LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 12 ts. 58-65
  • “O Ngangatlele se o Nang le Sone”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Ngangatlele se o Nang le Sone”
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Selotlolo sa ga Dafide”
  • “Ba Tla go Ikobela”
  • ‘Nako ya Teko’
  • “Kgoro e e Bulegileng”
  • Masego a Bafenyi
  • Utlwa se Moya o se Buang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tempele ya ga Jehofa e Kgolo ya Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 12 ts. 58-65

Kgaolo 12

“O Ngangatlele se o Nang le Sone”

FILADELEFIA

1. Molaetsa wa borataro wa ga Jesu o ne o ya kwa phuthegong ya motse ofe, leina la motse oo le raya eng?

LORATO LWA BOKAULENGWE—a bo e le nonofo e e eletsegang jang ne! Kwantle ga pelaelo Jesu o akantse ka seno fa a ntsha molaetsa wa gagwe wa borataro, o o yang kwa phuthegong ya Filadelefia, ka gonne leina leo le raya “Lorato lwa Bokaulengwe.” Johane yo o setseng a tsofetse o sa ntse a gakologelwa nako ya fa, dingwaga tse di fetang 60 pele ga moo, Petere a ne a tiisetsa Jesu gararo gore ene, Petere, o ne a rata Morena wa gagwe ka lorato lo logolo. (Johane 21:15-17) A Bakeresete ba Filadelefia, ka bobone, ba bontsha lorato lwa bokaulengwe? Go lebega ba lo bontsha!

2. Filadelefia e ne e le motse wa mofuta ofe, phuthego e e neng e le koo e ne e le ya mofuta ofe, mme Jesu o raya moengele wa phuthego eno a reng?

2 Filadelefia wa motlha wa ga Johane, o o bokgakala jwa dikilometara tse 48 go ya borwabotlhaba jwa Saredisa (koo go leng motse mongwe wa Turkey wa segompieno wa Alasehir), ke motse o o humileng eleruri. Le fa go ntse jalo, se se tshwaegang thata ke go atlega ga phuthego ya Bokeresete koo. A bo ba tshwanetse ba bo ba ne ba amogela ka boitumelo jang ne modiredi yo o neng a ba etela a sena go etela kwa Saredisa! Molaetsa o a o tshotseng o na le kgakololo e e ba kgothatsang. Mme sa ntlha molaetsa ono o tlhalosa ditshwanelego tsa yo o o rometseng, yo o tlotlegang. A re: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Filadelefia o re: Tseno ke dilo tse yo o boitshepo a di buang, yo o boammaaruri, yo o nang le selotlolo sa ga Dafide, yo o bulang gore go se nne le ope yo o tla tswalang, a ba a tswale gore go se nne le ope yo o bulang.”—Tshenolo 3:7.

3. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Jesu a bidiwe yo o “boitshepo,” mme ke ka ntlha yang fa go ka twe o “boammaaruri”?

3 Johane o ne a utlwile Petere a raya monna Jesu Keresete a re: “Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Johane 6:68, 69) E re ka fa go buiwa ka se se boitshepo go tewa se Jehofa Modimo a leng sone tota, Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi le ene o tshwanetse a bo a le “boitshepo.” (Tshenolo 4:8) Gape Jesu o “boammaaruri.” Lefoko la Segerika le le dirisitsweng mono (a·le·thi·nosʹ) le kaya bommatota. Ka kgopolo eno, Jesu ke lesedi la boammaaruri le senkgwe sa boammaaruri se se fologileng se tswa kwa legodimong. (Johane 1:9; 6:32) Ke mofine wa boammaaruri. (Johane 15:1) Gape Jesu o boammaaruri ka tlhaloganyo ya gore o a ikanyega. Ka metlha o bua boammaaruri. (Bona Johane 8:14, 17, 26.) Morwa yono wa Modimo ruri o tshwanelwa ke go direla jaaka Kgosi le Moatlhodi.—Tshenolo 19:11, 16.

“Selotlolo sa ga Dafide”

4, 5. “Selotlolo sa ga Dafide” se ne se amana le kgolagano efe?

4 Jesu o tshotse “selotlolo sa ga Dafide.” Ka go se dirisa, o a ‘bula gore go se nne le ope yo o tla tswalang, a ba a tswale gore go se nne le ope yo o bulang.’ ‘Selotlolo seno sa ga Dafide’ ke eng?

5 Jehofa o ne a dira kgolagano ya bogosi jo bo sa khutleng le Kgosi Dafide wa Iseraele. (Pesalema 89:1-4, 34-37) Ba ntlo ya ga Dafide ba ne ba busa mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa mo Jerusalema go simolola ka 1070 go ya go 607 B.C.E., mme le fa go le jalo katlholo ya Modimo e ne ya diragadiwa mo bogosing joo ka go bo bo ne jwa nna bosula. Ka gone Jehofa o ne a simolola go diragatsa polelelopele ya gagwe e e mo go Esekiele 21:27 e e reng: “Ke tla . . . dira [Jerusalema wa selefatshe] tshenyo, tshenyo, tshenyo. Fa e le ka seno le sone [thobane ya segosi mo losikeng lwa ga Dafide], ruri ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.”

6, 7. “Yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong” o ne a tla bonala leng mme jang?

6 “Yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong” yono o ne a tla bonala leng le gone jang? O ne a tla newa thobane ya bogosi jwa ga Dafide jang?

7 Dingwaga tse di ka nnang 600 moragonyana, setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, e bong lekgarebana la Mojuda Marea, o ne a ithwala ka moya o o boitshepo. Modimo o ne wa roma moengele Gabariele go ya go itsise Marea gore o ne a tla tshola ngwana wa mosimane, yo o neng a tla bidiwa Jesu. Gabariele o ne a oketsa ka go re: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

8. Jesu o itshupile jang gore o tshwanelegela go rua Bogosi jwa ga Dafide?

8 Fa, ka 29 C.E., Jesu a ne a kolobediwa mo Nokeng ya Joredane a ba a tlodiwa ka moya o o boitshepo, o ne a nna Kgosi e e Tlhophilweng ya losika lwa ga Dafide. O ne a baya sekao se sentle thata sa tlhoafalo mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi a ba a laela barutwa ba gagwe go rera ka tsela e e tshwanang. (Mathaio 4:23; 10:7, 11) Jesu o ne a ikokobetsa, a ba a ya go swela mo koteng ya tlhokofatso, ka gone a itshupa a tshwanelega ka botlalo go nna moruaboswa wa bogosi jwa ga Dafide. Jehofa o ne a tsosa Jesu a le moya o o sa sweng a ba a mo tlhatlosetsa go ya go nna kafa letsogong la Gagwe le legolo kwa magodimong. Koo o ne a rua boswa jwa ditshwanelo tsotlhe tsa bogosi jwa ga Dafide. Ka nako e e tshwanetseng Jesu o ne a tla dirisa tshwanelo ya gagwe ya go ‘tsamaya a fenya mo gare ga baba ba gagwe.’—Pesalema 110:1, 2; Bafilipi 2:8, 9; Bahebera 10:13, 14.

9. Jesu o dirisa selotlolo sa ga Dafide jang go bula le go tswala?

9 Pele ga moo Jesu o tla dirisa selotlolo sa ga Dafide, a bula dibaka le ditshiamelo tse di amanang le Bogosi jwa Modimo. Ka Jesu, Jehofa jaanong o tla golola Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng “mo taolong ya lefifi,” a ba fetisetsa mo “bogosing jwa Morwa wa lorato lwa gagwe.” (Bakolosa 1:13, 14) Gape selotlolo seo se tla dirisiwa go tswalela ope yo o ka itshupang a sa ikanyege go ka bona ditshiamelo tseo. (2 Timotheo 2:12, 13) E re ka moruaboswa yono wa bogosi jwa ga Dafide yo o nnetseng ruri a engwe nokeng ke Jehofa, ga go na setshedi sepe se se ka mo thibelang go diragatsa ditiro tseno.—Bapisa Mathaio 28:18-20.

10. Jesu o neela phuthego ya Filadelefia kgothatso efe?

10 Mafoko a ga Jesu a a neng a a bua le Bakeresete ba Filadelefia, ka a tswa mo mothong wa maemo a a kwa godimo jalo a tshwanetse a bo a gomotsa eleruri! O ba akgola ka go re: “Ke itse ditiro tsa gago—bona! ke tlhomile kgoro e e bulegileng fa pele ga gago, e go se nang ope yo o ka e tswalang—gore o na le maatla a mannye, e bile o ne wa boloka lefoko la me wa se ka wa itatola leina la me.” (Tshenolo 3:8) Phuthego eo e ntse e tlhagafetse, e bile e ne e bulegetswe ke kgoro—kwantle ga pelaelo e le kgoro ya go bona sebaka sa go tsena mo bodireding. (Bapisa 1 Bakorintha 16:9; 2 Bakorintha 2:12.) Jalo, Jesu o kgothaletsa phuthego eo go dirisa ka botlalo sebaka sa go rera. Ba itshokile ba bile ba bontshitse gore ba na le maatla a a lekaneng, ka thuso ya moya wa Modimo, a go tswelela ba dira “ditiro” tse dingwe mo tirelong ya ga Jehofa. (2 Bakorintha 12:10; Sekarea 4:6) Ba utlwile ditaolo tsa ga Jesu e bile ga ba itatola Keresete, e kane e le ka lefoko kana ka tiro.

“Ba Tla go Ikobela”

11. Jesu o solofetsa Bakeresete tshegofatso efe, mme seno se ne sa bonwa ka tsela efe?

11 Ka gone he, Jesu o ba solofetsa gore go tla nna le maungo: “Bona! Ke tla naya ba ba mo sinagogeng ya ga Satane ba ba reng ke Bajuda, mme e se bone mme ba aka—bona! ke tla dira gore ba tle mme ba obame fa pele ga dinao tsa gago ke ba ke dira gore ba itse gore ke go ratile.” (Tshenolo 3:9) Gongwe, jaaka kwa Semerena, phuthego eno e ne e tliseditswe mathata ke Bajuda ba lefelo leo. Jesu o bitsa bano ‘sinagoge ya ga Satane.’ Le fa go le jalo, go botoka ka gore bangwe ba Bajuda bao ba tloga ba lemoga gore seo Bakeresete ba ntseng ba se rera kaga Jesu ke boammaaruri. Go ‘obama’ ga bone go ka nna ga nna ga mofuta o o tlhalosiwang ke Paulo mo go 1 Bakorintha 14:24, 25, mo e leng gore ba ikotlhaya ka boammaaruri ba bo ba nna Bakeresete, ba anaanela ka botlalo lorato lo logolo lwa ga Jesu lwa gore a bo a ntshetse barutwa ba gagwe botshelo jwa gagwe.—Johane 15:12, 13.

12. Ke ka ntlha yang fa maloko a phuthego ya Bajuda mo Filadelefia ba ne ba ka gakgamadiwa ke go utlwa gore bangwe ba bone ba ne ba tla ‘obama fa pele ga’ Bakeresete ba lefelo leo?

12 Maloko a sinagoge ya Bajuda mo Filadelefia ba ka nna ba gakgamadiwa ke go utlwa gore bangwe ba bone ba ne ba tshwanetse go ‘obama fa pele ga’ Bakeresete ba lefelo leo. Ka go bo kwantle ga pelaelo go na le batho ba e seng Bajuda ba le bantsi mo phuthegong eo, ba ne ba lebeletse gore go diragale se se fapaaneng le seo. Ka ntlha yang? Ka gonne Isaia o ne a boleletse pele go re: “Dikgosi [tsa ba e seng Bajuda] di tla nna batlhokomedi ba gago [batho ba Iseraele], le bahumagadi ba tsone ba tla nna basadi ba ba go tlhokomelang. Ba tla go ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe.” (Isaia 49:23; 45:14; 60:14) Ka mokgwa o o tshwanang, Sekarea o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome [ba e seng Bajuda] ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Ee, batho ba e seng Bajuda ba ne ba tshwanetse go wela fa pele ga Bajuda, e seng se se fapaaneng le seo!

13. Bajuda ba dipolelelopele tse di neng tsa bolelelwa Iseraele wa bogologolo di neng di tla diragadiwa mo go bone e ne e le bomang?

13 Dipolelelopele tseo di ne di bolelelwa setšhaba se se itlhophetsweng ke Modimo. Fa di ne di bolelwa, Iseraele wa senama o ne a le mo boemong joo jo bo tlotlegang. Mme fa Bajuda ba ne ba gana Mesia, Jehofa o ne a ba latlha. (Mathaio 15:3-9; 21:42, 43; Luke 12:32; Johane 1:10, 11) Ka Pentekosete ya 33 C.E., o ne a tlhopha mo boemong jwa bone Iseraele wa boammaaruri wa Modimo, phuthego ya Bokeresete. Maloko a yone ke Bajuda ba semoya ba ba rupileng ka go rupa ga boammaaruri ga pelo. (Ditiro 2:1-4, 41, 42; Baroma 2:28, 29; Bagalatia 6:16) Morago ga moo, tsela e le yosi fela e Bajuda ba senama ba neng ba ka boela mo botsalanong jo bo siameng le Jehofa ka yone e ne e tla nna ka go dumela mo go Jesu jaaka Mesia. (Mathaio 23:37-39) Ka phepafalo, seno se ne se tloga se diragalela batho bangwe mo Filadelefia.a

14. Isaia 49:23 le Sekarea 8:23 e nnile le tiragatso ya botlhokwa jang mo motlheng wa segompieno?

14 Mo metlheng ya segompieno, dipolelelopele tse di tshwanang le Isaia 49:23 le Sekarea 8:23 di nnile le tiragatso ya botlhokwa tota. Ka ntlha ya go rera ga ba setlhopha sa Johane, batho ba ile ba tsena ka kgoro e e bulegileng ka bontsintsi mo tirelong ya Bogosi.b Bontsi jwa bano ba dule mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse ditumelo tsa tsone ka go aka di iphakang gore ke Iseraele wa semoya. (Bapisa Baroma 9:6.) Bano, jaaka boidiidi jo bogolo, ba tlhatswa dikobo tsa bone ba bo ba di sweufatsa ka go bontsha tumelo mo mading a setlhabelo sa ga Jesu. (Tshenolo 7:9, 10, 14) Ka go bo ba obamela puso ya Bogosi jwa ga Keresete, ba lebeletse go bona masego a jone mono lefatsheng. Ba tla kwa go bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ba bo ba ‘obama fa pele’ ga bone, fa re bua ka tsela ya semoya, ka gonne ‘ba utlwile gore Modimo o na le bone.’ Ba direla batlodiwa bano, bao ba utlwanang nabo mo botsalanong jwa lefatshe ka bophara jwa bakaulengwe.—Mathaio 25:34-40; 1 Petere 5:9.

‘Nako ya Teko’

15. (a) Jesu o ne a solofetsa Bakeresete ba Filadelefia eng, mme ba ne ba kgothalediwa go dira eng? (b) Bakeresete ba ne ba lebeletse go amogela “serwalo” sefe?

15 Jesu o tswelela ka go re: “Ka gonne o ne wa boloka lefoko kaga boitshoko jwa me, le nna ke tla go boloka mo nakong ya teko, e e tla tlelang lefatshe lotlhe le le nang le banni, go leka ba ba nnang mo lefatsheng. Ke tla ka bonako. Nna o ngangatlele se o nang le sone, gore ope a se ka a tsaya serwalo sa gago.” (Tshenolo 3:10, 11) Le mororo Bakeresete ba motlha wa ga Johane ba ne ba tla bo ba sa tshele fa letsatsi ja Morena le simologa (le le simologileng ka 1914), go tshepa ga bone gore Jesu o ne a tla go ne go tla ba fa maatla a go tswelela ba rera. (Tshenolo 1:10; 2 Timotheo 4:2) “Serwalo,” kana mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng, o ne o ba letetse kwa legodimong. (Jakobe 1:12; Tshenolo 11:18) Fa ba ne ba ikanyega go ya losong, go ne go se na ope yo o neng a ka ba amoga tuelo eo.—Tshenolo 2:10.

16, 17. (a) ‘Nako ya teko, e e tla tlelang lefatshe lotlhe’ ke efe? (b) Seemo sa batlodiwa e ne e le sefe kwa tshimologong ya ‘nako ya teko’?

16 Le fa go le jalo, ‘nako ya teko’ ke eng? Kwantle ga pelaelo, Bakeresete bao ba Asia ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela pogiso e nngwe e e setlhogo ya mmuso wa Roma.c Le fa go le jalo, tiragatso e kgolo ke ya motlha wa go fefera le wa go atlhola oo labofelo o neng wa tla ka letsatsi la Morena, o ya setlhoweng sa one ka 1918 go ya pele. Teko eo e ne e le ya go tlhomamisa fa e le gore a motho ke wa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo kana wa lefatshe la ga Satane. E tla tsaya lobaka lo lokhutshwane, ‘ura,’ mme ga e ise e fele. Go fitlhelela e fela, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore re tshela mo ‘nakong ya teko.’—Luke 21:34-36.

17 Ka 1918 setlhopha sa Johane sa Bakeresete ba ba tloditsweng—fela jaaka phuthego e e neng e tiile ya Filadelefia—ba ne ba tshwanelwa ke go lebana le kganetso ya ‘sinagoge ya ga Satane’ ya motlha wa segompieno. Baeteledipele ba bodumedi ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, bao ba neng ba iphaka gore ke Bajuda ba semoya, ka boferefere ba ne ba loga maano a gore babusi ba gatelele Bakeresete ba boammaaruri. Le fa go le jalo, Bakeresete bano ba ne ba leka ka natla go ‘boloka lefoko kaga boitshoko jwa ga Jesu’; jalo he, ka thuso ya semoya, e bong “maatla a mannye” e e neng e le ya botlhokwa, ba ne ba tshwarelela mme ba tlhotlheletsega go tsena ka kgoro e jaanong e neng e ba bulegetse. Ka tsela efe?

“Kgoro e e Bulegileng”

18. Jesu o ne a tlhoma mang mo tirong efe ka 1919, mme yo o tlhomilweng o ne a tshwana le modiredi yo o ikanyegang wa ga Hesekia jang?

18 Ka 1919 Jesu o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe a ba a amogela setlhopha se sebotlana sa Bakeresete ba mmatota ba ba tloditsweng gore e nne “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” wa gagwe. (Mathaio 24:45-47) Bano ba ne ba nna le tshiamelo e e tshwanang le e e neng e ipelelwa ke modiredi yo o ikanyegang Eliakime mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia.d Jehofa o ne a bua jaana ka Eliakime: “Ke tla baya selotlolo sa ntlo ya ga Dafide mo legetleng la gagwe, mme o tla bula go se na ope yo o tswalang, mme o tla tswala go se na ope yo o bulang.” Eliakiame o ne a sikara maikarabelo a a bokete a ga Hesekia, morwa wa ga Dafide wa segosi. Ka go tshwana gompieno, setlhopha sa ga Johane sa batlodiwa ba sikarisitswe “selotlolo sa ntlo ya ga Dafide” mo go rayang gore ba rwesitswe boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tse di mo lefatsheng tsa Bogosi jwa Bomesia. Jehofa o tlhomamiseditse batlhanka ba gagwe tshiamelo eno, ka go oketsa nonofonyana ya bone go nna maatla a magolo a a lekaneng go dira tiro e kgolo ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 22:20, 22; 40:29.

19. Ba setlhopha sa Johane ba ne ba diragatsa maikarabelo a Jesu a neng a a ba neile ka 1919 jang, mme ka phelelo efe?

19 Go simolola ka 1919 go ya pele, ba masalela a a tloditsweng, ba latela sekao sa ga Jesu, ba ne ba simolola tlhabano e e tlhagafetseng ya go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi gongwe le gongwe. (Mathaio 4:17; Baroma 10:18) Ka lebaka leo, bangwe ba phuthego ya ga Satane ya motlha wa segompieno, e bong dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba ne ba tla kwa masaleleng ano a batlodiwa, ba ikotlhaya ba ba ba ‘ikoba,’ ba amogela bolaodi jwa motlhanka. Le bone ba ne ba direla Jehofa ba le seoposengwe le ba setlhopha sa Johane ba ba setseng ba godile. Seno se ne sa tswelela go fitlhelela palo e e tletseng ya bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng e fitlhelelwa. Morago ga seno, ba “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe” ba “ikobela” motlhanka yo o tloditsweng. (Tshenolo 7:3, 4, 9) Ba motlhanka le ba boidiidi jo bogolo bano ba direla mmogo jaaka letsomane le le lengwe fela la Basupi ba ga Jehofa.

20. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tshwanetse ba nonofa segolo bogolo mo tumelong le go tlhagafala mo tirelong ya Modimo?

20 Basupi ba ga Jehofa gompieno, ba bopagane jaaka Bakeresete ba Filadelefia ka sebofo sa lorato lwa bokaulengwe lwa mmatota, ba lemoga gore tiro ya bone ya go rera e tshwanetse go dirwa ka potlako. Ka bokhutshwane fela jaana, pitlagano e kgolo e tla fedisa lefatshe le le bosula la ga Satane. E kete mongwe le mongwe wa rona ka nako eo o ka fitlhelwa a tiile mo tumelong a bile a tlhagafetse mo tirelong ya Modimo, mo maina a rona a ka sekang a phimolwa mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Jehofa. (Tshenolo 7:14) A re tseyeng ka masisi kgakololo ya ga Jesu e a neng a e naya phuthego ya Filadelefia e le gore re tle re tshwarelele thata mo ditshiamelong tsa rona tsa tirelo mme re bone tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.

Masego a Bafenyi

21. Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno ba ‘bolokile lefoko kaga boitshoko jwa ga Jesu’ jang, mme ke tebelelo efe e ba nang le yone?

21 Ba setlhopha sa Johane gompieno ba ‘bolokile lefoko kaga boitshoko jwa ga Jesu,’ ke gore, ba setse sekao sa gagwe morago ba bile ba itshokile. (Bahebera 12:2, 3; 1 Petere 2:21) Ka gone, ba kgothaditswe fela thata ke mafoko a a latelang a ga Jesu a a neng a a bolelela phuthego ya Filadelefia: “Yo o fenyang—ke tla mo dira pilara mo tempeleng ya Modimo wa me, mme ga a na go tlhola a tswa mo go yone ka gope.”—Tshenolo 3:12a.

22. (a) Tempele ya Modimo wa ga Jesu ke eng? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba fenyang ba nna dipilara mo tempeleng eno jang?

22 A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne ya gore motho e nne pilara mo tempeleng ya ga Jehofa! Kwa Jerusalema wa bogologolo, tempele ya mmatota e ne e le lefelo la konokono le kobamelo ya ga Jehofa e neng e direlwa mo go lone. Mo teng ga tempele, moperesiti yo mogolo o ne a isa madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo, letsatsi le le lengwe mo ngwageng, fa pele ga lesedi le le gakgamatsang le le neng le emela bogone jwa ga Jehofa mo ‘Boitshepong Jwa Maitshepo.’ (Bahebera 9:1-7) Fa Jesu a ne a kolobediwa, go ne ga nna le tempele e nngwe, thulaganyo e kgolo ya semoya, ya sekatempele ya go obamela Jehofa. Boitshepo jwa maitshepo jwa tempele eno bo kwa legodimong, koo Jesu ka nako e e tshwanetseng a neng a bonala “fa pele ga Modimo ka namana.” (Bahebera 9:24) Jesu ke Moperesiti yo Mogolo, mme go ntshiwa setlhabelo se le sengwe fela se se ntshediwang maleo otlhe: madi a a tsholotsweng a motho yo o itekanetseng e bong Jesu. (Bahebera 7:26, 27; 9:25-28; 10:1-5, 12-14) Fa fela ba ntse ba ikanyegile, Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng ba direla jaaka baperesiti ba babotlana mo malapaneng a selefatshe a tempele eno. (1 Petere 2:9) Mme fa ba setse ba fentse, le bone ba tsena mo boitshepong joo jwa maitshepo jwa selegodimo mme ba nne batshegetsi ba ba sa tshikhinyegeng, ba tshwana le dipilara tsa thulaganyo ya sekatempele ya kobamelo. (Bahebera 10:19; Tshenolo 20:6) Ga go na kotsi ya gore ba ka ‘tlhola ba tswa mo go yone ka gope.’

23. (a) Morago Jesu o solofetsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba fenyang eng? (b) Go kwalwa ga leina la ga Jehofa le leina la Jerusalema yo mosha mo bafenying ba Bakeresete go felela ka eng?

23 Jesu o a tswelela, a re: “Ke tla kwala mo go ene leina la Modimo wa me le leina la motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, le leina le lesha leo la me.” (Tshenolo 3:12b) Ee, bafenyi bano ba kwadilwe leina la ga Jehofa—Modimo wa bone le Modimo wa ga Jesu. Seno se bontsha ka phepafalo gore Jehofa le Jesu ke batho ba babedi ba ba farologaneng mme eseng dikarolo tse pedi tsa Modimo o moraro, kana Tharonngwe. (Johane 14:28; 20:17) Lobopo lotlhe lo tshwanetse go lemoga gore batlodiwa bano ke ba ga Jehofa. Ke basupi ba gagwe. Gape ba kwadilwe leina la Jerusalema o mosha, motse wa selegodimo o o fologang o tswa kwa legodimong ka tlhaloganyo ya gore o atolosetsa puso ya one e e molemo mo bathong botlhe ba ba ikanyegang. (Tshenolo 21:9-14) Bakeresete botlhe ba dinku ba ba mo lefatsheng le bone ka gone ba tla itse gore bafenyi bano ba ba tloditsweng ke baagi ba Bogosi jwa Jerusalema wa selegodimo.—Pesalema 87:5, 6; Mathaio 25:33, 34; Bafilipi 3:20; Bahebera 12:22.

24. Ke eng se se emelwang ke leina le lesha la ga Jesu, mme le kwalwa jang mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang?

24 Kwa bokhutlong, bafenyi ba ba tloditsweng ba kwalwa leina le lesha la ga Jesu. Seno se raya tiro e ntšha ya ga Jesu le ditshiamelo tsa mofuta wa tsone fela tse a di neetsweng ke Jehofa. (Bafilipi 2:9-11; Tshenolo 19:12) Ga go na ope yo mongwe yo o itseng leina leo, ka kgopolo ya gore ga go na ope o sele yo o nang le maitemogelo ao kana yo o neelwang ditshiamelo tseo. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a kwala leina la gagwe mo go bomorwarraagwe ba ba ikanyegang, ba nna le botsalano jo bo kitlanyeng le ene mo sebakeng seo sa selegodimo ba bo ba kopanele le ene mo ditshiamelong tsa gagwe. (Luke 22:29, 30) Ga go gakgamatse go bo Jesu a digela molaetsa wa gagwe o o yang kwa batlodiweng bano ka go boeletsa kgothatso e e reng: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.”—Tshenolo 3:13.

25. Mokeresete mongwe le mongwe gompieno o ka dirisa molaomotheo wa kgakololo e Jesu a e neetseng phuthego ya Filadelefia jang?

25 A bo molaetsa oo o tshwanetse wa bo o ne wa nna kgothatso e e molemo jang ne mo Bakereseteng ba ba ikanyegang ba Filadelefia! Mme ruri o na le thuto e kgolo mo go ba setlhopha sa Johane gompieno, mo letsatsing la Morena. Mme melaometheo ya one e botlhokwa mo Mokereseteng mongwe le mongwe, ekane e le wa batlodiwa kana wa ba dinku di sele. (Johane 10:16) Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle go nna a ungwa maungo a Bogosi fela jaaka Bakeresete bao ba Filadelefia ba ne ba dira. Go botoka ka rotlhe re na le maatla a mannye. Rotlhe re ka kgona go dira sengwe mo tirelong ya ga Jehofa. A re diriseng maatla ano! Mabapi le ditshiamelo tse di okeditsweng tsa Bogosi, a re nneng re thantse gore re kgone go tsena ka kgoro epe fela e e re bulegelang. E bile re ka rapelela gore Jehofa a re bulele kgoro ya go nna jalo. (Bakolosa 4:2, 3) Jaaka re latela sekao sa bopelotelele jwa ga Jesu re ba re itshupa re tshelela leina la gagwe, re tla bontsha gore le rona gape, re na le ‘tsebe e e utlwang se moya o o boitshepo wa Modimo o se buang le diphuthego.’

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka nako ya ga Paulo, Sosethenese, e bong mogolwane wa phuthego ya Bajuda kwa Korintha, o ne a nna mokaulengwe wa Mokeresete.—Ditiro 18:17; 1 Bakorintha 1:1.

b Makasine wa Tora ya Tebelo, o o gatisiwang ke setlhopha sa Johane, o ntse o tsweletse ka go bontsha gore go potlakile go dirisa sebaka seno le go kopanela ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng mo tirong ya go rera; ka sekai, bona ditlhogo tse di reng “A Tsotlhe di Galaletse Jehofa” le “Modumo wa Bone o Tswetse mo Lefatsheng Lotlhe” mo makasineng wa January 1, 2004. Mo makasineng wa June 1, 2004, mo setlhogong se se reng “Go Sego ba ba Nayang Modimo Kgalalelo,” go ne ga gatelelwa thata gore go tsenwe ka “kgoro e e bulegileng” mo tirelong ya nako e e tletseng. Go ne go na le tlhora ya babulatsela ba le 1 093 552 ba ba neng ba bega e le babulatsela jalo mo kgweding nngwe ka 2005.

c Cyclopedia ya McClintock and Strong (Bolumo X, tsebe 519) e bega jaana: “Babusi ba ne ba patelesega go leba Bakeresete ka leitlho le le maswe ka ntlha ya batho ba ba neng ba tsosa dikgoberego ba tlhotlhelediwa ke baperesiti ba baheitane, ba ba neng ba tshwenngwa ke go totafala mo gogolo ga tumelo eo, mme Trajan [98-117 C.E.] le ene o ne a tlhotlheletsega go ntsha ditaolo tsa gore go nne go kganelwe thuto e ntšha eo ka iketlo e e neng e fetola batho gore ba ile medimo. Puso ya ga Pliny yo mmotlana yo o neng a le mmusi wa Bithynia [e e neng e bapile le molelwane wa kgaolo ya Roma ya Asia kafa bokone] e ne e tlhakatlhakantswe ke dikgang tse di neng di bakiwa ke go gola ka bonako ga Bokeresete le go galefa ka ntlha ya gone ga baheitane ba kgaolo ya gagwe.”

d Leina Hesekia le raya gore “Jehofa o a Nonotsha.” Bona mokwalo o o kwa tlase wa 2 Dikgosi 16:20, mo go New World Translation Reference Bible.

[Lebokoso mo go tsebe 63]

Go Thusa ba Bantsi go Ikoba

Mo batlodiweng ba ba 144 000 ba ba tla ruang Bogosi jwa selegodimo, go bonala fa masalela a bone, ba setlhopha sa Johane, ba ba leng kwa tlase ga palo ya 9 000 ba ise ba digele tiro ya bone mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ba boidiidi jo bogolo ba oketsegile go nna matshutitshuti a ba ba fetang 6 600 000. (Tshenolo 7:4, 9) Ke eng se se thusitseng mo go lereng koketsego e e kanakana? Dikolo tse di farologaneng tse di tsamaisiwang ke Basupi ba ga Jehofa di thusitse fela thata. Mo go farologaneng thata le dikolo tsa boruti tsa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tse di rutang matlhajana a selefatshe mme di nyenyafatsa Baebele, dikolo tseno tsa Basupi di thusa batho go nna le tumelo e e tiileng mo Lefokong la Modimo. Di bontsha gore le ka dirisiwa jang ka tsela e e molemo gore motho a nne le botshelo jo bo phepa, jwa boitsholo jo bo siameng le go direla Modimo ka boineelo. Lefatshe ka bophara fa e sale ka 1943, phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa e tsamaisa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo Holong ya yone ya Bogosi. Ba le dimilione ba nna teng mo sekolong seno beke nngwe le nngwe, ba latela thulaganyo e le nngwe fela ya thuto ya Baebele.

Fa e sale ka 1959 Basupi ba ga Jehofa gape ba tsamaisitse Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi go thapisa bagolwane ba phuthego le batlhanka ba bodiredi. Mme fa e sale ka 1977, Dikolo tsa Tirelo ya Bobulatsela di thapisitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le makgolo a a diketekete, bao, ka moya wa boammaaruri wa Bafiladelefia, ba direlang Jehofa ka nako e e tletseng mo tirong ya go rera. Ka 1987 go ne ga simololwa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi go thapisetsa Basupi ba banna dikabelo tse di kgethegileng mo tshimong ya lefatshe lotlhe.

Se se tlhomologileng mo dikolong tse di tsamaisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e nnile Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Fa e sale ka 1943 sekolo seno sa barongwa, se se kwa New York State, se ile sa alosa ditlhopha tse pedi tsa baithuti mo e ka nnang mo ngwageng nngwe le nngwe. Fa go sobokanngwa, se thapiseditse badiredi ba ga Jehofa ba feta 7 000 go ya tirelong ya borongwa kwa mafatsheng a sele. Dialogane tsa sekolo seno di diretse kwa mafatsheng a a fetang lekgolo, koo ba kgonneng go thusa thata mo go simololeng tiro ya Bogosi mo go a le mantsi. Morago ga dingwaga tse di ka nnang 60, bontsi jwa barongwa ba ntlha ba sa ntse ba le mo tirelong, ba kopanetse le barongwa ba basha mo go tswelediseng koketsego ya lefatshe ka bophara ya phuthego ya ga Jehofa. A bo seno e nnile koketsego e kgolo jang ne!

[Tšhate mo go tsebe 64]

Ka 1919 Kgosi e e busang e bong Jesu o ne a bula kgoro ya sebaka sa tirelo ya Bokeresete. Palo e e oketsegang ya Bakeresete ba ba ineetseng ba dirisitse sebaka seo.

Mafatshe a a

Fitlheletsweng Bakeresete ba ba Bareri ba

ka Tiro ya Nnileng le Seabe Nako e e

Ngwaga go Rera mo go Rerenge Tletsengf

1918 14 3 868 591

1928 32 23 988 1 883

1938 52 47 143 4 112

1948 96 230 532 8 994

1958 175 717 088 23 772

1968 200 1 155 826 63 871

1978 205 2 086 698 115 389

1988 212 3 430 926 455 571

1998 233 5 544 059 698 718

2005 235 6 390 022 843 234

[Dintlha tse di kwa tlase]

e Dipalo tse di fa godimo ke dipalogare tsa kgwedi le kgwedi.

f Dipalo tse di fa godimo ke dipalogare tsa kgwedi le kgwedi.

[Tšhate mo go tsebe 65]

Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya bone ka pelo yotlhe. Ela tlhoko, ka sekai, diura tse ba di dirisitseng mo tirong ya go rera le ya go ruta le palo e kgolo ya dithuto tsa Baebele tsa mahala tse ba neng ba di tshwara mo magaeng a batho.

Diura tse di Dirisitsweng Dithuto tsa Baebele

mo go Rereng tse di Tshwerweng

(Tshobokanyo ya Palogare ya Kgwedi

Ngwaga Ngwaga le Ngwaga) (le Kgwedi)

1918 19 116 Ga e a Kwalwa

1928 2 866 164 Ga e a Kwalwa

1938 10 572 086 Ga e a Kwalwa

1948 49 832 205 130 281

1958 110 390 944 508 320

1968 208 666 762 977 503

1978 307 272 262 1 257 084

1988 785 521 697 3 237 160

1998 1 186 666 708 4 302 852

2005 1 278 235 504 6 061 534

[Setshwantsho mo go tsebe 59]

Selotlolo sa kwa Roma sa lekgolo la ntlha la dingwaga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela