Jehofa o Tlisa Barwa ba le Bantsi mo Kgalalelong
“Go ne go tshwanela gore [Modimo], ka go tlisa barwa ba le bantsi mo kgalalelong, o itekanedise Moemedi yo Mogolo wa poloko ya bone ka dipogo.”—BAHEBERA 2:10.
1. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho bo tla diragadiwa?
JEHOFA o ne a bopa lefatshe gore e nne legae le le tla nnelang ruri la batho ba ba itekanetseng gore ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng. (Moreri 1:4; Isaia 45:12, 18) Ke boammaaruri gore rraaronamogolo Adame o ne a leofa mme ka gone a fetisetsa boleo le loso mo baneng ba gagwe. Mme boikaelelo jwa Modimo ka batho bo tla diragadiwa mo Losikeng lwa gagwe lo lo Solofeditsweng, Jesu Keresete. (Genesise 3:15; 22:18; Baroma 5:12-21; Bagalatia 3:16) Go rata lefatshe la batho go ne ga tlhotlheletsa Jehofa go ntsha “Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Mme lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) ‘Thekololo eno e e lekanang’ e busetsa batho ditshiamelo le ditebelelo tse di latlhilweng ke Adame mme e dira gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 2:5, 6; Johane 17:3.
2. Go dirisiwa ga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo go ne go tshwantshediwa jang mo Letsatsing la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga la Iseraele?
2 Go dirisiwa ga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo go ne go tshwantshediwa ke Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. Mo letsatsing leo, moperesiti yo mogolo wa Iseraele la ntlha o ne a ntsha poo setlhabelo gore e nne setlhabelo sa boleo a bo a kgatsha madi a yone mo Letloleng le le boitshepo mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana, mme morago ga moo a kgatshiwe mo tempeleng. O ne a dira jalo a itirela ka boene, a direla ba lelapa la gagwe le lotso lwa Balefi. Ka mo go tshwanang, Jesu Keresete o ne a isetsa Modimo boleng jwa madi a gagwe gore la ntlha a bipe maleo a ‘barwarraagwe’ ba semoya. (Bahebera 2:12; 10:19-22; Lefitiko 16:6, 11-14) Mo Letsatsing la Tetlanyo, gape moperesiti yo mogolo o ne a ntsha podi setlhabelo gore e nne setlhabelo sa boleo a bo a kgatsha madi a yone mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo, ka go dira jalo a letlanya maleo a ditso tse 12 tsa Baiseraele ba e neng e se baperesiti. Ka mo go tshwanang, Moperesiti yo Mogolo Jesu Keresete o tla dirisa madi a gagwe a botshelo mo bathong ba ba nang le tumelo, a phimola maleo a bone.—Lefitiko 16:15.
Ba Tlisiwa mo Kgalalelong
3. Go ya ka Bahebera 2:9, 10, ke eng se Modimo a ntseng a se dira mo dingwageng tse 1900?
3 Ka dingwaga tse 1900, Modimo o ntse a direla ‘barwarraagwe’ Jesu sengwe se se molemolemo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le seno: “Re bona Jesu, yo o dirilweng yo o kwa tlase go le gonnye mo baengeleng, a rwesitswe serwalo sa kgalalelo le tlotlo ka go bo a bogile loso, gore ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo a tle a utlwele motho mongwe le mongwe loso. Gonne go ne go tshwanela gore [Jehofa Modimo] o dilo tsotlhe di leng gone ka ntlha ya one le o dilo tsotlhe di leng gone ka one, ka go tlisa barwa ba le bantsi mo kgalalelong, o itekanedise Moemedi yo Mogolo wa poloko ya bone ka dipogo.” (Bahebera 2:9, 10) Moemedi yo Mogolo wa poloko ke Jesu Keresete, yo o neng a ithuta go nna kutlo ka botlalo ka dilo tse a di bogileng fa a ne a tshela e le motho mo lefatsheng. (Bahebera 5:7-10) Jesu ke ene wa ntlha go tsalwa go nna morwa Modimo wa semoya.
4. Jesu o ne a tsalwa e le Morwa Modimo wa semoya leng le gone jang?
4 Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang, go tsala Jesu go nna Morwawe wa semoya, gore a mo tlise mo kgalalelong ya legodimo. Fa Jesu a ne a na le Johane Mokolobetsi fela, o ne a inwa gotlhelele mo metsing go supa gore o inaya Modimo. Pego ya Efangele ya ga Luke e bolela jaana: “E rile batho botlhe ba kolobediwa, Jesu le ene a kolobediwa mme, ya re a ntse a rapela, legodimo la bulwa mme moya o o boitshepo o le mo popegong ya mmele o o tshwanang le wa lephoi wa fologela mo go ene, mme lentswe la tswa kwa legodimong la re: ‘O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.’” (Luke 3:21, 22) Johane o ne a bona moya o o boitshepo o tla mo go Jesu mme a utlwa Jehofa a bua phatlalatsa gore o a mo amogela go nna Morwawe yo o rategang. Ka nako eo le ka moya o o boitshepo, Jehofa o ne a tsala Jesu go nna wa ntlha wa ‘barwa ba le bantsi ba ba tlisiwang mo kgalalelong.’
5. Ke bomang ba e leng ba ntlha go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu, mme palo ya bone e kae?
5 ‘Barwarraagwe’ Jesu ke bone ba ntlha go solegelwa molemo ke setlhabelo sa gagwe. (Bahebera 2:12-18) Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a ba bona ba setse ba le mo kgalalelong mo Thabeng ya Sione ya legodimo ba na le Kwana, Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng. Gape Johane o ne a bua palo ya bone, a re: “Mme ka bona, mme, bona! Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone. . . . Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana, mme ga go na kako epe e e neng ya fitlhelwa mo melomong ya bone; ga ba na setshubaba.” (Tshenolo 14:1-5) Ka jalo ‘barwa ba le bantsi ba ba tlisitsweng mo kgalalelong’ kwa legodimong palogotlhe ya bone ke 144 001 fela—Jesu le barwarraagwe ba semoya.
“Yo o Tsetsweng ke Modimo”
6, 7. Ke bomang ba ba “tsetsweng ke Modimo,” mme seo se bolela eng mo go bone?
6 Ba rraabone e leng Jehofa ba ‘tsetswe ke Modimo.’ Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana fa a ne a bua le batho bano: “Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a tswelele a dira boleo, ka gonne peo ya One [Jehofa] ya tsalo e ntse mo go yo o ntseng jalo, mme ga a ka ke a dira boleo e le tlwaelo, ka gonne o tsetswe ke Modimo.” (1 Johane 3:9) ‘Peo eno ya tsalo’ ke moya o o boitshepo wa Modimo. Ka go dira go dumalana le lefoko la gagwe, o dirile gore mongwe le mongwe wa ba ba 144 000 ‘a tsholwe sesha’ mo tsholofelong ya selegodimo.—1 Petere 1:3-5, 23.
7 Jesu e ne e le Morwa Modimo le fa a ile a tsholwa ke motho, fela jaaka monna yo o neng a itekanetse Adame e ne e le “morwa Modimo.” (Luke 1:35; 3:38) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a sena go kolobediwa, go ne go le botlhokwa go bo Jehofa a boletse jaana: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” (Mareko 1:11) Ka mafoko ano a a neng a patagane le go tshologelwa ke moya o o boitshepo, go ne go phepafetse gore ka nako eo Modimo o ne a tlisa Jesu gape go nna Morwawe wa semoya. Morago ga moo Jesu o ne a ‘tsholwa sesha,’ jaaka go ka tualo, a nna le tshwanelo ya go amogela botshelo gape e le Morwa wa Modimo wa semoya kwa legodimong. Jaaka ene, barwarraagwe ba semoya ba le 144 000 ba ‘tsalwa sesha.’ (Johane 3:1-8; bona Tora ya Tebelo, November 15, 1992, ditsebe 3-6.) Le bone fela jaaka Jesu, ba tlodiwa ke Modimo ba bo ba laelwa go bolela dikgang tse di molemo.—Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-21; 1 Johane 2:20.
Bosupi Jwa go Tsalwa
8. Go na le bosupi bofe jwa go tsalwa ka moya jo bo neng bo le teng mo kgannyeng ya (a) ga Jesu (b)barutwa ba gagwe ba bogologolo?
8 Go ne go na le bosupi jwa gore Jesu o ne a tsalwa ka moya. Johane Mokolobetsi o ne a bona moya o fologela mo go Jesu a bo a utlwa Modimo a bolela fa Mesia yo o neng a sa tswa go tlodiwa yono e le morwa wa semoya. Mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla itse jang gore ba tsetswe ka moya? Ebu, mo letsatsing le Jesu a neng a tlhatlogela kwa legodimong ka lone, o ne a re: “Johane, eleruri, o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tla kolobediwa mo moyeng o o boitshepo malatsi a se mantsi morago ga seno.” (Ditiro 1:5) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba “kolobediwa mo moyeng o o boitshepo” mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E. Go tshololelwa ga moya ono go ne ga utlwala go na le “modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang” le “diteme tse e keteng tsa molelo” mo godimo ga mongwe le mongwe wa barutwa. Se se neng se gakgamatsa thata e ne e le gore barutwa ba ne ba kgona “go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.” Ka jalo go ne go na le bosupi jo bo bonalang le jo bo utlwalang jwa gore balatedi ba ga Keresete ba ne ba bulegetswe ke tsela e e isang kwa kgalalelong ya selegodimo ya go nna barwa ba Modimo.—Ditiro 2:1-4, 14-21; Joele 2:28, 29.
9. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Basamaria, Korenelio le ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba tsalwa ka moya?
9 Ka nako nngwe moragonyana, Filipo wa moefangele o ne a rera kwa Samaria. Le mororo Basamaria ba ne ba amogela molaetsa wa gagwe ba bo ba kolobediwa, ba ne ba se na bosupi jwa gore Modimo o ba dirile go nna bomorwawe. Fa moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane ba ne ba rapela le go baya badumedi bao diatla, ba ne “ba simolola go amogela moya o o boitshepo” ka tsela e e neng e bonwa ke babogedi. (Ditiro 8:4-25) Seno e ne e le bosupi jwa gore badumedi bano ba Basamaria ba ne ba tsetswe ka moya go nna barwa ba Modimo. Ka mo go tshwanang, ka 36 C.E., Korenelio le Baditšhaba ba bangwe ba ne ba amogela boammaaruri jwa Modimo. Petere le badumedi ba Bajuda ba ba neng ba tsamaya le ene “ba ne ba maketse, ka gonne mpho ya mahala ya moya o o boitshepo e ne e tshololelwa le mo bathong ba merafe. Gonne ba ne ba ba utlwa ba bua ka diteme e bile ba godisa Modimo.” (Ditiro 10:44-48) Bakeresete ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela “dimpho tsa moya,” tse di jaaka go bua ka diteme. (1 Bakorintha 14:12, 32) Ka gone batho bano ba ne ba na le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ba ne ba tsetswe ka moya. Mme Bakeresete ba moragonyana ba ne ba tla itse jang gore ba tsetswe ka moya kana gore ga ba a tsalwa ka one?
Bosupi Jwa Moya
10, 11. Malebana le Baroma 8:15-17, o ka re moya o supela jang ba e leng baruaboswammogo le Keresete?
10 Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba ne ba na le bosupi jo bo tletseng jwa gore ba na le moya wa Modimo. Paulo o ne a kwala jaana malebana le seno: “Lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka barwa, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Fa, he, re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.” (Baroma 8:15-17) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ikutlwa ba na le boikutlo jo bo kgethegileng ka Rraabone wa selegodimo, e leng boikutlo jo bo ba tlhotlheletsang gore ba ikutlwe e le barwa. (Bagalatia 4:6, 7) Ba tlhomamisegile tota gore ba tsetswe ke Modimo go nna barwa ba semoya e le baruaboswammogo le Keresete mo Bogosing jwa legodimo. Mabapi le seno, moya o o boitshepo wa ga Jehofa o na le seabe se segolo thata.
11 Ka ntlha ya tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa Modimo, moya, kana boikutlo jo bo tlhotlheletsang batlodiwa bo ba dira gore ba tsibogele ka tsela e e molemo se Lefoko la Modimo le se bolelang ka tsholofelo ya selegodimo. Ka sekai, fa ba bala se Dikwalo di se bolelang ka bana ba ga Jehofa ba semoya, ka tlholego fela ba lemoga gore mafoko a a ntseng jalo a dira mo go bone. (1 Johane 3:2) Ba itse gore ba ntse ba “kolobediwa mo go Keresete Jesu” le mo losong lwa gagwe. (Baroma 6:3) Ba dumela tota gore ke barwa ba Modimo ba semoya ba ba tla swang le go tsosediwa mo kgalalelong ya selegodimo, fela jaaka Jesu.
12. Moya wa Modimo o dira jang mo Bakereseteng ba ba tloditsweng?
12 Go tsalwa go nna morwa wa semoya ga se keletso e a itirang gore a nne le yone. Batho ba ba tsetsweng ka moya ga ba batle go ya kwa legodimong ka gonne ba tshaba tlalelo ya mathata a gompieno mo lefatsheng. (Jobe 14:1) Go na le moo, moya wa ga Jehofa o tsenya mo batlodiweng ba boammaaruri tsholofelo le keletso e o ka se kang wa e fitlhela mo bathong ba bangwe botlhe. Batho ba ba tsetsweng ka tsela e e ntseng jalo ba itse gore botshelo jo bo sa khutleng bo tla bo bo le monate thata fa batho ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise ba na le ba malapa a bone a a itumetseng le ditsala. Le fa go ntse jalo, botshelo jo bo ntseng jalo ga se keletso ya konokono e e mo dipelong tsa bone. Batlodiwa ba na le tsholofelo e e nonofileng thata jaana ya selegodimo mo e bileng ba ithontsha ditebelelo le dilo tse ba di ratang tsotlhe tsa lefatshe ka go rata.—2 Petere 1:13, 14.
13. Go ya ka 2 Bakorintha 5:1-5, ‘keletso e e tlhoafetseng’ ya ga Paulo e ne e le efe, mme seno se supa eng malebana le batho ba ba tsetsweng ka moya?
13 Tsholofelo e ba e neilweng ke Modimo ya botshelo jwa selegodimo e nonofile thata mo go bone mo e bileng maikutlo a bone a a tshwanang le a ga Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Re itse gore fa ntlo ya rona ya selefatshe, tente eno, e ka tlhatlhamololwa, re tla bona kago e e tswang kwa Modimong, ntlo e e sa dirwang ka diatla, e e sa khutleng kwa magodimong. Gonne mo ntlong eno ya bonno eleruri re a fegelwa, re eletsa ka tlhoafalo go apara e e leng ya rona e e tswang legodimong, e le gore, e re tota re e apere, re se ka ra fitlhelwa re sa ikatega. Tota e bile, rona ba re leng mo tenteng eno re a fegelwa, ka re imelwa; ka gonne re batla, e seng go e apola, mme go apara e nngwe, e le gore se se swang se tle se komediwe ke botshelo. Jaanong yo o neng a re tsalela sone selo seno ke Modimo, o o neng wa re naya sesupo sa se se tla tlang, ke gore, moya.” (2 Bakorintha 5:1-5) ‘Keletso e e tlhoafetseng’ ya ga Paulo e ne e le go tsosediwa kwa legodimong go nna sebopiwa sa moya se se sa sweng. Fa a ne a bua ka mmele wa motho, o ne a o tshwantsha le tente e e ka gosomanang, e le bonno jo bo ka senyegang e bile e le jwa nakwana fela fa bo bapisiwa le ntlo. Le mororo Bakeresete ba ba nang le moya o o ba supelang go ya go tshela kwa legodimong ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng ka mmele wa nama, le o o swang, ba lebile pele kwa “kagong e e tswang kwa Modimong,” e leng mmele wa semoya o o sa sweng, o o sa boleng. (1 Bakorintha 15:50-53) Jaaka Paulo, ba ka bua jaana ka tlhoafalo: “Re na le bopelokgale jo bogolo e bile go na le moo re itumelela thata gore re se ka ra nna mo mmeleng [wa motho] mme re dire gore legae la rona [kwa legodimong] le nne mo Moreneng.”—2 Bakorintha 5:8.
Go Tseelwa Kwa Dikgolaganong Tse di Kgethegileng
14. Fa a ne a simolola mokete wa Segopotso, ke kgolagano efe e Jesu a neng a e umaka la ntlha, mme ke eng se e se dirang malebana le Baiseraele ba semoya?
14 Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba tlhomamisegile gore ba tseetswe kwa dikgolaganong tse pedi tse di kgethegileng. Jesu o ne a umaka nngwe ya tsone fa a ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine go simolola Segopotso sa loso lwa gagwe lo lo neng lo tla mme a bua jaana ka senwelo sa beine: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a ruri a tla tshololwang mo boemong jwa lona.” (Luke 22:20; 1 Bakorintha 11:25) Ke bomang ba ba nang le seabe mo kgolaganong e ntšha? Jehofa Modimo le maloko a Iseraele wa semoya—ba Jehofa a ikaelelang go ba tlisa mo kgalalelong ya selegodimo. (Jeremia 31:31-34; Bagalatia 6:15, 16; Bahebera 12:22-24) Kgolagano e ntšha e e dirang ka madi a ga Jesu a a tsholotsweng, e tlhophela Jehofa batho ba leina la gagwe go tswa mo ditšhabeng e bile e dira gore Bakeresete bano ba ba tsetsweng ka moya ba nne karolo ya “peo” ya ga Aborahame. (Bagalatia 3:26-29; Ditiro 15:14) Kgolagano e ntšha e dira gore Baiseraele botlhe ba semoya ba tlisiwe mo kgalalelong ka go tsosediwa mo botshelong jwa bosasweng kwa legodimong. Melemo ya gone e tla nnela ruri e re ka e le “kgolagano ya bosakhutleng.” Re tla bona mo isagweng gore a kgolagano eno le yone e tla nna le seabe ka ditsela dingwe mo pusong ya Dingwaga Tse di Sekete le morago ga yone.—Bahebera 13:20.
15. Go dumalana le Luke 22:28-30, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ne ba simolola go tseelwa mo kgolaganong efe e nngwe, mme gone leng?
15 Mongwe le mongwe wa “barwa ba le bantsi” ba Jehofa a ikaeletseng go ba ‘tlisa mo kgalalelong’ gape o tsentswe mo kgolaganong ya Bogosi jwa legodimo. Malebana le kgolagano eno fa gare ga gagwe le balatedi ba gagwe ba ba gatang mo dikgatong tsa gagwe, Jesu o ne a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 22:28-30) Kgolagano ya Bogosi e ne ya tlhomiwa fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Kgolagano eo e sa ntse e dira fa gare ga ga Keresete le dikgosikaene ka bosakhutleng. (Tshenolo 22:5) Ka gone he, Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba tlhomamisegile gore ba mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi. Ka gone, fa go ketekwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, ke masalela fela a batlodiwa a a sa ntseng a le mo lefatsheng a a jang senkgwe, se se emelang mmele wa ga Jesu o o se nang sebe, le beine, e e tshwantshetsang madi a gagwe a a itekanetseng a a tshologileng fa a swa e bile a tlhomamisa kgolagano e ntšha.—1 Bakorintha 11:23-26; bona Tora ya Tebelo, February 1, 1989, ditsebe 17-20.
Ba Biditswe, ba Tlhophilwe e Bile ba a Ikanyega
16, 17. (a) Gore ba tlisiwe mo kgalalelong, ke eng se ba ba 144 000 ba tshwanetseng go se dira? (b) “Dikgosi tse di lesome” ke bomang, mme di tshwara masalela a a mo lefatsheng a ‘barwarraagwe’ Keresete jang?
16 Go dirisiwa ga ntlha ga setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu go dira gore ba ba 144 000 ba bilediwe kwa botshelong jwa selegodimo le go tlhophiwa go nna ba ba tsetsweng ke Modimo ka moya. Ee ruri, gore ba tlisiwe mo kgalalelong, ba tshwanetse ba ‘dira bojotlhe jwa bone gore ba itlhomamisetse go bidiwa le go kgethiwa ga bone,’ e bile ba tshwanetse ba itshupa ba ikanyega go isa losong. (2 Petere 1:10; Baefeso 1:3-7; Tshenolo 2:10) Masalelanyana a batlodiwa a a sa ntseng a le mo lefatsheng ba boloka bothokgami jwa bone le mororo ba ganediwa ke “dikgosi tse di lesome” tse di tshwantshetsang mebuso yotlhe ya bopolotiki. Moengele o ne a bolela jaana: “Tseno di tla tlhabana le Kwana, mme, ka gonne ke Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi, Kwana o tla di fenya. Gape, ba ba biditsweng e bile ba kgethilwe mme ba le boikanngo mo go ene ba tla dira jalo.”—Tshenolo 17:12-14.
17 Babusi ba batho ba ka se dire sepe se se kgatlhanong le Jesu, “Kgosi ya dikgosi,” ka gonne o kwa legodimong. Mme ba bontsha letlhoo mo masaleleng a ‘barwarraagwe’ a a sa ntseng a le mo lefatsheng. (Tshenolo 12:17) Letlhoo leo le tla fela mo ntweng ya Modimo ya Aramagedona, fa “Kgosi ya dikgosi” le ‘barwarraagwe’ ba tla bo ba fenya—e bong “ba ba biditsweng e bile ba kgethilwe mme ba le boikanngo.” (Tshenolo 16:14, 16) Fa go ntse go le jalo, Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba tshwaregile thata. Ke eng se ba se dirang gone jaanong, pele Jehofa a ba tlisa mo kgalalelong?
O Araba Jang?
◻ Ke bomang ba Modimo a ‘ba tlisang mo kgalalelong ya legodimo’?
◻ Go ‘tsalwa ke Modimo’ go bolelang?
◻ ‘Moya o supela’ Bakeresete ba bangwe jang?
◻ Batho ba ba tsetsweng ka moya ba tsentswe mo dikgolaganong dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ka Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga nna le bosupi jwa gore tsela e e isang kgalalelong ya selegodimo e setse e bulegile