LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/1 ts. 9-14
  • Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Tsalwa Sesha’
  • Bana ba Modimo
  • “Iseraele wa Modimo”
  • Kgolagano e Ntšha
  • “Jerusalema o Moša”
  • Jehofa o Tlisa Barwa ba le Bantsi mo Kgalalelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ke Bomang Tota ba ba Bileditsweng go ya Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Iseraele wa Modimo” le “Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/1 ts. 9-14

Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong

“Gonne motse wa rona o kwa legodimong.”—BAFILIPI 3:20.

1. Jehofa o ikaeletse eng se se molemo ka batho bangwe?

BATHO ba ba tsetsweng e le ba senama ba tla busa jaaka dikgosi le baperesiti kwa legodimong, le baengele tota ba busiwa ke bone. (1 Bakorinthe 6:2, 3; Tshenolo 20:6) A bo seo e le boammaaruri jo bo gakgamatsang jang ne! Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ikaeletse gore go diragale, mme o go diragatsa ka Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Ke ka ntlha yang fa Mmopi wa rona a dira selo se se ntseng jalo? Mme go itse seo go tshwanetse ga ama Mokeresete jang gompieno? A re boneng gore Baebele e araba dipotso tseno jang.

2. Johane Mokolobetsi o ne a itsise eng se sesha se Jesu a neng a tla se dira, mme selo seno se sesha se ne se amana le eng?

2 Fa Johane Mokolobetsi a ne a baakanyetsa Jesu tsela, o ne a itsise gore Jesu o ne a tla dira sengwe se sesha. Pego ya re: “[Johane o ne] a rera a re: ‘Morago ga me go tla mongwe yo o nonofileng bogolo go nna, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa tshwanelang go inama ke e hunolola. Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.’” (Mareko 1:7, 8) Ga go na ope yo o neng a kolobeditswe ka moya o o boitshepo pele ga foo. Eno e ne e le thulaganyo e ntšha e e neng e akaretsa moya o o boitshepo, mme e ne e amana le boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo neng bo tla tloga bo senolwa jwa gore a baakanyetse batho go ya go busa kwa legodimong.

‘Go Tsalwa Sesha’

3. Jesu o ne a tlhalosetsa Nikotemo dilo dife tse disha ka ga Bogosi jwa legodimo?

3 Fa Jesu a ne a kopane mo sephiring le Mofarasai mongwe wa maemo a a kwa godimo, o ne a senola tshedimosetso e e oketsegileng ka ga boikaelelo jono jwa Modimo. Mofarasai yoo e bong Nikotemo, o ne a tla go bona Jesu bosigo, mme Jesu o ne a mo raya a re: “Fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Nikotemo, yo o tshwanetseng a bo a ne a ithutile Dikwalo tsa Sehebera ka e le Mofarasai, o ne a itse sengwe kaga boammaaruri jo bo molemo jwa Bogosi jwa Modimo. Buka ya Daniele e ne ya perofesa gore Bogosi bo ne bo tla newa “mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” le “bone baitshepi ba Mogodimodimo.” (Daniele 7:13, 14, 27) Bogosi joo bo ne bo tla “thubaganya bo nyeletsa” magosi otlhe a mangwe bo bo bo ema ka bosakhutleng. (Daniele 2:44) Nikotemo o tshwanetse a bo a ne a akanya gore boperofeti jono bo ne bo tla diragadiwa mo morafeng wa Bajuta; mme Jesu o ne a bolela gore motho o ne a tshwanetse go tsalwa sesha gore a tle a bone Bogosi. Nikotemo o ne a sa tlhaloganye, ka gone Jesu o ne a tswelela pele ka go re: “Fa motho a sa tsalwe [mo metsing le mo moyeng, NW] ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo.”—Johane 3:5.

4. Kamano ya batho ba ba neng ba tsalwa mo moyeng o o boitshepo le Jehofa e ne e tla fetoga jang?

4 Johane Mokolobetsi o ne a buile ka ga go kolobediwa ka moya o o boitshepo. Jaanong, Jesu o oketsa ka gore motho o tshwanetse a tsalwa mo moyeng o o boitshepo gore a tle a tsene mo Bogosing jwa Modimo. Botsalo jono jo bo sa tshwaneng le bope bo dira gore banna le basadi ba ba sa itekanelang ba nne le kamano e e kgethegileng thata le Jehofa Modimo. Ba nna bana ba gagwe ba e seng ba tlholego. Re bala jaana: “Botlhe ba ba mo tshotseng [Jesu], a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.”—Johane 1:12, 13; Baroma 8:15.

Bana ba Modimo

5. Barutwa ba ba ikanyegang ba ne ba kolobediwa leng ka moya o o boitshepo, mme moya o o boitshepo o ne wa dira eng gape ka yone nako eo?

5 Fa Jesu a ne a bua le Nikotemo, moya o o boitshepo o ne o setse o fologetse mo go Jesu, o mo tloletsa gore a tle a buse mo Bogosing jwa Modimo mo isagweng, le gone Modimo o ne a boletse phatlalatsa gore Jesu ke Morwawe. (Mathaio 3:16, 17) Jehofa o ne a tsala bana ba bangwe ba semoya ka Pentekosete ya 33 C.E. Barutwa ba ba ikanyegang ba ba neng ba kokoane mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema ba ne ba kolobediwa ka moya o o boitshepo. Ka nako e e tshwanang, ba ne ba tsalwa sesha mo moyeng o o boitshepo gore ba nne barwa ba Modimo ba semoya. (Ditiro 2:2-4, 38; Baroma 8:15) Mo godimo ga moo, ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo gore ba tle ba bone boswa jwa selegodimo mo isagweng, mme ba ne ba kanwa kwa tshimologong ka moya o o boitshepo e le sengwe se se supang gore tsholofelo eo ya selegodimo ke ya mmatota.—2 Bakorinthe 1:21, 22.

6. Boikaelelo jwa ga Jehofa ke bofe malebana le Bogosi jwa selegodimo, mme ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore batho ba nne le seabe mo go jone?

6 Bano e ne e le batho ba ntlha ba ba sa itekanelang ba ba neng ba tlhophilwe ke Modimo gore ba tsene mo Bogosing. Ke gore, morago ga gore ba swe ba bo ba tsoge ba ne ba tla nna karolo ya phuthego ya Bogosi ya selegodimo e e neng e tla busa batho le baengele. Jehofa o ikaeletse gore a dirise Bogosi jono go itshepisa leina la gagwe le go goletsa bolaodi jwa gagwe mo popong yotlhe. (Mathaio 6:9, 10; Johane 12:28) A bo go tshwanela jang ne gore batho ba nne le seabe mo Bogosing joo! Satane o ne a dirisa batho fa a ne a tsosa kgwetlho ya gagwe ya ntlha kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa bogologolo kwa tshimong ya Edena, mme jaanong Jehofa o ikaeletse gore batho ba nne le seabe mo go arabeng kgwetlho eo. (Genesise 3:1-6; Johane 8:44) Moaposetoloi Petere o ne a kwalela batho ba ba tlhophilweng gore ba buse mo Bogosing joo jaana: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o bileng o re tsaletse go re isa tsholofelong e e tshedileng, ka fa boutlwelong botlhoko jo bogolo jwa one, ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing. Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong.”—1 Petere 1:3, 4.

7. Batho ba ba kolobediwang ka moya o o boitshepo ba nna le kamano efe e e sa tshwaneng le epe le Jesu?

7 E re ka Bakeresete bano ba ba tlhophilweng e ne e le barwa ba Modimo ba e seng ba tlholego, ba ne ba nna bomonnawe Jesu Keresete. (Baroma 8:16, 17; 9:4, 26; Bahebere 2:11) E re ka Jesu a ne a itshupa e le Losika lo lo neng lo solofeditswe Aberahame, Bakeresete bano ba ba tloditsweng ka moya ke karolo e e thusang Losika loo, lo lo neng lo tla tlisa masego mo bathong ba ba nang le tumelo. (Genesise 22:17, 18; Bagalatia 3:16, 26, 29) Ke masego afe? Sebaka sa gore ba rekololwe mo sebeng mme ba letlanngwe le Modimo le go mo direla gone jaanong le ka bosakhutleng. (Mathaio 4:23; 20:28; Johane 3:16, 36; 1 Johane 2:1, 2) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba kaela batho ba ba dipelo di siameng kwa masegong ano ka go supa ka ga morwarraabone wa semoya Jesu Keresete le ka Rraabone yo e seng wa tlholego, Jehofa Modimo.—Ditiro 1:8; Bahebere 13:15.

8. Go “senolwa” ga barwa ba Modimo ba ba tsetsweng ka moya ke eng?

8 Baebele e bua ka go “senolwa” ga barwa bano ba Modimo ba ba tsetsweng ka moya. (Baroma 8:19) Fa ba tsena mo Bogosing e le dikgosi tse di busang mmogo le Jesu, ba nna le seabe mo go senyeng tsamaiso ya dilo ya lefatshe la ga Satane. Morago ga foo, ka dingwaga tse di sekete, ba thusa go neela batho melemo ya setlhabelo sa thekololo mme ka jalo ba thusa lelapa la motho gore le boe le bone boitekanelo jo Adame a bo latlhileng. (2 Bathesalonika 1:8-10; Tshenolo 2:26, 27; 20:6; 22:1, 2) Go senolwa ga bone go akaretsa gotlhe moo. Ke sengwe se popo ya batho ba ba dumelang e se emetseng ka tlhoafalo.

9. Baebele e bitsa setlhopha sa Bakeresete ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ba tloditsweng e reng?

9 Setlhopha sa lefatshe lotlhe sa Bakeresete ba ba tloditsweng ke ‘phuthego ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong.’ (Bahebere 12:23) Ke bone ba solegelwang molemo pele ke setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Gape ke “mmele wa ga Keresete,” se se bontshang gore ba na le kamano e e gaufiufi bone ka bobone gape ba na le kamano e e gaufiufi le Jesu. (1 Bakorinthe 12:27) Paulo o ne a kwala jaana: “Jaaka mmele o ntse mongwe fela, mme o na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, di le mmele o le mongwe fela, le ene Keresete o ntse jalo. Rotlhe re kolobeleditswe mmele o le mongwe fela mo Moweng o le mongwe fela, le fa re le Bajuta kgotsa Bagerika, le fa re le bagolegwi kgotsa [bagololesegi]; rotlhe ra nosiwa Mowa o le mongwe fela.”—1 Bakorinthe 12:12, 13; Baroma 12:5; Baefeso 1:22, 23; 3:6.

“Iseraele wa Modimo”

10, 11. Ke ka ntlha yang fa go ne ga tlhokega Iseraele o mosha mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme morafe ono o mosha o ne o bopiwa ke bomang?

10 Morafe wa senama wa Iseraele e ne e le batho ba ba kgethegileng ba ga Jehofa, ka dingwaga di feta 1 500 pele ga Jesu a tla jaaka Mesia yo o solofeditsweng. Lefa ba ne ba gakololwa kgapetsakgapetsa, morafe ka kakaretso o ne wa se ka wa ikanyega. Fa Jesu a ne a tla, morafe o ne wa mo gana. (Johane 1:11) Ka jalo, Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi a re: “Bogosi jwa Modimo lo tlaa bo tlosediwa, bo tlaa newa morafe o o tla ntshang maungo a [jone, NW].” (Mathaio 21:43) Gore motho a tle a bolokwe go botlhokwa gore a lemoge “morafe o o . . . ntshang maungo a [Bogosi].”

11 Morafe o mosha ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, e e tsetsweng ka Pentekosete ya 33 C.E. Maloko a one a ntlha e ne e le balatedi ba ga Jesu ba Bajuta ba ba neng ba mo amogela jaaka Kgosi ya bone ya selegodimo. (Ditiro 2:5, 32-36) Lefa go ntse jalo, e ne e le maloko a morafe o mosha wa Modimo, e se ka gonne ba tsetswe ke Bajuta, mme e le ka gonne ba dumela mo go Jesu. Ka jalo, Iseraele yono yo mosha wa Modimo e ne e le sengwe se se sa tlwaelegang—morafe wa semoya. Fa bontsi jwa Bajuta bo ne bo gana go amogela Jesu, taletso ya go nna karolo ya morafe o mosha e ne ya isiwa kwa Basamareeng go tswa foo le kwa Baditšhabeng. Morafe o mosha ono o ne wa bidiwa “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16.

12, 13. Go ne ga bonala sentle jang gore Iseraele o mosha e ne e se lekoko fela la Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta?

12 Kwa Iseraele wa bogologolo, fa batho ba e seng Bajuta ba ne ba fetogela mo Bojuteng, ba ne ba tshwanetse go utlwa Molao wa ga Moshe, mme banna ba ne ba tshwanetse go tshwantshetsa seo ka go rupisiwa. (Ekesodo 12:48, 49) Bakeresete bangwe ba Bajuta ba ne ba akanya gore go ne go tshwanetse ga nna jalo le ka batho ba eseng Bajuta ba Iseraele wa Modimo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ikaeletse sengwe se sele. Moya o o boitshepo o ne wa isa moaposetoloi Petere kwa legaeng la Moditšhaba Korenelio. Fa Korenelio le ba lelapa la gabone ba ne ba amogela thero ya ga Petere, ba ne ba amogela moya o o boitshepo—tota le pele ba kolobediwa ka metsi. Seno se ne sa bontsha sentle gore Jehofa o ne a amogetse Baditšhaba bano jaaka maloko a Iseraele wa Modimo lefa a ne a sa laola gore ba utlwe Molao wa ga Moshe.—Ditiro 10:21-48.

13 Bangwe ba batho ba ba neng ba dumetse ba ne ba fitlhela go le thata go amogela seo, mme go ise go ye kae kgang eno yotlhe e ne ya tshwanelwa ke go tlhatlhobiwa ke baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema. Setlhopha seo se e neng e le sone se neelang kaelo se ne sa reetsa bosupi jo bo neng bo bontsha kafa moya o o boitshepo o neng o ntse o dira ka gone mo badumeding ba e seng Bajuta. Patlisiso mo Baebeleng e ne ya bontsha gore seno se ne se diragatsa boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng. (Isaia 55:5; Amose 9:11, 12) Go ne ga dirwa tshwetso e e siameng: Bakeresete ba e neng e se Bajuta ba ne ba sa tlhoke go ineela mo Molaong wa ga Moshe. (Ditiro 15:1, 6-29) Ka jalo, Iseraele wa semoya e ne e le morafe o mosha eleruri eseng lekoko fela la Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta.

14. Fa Jakobe a bitsa phuthego ya Bokeresete a re ke “ditšhaba tse di 12, tse e leng tsa Phaladi” seo se kaya eng?

14 Go dumalana le seno, fa morutwa Jakobe a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a lebisa lekwalo la gagwe go “ditšhaba tse di 12, tse e leng tsa Phaladi.” (Jakobe 1:1; Tshenolo 7:3-8) Gone ke boammaaruri, baagi ba Iseraele o mosha ba ne ba sa kgaoganngwa ka ditso tse di rileng. Go ne go sena kgaogano epe ya ditso tse 12 tse di ikemetseng mo Iseraele wa semoya jaaka go ne go ntse kwa Iseraele wa senama. Lefa go ntse jalo, mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Jakobe a bontsha gore mo matlhong a ga Jehofa, Iseraele wa Modimo o ne o tseetse sebaka ditso tse 12 tsa Iseraele wa tlholego gotlhelele. Fa Moiseraele wa tlholego a ne a nna karolo ya morafe o mosha, losika lwa gagwe lwa senama—lefa a ne a le wa lotso lwa Juta kana lwa Lefi—lo ne lo sa kaye sepe.—Bagalatia 3:28; Bafilipi 3:5, 6.

Kgolagano e Ntšha

15, 16. (a) Jehofa o leba maloko a e seng Bajuta a Iseraele wa Modimo jang? (b) Iseraele o mosha o ne a tlhomiwa ka ntlha ya lebaka lefe la molao?

15 Mo matlhong a ga Jehofa, maloko a morafe ono o mosha a e seng Baiseraele, ke Bajuta ba ba feletseng ba semoya! Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Yo o leng Mojuta ka bokafantle fela, e be e se ene; le go rupa mo go leng ka fa ntle, e bong mo nameng fela, e be e se gone. Mojuta tota ke yo e leng ene mo teng; le go rupa ke ga pelo, mo go emeng mo moweng, e seng mo ditlhakeng tsa lokwalo; yo ke ene [pako] ya gagwe e sa tsweng mo bathong, mme e tswa mo Modimong.” (Baroma 2:28, 29) Baditšhaba ba le bantsi ba ne ba amogela taletso ya gore ba nne karolo ya Iseraele wa Modimo, mme tiragalo eno e ne ya diragatsa boperofeti jwa Baebele. Ka sekai, moperofeti Hosea o ne a kwala jaana: “Ke tlaa utlwela botlhoko ene yo o se kang a bona boutlwelobotlhoko; ke tlaa raya bone ba e neng e se batho ba me, ke re: ‘Lo batho ba me’; le bone ba tlaa re: ‘O Modimo wa rona.’”—Hosea 2:23; Baroma 11:25, 26.

16 Fa e le gore Baiseraele ba semoya ba ne ba se mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe, ba ne ba nna karolo ya morafe o mosha ka mabaka afe? Jehofa o ne a dira kgolagano e ntšha le morafe ono wa semoya a dirisa Jesu. (Bahebere 9:15) Fa Jesu a ne a simolodisa Segopotso sa loso lwa gagwe, ka Nisane 14, 33 C.E., o ne a fetisetsa senkgwe le beine kwa baaposetoloing ba ba ikanyegang ba ba 11 mme a bolela gore beine e ne e tshwantshetsa ‘madi a kgolagano.’ (Mathaio 26:28; Jeremia 31:31-34) Jaaka pego ya ga Luke e anela, Jesu o ne a re senwelo sa beine se ne se tshwantshetsa “kgolagano e ntšha.” (Luke 22:20) Go diragatsa mafoko a ga Jesu, fa moya o o boitshepo o ne o goromediwa ka Pentekosete, go bo go tsalwa Iseraele wa Modimo, Bogosi bo ne jwa tlosiwa mo Iseraele wa senama mme jwa neelwa morafe o mosha, wa semoya. Morafe o mosha ono jaanong e ne e le motlhanka wa ga Jehofa mo boemong jwa Iseraele wa senama, o bopilwe ka basupi ba gagwe.—Isaia 43:10, 11.

“Jerusalema o Moša”

17, 18. Buka ya Tshenolo e neela ditlhaloso dife malebana le kgalalelo e e emetseng Bakeresete ba ba tloditsweng?

17 A bo bao ba nang le tshiamelo ya go nna le seabe mo pitsong ya selegodimo ba emetswe ke kgalalelo jang ne! Mme a bo go itumedisa jang ne go ithuta ka ga dilo tse di gakgamatsang tse di ba emetseng! Buka ya Tshenolo e re neela lesedinyana le le kgatlhang ka ga boswa jwa bone jwa selegodimo. Ka sekai, re bala jaana mo go Tshenolo 4:4: “Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong.” Bagolwane bano ba ba 24 ke Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba tsositsweng mme jaanong ba le mo boemong jwa selegodimo jo Jehofa a bo ba solofeditseng. Dirwalo tsa bone le ditulo tsa bone tsa bogosi di re gakolola gore ke dikgosi. Akanya gape ka tshiamelo ya bone e kgolo thata ya go direla mo tikologong ya setulo sa ga Jehofa sa bogosi!

18 Re ba gaodisa gape mo go Tshenolo 14:1: “Ka leba, mme bonang, Kwana a bo a eme mo thabeng ya Sione, a na le batho ba le 144 000, ba ba kwadilweng leina la gagwe, le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” Fano re bona palo e e lekanyeditsweng ya batlodiwa bano—144-000. Sengwe se se bontshang gore ke dikgosi ke gore ba eme le Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa, “Kwana,” Jesu. Mme ba mo Thabeng ya Sione ya selegodimo. Jerusalema, motse wa segosi wa Iseraele o ne o le mo Thabeng ya Sione ya mo lefatsheng. Thaba ya Sione ya selegodimo e tshwantshetsa maemo a a kwa godimo a ga Jesu le baruaboswa le ene, bao ba bopang Jerusalema wa selegodimo.—2 Ditirafalo 5:2; Pesalema 2:6.

19, 20. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla nna karolo ya phuthego efe ya selegodimo? (b) Jehofa o ne a tlhopha batho ba motse wa bone o neng o tla nna kwa magodimong ka lobaka lo lo kana kang?

19 Go dumalana le seno, batlodiwa fa ba le mo kgalalelong ya bone ya bogosi, le bone ba bidiwa “Jerusalema o moša.” (Tshenolo 21:2) Jerusalema wa mo lefatsheng e ne e le “motse wa Kgosi e kgolo” gape tempele e ne e le koo. (Mathaio 5:35) Jerusalema o Mosha wa selegodimo ke phuthego ya segosi ya Bogosi e jaanong Molaodi yo mogolo, Jehofa, le Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng, Jesu, ba busang ka yone mme gape tirelo ya boperesiti e dirwa mo go yone jaaka masego a magolo a ntse a elela go tswa mo setulong sa ga Jehofa sa bogosi gore a fodise batho. (Tshenolo 21:10, 11; 22:1-5) Mo ponatshegelong e nngwe, Johane o utlwa Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba ikanyegang, ba ba tsositsweng ba bidiwa ‘mosadi wa ga Kwana.’ A bo mafoko ano a tshwantsha ka tsela e e kgatlhang jang ne kafa ba tla bong ba le gaufi thata le Jesu ka teng le kafa ba iketleeditseng ka gone go mo ikobela! A ko o akanye fela ka boitumelo jwa kwa legodimong fa wa bofelo mo go bone kgabagare a amogela tuelo ya gagwe ya selegodimo. Jaanong, kgabagare, “nyalo ya Kwana” e ka diragala! Phuthego eo ya segosi ya selegodimo jaanong e tla bo e feletse.—Tshenolo 19:6-8.

20 Ee, masego a a molemolemo a santse a tla bonwa ke bao moaposetoloi Paulo a neng a bolela jaana ka bone: “Gonne motse wa rona o kwa legodimong.” (Bafilipi 3:20) Mo e ka nnang ka dingwaga di ka tshwara dikete tse pedi, Jehofa o ntse a tlhaola bana ba gagwe ba semoya a ba baakanyetsa boswa jwa selegodimo. Go ya ka bosupi jotlhe, tiro eno ya go tlhaola le go baakanya e setse e tloga e wela. Mme go ne go santse go tla tla mo go oketsegileng, jaaka Johane a ne a senolelwa mo ponatshegelong e go kwadilweng ka yone mo go Tshenolo kgaolo 7. Jaanong he, setlhopha se sengwe sa Bakeresete se batla gore re se ele tlhoko, mme re tla tlotla ka setlhopha seno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

◻ Moya o dira ditiro dife tse di farologaneng mo bathong ba ba tla ruang boswa jwa selegodimo?

◻ Batlodiwa ba na le kamano efe e e gaufiufi le Jehofa? le Jesu?

◻ Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e tlhalosiwa jang mo Baebeleng?

◻ Iseraele wa Modimo o ne a tlhomiwa mo motheong wa lebaka lefe la molao?

◻ Bakeresete ba ba tloditsweng ba emetswe ke ditshiamelo dife tsa selegodimo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go ne ga tsaya lobaka lo e batlileng e le dingwaga di le dikete tse pedi Jehofa a ntse a tlhopha batho ba ba neng ba tla busa mo Bogosing jwa selegodimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela