LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 10 ts. 47-54
  • Go Ila “Dilo Tse di Boteng Tsa ga Satane”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ila “Dilo Tse di Boteng Tsa ga Satane”
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mosadi Yoo Jesebele”
  • “Ngangatlelang se lo Nang le Sone”
  • Boloka Bothokgami
  • Utlwa se Moya o se Buang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Jesebele—Kgosigadi e e Bosula
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 10 ts. 47-54

Kgaolo 10

Go Ila “Dilo Tse di Boteng Tsa ga Satane”

THIATIRA

1. Thiatira e ne e le fa kae fa e bapisiwa le diphuthego tse dingwe, mme e ne e eme jang mo go tsa bodumedi?

DIKILOMETARA di ka nna 64 go ya kwa borwabotlhaba jwa Bergama (Peregamo) go toropo e kgolo ya Turkey e e bidiwang Akhisar. Dingwaga di ka nna 1 900 tse di fetileng, Thiatira e ne e le fa toropo eno e leng gone. Molebedi yo o etang o ne a ka fitlha ka bonako kwa Thiatira kwantle ga go nna le mathata a tsamaya ka tsela go tswa kwa Peregamo go tswa foo a bo a ikgata motlhala a ya kwa diphuthegong tse di setseng tsa Tshenolo kgaolo 3—e bong tsa Saredisa, Filadelefia, le Laodikia. Ka go sa tshwane le Peregamo, ga go bonale fa Thiatira e ne e le lefelo le legolo la kobamelo ya babusi, mme le fa go le jalo e ne e na le dikago tse dikgolo tsa kobamelo le ditempele tse di neng di agetswe medimo ya boheitane. Thiatira e ne e tumile jaaka lefelo le legolo la tsa kgwebo.

2, 3. (a) Ke eng se se neng sa kwalwa pelenyana kaga Mothiatira mongwe yo o neng a nna Mokeresete? (b) Go nna ga ga Jesu “Morwa Modimo,” le go nna le ‘matlho a a tshwanang le kgabo e e tukang’ go kaya eng mo Bakereseteng ba Thiatira?

2 Fa Paulo a ntse a rera kwa Makedonia, o ne a kopana le mosadi mongwe wa Thiatira yo o neng a bidiwa Lidia, morekisi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. Lidia le bantlo ya gagwe botlhe ba ne ba amogela molaetsa o Paulo a neng a o rera ka boitumelo mme ba mo amogela ka diatla tsoopedi. (Ditiro 16:14, 15) O ne a nna Mothiatira wa ntlha go amogela Bokeresete. Fa nako e ntse e tsweletse, motse oo ka boone o ne wa nna le phuthego ya Bokeresete. Jesu o romela molaetsa wa gagwe o moleele go e feta yotlhe koo: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Thiatira o re: Tseno ke dilo tse Morwa Modimo a di buang, yo matlho a gagwe a tshwanang le kgabo e e tukang, le dinao tsa gagwe di tshwanang le kgotlho e e borethe.”—Tshenolo 2:18.

3 Leno ke lone lekgetlo fela le tlhaloso “Morwa Modimo” e tlhagang mo go Tshenolo, le mororo Jesu a bua ka Jehofa jaaka “Rre” mo dikarolong tse dingwe. (Tshenolo 2:27; 3:5, 21) Go dirisiwa ga sereto seno fano go ka tswa go gakolola Bakeresete ba Thiatira ka go atamalana ga ga Jesu le Jehofa. Morwa yono, ‘matlho a gagwe a tshwana le kgabo e e tukang’—se eleng tlhagiso mo Bakereseteng ba ba kwa Thiatira gore katlholo ya gagwe e tla tukela sengwe le sengwe se a bonang se lwesafatsa phuthego. Go bo a bua lwa bobedi ka dinao tsa gagwe tse di phatsimang, tse di tshwanang le kgotlho, o gatelela sekao sa gagwe se se molemo sa boikanyegi fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. Kwantle ga pelaelo Bakeresete ba Thiatira ba ne ba utlwa kgakololo ya gagwe, mme le rona re tshwanetse go dira jalo gompieno!—1 Petere 2:21.

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka akgola Bakeresete ba Thiatira? (b) Phuthego ya Thiatira e tshwana jang le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno?

4 Ka boitumelo, Jesu o akgola ba ba mo Thiatira. A re: “Ke itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago le tumelo le bodiredi le boitshoko, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa pele.” (Tshenolo 2:19) Ka go sa tshwane le Baefeso, Bakeresete ba ba tloditsweng koo ga ba tlogela lorato lwa bone lwa ntlha mo go Jehofa. Tumelo ya bone e nonofile. Gape, ditiro tsa bone di feta tsa pele, mme jaaka diphuthego tsa ntlha tse tharo, Bakeresete ba Thiatira ba itshokile. A bo seo se tshwana jang ne le diphuthego tse di ka nnang 100 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go kgabaganya lefatshe lotlhe gompieno! Go rata Jehofa go bonala sentle, jaaka moya wa go tlhagafalela bodiredi o ntsifala mo phuthegong, o tlhotlheletsa bannye le bagolo. Ba palo e e oketsegang ba dira jaaka babulatsela, ka gone ba dirisa ka botlhale nako e e sa ntseng e setse go bolela tsholofelo e e galalelang ya Bogosi jo bo tlogang bo busa jwa Modimo!—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.

5 Mo dingwageng tse dintsi, bontsi jwa ba ba ikanyegang, masalela a a tloditsweng mmogo le ba boidiidi jo bogolo, ba ntse ba bontsha sekao sa boitshoko mo tirelong ya Modimo, fa lefatshe le ba leng mo go lone le ntse le nwelela kwa teng mo lefifing la go tlhoka tsholofelo. Mme a re nneng pelokgale ka botlalo! Tshenolo e tlhomamisa se se supilweng ke baporofeti ba ntlha ba Modimo. “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.”—Sefania 1:14; Joele 2:1; Habakuke 2:3; Tshenolo 7:9; 22:12, 13.

“Mosadi Yoo Jesebele”

6. (a) Le fa go na le dilo tse di molemo tse go ka buiwang ka tsone ka phuthego eno, ke bothata bofe jo Jesu a bo lemogang mo phuthegong ya Thiatira jo bo tshwanetseng go baakanngwa ka bonako? (b) Jesebele e ne e le mang, mme, a o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ipitsa moporofeti wa mosadi?

6 Matlho a ga Jesu a a ntseng jaaka kgabo ya molelo a bona se sengwe gape mo teng. O lemoga sengwe se se tlhokang tlhokomelo ka bonako. O bolelela Bakeresete ba Thiatira jaana: “Le fa go ntse jalo, ruri ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o leseletsa mosadi yoo Jesebele, yo o ipitsang moporofeti wa mosadi, mme o ruta a ba a timetsa batlhanka ba me gore ba dire kgokafalo le gore ba je dilo tse di isediwang medingwana setlhabelo.” (Tshenolo 2:20) Mo lekgolong la bosome la dingwaga B.C.E., Kgosigadi Jesebele, mosadi yo o neng a obamela Baale wa ga Kgosi Ahabe wa Iseraele, o ne a itsege thata ka mekgwa ya gagwe ya polao, boaka, le ya kgatelelo. Jehu, jaaka motlodiwa wa ga Jehofa, o ne a laola gore a bolawe. (1 Dikgosi 16:31; 18:4; 21:1-16; 2 Dikgosi 9:1-7, 22, 30, 33) Jesebele yo o neng a obamela medingwana o ne a se na lebaka lepe la go ipitsa moporofeti wa mosadi. O ne a sa tshwane le Miriame le Debora, ba ba neng ba direla jaaka baporofeti ba basadi ba ba ikanyegang mo Iseraele. (Ekesodo 15:20, 21; Baatlhodi 4:4; 5:1-31) Gape moya wa ga Jehofa o ne o sa mo tlhotlheletse go porofeta jaaka o ne wa tlhotlheletsa Ana yo o neng a godile le bomorwadia Filipo wa moefangele ba banè.—Luke 2:36-38; Ditiro 21:9.

7. (a) Fa Jesu a re “mosadi yoo Jesebele,” ka phepafalo o ne a bua ka tlhotlheletso efe? (b) Basadi bangwe ba ba neng ba kopanela ba ka nna ba bo ba ne ba mpampetsa tsela ya bone ya boitaolo jang?

7 Ka gone ga go na pelaelo gore “mosadi yoo Jesebele” yo o ipitsang moporofeti wa mosadi mo Thiatira e ne e se moporofeti jaaka a ikaya. Ga a engwe nokeng ke moya wa Modimo. Ene ke mang? E tshwanetse ya bo e le mosadi kana setlhopha sa basadi ba e leng tlhotlheletso e e bodisang e e tlhabisang ditlhong mo phuthegong. Basadi bangwe ba ba kopanelang ba ka tswa ba ne ba ntse ba gogela maloko mangwe a phuthego mo boitsholong jo bo sa siamang, fa ka bopelokgale jwa lenyatso ba mpampetsa tsela ya bone ya boitaolo ka go sokamisa dikwalo. Mo e leng go porofeta ga maaka eleruri! Ba ne ba tlhotlheletsa ba bangwe go latela ditsela tsa bone tsa “kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Ba ne ba dira gore ba ba mo phuthegong ba tsenelele mo mokgweng wa botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, wa boithatelo o o tshwanang le o jaanong o amogelwang, kana o letlelelwang, mo dikerekeng di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete.

8. (a) Jesu o itsise eng kaga “Jesebele” wa Thiatira? (b) Tlhotlheletso e e sa tshwanelang ya basadi e ile ya nna gone jang mo metlheng ya segompieno?

8 Jesu o tswelela go bolelela bagolwane ba Thiatira a re: “Ke ne ka mo naya nako ya gore a ikwatlhaye, mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe. Bona! Ke tloga ke mo latlhela mo bolaong jwa bolwetse, mme ba ba dirang boaka le ene ke ba latlhele mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa gagwe.” (Tshenolo 2:21, 22) Fela jaaka go lebega fa Jesebele wa bogologolo a ne a laola Ahabe a ba a nyatsa Jehu yo o neng a diragatsa dikatlholo tsa Modimo, jalo batlhotlheletsi bano ba basadi ba ka tswa ba ntse ba leka go laola banna ba bone le bagolwane. Ka mo go bonalang ka teng, bagolwane ba Thiatira ba letlelela tlhotlheletso eno e e se nang boingotlo ya ga Jesebele. Fano Jesu o ba fa tlhagiso e e nonofileng, mmogo le go e fa phuthego ya lefatshe lotlhe ya batho ba ga Jehofa gompieno. Mo metlheng ya segompieno, basadi bangwe ba ba ntseng jalo ba ba ditatalala ba tlhotlheleditse banna ba bone go nna batlhanogi ba bo ba dira gore batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba sekisiwe.—Bapisa Jude 5-8.

9. (a) Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu kaga Jesebele a sa supe fa basadi botlhe mo phuthegong ba sa siama? (b) Tlhotlheletso ya ga Jesebele e nna teng leng fela?

9 Seno ga se supe ka gope fa basadi ba ba ikanyegang mo phuthegong ya Bokeresete ba sa siama. Mo malatsing a gompieno, karolo e kgolo ya tiro ya go neela bosupi e dirwa ke bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang; ka dithuto tsa Baebele tsa magae tse ba di tsamaisang, ba lere ba basha ba le bantsi mo phuthegong. Modimo ka boone o segofatsa thulaganyo eno, jaaka go supiwa ke Pesalema 68:11: “Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.” Banna ba ba nyetseng ba ka nna ba tlhotlhelediwa go dira molemo ke boitshwaro jwa boikokobetso, jwa tlotlo jwa basadi ba bone, moo “e leng [ga] botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” (1 Petere 3:1-4) Mosadi yo o nang le bokgoni, yo o senatla o bakiwa ke Kgosi Lemuele. (Diane 31:10-31) Ke fela fa basadi ba tswa mo tseleng ka go raela banna kana ka go gwetlha kana go tlhokomologa botlhogo go tsogang tlhotlheletso ya ga Jesebele.—Baefeso 5:22, 23; 1 Bakorintha 11:3.

10. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesebele le bana ba gagwe ba atlholwa? (b) Ba ba nnang bana ba ga Jesebele ba mo boemong bofe jo bo diphatsa, mme bano ba tshwanetse go dira eng?

10 Fa Jesu a bua ka “mosadi yoo Jesebele,” o tswelela ka go re: “Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka sebetso se se bolayang, mo e leng gore diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o hukutsang diphilo le dipelo, mme ke tla naya mongwe le mongwe wa lona kafa ditirong tsa lona.” (Tshenolo 2:23) Jesu o neetse Jesebele le bana ba gagwe nako ya go ikotlhaya, mme ba ganelela mo ditseleng tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang mme ka gone ba tshwanetse go amogela katlholo. Ono ke molaetsa o o maatla mo Bakereseteng gompieno. Ba ba etsang Jesebele, e ka tswa e le banna kana basadi, mme ka gone ba nna bana ba gagwe ka go tlola melaometheo ya Baebele ya botlhogo le boitsholo jo bo siameng kana ba nna ditlhogodithata mo ba tlhokomologang thulaganyo ya dilo tsa puso ya Modimo, ba mo boemong jwa bolwetse jo bo diphatsa semoyeng. Ka boammaaruri, fa yo o ntseng jalo a bitsa bagolwane ba phuthego go mo rapelela, “thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola”—fa fela ka boikokobetso a dira tumalanong le dithapelo tseo. Mme a ope a se ka a akanya gore o ka kgona go fora Modimo kana Keresete ka go leka go loba ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang kana a itira jaaka e kete o tlhagafetse mo tirelong.—Jakobe 5:14, 15.

11. Gompieno diphuthego di thusiwa jang go nna di itisitse kgatlhanong le go kukunela ga tlhotlheletso e e sa tshwanelang ya sesadi?

11 Se se itumedisang ke gore bontsi jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba itisitse gore ba se ka ba wela mo kotsing eno. Bagolwane ba ntse ba etse tlhoko ditshekamelo tsa boikutlo jo eseng jwa bomodimo le go dira bosula. Ba leka go thusa banna le basadi ka bobedi ba ba mo tseleng e e diphatsa e le gore bano ba nonotshe bomoya jwa bone ba bo ba siamisiwe go sa ntse go na le nako. (Bagalatia 5:16; 6:1) Ka lorato le ka nitamo, balebedi bano ba Bakeresete ba thibela boiteko bope jwa sesadi jwa go bopa makgotlana a a rotloetsang mekgatlho e e tshwanang le mekgatlho ya basadi ya kgololesego. Mo godimo ga moo, kgakololo e e mo nakong e neelwa gangwe le gape mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa.a

12. Setlhopha sa Johane se supa tlhagafalo e e tshwanang le ya ga Jehu ka tsela efe gompieno?

12 Le fa go ntse jalo, fa go nnile le boitsholo jo bo maswe thata jo bo sa siamang, mme segolo bogolo fa seno se nnile tlwaelo, baleofi ba ba sa ikotlhaeng ba tshwanetse go kgaolwa. Re gakologelwa tlhagafalo ya ga Jehu mo go fediseng mekgwanyana yotlhe ya tlhotlheletso ya ga Jesebele mo Iseraele. Ka tsela e e tshwanang, ba setlhopha sa Johane gompieno ba tsaya kgato e e nitameng, ba beela balekane ba bone ba ‘Bajonadabe’ sekao ba bile ba itshupa ba farologane thata le baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ba repisang molao.—2 Dikgosi 9:22, 30-37; 10:12-17.

13. Ba ba ineelang mo tlhotlheletsong e e sa siamang ya sesadi ba tla diragalelwa ke eng?

13 Morwa Modimo, jaaka Morongwa wa ga Jehofa le Moatlhodi, o dira sentle ka go senola le go latlhela Jesebele wa segompieno mo bolaong, ka gonne ruri bolwetse jwa gagwe jwa semoya ke jo bo sa alafegeng. (Malaki 3:1, 5) Ba ba ineetseng mo tlhotlheletsong eno e e sa siamang ya sesadi le bone ba tla boga pitlagano e kgolo—eleng bohutsana jwa go kgaolwa, ba ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete jaaka e kete ba sule. Fa bano ba sa ikotlhae, ba sokologa, ba bo ba amogelwa mo phuthegong, ba lebanwe gape ke loso lwa sebele lwa ‘sebetso se se bolayang’—gautshwane fela jaana, ka pitlagano e kgolo. Fa se se ise se diragale, go ka kgonega gore ba busediwe fa ba ikotlhaela ditiro tsa bone tse di sa siamang ka botlalo.—Mathaio 24:21, 22; 2 Bakorintha 7:10.

14. (a) Jesu o dirisa bagolwane jang mo go dirisaneng le mathata mangwe, jaaka a a tshwanang le tlhotlheletso epe fela ya ga Jesebele? (b) Phuthego e tshwanetse go ema nokeng bagolwane ba ba dirisanang le mathata ano jang?

14 “Diphuthego tsotlhe” di tshwanetse go itse gore Jesu o hukutsa “diphilo,” maikutlo a a kwa teng, le ‘pelo,’ botho jo bo kwa tengteng, go akareletsa le maitlhomo a a fitlhegileng. Go dira seno, o dirisa dinaledi tse di ikanyegang, kana bagolwane, mo go dirisaneng le mathata mangwe, a a tshwanang le tlhotlheletso epe fela ya ga Jesebele e e tlhagang. (Tshenolo 1:20) Morago ga bagolwane bano ba sena go tlhatlhobisa kgang ya mofuta ono ka botlalo ba bile ba e atlhotse, batho ga ba a tshwanela go ya go batlisisa mabaka a kgato e e tserweng. Botlhe ka boikokobetso ba tshwanetse go amogela ditshwetso tsa bagolwane le go tswelela ba ema dinaledi tseno tsa phuthego nokeng. Go ikanyega mo go Jehofa le mo dithulaganyong tsa phuthego ya gagwe go tla duelwa. (Pesalema 37:27-29; Bahebera 13:7, 17) Mme fa e le wena, e kete se o se dirang e ka nna tshegofatso fa Jesu a naya mongwe le mongwe kafa ditirong tsa gagwe.—Bagalatia 5:19-24; 6:7-9.

“Ngangatlelang se lo Nang le Sone”

15. (a) Jesu o ne a raya ba ba neng ba sa senngwa ke Jesebele a reng? (b) Ke eng se se bontshang gore ga se botlhe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete bogologolo ka 1918 ba ba neng ba senngwa ke dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi?

15 Mafoko a ga Jesu a a latelang a a gomotsa: “Le fa go ntse jalo, lona ba bangwe botlhe ba ba mo Thiatira, lotlhe ba lo se nang thuto eno, lona tota ba lo neng lwa se ka lwa itse ‘dilo tse di boteng tsa ga Satane,’ jaaka ba bolela, ke lo raya ke re: Ga ke lo rwese mokgweleo ope o mongwe. Le fa go ntse jalo, ngangatlelang se lo nang le sone go fitlha ke tla.” (Tshenolo 2:24, 25) Go na le batho ba ba ikanyegang mo Thiatira ba ba sa tlhotlhelediwang ke Jesebele. Ka go tshwana, mo dingwageng tse 40 pele ga 1918 le fa e sale go tloga ka nako eo, ga se botlhe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ba letleletseng ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang, tse di bodileng tseo di anameng thata mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Setlhopha se sebotlana sa Baithuti ba Baebele, se jaanong se itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa, bao ba lekileng go thusa maloko a dikereke go bona kafa dithuto tse dintsi tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di simolotsweng ke batho ba e seng Bakeresete ka gone, ba tsere kgato ya go itlhotlhora ditumelo tsotlhe le ditlwaelo tsa Sebabelona tse ba di tsereng mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi. Seno se akareletsa thuto ya go leseletsa dilo ya “mosadi yoo Jesebele.”

16. Le mororo Jesu le setlhopha se se laolang sa Bakeresete sa lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba se ka ba oketsa ka morwalo ope o mongwe, ke dilo dife tse di tshwanetseng go tilwa?

16 Setlhopha sa Johane gompieno se kgothaditse gape le balekane ba bone, e bong boidiidi jo bogolo, go ikela tlhoko mo ditlhotlheletsong tsa boitsholo jo bo sa siamang, jaaka tse di fitlhelwang mo boitlosongbodutu jwa lefatshe jo bo senyang maitsholo. Ga go tlhokege gore motho a lebe kana a dire dilo tse di maswe a re o batla fela go itse gore go ntse jang kana e le gore a tle a ithute se a tshwanetseng go se tila. Tsela e e botlhale ke go nnela kgakala le “dilo tse di boteng tsa ga Satane.” Jaaka Jesu a bolela: “Ga ke lo rwese mokgweleo ope o mongwe.” Seno se re gakolola tshwetso ya setlhopha se se laolang sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong. Fa lo ithiba mo dilong tseno ka kelotlhoko, lo tla tlhogonolofala. Nnang le botsogo jo bontle!” (Ditiro 15:28, 29) Gore go nne molemo mo go wena semoyeng, tila bodumedi jwa maaka, go sa dirise madi sentle (jaaka go tshelwa madi), le boitsholo jo bo sa siamang! Mme botsogo jwa gago jwa mmele le jone bo ka sireletsega.

17. (a) Gompieno Satane o raetse batho jang ka “dilo tse di boteng”? (b) Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe malebana le “dilo tse di boteng” tsa lefatshe la ga Satane le le raraaneng?

17 Gompieno, Satane o na le ‘dilo tse dingwe tse di boteng,’ tse di tshwanang le go ruta dilo tse di raraaneng tse go se nang yo o itseng boammaaruri jwa tsone le difilosofi tse di forang tlhaloganyo. Mo godimo ga dikakanyo tse di buelelang go dumelela sengwe le sengwe, tsa boitsholo jo bo sa siamang, dithuto tseno di akaretsa le go dirisana le meya le thuto ya gore dilo di itlhagetse fela ka botsone. Mmopi yo o botlhale go gaisa o leba jang ‘dilo tseno tse di boteng’? Moaposetoloi Paulo o mo nopola a re: “Ke tla nyeletsa botlhale jwa batho ba ba botlhale.” Phapaanong le seo, “dilo tse di boteng tsa Modimo” di motlhofo, di tlhaloganyesega sentle, di bile di a itumedisa. Bakeresete ba ba botlhale ba bifela “dilo tse di boteng” tsa lefatshe la ga Satane le le raraaneng. Gakologelwa, “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Bakorintha 1:19; 2:10; 1 Johane 2:17.

18. Jesu o ne a solofetsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nnang ba ikanyegile go ya kwa bokhutlong masego afe, mme ba ba tsositsweng bano ba tla nna le tshiamelo efe ka Haramagedona?

18 Jesu jaanong o bolelela Bakeresete bao ba kwa Thiatira mafoko a a itumedisang. Gape a kgothatsa Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno: “Mme yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba, mme o tla disa batho ka thobane ya tshipi mo ba tla thubegang dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa, fela jaaka ke amogetse mo go Rre.” (Tshenolo 2:26, 27) A tshiamelo e e molemo jang ne! Taolo eno e bafenyi ba ba tloditsweng ba e amogelang fa ba tsosiwa mo losong ke ya go kopanela le Jesu mo go diriseng “thobane ya tshipi” ya go senya ditšhaba tse di tsuololang ka Haramagedona. Seo dibetsa tsa nuklea tsa ditšhaba tseo di tla se dirang fela, e tla nna go ntsha medumonyana fela jaaka kerikete e e kolobileng fa Keresete a thubaganya baba ba gagwe jaaka e kete o thuba dijana tsa letsopa.—Pesalema 2:8, 9; Tshenolo 16:14, 16; 19:11-13, 15.

19. (a) “Naledi ya moso” ke mang, mme o tla newa ba ba fenyang jang? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba neelwa kgothatso efe?

19 Jesu o oketsa ka go re: “Mme ke tla mo naya naledi ya moso.” (Tshenolo 2:28) Moragonyana Jesu ka boene o tlhalosa se “naledi” eno e leng sone, ka go re: “Ke nna modi le losika lwa ga Dafide, le naledi ya moso e e phatsimang.” (Tshenolo 22:16) Ee, ke Jesu yo o diragatsang polelelopele e Jehofa a neng a pateletsa Balaame yo o neng a sa ikemisetsa go e bua: “Ruri naledi e tla tswa mo go Jakobe, le lore lwa segosi lo tla tsoga mo go Iseraele.” (Dipalo 24:17) Jesu o tla naya jang ba ba fenyang “naledi ya moso”? Ka phepafalo, e tla nna ka go ba ineela, ka go nna le botsalano jo bo gaufiufi, jo bo atamalaneng thata le bone. (Johane 14:2, 3) Eleruri ke tlhotlheletso e e maatla ya go itshoka! Gape, go kgothatsa ba boidiidi jo bogolo go itse gore “naledi ya moso e e phatsimang” o tloga a dirisa bolaodi jwa Bogosi jwa gagwe go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng!

Boloka Bothokgami

20. Ke ditiragalo dife mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete tse di re gakololang makoa mangwe a phuthego ya Thiatira?

20 Molaetsa ono o tshwanetse wa bo o ile wa kgothatsa Bakeresete ba Thiatira fela thata. A ko o akanye fela—Morwa Modimo yo o galaleditsweng yo o kwa legodimong ka namana o ne a buile le Bakeresete ba kwa Thiatira kaga mangwe a mathata a bone! Eleruri, go botoka ka gore bangwe mo phuthegong ba ne ba tsibogela bodisa joo jwa lorato sentle. Molaetsa ono o moleele mo go yotlhe e supa o re thusa gape go lemoga gore phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri ke efe gompieno. Ka 1918 fa Jesu a ne a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go ntsha katlholo, bontsintsi jwa diphuthego tse di neng di re ke tsa Bokeresete di ne di leswefaditswe ke kobamelo ya medingwana le boitsholo jo bo sa siamang jwa semoya. (Jakobe 4:4) Bangwe ba ne ba thaya ditumelo tsa bone mo dithutong tsa basadi ba ba ditatalala ba lekgolo la bo19 la dingwaga, ba ba tshwanang le Ellen White wa kereke ya Sabata le Mary Baker Eddy wa Christian Scientists, mme bosheng jaana basadi ba le bantsi ba ntse ba rera ba le mo diraleng tsa dikereke. (Bapisa 1 Timotheo 2:11, 12.) Mo makokong a a farologaneng a Bokatoliki, gantsi Marea o tlotlwa go gaisa Modimo le Keresete. Jesu ga a ka a mo tlotla jalo. (Johane 2:4; 19:26) A diphuthego tse di dumelelang tlhotlheletso e e ntseng jalo ya sesadi e e seng ya kafa molaong tota di ka amogelwa jaaka tsa Bokeresete?

21. Mongwe le mongwe o ka ithuta eng mo molaetseng wa ga Jesu o o yang kwa Thiatira?

21 Mokeresete mongwe le mongwe, e ka tswa e le wa setlhopha sa Johane kana wa dinku tse dingwe, o tshwanetse go sekaseka molaetsa ono. (Johane 10:16) Bangwe ba ka bona ba raelesega go latela tsela e e motlhofo, fela jaaka barutwa bale ba ga Jesebele wa Thiatira ba ne ba dira. Gape go na le thaelesego ya go ineela. Gompieno, go na le dikgang tse go tshwanetseng ga lebanwa natso, tse di etsang go ja dijo tse di dirilweng ka madi kana go amogela tshelo ya madi. Bangwe ba ka akanya gore go tlhagafala mo tirelong ya tshimo kana go neela dipolelo go ba letlelela go repisa go sekae mo dikarolong tse dingwe, tse di tshwanang le go lebelela dibaesekopo le ditheipi tsa bidio tsa thubakanyo le tsa boitsholo jo bo sa siamang, kana go nwa bojalwa go feta selekanyo. Tlhagiso ya ga Jesu e a neng a e naya Bakeresete ba Thiatira e re bolelela gore ga re a tshwanela go tshamekela mo dilong tseno. Jehofa o batla gore re nne phepa, le go mo direla ka moya otlhe, re se megopolo mebedi, jaaka Bakeresete ba bantsi ba ne ba ntse kwa Thiatira.

22. Jesu o otlelela jang botlhokwa jwa go nna le tsebe e e utlwang?

22 Kwa bokhutlong, Jesu a re: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.” (Tshenolo 2:29) Jesu fano o boelela mafoko ano a a tsibosang lekgetlo la bonè, mme a tla nna a boelediwa mo tigelong ya melaetsa yotlhe e meraro e e sa ntseng e tla latela. A o na le tsebe e e ntseng jalo e e utlwang? He, nna o reeditse ka kelotlhoko jaaka Modimo, ka moya wa gagwe, a tswelela go re neela kgakololo ka thulaganyo ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka sekai, bona setlhogo se se reng “Basadi ba ba Ikanyegang ba Bakeresete ke Baobamedi ba ba Botlhokwa ba Modimo” mo go Tora ya Tebelo ya November 1, 2003.

[Ditshwantsho mo go tsebe 51]

Gompieno, tiro e kgolo ya go neela bosupi e dirwa ke bokgaitsadi ba ba ikanyegang jaaka fa ka boingotlo ba tshegetsa thulaganyo ya dilo tsa puso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela