Bana ba Modimo ba Tla Tloga ba Bona Kgololesego e e Galalelang
“Tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola . . . mo motheong wa tsholofelo ya gore tlhōlō ka boyone le yone e tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—BAROMA 8:20, 21.
1. Setlhabelo sa ga Jesu se ne sa tshwantshediwa jang ka Letsatsi la Tetlanyo?
JEHOFA o ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore a nne setlhabelo sa thekololo se se neng sa bulela batho ba ba 144 000 sebaka sa go bona botshelo kwa legodimong mme batho ba bangwe botlhe ba lebelele botshelo mo lefatsheng ka bosakhutleng. (1 Johane 2:1, 2) Jaaka go supilwe mo setlhogong se se fetileng, setlhabelo sa ga Jesu mo Bakereseteng ba ba tsetsweng ka moya se ne se tshwantshediwa ke fa moperesiti yo mogolo wa Iseraele a ne a ntsha setlhabelo sa poo a se ntshetsa ene, ba lelapa la gagwe le lotso lwa Balefi mo Letsatsing la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. Mo go lone letsatsi leo, o ne a ntsha setlhabelo sa podi e le setlhabelo sa boleo sa Baiseraele ba bangwe botlhe, fela jaaka setlhabelo sa ga Keresete se tla solegela batho botlhe molemo. Podi e e tshelang ka tsela ya tshwantshetso e ne e rwala maleo otlhe a batho a ngwaga o o fetileng, e nyelelela mo nageng.a—Lefitiko 16:7-15, 20-22, 26.
2, 3. Ke eng se se bolelwang ke mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go Baroma 8:20, 21?
2 Fa a sena go bua ka tsholofelo ya batho ba ba tla nnang “barwa ba Modimo” ba selegodimo, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Go lebelela ka phisego ga tlhōlō go letetse go senolwa ga barwa ba Modimo. Gonne tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore tlhōlō ka boyone le yone e tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:14, 17, 19-21) Ke eng se se bolelwang ke mafoko ano?
3 Fa rraaronamogolo Adame a sena go bopiwa e le motho yo o itekanetseng, o ne a nna “morwa [kana, ngwana] wa Modimo.” (Luke 3:38) Ka ntlha ya boleo, o ne a ‘dirwa motlhanka ke go bola’ mme a fetisetsa seno mo bathong botlhe. (Baroma 5:12) Modimo o ne a dumelela gore batho ba tsalwe ba lebanwe ke “bosenangmosola” ka ntlha ya bosaitekanelang jo ba bo ruileng, le fa go ntse jalo a ba naya tsholofelo ka “losika,” Jesu Keresete. (Genesise 3:15; 22:18; Bagalatia 3:16) Tshenolo 21:1-4 e bua ka nako e mo go yone ‘loso, bohutsana, selelo, le botlhoko di tla bong di seyo.’ E re ka seno se solofediwa “batho,” se re tlhomamisetsa gore setšhaba se sesha sa lefatshe sa batho ba ba tla bong ba tshela mo pusong ya Bogosi, ba tla ntšhafadiwa mo mogopolong le mo mmeleng gore ba itekanele mo botsogong le go bona botshelo jo bo sa khutleng e le “bana ba Modimo” ba mo lefatsheng. Mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, batho ba ba kutlo ba “tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola.” Fa ba sena go itshupa ba ikanyega mo go Jehofa mo tekong ya bofelo, ba tla gololesega ka bosakhutleng mo boleong jo ba bo ruileng le mo losong. (Tshenolo 20:7-10) Go tswa foo batho ba ba mo lefatsheng ba tla “[nna] le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”
Ba re “Tla!”
4. Ke eng se se bolelwang ke go ‘tsaya metsi a botshelo mahala’?
4 A bo e le tsholofelo e e molemolemo jang ne e e beetsweng batho! Ga go gakgamatse go bo Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba ba mo lefatsheng ba etelela pele ka tlhoafalo go bolelela ba bangwe ka yone! E re ka masalela a a tloditsweng e le bone ba e tla nnang karolo ya “monyadiwa” wa Kwana e e galaleditsweng, Jesu Keresete, ba akarediwa mo go diragadiweng ga mafoko ano a boporofeti: “Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o nyorwang a a tle; lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 21:2, 9; 22:1, 2, 17) Nnyaa, melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo ga e felele fela mo batlodiweng ba ba 144 000. Moya wa Modimo o tswelela pele o dira mo masaleleng a setlhopha sa monyadiwa se se mo lefatsheng o re “Tla.” Mongwe le mongwe yo o utlwang, yo o nyoretsweng tshiamo o lalediwa ka go re “Tla,” a ipaya mo seemong sa gore a bolokwe ke Jehofa.
5. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go nna le bomang fa gare ga bone?
5 Basupi ba ga Jehofa ba na le tumelo mo thulaganyong ya Modimo ya botshelo ka Jesu Keresete. (Ditiro 4:12) Ba itumelela gore fa gare ga bone go na le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba eletsang go ithuta ka maikaelelo a Modimo le go dira thato ya gagwe. Diholo tsa bone Tsa Bogosi di bulegetse botlhe ba ba eletsang go ‘tla go tsaya metsi a botshelo mahala’ mo ‘motlheng ono wa bofelo.’—Daniele 12:4.
Diphetogo Tse di Fetang le Nako
6. Moya wa Modimo o ne wa dira jang mo batlhankeng ba ga Jehofa mo dinakong tse di farologaneng?
6 Modimo o na le nako ya go diragatsa maikaelelo a gagwe, mme seno se ama tsela e a dirisanang le batho ka yone. (Moreri 3:1; Ditiro 1:7) Le mororo batlhanka ba Modimo ba pele ga metlha ya Bokeresete ba ne ba na le moya wa gagwe, ba ne ba sa tsalwa gore ba nne barwa ba gagwe ba semoya. Le fa go ntse jalo, go simolola ka Jesu, nako ya ga Jehofa e ne e setse e gorogile gore a dirise moya o o boitshepo gore e nne rre wa banna le basadi ba ba ineetseng gore ba ye go nna kwa legodimong. Mme go tweng ka motlha wa rona? One moya ono o dira mo ‘dinkung tse dingwe’ tsa ga Jesu, mme ga o ba tlhotlheletse gore ba nne le tsholofelo le keletso ya go ya go tshela kwa legodimong. (Johane 10:16) E re ka ba na le tsholofelo e e tswang kwa Modimong ya gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, ka boitumelo ba tshegetsa masalela a a tloditsweng mo go neeleng bosupi mo nakong eno ya go fetola lefatshe leno le legologolo go le dira lefatshe le lesha la tshiamo la Modimo.—2 Petere 3:5-13.
7. Ke tiro efe ya thobo e Baithuti ba Baebele ba neng ba amegile ka yone, mme ke eng se ba neng ba se itse ka paradaise?
7 Modimo o ne a simolola “go tlisa barwa ba le bantsi mo kgalalelong” ka go ba tshololela moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., mme go bonala a ne a tlhoma nako ya go wetsa “Iseraele wa Modimo” wa semoya ba palogotlhe ya bone e leng 144 000. (Bahebera 2:10; Bagalatia 6:16; Tshenolo 7:1-8) Go simolola ka 1879, tiro ya go roba e e amang Bakeresete ba ba tloditsweng gantsi e ne e umakiwa mo makasineng ono. Mme gape Baithuti ba Baebele (ba jaanong ba bidiwang Basupi ba ga Jehofa) ba ne ba itse gore Dikwalo di solofetsa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo wa July 1883 (ka Seesemane) o ne wa re: “Fa Jesu a sena go tlhoma bogosi jwa gagwe, a sena go senya boikepo, le tse dingwe, lefatshe leno le tla nna paradaise, . . . mme botlhe ba ba mo mabitleng a bone ba tla tsena mo go yone. Mme ka go utlwa melao ya yone ba ka tshelela ruri ka bosakhutleng mo go yone.” Fa nako e ntse e ya, go phuthiwa ga batlodiwa go ne ga fokotsega, mme ka iketlo batho ba ba neng ba sa solofela go tshela kwa legodimong ba ne ba phuthelwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Fa go ntse go le jalo, Modimo o ne a neela batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng, Bakeresete ba ba tsetsweng sesha, temogo e e molemolemo.—Daniele 12:3; Bafilipi 2:15; Tshenolo 14:15, 16.
8. Go tlhaloganya ga tsholofelo ya selefatshe go go ile ga nna ga oketsega jang mo masimologong a bo1930?
8 Segolo jang fa e sale ka 1931, batho ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ntse ba kopanela le phuthego ya Bokeresete. Mo go one ngwaga oo, Jehofa o ne a sedimosetsa masalela a Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya go lemoga gore Esekiele kgaolo 9 e bua ka setlhopha seno sa selefatshe, se se ntseng se tshwaelwa go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka 1932 go ne ga swetswa ka gore batho ba sekadinku ba motlha wa segompieno ba ne ba tshwantshediwa ke tsala ya ga Jehu e bong Jonadabe (Jehonadabe). (2 Dikgosi 10:15-17) Ka 1934 go ne ga phepafadiwa gore “Bajonadabe” ba tshwanetse “go itlhaola go nna boitshepo,” kana ba ineele mo Modimong. Ka 1935 “matshutitshuti,” kana “boidiidi jo bogolo”—ba pele go neng ga akanngwa gore ke setlhopha sa bobedi sa semoya se e tla nnang “balekane” ba monyadiwa wa ga Keresete kwa legodimong—bo ne jwa supiwa e le dinku tse dingwe tse di nang le tsholofelo ya selefatshe. (Tshenolo 7:4-15; 21:2, 9; Pesalema 45:14, 15, bapisa NW.) Mme segolo jang fa e sale ka 1935 batlodiwa ba ne ba ntse ba di goga kwa pele mo go batleng batho ba ba thokgameng ba ba eletsang thata go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.
9. Morago ga 1935, ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bangwe ba ile ba tlogela go ja le go nwa ditshwantshetso mo Sejong sa Morena sa Maitseboa?
9 Morago ga 1935 Bakeresete bangwe ba ba neng ba ja senkgwe le go nwa beine kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa ba ne ba tlogela go ja le go nwa. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba lemoga gore tsholofelo ya bone ke ya mo lefatsheng, e seng ya kwa legodimong. Mosadi mongwe yo o neng a kolobediwa ka 1930 o ne a bolela jaana: “Le mororo [go ja le go nwa] go ne go tsewa e le selo se se siameng go se dira, segolo jang mo badireding ba ba tlhoafetseng ba nako e e tletseng, ga ke ise ke tsamaye ke tlhatswege pelo gore ke na le tsholofelo ya selegodimo. Mme, ka 1935, re ne ra tlhalosediwa sentle seno gore go phuthiwa boidiidi jo bogolo jo bo solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng. Bontsi jwa rona re ne ra itumelela go tlhaloganya gore re karolo ya boidiidi jo bogolo, mme re ne ra tlogela go ja le go nwa ditshwantshetso.” Tota le dikgatiso tsa Bokeresete di ne tsa fetolwa. E re ka tsa bogologolo di ne di diretswe thatathata balatedi ba ga Jesu ba ba tsetsweng ka moya, go tloga ka 1935 go ya pele Tora ya Tebelo le dibuka tse dingwe tsa “motlhanka yo o boikanngo” di ne di na le dijo tsa semoya tse di tshwanelang dilo tse di tlhokwang ke batlodiwa mmogo le ditsala tsa bone tse di solofetseng go tshela mo lefatsheng.—Mathaio 24:45-47.
10. Motlodiwa yo o sa ikanyegang a ka emisediwa ka yo mongwe jang?
10 A re re gongwe motlodiwa mongwe ga a sa ikanyega. A o ka emisediwa ka yo mongwe? Paulo o ne a supa seno fa a ne a bua ka setlhare sa motlhware sa tshwantshetso. (Baroma 11:11-32) Fa motho yo o tsetsweng ka moya a tlhoka go emisediwa ka yo mongwe, go bonala Modimo a ka biletsa mongwe kwa legodimong yo tumelo ya gagwe e neng e tlhoma sekao mo go direng tirelo e e boitshepo mo go ene ka dingwaga di le dintsi.—Bapisa Luke 22:28, 29; 1 Petere 1:6, 7.
Mabaka a Mantsi a go Leboga
11. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo efe, ke eng se Jakobe 1:17 e re tlhomamisetsang sone?
11 Gongwe le gongwe fela kwa re direlang re le gone Jehofa ka boikanyegi, o tla re neela dilo tse re di tlhokang le dikeletso tse di siameng. (Pesalema 145:16; Luke 1:67-74) E ka ne re na le tsholofelo ya mmatota ya go ya kwa legodimong kana re lebeletse go tshela mo lefatsheng, re na le mabaka a mantsi a a utlwalang a go leboga Modimo. Ka metlha o dira dilo gore di solegele batho ba ba mo ratang molemo. Morutwa Jakobe o ne a bolela gore “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo,” Jehofa Modimo. (Jakobe 1:17) A re sekasekeng dimpho le masego a ano a sekae.
12. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Jehofa o neile mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tsholofelo e e molemolemo?
12 Jehofa o neetse mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tsholofelo e e molemolemo. O bileditse bangwe go ya go tshela kwa legodimong. Fa e le ka basupi ba gagwe ba pele ba Bokeresete, Jehofa o ba neetse tsholofelo e e molemo ya go tsogela mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Ka sekai, Aborahame o ne a dumela mo tsogong, mme a letela “motse o o nang le metheo ya mmatota”—Bogosi jwa selegodimo jo a neng a tla tsosediwang mo botshelong jwa mo lefatsheng. (Bahebera 11:10, 17-19) Gape, mo motlheng ono wa bofelo, Modimo o neela dimilione tsa batho tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Johane 17:3) Eleruri, motho ope yo Jehofa a mo neetseng tsholofelo e kgolo jalo o tshwanetse go e lebogela fela thata.
13. Moya o o boitshepo wa Modimo o ne o dira jang mo bathong ba gagwe?
13 Jehofa o neela batho ba gagwe moya wa gagwe o o boitshepo e le mpho. Bakeresete ba ba neetsweng tsholofelo ya selegodimo ba tloditswe ka moya o o boitshepo. (1 Johane 2:20; 5:1-4, 18) Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba thusiwa le go kaelwa ke moya. Mongwe wa bone e ne e le Moshe, yo o neng a na le moya wa ga Jehofa, jaaka go ne go ntse le ka banna ba ba 70 ba ba neng ba tlodiwa gore ba mo thuse. (Dipalo 11:24, 25) Ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo, Besalele o ne a direla e le moitse wa tiro ya diatla malebana le motlaagana wa Iseraele. (Ekesodo 31:1-11) Gideone, Jefetha, Samesone, Dafide, Elija, Elisha le ba bangwe, ba ne ba na le moya wa Modimo. Le mororo batho bano ba metlha ya bogologolo ba ka se tlisiwe mo kgalalelong ya legodimo, ba ne ba kaelwa le go thusiwa ke moya o o boitshepo, fela jaaka dinku tse dingwe tsa ga Jesu tsa gompieno. Ka gone he, go nna le moya wa Modimo ga go reye gore tota re tla bilediwa kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, moya wa ga Jehofa o a re kaela, o re thusa go rera le go diragatsa ditiro tse dingwe tse re di neilweng ke Modimo, o re naya maatla a a fetang a a tlwaelegileng, e bile o re neela maungo a one a lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori le boikgapo. (Johane 16:13; Ditiro 1:8; 2 Bakorintha 4:7-10; Bagalatia 5:22, 23) A ga re a tshwanela go lebogela mpho eno ya bopelotshweu e e tswang kwa Modimong?
14. Re solegelwa molemo jang ke dimpho tsa Modimo tsa kitso le botlhale?
14 Kitso le botlhale ke dimpho tse di tswang kwa Modimong tse re tshwanetseng go di lebogela, re ka tswa re solofetse go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng. Kitso e e tlhomameng ya ga Jehofa e re thusa gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo” le gore re “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore [re] mo itumedise ka botlalo.” (Bafilipi 1:9-11; Bakolosa 1:9, 10) Botlhale jwa Modimo ke tshireletso e bile bo re kaela mo botshelong. (Diane 4:5-7; Moreri 7:12) Kitso ya boammaaruri le botlhale di theilwe mo Lefokong la Modimo, mme masalela a sekae a batlodiwa a kgatlhegela thata se e se buang malebana le tsholofelo ya bone ya selegodimo. Le fa go ntse jalo, go rata Lefoko la Modimo le go le tlhaloganya sentle ga se gone go supang gore Modimo o re bileditse kwa botshelong jwa selegodimo. Banna ba ba jaaka Moshe le Daniele ba ile ba bo ba kwala dikarolo tse dingwe tsa Baebele, le fa go ntse jalo ba tlile go tsosediwa mo botshelong jwa mo lefatsheng. E ka ne re solofetse go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng, rotlhe re amogela dijo tsa semoya ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” yo o amogelwang ke Jehofa. (Mathaio 24:45-47) A bo rotlhe re lebogela kitso e re e boneng thata jang ne!
15. Nngwe ya dimpho tse dikgolo thata tsa Modimo ke efe, mme o e leba jang?
15 Nngwe ya dimpho tse dikgolo thata tsa Modimo ke thulaganyo e e lorato ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, se se re solegelang molemo re ka tswa re na le tebelelo ya selegodimo kana tsholofelo ya selefatshe. Modimo o ratile lefatshe la batho “mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Mme lorato lwa ga Jesu lo ne lwa mo tlhotlheletsa “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jaaka moaposetoloi Johane a ile a tlhalosa, Jesu Keresete “ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona [sa batlodiwa], lefa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Ka gone, rotlhe re tshwanetse go lebogela thata thulaganyo eno e e lorato ya poloko e e isang botshelong jo bo sa khutleng.b
A o Tla Nna Gone?
16. Ke tiragalo efe e e tlhomologileng e e tla ketekwang fa letsatsi le sena go dikela ka April 11, 1998, mme ke bomang ba ba tshwanetseng go nna gone?
16 Go lebogela thekololo e e tswang kwa Modimong ka Morwawe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go nna gone kwa Diholong tsa Bogosi kana kwa mafelong mangwe a Basupi ba ga Jehofa ba tla kokoanelang gone morago ga letsatsi le sena go dikela ka April 11, 1998, go gopola loso lwa ga Keresete. Fa Jesu a sena go simolola mokete ono le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19, 20; Mathaio 26:26-30) Batlodiwa ba sekae ba ba setseng ba tla ja senkgwe se se sa bedisiwang, se se emelang mmele wa ga Jesu o o se nang boleo, mme beine e khibidu e e seng bogale, e tshwantshetsa madi a gagwe a a tsholotsweng e le setlhabelo. Ke Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya fela ba ba tshwanetseng go ja le go nwa ka gonne ke bone fela ba ba leng mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi e bile ba na le bosupi jo bo sa belaetseng jwa moya o o boitshepo wa Modimo jwa gore tsholofelo ya bone ke ya selegodimo. Dimilione tse dingwe tsa batho di tla nna gone e le babogedi fela ba ba tlotlegang ba ba lebogelang lorato lo lo bontshitsweng ke Modimo le Keresete malebana le setlhabelo sa ga Jesu se se dirang gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.
17. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa malebana le go tlodiwa ka moya?
17 Dithuto tsa bodumedi jo motho a kileng a bo a le mo go jone, go tseega maikutlo thata ka ntlha ya go swelwa ke yo o mo ratang, mathata a jaanong a amanang le botshelo jwa lefatshe, kana boikutlo jwa gore o amogetse masego mangwe a a kgethegileng a a tswang kwa go Jehofa di ka dira gore ba bangwe ba akanye ka tsela e e phoso gore ba na le tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo. Mme rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore Dikwalo ga di re laele go ja le go nwa ditshwantshetso tsa Segopotso e le fela go bontsha go leboga ga rona setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Mo godimo ga moo, go tlodiwa ka moya “go ikaegile, e seng ka yo o eletsang kgotsa ka yo o sianang, mme ka Modimo,” Ene yo o tsetseng Jesu go nna Morwa wa semoya le yo o tlisang barwa ba bangwe ba le 144 000 fela mo kgalalelong.—Baroma 9:16; Isaia 64:8.
18. Bontsi jwa batho ba ba direlang Jehofa gompieno ba emetswe ke masego afe kwa pele?
18 Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise ke tsholofelo e e tswang kwa Modimong e e neilweng bontsi jwa batho ba ba direlang Jehofa mo malatsing ano a bofelo. (2 Timotheo 3:1-5) Go ise go ye kae, ba tla itumelela paradaise eno e e molemolemo. Ka nako eo go tla bo go na le dikgosana tse di tla okamelang dilo mo lefatsheng di le kafa tlase ga puso ya selegodimo. (Pesalema 45:16) Go tla bo go tshelwa ka kagiso e re ka baagi ba lefatshe ba tla bo ba ikobela melao ya Modimo e bile ba ithuta dilo di le dintsi ka ditsela tsa ga Jehofa. (Isaia 9:6, 7; Tshenolo 20:12) Go tla bo go na le tiro e ntsi e e tla dirwang, go aga magae le go lema lefatshe. (Isaia 65:17-25) Mme akanya ka malapa fa a tla bo a kopana ka boitumelo fa baswi ba boela mo botshelong! (Johane 5:28, 29) Morago ga teko ya makgaolakgang, boikepo jotlhe bo tla bo bo nyeletse. (Tshenolo 20:7-10) Morago ga moo, lefatshe le tla tlala ka batho ba ba itekanetseng ba ba ‘golotsweng mo go dirweng motlhanka ke go bola mme ba na le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo’ ka bosakhutleng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 225-6.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng se se bolelwang ke go ‘tsaya metsi a botshelo mahala’?
◻ E ka ne tsholofelo ya rona ke ya selegodimo kana ke ya selefatshe, re na le mabaka afe a go leboga Modimo?
◻ Ke mokete ofe wa ngwaga le ngwaga o rotlhe re tshwanetseng go nna teng kwa go one?
◻ Bontsi jwa batho ba ga Jehofa isagwe e ba tshwaretse eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Dimilione tsa batho di setse di simolotse go ‘tsaya metsi a botshelo mahala.’ A o mongwe wa bone?