela moengele wa gagwe go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala. Mme, bona! ke tla ka bofefo. Go itumela le fa e le mang yo o bolokang mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno.’” (Tshenolo 22:6, 7) Ditsholofetso tsotlhe tse di molemolemo tsa Tshenolo ruri di tla diragadiwa! Fa a ne a bua mo leineng la ga Jesu, moengele o bolela gore Jesu o tla akofa a tla, “ka bofefo.” Seno e tshwanetse ya bo e le go tla ga ga Jesu “jaaka legodu” a tla go senya baba ba ga Jehofa le go tlisa konelo e e molemolemo e e itumedisang ya Tshenolo. (Tshenolo 16:15, 16) Ka jalo, re tshwanetse go dumalanya matshelo a rona le mafoko a “lokwalo lono lwa momeno,” Tshenolo, gore re tle re kaiwe re itumetse ka nako eo.
2. (a) Johane o itshwara jang malebana le dilo tse dintsi tse di mo go Tshenolo, mme ke eng se moengele a se mmolelelang? (b) Re ithuta eng ka mafoko a moengele a a reng, “O tlhokomele!” le “Obamela Modimo”?
2 Morago ga tshenolo e e kalokalo, ke mo go utlwalang go bo Johane a ile a ikutlwa a tseegile maikutlo jalo: “Aitse, nna Johane, e ne e le nna yo ke utlwang ke ba ke bona dilo tseno. Mme e rile ke sena go utlwa le go bona, ka wela fa fatshe go obama fa pele ga dinao tsa moengele yo o neng a ntse a mpontsha dilo tseno. Mme a nthaya a re: ‘O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago ba e leng baporofeti le ba ba bolokang mafoko a lokwalo lono lwa momeno. Obamela Modimo.’” (Tshenolo 22:8, 9; bapisa Tshenolo 19:10.) Tlhagiso eno e e boelediwang gabedi ya gore go se ka ga obamelwa baengele e ne e tshwanela tota mo motlheng wa ga Johane, fa ka phepafalo bangwe ba ne ba tshegetsa kobamelo e e ntseng jalo kana ba iphaka gore baengele ba ile ba ba senolela dilo dingwe ka tsela e e kgethegileng. (1 Bakorintha 13:1; Bagalatia 1:8; Bakolosa 2:18) Gompieno, e tiisetsa lebaka la gore re tshwanetse go obamela Modimo fela. (Mathaio 4:10) Ga re a tshwanela go bodisa kobamelo e e itshekileng ka kobamelo ya motho mongwe fela kana sengwe fela.—Isaia 42:5, 8.
3, 4. Ke eng se moengele a tswelelang go se bolelela Johane, mme masalela a a tloditsweng a ile a ikobela mafoko a gagwe jang?
3 Johane o tswelela jaana: “Gape a nthaya a re: ‘O se ka wa kanela mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno, gonne nako e e tlhomilweng e gaufi. Yo o dirang tshiamololo, a a dire tshiamololo go ya pele; yo o leswe a a leswefadiwe go ya pele; mme a yo o siameng a dire tshiamo go ya pele, yo o boitshepo a dirwe boitshepo go ya pele.’”—Tshenolo 22:10, 11.
4 Masalela a a tloditsweng gompieno a ile a ikobela mafoko a moengele. Ga a kanela mafoko a polelelopele. Ebu, yone tokololo fela ya ntlha ya Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence (July 1879) e ne ya simolola go akgela ka ditemana di le dintsi tsa Tshenolo. Jaaka re tlhalositse mo kgaolong ya rona ya ntlha, Basupi ba ga Jehofa ba feditse dingwaga tse dintsintsi ba ntse ba gatisa dibuka tse dingwe tse di fang lesedi ka Tshenolo. Mme jaanong re lebisa barati botlhe ba boammaaruri gape mo dipolelelongpele tse di nonofileng le tiragatso ya tsone.
5. (a) Go tweng fa e le gore batho ba batla go itlhokomolosa ditlhagiso le kgakololo ya Tshenolo? (b) Batho ba ba pelonomi le ba ba tshiamo ba tshwanetse go arabela jang?
5 Fa batho ba batla go tlhokomologa ditlhagiso le kgakololo ya Tshenolo, a ba dire jalo! “Yo o dirang tshiamololo, a a dire tshiamololo go ya pele.” Fa ba itlhophetse jalo, ba ba bidikamang mo lesweng la motlha ono wa boitaolo ba ka swela mo lesweng leo. Go ise go ye kae, dikatlholo tsa ga Jehofa di tla diragadiwa go ya fela kwa bofelong, a simolola ka go senya Babelona o Mogolo. A batho ba ba pelonomi ba tlhoafalele go reetsa mafoko ano a polelelopele: “Batlang Jehofa . . . batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” (Sefania 2:3) Fa e le ka ba ba setseng ba ineetse mo go Jehofa, “yo o siameng, a a dire tshiamo go ya pele: yo o boitshepo, a a dirwe boitshepo go ya pele.” Batho ba ba botlhale ba itse gore ga go na molemo ope wa nakwana o o bonwang mo boleong o o ka bapisiwang le masego a go ya go ile a a tla ipelelwang ke ba ba batlang tshiamo le boitshepo. Baebele ya re: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Go ikaegile mo tseleng e o e tlhophang le go nna mo go yone, o tla amogela tuelo ya gago.—Pesalema 19:9-11; 58:10, 11.
6. Jehofa a reng fa a buisana le babadi ba Tshenolo labofelo mo polelelongpele?
6 Jehofa, Kgosi ya bosakhutleng, jaanong o raya babadi ba Tshenolo labofelo mo polelelongpele, a re: “Bona! Ke tla ka bofefo, e bile ke tshotse maduo a ke a nayang, go lefetsa mongwe le mongwe kafa tiro ya gagwe e ntseng ka gone. Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo. Go itumela ba ba tlhatswang diaparo tsa bone tse di telele, gore ba tle ba newe taolo ya go ya kwa ditlhareng tsa botshelo le gore ba tsene mo motseng ka dikgoro tsa one. Kwa ntle go na le dintša le ba ba dirisanang le meya le bagokafadi le babolai le baobamedi ba medingwana le mongwe le mongwe yo o ratang maaka e bile a tswelela a a bua.”—Tshenolo 22:12-15.
7. (a) Jehofa o ‘tlelang ka bofefo’? (b) Ke ka ntlha yang fa baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba se kitla ba nna le seabe mo Jerusalema yo Mosha?
7 Jehofa Modimo o boela gape a gatelela bolaodi jwa gagwe jwa go ya go ile le lebaka la gore se a ileng a se rulaganyetsa kwa tshimologong o tla se diragatsa kwa bofelong. O tla “ka bofefo” go diragatsa katlholo mme gape o tla duela ba ba mmatlang ka tlhoafalo. (Bahebera 11:6) Ditekanyetso tsa gagwe di tlhomamisa gore ke bafe ba ba tla bonang tuelo le gore ke bafe ba ba tla ganwang. Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba itshwara jaaka “dintša tse di sa kgoneng go bua,” ba itlhokomolosa masula a Jehofa a a tlhalosang fano. (Isaia 56:10-12; bona gape Duteronome 23:18, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.) Tota ruri, ba ile ba ‘rata le go diragatsa’ dithuto tsa motheo tsa maaka le ditumelo mme ba ile ba tlhokomologa gotlhelele kgakololo ya ga Jesu mo diphuthegong tse supa. Ka jalo, ga ba na kabelo mo Jerusalema yo Mosha.
8. (a) Ke bomang fela ba ba ‘yang kwa ditlhareng tsa botshelo,’ mme seno se rayang? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba ile ba ‘tlhatswa diaparo tsa bone tse di telele’ jang, mme ba ipoloka ba ntse ba le phepa jang?
8 Ke Bakeresete ba ba tloditsweng fela ba ruriruri “ba tlhatswang diaparo tsa bone tse di telele” gore ba nne phepa mo matlhong a ga Jehofa ba ba nang le tshiamelo ya go “ya kwa ditlhareng tsa botshelo.” Ke gore, ba amogela tshwanelo le tetla ya botshelo jwa go sa sweng mo maemong a bone a selegodimo. (Bapisa Genesise 3:22-24; Tshenolo 2:7; 3:4, 5.) Morago ga loso lwa bone jaaka batho, ba tsena mo Jerusalema yo Mosha ka tsogo. Baengele ba ba 12 ba ba rebolela go tsena, mme ba ntse ba kganela ba ba diragatsang maaka kana leswe le mororo ba iphaka gore ba na le tsholofelo ya selegodimo. Ba boidiidi jo bogolo mo lefatsheng le bone ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana” mme ba tshwanetse go ipoloka ba ntse ba na le boemo jo bo phepa. Ba ka dira seno ka go tila masula a Jehofa a tlhagisang ka one fano, mmogo le go tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu mo melaetseng ya gagwe e supa e e yang kwa diphuthegong.—Tshenolo 7:14; dikgaolo 2 le 3.
9. Ke mafoko afe a Jesu a a buang, mme ke bomang thatathata ba ba lebagantsweng le molaetsa wa gagwe le ba Tshenolo ka kakaretso e lebisitsweng mo go bone thatathata?
9 Morago ga Jehofa, Jesu o a bua. O lebisa mafoko a kgothatso mo bathong ba ba dipelo tse di molemo ba ba balang Tshenolo, ka go re: “Nna, Jesu, ke ne ka roma moengele wa me gore a lo neye bosupi jwa dilo tseno mo diphuthegong. Ke nna modi le losika lwa ga Dafide, le naledi ya moso e e phatsimang.” (Tshenolo 22:16) Ee, mafoko ano thatathata ke a ‘diphuthego.’ Molaetsa ono, pelepele, ke wa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng. Sengwe le sengwe se se mo go Tshenolo se lebisitswe thatathata mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba tla nnang mo Jerusalema yo Mosha. Ka phuthego eo, boidiidi jo bogolo le jone bo na le tshiamelo ya go utlwisisa boammaaruri jono jwa polelelopele jo bo tlhokegang.—Johane 17:18-21.
10. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a ipitsa (a) “modi le losika lwa ga Dafide”? (b) “naledi ya moso e e phatsimang”?
10 Jesu Keresete o ne a fiwa boikarabelo jwa go fa Johane Tshenolo mme a dirisa Johane go e fa diphuthego. Jesu ke “modi le losika lwa ga Dafide.” O ne a tlholega mo go Dafide go ya kafa nameng mme ka jalo a tshwanelegela go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa. Mme gape o tla nna “Rara wa Bosakhutleng” wa ga Dafide, mme ka jalo a nna “modi” wa ga Dafide. (Isaia 9:6; 11:1, 10) Ke Kgosi e e tlhomameng, e e sa sweng ya losika lwa ga Dafide, mme seno se diragatsa kgolagano ya ga Jehofa le Dafide, le “naledi ya moso e e phatsimang” e e neng ya bolelelwa pele mo motlheng wa ga Moshe. (Dipalo 24:17; Pesalema 89:34-37) Ke “mphatlalatsane” e e tlhatlogang, e e dirang gore letsatsi le tlhabe. (2 Petere 1:19) Maano otlhe a a bosula a mmaba yo mogolo Babelona o Mogolo a ne a se ka a kgona go kganela tlhatlogo eno e e galalelang.
O re: “Tla!”
11. Ke taletso efe e e yang kwa go botlhe e Johane jaanong a e ntshang, mme ke bomang ba ba ka arabelang mo go yone?
11 Jaanong ke sebaka sa gore Johane a bue. A na le pelo e e tletseng kanaanelo ka ntlha ya sotlhe se a se boneng le go se utlwa, o tlhaba mokgosi a re: “Mme moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ga e kitla e felela fela mo go ba ba 144 000, ka go bo eno ke taletso ya mongwe le mongwe. Moya o o tlhotlheletsang wa ga Jehofa o dira ka setlhopha sa monyadiwa, mo jaanong molaetsa o tswelelang go utlwadiwa ka kutlwalo e e phepa: ‘Tsaya metsi a botshelo mahala.’ (Bona gape Isaia 55:1; 59:21.) Mongwe le mongwe yo o nyoretsweng tshiamo o lalediwa go “tla” le go amogela letlotlo la ga Jehofa. (Mathaio 5:3, 6) A bo botlhe ba ba tla nnang setlhopha sa ba ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng ba le sego jang ne fa ba arabela mo taletsong eno ya setlhopha sa Johane se se tloditsweng!
12. Ba boidiidi jo bogolo ba arabela jang mo taletsong ya Tshenolo 22:17?
12 Fa e sa le masimologong a bo1930, palo e e ntseng e oketsega ya boidiidi jo bogolo e ile ya ‘utlwa’—ya sekegela tsebe taletso eo. Fela jaaka batlhankakabone ba ba tloditsweng, ba ile ba bona boemo jo bo phepa fa pele ga ga Jehofa. Ba tlhologeletswe nako eo fa Jerusalema yo Mosha a tla fologang kwa legodimong go fetisetsa masego mo bathong. Fa ba sena go utlwa molaetsa o mogolo wa Tshenolo, ba boidiidi jo bogolo ga ba bue fela ba re “Tla” mme ba tlhagafalela go phuthela ba bangwe mo phuthegong ya ga Jehofa, ba thapisetsa bano go bua ba re: “Yo o nyorilweng a a tle.” Jalo palo ya ba boidiidi jo bogolo e ntse e tswelela pele go gola, ka jaana ba ba fetang 6 000 000 ba ba mo mafatsheng a a fetang 235 go dikologa lefatshe ba kopanetse mmogo le ba setlhopha sa monyadiwa sa ba ba tloditsweng ba ba 9 000 fela mo go fetiseng taletso e e reng “a a tseye metsi a botshelo mahala.”
13. Ke tlhagiso efe e Jesu a e ntshang?
13 Morago ga moo, ke Jesu gape yo o tswelelang go bua, a re: “Ke naya mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno bosupi: Fa mongwe a ka oketsa dilo tseno, Modimo o tla mo okeletsa dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lono lwa momeno; mme fa mongwe a ka tlosa sepe mo mafokong a lokwalo lono lwa momeno lwa boporofeti jono, Modimo o tla tlosa kabelo ya gagwe mo ditlhareng tsa botshelo le mo motseng o o boitshepo, dilo tse go kwadilweng ka tsone mo lokwalong.”—Tshenolo 22:18, 19.
14. Setlhopha sa Johane se leba jang “boporofeti” jwa Tshenolo?
14 Ba setlhopha sa Johane ba tshwanetse go tlhokomedisa batho “boporofeti” jwa Tshenolo. Ga ba tshwanela go bo fitlha kana go bo oketsa. Molaetsa wa jone o tshwanetse go rerwa phatlalatsa, “kwa godimo ga matlo.” (Mathaio 10:27) Tshenolo e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ke mang yo o ka lekeletsang go fetola lefoko la se Modimo ka sebele a se buileng a bo a se fetisa ka yo jaanong a busang jaaka Kgosi, e bong Jesu Keresete? Ruri, motho yo o ntseng jalo o tla bo a tshwanelwa ke go latlhegelwa ke botshelo le go tlhaselwa ke dipetso tse di tla tlelang Babelona o Mogolo le lefatshe lotlhe.
15. Mafoko a ga Jesu a gore o ‘naya bosupi jwa dilo tseno’ le “ke tla ka bofefo” a bolelang thatathata?
15 Jesu jaanong o oketsa ka mafoko a mangwe a kgothatso: “Yo o nayang bosupi jwa dilo tseno a re, ‘Ee; ke tla ka bofefo.’” (Tshenolo 22:20a) Jesu ke “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri.” (Tshenolo 3:14) Fa a supa kaga diponatshegelo tsa Tshenolo, di tshwanetse tsa bo di le boammaaruri. Ene le Jehofa Modimo ka boene ba nna ba otlelela lebaka la gore ba tla ka “bofefo,” kana ka bonako, Jesu fano a bua seno la botlhano. (Tshenolo 2:16; 3:11; 22:7, 12, 20) Go “tla” ke go diragatsa katlholo mo seakeng se segolo, “dikgosi” tsa sepolotiki le botlhe ba bangwe ba ba ganetsang “bogosi jwa Morena [Jehofa] wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe.”—Tshenolo 11:15; 16:14, 16; 17:1, 12-14.
16. Ka ntlha ya go itse gore Jehofa Modimo le Jesu ba tla ka bofefo, ke kgato efe e e tlhamaletseng e o tshwanetseng go e tsaya?
16 Go itse ga gago gore Jehofa Modimo le Jesu ba tla ka bofefo go tshwanetse go go kgothaletsa gore o ‘nne o ntse o akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:12) Sengwe le sengwe se se bonalang e kete se tlhomame mo lefatsheng la tsamaiso ya dilo ya ga Satane ke timetso fela. Katlego lefa e ka nna efe e legodimo la babusi ba lefatshe ba ba kafa tlase ga ga Satane ba e fitlhelelang ke selo fela se se fetang. Dilo tseno di a feta. (Tshenolo 21:1) Jehofa ke ene fela yo o tlhomameng, Bogosi jwa gagwe kafa tlase ga ga Jesu Keresete, le lefatshe la gagwe le lesha le a le solofeditseng. O se ka wa lebala seo!—1 Johane 2:15-17.
17. Go anaanela ga gago boitshepo jwa ga Jehofa go tshwanetse go go ama jang?
17 E kete he, o ka dumelela gore se o se ithutileng mo go Tshenolo se ka tlhotlheletsa botshelo jwa gago fela thata. A go latlhela leitlho mo go nneng gone ga ga Jehofa kwa legodimong ga go a gatelela mo go wena kafa kgalalelo le boitshepo jwa Mmopi wa rona di leng dikgolo thata ka gone? (Tshenolo 4:1–5:14) A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go direla Modimo yo o ntseng jalo! E kete kanaanelo ya gago ya boitshepo jwa gagwe e ka go tlhotlheletsa go tsaya kgakololo ya ga Jesu tsiya e e neng e ya diphuthegong tse supa le go tila dilo tse di tshwanang le go rata dilo tse di bonalang, kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo sa siamang, go nna motlha, makoko a botlhanogi, le fa e le eng se se ka dirang gore tirelo ya gago e se ka ya amogelega mo go Jehofa. (Tshenolo 2:1–3:22) Mafoko a ga moaposetoloi Petere a a a bolelelang setlhopha sa Johane a bile gape a akaretsa le boidiidi jo bogolo: “Mme tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.”—1 Petere 1:15, 16.
18. O tshwanetse go nna le seabe se se tletseng kafa o ka kgonang ka teng mo go eng, mme ke ka ntlha yang fa tiro eno e potlakile thata gompieno?
18 Mme gape, e kete o ka tlhotlhelediwa go tlhagafala segolo go bolela kaga “ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.” (Isaia 35:4; 61:2) O ka ne o le wa letsomanyane kana o le wa boidiidi jo bogolo, e kete o ka nna le seabe se se tletseng thata mo go anamiseng kaga go tshololwa ga megopo ya bogale jwa ga Jehofa e supa, o bolela kaga dikatlholo tsa Modimo mo lefatsheng la ga Satane. Mme se sengwe gape, o nne le seabe mo go boleleng ka boitumelo kaga mafoko a a molemo a a sa khutleng malebana le Bogosi jwa ga Jehofa le Keresete wa gagwe jo bo tlhomilweng. (Tshenolo 11:15; 14:6, 7) Tlhagafalela tiro eno. Mme e kete go lemoga gore re tshela mo letsatsing la Morena go ka tlhotlheletsa ba le bantsi ba ba iseng ba direle Jehofa go kopanela mo tirong ya go bolela dikgang tse di molemo. E kete bano ba ka gatela pele go neela matshelo a bone mo Modimong ka maikaelelo a gore ba kolobediwe. Gakologelwang gore, “nako e e tlhomilweng e gaufi”!—Tshenolo 1:3.
19. Ke mafoko afe a moaposetoloi Johane yo o godileng a konelang ka one, mme wena o arabela jang mo go one?
19 Ka jalo, rona le Johane, re rapela jaana ka tlhagafalo: “Amen! Tla, Morena Jesu.” Mme Johane, moaposetoloi yo o godileng, o oketsa jaana: “E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo ka nna le baitshepi.” (Tshenolo 22:20b, 21) E kete e ka nna le lona lotlhe ba lo balang kgatiso eno. E kete lo ka nna le tumelo ya gore konelo e e molemolemo ya Tshenolo e atametse, gore le lona lo tle lo kopanele ka pelo yotlhe mo go reng “Amen!”
[Setshwantsho mo go tsebe 314]
“Kwa ntle go na le dintša . . . ”
[Setshwantsho mo go tsebe 315]
“Go itumela ba ba . . . [tsenang] mo motseng ka dikgoro tsa one”